\id TIT - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Tito \toc1 Tito \toc2 Tito \toc3 Tito \mt1 Tito \c 1 \s1 Tiro ya ga Tito kwa Kereta \p \v 1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo, motlhanka wa Modimo le morongwa wa ga Jesu Keresete. \p \v 2 Ke romilwe go lere tumelo kwa go ba Modimo o ba tlhophileng le go ba ruta go itse boammaaruri jwa Modimo, boammaaruri jo bo fetolang matshelo a batho, gore ba nne le botshelo jo bo sa khutleng, jo Modimo o ba bo solofeditseng pele ga lefatshe le simologa, mme ga o kake wa bua maaka. \v 3 Mme jaanong ka nako ya One e ntle, O senotse Mafoko a a Molemo a, mme o bile o ntetlelela go a bolelela mongwe le mongwe. Ka taolo ya Modimo Mmoloki wa rona, ke tlhomilwe go dira tiro e, ya One. \p \v 4 Lo ya kwa go: Tito, yo e leng morwaake tota mo ditirong tsa Morena. A Modimo Rara le Keresete Jesu Mmoloki wa rona O go nee masego a One le kagiso ya One. \p \v 5 Ke go tlogetse koo mo setlhaketlhakeng sa Kereta gore o dire sengwe le sengwe se se tlhokegang go thusa go nonotsha phuthego nngwe le nngwe ya sone, mme ke ne ka go kopa go tlhoma baruti mo motseng mongwe le mongwe, ba ba tlaa salang morago ditaelo tse ke di go neetseng. \v 6 Banna ba o ba tlhophang, ba tshwanetse ba bo ba itsege ka mekgwa e mentle; mongwe le mongwe o tshwanetse a bo a na le mosadi a le mongwe le bana ba bone ba tshwanetse go rata Morena le gone ga ba a tshwanela go itsege ka bosula kgotsa ka go sa reetseng batsadi ba bone. \p \v 7 Baruti ba, ba tshwanetse ba bo ba le banna ba matshelo a a senang molato gonne ke badiredi ba Modimo. Ba se ka ba nna boikgodiso kgotsa pelo-dikhutshwane; ba se ka ba nna matagwa kgotsa batho ba ba ratang ntwa kgotsa ba ba ratang madi. \v 8 Ba tshwanetse go itumelela go amogela baeng mo matlung a bone le go rata gotlhe mo go molemo. Ba tshwanetse go nna banna ba ba nang le ditlhaloganyo tse di itekanetseng, ebile ba sa patike. Ba tshwanetse go nna le megopolo e e lekalekanyeng e e phepha. \p \v 9 Go dumela ga bone mo boammaaruring jo ba bo rutilweng go nonofe go bo go nitame, gore ba tle ba kgone go go ruta ba bangwe le go kaela ba ba sa dumalaneng nabo mo ba leng phoso teng. \p \v 10 Gonne go ba le bantsi ba ba ganang go reetsa; mo go boammaaruri tota mo go ba ba reng Bakeresete botlhe ba tshwanetse go obamela melao ya Sejuta. Mme e ke puo ya boeleele; e foufatsa batho gore ba seka ba amogela boammaaruri, \v 11 mme selo se, se tshwanetse go fedisiwa. Malwapa otlhe a setse a bile a furaletse tshegofatso ya Modimo. Baruti ba ba ntseng jaana ba ipatlela madi a lona fela. \v 12 Mongwe wa bone, ebong moporofiti yo o tswang kwa Kereta, o buile jaana kaga bone a re, “Batho ba botlhe ba Kereta ke baaki; ba tshwana le diphologolo tse di ditshwakga, tse di tshelelang dimpa tsa tsone fela.” \p \v 13 Mme mo go boammaaruri. Jalo bua le Bakeresete koo, ka tlhwaafalo e e nang le kutlwelo botlhoko ka fa go tlhokegang ka teng go ba nonotsha mo tumelong, \v 14 le go ba kganela go tlhola ba nnetse go reetsa dinaane tsa Bajuta le ditaolo tsa batho ba ba furaletseng boammaaruri. \p \v 15 Motho yo o pelo e itshekileng o bona bomolemo le bophepa mo go sengwe le sengwe; mme motho yo pelo ya gagwe e bosula ebile e sa ikanyege o bona bosula mo go sengwe le sengwe, gonne mogopolo wa gagwe o o leswe le pelo ya gagwe e e tsogologelang, di baya dilo tsotlhe tse a di bonang le tse a di utlwang mmala o e seng one. \v 16 Batho ba ba ntseng jalo gantsi ba re ba itse Modimo, mme ka go bona ka fa ba itsayang ka teng, ba lemogwa gore ga ba o itse. Ba bodile ebile ga ba laolesege, ba tlhobosegile mo ba se kakeng ba dira tiro epe e e molemo. \c 2 \s1 Tse di tshwanetseng go rutwa batho \p \v 1 Mme wena, buelela go tshela mo go tshwanetseng, mo go tsamaelanang le Bokeresete jwa boammaaruri. \v 2 Ruta banna bagolo go tlhwafalela go nna boikgapo, ba tshwanetse go nna le ditlhaloganyo, ba itse, ba bile ba dumela boammaaruri, ba dira sengwe le sengwe ka lorato le bopelotelele. \v 3 Ruta basadi bagolo go nna maitseo le masisi mo go sengwe le sengwe se ba se dirang. Ba se ka ba tsamaya tsamaya ba bua bosula kaga ba bangwe le gone ba se ka ba nna matagwa, mme ba tshwanetse go nna baruti ba tshiamo. \p \v 4 Basadi bagolo ba ba tshwanetse go ruta basadi ba meroba go tshela ka tshisibalo mo mekgweng ya bone, go rata banna ba bone le bana ba bone, \v 5 le go nna le ditlhaloganyo le megopolo e e itshekileng, ba nna mo malwapeng a bone, ba le pelonomi ebile ba ikobela banna ba bone, gore tumelo ya Sekeresete e se ka ya tlhapadiwa ke ba ba ba itseng. \v 6 Fela jalo, kgothatsa makau go itshola sentle ka kelotlhoko, ba tsaya botshelo e le selo sa botlhokwa se se tshwanetseng go somarelwa. \v 7 Mme wena ka bowena, o tshwanetse go nna sekao mo go bone ka ditiro tse di molemo tsa mofuta mongwe le mongwe. A sengwe le sengwe se o se dirang se supe lorato lwa gago gore o tlhwaafetse. \v 8 Dikgang tsa gago di tshwanetse go nna botlhale le botsipa gore le fa e le mang yo o batlang go nganga nao a itlhabelwe ke ditlhong gonne go tlaa bo go sena sepe se a ka nyatsang puo ya gago ka sone! \p \v 9 Kgothatsa batlhanka go ikobela beng ba bone le go leka bojotlhe jwa bone go ba itumedisa. Ba se ka ba fetolana nabo, \v 10 le fa e le go utswa, mme ba tshwanetse go itshupa gore ba ikanyega ka botlalo. Ka go dira jaana, ba tlaa dira gore batho ba tle go dumela mo go Mmoloki le Modimo wa rona. \p \v 11 Gonne neo e e sa rekweng ya poloko ya bosakhutleng jaanong e neetswe mongwe le mongwe; \v 12 mme mo go yone neo e, go tla temogo ya gore Modimo o batla gore re furalele botshelo jo bo senang Modimo le dithato tsa boleo, mme re tshele matshelo a a molemo, matshelo a a boifang Modimo ka letsatsi le letsatsi, \v 13 re lebeletse nako e ntle eo, e re ntseng re e lebeletse, e kgalalelo ya One e tlaa bonwang, kgalalelo ya Modimo wa rona o mogolo le Mmoloki Jesu Keresete. \p \v 14 Yo o suleng ka fa tlase ga tshekiso ya Modimo a swela dibe tsa rona, gore a tle a re falotshe mo go weleng gangwe le gape mo sebeng le go re dira ba e leng ba gagwe tota, re na le dipelo tse di tlhatswitsweng le tlhwaafalo ya boammaaruri ka go direla ba bangwe dilo tse di molemo. \v 15 O tshwanetse go ruta bagaeno dilo tse wa bo wa ba kgothatsa go di dira, o ba laya fa go tlhokega jaaka mongwe yo o nang le tshwanelo nngwe le nngwe go dira jalo. Se dire gore le fa e le mang a gopole gore se o se buang ga se botlhokwa. \c 3 \s1 Ditiro tse di siameng \p \v 1 Gakolola bagaeno go ikobela mmuso le batsamaisi ba one, le gore ba nne kutlo ka malatsi otlhe le go ipaakanyetsa tiro nngwe le nngwe e e molemo. \v 2 Ba se ka ba bua bosula ka ope, le fa e le go omana, mme ba nne tshiamo le boikokobetso ka boammaaruri mo go botlhe. \p \v 3 Le rona re kile ra ne re le dieleele ebile re sa reetsa ditaolo; re ne re ntshiwa mo tseleng ke ba bangwe mme ra nna batlhanka ba dilo tse di itumedisang tsa boleo di le dintsi le dithato tsa nama tsa boikepo. Matshelo a rona a ne a tletse letlhoo le bopelotshetlha. Re ne re ila ba bangwe mme le bone ba ne ba re ila. \p \v 4 Mme erile fa nako e goroga ya gore bopelonomi le lorato lwa Modimo Mmoloki wa rona di bonale, \v 5 mme o ne a re boloka, e seng ka ntlha ya gore re ne re siametse go bolokwa, mme e leng ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe le kutlwelo-botlhoko, ka go tlhatswa dibe tsa rona le go re naya boitumelo jo bosha jwa Mowa O O Boitshepo o o nnang mo go rona, \v 6 o o o goromeditseng mo go rona ka letlotlo le le hakgamatsang, le gotlhe ka ntlha ya se Jesu Keresete Mmoloki wa rona o se dirileng, \v 7 gore a tle a re supe re siame mo matlhong a Modimo, gotlhe e le ka ntlha ya bopelonomi jwa one jo bogolo; jaanong re ka nna le seabe mo khumong ya botshelo jo bo sa khutleng jo o re bo nayang, mme re lebeletse ka tlhwaafalo go bo amogela. \v 8 Dilo tse ke di go boleletseng tse di boammaaruri tsotlhe. Tswelela mo go tsone gore Bakeresete ba tle ba tlhokomele go dira ditiro tse di siameng ka metlha yotlhe, gonne mo ga se gore go siame fela mme go tlisa maungo. \p \v 9 Se itsenye mo dikganetsanyong tsa dipotso tse di sa arabesegeng le mo megopolong ya dikganetsanyo tse di thata tse di amanang le sedumedi; ikgaphe mo dikganetsanyong le mo dikgogakgoganong kaga go obamela melao ya Sejuta, gonne selo se se ntseng jaana ga se na thuso; se dira kutlo botlhoko fela. \v 10 Fa mongwe a dira dikgaogano mo go lona, o tshwanetse go tlhagisiwa lwa ntlha le lwa bobedi. Morago ga moo lo seka lwa tlhola lo dirisanya nae gape ka tsela epe, \v 11 gonne motho yo o ntseng jalo o itse sentle gore o a leofa. \p \v 12 Ke akanya go roma Aretemase kgotsa Tukiko kwa go lona. E re fela mongwe wa bone a goroga, tswee-tswee lekang go nkgatlhantsha kwa Nikopolisa ka bofefo jo lo ka bo kgonang, gonne ke ikaeletse go nna teng mariga otlhe. \v 13 Dira fela ka fa o ka kgonang ka teng go thusa Senase wa agente le Apolose mo loetong lwa bone; tlhomamisa gore ba newa sengwe le sengwe se ba se tlhokang. \p \v 14 Gonne batho ba ga rona ba tshwanetse go ithuta go thusa botlhe ba ba tlhokang thuso ya bone, gore matshelo a bone a tle a nne le loungo. \v 15 Mongwe le mongwe o a lo dumedisa. Tsweetswee ntumedisetsang ditsala tsotlhe tsa Bokeresete koo. A masego a Modimo a nne le lona lotlhe. \cls Ke nna wa lona wa boammaaruri, \cls Paulo.