\id ROM - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Baroma \toc1 Baroma \toc2 Baroma \toc3 Baroma \mt1 Baroma \c 1 \p \v 1 Ditsala tse di rategang mo Roma, Lokwalo lo lo tswa kwa go Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, yo o tlhophilweng go nna morongwa, ebile a romilwe go rera Mafoko a Modimo a a Molemo. \p \v 2 Mafoko a a Molemo a, a ne a sa bolo go solofediwa batho bogologolo ke baporofiti ba Modimo mo Kgolaganong e kgologolo. \v 3 Ke Mafoko a a Molemo kaga Morwaa one, Jesu Keresete Morena wa rona, yo o tsileng e le ngwana mo setshwanong sa motho, a tsalelwa mo losikeng lwa bogosi lwa ga Kgosi Dafide, \v 4 mme ka go tsosiwa mo baswing o ne a supiwa e le Morwa Modimo yo o senatla, ka tlholego e e boitshepo ya Modimo ka sebele. \p \v 5 Mme jaanong, ka Keresete, tshiamo yotlhe ya Modimo e goromeleditswe mo go rona baleofi ba e neng e sa re tshwanela; mme jaanong o re roma mo tikologong ya lefatshe go bolelela batho botlhe gongwe le gongwe kaga dilo tse dikgolo tse Mo-dimo o di ba diretseng, gore le bone ba tle ba dumele ba o obamele. \p \v 6-7 Mme lona, ditsala tse di rategang mo Roma, le lona lo bangwe ba o ba ratang thata, le lona lo lalediwa ke Jesu Keresete go nna ba Modimo tota, ee batho ba one ba ba boitshepo. A masego otlhe a Modimo le kagiso e e tswang kwa Modimong Rara wa rona, le Jesu Keresete Morena wa rona a nne le lona. \s1 Paulo o eletsa go ya go rera kwa Roma \p \v 8 Mmang ke simololeng ka go re, gongwe le gongwe kwa ke yang teng ke utlwa go buiwa kaga lona! Gonne tumelo ya lona mo Modimong e simolola go itsege mo tikologong ya lefatshe. Ke leboga Modimo thata jang ka Jesu Keresete ka pego e e molemo, le ka mongwe le mongwe wa lona. \v 9 Modimo o itse gore ke lo rapelela gangwe le gape jang. Bosigo le motshegare ke lo baya le tse lo di tlhokang ka thapelo mo go yo ke mo direlang ka thata yotlhe, ke bolelela ba bangwe Mafoko a a molemo kaga Morwaa one. \p \v 10 Mme sengwe sa dilo tse ke di rapelelang gangwe le gape ke lobaka lo lo atlegileng lwa gore, fa Modimo o rata, ke tle go lo bona, le gore fa go kgonega ke tle ke nne le mosepele o o babalesegileng. \v 11-12 Gonne ke tlhologeletswe go lo etela gore ke tle ke kgone go lo naya tumelo e e tlaa thusang phuthego ya lona go nitama mo Moreneng. Fela jalo le nna, ke tlhoka thuso ya lona, gonne ga ke batle fela go abalana tumelo ya me le lona le nna ke tlhoka go kgothadiwa ke tumelo ya lona. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa nna tshegofatso mo go yo mongwe. \p \v 13 Ke batla gore lo itse, bakaulengwe ba ba rategang, gore ke gantsi ke ikaelela go tla kwa go lona (mme go sa kgonege) gore ke tle go dira le lona ke bo ke bone maungo a a molemo, fela jaaka ke dirile mo diphuthegong tse dingwe tsa Badichaba. \v 14 Gonne ke molato o mogolo mo go lona le mo go mongwe le mongwe, le mo bathong ba ba tlhabologileng le dichaba tsa baheitane; ee, mo go ba ba rutegileng le mo go ba ba sa rutegang fela ka go tshwana. \v 15 Jalo he, ka fa selekanyong sa nonofo ya me e e tletseng, ke setse ke siame go tla le kwa go lona mo Roma go rera Mafoko a a Molemo a Modimo. \p \v 16 Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke Mafoko a a Molemo a, kaga Keresete. Ke leano la Modimo le le nonofileng la go gapela kwa legodimong botlhe ba ba dumelang. Molaetsa o, o ne wa rerelwa Bajuta pele ba le bosi, mme jaanong mongwe le mongwe o lalediwa go tla mo Modimong ka yone tsela e. \v 17 Mafoko a a Molemo a, a re bolelela gore Modimo o re baakanyetsa gore re ye legodimong, a re siamisa mo ponong ya Modimo fa re baya tumelo ya rona le boikanyo mo go Keresete go re boloka. Mo go bonwa ka tumelo go tswa tshimologong go ya bokhutlong. Jaaka lokwalo lo bua lo re, “Motho yo o bonang botshelo o tlaa bo bona ka go ikanya Modimo.” \s1 Bogale jwa Modimo mo baleofing \p \v 18 Mme Modimo o supa bogale jwa one jo bo tswang legodimong mo baleofing, batho ba ba bosula ba ba tlosang boammaaruri mo go bone. \p \v 19 Gonne ba itse boammaaruri kaga Modimo sentle thata; Modimo o tsentse kitso e mo dipelong tsa bone. \v 20 Go simolola mo dinakong tsa pele batho ba bonye lefatshe le loapi le gotlhe mo Modimo o go dirileng, ebile ba itsile ka go tshela ga one le nonofo e kgolo ya bosakhutleng. Jalo ga ba kitla ba nna le seipato (fa ba ema fa pele ga Modimo ka letsatsi la katlholo). \p \v 21 Ee, ba itsile kaga one sentle thata, mme ga ba a ka ba dumela gore ba a o itse kgotsa ba o obamela le fa e le go o leboga ka fa o ba tlhokomelang ka teng malatsi otlhe. Mme morago ga lobakanyana ba simolola go akanya dikakanyo tsa boeleele tsa gore Modimo o ntse jang le gore o batla gore ba dire eng. Jalo ga diragala gore megopolo ya bone ya boeleele e fifale e bo e tlhakatlhakane. \v 22 Ba ikaya fa ba le botlhale kwa ntle ga Modimo, mme ba fetoga dieleele tse di feteletseng ka ntlha ya go tlhoka go ikanya Modimo. \v 23 Mme hong mo boemong jwa go obamela Modimo o o galalelang o o tshelang ka bosakhutleng, ba ne ba tsaya dikgong le maje mme ba itirela medimo ya disetwa go e obamela, ba e betla go nna jaaka dinonyane le diphologolo le dinoga le batho ba e seng ba sepe ba ba nyatsegang. \p \v 24 Jalo Modimo wa ba lesa go tswelela pele mo mofuteng mongwe le mongwe wa boaka, le go dira sengwe le sengwe se ba se batlang ee, ba tlontlolo-lana mebele ka boatla. \v 25 Mo boemong jwa gore ba dumele se ba itseng e le boammaaruri kaga Mo-dimo, ba dumela ka bomo mo maakeng. Jalo ba obamela dilo tse Modimo o di dirileng, ba gana go obamela one Modimo o o dirileng dilo tse. \p \v 26 Ke sone se Modimo o ba leseleditseng go dira tsotlhe tse di bosula tse, le gore le basadi ba bone ba furalele leano la Modimo la tlholego mme ba simolola go tlontlololana mebele. \v 27 Mme banna, mo boemong jwa go tlhakanela dikobo le basadi ka fa tlholegong, ba simolola go gakalelana, banna ba dira dilo tse di tlhabisang ditlhong le banna ba bangwe, mme ka ntlha ya moo ba bona tuelo e e ba tshwanetseng. \p \v 28 Jalo ke sone se e rileng fa ba latlha Modimo ebile ba sa batle go o itse, Modimo wa ba tlhokomologa gore ba dire sengwe le sengwe se megopolo ya bone e e bosula e neng e ka se akanya. \v 29 Matshelo a bone a tlala mofuta mongwe le mongwe wa boikepo le sebe, wa bogagapa le kilo, keletso ya senama, polao, ntwa, maaka, bogalaka le ditshebo. \p \v 30 E ne e le basebi, ba ba ilang Modimo, ba le makgakga, e le baikgantshi, ba aga ba akanya ditsela tse dintsha tsa go leofa ebile ba tswelela pele ba sa reetse batsadi ba bone. \v 31 Ba leka go itira ba ba sa tlhaloganyeng, ba senya ditsholofetso tsa bone, ba le setlhogo, ba se pelotlhomogi. \v 32 Ba ne ba itse sentle thata gore Modimo o atlholela loso ka ntlha ya melato e, le fa go ntse jalo ba tswelela pele mme ba e dira ka methale yotlhe, ba kgothatsa ba bangwe gore le bone ba e dire. \c 2 \s1 Boutlwelobotlhoko jwa Modimo \p \v 1 Go siame, o ka ne kgotsa o re, “O ntse o bua kaga batho ba ba sa siamang thata jang!” Iketle pele! Le wena o tshwana nabo. Fa lo re ba ikepile ba tshwanetse go otlhaiwa, go ithaya lona gonne lo dira tsone fela ditiro tse ba di dirang. \v 2 Mme re itse gore Modimo mo tshekisong o tlaa otlhaya le fa e le mang yo o dirang dilo tse di tshwanang le tse. \v 3 A o gopola gore Modimo o tlaa sekisa o bo o atlhola ba bangwe ka ntlha ya go dira dilo tseo mme o go tlodise matlho fa le wena o ntse o di dira? \v 4 A ga o lemoge ka fa Modimo o leng pelotelele mo go wena ka teng? Kgotsa a ga o tshwenyege ka gope? A ga o bone gore o ntse o sa go otlhae mo lobakeng lo lotlhe, e le go go naya sebaka sa go sokologa mo sebeng? Bopelonomi jwa one bo diretswe go go gogela kwa boikwatlhaong. \p \v 5 Mme le fa go ntse jalo, ga o reetse; mme ka go dira jalo o ipolokela kwatlhao e e setlhogo ka ntlha ya botlhogo-e-thata jwa gago jwa go gana go soko-loga mo sebeng; gonne go tlaa tla letsatsi la bogale fa Modimo o tlaa bong o le moatlhodi yo o sa patikeng wa lefatshe lotlhe. \v 6 O tlaa naya mongwe le mongwe tuelo ka fa ditirong tsa gagwe. \v 7 O tlaa naya botshelo jo bo sa khutleng ba ba dirang go rata ga Modimo ka bopelotelele, ba batla kgalalelo e e sa bonweng ka matlho le tlotlo le botshelo jo bo sa khutleng jo o bo abang. \v 8 Mme o tlaa otlhaya setlhogo ba ba tlhabantshang boammaaruri jwa Modimo ba tsamaya mo ditseleng tse di bosula, bogale jwa Modimo bo tlaa ba wela godimo. \p \v 9 Go tlaa nna khutsafalo le pogisego mo Bajuteng le mo go Badichaba ba ba tswelelang ba dira boleo. \v 10 Mme go tlaa nna kgalalelo le tlotlo le kagiso e tswa kwa Modimong e le tsa ba ba o reetsang, le fa e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba. \v 11 Gonne Modimo o tsaya batho ka tekatekanyo. \p \v 12-15 O tlaa otlhaya sebe gongwe le gongwe kwa se bonwang teng. O tlaa otlhaya baheitane fa ba leofa, le fa ba ise ba ke ba nne le melao ya Modimo e e kwadilweng, gonne mo botennye jwa dipelo tsa bone ba itse tshiamo le bosula. Melao ya Modimo e kwadilwe mo go bone; segakolodi sa bone se ba baya molato, ka nako e nngwe se dumalana nabo. Mme Modimo o tlaa otlhaela Bajuta go leofa gonne ba na le melao ya one e e kwadilweng mme ga ba e tshegetse. Ba itse se se siameng mme ga ba se dire. Kana poloko ga e newe ba ba itseng se ba tshwanetseng go se dira, fa e se fela ba se dira. \v 16 Ammaaruri letsatsi le tlaa tla fa ka taolo ya Modimo, Jesu Keresete o tlaa atlholang masaitsiweng a mongwe le mongwe, maikutlo a bone a a kwa teng le maikaelelo a bone; se ke bontlha bongwe jwa leano la Modimo le legolo le ke lo le bolelelang. \s1 Molao le Bajuta \p \v 17 Lona Bajuta lo gopola gore gotlhe go siame fa gare ga lona le Modimo gonne o lo neetse melao ya one; lo ipelafatsa ka gore lo ithaya lo re lo ditsala tsa one tse di tlhophegileng. \v 18 Ee, lo itse se o se batlang; lo itse pharologanyo ya bosula le molemo mme lo rata tshiamo gonne lo rutilwe melao ya one go tsweng bonyaneng jwa lona. \v 19 Lo tlhomamisa tota tsela e e yang kwa Modimong mo e leng gore lo ka e supegetsa le sone sefofu tota. Lo ipona lo le masedi a a bontshang tsela, lo kaela batho ba ba latlhegetseng mo lefifing tsela ya go ya kwa Modimong. \v 20 Lo akanya gore lo ka goga dieleele lwa ba lwa ruta le bana ditiro tsa Modimo, gonne lo itse melao ya one sentle e e tletseng kitso yotlhe le boammaaruri. \p \v 21 Ee, lo ruta ba bangwe, jaanong ke eng fa lona lo sa ithute? Lo raya ba bangwe lo re ba seka ba utswa, a e bile lo a utswa? \p \v 22 Lwa re go phoso go dira kgokafalo a ebile lo a e dira? Lwa re, “Go seka ga rapelwa medimo ya disetwa,” mme lona lo dira madi modimo wa lona wa disetwa mo boemong jwa go rapela Modimo. \v 23 Lo ipelafatsa thata ka go itse melao ya Modimo, mme lo o tlontlolola ka go e roba. \v 24 Ga go gakgamatse fa Dikwalo di re lefatshe le bua bosula ka ga Modimo ka ntlha ya lona. \p \v 25 Go nna Mojuta go botlhokwa fa o tshegetsa melao ya Modimo; mme fa o sa e tshegetse, ga o botoka go na le moheitane. \v 26 Mme fa baheitane ba tshegetsa melao ya Modimo, a Modimo ga o kitla o ba naya ditshwanelo tsotlhe le tlotlo e o neng o ikaeletse go e naya Bajuta? \v 27 Ammaaruri baheitane bao ba tlaa nna botoka thata go na le lona Bajuta ba lo itseng thata kaga Modimo ebile lo na le ditsholofetso tsa one mme lo sa tshegetse melao ya one. \p \v 28 Gonne ga lo Bajuta tota, fela ka ntlha ya gore lo tsetswe ke batsadi ba Sejuta kgotsa ka ntlha ya gore lo rupisitswe mo mokgweng wa Sejuta, ebong modiro wa bogwera. \v 29 Nnyaa, Mojuta tota ke mongwe fela yo pelo ya gagwe e siameng mo Modimong. Gonne ga o batle ba ba kgaolang ditokololo dingwe tsa mebele ya bone go rupisiwa ga senama, mme o batla ba ba fetogileng dipelo le mewa. Le fa e le mang yo o nang le phetogo e e ntseng jalo mo botshelong jwa gagwe o tlaa amogela pako e e tswang kwa Modimong, le fa e sa tswe mo go lona. \c 3 \s1 Ditshwanelo tsa Bajuta \p \v 1 Mme go thusang go nna Mojuta? A go na le botlhokwa bongwe mo thupisong ya Sejuta? \v 2 Ee, go nna Mojuta go na le dithuso di le dintsi. Santlha Modimo o ne wa ba neela melao ya one ka go ba ikanya [gore ba tle ba itse mme ba dire go rata ga one]. \v 3 Boammaaruri ke gore, bangwe ba bone ba ne ba sa ikanyege, mme fela ka ntlha ya gore ba ne ba senya ditsholofetso tsa bone mo Modimong, a seo se raya gore Modimo o tlaa senya ditsholofetso tsa one? \p \v 4 Ga go a nna jalo! Le fa batho mo lefatsheng e le baaki, Modimo one ga o a nna jalo. A o gakologelwa se se buiwang ke lokwalo lwa Dipesalema kaga selo se? Gore mafoko a Modimo a tlaa aga a supega a le boammaaruri a bile a siame, ga gore sepe gore mongwe o a ganetsa. \p \v 5 Mme bangwe ba re, “Mme go senya tumelo ya rona mo Modimong go siame, tsa rona dibe di bontsha tshiamo, gonne batho ba tlaa lemoga gore Modimo o siame thata jang fa ba bona ka fa re leng maswe ka teng. A go siame jaanong, gore o re otlhae fa dibe tsa rona di o thusa?” (Ke ka fa batho bangwe ba buang ka teng.) \v 6 Modimo o a gana wa re a go se tualo! Gonne e ne e tlaa bo e le Modimo o o ntseng jang, fa o tlodisa sebe matlho? O ne o ka atlhola le fa e le mang jang? \v 7 Gonne o ne o ka seka wa ntshekisa wa bo wa nkatlhola ke le moleofi fa go tlhoka go ikanyega ga me go ne go o leretse kgalalelo ka go supa go ikanyega ga one fa go tshwantshanngwa le maaka a me. \p \v 8 Fa o tsweletse ka mogopolo o o reng: Modimo o itumela fa re le baleofi! Katlholo e go emetse wena yo o buang dilo tse di ntsengjaana. Legale bangwe ba re ke sone se ke se rutang se! \s1 Ga go na mosiami \p \v 9 Jalo he, a rona Bajuta re botoka go na le ba bangwe? Nnyaa, le goka, gonne re setse re supile gore batho botlhe ke baleofi ka go tshwana, a e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba. \p \v 10 Jaaka dikwalo di bua, “Ga go na ope yo o siameng, ga go na ope mo lefatsheng lotlhe yo o senang molato.” \p \v 11 Ga go na le fa e le ope yo o kileng a tsamaya sentle mo ditseleng tsa Modimo, kgotsa le fa e le go batla go tsamaya mo go tsone ka boammaaruri. \p \v 12 Botlhe ba leofile ba fapogile. Ga go na ope le fa e le kae yo o tsweletseng pele a dira se se siameng; le fa e le a le mongwe. \p \v 13 Dipuo tsa bone di leswe ebile di bosula jaaka monkgo wa sebodu o o tswang mo phupung e e atlhameng. Diteme tsa bone di tletse maaka. Sengwe le sengwe se ba se buang se na le lobolela le botlhole jwa dinoga tse di bolayang. \p \v 14 Melomo ya bone e tletse thogakano le bogalaka. \p \v 15 Ba bofefo go bolaya, ba ila le fa e le mang yo o sa dumalaneng le bone. \p \v 16 Gongwe le gongwe kwa ba yang teng ba tlogela tshotlego le matshwenyego kwa morago, \v 17 le gone ga ba ise ba ke ba itse tsela ya kagiso le fa e le go akola masego a Modimo. \p \v 18 Ga ba boife sepe kaga Modimo le fa e le se Modimo o se gopolang kaga bone. \p \v 19 Jalo tshegetsa melao ya Modimo mo boemong jwa go dira dilo tse tsotlhe tse di bosula; ga go na le fa e le ope wa bone yo o nang le seipato; ka boammaaruri lefatshe lotlhe le didimetse ebile le molato fa pele ga Modimo Mothatayotlhe. \p \v 20 Jaanong a lo lemoga sentle? Ga go na le fa e le ope yo o ka siamisiwang mo ponong ya Modimo ka go dira se molao o se laolang. Gonne fa re ntse re tswelela ka go itse melao ya Modimo, re simolola go lemoga sentle gore ga re e obamele; melao ya one e dira gore re bone gore re baleofi. \s1 Boutlwelobotlhoko jwa Modimo \p \v 21-22 Mme jaanong Modimo o re supegeditse tsela e sele ya go ya kwa legodimong, e seng “ka go siama ga rona” le go leka go tshegetsa melao ya one, mme e leng ka tsela e ncha (lefa go ntse jalo tota ga e ncha, gonne dikwalo ga di bolo go bolela ka ga yone bogologolo). Jaanong Modimo wa re o tlaa re amogela o bo o re golola, o re supa “re se molato” fa re ikanya Jesu go tlosa dibe tsa rona. Mme le rona rotlhe re ka bolokwa mo go yone tsela e, ka go tla kwa go Keresete, ga gore sepe gore re bomang kgotsa gore ra re re ntse jang. \v 23 Ee, botlhe ba leofile; botlhe ba tlhaela kgalaletso ya Modimo; \v 24 mme le fa go ntse jalo Modimo o re supa “re se molato” wa go o leofela fa re ikanya mo go Jesu Keresete, yo mo bopelonoming jwa gagwe o tlosang dibe tsa rona kwa ntle ga tuelo epe. \p \v 25 Gonne Modimo o rometse Jesu Keresete go tlosa kwatlhao ya rona ka ntlha ya dibe tsa rona, le go fedisa bogale jotlhe jwa Modimo jo bo re okameng. Modimo o dirisitse madi a ga Keresete le tumelo ya rona e le tsela ya go re boloka mo bogaleng jwa one. Ka yone tsela e, o ne wa supa tshiamo ya one o sa patike ope, le fa o ise o ke o otlhae ba ba neng ba leofa mo metlheng ya pele. Gonne o ne o lebetse kwa pele nako e Keresete o neng a tlaa tla ka yone go tlosa dibe tseo tsotlhe. \v 26 Mme jaanong le mo malatsing ano, o ka amogela baleofi ka yone tsela e, gonne Jesu o tlositse dibe tsa bone. A mme tota golo mo go siame gore Modimo o golole badira bosula, mme o bo o re ga ba na le fa e le molato ope? Nnyaa, gonne o go dira ka go ikanya ga bone mo go Jesu yo o tlositseng dibe tsa bone. \p \v 27 Mme re ka ipelafatsa ka go dira eng gore re bone poloko? Ga go sepe gotlhelele. Ka go reng? Gonne kgololo ya rona ga e a ikaega mo ditirong tsa rona tse di molemo; e ikaegile mo go se Keresete o se dirileng, le tumelo ya rona mo go ene. \v 28 Jalo go raya gore re bolokwa ka tumelo ya rona mo go Keresete e seng ka ditiro tse di molemo tse re di dirang. \p \v 29 A mme Modimo o boloka Bajuta fela ka yone tsela e? Nnyaa, le Badichaba ba ka tla kwa go ene ka yone tsela e. \v 30 Modimo o re tsaya fela ka go tshwana; botlhe fela, a e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba, ba a gololwa fa ba na le tumelo. \v 31 Mme jalo he, fa re bolokwa ka tumelo, a mo go raya gore ga re sa tlhole re tlhokana le go obamela melao ya Modimo? Nnyaa ga go a nna jalo! Tota fela fa re ikanya Jesu ke gone re ka o obamelang ka boammaaruri. \c 4 \s1 Go dumela ga ga Aberahame \p \v 1-2 Aberahame fa re bua ka fa nameng, re ka re ke mosimolodi wa sechaba sa Sejuta. Maitemogelo a gagwe kaga potso e ya go bolokwa ka tumelo e ne e le eng? A Modimo o ne wa mo amogela ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di molemo? Fa e le gore go ntse jalo, o ne a ka nna le sengwe se a ipelafatsang ka sone. Mme mo mogopolong wa Modimo, Aberahame o ne a sena sepe se a ka ipelafatsang ka sone. \v 3 Gonne dikwalo di re bolelela gore Aberahame o ne a dumela Modimo, mme ke sone se Modimo o neng wa phimola dibe tsa gagwe wa mo supa gore “ga a na molato”. \p \v 4-5 A mme ga a a ka a bona tshwanelo ya gagwe go ya kwa legodimong ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di molemo tse a di dirileng? Nnyaa, gonne go bolokwa, ke mpho; fa e le gore motho o ne a ka e bona ka go e fufulela, mme e ne e ka seka ya nna mpho fela ntswa tota e le mpho fela! E newa ba ba sa e fufuleleng: Gonne Modimo o supa baleofi ba le molemo mo ponong ya one fa ba na le tumelo mo go Keresete go ba boloka mo bogaleng jwa Modimo. \p \v 6 Kgosi Dafide o buile ka sone selo se, fa a tlhalosa boitumelo jwa moleofi yo o neng a sa bo tshwanela pele ga a supiwa a “sena molato” ke Modimo. \v 7 O ne a re, “Go sego ba ba itshwaretsweng dibe ebile di tlositswe mo matlhong a bone. \v 8 Ee, go boitumelo thata jang mo mothong yo dibe tsa gagwe a sa tlholeng a di balelwa ke Morena.” \v 9 Jaanong he, potso ke gore: A lesego le le neelwa fela ba ba dumelang mo go Keresete ebile ba boloka melao ya Sejuta, kgotsa le neelwa le ba ba sa bolokeng melao ya Sejuta, mme ba ikanya Keresete fela. Mme he, ra reng kaga Aberahame? Ra re o amogetse masego a ka tumelo ya gagwe. A e ne e le ka tumelo fela? Kgotsa a e ne e le ka ntlha ya gore le ene o ne a boloka melao ya Sejuta? \p \v 10 Mo go arabeng potso eo, arabang e: Modimo o neetse Aberahame masego a leng? O a mo neetse pele ga a nna Mojuta, pele ga a tsena mo modirong wa thupiso ya Sejuta. \p \v 11 Erile Modimo o sena go solofetsa go mo segofatsa ka ntlha ya tumelo ya gagwe, a rupisiwa. Sekao sa thupiso e ne e le sesupo sa gore Aberahame o ne a setse a na le tumelo le gore Modimo o ne o setse o mo amogetse o mo supile fa a le tshiamo mo ponong ya one pele ga modiro wa thupiso o diragala. Jalo Aberahame ke rara wa semowa wa ba ba dumelang mme ba bolokwa kwa ntle ga go tshegetsa melao ya Sejuta. Re a bona, jaanong gore ba ba sa tshegetseng melao e, ba siamisiwa ke Modimo ka tumelo. \v 12 Gape Aberahame ke rara wa semowa wa Bajuta ba ba rupisitsweng, gonne Aberahame o ne a bona kutlwelo botlhoko ya Modimo ka ntlha ya tumelo fela, pele ga a rupisiwa. \v 13 Jaanong go bonala sentle gore tsholofetso e Modimo o neng wa e naya Aberahame ya gore o tlaa mo naya lefatshe lotlhe mmogo le losika lwa gagwe, e ne e se ka ntlha ya gore Aberahame o ne a tshegetsa melao ya Modimo, mme e ne e le ka ntlha ya gore o ne a ikanya Modimo gore o tlaa diragatsa tsholofetso ya one. \v 14 Mme fa e le gore o sa ntse o re masego a Modimo a ya kwa go ba ba “siameng thata” mme o raya gore ditsholofetso tsa Modimo mo go ba ba nang le tumelo ga di reye sepe, ebile tumelo ke boeleele. \v 15 Mme boammaaruri ke gore: Fa re leka go nna le lesego le poloko ya Modimo ka go boloka melao ya one re aga re felela mo bogaleng jwa one, gonne re palelwa ke go e tshegetsa malatsi otlhe. Tsela e nngwe fela e re ka ipabalelang ka yone gore re seka ra tlola melao, ke ya gore go seka ga bewa melao, e se re kgotsa ra e tlola. \p \v 16 Jalo masego a Modimo re a newa ka tumelo, e le neo fela; re tlhomamisa go nna le one re sala morago ngwao ya Sejuta kgotsa re sa e sale morago fa re na le tumelo e e tshwanang le ya ga Aberahame, gonne Aberahame ke rraa rona rotlhe fa go tla mo dilong tse tsa tumelo. \v 17 Ke sone se dikwalo di se rayang fa di re Modimo o dirile Aberahame rara wa dichaba tse dintsi. Modimo o tlaa amogela batho botlhe mo dichabeng tsotlhe ba ba o ikanyang jaaka Aberahame a ne a dira. Mme tsholofetso e, e tswa mo Modimong ka bo one, o o dirang gore baswi ba tshele gape, ebile o bua ka ditiragalo tsa malatsi a a tlang ka tlhomamiso e e gagametseng jaaka o ka re di setse di bile di diragetse! \p \v 18 Jalo erile fa Modimo o raya Aberahame o re o tlaa mo naya ngwana wa mosimane yo o tlaa nnang ra-merafe e mentsi e bo e nna chaba e tona, Aberahame o ne a dumela Modimo le fa tsholofetso e e ntseng jalo e ne e ka seka ya diragala! \p \v 19 Mme ka ntlha ya gore tumelo ya gagwe e ne e nonofile, o ne a seka a tshwenyega kaga lobaka lwa gore o ne a tsofetse thata go ka nna motsadi, ka nako eo o ne a le dingwaga di le lekgolo, le ene Sara mosadi wa gagwe o ne a le dingwaga di le masome a fera bongwe, a tsofetse thata go ka nna le ngwana. \p \v 20 Mme Aberahame ga a ise a ke a belaele. O ne a dumela Modimo, gonne tumelo ya gagwe le tshepo di ne di nonofile, mme o ne a galaletsa Modimo, ka masego a, le pele ga a diragala. \v 21 O ne a tlhomamisa thata gore Modimo o ne o kgona sentle go dira le fa e le eng se o se solofeditseng. \v 22 Mme ka ntlha ya tumelo ya ga Aberahame Modimo o ne wa mo itshwarela dibe wa mo supa “a sena molato.” \p \v 23 Jaanong polelo e ntle e, ya gore o ne a amogelwa a bo a letlelesega ka tumelo ya gagwe, e ne e sa solegele Aberahame molemo a le nosi. \v 24 Le rona e ne e le ya rona, e re tlhomamisetsa gore Modimo o tlaa re amogela ka yone tsela e o amogetseng Aberahame ka yone, fa re dumela ditsholofetso tsa Modimo o o tsositseng Jesu Morena wa rona mo baswing. \v 25 O swetse dibe tsa rona mme a tsoga gape go re siamisa mo Modimong a re tlatsa ka tshiamo ya Modimo. \c 5 \s1 Tshotlego e tsala bopelotelele \p \v 1 Mme jaanong, ka re siamisitswe mo ponong ya Modimo ka tumelo mo ditsholofetsong tsa one, re ka nna le kagiso mo go one ka ntlha ya se Jesu Keresete Morena wa rona o se re diretseng. \p \v 2 Gonne ka ntlha ya tumelo ya rona, o re beile mo lefelong le le nang le tshwanelo e e kwa godimo fa re leng teng jaanong, mme re lebeletse ka tshepo le ka boitumelo go nna se tota Modimo o neng o gopotse gore re nne sone. \p \v 3 Le rona re ka itumela, fa re tsena mo matha-teng le mo melekong gonne re itse gore mathata a re siametse, a re thusa go ithuta go nna pelotelele. \v 4 Mme bopelotelele bo tlhogisa boitshwaro jo bo nonofileng mo go rona, ebile bo re thusa go ikanya Modimo thata mo nakong nngwe le nngwe fa re bo dirisa go fitlhelela lwa bofelo tsholofelo ya rona le tumelo di nonofa di bo di dira ka boiketlo le kelotlhoko di sa reketle. \p \v 5 Mme fa moo go diragala, re kgona go ema re nitame, ga go re sepe gore go diragala eng ebile re itse gore gotlhe go siame, gonne re itse ka fa Modimo o re ratang ka teng, ebile re utlwa lorato lo lo tukang gongwe le gongwe mo go rona gonne Modimo o re neile Mowa O O Boitshepo go tlatsa dipelo tsa rona ka lorato lwa one. \p \v 6 E rile re sa kgone go ithusa gotlhelele go se na letshoba la go falola, Jesu a tla ka nako e e tshwa-netseng mme a re swela rona baleofi ba re neng re sena molemo mo go ene. \p \v 7 Le fa tota re ne re siame, re ne re se ka ke ra solofela ope go re swela, lefa go ntse jalo, go re swela go ne go ka kgonega. \v 8 Mme Modimo o ne wa supa lorato lwa one lo logolo mo go rona ka go romela Keresete go tla go re swela fa re ne re sa ntse re le baleofi. \p \v 9 Mme e re ka madi a gagwe a re diretse mo gotlhe re le baleofi, o tlaa re direla go le gogolo thata jang jaanong ka a re supile re se molato? Jaanong o tlaa re boloka mo bogaleng jotlhe jwa Modimo jo bo tlang. \v 10 Mme e re ka re ne re le baba ba one, re ne ra busediwa kwa Modimong ka loso lwa Morwaa one, kana ke masego a magolo thata jang a o tshwanetseng go a re naya jaanong ka gore re ditsala tsa one, le ka gore o nna mo go rona! \p \v 11 Jaanong re itumela mo kgolaganong ya rona e ntle e ncha le Modimo, gotlhe ka ntlha ya se Morena wa rona Jesu Keresete o se dirileng ka go swela dibe tsa rona, a re dira ditsala tsa Modimo. \s1 Go swa mo go Atamo, go tshela mo go Keresete \p \v 12 Erile fa Adamo a leofa, sebe sa tsena mo bathong botlhe. Sebe sa gagwe sa lere loso mo lefatsheng lotlhe, jalo sengwe le sengwe sa simolola go tsofala le go swa, gonne tsotlhe di leofile. \v 13 (Re itse gore ke sebe sa ga Adamo se se dirileng selo se) gonne le fa go ntse jalo, batho ba ne ba tswelela ba leofa go simolola ka nako ya ga Adamo go fitlhelela ka Moshe, ka malatsi ao Modimo o ne o ise o ba neele melao ya one le fa e le go ba bolelela se o batlang ba se dira. \p \v 14 Jalo e ne ya re fa mebele ya bone e e swa e bo e se ka ntlha ya dibe tsa bone, ka ntlha ya gore bone ka bo bone ba ne ba ise ba ke ba tlole molao mongwe wa botlhokwa wa Modimo kgatlhanong le go ja loungo lo lo idiwang, jaaka Adamo a ne a dira. A pharologanyo e tona fa gare ga ga Adamo le Keresete yo o neng a tlaa tloga a tla! \p \v 15 Gape a pharologanyo e tona fa gare ga sebe sa motho le boitshwarelo jwa Modimo! Gonne monna yo fela a le nosi Adamo, o lerile loso mo go ba le bantsi ka sebe sa gagwe. Mme monna yo ebong Jesu Keresete, o lerile boitshwarelo mo go ba le bantsi ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya Modimo. \p \v 16 Sebe sa ga Adamo se le sosi se lerile loso mo go ba le bantsi, fa Keresete a tlosa dibe tsotlhe a ba naya botshelo jo bo galalelang mo boemong jwa loso. \v 17 Sebe sa monna yo a le nosi, ebong Adamo, se dirile loso go nna kgosi mo go botlhe, mme botlhe ba ba tlaa amogelang neo ya Modimo ya boitshwarelo le kgololo ke dikgosi tsa botshelo ka ntlha ya monna yo, a le nosi, ebong Jesu Keresete. \v 18 Ee, Sebe sa ga Adamo se tlisitse kotlhao mo go botlhe, mme tshiamo ya ga Keresete e dira batho tshiamo mo Modimong, gore ba tshele. \v 19 Adamo o dirile ba le bantsi gore ba nne baleofi gonne gaa a ka a reetsa Modimo, mme Keresete o dirile ba le bantsi go amogelesega kwa Modimong gonne o ne a reetsa Modimo. \p \v 20 Melao e e some e ne ya ntshiwa gore botlhe ba bone selekanyo sa ka fa ba tlhaelang ka teng go obamela melao ya Modimo. Mme fa re ntse re bona boleo jwa rona ke gone bogolo re bonang kutlwelobotlhoko ya Modimo o o re itshwarelang. \v 21 Pele, sebe se ne se busa batho botlhe mme sa ba lere mo losong, mme jaanong kutlwelo-botlhoko ya Mo-dimo e busa mo boemong jwa sebe, e re naya tshwanelo ya go ema fa pele ga Modimo re le ba ba itekanetseng gore re nne le botshelo jo bo sa khu-tleng ka Jesu Keresete Morena wa rona. \c 6 \s1 Re filwe botshelo jo bosha ka Keresete \p \v 1 Jalo he, a re tlaa nna re tswelela re dira dibe gore Modimo o tle o nne o re kaele tshiamo le boitshwarelo. \p \v 2-3 Nnyaa ga go a nna jalo! A re tshwanetse go nna re dira dibe fa re sa tshwanela? Gonne nonofo ya sebe e e neng e re imelela e robilwe fa re nna Bakeresete ra bo ra kolobediwa go nna tokololo ya ga Keresete; ka loso lwa gagwe. \p \v 4 Nonofo ya tlholego ya lona e kgologolo e e ratang go leofa e tsentswe le ene mo phupung ka kolobetso fa a a swa, mme erile fa Modimo Rara, ka nonofo e e galalelang o mo rudisa, lo ne lwa neelwa botshelo jwa gagwe jo bontle jo bosha go itumela ka jone. \p \v 5 Gonne lo fetogile tokololo ya gagwe, jalo he lo sule nae, go bua jalo ke raya ka nako e a neng a a swa ka yone; mme jaanong lo na le seabe mo botshelong jwa gagwe jo bosha mme lo tlaa tsoga fela jaaka a ne a tsoga. \v 6 Dikeletso tsa lona tse di bosula tsa bogologolo di ne tsa kokotelwa mo mokgorong nae, tokololo eo ya lona e e ratang go leofa e ne ya ripitliwa ya ba ya ntshiwa dintho mo go bolayang, gore mmele wa gago o o ratang go leofa o seka wa tlhola o nna ka fa tlase ga taolo ya sebe, o sa tlhole o tlhoka go nna motlhanka wa boleo; \v 7 gonne fa o sa tlhole o dira sebe o golotswe mo thaelong ya sone le nonofo ya sone go go laola. \p \v 8 Mme ka tlholego ya lona e kgologolo ya go rata boleo e “sule” le Keresete, re itse gore lo tlaa nna le seabe mo botshelong jwa gagwe jo bosha. \v 9 Keresete o tsogile mo baswing mme ga a kitla a tlhola a a swa gape. Loso ga lo sa tlhole lo na le nonofo mo go ene. \v 10 O swetse ruri gangwe fela go fedisa nonofo ya sebe, mme jaanong o tshela ka metlha yotlhe mo botsalanong go ya bosakhutleng. \v 11 Jalo he, tsaya tlholego ya gago e kgologolo ya sebe jaaka e ka bo e sule e sa tsaalane molelo le sebe, mme mo boemong jwa go utlwana le sebe tshelela Modimo, o tlhomame mo go one, ka Jesu Keresete Morena wa rona. \p \v 12 Se tlhole o letlelela sebe go laola mmele wa gago o o kgobaletseng; se ineele mo dithatong tsa one tse di leofang. \v 13 Se letleleleng tokololo epe ya mebele ya lona go nna didirisiwa tsa boleo, go dirisiwa mo go direng boleo; mme ineeleng gotlhelele mo Modimong, tokololo nngwe le nngwe ya lona, gonne lo tswa mo losong mme lo batla go nna didirisiwa tsa Modimo, go dirisiwa mo megopolong ya one e e siameng. \v 14 Sebe ga se sa tlhole se tshwanetse go nna monnga lona, gonne jaanong ga lo sa tlhole lo golegeletswe mo molaong mo sebe se lo dirang makgoba teng, mme lo gololesegile ka fa tlase ga thato ya Modimo le kutlwelo-botlhoko ya one. \p \v 15 A mo go raya gore re ka nna ra tswelela ra leofa mme ra seka ra tshwenyega ka ga gone? (Gonne poloko ya rona ga e ikaege mo go bolokeng molao; fa e se mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo). Nnyaa ga go a nna jalo! \p \v 16 A ga o lemoge gore o ka itlhophela mong wa gago? O ka tlhopha sebe (le loso) kgotsa theetso (le kgololo). Yo o mo ineelang, o tlaa go tsaya a bo a nna mong wa gago mme o tlaa nna motlhanka wa gagwe. \v 17 A go lebogwe Modimo ka gore le fa lo kile lwa itlhophela go nna batlhanka ba boleo; jaanong lo tshegeditse thuto e Modimo o e lo neileng ka pelo yotlhe ya lona. \v 18 Mme jaanong lo gololesegile mo go mong wa lona yo mogologolo, (sebe); jaanong lo batlhanka ba mong wa lona yo mosha, ebong tshiamo. \p \v 19 Ke bua jaana, ke dirisa sekai sa batlhanka le barena, gonne se motlhofo go tlhaloganngwa: fela jaaka lo kile lwa bo lo le batlhanka mo mefuteng yotlhe ya boleo, jaanong lo tshwanetse go itetlelela go nna batlhanka mo go gotlhe mo go siameng go bile go itshepile. \p \v 20 Mo malatsing ale fa lo ne lo sa ntse lo le batlhanka ba boleo, lo ne lo sa tshwenyege ka tshiamo ya Modimo. \v 21 Mme maduo e ne ya nna eng? Go bonala sentle gore ga e aka ya nna tshiamo, ka jaanong lo tlhabiwa ke ditlhong go akanya kaga dilo tse lo kileng lwa bo lo di dira, gonne tsotlhe di felela mo tatlhegong ya bosakhutleng. \p \v 22 Mme jaanong lo gololesegile mo nonofong ya boleo lo batlhanka ba Modimo, mme thobo ya lona mo go one ke boitshepo le botshelo jo bo sa khutleng. \v 23 Gonne maduo a boleo ke loso, mme neo ya Mo-dimo e e sa rekweng ke botshelo jo bosakhutleng ka Jesu Keresete Morena wa rona. \c 7 \s1 Sekai ka nyalo \p \v 1 A ga lo ise lo bo lo tlhaloganye, bakaulengwe ba Sejuta ba ba rategang mo go Keresete, gore fa motho a a swa, molao ga o sa tlhole o mo tlama? \p \v 2 Mmang ke tshwantshe: Fa mosadi a nyalwa, molao o mo golegelela mo monneng wa gagwe fela fa a sa ntse a tshela. Mme fa monna a a swa, mosadi ga a sa tlhole a golegeletswe mo go ene; melao ya lonyalo ga e sa tlhole e mo ama. \v 3 Mme o ka nna a nyalwa ke monna o sele fa a rata. Moo go ne go tlaa bo go sa siama fa monna a ne a sa ntse a tshela, mme go siame sentle fela fa monna a sule. \p \v 4 “Monna wa gago,” mong wa gago e kile ya ne e le molao wa Sejuta; mme o ne wa “swa” jaaka o ka re o swa le Keresete mo mokgorong; mme ka o “sule”, ga o sa tlhole o “Nyetswe ke molao,” le gone molao ga o sa tlhole o na le taolo mo go wena. Mme o ne wa boela mo botshelong gape fa Keresete a rula, jalo he o motho yo mosha. Mme jaanong o “nyetswe,” go bua jalo ke raya gore, o nyetswe ke yo o tsogileng mo baswing, gore o tle o ungwe loungo lo lo siameng, ke gore ditiro tse di siameng tsa Modimo. \v 5 Erile fa tlholego ya lona e kgologolo e sa ntse e dira mo nameng, dithato tsa boleo di ne di dira mo go lona, di lo batlisa go dira sengwe le sengwe se Modimo o neng o re lo seka lwa se dira, lo ungwa ditiro tsa boleo, loungo lo lo bolayang lwa loso. \v 6 Mme jaanong ga lo sa tlhole lo tlhokana le go tshwenyega ka melao ya Sejuta le ngwao gonne lo ne lwa “swa” lo sa ntse lo le mo botshwarongjwa yone, mme jaanong lo ka direla Modimo tota; eseng ka tsela e kgologolo e ka yone lo neng lo obamela melao ka fa go batlwang ka teng, mme e leng ka tsela e ncha, (lo o obamela ka bojotlhe jwa dipelo tsa lona le maikutlo). \s1 Sebe \p \v 7 Mme jalo, a ke raya gore melao e ya Modimo e bosula? Nnyaa ga ke rialo! Molao ga o boleo gonne ke one molao o o mpontshiteng sebe sa me. Nkabo ke ile ka seka ka itse sebe se se mo pelong ya me, dithato tse di bosula tse di fitlhegileng mo go yone fa molao o ne o sa re, “O seka wa nna le dithato tse di bosula mo pelong ya gago.” \v 8 Mme sebe se dirisitse molao o kgatlhanong le dithato tse di bosula ka go nkgakolola gore dithato tse di ntseng jalo ga di a siama ebile di tsosa mefuta yotlhe ya dithato tse di sa letlelelweng mo go nna! Fela fa go ne go sena melao e e ka rojwang go ka bo go sena boleo. \p \v 9 Ke sone se ke neng ke ikutlwa sentle fa ke sa tlhaloganye se tota molao o neng o se batla. Mme erile fa ke sena go ithuta boammaaruri, ke ne ka lemoga gore ke robile molao ebile ke moleofi yo o tshwanetseng go swa. \v 10 Mme ka fa ke lemogileng ka teng, molao o o molemo o o neng o tshwanetse go ntshupegetsa tsela ya botshelo o ne wa dira gore ke atlholelwe loso. \v 11 Sebe sa ntsietsa ka go tsaya melao e e molemo ya Modimo se e dirisa go nkatlholela loso. \v 12 Le fa go ntse jalo, lemoga gore molao ka bo one o ne o siame ebile o le molemo. \p \v 13 Mme moo go ka diragala jang? A molao ga se one o o dirileng gore ke atlholelwe loso? Mme jaanong molao o ka nna molemo jang? Nnyaa, e ne e le sebe, ke selo sa bo-Satane, se se dirisitseng se se neng se le molemo go lere katlholo ya me. Jalo o ka bona ka fa maikaelelong a sone a a bosula go bolaya le go atlholela loso. \v 14 Molao o molemo, jalo he, molato ga o mo molaong o mo go nna, gonne ke rekisitswe mo botlhankeng jwa sebe jaaka monngake. \p \v 15 Ga ke itlhaloganye gotlhelele, gonne tota ke batla go dira se se molemo, mme ga ke kgone. Ke dira se ke sa se rateng go se dira, se ke se ilang. \v 16 Ke itse sentle gore se ke se dirang ga se a siama, le letswalo la me le le sa siamang le supa gore ke dumalana le melao e ke e robang. \p \v 17 Mme ga ke kgone go ithusa, gonne ga se nna ke se dirang. Ke sebe se se mo go nna ke sone se nonofileng go mpheta, ke sone se ntirisang dilo tse di bosula tse. \p \v 18 Ke itse gore ke bodile e le ruri ka ntlha ya tlholego ya me e kgologolo ya boleo. Le fa ke re ke leka go tilela kae, ga ke kgone go itira gore ke dire tshiamo. Ke a rata mme ga ke kgone. \v 19 Fa ke batla go dira molemo ga ke o dire; mme fa ke leka gore ke se ka ka dira bosula, ke a bo dira. \p \v 20 Jaanong fa ke dira se ke sa rateng go se dira, go bonala sentle kwa molato o leng teng: Sebe se santse se nngaparetse ka bosula jwa sone. \p \v 21 Go bonala e le boammaaruri jo bo leng teng mo botshelong gore fa ke batla go dira se se siameng, ke hekeetsega go dira se se sa siamang. \v 22 Ke rata go dira go rata ga Modimo fela kafa tlholegong yame e ncha e ntseng ka teng; \v 23-25 mme go na le selo sengwe mo botennye jwa me, mo tlholegong ya me e kgologolo, se se tlhabanang le tlhaloganyo ya me, mme se ntira motlhanka wa boleo jo bo sa ntseng bo le mo go nna. Mo tlhaloganyong ya me ke batla go nna motlhanka wa Modimo yo o ikemise-ditseng go dira go rata ga one mme mo boemong jwa moo ke iphitlhela ke sa ntse ke le motlhanka wa boleo. Jalo lo bona ka fa go ntseng ka teng: Botshelo jwa me jo bosha bo mpolelela gore ke dire molemo, mme tlholego e kgologolo e e sa ntseng e le mo go nna e rata go leofa. Oo, ke mo bothateng jo bo boitshegang jang! Emang yo o tlaa nkgololang mo botlhankeng jo jwa tlholego e ya loso. Ke leboga Modimo! Gonne go setse go dirilwe ke Keresete Morena wa rona. O nkgolotse. \c 8 \s1 Go tshela ka fa Moweng O O Boitshepo \p \v 1 Mme jaanong ga go na tshekiso e e emet seng ba e leng ba ga Keresete Jesu. \v 2 Gonne nonofo ya Mowa wa botshelo, nonofo e e leng gore ke ya me ka Keresete Jesu, e nkgolotse mo bogaleng jwa sebe le loso. \v 3 Ga re bolokwe mo botshwarong jwa sebe ke go itse melao ya Modimo, gonne ga re ka ke le gone re bile ga re e tshegetse, mme Modimo o ne wa dirisa leano lengwe go re boloka. O romile Morwaa one mo setshwanong sa rona, pharologanyo fela ke gore mebele ya rona e na le boleo, mme Morwaa one ene o bolaile taolo ya sebe mo go rona ka go intsha setlhabelo sa dibe tsa rona. \v 4 Jaanong re ka tshegetsa melao ya Modimo fa re sala morago Mowa O O Boitshepo re bo re khutlisa go obamela tlholego e kgologolo e e bosula e e mo go rona. \p \v 5 Ba ba iteseletsang go laolwa ke ditlholego tsa bone tse di kgologolo ba tshelela fela go itumedisa matshelo a bone, mme ba ba salang Mowa O O Boitshepo morago ba iphitlhela ba dira dilo tse di itumedisang Modimo. \v 6 Go sala morago Mowa O O Boitshepo go isa kwa botshelong le kagiso, mme go sala morago tlholego e kgologolo go isa losong, \v 7 gonne tlholego e kgologolo ya boleo e e mo go rona e kgatlhanong le Modimo. Ga e ise e ke e bo e obamele melao ya Modimo mme le gone ga e kitla e e obamela. \v 8 Ke sone se e leng gore ba ba sa ntseng ba le ka fa tlase ga taolo ya bone e kgologolo ya boleo, ba gapesegetse ka fa go saleng morago dikeletso tsa bone tse di kgologolo tse di bosula, ba ka se ke ba itumedisa Modimo. \p \v 9 Mme lona ga lo a nna jalo. Lo laolwa ke tlholego ya lona e ncha fa mowa wa Modimo o nna mo go lona. (Mme gakologelwang gore le fa e le mang yo o senang Mowa wa ga Keresete, ga se Mokeresete gotlhelele). \v 10 Mme le fa tota Keresete a nna mo go wena, mmele wa gago o tlaa swa ka ntlha ya sebe, mme mowa wa gago o tlaa tshela, gonne Keresete o o itshwaretse. \p \v 11 Mme fa Mowa wa Modimo, o o tsositseng Jesu mo baswing, o nna mo go lona, o tlaa dira gore mebele ya lona e e swang e tshele gape morago ga lo o swa, ka one Mowa O O Boitshepo o, o o nnang mo go lona. \p \v 12 Jalo he, bakaulengwe ba me ba ba rategang, ga lo na ditshwanelo le fa e le dipe mo tlholegong ya lona e kgologolo ya boleo go dira se e batlang gore lo se dire. \v 13 Gonne fa lo tswelela go e sala morago lo latlhegile ebile lo tlaa nyelela, mme fa ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo lo e ripitla le ditiro tsa yone tse di bosula, lo tlaa tshela. \v 14 Gonne ba ba gogwang ke Mowa wa Modimo ke bana ba Modimo. \p \v 15 Jalo ga re a tshwanela go tshwana le batlhanka ba ba boi ba ba magatlapa, mme re tshwanetse go nna jaaka bana ba Modimo ka sebele, ba ba dirilweng bana ka go tsenngwa mo lwapeng lwa one, go mmitsa “Rara, Rara.” \v 16 Gonne Mowa wa one O O Boitshepo o buisanya le rona mo botennye jwa dipelo tsa rona, ebile o re bolelela gore re bana ba Modimo tota. \v 17 Mme ka re le bana ba one, re tlaa rua mahumo a one, gonne gotlhe mo Modimo o go neelang Morwaa one le rona jaanong ke ga rona. Mme fa e le gore re tshwanetse go nna le seabe mo kgalalelong ya gagwe le rona re tshwanetse go nna le seabe mo go bogisiweng ga gagwe. \s1 Boitumelo jwa malatsi a a tlang \p \v 18 Le fa go ntse jalo dipogiso tsa rona tsa malatsi ano ga se sepe fa di tshwantshiwa le kgalalelo e o tlaa e re nayang mo nakong e e tlang. \v 19 Gonne lobopo lotlhe lo letetse lone letsatsi leo ka bopelotelele le ka tsholofelo fa Modimo o tlaa bo o tsosa bana ba one. \v 20-21 Gonne mo letsatsing leo mitlwa, mesetlho, sebe, loso le go bola, dilo tse di neng tsa fenya lefatshe kgatlhanong le keletso ya lone mo taolong ya Modimo di tlaa nyelela tsotlhe, le lefatshe le le re dikologileng le tlaa nna le seabe mo kgololesegong e e galalelang e bana ba Modimo ba e itumelelang ka go bo ba kgaogane le boleo. \v 22 Gonne re itse gore le dilo tsa tlholego, jaaka diphologolo le ditlhare, di boga bolwetse le loso di sa ntse di emetse tiragalo e kgolo e. \v 23 Mme le rona tota Bakeresete, le fa re na le Mowa O O Boitshepo mo go rona e le ketapele ya kgalalelo ya malatsi a a tlang, re tshwenyega gore re gololwe mo ditlhabing le mo tshotlegong. Le rona, ka tlhwaafalo re letetse letsatsi leo le Modimo o tlaa re neelang ditshwanelo tsa rona tsotlhe jaaka bana ba one, le mebele e mesha e o e re solofeditseng, mebele e e se kitlang e tlhola e lwala gape ebile e se kitla e tlhola e e swa. \p \v 24 Re bolokilwe ka tsholofelo. Jalo he, tsholofelo e raya tebelelo ya go nna le sengwe se re iseng re nne naso, gonne motho yo a setseng a na le sengwe ga a tlhoke go solofela le go dumela gore o tlaa nna naso. \v 25 Mme fa re tshwanetse go nna re ikanya Modimo ka sengwe se se iseng se diragale, go re ruta go letela ka bopelotelele le ka boikanyo. \p \v 26 Gape ka yone tsela eo, ka tumelo ya rona, Mowa O O Boitshepo o re thusa mo matshwenyegong a rona a malatsi otlhe le mo go rapeleng ga rona. Gonne ga re itse le se tota re tshwanetseng go se rapelela, le ka fa re tshwanetseng go rapela ka teng; mme Mowa O O Boitshepo o re rapelela ka maikutlo a e leng gore ga a ka ke a tlhalosiwa ka mafoko ape. \v 27 Mme Rara yo o itseng dipelo tsotlhe o a itse, se Mowa o se buang jaaka o re rapelela ka kagiso le ka fa go rateng ga Modimo. \s1 Phenyo ka Jesu Keresete \p \v 28 Jalo he, re itse gore gotlhe mo go re diragalelang go re direla bomolemo fa re rata Modimo ebile re tsena sentle mo maikaelelong a one. \p \v 29 Gonne go simologa kwa tshimologong Modimo o ne wa ikaelela gore ba ba tlang kwa go one, ebile ka o ne o ntse o itse gore e tlaa nna bo mang, ba tshwanetse go nna jaaka Morwaa one, gore Morwaa one a tle a nne motsalwa pele mo bakaulengweng ba le bantsi. \v 30 Mme erile Modimo o sena go re itlhophela, o ne wa re biletsa kwa go one; mme erile fa re tla, wa re supa “re sena molato”, wa re tlatsa ka bomolemo jwa ga Keresete, wa re naya tshiamelo ya go ema le one, re le ba ba siamisitsweng, wa ba wa re solofetsa kgalalelo ya one. \p \v 31 Tota fela re ka reng kaga dilo tse di ntseng jaana tse di hakgamatsang? Fa Modimo o re eme nokeng, emang yo o ka nnang kgatlhanong le rona? \v 32 Ka Modimo o ise o ke o be o rekegele Morwaa one o ne wa mo ntshetsa go nna setlhabelo sa rona rotlhe, a le ene tota ga a na go re naya sengwe le sengwe? \v 33 Ke mang yo o ka re bayang molato rona ba re itshenketsweng ke Modimo gore re nne ba one? A Modimo o tlaa dira jalo? Nnyaa! Ke one o o re itshwaretseng wa ba wa re naya tshwanelo ya go ema nao. \p \v 34 Emang jaanong yo o tlaa re sekisang? A Keresete o tlaa dira jalo? Nnyaa! Gonne ke ene yo o re swetseng a bo a boela mo botshelong gape ka ntlha ya rona, mme jaanong o ntse mo lefelong la tlotlo e kgolo go bapa le Modimo, ebile o a re rapelela. \p \v 35 Emang jaanong yo o ka re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? Fa re na le mathata kgotsa re le mo tlalelong, fa re tsongwa kgotsa re bolawa, a ke ka ntlha ya gore ga a sa tlhole a re rata? A mme fa re bolawa ke tlala, kgotsa re sena madi, kgotsa re le mo diphatseng, kgotsa re tshosiwa ke loso, a Modimo o a bo o re latlhile? \p \v 36 Nnyaa, gonne Dikwalo di re bolelela gore ka ntlha ya gagwe re tshwanetse go ipaakanyetsa go lebagana le loso ka nako nngwe le nngwe ya letsatsi, re tshwana fela le dinku tse di emetseng go tlhajwa. \p \v 37 Mme mo godimo ga mo gotlhe, phenyo e kgolo ke ya rona ka Keresete yo o re ratileng a bo a re swela. \p \v 38 Gonne ke tlhomamisa gore ga go na sepe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa gagwe. Loso ga lo ka ke, le botshelo ga bo ka ke. Baengele ga ba ka ke, le dinonofo tsotlhe tsa molete ga di ka ke tsa re kgaoganya le lorato lwa Modimo. Dipoifo tsa rona tsa gompieno, boitlhobaelelo jwa rona kaga letsatsi le le latelang, \v 39 kgotsa fa re leng teng kwa godimodimo ga loapi, kgotsa mo lewatleng le le boteng-teng, ga gona sepe se se tlaa kgonang go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo supilweng ke Morena wa rona Jesu Keresete fa a re swela. \c 9 \s1 Ditsholofetso tsa Modimo \p \v 1-3 Ao Iseraele, batho ba me! Ao, bakaulengwe ba me ba Sejuta! Ke eletsa thata jang gore lo tle mo go Keresete. Pelo ya me e tshwenyegile ebile ke hutsahala mo go botlhoko thata bosigo le motshegare ka ntlha ya lona. Keresete o a itse le Mowa O O Boitshepo o itse gore ga ke ake fa ke re ke eletsa go atlholelwa loso lwa bosakhutleng fa e le gore go ka lo boloka. \v 4 Modimo o lo neetse mo go golo, mme lo santse lo sa o dumele. O lo tsere jaaka batho ba one ba ba itshenketsweng, jalo wa lo etelela pele ka leru le le phatshimang la kgalalelo wa bo wa lo bolelela ka fa o batlang go lo segofatsa ka teng. O lo neetse melao ya one ya botshelo jwa malatsi otlhe gore lo itse se o batlang lo se dira. O lo neile tshwanelo ya go mo obamela, wa ba wa lo naya ditsholofetso tse dikgolo. \p \v 5 Borraeno e ne e le badiredi ba bagolo ba Modimo, le Keresete e ne e le mongwe wa lona, e le Mojuta ka fa tlholegong ya gagwe, ene yo jaanong a busang dilo tsotlhe. A go bakwe Modimo ka bosakhutleng! \p \v 6 Jalo he, a Modimo ga o a kgona go diragatsa ditsholofetso tsa one mo Bajuteng? Nnyaa! (Gonne ditsholofetso tse ke tsa ba e leng Bajuta tota). Mme ga se gore mongwe le mongwe yo o tsaletsweng mo go ba ntlo ya Sejuta ke Mojuta wa boammaaruri! \v 7 Lebaka la gore ba tswa mo go Aberahame ga le ba dire bana ba ga Aberahame tota. Gonne Dikwalo tsa re ditsholofetso tse ke tsa ga morwa Aberahame ebong Isake le losika lwa gagawe, le fa Aberahame a ne a na le bana ba bangwe gape! \p \v 8 Mo ga go reye gore bana botlhe ba ga Aberahame ke ba Modimo, fa e se fela ba ba dumelang tsholofetso ya poloko e o e solofeditseng Aberahame. \p \v 9 Gonne Modimo o ne o solofeditse wa re, “Mo ngwageng e e tlang wena le Sara ke tlaa lo naya ngwana wa mosimane.” \v 10-13 Mme morago ga dingwaga, fa morwawe, Isake, a setse a godile ebile a nyetse, le Rebeka mosadi wa gagwe a tlaa tloga a mo tsholela mawelana, Modimo o ne wa raya Rebeka wa re, Esawe ngwana yo o tlaa tsalwang pele, o tlaa nna motlhanka wa ga Jakoba, lewelana la gagwe. Jaaka mafoko a lokwalo a re, “Ke tlhophile go segofatsa Jakoba, mme e seng Esawe.” Mme Modimo o ne wa bua jaana pele ga bana ba tsholwa, pele ga ba dira se se molemo kgotsa se se bosula. Se se supa gore Modimo o ne wa dira se o neng o se ikaeletse go tsweng kwa tshimologong; e ne e se ka ntlha ya se bana ba se dirileng mme e ne e le ka ntlha ya se Modimo o se batlileng wa se itlhophela. \s1 Bopelonomi le kutlwelo botlhoko ya Modimo \p \v 14 A Modimo o ne o sa kgetholole? Nnyaa ga go a nna jalo. \v 15 Gonne Modimo o ne o reile Moshe wa re, “Fa ke batla go nna pelonomi mo go mongwe, ke tlaa dira jalo. Gape ke tlaa utlwela botlhoko le fa e le mang yo ke batlang go mo utlwela botlhoko.” \v 16 Jalo he, masego a Modimo ga a bonwe ka ntlha ya gore motho mongwe o ikaelela go nna nao kgotsa ka ntlha ya gore o dira thata gore a nne nao. A bonwa ke ba Modimo o ba tlhomogelang pelo. \p \v 17 Farwe, Kgosi ya Egepeto, e ne e le sekai sa boammaaruri jo. Gonne Modimo o ne wa mmolelela gore o mo neetse bogosi jwa Egepeto ka maikaelelo a go supa nonofo ya one e e boitshegang ka ene: gore lefatshe lotlhe le tle le utlwe kaga leina la Modimo le le galalelang. \v 18 Jalo a lo a lemoga, Modimo o siametse bangwe, fela ka gore o batla go ba siamela, gape o dira gore ba bangwe ba gane go reetsa. \p \v 19 Jaanong ke eng fa Modimo o ba bona molato wa go tlhoka go reetsa? A ga baa dira se o dirileng gore ba se dire? \p \v 20 Nnyaa, se rialo. O mang wena yo o tshwa-yang Modimo diphoso? A selo se se dirilweng se ka raya yo o se dirileng sa re, “Ke eng fa o ntirile jaana?” \p \v 21 Fa mmopi wa dinkgwana a bopa nkgwana ka mmopa, a ga a na tshwanelo ya go dirisa lone lekwete leo fela la mmopa go dira nkgwana e nngwe ntle, gore e dirisiwe mo go tlhomeng dithunya, mme e nngwe e dirisiwe go latlhela matlakala mo teng? \v 22 A Modimo ga o na tshwanelo e e itekane-tseng go supa bogale jwa one le nonofo mo go ba ba tshwanetseng go senngwa, ba o ntseng o le pelotelele mo go bone mo nakong e yotlhe? \p \v 23-24 Gape o na le tshwanelo ya go tshola bangwe fela jaaka rona, ba re diretsweng go tshola dikhumo tsa one tsa kgalalelo, le fa re ka ne re le Bajuta kgotsa Badichaba, le go re siamela gore mongwe le mongwe a kgone go bona ka fa kgalalelo ya one e leng kgolo thata ka teng. \p \v 25 Gakologelwang se seporofeto sa ga Hosea se se buang? Teng mo go Hosea Modimo wa re o tlaa itshenkela bana ba bangwe (ba ba sa tsweng mo lwapeng lwa one lwa Sejuta), o ba rate, le fa ope a ise a ke a ba rate. \v 26 Mme baheitane, ba ka bone go kileng ga twe, “Ga lo batho ba me, ba tlaa bidiwa bana ba Modimo o o tshelang.” \p \v 27 Isaia moporofiti o ne a goeletsa kaga Bajuta a re, “Le fa ba ka ne ba le didikadike, ke palonyana fela e e seng kae e e bolokwang. \v 28 Gonne Morena o tlaa diragatsa katlholo ya gagwe mo lefatsheng, ka bofefo a khutlisa ditiro tsa gagwe, a di khutshwafatsa ka bomolemo.” \p \v 29 Mme ke jaaka Isaia a rile, “Fela fa e ne e se ka kutlwelobotlhoko ya Modimo Bajuta botlhe ba ne ba tlaa nyelela.” \s1 Go nyatsa ga Bajuta \p \v 30 Jaanong he, re tlaa reng kaga dilo tse? Re tlaa bua jaana re re, “Modimo o neetse Badichaba sebaka sa go gololwa ka tumelo, le fa tota ba ne ba ntse ba sa batle Modimo ka tlhwaafalo. \v 31 Mme Bajuta, ba ba neng ba leka ka thata yotlhe go siama mo Modimong ka go tshegetsa melao ya one, ga ba a ka ba bona poloko. \v 32 Ke ka ntlha yang? Ke ka ntlha ya gore ba ne ba leka go bolokwa ka go tshegetsa molao le go itshiamisa ka bo bone mo boemong jwa go ikaega mo tumelong. Ba kgopilwe ke lentswe le legolo le le kgopang. \v 33 Modimo o ba tlhagisitse ka se mo Dikwalong fa o re, ‘Ke beile Lefika mo tseleng ya Bajuta, mme ba le bantsi ba tlaa kgotswa mo go lone, ebong Jesu. Ba ba dumelang mo go ene ga ba kitla ba tlhajwa ke ditlhong.’ ” \c 10 \s1 Ba ba dumelang mo go Keresete ga ba na go tlhabisiwa ditlhong \p \v 1 Bagaetsho ba ba rategang, keletso ya pelo ya me le thapelo ya me ke gore Bajuta ba bolokwe. \p \v 2 Ke itse ka fa ba tlhwaafaletseng go tlotla Modimo ka teng, mme le fa go ntse jalo ke tlhwaafalo e e seng ka fa mokgweng. \v 3 Gonne ga ba tlhaloganye gore Keresete o swetse go ba siamisa mo Modimong. Mo boemong jwa go tlhaloganya ba leka go itira tshiamo go gapa maikutlo a Modimo ka go tshegetsa melao ya Sejuta le ngwao, mme moo ga se tsela ya Modimo ya poloko. \v 4 Ga ba tlhaloganye gore Keresete o neela ba ba mo ikanyang sengwe le sengwe se ba lekang go nna naso ka go tshegetsa melao ya gagwe. O khutlisa gotlhe moo. \p \v 5 Gonne Moshe o kwadile gore fa motho a ne a ka nna molemo mo go senang le fa e le selabe, a ba a itisa mo thaelong yotlhe a sa ntse a tshela, a ba a sa leofe le fa e le gangwe, ke gone fela ka fa a ka itshwarelwang a bo a bolokwa. \v 6 Mme poloko e e tlang ka tumelo ya re, “Ga go tlhokege go puruputsha magodimo o batla Jesu Keresete o bo o mo folosa go tla go go thusa,” ebile, \v 7 “ga go tlhokege gore o ye kwa baswing go lere Keresete mo botshelong gape.” \p \v 8 Gonne poloko e e gautshwane mo go mongwe le mongwe wa rona; tota e gautshwane fela jaaka dipelo tsa rona le melomo. \p \v 9 Gonne fa o bolelela ba bangwe ka molomo wa gago gore Jesu Keresete ke Morena wa gago, o bo o dumela mo pelong ya gago gore Modimo o mo tsositse mo baswing, o tlaa bolokwa. \v 10 Gonne ke ka go dumela mo pelong ya gagwe gore motho o siama mo Modimong; mme ka molomo wa gagwe o bolelela ba bangwe kaga tumelo ya gagwe, a tlhomamisa kaga poloko ya gagwe. \v 11 Gonne Dikwalo di re bolelela gore ga go na ope yo o dumelang mo go Keresete yo o tlaa tlhabisiwang ditlhong. \v 12 Mojuta le Modichaba ba tshwana fela mo lobakeng lo: Botlhe ba na le Morena a le mongwe yo ka bopelotshweu ja gagwe o abelang botlhe dikhumo tse ba di mo kopang. \v 13 Le fa e le mang yo o bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa. \p \v 14 Mme ba tlaa mo kopa jang go ba boloka fa ba sa dumele mo go ene? Le gone ba ka dumela jang mo go ene fa ba ise ba ke ba bo ba utlwalele kaga gagwe? Gape ba ka utlwa jang kaga gagwe fa go sena ope yo o ba bolelelang? \p \v 15 Le gone mongwe o tlaa tsamaya jang a ya go ba bolelela fa mongwe a sa mo rome? Ke sone se Dikwalo di buang kaga sone fa di re, “Ana go go ntle jang dinao tsa ba ba rerang Mafoko a kagiso le Modimo, ba bo ba lere mafoko a a itumedisang a dilo tse di molemo.” Ka mafoko a mangwe ke gore, go amogelesega thata jang ba ba tlang ba rera Mafoko a Modimo a a Molemo! \p \v 16 Mme ga se mongwe le mongwe yo e a reng a utlwa Mafoko a a Molemo a a amogele, gonne Isaia moporofiti o rile, “Morena, ke mang yo o ntumetseng fa ke ba bolelela?” \p \v 17 Mme le fa go ntse jalo tumelo e tla ka go reetsa Mafoko a a Molemo a, Mafoko a a Molemo kaga Keresete. \p \v 18 Mme re tlaa reng ka Bajuta? A ba utlwile molaetsa wa Modimo? Ee, gonne molaetsa o ile gongwe le gongwe kwa ba leng teng, Mafoko a a Molemo a boletswe go ya khutlong tsa lefatshe. \v 19 Mme a ba ne ba tlhaloganya (gore Modimo o tlaa neela ba bangwe poloko fa ba gana go e amogela)? Ee, gonne le mo malatsing a bogologolo a lobaka lwa ga Moshe, Modimo o ne wa re o tlaa dira batho ba one go nna lefufa o bo o leka go ba tsosa ka go naya poloko ya one dichaba tsa dieleele tsa baheitane. \v 20 Mme moragonyana Isaia a bua ka bopelokgale a re “Modimo o tlaa bonwa ke batho ba ba neng ba sa o batle.” \v 21 Mo lobakanyaneng lo, Modimo o tsweletse ka go otlololela mabogo a one mo Bajuteng, mme ba tsweletse ka go tatalala ba gana go tla mo go one. \c 11 \s1 Ba Modimo o ba itlhophetseng \p \v 1 Jaanong ke a botsa, A Modimo o ganne ebile o latlhile batho ba one Bajuta? Nnyaa, le goka! Gakologelwang gore nna ke Mojuta, wa losika lwa ga Aberahame, wa lotso lwa ga Benjamine. \p \v 2-3 Nnyaa, Modimo ga o a latlha batho ba e leng ba one ba o saleng o ba itlhophela go tsweng tshimologong. A lo gakologelwa se Dikwalo di se buang ka ga se? Elija moporofiti o ne a ngongorega mo Modimong kaga Bajuta, a bolelela Modimo ka fa ba bolaileng baporofiti ka teng ba bo ba rutlolola dibeso tsa Modimo; Elija o ne a bua gore e ne e le ene fela yo o setseng mo lefatsheng lotlhe a santse a rata Modimo, mme le ene ba ne ba leka go mmolaya. \p \v 4 A mme lo gakologelwa ka fa Modimo o neng wa mo fetola ka teng? Modimo o ne wa re, “Nnyaa, ga se wena o le nosi yo o setseng. Ke na le ba bangwe ba le dikete tse di supang kwa ntle ga gago, ba ba santseng ba nthata le gone ga ba ise ba ke ba obamele medimo ya disetwa.” \p \v 5 Go ntse jalo le gompieno. Ga se Bajuta botlhe ba ba furaletseng Modimo; go na le ba se kae ba ba bolailweng ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya Modimo ka go ba itshenkela. \p \v 6 Mme fa e le gore ke ka kutlwelo-botlhoko ya Modimo, mme ga se ka ntlha ya tshiamo ya bone. Gonne ka lebaka leo, neo ya mahala e ne e tlaa bo e sa tlhole e le mahala. Fa e direlwa ga e tlhole e le mahala. \p \v 7 Jalo, he, seemo ke se: Bajuta ba le bantsi ga ba a bona kutlwelobotlhoko ya Modimo e ba e batlang. Ba se kae ba e bonye, bone ba Modimo o ba itlhophetseng, mme matlho a ba bangwe a foufaditswe. \v 8 Ke sone se Dikwalo tsa rona di se rayang fa di re Modimo o ba robaditse, o tswetse matlho le ditsebe tsa bone gore ba seka ba tlhaloganya se re se buang fa re ba bolelela Keresete. Nako kgolo ke eno ba ntse ba ntse fela jalo. \p \v 9 Kgosi Dafide o ne a bua kaga sone selo se fa a re, “A dijo tsa bone tse di monate le masego a mangwe e nne seru mo go bone mo go itheyeng ga bone ba re gotlhe go siame fa gare ga bone le Modimo. A dilo tse di siameng tse di boele mo go bone di bo di ba wele mo ditlhogong go ba ripitla kwa ntle ga patiko. \v 10 A matlho a bone a fifale gore ba seka ba bona, o bo o ba obe mekwatla ka mokgweleo o o bokete ka bosakhutleng.” \s1 Poloko ya Modimo mo go Badichaba \p \v 11 A mo go raya gore Modimo o latlhetse ruri batho ba one Bajuta? Nnyaa, ga go a nna jalo! Maikaelelo a one e ne e le go dira gore poloko ya one e bonwe ke Badichaba, gonne Bajuta ba ne ba tlaa fufega ba bo ba simolola go ipatlela poloko ya Modimo ka bo bone. \v 12 Jaanong fa e le gore lefatshe lotlhe le humisitswe ka ntlha ya neo ya Modimo ya poloko, erile fa Bajuta ba kgotswa mo go yone ba bo ba e itatola, akanyang gore lefatshe le le tlaa nna le seabe sa lesego le legolo thata jang motlhang Bajuta le bone ba tlang kwa go Keresete. \p \v 13 Jaaka lo itse, Modimo o ntlhophetse go nna morongwa wa botlhokwa mo go lona badichaba. Ke gatelela selo se, ebile ke gakolola Bajuta kaga sone gangwe le gape fela ka fa ke ka kgonang ka teng, \v 14 gore e re fa go kgonega ke tle ke ba ratise se lona Badichaba lo nang naso mme ka yone tsela eo ke boloke bangwe ba bone. \v 15 Mme go tlaa nna go ntle thata jang fa ba nna Bakeresete! Erile fa Modimo o ba furalela go bo go raya gore o retologetse kwa go Badichaba go ba naya poloko ya one; mme jaanong ebile go go ntle thata fa Bajuta ba tla mo go Keresete. Go tlaa bo go tshwana le batho ba ba suleng ba boela mo botshelong. \p \v 16 Mme ka Aberahame le baporofiti e le batho ba Modimo, le bana ba bone e tlaa nna bana ba Modimo. Gonne fa medi ya setlhare e le boitshepo, dikala le tsone di tlaa nna fela jalo. \p \v 17 Mme dingwe tsa dikala tse, tse di tswang mo setlhareng sa ga Aberahame, dingwe tsa Bajuta, di kgaotswe. Mme lona Badichaba ba lo foo lo le dikala, a re re kgotsa, lo ditlhare tse di neng di kgaotswe mo motlhwareng wa naga, lwa lomelelwa mo go one. Jaanong le lona, lo amogela lesego le Modimo o le solofeditseng Aberahame le bana ba gagwe, lo tlhakanela go ja dikotla tsa Modimo. \p \v 18 Mme o ikele tlhoko o seka wa ipelafatsa ka go lomelelwa ga gago mo motlhwareng go emisetsa dikala tse di neng di kgaotswe. Gakologelwa gore o botlhokwa fela ka ntlha ya gore jaanong o kala ya setlhare sa Modimo; o kala fela, e seng modi. \p \v 19 Mme o ka ne o re, “Hei, dikala tsele di ne di kgaolelwa gore ke tle ke lomelelwe, jalo, he, mo go raya gore ke tshwanetse ka be ke siame tota.” \m \v 20 Tlhokomelang Gakologelwang gore dikala tseo, ebong Bajuta ba lomolotswe ka ntlha ya gore ba ne ba sa dumele Modimo, mme wena o foo fela ka gore o a dumela. Se nne le boikgogomoso, nna le boingotlo le go leboga gape o ikele tlhoko. \p \v 21 Gonne fa Modimo o ise o ke o rekegele dikala tse o neng wa di tlhogisa pele, le wena ga o na go go rekegela. \p \v 22 Lemoga ka fa Modimo o leng pelonomi le pelo-e-thata ka teng. O pelo e thata mo go maswe mo go ba ba sa o reetseng, mme o molemo thata mo go wena fa o tswelela ka go o rata le go o ikanya. Mme fa o sa dire jalo, le wena o tlaa kgaolwa. \v 23 Gape, fa Bajuta ba kgaogana le go tlhoka go dumela ga bone mme ba boela kwa Modimong, Modimo o tlaa ba lomelela gape mo setlhareng. O na le nonofo go dira jalo. \p \v 24 Gonne fa Modimo o ne wa lo tsaya lona ba lo neng lo le kgakala nao, lo le dikala tsa motlhware wa naga, wa ba wa lo lomelela mo setlhareng sa one se se molemo, a ga lo bone gore o tlaa bo o ipaakanyeditse go lomelela Bajuta ba ba neng ba le foo lwa ntlha? \s1 Poloko mo go botlhe ba Iseraele \p \v 25 Ke batla gore lo itse kaga boammaaruri jo, jo bo tswang kwa Modimong, bakaulengwe ba ba rategang, gore lo tlo lo seka lwa ikgogomosa lwa simolola go belafala. Ee, ke boammaruri gore jaanong bangwe ba Bajuta ba itirile go nna kgatlhano le Mafoko a a Molemo, mme mo go tlaa nna fela jalo go fitlhelela lona Badichaba lo tla mo go Keresete. \v 26 Mme hong Chaba yotlhe e tlaa bolokwa. A lo gakologelwa se baporofiti ba se buileng kaga se? “Go tlaa tswa Mogolodi mo Siona, mme o tlaa sokolola Bajuta mo boikepong jotlhe. \v 27 Ka nako eo ke tlaa tlosa dibe tsa bone tsotlhe, fela jaaka ke solofeditse.” \p \v 28 Jaanong bontsi jwa Bajuta ke baba ba Mafoko a a Molemo. Ba a a ila. Mme mo go lo solegela molemo, gonne go dirile gore Modimo o lo neye dineo tsa one lona Badichaba. Legale Bajuta ba sa ntse ba ratwa ke Modimo ka ntlha ya ditsholofetso tsa one mo go Aberahame, Isake le Jakoba. \v 29 Gonne Modimo ga o ke o busetsa morago dineo le pitso ya one; ga o kitla o boela kwa morago mo ditsholofetsong tsa one. \p \v 30 Lo kile lwa bo lo le batsuulodi ba Modimo, mme erile fa Bajuta ba gana dineo tsa one, Modimo mo boemong jwa go gana ga bone wa nna kutlwelo botlhoko mo go lona. \p \v 31 Mme jaanong Bajuta ke batsuulodi, legale letsatsi lengwe le bone ba tlaa balelwa mo kutlwelong botlhoko ya Modimo fela jaaka lona. \v 32 Gonne Modimo o ba dirile baleofi botlhe gore o tle o ba utlwele botlhoko botlhe ka go tshwana. \p \v 33 Ana re na le Modimo O O molemo jang? Botlhale jwa one le kitso le dikhumo tsa one di dikgolo jang! Ga go kgonege jang mo go rona go tlhaloganya maikaelelo a One le ditsela tsa One. \v 34 Gonne ke ofe mo go rona yo o ka itseng mogopolo wa Morena? Ke mang yo o ka itseng sentle go ka nna mogakolodi le mogogi wa one? \v 35 Gape ke ofe yo o ka abelang Morena sengwe se se lekanyeng pele go mo tlhotlheletsa gore le ene a tle a mo direle sengwe? \v 36 Gonne sengwe le sengwe se ntse ka nonofo ya one. A kgalalelo e nne mo go one ka bosakhutleng. \c 12 \s1 Ikokobetseng \p \v 1 Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela gore lo neele Modimo mebele ya lona. A mebele ya lona e nne setlhabelo se se tshelang, e le boitshepo, e le mofuta o Modimo o ka o amogelang. Fa lo akanya kaga se o se lo diretseng, a lo fitlhela e le gore se o se lopang se segolo thata. \v 2 Se gapiweng ke mokgwa le ngwao ya lefatshe leno, mme nnang batho ba basha ba ba pharologanyo ba na le maikutlo a masha mo go tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di akanyang. Mme lo tlaa itemogela ka fa ditsela tsa Modimo di tlaa lo itumedisang ka teng. \p \v 3 Jaaka morongwa wa Modimo ke neela mongwe le mongwe wa lona tlhagiso ya Modimo: Ikanyegeng mo go kaeng seemo sa lona mo Modimong, lo lekanya letlotlo la lona gore Modimo o le lo neetse ka tumelo e e selekanyo se kae. \v 4-5 Fela jaaka go na le ditokololo di le dintsi mo mebeleng ya rona, mmele wa ga Keresete o ntse fela jalo. Rotlhe re ditokololo tsa one, mme go raya gore rotlhe fa re kopanye re dira mmele o o feletseng, gonne mongwe le mongwe wa rona o na le tiro e e farologanyeng go e dira. Jalo he, re ruanye, mongwe le mongwe o tlhokana le ba bangwe. \p \v 6 Modimo o neetse mongwe le mongwe wa rona nonofo go dira dilo dingwe sentle. Jalo fa Modimo o go neetse nonofo ya go porofesa dira jalo fa go kgonega ka dinako tsotlhe tse tumelo ya gago e nonofileng go amogela molaetsa o o tswang kwa Modimong. \v 7 Fa e le gore neo ya gago ke ya go direla batho sentle, ba direle sentle. Fa o le moruti, dira tiro e ntle ya go ruta. \v 8 Fa o le moreri, bona gore dithero tsa gago di nonofile di bile di na le thuso. Fa Modimo o go file madi, nna pelotshweu mo go thuseng ba bangwe ka one. Fa Modimo o go file nonofo ya go laola ebile o go dirile motlhokomedi wa tiro ya ba bangwe, tsaya tiro eo ya boikarabelo ka tlhwaafalo. Ba ba gomotsang ba ba hutsahetseng ba tshwanetse go dira jalo ka lorato lwa Sekeresete. \s1 Lorato mo go ba bangwe \p \v 9 Se ipeye fela jaaka o ka re o rata ba bangwe: Ba rate ka boammaaruri. Ila se se sa siamang. Ema le bomolemo. \v 10 Ratang ka lorato lwa sekaulengwe lo bo lo itumelelane mo go tlotlaneng. \v 11 Se nneng ditshwakga mo tirong ya lona mme direlang Modimo ka tlhwaafalo. \p \v 12 Itumeleleng gotlhe mo Modimo o go lo baakanyetsang. Nnang pelotelele mo mathateng, lo bo lo nne mo thapelong malatsi otlhe. \v 13 Fa bana ba Modimo ba tlhoka, a e nne wena o ba thusang. O bo o itlwaetse mokgwa wa go nna o laletsa baeng dijo kwa lapeng la gago, kgotsa le fa ba tlhoka boroko o ba bo neye. \p \v 14 Fa mongwe a go sotla ka ntlha ya gore o Mokeresete, se mo hutse; mo rapelele gore Modimo o mo segofatse. \v 15 Fa ba bangwe ba itumetse, itumele nabo. Fa ba utlwile botlhoko, utlwa botlhoko nabo. \p \v 16 Dirisanyang ka boitumelo. Se lekeng go ikgodisa. Se lekeng go ithatisa batho ba maemo a a kwa godimo, mme itumeleleng go nna mo lesomong la batho ba ba kwa tlase. Le gone lo seka lwa ikgopola gore lo botlhale. \p \v 17 Se busoloseng bosula ka bosula. Dirang dilo ka tsela e e leng gore mongwe le mongwe o ka bona gore lo ikanyega mo go tsone. \v 18 Se omaneng le ope. Nnang kagiso le mongwe le mongwe, ka fa nonofong ya lona. \p \v 19 Bagaetsho ba ba rategang, se ipusolosetseng. Tlogelang moo mo Modimong, gonne o rile o tlaa duela ba ba tshwanetsweng ke tuelo. (Se itseeleng molao ka mabogo a lona). \v 20 Mo boemong jwa go dira jalo, fa mmaba wa gago a bolailwe ke tlala, mo fe dijo. Fa a tshwerwe ke lenyora mo nose, ka go dira jalo, o tlaa bo o “Tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.” Ka mafoko a mangwe o tlaa itlhabelwa ke ditlhong ka ntlha ya se a se go diretseng. \v 21 Se dumeleng go fenngwa ke bosula mme fenyang bosula ka go dira tshiamo. \c 13 \s1 Go obamela mmuso \p \v 1 Obamelang mmuso, gonne o tlhomilwe ke Modimo, ga go na mmuso le fa e le kae o o sa tlhongwang ke Modimo go laola. \p \v 2 Jalo ba ba ganang go obamela melao ya mmuso ba gana go obamela Modimo, mme kwatlhao e tlaa nna teng. \p \v 3 Gonne lepodisi ga se setshosa mo go ba ba dirang tshiamo; mme ba ba dirang bosula ba tlaa aga ba le boifa. Jalo fa o sa batle go tshelela mo poifong, tshegetsa melao mme o tlaa tswelela sentle. \v 4 Lepodise le romilwe ke Modimo go go thusa. Mme fa o dira sengwe se se bosula, ee, o tshwanetse go tshoga, gonne le tlaa go tshwara gore o otlhaiwe. Le rometswe ke Modimo go dira yone tiro eo. \v 5 Obamela melao, mme ka ntlha ya mabaka a mabedi a: lebaka la ntlha ke go go dibela gore o seka wa otlhaiwa, mme lebaka la bobedi ke fela ka gore o itse gore o tshwanetse go o obamela. \p \v 6 Duelang le makgetho a lona, ka ntlha ya one mabaka a mabedi a. Gonne badiredi ba mmuso ba tlhoka go duelwa gore ba tle ba nne ba tswelele ba dira tiro ya Modimo, ba lo direla. \p \v 7 Duelang mongwe le mongwe ka se a tshwanetseng go duelwa ka sone: Duelang makgetho a lona ka boitumelo lo bo lo duele goromente makgetho a dithoto tse di tsenang mo lefatsheng ka phuthologo, ikobeleng ba ba lo okametseng, lo bo lo tlotle ba ba tshwanetseng go tlotlwa, \s1 Go ratana \p \v 8 Duelang melato yotlhe fa e se fela molato wa lorato mo go ba bangwe, se khutlise go o duela! Gonne fa lo ba rata, lo tlaa bo lo obamela gotlhe ga melao ya Modimo, lo diragatsa tsotlhe tse di batlwang. \v 9 Fa o rata mongwe ka wena fela jaaka o ithata, ga o na go rata go mo utlwisa botlhoko kgotsa go mo tsietsa, kgotsa go mmolaya kgotsa go mo utswela. Gape ga o na go dira boleo le mosadi wa gagwe, kgotsa go batla se e leng sa gagwe, kgotsa go dira le fa e le eng se melao e e some e reng ga se a siama Yotlhe ka bosome jwa yone e akareditswe mo molaong o o reng, “Rata mongwe ka wena jaaka o ithata.” \v 10 Lorato ga lo direle ope bosula. Ke sone se e leng gore lo diragatsa gotlhe mo go batlwang ke Modimo. Ke one molao o le nosi fela o lo o tlhokang. \p \v 11 Lebaka le lengwe la go tshela ka tlhamalalo ke le: lo itse gore nako e setse e fetile thata jang: nako e a fela. Tsogang, gonne go tla ga Morena go gautshwane jaanong, go na le jaaka re ne re dumela lwa ntlha. \v 12-13 Bosigo bo setse bo fetile, letsatsi la go bowa ga gagwe le tlaa tloga le goroga. Jalo latlhang ditiro tse di bosula tsa lefifi lo apare seaparo sa tshiamo sa go tshela ka tlhamalalo, jaaka rona ba re nnang mo leseding re tshwanetse go dira! Nnang molemo le boammaaruri mo go sengwe le sengwe se lo se dirang gore botlhe ba tle ba dumelane le maitseo a lona. Se diriseng nako ya lona mo medirong e e sa siamang, le mo go tagweng kgotsa mo kgokafalong le dithato tsa nama, kgotsa mo ntweng, kgotsa mo lefufeng. \v 14 Mme kopang Morena Jesu go lo thusa go tshela jaaka lo tshwanetse, le gone lo se ka lwa etleeletsa nama go diragatsa dithato tsa yone. \c 14 \s1 Go kgaogana ga batho \p \v 1 Amogelang ka boitumelo mokaulengwe mongwe le mongwe yo o batlang go dirisanya le lona, le fa tumelo ya gagwe e le bokoa. Se mo tshwayeng diphoso ka go nna le megopolo e e farologanyeng le ya lona ka se se siameng le se se sa siamang. \v 2 Sekai ke se, se ngangisanyeng nae kaga gore a go tshwanetse kgotsa ga go a tshwa-nela go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa. Wena o ka ne kgotsa o dumela gore ga go na sekgopi mo go e jeng, mme tumelo ya ba bangwe e bokoa; ba gopola gore ga go a siama, mme ba tlaa tswelela ba ikitsa nama eo gotlhelele, ba je merogo fela go na le go ja nama e e ntseng jalo. \v 3 Ba ba bonang go ba siametse go ja nama e e ntseng jalo, ba seka ba nyatsa ba ba sa e jeng. Mme fa o le mongwe wa ba ba sa e jeng, se tshwaye phoso ba ba e jang. Gonne Modimo o ba amogetse go nna bana ba one. \v 4 Ke batlhanka ba Modimo, ga se ba gago. Ba tlaa ikarabela mo go one, e seng mo go wena. A Modimo o ba bolelele ka bo one gore a ba siame kgotsa ga ba a siama. Gonne Modimo o nonofile go ba dira gore ba dire ka fa ba tshwanetseng go dira ka teng. \p \v 5 Bangwe ba gopola gore Bakeresete ba tshwanetse go tshegetsa malatsi a Sejuta a boikhutso e le malatsi a a tlhophegileng go obamela Modimo. Mme bangwe ba re ga go a siama go itshwenya ka dilo tse di ntsengjaana, gonne malatsi otlhe ka go tshwana ke a Modimo. Malebang le dipotso tse di ntsengjaana, mongwe le mongwe o tshwanetse go ikakanyetsa. \v 6 Fa o na le malatsi a a tlhophegileng a go obamela Morena, o leka go mo tlotla; o dira selo se se molemo. Le motho yo o jang nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa o ntse fela jalo; o leboga Morena ka yone; le ene o dira sentle. Mme le motho yo o sa batleng go ama nama eo, le ene o gakaletse go itumedisa Morena gape o a leboga. \v 7 Ga re itaolele go tshela le go swa jaaka rona re ne re ka itlhophela. \v 8 Gonne le fa re tshela, re tshelela Morena, le fa ree swa re swela Morena. Re ba Morena ntlheng tsotlhe. \v 9 Gonne Keresete o ne a swela a bo a rulela one mogopolo o, gore a nne Morena wa rona rotlhe fa re santse re tshela le fa ree swa. \p \v 10 Ga o na tshwanelo ya go tshwaya wa gaeno diphoso kgotsa go mo nyatsa. Gakologelwa gore, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela fa pele ga setilo sa tshekelo sa Modimo. \v 11 Gonne Jehofa o kwadile a re, “Jaaka ke tshedile, mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ipolelela Modimo.” \v 12 Ee, mongwe le mongwe wa rona o tlaa ikarabela mo Modimong. \v 13 Jalo he, lo seka lwa tlhola lo nyatsana. Mo boemong jwa moo, leka go tshela ka tsela e e leng gore ga o kitla o dira gore wa gaeno a kgopiwe ka go dira gore a bone o dira se ene a ithayang a re ga se a siama. \p \v 14 Tota fela nna, ke tlhomamisa sentle fela thata mo taolong ya Morena Jesu gore, ga go na molato ope mo go jeng dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa. Mme fa mongwe a dumela gore go phoso, hong a seka a e ja ka ntlha ya gore mo go ene ke molato. \p \v 15 Mme fa mokaulengwe wa gago a tshwenyega ka se o se jang, ga o dire ka fa loratong fa o tswelela ka go se ja. Se dire gore se o se jang se koafatse mongwe yo Keresete o mo swetseng. \v 16 Se dire sepe se se tlaa go iteisang letswalo le fa tota o itse gore se o se dirang se tlhamaletse. \v 17 Gonne tota fela, sa botlhokwa mo go rona re le Bakeresete, ga se se re se jang kgotsa se re se nwang fa e se go dira bomolemo le kagiso le boitumelo jo bo tswang mo Moweng O O Boitshepo. \p \v 18 Fa o letla Keresete go nna Morena mo dilong tse, Modimo o tlaa itumela; fela jalo le ba bangwe ba tlaa itumela. \v 19 Ka yone tsela e, ikaeleleng go agisanya ka kagiso mo phuthegong lo bo lo leke go agelelana ka go godisanya mo tumelong. \p \v 20 Lo seka lwa senya tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Gakologelwang gore, ga go na sepe se se molato mo nameng, mme go phoso go e ja fa e kgopisa yo mongwe. \v 21 Selo se se siameng go dirwa ke go tlogela go ja nama kgotsa go nwa mofine kgotsa go dira sengwe se se kgopisang mokaulengwe wa gago kgotsa se mo leofisa. \v 22 O ka itse gore ga go na molato mo go se o se dirang, le ka fa BoModimong, mme se ipolokele mo pelong; se supe tumelo ya gago ka boikgogomoso fa pele ga ba bangwe, ba e ka reng kgotsa ya ba kgopisa. Ka mabaka a a ntseng jaana, go sego motho yo o sa leofeng ka go dira se a itseng gore se siame. \v 23 Mme le fa e le mang yo o dumelang gore selo se o batlang go se dira ga se a tshwanela, a seka a se dira. Fa a se dira o a leofa, gonne o akanya gore ga se a siama, jalo he, mo go ene ga se a tshwanela. Le fa e le eng se se dirwang kwa ntle ga se a bonang se siame, ke sebe. \c 15 \p \v 1-2 Le fa re dumela gore ga go dire pha rologanyo epe mo Moreneng fa re dira dilo tse, le fa go ntse jalo ga re na go tswelela pele re dira re iitumedisa; gonne re tshwanetse go rwala “mokgweleo” wa go akanyetsa dipelaelo le dipoifo tsa ba bangwe, tsa ba ba bonang gore dilo tse ga di a siama. A re itumediseng yo mongwe, e seng rona, re bo re dire se se tshwanetseng tshiamo ya gagwe gore re mo age mo Moreneng. \v 3 Keresete ga a ise a ke a iitumedise. Jaaka Mopesalema a rile, “O tletse one maikaelelo a go bogisiwa ke matlhapa a ba ba kgatlhanong le Morena.” \v 4 Dilo tse, tse di neng di kwadilwe mo Dikwalong bogologolo di tshwanetse go re ruta bopelo-telele le go re kgothatsa, gore re tle re tlhome mogopolo kwa pele re solofetse nako ya fa Modimo o tlaa bong o fenya sebe le loso. \p \v 5 A Modimo o o nayang bopelotelele, boiketlo, le kgothatso o lo thuse gore lo tshedisanye ka kutlwano, mongwe le mongwe mo go yo mongwe ka mokgwa wa ga Keresete. \v 6 Ke gone rotlhe re ka galaletsang Morena mmogo ka lentswe le le lengwe fela, re galaletsa Modimo, Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete. \p \v 7 Jalo he, amogelanang ka boitumelo mo phuthegong, fela jaaka Keresete a lo amogetse ka boitumelo; ke gone Modimo o tlaa galalediwang. \v 8 Gakologelwang gore Jesu Keresete o tletse go supa gore Modimo o boammaaruri mo ditsholofe-tsong tsa one le go thusa Bajuta. \v 9 Gape gakologe-lwang gore o tletse le gore Badichaba ba bolokwe mme ba galaletse Modimo ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya one mo go bone. Ke sone se Mopesalema a neng a se raya fa a kwala a re, “Ke tlaa go galaletsa mo go Badichaba, ke bo ke baka leina la gago.” \v 10 Mme o buile mo felong gongwe a re, “Itumeleng, lona Badichaba, mmogo le batho ba one Bajuta.” \p \v 11 Mme gape a re, “Galaletsang Morena, lona Badichaba, a mongwe le mongwe a mo galaletse.” \v 12 Le moporofiti Isaia o rile, “go tlaa nna morua-boswa mo lotsong lwa ga Jesu, mme o tlaa nna Kgosi ya Badichaba; ba tlaa solofela mo go ene a le nosi.” \p \v 13 Jalo ke a lo rapelela Badichaba gore Modimo o o lo nayang tsholofelo o tle o lo itumedise o lo tlatse ka kagiso fa lo ntse lo dumela mo go one. Ke rapela gore Modimo o lo thuse gore lo tlale tsholofelo mo go one ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo mo go lona. \s1 Paulo ke modiredi wa ga Keresete \p \v 14 Ke itse gore lo botlhale ebile lo molemo, bagaetsho, le gore lo itse dilo tse sentle thata mo e leng gore lo kgona go ruta bangwe ka ga tsone. \v 15-16 Mme fela jalo ke ntse ke na le bosena-poifo go gatelela mangwe a mabaka a, ke itse gore gotlhe mo lo go tlhokang ke yone kgakololo e, e e tswang mo go nna; gonne ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo ke morongwa wa botlhokwa go tswa mo go Jesu Keresete go ya kwa go lona Badichaba, ke lo leretse Mafoko a a Molemo ebile ke lo ntsha jaaka setlhabelo se se lebosegang mo Modimong; gonne lo ntlafaditswe lwa ba lwa dirwa go mo itumedisa ka Mowa O O Boitshepo. \v 17 Jalo go ntshiametse go ipelafatsa go le gonnye kaga se Keresete Jesu o se dirileng ka nna. \v 18 Ke na le poifo go bua sentle thata ka fa a dirisitseng ba bangwe ka teng, mme legale ke itse se fela; o ntirisitse go gapela Badichaba mo Modimong. \v 19 Ke ba gapile ka molaetsa wa me le ka tsela e e molemo e ke neng ke itshotse mo go bone ka yone, le ka dikgakgamatso tse di dirilweng ka nna e le ditshupo tse di tswang kwa Modimong, tsotlhe fela e le ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo. Ka yone tsela e, ke rerile mafoko a a Molemo a a tletseng a ga Keresete mo tseleng yotlhe go tsweng kwa Jerusalema go fitlha kwa Ilirikama. \p \v 20 Mme legale mo lobakeng lo lotlhe, maikaelelo a me e ntse e le go re ke fetele kwa pele, ke rere kwa leina la ga Keresete le iseng le ke le utlwale teng, go na le go rera kwa phuthego e setseng e simolotswe ke mongwe teng. \v 21 Ke ntse ke setse morago leano la ga Keresete le le buiwang mo dikwalong mo Isaia a reng, “Ba ba iseng ba ke ba bo ba utlwe kaga leina la ga Keresete pele ba tlaa bona ebile ba tlaa tlhaloganya.” \v 22 Tota, leo ke lone lebaka le ke ntseng ke sa lo etele ka lone. \p \v 23 Mme legale jaanong ke feditse tiro ya me fano, ke setse ke siametse go tla jaanong morago ga dingwaga tse tsotlhe tsa tetelo. \v 24 Gonne ke ikaelela go ya kwa Sepaina, mme fa ke ya teng, ke tlaa ema mo Roma; mme fa re sena go nna mmogo ka lobakanyana ke gone lo ka ntetlelelang go tswelela pele le mosepele wa me. \p \v 25 Mme pele ga ke tla koo, ke tshwanetse go fologela kwa Jerusalema ke isa mpho kwa Bakereseteng ba teng ba Sejuta. \v 26 Gonne lo bona gore Bakeresete ba Masedonia le Akaia ba ntsheditse Bakeresete ba Jerusalema ba ba mo mathateng mpho. \p \v 27 Ba ne ba itumela thata go dira jaana, gonne ba ne ba ikutlwa gore ba kolota Bakeresete ba Jerusalema. Ka go reng? Gonne dikgang kaga Keresete di tsile kwa go bone di tswa kwa phuthegong e e mo Jerusalema. Mme ka ba amogetse neo e ntle e ya semowa ya Mafoko a a Molemo mo go bone, ba bona gore bonnyennyane jo le bone ba ka bo ba direlang ke go ba fa thuso ya tse di tlhokwang ke nama. \v 28 E tlaa re fela ke sena go gorosa madi a, le go fetsa tiro e ya bone e e molemo, ke tlaa tla go lo bona ke le mo tseleng ya me ya go ya Sepaina. \v 29 Mme ke tlhomamisa gore e tlaa re fa ke tla, ke lo tlele lesego le legolo le le tswang mo Moreneng. \s1 Paulo o kopa go rapelelwa \p \v 30 A lo tlaa nna barapedi mmogo le nna? Ka ntlha ya Morena Jesu Keresete, le ka ntlha ya ka fa lo nang le lorato mo go nna ka teng, lo lo lo neetsweng ke Mowa O O Boitshepo, nthapedisang thata mo tirong ya me. \v 31 Rapelelang gore ke sirelediwe mo Jerusalema mo go ba e seng Bakeresete. Rapelelang gape gore Bakeresete ba teng ba itumelele go amogela madi a ke a isang kwa go bone. \v 32 Mme ke tlaa kgona go tla kwa go lona ka pelo e e itumetseng ka go rata ga Modimo, mme ke gone re tlaa ikhutsang mmogo. \p \v 33 Mme ke gone a Modimo wa rona, o o re nayang kagiso, o nne le lona lotlhe. \p Amen. \c 16 \s1 Paulo o dumedisa bakaulengwe ba gagwe \p \v 1-2 Febe, Mokeresete wa mosadi yo o rategang yo o tswang kwa motseng wa Kenkerea, o tlaa bo a tla go lo bona mo bogautshwaneng. O dirile ka bonatla mo phuthegong teng. Mo amogeleng jaaka kgaitsadia-lona mo Moreneng, lo mo amogele ka boitumelo jwa Sekeresete. Mo thuseng fela thata ka fa lo ka kgonang ka teng, gonne o thusitse ba le bantsi mo go tse ba di tlhokang, le nna tota o nthusitse. \v 3 Ntumedisetsang Peresila le Akhwila. Ba ntse ba le badiri ka nna mo ditirong tsa ga Keresete Jesu. \p \v 4 Tota ba ne ba nntshetsa matshelo a bone setlhabelo; mme ga se nna fela ke le nosi yo ke ba lebogang: diphuthego tsotlhe tsa Badichaba le tsone di a ba leboga. \p \v 5 Tswee-tswee ntumedisetsang botlhe ba ba phuthaganelang go obamela mo tlung ya bone. Dumedisang Epaeneto tsala ya me e e molemo. Ke ene motho wa ntlha go nna Mokeresete mo Asia. \v 6 Ntumedisetsang le Maria, yo o dirileng ka bonatla jotlhe jwa gagwe go re thusa. \v 7 Ntumedisetsang Andoronikase le Juniase, ba losika lwa me ba ke neng ke le mo kgolegelong nabo. Ba tlotlwa ke baaposetoloi, ebile ba ne ba fetoga Bakeresete pele ga me. Tswee-tswee ba ntumedisetseng. \v 8 Dumedisang Ampeliato, yo ke mo ratang jaaka mongwe wa bana ba e leng ba Modimo tota, \v 9 le Urebano, modiri ka rona, le Setakese yo o rategang. \v 10 Gape go na le Apelese, monna yo o molemo yo Morena o mo ratang; mo ntumedisetseng. Lo bo lo ntumedisetse ba ba dirang kwa tlung ya ga Arisetobulo. \v 11 Ntumedise-tsang Herodione wa losika lwa me. Dumedisang magolegwa a ga Keresete kwa tlung ya ga Narekiso. \v 12 Dumedisang Teraefina le Teraefosa, badiredi ba Morena le Peresise moratwa yo o diretseng Morena ka natla yotlhe. \p \v 13 Ntumedisetsang Rufase yo o itshenketsweng ke Morena go nna wa gagwe tota; le mmaagwe yo o rategang yo le nna a neng a ntsaya fela jaaka ngwana wa gagwe. \v 14 Gape tswee-tswee ntumedisetsang Asenkerithase, Felogone, Heremese, Petorabase le bakaulengwe ba bangwe ba ba nang nabo. \v 15 Ntumedisetsang Filologase, Julisa Nerease le kgaitsadie, le Olimpase, le Bakeresete botlhe ba ba nang nabo. \p \v 16 Dumedisanyang ka boitumelo ka diatla. Diphuthego tsotlhe fano di a lo dumedisa. \p \v 17 Mme legale go santse go na le sengwe se ke batlang go se bua pele ga ke fetsa lokwalo lo. Tswang mo go ba ba dirang dikgaogano ebile ba senya tumelo ya boammaaruri ya batho, ba ruta dilo kaga Jesu tse di kgatlhanong le se lo se rutilweng. \v 18 Baruti ba ba ntseng jalo ga ba direle Morena wa rona Jesu, mme ba fufulela dimpa tsa bone fela. Ke dibui tse di itseng go bua mme batho ba ba bopegileng senyana mo tlhaloganyong ba tle ba tsiediwe ke bone ka puo ya bone e e borethe. \p \v 19 Mme mongwe le mongwe o itse gore lo eme ka boikanyego le ka boammaaruri mo go intumedisang fela thata. Ke batla gore lo age lo le botlhale ka go itse bomolemo le go nna le poifo mo go se se bosula. \v 20 Modimo wa kagiso o tlaa tloga o ripitla Satane ka fa tlase ga dinao tsa lona. A masego a a tswang kwa go Morena wa rona Jesu Keresete a nne le lona. \p \v 21 Timotheo modiri ka nna, le Lukio le Jasone le Sosipatere, ba losika lwa me, ba lo eleletsa matlhogonolo. \p \v 22 Nna, Teretio, yo ke kwalelang Paulo lokwalo lo, ke romela ditumediso tsa me le nna, ke le mokaulengwe mo Sekereseteng. \v 23 Gaio a re ke lo dumedise. Ke moeng wa gagwe, phuthego le yone e tshwarelwa fano mo lwapeng lwa gagwe. Eraseto, motlhokomedi wa matlotlo a motse, o a lo dumedisa fela jalo le Kwaretose mokaulengwe o a lo dumedisa. \v 24 Salang sentle. A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. \p \v 25-27 Ke lo neela mo Modimong, o o kgonang go lo nonotsha le go lo pepetletsa mo Moreneng, fela jaaka Mafoko a a Molemo a bua, le jaaka ke lo boleletse. Se ke leano la Modimo la poloko ya lona badichaba, le le neng le fitlhegile go tsweng kwa tshimologong ya metlha. Mme jaanong fela jaaka baporofiti ba sale ba bolela le jaaka Modimo o laotse molaetsa o o rerwa gongwe le gongwe, gore batho mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba tle ba nne le tumelo mo go Keresete ba mo obamele. A Kgalalelo e nne go Modimo ka osi o o leng botlhale, ka Jesu Keresete Morena wa rona. Amen. \cls Ke nna wa boammaaruri, \cls Paulo