\id REV - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Tshenolo \toc1 Tshenolo \toc2 Tshenolo \toc3 Tshenolo \mt1 Tshenolo \c 1 \p \v 1 Lokwalo lo lo senola ditiro dingwe tse di tlaa akofang di diragala ka lobaka lo lo tlang mo botshelong jwa ga Jesu Keresete. Modimo o mo letlile go senolela motlhanka wa gagwe Johane dilo tse mo ponatshegelong; mme moengele a romelwa a tswa legodimong go tlhalosa gore ponatshegelo e raya eng. \p \v 2 Johane a kwala gotlhe mo, ebong Mafoko a Modimo le a ga Jesu Keresete le sengwe se a se utlwileng le se a se bonyeng. \p \v 3 Fa o balela phuthego polelo pele e, o tlaa amogela lesego le le faphegileng le le tswang mo Moreneng. Ba ba e reetsang fa e balwa ba bo ba dira se e se bolelang, le bone ba tlaa segofala. Gonne lobaka lo atametse lo dilo tse di tlaa diragalang ka lone. \s1 Ditumediso le pako \p \v 4 Lo ke lokwalo lo lo tswang kwa go: Johane A kwalela: Diphuthego tse supa mo Asia. Ditsala tse di rategang: A tshegofatso le kagiso tse di tswang mo Modimong di nne le lona. Yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yoo tlang! Le mo meweng e e supang e e fa pele ga setilo sa gagwe sa Bogosi; \v 5 le mo go Jesu Keresete yo ka go ikanyega a re senolelang boammaaruri jotlhe. Ke ene wa ntlha go tsoga mo baswing, le go sa tlholeng a a swa. O mogolo go feta kgosi nngwe le nngwe mo lefatsheng lotlhe. A a bakwe yo o re ratang ka metlha yotlhe le yo o re gololang mo dibeng tsa rona ka go re tshololela madi a gagwe a botshelo. \v 6 O re phuthetse mo Bogosing jwa gagwe a bo a re dira baperesiti ba Modimo Rraagwe. Mo neeng kgalalelo ka go sa feleng! o busa ka bosakhutleng! Amen. \p \v 7 Bonang! O e tla, a dikaganyeditswe ke maru; mme matlho otlhe a tlaa mmona, ee, le ba ba mo tlhabileng. Le dichaba di tlaa lela ka khutsafalo le ka poifo fa a tla, Ee! Amen! \p \v 8 “Ke nna Alefa le Omeka, Tshimologo le Bokhutlo jwa dilo tsotlhe,” go bua jalo Modimo, yo e leng Morena, yo e leng Mothatayotlhe yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yo o tlang gape! \s1 Yo o tshwanang le Jesu \p \v 9 Ke nna, mokaulengwe wa lona Johane, yo ke tlhakanetseng pitlagano le lona, yo ke lo kwalelang lokwalo lo. Le nna ke abalana le lona bopelotelele jo Jesu o re bo nayang, ebile re tlaa tlhakanela Bogosi jwa gagwe! Ke ne ke le mo setlhaketlhakeng sa Patemosa, ke kobetswe teng ka ntlha ya go rera Lefoko la Modimo, le go bolela se ke se itseng kaga Jesu Keresete. \v 10 E ne e le ka letsatsi la Morena mme ebile ke ne ke obama, fa ka tshoganetso ke utlwa lentswe le le tsholetsegileng fa morago ga me, lentswe le le neng le utlwala jaaka tumo ya torompeta. \v 11 Le re, “Ke nna Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo!” Mme ka mo utlwa a re, “Kwala sengwe le sengwe se o se bonang, mme o romele lokwalo lwa gago mo diphuthegong di supa tse di mo Asia: mo phuthegong e e mo Efeso, e e mo Semerena, tse di mo Peregamose, Thiatira, Seredisa, Filadelefia mo Laodisia.” \p \v 12 Erile fa ke retologa bona yo o neng a bua le nna, teng fa morago ga me ga bo go le dipone di supa tsa gauta. \v 13 Mme mo gare ga tsone ga bo go eme mongwe yo o neng a tshwana le Jesu yo o neng a ipitsa Morwa Motho, a apere kobo e telele a itlamile ka moitlamo wa gauta go kgabaganya sehuba sa gagwe. \v 14 Moriri wa gagwe o ne o le mosweu jaaka bobowa kgotsa kapoko, le matlho a gagwe a ntse jaaka kgabo ya molelo. \v 15 Dinao tsa gagwe di ne di phatsima jaaka kgotlho e e ntlafaditsweng mo leubelong le lentswe la gagwe la gagwe le Suma jaaka makhubu a lewatle a itaaka lotshitshi. \v 16 O ne a tshotse dinaledi di supa mo seatleng sa gagwe se segolo le chaka e e lootsegileng e e ntlha pedi mo molomong wa gagwe, le sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka nonofo ya letsatsi mo go senang maru. \p \v 17-18 Erile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka ekete ke sule; mme a baya seatla sa gagwe se segolo mo go nna a re, “Se boife! Le fa ke le wa Ntlha le wa Bofelo, yo o tshelang yo o neng a swa, yo jaanong o tshelang ka bosakhutleng, yo o tshotseng dilotlele tsa molete le loso, se boife! \p \v 19 “Kwala se o ntseng o se bona, le se o tlaa tlogang o se supegediwa. \v 20 Se ke tlhaloso ya dinaledi tse di supang tse o di bonyeng mo seatleng sa me se segolo, le dipone tse di supang tsa gauta: dinaledi tse di supang ke baeteledipele ba diphuthego di supa, mme ditlhomo tse di supang ke diphuthego ka bo tsone. \c 2 \s1 Go mogolwane wa phuthego ya Efeso \p \v 1 “Kwalela moeteledipele wa phuthego e e kwa Efeso lokwalo o mmolelele se: ke kwala ke go itsise molaetsa o o tswang mo go yo o tsamayang mo gare ga diphuthego a tsholetsa baeteledipele ba tsone ka seatla sa gagwe se segolo. O go raya a re: \v 2 ke itse dilo tse di molemo tse o di dirang. Ke bonye tiro ya gago e e bokete e o e dirileng le bopelotelele jwa gago, ke a itse gore ga o itshokele boleo mo malokong a phuthego ya gago, ebile o sekasekile ka kelotlhoko ba ba ipitsang baaposetoloi mme e se bone. O bonye ka fa ba akang ka teng. \v 3 O mpogetse ka bopelotelele o sa lape. \p \v 4 “Le fa go ntse jalo go na le sengwe se se sa siamang; ga o nthate jaaka lwa ntlha! \v 5 A ko o akanye ka dipaka tsa lorato lwa gago lwa ntlha (gore go pharologanyo jang gompieno)! Mme o boele gape kwa go nna o dire jaaka pele; kgotsa e seng jalo ke tlaa tla mme ke tlose setlhomo sa lobone lwa gago mo mannong a sone mo gare ga diphuthego. \p \v 6 “Mme go na le selo sengwe ka ga gago se se molemo: o ila ditiro tse di makgapha tsa Banikolaitane, fela jaaka ke di ila. \p \v 7 “A molaetsa o o thothomele mo ditsebeng tsa mongwe le mongwe yo o utlwang se Mowa o se buang le diphuthego: mongwe le mongwe yo o fenyang, ke tlaa mo naya loungo lo lo tswang mo setlharing sa Botshelo mo Paradaiseng ya Modimo. \s1 Go mogolwane wa phuthego ya Semurena \p \v 8 “Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e mo Semerena lokwalo lo o re: molaetsa o o tswa mo go ene yo e leng Tshimologo le Bokhutlo, yo o neng a sule mme a rula. \p \v 9 “Ke itse ka fa o bogelang Morena ka teng, e bile ke itse gotlhe ka khumanego ya gago (mme o na le dikhumo tsa selegodimo)! Ke itse kgobololo ya ba ba go ganetsang, ba ba reng ke Bajuta, bana ba Modimo, mme e se bone, gonne ba eme nokeng maikaelelo a ga Satane. \v 10 Lesa go boifa se o tlaa tlogang o se bogela, gonne Satane o tlaa akofa a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong go lo leka. O tlaa lo bogisa selekanyo sa ‘malatsi a le lesome’ Ikanyege le fa o lebaganye le loso, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo, bokamoso jo bo galalelang jo bo sa khutleng. \v 11 A mongwe le mongwe yo o utlwang, a reetse se Mowa o se buang le diphuthego: yo o fenyang ga a kitla a tlhokofadiwa ke loso lwa bobedi. \p \v 12 “Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e kwa Perefamose lokwalo lo o re: molaetsa o tswa kwa go Ene yo o tshotseng chaka e e lootsegileng ntlha tsoopedi. \v 13 Ke itse ka botlalo gore o nna mo motsing o setilo sa ga Satane sa Bogosi se leng mo go one, kwa bogareng jwa kobamelo ya ga Satane; mme le fa go ntse jalo o ntse o ikanyega mo go nna, wa ba wa gana go intatola, le motlhang Antipase, mosupi wa me yo o ikanyegang, a neng a bolaelwa tumelo mo go lona ke balatedi ba ga Satane. \p \v 14 “Mme le fa go ntse jalo ke na le dilo di se kae tse ke kgatlhanong nao ka tsone. O dumalana le bangwe mo go lona ba ba dirang jaaka Balame a ne a dira fa a ruta Balake go senya batho ba Iseraele ka go ba tsenya mo boakeng a bo a ba kgothatsa go ya medirong ya medimo ya disetwa. \v 15 Ee, o na le bangwe ba balatedi ba ga Balame! \p \v 16 “Fetola mogopolo wa gago le maikutlo, e seng jalo ke tlaa tla kwa go wena ka tshoganetso ke ba tlhabantsha ka chaka ya molomo wa me. \p \v 17 “A mongwe le mongwe yo o utlwang a reetse se mowa o se buang le diphuthego. Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa ja ga mana a a fitlhilweng, kotla e e sa itseweng e e tswang legodimong; mme e tlaa naya mongwe le mongwe leje le lesweu, mme mo lejeng go tlaa kwalwa leina le lesha le motho ope a sa le itseng fa e se fela yo o le amogelang. \s1 Go mogolwane wa phuthego ya Thiatira \p \v 18 “Kwalela Moeteledipele wa Phuthego e e kwa Thiatira Lokwalo lo o re: o ke molaetsa o o tswang kwa go Morwa Modimo, yo matlho a gagwe a ntseng jaaka dikgabo tsa molelo, yo dinao tsa gagwe di ntseng jaaka kgotlho e e phatshimang. \v 19 Ke itse ditiro tsotlhe tsa gago tse di molemo, tshiamo ya gago mo bahumaneging, dimpho tsa gago le go ba direla, gape ke itse lorato lwa gago le tumelo le bopelotelele, e bile ke bona boiteko jwa gago jo bo tsweletseng pele mo dilong tsotlhe tse. \p \v 20 “Le fa go ntse jalo ke na le selo sengwe kgatlhanong le wena: o letlelela Jesebele, yo o ipitsang moporofiti wa sesadi, go ruta batlhanka ba me gore boaka ga se boleo jwa sepe; o ba kgothatsa go dira boaka le go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa. \v 21 Ke mo neetse lobaka go fetola mogopolo wa gagwe le maikhutlo, mme o ganne. \v 22 Mme ela-tlhoko se ke se go bolelelang: ke tlaa mo robatsa mo bolaong, ka bolwetse jwa tlhokofatso e kgolo mmogo le balatedi ba gagwe ba ba itshekologileng, fa ba sa boele gape mo go nna, ba ikwatlhaela dibe tsa bone le ene; \v 23 mme ke tlaa bolaya bana ba gagwe. Mme diphuthego tsotlhe di tlaa itse gore ke nna yo ke sekasekang boteng jwa dipelo tsa batho, le megopolo; ke tlaa naya mongwe le mongwe wa lona se se mo tshwanetseng. \p \v 24-25 “Lona ba lo setseng mo Thiatira ba lo sa latelang dithuto tse tsa tsietso (‘boammaaruri jo bo kwa teng’ jaaka ba bo bitsa, boammaaruri jwa ga Satane, tota) ga ke kitla ke tlhola ke lo kopa sepe, tshegetsang thata fela se lo nang naso go fitlhelela ke tla. \p \v 26 “Go mongwe le mongwe yo o fenyang, yo kwa bofelong a ntseng a tsweletse go dira dilo tse di intumedisang, ke tlaa mo naya nonofo mo merafeng. \v 27 O tlaa e busa ka thobane ya tshipi fela jaaka Rre a nneile taolo ya go ba busa; ba tlaa thubaganngwa jaaka pitsana ya letsopa e thubegile go nna dikapetlana. \v 28 Mme ke tlaa lo naya Naledi ya Moso! \p \v 29 “A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego. \c 3 \s1 Go mogolwane wa phuthego ya Saredise \p \v 1 “Kwalela Moeteledipele wa Phuthego e e mo Sadisa lokwalo lo o re: molaetsa o, o romelwa ke yo o nang le mewa e supa ya Modimo le dinaledi di supa. Ke itse tumo ya gago jaaka phuthego e e tlhaga e e tshelang, mme o sule. \p \v 2 “Mme jaanong tsoga! Nonotsha bonnye jo bo setseng, gonne le jone bonnye jo bo setseng bo tlaa tloga bo o swa. Ditiro tsa gago di kgakala le tshiamo mo matlhong a Modimo. \p \v 3 “Boela kwa go se o se utlwileng wa bo wa se dumela lwa ntlha; se tshegetse thata mme o boele mo go nna gape. Fa o sa dire jalo, ke tlaa tla ka tshoganetso mo go wena, jaaka legodu, mme ke go otlhae. \p \v 4 “Le fa go ntse jalo mo Sadisa bangwe ga ba ise ba ke ba suputse diaparo tsa bone ka leswe la lefatshe; ba tlaa tsamaya le nna ba apere bosweu, gonne ba tshwanetse. \p \v 5 “Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa apara bosweu, mme ga nkitla ke phimola leina la gagwe mo lokwalong lwa botshelo, mme ke tlaa bolela fa pele ga ga Rre le baengele gore ke wa me. \p \v 6 “A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.” \s1 Go mogolwane wa phuthego ya Filadelfia \p \v 7 “Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e mo Filadelefia lokwalo lo o re: molaetsa o lo o romeletswe ke yo o boitshepo le boammaaruri, ebile a na le dilotlole tsa ga Dafide tsa go bula se ope a se ka keng a se tswala le go tswala se ope a se ka keng a se bula. \p \v 8 “Ke go itse sentle: ga o a nonofa, mme o lekile go nkutlwa e bile ga o a itatola leina la me. Jalo ke go buletse kgoro e ope a se ka keng a e tswala. \v 9 Tlhokomela se: ke tlaa pateletsa ba ba emeng nokeng maikaelelo a ga Satane, ntswa ba ipitsa ba me (mme e se bone, ba aka) go wela fa dinaong tsa gago gore ba tle ba itse fa ke go ratile. \p \v 10 “Ka ntlha ya gore o nkutlwile ka bopelotelele le fa go ne go na le dipogiso, jalo ke tlaa go sireletsa mo lobakeng lwa pitlagano e kgolo le thaelo, e e tlaa tlang mo lefatsheng go leka mongwe le mongwe yo o tshelang. \v 11 Bona, Ke e tla ka bonako! Tshegetsa thata nonofonyana e o nang nayo, gore ope a se go tseele serwalo. \p \v 12 “Mme ene yo o fenyang, ke tlaa mo dira pinagare mo tempeleng ya Modimo wa me; o tlaa babalesega, mme ga a kitla a tlhola a tswela kwa ntle; mme ke tlaa kwala leina la Modimo wa me mo go ene, mme o tlaa nna monni wa motse wa Modimo wa me, Jerusalema yo mosha, yo o fologang kwa legodimong a tswa kwa Modimong wa me, le leina la me le lesha le tlaa kwalwa mo go ene. \p \v 13 “A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.” \s1 Go mogolwane wa phuthego ya Laodikia \p \v 14 “Kwalela moeteledipele wa phuthego e e mo Laodisia lokwalo lo o re: molaetsa o o tswa kwa go ene yo o emeng a nitame, Mosupi yo o ikanyegang wa boammaaruri. (Wa gone gotlhe mo go teng kgotsa mo go neng go le teng, kgotsa mo go tlaa nnang teng ka metlha). \p \v 15 “Ke go itse sentle, ga o molelo e bile ga o tsididi; ke eletsa o ka bo o ne o le molelo kgotsa o le tsididi. \v 16 Mme e re ka o le motlha fela, ke tlaa go tlhatsa mo molomong wa me! \p \v 17 “O ithaya o re, ‘Ke humile, ka sengwe le sengwe se ke se batlang; ga ke tlhoke sepe!’ Mme ga o lemoge gore mo semoweng o latlhegile, o tlhomola pelo, o mohumanegi, o sefofu ebile ga o a ikatega. \p \v 18 “Kgakololo ya me mo go wena ke gore o reke gauta e e itshekileng mo go nna, e e itshekisitsweng ka molelo, ke gone o tlaa bong o humile ka boammaaruri. Le gore o reke mo go nna diaparo tse di tshweu tse di phepa tse di itshekileng, gore o se ka wa bonala o sa ikatega le fa e le go tlhajwa ke ditlhong; le go tsaya molemo mo go nna go alafa matlho a gago gore o boelwe ke pono ya gago gape. \p \v 19 “Ke tsweletse ka go laya ke bo ke otlhaya mongwe le mongwe yo ke mo ratang; jalo ke tshwanetse go go otlhaya, fa o sa sokologe mo boitlhokomolosong jwa gago mme wa nna le ke-letso ya kgatlhego mo dilong tsa Modimo. \p \v 20 “Bona! Ke eme fa kgorong ga ke khutlise go kokota. Fa mongwe a nkutlwa ke mmitsa a bo a bula kgoro, ke tlaa tsena ke tsalana nae le ene a tsalana le nna. \v 21 Ke tlaa letla mongwe le mongwe yo o fenyang gore a nne go bapa le nna mo setilong sa me sa Bogosi, fela jaaka le nna ke tshotse bonno go bapa le Rre mo setilong sa gagwe sa Bogosi, fa ke se na go fenya. \v 22 A ba ba nang le kutlo, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.” \c 4 \s1 Senno sa Modimo sa Segosi \p \v 1 Mme ya re ke leba, ka bona kgoro e butswe kwa legodimong, mme lentswe le ke neng ka le utlwa la ntlha, le le neng le utlwala jaaka tumo e kgolo ya lonaka, la bua le nna la re, “Tla kwano mme ke tlaa go supegetsa se se tlaa diragalang mo lobakeng lo lo tlang.” \p \v 2 Mme ya re gone fela foo ka bo ke le kwa legodimong ke le mo moweng, ka bona kgalalelo ya lone! Setilo sa Bogosi le mongwe a ntse mo go sone! \v 3 Phatsimo e kgolo ya lesedi ya phatsima fa pele ga gagwe jaaka ekete e tswa mo teemaneng e e galalelang, kgotsa mo lentsweng la botlhokwa le le bohibidu jo bo tsabakelang, le mola wa godimo o phatsima, o phatshima jaaka leje la botlhokwa le le tala le dikaganyeditse setilo sa gagwe sa bogosi. \p \v 4 Ditilo tse di masome a mabedi le bone di dikaganyeditse sa gagwe, le bagolwane ba le masome a mabedi le bone ba ntse mo go tsone; botlhe ba ne ba apere bosweu, ba rwele dirwalo tsa gauta mo ditlhogong tsa bone. \v 5 Ga tswa logadima le tumo ya maru mo setilong sa bogosi, mme ga bo go na le mantswe mo tumong ya maru. Fa pele ga setilo sa gagwe sa bogosi go ne go na le dipone di supa tse di tshubilweng di emetse Mewa e supa ya Modimo. \v 6 Fa pele ga sone ga bo go le lewatle la leje le le phatshimang jaaka legakwa le lesweu. Ditshedi tse nne, di takilwe ka matlho kwa pele le kwa morago, di ne di eme mo ditlhakoreng tse nne tsa setilo sa bogosi. \v 7 Setshedi sa ntlha mo go tse nne tse, se ne se tshwana le tau; sa bobedi se tshwana le pholo; sa boraro se na le sefatlhogo se se tshwanang le sa motho; sa bone se tshwana le ntsu, a phutholotse diphuka jaaka e ka re o a fofa. \v 8 Setshedi sengwe le sengwe sa ditshedi tse nne sa bo se na le diphuka di le thataro, mme bogare jwa diphuka tsa tsone jwa bo bo tletse matlho. Bosigo le motshegare di goa di re, “O Boitshepo, O Boitshepo, Morena Modimo Mothatayotlhe, ene yo o neng a le teng le yo o leng teng, e bile e le yo o tlaa tlang.” \p \v 9 Mme ya re fa ditshedi di galaletsa di tlotla e bile di leboga yo o ntseng mo setilong sa bogosi, yo o tshelang ka metlha le metlha, \v 10 bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba wela fa pele ga gagwe ba mo obamela, yo o tshelang ka bosakhutleng, mme ba latlhela dirwalo tsa bone fa pele ga setilo sa bogosi ba opela ba re, \v 11 “Oo Morena, O tshwanetse go amogela kgalalelo le tlotlo le nonofo, gonne o dirile tsotlhe. Di tlhodilwe tsa bo tsa bidiwa ditshedi ka thato ya gago.” \c 5 \s1 Lokwalo lwa Kwana ya Modimo \p \v 1 Mme ka bona lokwalo lo lo mennweng mo let sogong je legolo la yo o neng a ntse mo setilong sa bogosi, lokwalo lo kwadilwe mo teng le ka fa morago, e bile lo kaneletswe ka dikano di supa. \v 2 Moengele yo o nonofileng a goa ka lentswe le legolo a botsa potso e, a re, “Ke mang yo o nonofileng go ka kanolola dikano tse di mo lokwalong lo, le go lo menolola?” \v 3 Mme go ne go se ope mo legodimong lotlhe, kgotsa mo lefatsheng kgotsa mo baswing yo o neng a letleletswe go lo bula le go lo bala. \p \v 4 Hong ka lela ka maswabi a magolo gonne go ne go se ope gope yo o neng a na le tshwanelo; go ne go sena ope yo o ka re bolelelang se lo se buang. \p \v 5 Mme mongwe wa bagolwane ba ba masome a mabedi le bone a nthaya a re, “Lesa go lela, gonne bona! Tau ya lotso lwa Juda, Modi wa ga Dafide, o fentse, ebile o itshupile a nonofile go bula lokwalo le go kanolola dikano tsa lone tse supa!” \p \v 6 Ka leba mme ka bona Kwana e eme foo fa pele ga bagolwane ba ba masome a mabedi le bone, fa pele ga setilo sa bogosi le fa pele ga ditshedi, mo go Kwana go ne go na le dintho tse di kileng tsa dira loso lwa gagwe. O ne a na le dinaka di supa le matlho a supa, tse di emetseng Mewa e supa ya Modimo e e rometsweng mo ntlheng tsotlhe tsa lefatshe. \v 7 A sutelela kwa pele a tsaya lokwalo lo lo mennweng mo letsogong je legolo la yo o ntseng mo setilong sa bogosi. \v 8 Mme ya re a tsaya lokwalo, bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba obama fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe ka harepa le ka mabotlolo a gauta a tletse maswalo, dithapelo tsa batho ba Modimo! \p \v 9 Ba ne ba mo opelela sefela se sesha ka mafoko a. “O nonofile go tsaya lokwalo o lo kanolola o bo o lo bula; gonne o ne wa tlhajwa, mme madi a gago a rekile batho mo morafeng mongwe le mongwe e le dimpho tsa Modimo. \v 10 Mme o ba phuthetse mo bogosing mme wa ba dira baperesiti ba Modimo wa rona; ba tlaa busa lefatshe.” \p \v 11 Hong mo ponatshegelong ya me ka utlwa moopelo wa didikadike tsa baengele ba dikaganyeditse setilo sa bogosi le ditshedi le bagolwane: \v 12 Ba opelela kwa godimo ba re, “Kwana e nonofile, Kwana e e neng e tlhabilwe. E tshwanetswe ke go amogela nonofo, le mahumo le botlhale, le thata, le tlotlego, le kgalalelo, le tshegofatso.” \p \v 13 Mme foo ka utlwa mongwe le mongwe mo legodimong le mo lefatshing, le mo baswing ka fa tlase ga lefatshe mo teng ga lewatle, ba goa ba re, “Tshegofatso le tlotlo le kgalalelo le nonofo ke tsa yo o ntseng mo setilong sa bogosi, le kwa go Kwana ka metlha le metlha.” \v 14 Mme ditshedi tse nne tsa tswelela di ntse di re, “Amen!” Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba wela fa fatshe ba mo obamela. \c 6 \s1 Tshenolo ya dikanelo \p \v 1 Erile fa ke leba, ka bona Kwana e kanolola sekano sa ntlha mme ya simolola go menolola lokwalo. Hong sengwe sa Ditshedi tse nne, sa goa ka lentswe le le dumang jaaka tumo ya maru, sa re “Tla!” \p \v 2 Ka leba, mme kwa pele ga me ga bo go le pitse e tshweu. Mopalami wa yone a tshotse bora, mme serwalo sa bo se beilwe mo godimo ga tlhogo ya gagwe; a bolola go ya go fenya mo ditlhabanong di le di ntsi le go fenya ntwa. \p \v 3 Hong a menolola lokwalo go ya sekanong sa bobedi. Mme ka utlwa Setshedi sa bobedi se re, “Tla!” \p \v 4 Ka nako e, ga tswa pitse e khunou. Mopalami wa yone o ne a neetswe chaka e telele le taolo ya go tlosa kagiso le go tlisa pheretlhego mo lefatsheng; ntwa le polaano ya tswa gongwe le gongwe. \p \v 5 Ya re a sena go kanolola sekano sa boraro, ka utlwa Setshedi sa boraro se re “Tla!” Mme ka bona pitse e ntsho, le mopalami wa yone a tshotse dilekanyo tse pedi mo letsogong la gagwe. \v 6 Mme lentswe la tswa mo Ditsheding tse nne la re, “Senkgwe se ja ledi le le lengwe selekanyo sa bopi jwa korong, mme ga go na lookwane kgotsa mofine.” \p \v 7 Mme e rile sekano sa bone se sena go kanololwa, ka utlwa setshedi sa bone se re “Tla!” \v 8 Mme jaanong ka bona pitse e tshetlha, mme leina la mopalami wa yone ene e le Loso. Mme ya salwa morago ke pitse e nngwe e leina la mopalami wa yone e neng e le Molete. Ba ne ba neelwa taolo mo karolong ya bone ya lefatshe, go bolaya lefatshe ka ntwa le ka leuba le ka bolwetse le ka dibatana tsa naga. \p \v 9 Mme ya re a kanolola sekano sa botlhano, ka bona aletara, mme ka fa tlase ga yone ga bo go le mewa yotlhe ya ba ba bolaetsweng go rera Lefoko la Modimo le go ikanyega mo bosuping jwa bone. \v 10 Ba goela kwa Moreneng ba re, “Morena yo mogolo, yo o boitshepo le boammaaruri, go tlaa nna goleele go le kae pele ga o atlhola batho ba lefatshe kaga se ba se re diretseng? O tlaa busolosetsa leng madi a rona mo go ba ba tshelang mo lefatsheng?” \v 11 Mme ba newa dikobo tse di tshweu tse di kgokgothang, mme ba laelwa gore ba name ba sa ntse ba itapolositse go fitlhelela bakaulengwe ba bangwe ba bone, batlhanka ka bone ba ga Jesu ba bolaelwa tumelo mo lefatsheng ba bo ba kopana nabo. \p \v 12 Ka lebelela fa a kanolola sekano sa borataro, mme ga bo go le thoromo e kgolo ya lefatshe; mme letsatsi la fifala jaaka letsela le le ntsho, le ngwedi a bo a le mohibidu jaaka madi. \v 13 Hong dinaledi tsa legodimo tsa bonala ekete di wela mo lefatsheng, jaaka loungo lo lo tala lo lo wang mo ditlhareng tsa mofeige lo tlhotlhorwa ke phefo e e bokete. \v 14 Mme magodimo a a tsabakelang ka dinaledi a nyelela jaaka e ka re go phuthilwe momeno mme a tlosiwa; mme thaba nngwe le nngwe le setlhaketlhake tsa tshikinyega tsa bo tsa suta. \v 15 Dikgosi tsa lefatshe, le baeteledipele ba lefatshe le bahumi, le batho botlhe ba bagolo ba sesole, batho botlhe, bagolo le bannye, ditshwarwa, le ba ba golotsweng ba iphitlha mo dikgageng le mo mafikeng a dithaba, \v 16 mme ba lelela mo dithabeng gore di ba wele. Ba kopa ba re, “Re weleng godimo! Lo re fitlhele sefatlhogo sa yo o ntseng mo setilong sa bogosi, le mo bogaleng jwa Kwana, \v 17 ka gore letsatsi le legolo la bogale jwa bone le tsile, mme e mang yo o ka bo falolang?” \c 7 \s1 Palo ya Baiseraele ba ba nang le lotshwao \p \v 1 Mme ka bona baengele ba le bane ba eme mo dikhutlong tse nne tsa lefatshe, ba tshwere diphefo tse nne gore di seka tsa foka, gore lekakaba lepe le se ka la nna le mokgwasa mo ditlhareng, mme lewatle la nna borethe jaaka galase. \v 2 Mme ka bona moengele yo mongwe a tswa kwa botlhaba, a tshotse sekano se segolo sa Modimo o o tshelang. Mme a goa baengele ba bane ba ba neng ba neetswe nonofo go tlhokofatsa lefatshe le lewatle, “Iketleng! \v 3 Namang lo ise lo dire sepe, se tlhokofatseng lefatse kgotsa lewatle kgotsa ditlhare, go fitlhelela re se na go baya sekano sa Modimo mo diphatleng tsa batlhanka ba one.” \p \v 4-8 Ke ba le kae ba ba neetsweng lotshwao lo? Ke ne ka utlwa gotwe palo ya bone ke dikete di le lekgolo le masome a masome a mane le bone, mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele tse di lesome le bobedi, jaaka di rulagantswe fa: Juda 12,000 Rubene 12,000, Gade 12,000, Ashe 12,000, Nafetali 12,000, Manasa 12,000, Simeone 12,000, Lefi 12,000, Isekare 12,000, Sebulane 12,000, Josefa 12,000, Benjamine 12,000. \s1 Bontsintsi jo bo apereng bosweu \p \v 9 Morago ga mo ka bona bontsintsi jo bogolo jwa batho, bo le bogolo thata mo bo neng bo se ka ke jwa balwa, go tswa mo merafeng yotlhe le mo mafatshing le dipuo (diteme), bo eme fa pele ga setilo sa bogosi le fa pele ga Kwana, bo apere bosweu bo tshotse dikala tsa mokolane ka diatla. \v 10 Mme ba ne ba goa mo go boitshegang ba re, “Poloko e tswa mo Modimong wa rona o o ntseng mo setilong sa bogosi, le mo go Kwana.” \p \v 11 Mme jaanong baengele botlhe ba bo ba dikaganyeditse setilo sa bogosi le bagolwane le ditshedi tse nne, ba digile difatlhogo fa pele ga setilo sa bogosi ba obamela Modimo. \v 12 Ba re, “Amen! Pako, le kgalalelo, le botlhale, le malebogo, le tlotlo, le nonofo, le thata di nne go Modimo wa rona ka bosakhutleng. Amen!” \p \v 13 Hong mongwe wa bagolwane ba ba masome a mabedi le bone a mpotsa a re, “A o itse gore ba ke bo mang ba ba apereng bosweu le gore ba tswa kae?” \p \v 14 Ka re, “Nnyaa, Morena, tswee-tswee mpolelela.” A re, “Ba ke ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse ka madi a Kwana. \v 15 Ke gone ka moo ba leng fano fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo, ba mo direla bosigo le motshegare mo tempeleng ya gagwe. Yo o ntseng mo setilong sa bogosi o tlaa ba sireletsa; \v 16 ga ba kitla ba tlhola ba tshwarwa ke tlala gape, kgotsa lenyora, mme ba tlaa sirelediwa ka botlalo mo mogoteng o o fisang wa letsatsi. \v 17 Gonne Kwana yo o emeng fa pele ga setilo sa bogosi o tlaa nna modisa wa bone a bo a ba etelela pele a ba isa kwa metsweding ya metse a Botshelo. Mme Modimo o tlaa phimola dikeledi tsa bone.” \c 8 \s1 Sekano sa bosupa \p \v 1 Erile fa Kwana e sena go kanolola sekano sa bosupa, ga nna tidimalo mo legodimong lotlhe e ka nna selekanyo sa oura. \v 2 Mme ka bona baengele ba supa ba ba emang fa pele ga Modimo, mme ba neelwa ditorompeta di supa. \p \v 3 Mme moengele yo mongwe a tshotse leiswana la gauta a tla a ema fa sebesong; mme a neelwa maswalo a mantsi go a tlhakanya le dithapelo tsa batho ba Modimo, gore a a bee mo sebesong sa gauta e le setlhabelo fa pele ga setilo sa Bogosi. \p \v 4 Mme lonko lwa maswalo lo lo tlhakaneng le dithapelo lwa tlhatlogela kwa Modimong lo tswa mo sebesong mo moengele a neng a a tshetse teng. \s1 Diphala tse supa \p \v 5 Mme moengele a tlatsa leiswana ka molelo o o tswang mo sebesong mme a le latlhela mo lefatsheng; mme tumo ya maru ya thulana ya duma, logadima lwa phatsima, mme ga nna le thoromo e e maswe ya lefatshe. \p \v 6 Mme baengele basupa ba ba tshotseng ditorompeta ba ipaakanyetsa go di letsa. \p \v 7 Moengele wa ntlha a letsa torompeta ya gagwe, mme sefako le molelo di tlhakane le madi tsa latlhelwa mo lefatsheng. Karolo ya boraro ya lefatshe ya fisiwa gore karolo ya boraro ya ditlhare e bo e lailwe ke molelo, le bojang jotlhe jo bo tala. \p \v 8-9 Mme moengele wa bobedi a letsa torompeta ya gagwe, mme se se neng se bonala ekete thaba e kgolo e e tukang ya latlhelwa mo lewatleng, ya senya karolo ya boraro ya dikepe; mme karolo ya lewatle ya fetoga bohibidu jaaka madi; le karolo ya boraro ya ditlhapi ya bolawa. \p \v 10 Moengele wa boraro a letsa torompeta mme naledi e kgolo e e tukang ya wa kwa legodimong ya wela mo karolong ya boraro ya melapo le metswedi. \v 11 Naledi e e ne e bidiwa “Bogalaka” gonne e ne ya fetola karolo ya boraro ya metse otlhe mo lefatsheng, mme batho ba le bantsi ba a swa. \p \v 12 Moengele wa bone a letsa torompeta ya gagwe mme ka bofefo karolo ya boraro ya letsatsi ya senngwa ya ba ya fifadiwa, le karolo ya boraro ya ngwedi le dinaledi, mo phatsimo ya letsatsi e neng ya fifadiwa selekanyo sa karolo ya boraro mme ga nna lefifi le le boitshegang. \v 13 Ya re ke lebelela, ka bona ntsu a le esi a fofa go kgabaganya magodimo a lelela kwa godimo, a re, “Ija, Ija, Ija, a bo go latlhega batho ba lefatshe ka ntlha ya dilo tse di maswe tse di tlaa tlogang di direga fa baengele ba bararo ba ba setseng ba letsa ditorompeta tsa bone.” \c 9 \p \v 1 Mme moengele wa botlhano a letsa torompeta ya gagwe mme ka bona mongwe yo o wetseng mo lefatsheng a tswa kwa legodimong, mme ene a bo a neetswe dikopololo tsa molete o o se nang bolekanngo. \v 2 Ya re a o bula, mosi wa tswa jaaka ekete o tswa mo leisong la boubelo jo bogolo. Mme letsatsi le phefo tsa fifadiwa ke mosi. \p \v 3 Mme tsie ya tswa mo mosing ya fologela mo lefatsheng mme ya newa nonofo ya go loma jaaka diphepheng. \v 4 E ne ya laelwa gore e se ka ya tlhokofatsa bojang kgotsa dijalo kgotsa ditlhare mme e tlhasele batho ba ba senang lotshwao lwa Modimo mo diphatlheng tsa bone. \v 5 E se ka ya ba bolaya, fa e se go ba tlhokofatsa selekanyo sa dikgwedi tse tlhano ka tlhokofatso e e tshwanang le go loma ga phepheng. \v 6 Mo malatsing ao batho ba tlaa leka go ipolaya mme ga ba kitla ba kgona, loso ga lo kitla lo tla. Ba tlaa eletsa go swa, mme loso lo tlaa sia! \p \v 7 Tsie e ne e lebega jaaka dipitse tse di baakanyeditsweng ntwa. E ne e na le sengwe se lebega jaaka dirwalo tsa gauta mo ditlhogong tsa yone, mme difatlhogo tsa yone di ntse jaaka batho. \v 8 Moriri wa yone o le mo leele jaaka wa basadi, le meno a yone a tshwana le a ditau. \v 9 E ne e apere diiphemelo tsa sehuba tse di ntseng jaaka tsa tshipi, le diphuka tsa yone di suma jaaka mophato wa dipitse tse di siamelang ntweng. \v 10 E ne e na le megatla e e lomang jaaka diphepheng, mme nonofo ya yone ya go tlhokofatsa, e e e neetsweng selekanyo sa dikgwedi tse tlhano, e ne e le mo megatleng ya yone. \v 11 Kgosi ya yone ke kgosana ya molete o o senang bolekanngo e leina la yone e leng Abadone, ka Sehebera, mme ka Segerika ke Apolione (mme e ne e bidiwa Mosenyi ka Setswana). \p \v 12 Therego ya ntlha jaanong e a fela, mme go na le tse pedi tse di tlang! \v 13 Moengele wa borataro a letsa torompeta ya gagwe mme ka utlwa lentswe le bua mo dinakeng tse nne tsa sebeso sa gauta se se leng fa pele ga setilo sa Bogosi, \v 14 le raya moengele wa borataro le re, “Golola baengele ba le bane ba ba boitshegang ba ba golegilweng fa nokeng e kgolo ya Yuferatase.” \v 15 Ba ne ba baakanyeditswe yone ngwaga eo le kgwedi le letsatsi le oura eo, mme jaanong ba ne ba gololwa go bolaya karolo ya boraro ya batho botlhe. \v 16 Mme ka utlwa kitsiso ya palo ya one, mophato wa ntwa wa didikadike tse di makgolo a mabedi, mme ka utlwa kitsiso ya palo ya one. \p \v 17-18 Ka bona dipitse tsa bone di bewa fa pele ga me mo ponatshegelong ya me; bapalami ba tsone ba ne ba apere diiphemelo tsa sehuba tse di khibidu, e tswa dingwe di ne di le botala jwa legodimo, tse dingwe di le di tshetlha. Ditlhogo tsa dipitse di ne di tshwana le tsa ditau, mme mosi le molelo le selefera e e tukang di tswa mo melomong ya tsone, di bolaya karolo ya boraro ya batho botlhe. \v 19 Nonofo ya tsone ya loso e ne e se mo melomong ya tsone fela, le mo megatleng e ne e le teng, gonne megatla ya tsone e ne e tshwana le ya ditlhogo tsa dinoga tse di lomang go ntsha dintho tse di botlhoko. \p \v 20 Mme batho ba ba neng ba setse, morago ga dipetso tse, ba bo ba ntse ba gana go obamela Modimo! Ba se ka ba bakela go obamela mewa e e maswe, le medimo ya bone ya disetwa e e dirilweng ka gauta le selefera, kgotlho, leje le logong, e e sa boneng e e sa utlweng le fa e le go tsamaya! \v 21 Le gone ga ba a ka ba fetola megopolo ya bone le maikutlo, dipolao tsa bone tsotlhe le boloi, boitshekologo jwa bone le bogodu. \c 10 \s1 Morongwa yo o tswang legodimong a tshotse lokwalo \p \v 1 Hong ka bona moengele yo mongwe yo mogolo a fologa kwa legodimong, a dikaganyeditswe ke leru, mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe; sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka letsatsi le dinao tsa gagwe di gadima jaaka molelo. \v 2 Mme a tsholetsa lokwalonyana ka seatla lo menolotswe. A tlhoma lonao lwa gagwe lo logolo mo lewatleng mme lwa molema a lo tlhoma mo lefatsheng, \v 3 mme a goa thata, mme go goa ga gagwe go ne go utlwala jaaka go duma ga tau, mme ditumo di supa tsa araba. \p \v 4 Ke ne ke tloga ke kwala se ditumo tsa maru di neng di se raya fa lentswe le le neng le tswa legodimong le mpitsa le re, “O se ka wa dira jalo. Mafoko a tsone ga a tshwanela go senolwa.” \p \v 5 Hong moengele yo mogolo yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng a tsholeletsa letsogo la gagwe le legolo kwa legodimong, \v 6 mme a ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng, yo o dirileng legodimo le sengwe le sengwe se se mo go lone le lefatshe le tsotlhe tse di leng mo go lone le lewatle le tse di nnang mo go lone, gore go se ka ga nna le tiego epe, \v 7 mme e tlaa re moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, hong leano la Modimo le le sa leng le siregile ka dingwaga-ngwaga go simologa ka nako e le neng le bolelwa ke batlhanka ba one ebong baporofiti, le tlaa diragadiwa. \p \v 8 Hong lentswe le le tswang legodimong la bua le nna gape la re, “Tsamaya o ye go tsaya lokwalo lo lo sa menololwang mo moengeleng yo mogolo yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.” \p \v 9 Jalo ka mo atamela ka mo kopa go nneela lokwalo. Mme a nthaya a re, “Ee,” lo je, “lwa ntlha lo tlaa utlwala jaaka dinotshe, mme fa o lo metsa, lo tlaa dira mpa ya gago bogalaka!” \p \v 10 Jalo ka lo tsaya mo letsogong la gagwe ka lo ja! Mme fela jaaka a buile lo ne lwa nna monate mo ganong la me lwa ntshegisa mala fa ke lo metsa. \v 11 Mme a nthaya a re, “O tshwanetse go porofeta thata batho kaga batho ba le bantsi, merafe, le dikgosi.” \c 11 \s1 Baporofiti ba babedi \p \v 1 Jaanong ka neelwa thobane e e lekan yang mme ka laelwa go ya go lekanya Tempele ya Modimo, mmogo le ntlo e e mo teng e sebeso se leng mo go yone, le go bala palo ya baobamedi. \v 2 Mme ka tewa gatwe, “O se ka wa lekanya ntlo e e kwa ntle, gonne e neetswe dichaba. Ba tlaa gataka motse o o Boitshepo selekanyo sa kgwedi tse di masome mane. \v 3 Mme ke tlaa neela basupi ba me ba babedi nonofo ya go porofesa selekanyo sa malatsi a le sekete le makgolo a mabedi le masome a marataro ba apere letsela la kgetse.” \p \v 4 Baporofiti ba babedi ba ke ditlhare tse pedi tsa matlhware, le ditlhomo tse pedi tse di emeng fa pele ga Modimo wa lefatshe lotlhe. \v 5 Le fa e le mang yo o lekang go di tlhokofatsa o tlaa bolawa ka molelo o o tswang mo maganong a bone. \v 6 Ba na le nonofo go tswala magodimo gore pula e se ka ya na mo dingwageng tse tharo le sephatlo tse ba porofesang ka tsone, le go fetola melapo le mawatle madi, le go romela mofuta mongwe le mongwe wa petso mo lefatsheng kgapetsakgapetsa ka fa ba eletsang ka teng. \p \v 7 E tlaa re fa ba sena go fetsa dingwaga tse tharo le sephatlo tsa bosupi jwa bone, modipa yo o tswang mo moleteng o o senang bolekanngo o tlaa lwa le bone a ba fenya a bo a ba bolaya; \v 8-9 mme mo malatsing a mararo le sephatlo mebele ya bone e tlaa bewa mo pepeneneng mo mebileng ya Jerusalema (motse o o bolelwang sentle jaaka “Sodoma” kgotsa “Egepeto”), lefelo tota le Morena wa bone o bapoletsweng mo go lone. Ga go na ope yo o tlaa letlelelwang go ba fitlha, mme batho ba ba tswang mo merafeng e le mentsi ba tlaa phuthega go tla go ba bona. \v 10 Mme go tlaa nna le letsatsi la boikhutso la lefatshe lotlhe, batho gongwe le gongwe le gongwe ba tlaa ipela ba bo ba abalana dimpho, ba dira mediro go itumelela loso lwa baporofiti ba babedi ba ba ba tlhokofaditseng mo go kalo. \p \v 11 Mme morago ga malatsi a le mararo le sephatlo, mowa wa botshelo o o tswang kwa Modimong o tlaa tsena mo go bone mme ba tlaa ema ka dinao! Mme poifo e kgolo e tlaa wela mongwe le mongwe. \v 12 Hong lentswe le legolo le tlaa goa le tswa kwa legodimong le re, “Tlhatlogelang kwano!” Mme ba tlaa tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung baba ba bone ba ba lebeletse. \p \v 13 Ka yone oura eo go tlaa nna le thoromo e e maswe ya lefatshe e e digang karolo ya lesome ya motse, e bolaya batho ba le dikete di supa. Mme botlhe ba ba setseng ba tlaa galaletsa Modimo wa legodimo ka poifo. \p \v 14 Tatlhego ya bobedi e fetile, mme ya boraro e latela ka bofefo: \s1 Loshalaba lwa mantswe \p \v 15 Gone foo moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, mme ga bo go le mantswe a magolo a goa a tswa kwa legodimong a re, “Bogosi jwa lefatshe leno jaanong ke jwa Morena wa rona, le Keresete wa gagwe; mme o tlaa busa ka metlha le metlha.” \p \v 16 Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba ba ntseng mo ditilong tsa bone tsa Segosi fa pele ga Modimo ba itatlhela fa fatshe ba obama, ba re, \v 17 “Re a leboga, Morena Modimo Mothatayotlhe, yo o leng teng le yo o neng a le teng, gonne jaanong o tshotse nonofo ya gago e kgolo o simolotse go busa. \p \v 18 “Dichaba di ne di go galefetse, mme jaanong ke nako ya gago gore o ba galefele. Ke nako ya go atlhola baswi, le go duela batlhanka ba gago, baporofiti le batho ka go tshwana, botlhe ba ba boifang leina la gago, bagolo le bannye, le go nyeletsa ba ba dirileng tshenyo mo lefatsheng”. \p \v 19 Mme mo legodimong, tempele ya Modimo ya bo e butswe mme letlole la kgolagano ya one la bo le bonala mo teng. Go ne ga nna dikgadima, ga nna loratla lwa tumo ya maru, mme ga nna le matsubutsubu a sefako mme lefatshe la tshikinngwa ke thoromo e kgolo ya lone. \c 12 \s1 Mosadi le Sebatana se se boitshegang \p \v 1 Mme ga bonala sesupo se segolo mo legodimong, se supa dilo tse di tlaa tlang, ka bona mosadi a apere letsatsi, go na le ngwedi ka fa tlase ga dinao tsa gagwe, le serwalo sa dinaledi di le lesome le bobedi mo tlhogong ya gagwe. \v 2 O ne a le moimana mme a lediwa ke ditlhabi tsa pelegi ya gagwe, a letetse go belega. \p \v 3 Ka tshoganetso ga bonala kgogela e khibidu, e na le ditlhogo di supa le dinaka di le lesome, le dirwalo di supa mo tlhogong ya bone. \v 4 Mogatla wa yone o ne o goga karolo ya boraro ya dinaledi, tse e neng ya di latlhela mo lefatsheng. Ya ema fa pele ga mosadi jaaka a ne a tloga a belega, e ipaakanyeditse go kometsa losea fa lo tsholwa. \v 5 Mme a tshola ngwana wa mosimane yo o neng a tshwanetse go busa dichaba tsotlhe ka letsogo le le bokete, mme a phamolelwa kwa Modimong le kwa setilong sa one sa bogosi. \v 6 Mosadi a siela mo sekakeng, kwa Modimo o neng o mmaakanyeditse bonno teng, go mo tlhokomela selekanyo sa malatsi a le sekete le makgolo a mabedi le borataro. \p \v 7 Mme ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele le baengele ba gagwe ba lwantsha kgogela le baengele ba yone ba ba neng ba digelwa mo lefatsheng. \v 8 Mme kgogela ya fenngwa ya lelekwa kwa legodimong. \v 9 Kgogela e kgolo e, ebong noga ya bogologolo e e bidiwang diabolo, kgotsa Satane, ene yo o tsietsang lefatshe lotlhe, o ne a latlhelwa mo lefatsheng le mophato wa gagwe otlhe. \p \v 10 Mme ka utlwa lentswe le goela kwa godimo le kgabaganya magodimo le re, “Go diragetse kwa bofelong! Poloko ya Modimo le nonofo le puso, le taolo ya ga Keresete Morwa one gompieno di tsile; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona o latlhetswe kwa lefatsheng a tswa mo legodimong, yo o ntseng a ba pateletsa bosigo le motshegare fa pele ga Modimo wa rona. \v 11 Ba mo fentse ka madi a Kwana, le ka bosupi jwa bone; gonne ga ba a ka ba rata matshelo a bone mme ba a itatola ka ntlha ya gagwe. \v 12 Ke gone ipeleng, magodimo! Lona banni ba legodimo, ipeleng! Itumeleng! Mme a bo go latlhega lona batho ba lefatshe, gonne diabolo o tsile mo go lona ka bogale jo bogolo, a itse gore o na le nako e nnye.” \p \v 13 Mme erile fa kgogela e bona e latlhetswe mo lefatsheng, ya bogisa mosadi yo o tshotseng ngwana wa mosimane. \v 14 Mme mosadi a bo a neilwe diphuka tse pedi tse di tshwanang le tsa ntsu yo mo tona, go fofela kwa sekakeng kwa lefelong le a le baakanyeditsweng kwa o neng a tlhokomelwa teng a bo a sirelediwa mo nogeng, ebong kgogela, selekanyo sa dingwaga tse tharo le sephatlo. \p \v 15 Mme mo leganong la noga metse a mantsi a hulegela kwa mosading e le go leka go mo tsaya; \v 16 mme lefatshe la mo thusa ka go atlhamologa la metsa metse otlhe a a tswang mo kgogeleng. \p \v 17 Hong kgogela e e gaketseng ya bolola go ya go tlhasela bana ba mosadi ba ba setseng, botlhe ba ba neng ba tshegeditse ditaolo tsa Modimo le go ipolela gore ke ba ga Jesu. Ya ema e letile mo moshaweng wa lewatle. \c 13 \s1 Sebatana se se duleng mo lewatleng \p \v 1 Mme aanong mo ponatshegelong ya me, ka bona sebatana se se sa tlwaelesegang se tlhatloga mo lewatleng. Se ne se na le ditlhogo di supa le dinaka di le some, gape se na le dirwalo di le some mo dinakeng tsa sone. Mme mo tlhogong nngwe le nngwe go kwadilwe maina a tlhapatso, a kgoba ebile a nyenyefatsa Modimo. \v 2 Sebatana se, se ne se tshwana le lengau mme se na le maroo a a tshwanang le a bera le molomo o tshwana le lengau mme se na le moroo a a tshwanang le a bera le molomo o tshwana le wa tau! Mme kgogela ya se naya nonofo ya yone le setilo sa bogosi le taolo e kgolo. \p \v 3 Mme ka bona tlhogo nngwe ya sone ekete e bolaisegile mo e neng ekete ga e kake ya tlhola e fola, mme ntho e e maswe thata eo ya fola! Mme batho ba lefatshe ba gakgamalela kgakgamatso e mme ba sala sebatana se morago ka therego. \p \v 4 Ba obamela kgogela ka go se naya nonofo e e kalo, mme ba obamela sebatana se se sa tlwaelesegang. Ba goa ba re, “Ke kae kwa go nang le mongwe yo mogolo jaaka sone? Ke mang yo o ka kgonang go se tlhabantsha?” \p \v 5 Mme kgogela ya tlhotlheletsa sebatana go tlhapatsa Morena; mme ya se naya taolo go laola lefatshe selekanyo sa dikgwedi di le masome a mane le bobedi. \v 6 Ka nako eo yotlhe sa tlhapatsa leina la tempele ya gagwe le botlhe ba ba nnang kwa legodimong. \p \v 7 Mme kgogela ya se naya nonofo go tlhabantsha batho ba Modimo le go ba fenya, le go busa dichaba tsotlhe le dipuo mo lefatsheng lothe. \v 8 Le batho botlhe ba maina a bone a neng a sa kwalwa pele ga tshimologo ya lefatshe mo lokwalong lwa Botshelo lwa Kwana e e tlhabilweng, ba obamela sebatana se se bosula. \p \v 9 A mongwe yo o nang le ditsebe, a reetse ka kelotlhoko. \v 10 Batho ba Modimo ba ba laoletsweng kgolegelo ba tlaa tshwarwa mme ba tsewe; ba ba laoletsweng loso ba tlaa bolawa. Mme lo se ka lwa kgobega marapo, gonne lo ke lobaka lwa go itshoka le go ikanyega. \s1 Sebatana se se duleng mo lefatsheng \p \v 11 Mme ka bona sebatana se sengwe se se sa tlwaelesegang se sone se neng se tswa mo lefatsheng, se na le dinaka tse di potlana di le pedi jaaka tsa Kwana mme se na le lentswe le le boifisang jaaka la kgogela. \v 12 Se ne sa dirisa nonofo yotlhe ya sebatana se ntho ya sone e e maswe e fodileng, se se neng sa batla gore batho ba lefatshe botlhe ba se obamele. \p \v 13 Mme sa dira dikgakgamatso tse motho ope a neng a se ka ke a di dumela jaaka go folosetsa molelo mo lefatsheng o tswa kwa legodimong, mongwe le mongwe a lebile. \v 14 Ka go dira dikgakgamatso tse, sa tsietsa batho gongwe le gongwe, se ne se dira dikgakgamatso tse fela fa sebatana sa ntlha se le teng go se lebelela. Mme sa laela batho ba lefatshe go dira setshwantsho sa leje se segolo sa sebatana sa ntlha, se se neng se bolaisegile thata, mme sa tloga sa rula. \v 15 Se ne sa letlelelwa go naya setshwano se sa leje mowa le go dira gore se bue! Hong setshwantsho se sa leje sa laela gore mongwe le mongwe yo o ganang go se obamela o tshwanetse go swa! \p \v 16 Mme sa pateletsa mongwe le mongwe, bagolo le bannye, bahumi le bahumanegi, magolegwa le ba ba golotsweng, go tshwaiwa ka lotshwao longwe mo letsogong le legolo kgotsa mo phatleng. \v 17 Mme ga bo go se ope yo o ka bonang tiro kgotsa le fa e le go reka mo marekelong kwa ntle ga gore a bo a na le lotshwao loo, lo e neng e le leina la sebatana kgotsa palo ya leina la sone. \p \v 18 Jaanong malepa ke a, a a tlhokang kelotlhoko go rarabololwa. A ba ba kgonang, ba ranole palo e: dipalo tse mo leineng la gagwe di dira makgolo a marataro le masome a marataro le borataro! (666) \c 14 \s1 Morwa Modimo le ba ba bolokilweng \p \v 1 Mme ka bona Kwana a eme mo Thabeng ya Sione mo Jerusalema, mme a bo a na le batho ba le dikete di le lekgolo le masome a mane le bone ba ba neng ba na le leina la gagwe le leina la ga Rraagwe le kwadilwe mo diphatleng tsa bone. \v 2 Mme ka utlwa lentswe le tswa kwa legodimong ekete mosumo wa metse a magolo kgotsa tumo e kgolo ya maru. E ne e le moopelo wa batho ba letsa diharepa. \p \v 3 Mme baopedi ba ba ditswerere ba, ba ba neng ba le sekete le masome a mane le bone, ba opela sefela se se monate se sesha fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo le fa pele ga ditshedi tse nne le bagolwane ba ba masome a mabedi le bone; mme go ne go se na ope yo o ka opelang sefela se fa e se ba ba sekete le masome a mane le bone, ba ba neng ba golotswe mo lefatsheng. \v 4 Gonne ga ba a leswafadiwa ke sepe mo meweng, ba itshekile jaaka makgarebane, ba sala Kwana morago gongwe le gongwe kwa o ya teng. Ba ne ba rekilwe mo gare ga batho ba ba mo lefatsheng e le ba ba tshwaetsweng Modimo. \v 5 Ga go na maaka a ba ka bewang molato ka one, ga ba na selabe sepe. \s1 Barongwa ba bararo \p \v 6 Mme ka bona moengele yo mongwe a fofa mo magodimong a tshotse Mafoko a a Molemo a bosakhutleng go rerela ba ba mo lefatsheng, ebong dichaba tsotlhe, ditso, dipuo le batho. \p \v 7 A goela kwa godimo a re, “Boifang Modimo, lo bo lo bake bogolo jwa one. Gonne lobaka lo tsile lo o tlaa nnang moatlhodi ka lone. Obamelang ene yo o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle le metswedi yotlhe ya lona.” \p \v 8 Mme moengele yo mongwe a mo latela mo legodimong, a re, “Babelone o ole, o ole, ebong motse o mogolo ole, ka ntlha ya gore o tsieditse dichaba tsa lefatshe a di raya a re di tlhakanele mofine wa gagwe wa boitshekologo le boleo.” \p \v 9 Mme moengele wa boraro a ba latela a goa a re, “Mongwe le mongwe yo o obamelang sebatana se se tswang mo lewatleng le setshwantsho sa sone sa leje a bo a amogela lotshwao lwa sone mo phatleng kgotsa mo seatleng, \v 10 o tshwanetse go nwa mofine wa bogale jwa Modimo o sa timolwa. Mme ba tlaa tlhokofadiwa ka molelo le ka sebabole mo ponong ya baengele ba ba boitshepo le Kwana. \v 11 Mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng, mme ga ba kitla ba nna le setshwantsho sa sone sa leje, mme gape ba tshwailwe palo ya leina la one. \p \v 12 “A se se kgothatse batho ba Modimo go itshokela teko nngwe le nngwe le pogiso ka bopelotelele, gonne baitshepi ba gagwe ba ba nnang ba nitame go ya kwa bofelong ba reetsa ditaolo tsa gagwe ebile ba ikanya Jesu.” \p \v 13 Mme ka utlwa lentswe le tswa mo magodimong le re, “Kwala se: kwa bofelong lobaka lo fitlhile lwa gore baswela-tumelo ba tsene mo tuelong ya bone e e tletseng. Ee, go bua Mowa wa re, ba sego thata, gonne jaanong ba tlaa ikhutsa mo matsapeng a bone le diteko, gonne ditiro tsa bone tse di molemo di ba sala morago go ya legodimong!” \s1 Thobo ya batho ba lefatshe \p \v 14 Mme ponatshego ya fetoga mme ka bona leru le lesweu, le mongwe a ntse mo go lone yo o neng a tshwana le Jesu, yo o neng a bidiwa “Morwa Motho,” a rwele serwalo sa gauta mo tlhogong ya gagwe le thipa e e bogale mo seatleng sa gagwe. \p \v 15 Mme moengele a tswa mo tempeleng mme a mo tlhaeletsa, a re, “Simolola go dirisa thipa, gonne lobaka lo go tletse gore o robe; thobo e budule mo lefatsheng.” \v 16 Hong ene yo o ntseng mo lerung a akgisa thipa ya gagwe mo godimo ga lefatshe, mme thobo ya kokoanngwa. \v 17 Morago ga moo moengele yo mongwe a tswa mo tempeleng e e kwa legodimong, le ene a bo a tshotse thipa e e bogale. \v 18 Gone fela foo moengele yo o nang le nonofo ya go nyeletsa lefatshe ka molelo, a tlhaeletsa moengele yo o neng a tshotse thipa a re, “Dirisa thipa jaanong go kgaola masitlha a mofine wa lefatshe, gonne a budule sentle go sekisiwa.” \v 19 Jalo moengele a akgisa thipa ya gagwe mo godimo ga lefatshe mme a olela masitlha a mofine mo segatelong se segolo sa bogale jwa Modimo. \v 20 Mme masitlha a mofine a gatakwa mo segatelong kwa ntle ga motse, mme madi a elela mo molatswaneng o o boleele jwa dimmaele di le makgolo a mabedi ebile o le kwa godimo jaaka ditomo tsa pitse. \c 15 \s1 Barongwa le dipetso tse supa \p \v 1 Mme mo legodimong ka bona sesupo se se boitshegang sa dilo tse di tlaa tlogang di tla; baengele ba supa ba ne ba abelwa go tlisa dipetso tsa bofelo di supa mo lefatsheng, mme kwa bofelong bogale jwa Modimo bo tlaa fela. \p \v 2 Mme fa pele ga me ga bo go phatlaladitswe sengwe ekete lewatle la molelo le galase, mme mo go lone ga bo go eme botlhe ba ba neng ba fentse sebatana se se bosula le setshwantsho le lotshwao le palo ya sone. Botlhe ba ne ba tshotse diharepa tsa Modimo, \v 3 mme ba ne ba opela sefela sa ga Moshe, motlhanka wa Modimo le sefela sa Kwana ba re: \p “Ditiro tsa gago di dikgolo di a gakgamatsa, Morena Modimo Mothatayotlhe, Ditsela tsa gago di siame ebile di boammaaruri, Wena Kgosi ya dingwaga-ngwaga. \v 4 Ke mang yo o se kitlang a boifa, Morena. A bo a galaletsa leina la gago? Gonne ke wena fela yo o boitshepo. Mme dichaba tsotlhe di tlaa tla di go obamela, Gonne tshiamo ya ditiro tsa gago e senotswe.” \p \v 5 Mme ka leba mme ka bona gore Boitshepo jwa Maitshepo jwa Tempele mo legodimong bo butswe. \v 6 Baengele ba supa ba ba neng ba abetswe tiro ya go tsholola dipetso di supa; ba tswa mo tempeleng, ba apere matsela a masweu, le meitlamo ya gauta go kgabaganya dihuba tsa bone. \p \v 7 Mme sengwe sa ditshedi tse nne sa naya mongwe le mongwe wa bone lebotlolo la gauta le tletse bogale jo bo maswe jwa Modimo o o tshelang ka bosakhutleng. \v 8 Tempele ya tlala mosi o o tswang mo kgalalelong ya Modimo le mo thateng ya one; mme ga bo go se ope yo o nonofileng go ka tsena go fitlhelela baengele ba supa ba sena go fetsa go tsholola dipetso di supa. \c 16 \s1 Megopo e supa \p \v 1 Mme ka utlwa lentswe le legolo le tlhaeletsa baengele ba supa le tswa mo tempeleng le re, “Jaanong tsamayang lo tshololele megotswana e supa ya bogale jwa Modimo mo lefatsheng.” \p \v 2 Jalo moengele wa ntlha a tsamaya a tshololela mogotswana wa gagwe mo lefatsheng mme dintho tse di maswe tsa tswa mongwe le mongwe yo o neng a na le lotshwao lwa sebatana e bile a obamela setshwantsho sa sone sa leje. \p \v 3 Moengele wa bobedi a tshololela mogotswana wa gagwe mo mawatleng, mme a nna jaaka madi a a metse a motho yo o suleng; mme sengwe le sengwe mo mawatleng otlhe sa a swa. \p \v 4 Moengele wa boraro a tshololela mogotswana wa gagwe mo dinokeng le mo metsweding ya metse mme tsa fetoga madi. \v 5 Mme ka utlwa moengele yo wa metse a re, “O siame ka go lere katlholo e, wena yo o boitshepo, yo o leng teng le yo o neng a le teng, \v 6 gonne baitshepi ba gago le baporofiti ba ne ba bolawa mme madi a bone a tshelwa mo lefatshing; mme mo go ipusolosetseng o tsholotse madi a ba ba neng ba ba bolaile, ke tuelo ya bone e e ba tshwanetseng.” \p \v 7 Mme utlwa moengele wa sebeso a re, “Ee, Morena Mothatayotlhe, dikotlhao tsa gago di siame e bile di boammaaruri.” \p \v 8 Mme moengele wa bone a tshololela mogotswana wa gagwe mo letsatsing, a dira gore le fise batho botlhe ka molelo wa lone. \p \v 9 Mongwe le mongwe o ne a fisiwa ke mogote o mogolo, mme ba hutsa leina la Modimo o o neng o rometse dipetso, ba se ka ba fetola megopolo ya bone le maikutlo go o galaletsa. \p \v 10 Mme moengele wa botlhano a tshololela mogotswana wa gagwe mo setilong sa bogosi sa sebatana se se tswang mo lewatleng, mme bogosi jwa sone jwa fifadiwa. Mme batlhanka ba sone ba itshotlha diteme ka ntlha ya botlhoko, \v 11 mme ba hutsa Modimo wa legodimo ka ntlha ya dintho tsa bone le kutlobotlhoko, mme ba gana go ikwatlhaele ditiro tsotlhe tsa bone tse di bosula. \p \v 12 Moengele wa borataro a tshololela mogotswana wa gagwe mo nokeng e kgolo ya Uferatase mme ya kgala gore dikgosi tse di tswang botlhaba-tsatsi le masole a tsone di tle di kgone go kgabaganyetsa kwa bophirima-tsatsi go sena sekgoreletsi sepe. \v 13 Mme ka bona mewa e le meraro e e bosula e e itirileng jaaka digwagwa e tswa mo molomong wa Kgogela, Sebatana, le Moporofiti wa sone wa Tsietso. \v 14 Mme mewa e e maswe e e neng e dira dikgakgamatso, ya buisanya le babusi botlhe ba lefatshe go ba phutha go tlhabana le Morena ka Letsatsi le legolo la Katlholo le le tlang. \p \v 15 “Bona, Ke tlaa tla ka tshoganetso jaaka legodu! Go sego botlhe ba ba ntetetseng, ba ba bolokang dikobo tsa bone di siame gore ba seka ba tlhokana le go tsamaya ba sa ikatega le go tlhabisiwa ditlhong.” \p \v 16 Mme ba phuthela mephato yotlhe ya ntwa ya lefatshe gaufi le felo fa go bidiwang, Amaketone ka Sehebera, ebong Thaba ya Megita. \p \v 17 Mme moengele wa bosupa a tshololela mogotswana wa gagwe mo phefong; mme lentswe le le nonofileng la tswa mo setilong sa bogosi sa tempele mo legodimong la re, “Go fedile!” \v 18 Mme ga nna tumo e kgolo ya maru logadima lwa phatshima; mme ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe e e iseng e ke e nne teng mo tlholegong ya setho. \v 19 Motse o mogolo wa “Babelone” wa kgaogana dikarolo di le tharo, le metse mo tikologong ya lefatshe ya gosomana ya fetoga matlotla; jalo Modimo wa gakologelwa boleo jotlhe jwa “Babelone,” mme a otlhaiwa go fitlhelela kwa lerothoding la bofelo la bogale jo bo mo senwelong sa mofine sa bogale jwa one jo bo tshabegang. \v 20 Ditlhaketlhake tsa nyelela, le dithaba tsa kokobela, \v 21 mme ga wa sefako se segolo kwa legodimong; maje a sone a le bokete jwa diponto di le lekgolo a wa kwa legodimong a wela batho mo lefatsheng, mme ba hutsa Modimo ka ntlha ya sefako se se boitshegang seo. \c 17 \s1 Mosadi wa seaka o palame Sebatana \p \v 1 Mme mongwe wa baengele ba ba su pang ba ba neng ba tshololetse dipetso mo lefatsheng a tla a bua le nna. A re, “Ntshala morago, ke tlaa go supegetsa se se tlaa diragalelang seaka se se tumileng; se se ntseng mo godimo ga metse a mantsi a lefatshe. \v 2 Dikgosi tsa lefatshe di ne tsa akafala naso, le batho ba tagisitswe ke mofine wa boaka jwa sone.” \p \v 3 Jalo moengele a ntsaya ke le mo moweng a nkisa kwa sekakeng. Teng koo ka bona mosadi a palame sebatana se se hibidu se se neng se na le ditlhogo di supa le dinaka di le lesome, se kwadilwe matlhapa gongwe le gongwe ka mafoko a a tlhapatsang Modimo. \v 4 Mosadi yo o ne a apere diaparo tse di borokwa le bohibidu le manyena a mantle a a dirilweng ka gauta le majana a botlhokwa le ditalama, mme a bo a tshotse phafana ya gauta e tletse tse di makgapha, ebong dilo tse di maswe tsa kgokafalo ya gagwe. \p \v 5 Mme ga bo go kwadilwe mo phatleng ya gagwe sesupo se se gakgamatsang se re, “Babelone yo Mogolo, Mmadiaka le wa Kobamelo ya Disetwa, gongwe le gongwe mo tikologong ya Lefatshe.” \p \v 6 Ke ne ka bona gore o ne a tlhapetswe, a tlhapetswe ke madi a baswela tumelo ba ga Jesu ba a ba bolaileng. Ka mo tlhoma matlho ke tshogile thata. \p \v 7 Mme moengele a botsa a re, “Ke eng fa o gakgametse jaana? Ke tlaa go bolelela gore mosadi yoo ke mang le gore sebatana se o se palamang se raya eng. \v 8 Sebatana se se ne se tshela mme jaanong ga se tlhole se tshela. Le fa go ntse jalo se tlaa tloga se tswa mo moleting o o senang bolekanngo se ya kwa tatlhegong ya bosakhutleng; mme batho ba lefatshe, ba maina a bone a sa kwalwang mo Lokwalong lwa Botshelo pele ga tshimologo ya lefatshe, ba tlaa akabadiwa ke go tla ga sone, morago ga se sena go swa. \p \v 9 “Mme jaanong akanya thata: ditlhogo tsa sone tse supa di emetse motse mongwe o o agilweng mo dithabeng di supa kwa mosadi yo o nnang teng. \v 10 Gape di emetse dikgosi di supa. Tse tlhano di setse di ole, jaanong go busa ya borataro, mme ya bosupa e e tla, mme puso ya yone e tlaa nna ka lobakanyana. \v 11 Sebatana se sehibidu se se suleng, ke kgosi ya boferabobedi, e e kileng ya busa pele e le nngwe ya tse di supang; morago ga puso ya sone ya bobedi, le sone se tlaa ya tatlhegong. \v 12 Dinaka tsa sone tse some ke dikgosi tse some tse di iseng di amogele bogosi; di tlaa bewa mo bogosing jwa tsone ka lobaka lo lo khutshwane, go busa le sone sebatana. \v 13 Tsotlhe di tlaa kwala tumalano ya go neela sebatana nonofo ya tsone le taolo. \v 14 Tsotlhe di tlaa tlhabantsha Kwana, mme e tlaa di fenya, gonne ke Morena wa barena botlhe, le Kgosi ya dikgosi, mme batho ba gagwe ke ba ba biditsweng, ba ba tlhophilweng, e bile ke ba ba ikanyegang. \p \v 15 “Mawatle, macha le melapo e mosadi o ntseng mo go yone e emetse boidiidi jwa batho jwa merafe yotlhe. \p \v 16 “Mme sebatana se se hibidu le dinaka tsa sone tse some, tse di emetseng dikgosi tse some tse di tlaa busang naso, tsotlhe di tlaa ila mosadi, mme di tlaa mo tlhasela di mo tlogele a sa ikatega a bo a fisiwe ka molelo. \v 17 Gonne Modimo o tlaa tsenya mo ditlhaloganyong tsa bone, leano le le tlaa tsweledisang maikaelelo a one: ba tlaa dumalana ka bongwe jwa pelo go naya sebatana se sehibidu taolo, gore mafoko a Modimo a tle a diragadiwe. \v 18 Mosadi yo o mmonyeng mo ponatshegelong ya gago o emetse motse o mogolo o o busang dikgosi tsa lefatshe.” \c 18 \s1 Go senngwa ga motse wa Babelona \p \v 1 Mme morago ga mo gotlhe ka bona moengele yo mongwe a fologa kwa legodimong ka taolo e kgolo, mme lefatshe la phatsimisiwa ke kgalalelo ya gagwe. \p \v 2 A goa a re, “Babelone yo Mogolo o ole, o ole; o fetogile boago jwa mewa e e maswe, le mefuta yotlhe ya mewa e e bosula. \v 3 Gonne dichaba tsotlhe di nole mofine o o bolayang wa boaka jwa gagwe jo bo feleletseng. Babusi ba lefatshe ba akafetse nae, le babapatsi mo lefatsheng lotlhe ba humisitswe ke botshelo jwa gagwe jwa letlepu.” \p \v 4 Mme ka utlwa lentswe le lengwe le bitsa le tswa kwa legodimong le re, “Mo tlogeleng, batho ba me; se tlhakaneleng dibe nae, e seng jalo lo tlaa otlhaiwa nae. \v 5 Gonne dibe tsa gagwe di tlhatlagane selekanyo sa go fitlha kwa legodimong mme Modimo o ipaakanyeditse go mo atlholela melato ya gagwe. \v 6 Mo direleng jaaka a lo diretse, le go feta foo, mo tlhatlaganyetseng petso ya ditiro tsa gagwe tse di bosula. O diretse batho ba le bantsi dinwelo tsa tatlhego, mo direleng fela jalo go menagane. \v 7 O tshetse mo letlepung le mo botlhapelweng, tshwantshanyang matshelo a gagwe le khutsafalo le kutlobotlhoko, o ikgantsha a re, ‘Ke mohumagadi mo setilong sa me sa bogosi. Ga ke motlhologadi yo o se ka keng a itirela sepe. Ga nkitla ke nna le kutlobotlhoko’. \v 8 Mme ke gone ka moo kutlobotlhoko ya loso le selelo le mmopamo di tlaa mo tlela ka letsatsi le le lengwe, mme o tlaa nyelediwa ka molelo; gonne Morena yo o mo atlholang o mogolo.” \p \v 9 Mme baeteledipele ba lefatshe, ba ba tlhakanetseng ditiro tse di maswe tsa boaka nae, ebile ba itumelela go ratwa ke ene, ba tlaa mo hutsafalela fa ba bona mosi wa setopo sa gagwe. \v 10 Ba tlaa emela kgakala, ba roroma ka poifo ebile ba lelela kwa godimo ba re, “Ijoo, Babelone, motse o mogolo! Tshekiso ya gagwe e tsile ka nako e khutshwane.” \p \v 11 Mme barekisi ba lefatshe ba tlaa mo lelela ka khutsafalo, gonne ga go ope yo o tlaa tlholang a reka dithoto tsa bone. \v 12 Gonne e ne e le moreki wa bone yo mogolo wa gauta le selefera majana a botlhokwa, diperela, matsela a a boleta, sei e e bohibidu jo bo borokwa le bohibidu jo bo letlhololo le mofuta mongwe le mongwe wa ditlhare tsa dinkgisa monate, dithoto tsa dinkgisa monate, dithoto tsa naka lwa tlou le dijana tsa logong tse di tlhwatlhwa kgolo le kgotlho le tshipi le mmabole; \v 13 le ditswaiso tsa dijo, dinkgisa monate, le maswalo, setlolo le lebano, mofine, lookwane lwa motlhware, bopi jo bo boleta; korong, dikgomo, dinku, dipitse dikara le batlhanka, le mewa ya batho tota. \v 14 Ba lela ba re, “Dilo tsotlhe tse o neng a di rata thata di fedile, dijo tse di metsegang le tse di kgorwang tse o ntseng o di rekisa ka tlhwatlhwa e kgolo ga di kitla di nna tsa gago gope. Di feletse ruri.” \v 15 Mme jaanong barekisi ba ba humisitsweng ke go mo rekisetsa dilo tse, ba tlaa emela kgakala, ba boifa tlhokofatso, ba lela, ba re, \v 16 “Ijoo, motse o mogolo o montle jaaka mosadi yo o apereng leloba le le boleta le bohibidu jo bo borokwa le bohibidu jo bo letlhololo, o o kgabisitsweng ka gauta le majana a botlhokwa le diperela. \v 17 Ka motsotso o le mongwe, dikhumo tsotlhe tsa motse di fedile!” Le beng ba dikepe botlhe le balaodi ba dikepe tsa barekisi le badiri mo dikepeng ba tlaa emela kgakala, \v 18 ba lela fa ba bona mosi o tlhatloga, ba re, “Ke fa kae mo lefatsheng lotlhe mo go nang le motse o o ntseng jaaka o?” \p \v 19 Mme ba tlaa itshela lorole mo ditlhogong ka kutlobotlhoko ba re, “Ijoo, Ijoo, a motse o mogolo! O o re humisitseng rotlhe ka dikhumo tsa one. Mme jaanong ka oura e le nngwe gotlhe go fedile…” \p \v 20 Mme wena, legodimo, itumelele go wa ga gagwe; le lona bana ba Modimo, baporofiti le baaposetoloi! Gonne kwa bofelong Modimo o lo mo atlholetse. \p \v 21 Mme moengele yo mogolo a tsholetsa lefika le le tshwanang le lolwala a le latlhela mo lewatleng mme a goa a re, “Babelone, motse o mogolo, o tlaa latlhwa jaaka ke latlhile leje le mme o tlaa nyelela ka bosakhutleng. \v 22 Ga go kitla go tlhola go nna le moopelo gone, ga go kitla go tlhola go nna le dipiano, diletso le ditorompeta. Ga go kitla go tlhola go nna madirelo a mofuta ope teng, e bile ga go kitla go tlhola go nna le tshilo ya mabele. \v 23 Go tla nna lefifi le legolo thata mo go ene; ga go kitla go tlhola go bonala lesedi la lobone mo fensetereng. Ga go kitla go tlhola go nna le meduduetso ya lonyalo le boitumelo jwa banyadi le banyadwi. Barekisi ba gagwe ba ne ba itsege mo tikologong ya lefatshe lotlhe mme o tsieditse dichaba tsotlhe ka boloi jwa gagwe. \v 24 Mme ke ene yo o neng a na le maikarabelo mo mading a baporofiti botlhe ba ba bolaetsweng tumelo le baitshepi.” \c 19 \s1 Bakang Modimo \p \v 1 Mme morago ga mo ka utlwa loshalaba lologolo lwa batho mo legodimong ba re, “Halleluja! Go bakwe Morena! Poloko e tswa mo Modimong wa rona. Tlotlo le taolo ke tsa one o le esi; \v 2 gonne dikatlholo tsa one di siame ebile di boammaaruri. O otlhaile seaka se segolo se se bodisitseng polao ya batlhanka ba one.” \p \v 3 Ba bua gangwe le gape, ba re, “A go bakwe Morena! Mme mosi wa go fisiwa ga gagwe o ne wa tlhatloga ka bosakhutleng!” \p \v 4 Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone le ditshedi tse nne ba wela fa fatshe ba obamela Modimo, o o neng o ntse mo setilong sa bogosi, ba re, “Amen! Halleluja! Go bakwe Morena!” \p \v 5 Mme mo setilong sa bogosi ga tswa lentswe le le reng, “Bakang Modimo wa rona, lona lotlhe batlhanka ba One, bannye le bagolo, ba ba o boifang.” \p \v 6 Mme ka utlwa gape se se neng se utlwala jaaka loshalaba lwa batho ba bantsi kgotsa jaaka makhubu a lewatle a le lekgolo a phachegela mo lotshitshing kgotsa jaaka tumo e kgolo ya maru, ba re, “Go bakwe Morena. Gonne Morena Modimo wa rona, Mothatayotlhe, o a busa. \v 7 A re itumeleng re bo re ipele re mo tlotle; gonne lobaka lo fitlhile lwa modiro wa lonyalo lwa Kwana, mme monyadi wa gagwe o ipaakantse. \v 8 O letleletswe go apara matsela a a phepa a masweu a a borethe.” (Letsela le le borethe le raya ditiro tse di molemo tse di dirilweng ke batho ba Modimo). \v 9 Mme moengele a nthaya mafoko a: “Go sego ba ba laleditsweng modiro wa nyalo ya Kwana.” Mme a tlatsa a re, “Modimo ka boone o buile se.” \p \v 10 Mme ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela, mme a re, “Nnyaa! o se ka wa nkobamela! Gonne ke motlhanka wa Modimo fela jaaka wena, le jaaka bakaulengwe ba gago ba ntse mo Moreneng, ba ba supang ka tumelo ya bone mo go Jesu. Maikaelelo a seporofeso sotlhe le a gotlhe mo ke go go supegeditseng ke go bolela kaga Jesu.” \s1 Yo o palameng Pitse e tshweu \p \v 11 Mme ka bona legodimo le bulegile mme pitse e tshweu e eme gone; Mme leina la yo o neng a palame pitse e ne e le “Boikanyego le Boammaaruri”, ene yo o atlholang a bo a dira ntwa ka tshiamo. \v 12 Matlho a gagwe a ne a tshwana le dikgabo tsa molelo, mme mo tlhogong ya gagwe ga bo go le dirwalo tse dintsi. Leina le ne le kwadilwe mo phatleng ya gagwe, mme ya bo e le ene fela yo o itseng tlhaloso ya lone. \v 13 O ne a apere diaparo tse di innweng mo mading, mme leina la gagwe e ne e le “Lefoko la Modimo.” \v 14 Mme dintwa tsa legodimo, di apere letsela le le borethe, le le phepa le le sweu, tsa mo sala morago di palame dipitse tse di tshweu. \p \v 15 Mo molomong wa gagwe a bo a tshotse chaka e e bogale go kgemetha dichaba; o ne a di busa ka thobane ya tshipi; mme a gataka segatisetso sa mofine sa bogale jwa Modimo Mothata-yotlhe. \v 16 Mo kobong ya gagwe le mo seruping ga bo go kwadilwe mokwalo o: “KGOSI YA DIKGOSI LE MORENA WA BARENA.” \p \v 17 Mme ka bona moengele a eme mo letsatsing, mme a kua dinonyane ka lentswe le legolo a re, “Tlang! Phuthaganelang selalelo sa Modimo o mogolo! \v 18 Tlang lo jeng nama ya dikgosi, le balaodi; le banna ba ba thata; ya dipitse le bapalami; le batho botlhe, ba bannye le bagolo, batlhanka le ba ba golotsweng.” \p \v 19 Mme ka bona sebatana se se bosula se phuthile mebuso ya lefatshe le masole a yone go tlhabantsha yo o palameng pitse le masole a gagwe. \v 20 Mme sebatana se se bosula sa tshwarwa, mmogo le Moporofiti wa tsietso, yo o neng a dira dikgakgamatso tse dikgolo fela fa sebatana se se bosula se ne se le teng, dikgakgamatso tse di tsieditseng botlhe ba ba amogetseng lotshwao lwa sebatana, le ba ba obametseng setshwantsho sa sone sa leje. Ka bobedi jwa bone, Sebatana le Moporofiti wa tsietso, ba ne ba latlhelwa mo lecheng la molelo le le tukang ka sebabole. \v 21 Mme mophato otlhe wa masole wa bolawa ka chaka e e bogale e e neng e le mo molomong wa yo o palameng pitse e tshweu, le dinonyane tsotlhe tsa loapi tsa kgora nama ya bone. \c 20 \s1 Go golegwa ga ga Satane \p \v 1 Mme ka bona moengele a fologa kwa legodimong a tshotse dilotlole tsa molete o o senang bolekanngo le keetane e e bokete mo letsogong la gagwe. \v 2 Mme a tshwara kgogela noga ya bogologolo, Satane, a mo golega selekanyo sa dingwaga di le sekete. \v 3 Mme a mo latlhela mo moleteng o o senang bolekanngo, o jaanong a neng a o tswala a bo a o lotlela, gore e se ka ya tlhola e tsietsa dichaba gape go fitlhelela dingwaga tse di sekete di fela. Morago ga moo e tlaa gololwa gape ka lobakanyana. \p \v 4 Mme ka bona ditilo tsa bogosi, mme ba ba neng ba ntse mo go tsone e ne e le ba ba neng ba neetswe taolo ya go atlhola. Mme ka bona mewa ya ba ba neng ba kgaotswe ditlhogo ka ntlha ya go supa ka Jesu, le go bolela Lefoko la Modimo, le ba ba neng ba se ka ba obamela sebatana le setshwantsho sa sone sa leje, kgotsa go amogela lotshwao lwa sone mo diphatleng tsa bone kgotsa mo diatleng. Ba ne ba rudile mme jaanong ba busa le Keresete selekanyo sa dingwaga di le sekete. \p \v 5 E ke tsogo ya ntlha ya baswi. (Mme ba ba setseng botlhe ba se ka ba rula go fitlhelela dingwaga tse di sekete di fela). \v 6 Go sego ebile go boitshepo ba ba nang le kabelo mo tsogong ya ntlha. Gonne mo go bone loso lwa bobedi ga lo na thata, gonne ba tlaa nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete… \s1 Go gololwa le go nyelediwa ga ga Satane \p \v 7 E tlaa re fa dingwaga tse di sekete di fela, Satane o tlaa gololwa mo kgolegelong. \p \v 8 O tlaa tswa a ya go tsietsa dichaba tsa lefatshe a bo a di phutha, ga mmogo le Gogo le Magogo, go ya ntweng, ebong lesomo le legolo, le le senang palo jaaka motlhaba o o mo lotshitshing. \v 9 Ba tlaa tlhatloga ba kgabaganya kwa godimo ga bophara jwa lefatshe go dikaganyetsa batho ba Modimo le motse o o rategang wa Jerusalema mo ntlheng tsotlhe. Mme molelo wa Modimo o o tswang legodimong o tlaa fologela mo mephatong ya batlhasedi o bo o e laila. \p \v 10 Mme Diabolo yo o ba tsieditseng o tlaa latlhelwa mo lecheng la molelo o o tukang ka sebabole mo sebatana le moporofiti wa tsietso ba leng teng, mme ba tlaa tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosakhutleng. \s1 Tshekiso ya ba ba suleng \p \v 11 Mme ka bona setilo sa bogosi se segolo se se sweu le yo o se ntseng, yo lefatshe le legodimo di neng tsa tshaba sefatlhogo sa gagwe, mme tsa tlhoka fa di iphitlhang teng. \v 12 Mme ka bona baswi, ba bannye le bagolo, ba eme fa pele ga Modimo mme dikwalo tsa bo di butswe, mmogo le Lokwalo lwa Botshelo. Mme baswi ba ne ba atlholwa ka fa dilong tse di neng di kwadilwe dikwalong, mongwe le mongwe ka fa ditirong tse o di dirileng. \v 13 Mme mawatle a ntsha baswi ba ba mo go one; mme lefatshe le bobipo tsa ntsha baswi ba ba neng ba le mo go tsone. Mongwe le mongwe a atlholwa ka fa ditirong tsa gagwe. \v 14 Mme loso le molete tsa latlhelwa mo lecheng la molelo. Se ke loso lwa bobedi, ebong lecha la molelo. \v 15 Mme fa leina la mongwe le ne le sa fitlhelwe le kwadilwe mo Lokwalong lwa Botshelo, o ne a latlhelwa mo lecheng la molelo. \c 21 \s1 Jerusalema yo Mosha \p \v 1 Mme ka bona lefatshe le lesha (go sena mawatle!) le legodimo le lesha, gonne lefatshe le legodimo la pele di ne di nyeletse. \v 2 Mme nna, Johane ka bona motse o o Boitshepo, Jerusalema yo mosha, a fologa kwa legodimong a tswa kwa Modimong. E ne e le pono e e galalelang a le montle jaaka monyadiwa kwa lonyalong lwa gagwe. \p \v 3 Mme ka utlwa lentswe le tlhaeletsa le tswa kwa setilong sa Bogosi le re, “Bonang bonno jwa Modimo jaanong bo mo bathong, mme o tlaa nna le bone mme ba tlaa nna batho ba One; ee, Modimo ka bo one o tlaa nna mo go bone. \v 4 O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme ga go kitla go tlhola go nna le loso, kgotsa bohutsana kgotsa selelo kgotsa kutlobotlhoko. Tsotlhe di nyeleletse ruri.” \p \v 5 Mme yo o ntseng mo setilong sa bogosi a re, “Bona, ke shafatsa dilo tsotlhe!” Mme a nthaya a re, “Kwala se, gonne se ke se go bolelelang se boikanyo le boammaaruri! \v 6 Go fedile! Ke nna Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo. Ke tlaa naya ba ba nyorilweng metswedi ya metse a botshelo, e le mpho! \v 7 Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa rua masego a otlhe, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe le ene o tlaa nna morwaake. \v 8 Mme magatlapa a a mphuralelang, le ba ba sa ikanyegeng mo go nna le ba ba bodileng, ke babolai, baitshekologi, ba ba buang le mewa e e maswe, le baobamedi ba medimo ya disetswa le baaki botlhe, tatlhego ya bone e mo lecheng le le tukang ka molelo le sebabole. Se ke loso lwa bobedi.” \p \v 9 Mme mongwe wa baengele ba ba supang, ba ba neng ba tsholola megotswana e e neng e na le dipetso tsa bofelo, a tla mme a nthaya a re, “Ntshala morago mme ke tlaa go supegetsa monyadiwa, mosadi wa ga Kwana.” \p \v 10 Mo ponatshegelong a ntseela kwa setlhoweng sa thaba e e goletseng kwa godimo mme ya re ke le mo go yone ka lebelela motse oo wa Jerusalema yo o Boitshepo, o fologa kwa legodimong o tswa kwa Modimong. \v 11 O ne o tletse kgalalelo ya Modimo mme o phatsima jaaka lentswe le le botlhokwa, legakwa le le phepa jaaka jasepara. \v 12 Dipota tsa one di ne di atlhame di goletse kwa godimo di na le dikgoro di le lesome le bobedi di disitswe ke baengele ba le lesome le bobedi. Mme maina a ditso di le lesome le bobedi tsa merafe ya Iseraele a bo a kwadilwe mo dikgorong. \p \v 13 Go ne go na le dikgoro di le tharo mo ntlheng nngwe le nngwe, bokone, borwa, botlhaba le bophirimatsatsi. \p \v 14 Dipota di ne di na le maje a motheo a le lesome le bobedi, mme mo go one ga bo go kwadilwe maina a baaposetoloi ba ba lesome le bobedi ba ga Kwana. \v 15 Mme moengele a bo a tshotse selekanyo sa gauta go lekanya motse le dikgoro tsa one le dipota. \v 16 Mme e rile a lekanya, a fitlhela o lekalekana; tota boleele jwa one bo ne bo lekana le boatlhamo, gonne go tsholetsega ga one go ne go lekana le boleele le bophara jwa one, e le dimaele di le sekete le makgolo a matlhano. \v 17 A lekanya bokima jwa dipota mme a fitlhela di le selekanyo sa dikgato di le makgolo a mabedi le lesome le borataro, go kgabaganya, (mme moengele a mpiletsa dilekanyo tse, a dirisa molao wa go lekanya dilo). \p \v 18-19 Motse ka bo one o ne o itshekile o galalela jaaka galase ya gauta! Dipota di ne di dirilwe ka jasepera, mme di agilwe mo dithakong tse di lesome le bobedi tsa maje a motheo o o neng o kgabisitswe ka majana a botlhokwa. Mme motheo wa ntlha e ne e le jasepera; wa botlhano e le Saredonukese; \v 20 wa borataro e le Saredise; wa bosupa e le Kerusolete; wa bofera bobedi e le berile; boferabongwe e le topase; wa lesome e le Kerusaperase; wa lesome le bongwe e le Yakinithe; wa lesome le bobedi e le Amethuseta: \p \v 21 Dikgoro tse di lesome le bobedi di ne di dirilwe ka diperela, kgoro nngwe le nngwe e dirilwe ka perela e le nngwe! Mme mmila o mo tona o ne o dirilwe ka gauta e e galalelang, jaaka galase. \p \v 22 Go ne go sena tempele epe e e bonalang mo motsing, gonne Morena Modimo Mothatayotlhe le Kwana ke bone tempele ya motse oo. \v 23 Mme motse ga o tlhoke letsatsi kgotsa ngwedi go o bonessa gonne kgalalelo ya Modimo le ya ga Kwana di a o bonesa. \v 24 Lesedi la one le tlaa bonesa dichaba tsa lefatshe, mme babusi ba lefatshe ba tlaa tla ba o leretse kgalalelo. \v 25 Dikgoro tsa one ga di ke di tswalwa di nna di butswe letsatsi lotlhe, ebile ga go na bosigo! \v 26 Mme kgalalelo le tlotlo ya dichaba tsotlhe di tlaa tlisiwa mo go one. \v 27 Ga go na sepe se se bosula se se tlaa letlelelwang mo go one, ke raya le fa e le yo o boitshekologo kgotsa yo o sa ikanyegeng, mme fa e se fela ba maina a bone a kwadilweng mo Lokwalong lwa Botshelo lwa ga Kwana. \c 22 \s1 Noka ya metsi a botshelo \p \v 1 Mme a ntshupegetsa noka ya metse a a itshekileng a Botshelo, a le phepa jaaka legakwa, a elela a tswa mo setilong sa Bogosi sa Modimo le sa Kwana, \v 2 a fologela ka mmila o mo tona. Mo ntlheng e nngwe le e nngwe ya noka ga bo go tlhogile ditlhare tsa Botshelo di na le dikungo di le lesome le bobedi, di ungwa dikungo tse di itekanetseng kgwedi le kgwedi; matlhare a tsone a ne a dirisiwa e le molemo go alafa dichaba. \p \v 3 Ga go kitla go nna le sepe mo motseng se se bosula; gonne setilo sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana di tlaa bo di le gone, mme batlhanka ba gagwe ba tlaa mo obamela. \v 4 Mme ba tlaa bona sefatlhogo sa gagwe; mme leina la gagwe le tlaa kwalwa mo diphatleng tsa bone. \p \v 5 Mme ga go kitla go nna bosigo gone, ga go tlhokege dipone kgotsa letsatsi, gonne Morena Modimo o tlaa nna lesedi la bone; mme ba tlaa busa ka bosakhutleng. \s1 Tlhomamiso ya mafoko \p \v 6-7 Mme moengele a nthaya a re, “Mafoko a a Boikanyo le Boammaaruri; ‘Ke e tla ka bonako!’ Modimo, o o bolelelang baporofiti ba one se se diragalang mo lobakeng lo lo tlang, o rometse moengele wa one go go bolelela se se tlaa tlogang se diragala. Go sego ba ba se dumelang le botlhe ba ba kwadilweng mo lokwalong lo lo mennweng.” \p \v 8 Nna, Johane ke bonye, e bile ke utlwile dilo tse tsotlhe, mme ke ne ka wela fa fatshe go obamela moengele yo o neng a di mpontsha; \v 9 mme a nthaya gape a re, “Nnyaa, se dire sepe se se ntseng jalo. Le nna ke motlhanka wa ga Jesu jaaka wena, le jaaka bomorwa rrago ba ntse, le botlhe ba ba bolokileng boammaaruri jo bo kwadilweng mo lokwalong lo. Ba obamela Modimo o le osi.” \v 10 Mme a ntaela a re, “O se ka wa tswalela se o se kwadileng, gonne nako ya tiragatso e atametse. \v 11 Mme e tlaa re fa lobaka loo lo tla, botlhe ba ba dirang bosula ba tlaa bo dira go fetisisa; yo o leswe o tlaa nna leswe thata, batho ba ba siameng ba tla siama thata; ba ba boitshepo ba tlaa tswelela mo boitshepong jo bogola.” \b \p \v 12 “Bonang, ke e tla ka bonako, mme ke tshotse tuelo ya me, go duela mongwe le mongwe ka fa ditirong tse a di dirileng. \p \v 13 “Ke nna, Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo, wa Ntlha le wa Bofelo. \v 14 Go sego botlhe ba ba tlhatswitseng dikobo tsa bone, go nna le tshwanelo ya go tsena ka dikgoro tsa motse, le go ja loungo lwa setlhare sa Botshelo. \p \v 15 “Kwa ntle ga motse go na le ba ba ikgogonneng mo Modimong, le baloi le diaka le babolai le baobamedi ba medimo ya disetwa, le botlhe ba ba ratang, maaka, le go a bua. \v 16 Nna Jesu, ke rometse moengele wa me kwa go lona go bolelela diphuthego dilo tse tsotlhe. Ke nna modi wa ga Dafide le wa lotso lwa gagwe. Ke Naledi ya Moso e e phatsimang.” \b \p \v 17 Mme mowa le monyadiwa ba re, “Tla” A mongwe le mongwe wa lona yo o ba utlwang le ene a re, “Tla” A yo o nyorilweng a tle, mongwe le mongwe yo o batlang go tla; a a tle, a tle go nwa metse a botshelo kwa ntle ga theko. \v 18 Mme ke bolelela mongwe le mongwe ka tlhwaafalo yo o balang lokwalo lo: go re, fa mongwe a oketsa mo go se se kwadilweng fa, Modimo o tlaa mo okeletsa dipetso tse di boletsweng mo lokwalong lo. \v 19 Mme fa mongwe a fokotsa bontlha bongwe jwa diporofeso tse, Modimo o tlaa tlosa seabe sa gagwe mo setlhareng sa Botshelo, le mo motseng o o Boitshepo jaaka go boletswe. \b \p \v 20 Ene yo o buileng dilo tse tsotlhe a re, “Ee, ke e tla ka bonako!” Amen! Tla, Morena Jesu! \b \p \v 21 A tshegofatso ya Morena Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. Amen!