\id PHP - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Bafilipi \toc1 Bafilipi \toc2 Bafilipi \toc3 Bafilipi \mt1 Bafilipi \c 1 \p \v 1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo le Timotheo batlhanka ba ga Jesu Keresete. Ba kwalela: Badisa ba diputhego le batiakone le Bakeresete botlhe mo Filipi. \p \v 2 A Modimo o lo segofatse lotlhe. Ee, ke rapela gore Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete a neye mongwe le mongwe wa lona masego a magolo a gagwe, le kagiso ya gagwe mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona. \s1 Go rapela le go leboga \p \v 3 Go lo rapelela ga me gotlhe go tletse go baka Modimo! \v 4 Fa ke lo rapelela, pelo ya me e tlala boitumelo, \v 5 Ka ntlha ya thuso ya lona e ntle mo go itsiseng Mafoko a a Molemo kaga Keresete go tloga nako e lo neng lo a utlwa ka yone go fitlha gompieno. \v 6 Mme ke tlhomamisa gore Modimo o o simolotseng tiro e e molemo mo go lona o tlaa lo thusa go gola mo tshegofatsong ya one go fitlhelela tiro e kgolo mo go lona e fela ka letsatsi la fa Jesu Keresete a boa. \p \v 7 Go ntshiametse jang go ikutlwa jaaka ke ikutlwa kaga lona, gonne lo na le bonno jo bo faphegileng mo pelong ya me. Re abelanye masego a Modimo rotlhe, fa ke le mo kgolegelong le fa ke dule, ke femela boammaaruri ebile ke bolelela ba bangwe kaga Keresete. \p \v 8 Ke Modimo fela o o itseng boteng jwa lorato lwa me le go lo tlhwaafalela, ka lorato lwa ga Jesu Keresete. \v 9 Thapelo ya me ka lona ke gore lorato lwa lona lo oketsegele ba bangwe, lo bo lo gole mo kitsong ya semowa le mo temogong. \p \v 10 Gonne ke batla gore ka nako tsotlhe lo bone sentle pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, le gore lo bo lo nne phepa ka fa teng, go se ope yo o ka lo nyatsang go tloga jaanong go fitlhelela Morena wa rona a tla. \p \v 11 Tswelelang ka go dira tshiamo ka nako tsotlhe, dilo tse di molemo tse di supang gore lo bana ba Modimo gonne se se tlaa tlisa pako e kgolo le kgalalelo mo Moreneng. \s1 Go tshwarwa ga ga Paulo mo go hutsahaditseng \p \v 12 Mme ke rata gore lo itse se, bakaulengwe ba ba rategang: sengwe le sengwe se se ntiragaletseng kwano e ne e le botswelelo pele jo bogolo mo go boleleng Mafoko a a Molemo kaga Keresete. \v 13 Gonne mongwe le mongwe kwano, le kwa masole otlhe a nnang teng ba itse gore ke mo dikgoleng fela ka ntlha ya gore ke Mokeresete. \v 14 Mme ka ntlha ya go tshwarwa ga me Bakeresete ba le bantsi kwano ba bonala ba tlogetse letshogo la bone la go tshwarwa! Ka tsela nngwe bobelotelele jwa me bo ba kgothaditse mme ba pelokgale thata mo go boleleleng ba bangwe kaga Keresete. \p \v 15 Ba bangwe, ee, ba rera Mafoko a a Molemo ka ntlha ya gore ba fufegela tsela e Modimo o ntirisang ka yone. Ba batla go kaiwa e le bareri ba ba senang poifo! Mme ba bangwe ba na le maikaelelo a a phepa, \v 16-17 ba rera ka ntlha ya gore ba a nthata, gonne ba itse gore Modimo o ntlisitse kwano go ntirisa go femela boammaaruri mme bangwe ba rerela go ntira gore ke fufege, ba gopola gore go fenya ga bone go tlaa ntsifatsa bohutsana jwa me mo kgolegelong! \v 18 Mme le fa maikaelelo a bone e ka ne e le eng, boammaaruri ke gore Mafoko a a Molemo kaga Keresete a a rerwa ebile ke a itumela. \v 19 Ke tlaa nna ke ntse ke itumela, gonne ke itse gore fa lo nthapelela, le Mowa O O Boitshepo o nthusa, mo gotlhe go tlaa fetoga polokego ya me. \v 20 Gonne ke tshela mo tebelelong ya tlhwaafalo le tsholofelo ya gore ga ke kitla ke dira sepe se se tlaa dirang gore ke itlhabelwe ke ditlhong mme ke tlaa nna ke ipaakanyeditse go bua kaga Keresete ka bopelokgale fa ke santse ke tsweletse mo ditekong tse kwano; fela jaaka ke ne ke ntse mo lobakeng lo lo fetileng; mme ke tlaa aga ke tlotlega mo go Keresete, e ka ne e le ka botshelo kgotsa ka loso. \v 21 Gonne mo go nna, go tshela go raya dipako tsa ga Keresete, mme go swa, go siame bogolo! \p \v 22 Mme fa go tshela go ka nnaya lobaka lo lo ntsi go gapela batho mo go Keresete, foo, tota ga ke itse gore go botoka eng, go tshela kgotsa go swa! \v 23 Ka dinako tse dingwe ke batla go tshela mme ka dinako tse dingwe ga ke batle, gonne ke tlhwaafalela go ya go nna le Keresete. Go ka nna boitumelo jang mo go nna go na le go nna kwano! \v 24 Mme boammaaruri ke gore ke ka nna le thuso thata mo go lona fa ke nna! \p \v 25 Ee, ke santse ke tlhokega mo lefatsheng leno, mme jalo ke ikutlwa ke tlhomamisa gore ke tlaa nama ke le mo lefatsheng go se kae, go lo thusa go gola lo bo lo itumela mo tumelong ya lona. \v 26 Go nna kwano ga me go tlaa lo itumedisa go ba go lo naya mabaka a go galaletsa Keresete Jesu ka go mpabalela, fa ke lo etela gape. \p \v 27 Mme le fa e le eng se se ka ntiragalelang, gakologelwang ka nako tsotlhe go tshela jaaka Bakeresete ba tshwanetse go tshela, gore, fa ke ka lo bona gape kgotsa ke se kake ka lo bona, ke tlaa nna ke utlwa dipego tse di siameng gore lo eme ka maikaelelo a le mangwe fela a a nonofileng, go bolela Mafoko a a Molemo, \v 28 lo sa boife sepe, go sa re sepe gore baba ba lona ba ka dirang. Ba tlaa bona se e leng sesupo sa gore ba fentswe, mme mo go lona e tlaa nna sesupo se se bonalang sentle se se tswang kwa Modimong gore o na le lona, le gore o lo neile botshelo jo bo sa khutleng ka ene. \v 29 Gonne lona lo neilwe tshwanelo e seng ya go mo ikanya fela mme e leng go mmogela. \v 30 Re mo ntweng e mmogo. Lo mponye ke mmogela mo lobakeng lo lo fetileng; mme le gompieno ke santse ke le fa gare ga ntwa e kgolo e e boitshegang, jaaka lo itse sentle. \c 2 \s1 Jesu o ne a ikokobeditse \p \v 1 A go na le sengwe se se tshwanang jaaka Bakeresete ba itumelelana? A lo nthata thata go batla go nthusa? A go raya sengwe mo go lona gore re bakaulengwe mo Moreneng, re tlhakanetse mowa o le mongwe fela? A tota dipelo tsa lona di bonolo le bopelotlhomogi? \p \v 2 Jalo he, dirang gore ke nne le boitumelo jo bogolo ka go ratana le go dumalana ka dipelo tsotlhe, lo dira mmogo ka pelo e le nngwe fela le mogopolo o le mongwe fela le ka maikaelelo a le mangwe fela. \p \v 3 Lo seka lwa nna pelotshetlha; lo seka lwa dira ditiro tse di molemo gore lo tlotlomadiwe. Ikokobetseng, lo tseye ba bangwe jaaka ekete ba botoka mo go lona. \v 4 Se akanyeng fela kaga dilo tse e leng tsa lona mme nnang le kgatlhego le mo go ba bangwe, le mo go tse ba di dirang. \p \v 5 Maikutlo a lona a tshwanetse go nna a mofuta o re o supegeditsweng ke Jesu Keresete, \v 6 yo o rileng le fa e ne e le Modimo, a se ka a batla ditshwanelo tsa gagwe jaaka Modimo. \v 7 Mme a baya fa thoko nonofo ya gagwe e kgolo le kgalalelo, a tsaya setshwano sa motlhanka mme a nna jaaka batho. \p \v 8 Mme o ne a ikokobetsa go feta foo, mo e leng gore o ne a bo a swa loso lo lo tshwanang le lwa senokwane mo mokgorong. \p \v 9 Le fa go ntse jalo e ne e le ka ntlha ya gone mo, mo Modimo o neng wa mo tsholeletsa kwa legodimong mme wa mo naya leina le le fetang maina otlhe, \v 10 gore ka leina la ga Jesu mangole otlhe a tlaa khubama mo legodimong le mo lefatshing le ka fa tlase ga lefatshe, \v 11 diteme tsotlhe di tlaa bolela fa Jesu Keresete e le Morena, go ya kgalalelong ya Modimo Rara. \p \v 12 Ditsala tse di rategang, erile fa ke na le lona koo, le ne lo tlhokomela ka nako tsotlhe go latela ditaolo tsa me. Mme jaanong ka ke seyo lo tshwanetse go tlhokomela thata go dira dilo tse di siameng tse di felelelang mo polokong, lo ikobela Modimo ka tshisimogo e kgolo, lo ikgape mo go tsotlhe tse di ka tlhokang go o itumedisa. \v 13 Gonne Modimo o a dira mo go lona, o lo thusa gore lo rate go o ikobela, ebile o lo thusa go dira se o se ratang. \s1 A masedi a lona a tuke \p \v 14 Mo go sengwe le sengwe se lo se dirang, kgaoganang le go ngongorega le go ganetsanya, \v 15 gore ope a se ka a lo bona molato. Lo tshwanetse go tshela lo le phepa, matshelo a a phepa jaaka bana ba Modimo mo lefatshing le le lefifi le le tletseng batho ba ba kgopo le logwadi. Phatsimang mo go bone lo le masedi a lefatshe, \v 16 lo ba tsholetse Lefoko la Botshelo. Mme fa Keresete a boa, ke tlaa itumela jang gore tiro ya me mo go lona e ne e atlegile thata. \v 17 Mme fa madi a me a botshelo, go bua jalo ke raya gore a tshwanetse go tshelwa mo tumelong ya lona e ke e neelang Modimo e le setlhabelo, mo go raya gore fa ke tshwanetse go swa ka ntlha ya lona, le gone ke tlaa nna ke itumela, mme ke tlaa tlhakanela boitumelo jwa me le mongwe le mongwe wa lona. \v 18 Gonne lo tshwanetse go itumela le kaga se, mme lo ipeleng le nna ka ntlha ya go nna le tshwanelo ya go lo swela. \s1 Timotheo le Epaforodito \p \v 19 Fa Modimo o rata, ke tlaa romela Timotheo go ya go lo bona ka bonako. Mme fa a bowa o ka intumedisa ka go mpolelela gotlhe kaga lona le gore lo dira jang; \v 20 ga go ope yo o tshwanang le Timotheo yo o nang le kgatlhego e kgolo mo go lona; \v 21 mongwe le mongwe o bonala a tshwenyega kaga dilo tse e leng tsa gagwe e seng tsa ga Jesu Keresete. \v 22 Mme lo itse Timotheo. O ntse fela jaaka morwaake mo go nthuseng go rera Mafoko a a Molemo. \v 23 Ke solofela gore ke tlaa mo romela kwa go lona ka bonako fa ke sena go bona gore ke tsile go diragalelwa ke eng kwano. \p \v 24 Ebile ke tshepa Morena gore ka bofefo nna ka sebele ke ka tla go lo bona. \v 25 Mme ka lobakanyana ka gopola gore ke tshwanetse go busetsa Epaforodito gape kwa go lona. Lo mo rometse go nthusa mo go tse ke di tlhokang; nna le ene re ntse re le bakaulengwe tota, re dira re bile re le batlhabani mmogo. \p \v 26 Jaanong ke mmusetsa gae gape, gonne o ntse a lo tlhwaafaletse lotlhe ebile a hutsahetse thata ka ntlha ya gore lo utlwile fa a lwala. \v 27 Mme ka boammaaruri o ne a lwala; tota le gone o batlile go swa. Mme Modimo o ne wa mo tlhomogela pelo mmogo le nna, wa se ka wa letla gore ke nne le bohutsana jo, mo godimo ga dilo tsotlhe. \p \v 28 Jalo ke rata thata go mmusetsa gape kwa go lona, gonne ke itse ka fa lo tlaa itumelang ka gone go mmona, mme seo se tlaa intumedisa se bo se fokotsa mahutsana ame. \v 29 Mo amogeleng mo Moreneng ka boitumelo jo bogolo, mme lo supe gore lo itumeletse go tla ga gagwe, \v 30 gonne o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo diphatseng ka ntlha ya tiro ya ga Keresete mme o batlile go swa fa a santse a leka go ntirela dilo tse lo sa kakeng lwa di dira ka go bo lo ne lo le kgakala le nna. \c 3 \s1 Thupiso ga se poloko \p \v 1 Mme le fa go ka diregang, ditsala tse di rategang, itumeleng mo Moreneng. Ga nke ke lapisega go lo bolelela se, ebile go lo siametse go se utlwa gangwe le gape. \p \v 2 Itlhokomeleng mo bathong ba ba bosula, bao, dintsa tse di diphatsa, ke ba bitsa jalo, ba ba reng lo tshwanetse go rupisiwa gore lo bolokwe. \v 3 Gonne ga se go segwa ga mebele ya rona mo go reirang bana ba Modimo; ke go mo obamela ka mewa ya rona. E ke yone “thupiso” ya boammaaruri. Rona Bakeresete re galalela mo go se Keresete Jesu a se re diretseng ebile re lemoga gore ga re kake ra ithusa go ipoloka. \p \v 4 Legale fa mongwe a ka bo a kile a nna le mabaka a gore o ka ipoloka, e ka bo e le nna. Fa ba bangwe ba ne ba ka bolokwa ke se ba leng sone, tota ke ka bo ke ipolokile. \p \v 5 Gonne ke rupisitswe mo thupisong ya Sejuta fa ke le malatsi a ferabobedi, ke tsaletswe mo lelapeng la Sejuta tota mo lotsong lwa ga Benjamini. Jalo ke ne ke le Mojuta wa Bajuta tota! Mo gongwe ke eng? ke ne ke le leloko la Bafarasai ba ba neng ba le kutlo mo molaong mongwe le mongwe le ngwao ya Sejuta. \v 6 Mme a go boammaruri? Ee, ke ne ke bogisa phuthego thata; mme ke rata go ikobela molao mongwe le mongwe wa Sejuta go fitlhelela kwa bofelong. \s1 Sekgele se segolo sa ga Keresete \p \v 7 Mme dilo tse tsotlhe tse ke kileng ka gopola gore di siame thata, jaanong ke di latlhile gore ke beye tshepo le tsholofelo ya me mo go Keresete a le esi. \v 8 Ee, sengwe le sengwe ga se na mosola fa se tshwantshanngwa le poelo e e senang theko ya go itse Morena wa me Jesu Keresete. Ke beetse tsotlhe fa thoko, ke di bona e se sepe, gore ke tle ke nne le Keresete, \v 9 ke nne mongwe fela nae, ke sa tlhole ke bona gore ke tshwanetse go bolokwa ka go siama thata kgotsa go obamela melao ya Modimo, fa e se fela ka go ikanya Keresete go mpoloka; gonne tsela ya Modimo ya go re dira gore re nne tshiamo nao e eme mo tumelong, re beile mo go Keresete a le nosi. \v 10 Mme jaanong ke tlogetse sengwe le sengwe, ke bonye e le yone fela tsela ya go itse Keresete le go lemoga nonofo e kgolo e e mo rudisitseng, le go bona gore go boga le go swa nae go rayang. \p \v 11 Gore e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke tle ke nne mo botshelong jo bosha jwa ba ba tshedileng mo baswing. \p \v 12 Ga ke reye gore ke itekanetse. Ga ke ise ke ithute tsotlhe tse ke tshwanetseng go di ithuta, mme ke lekela pele go fitlhelela letsatsi le ke tlaa bong ke le se Keresete a se mpoloketseng le se o batlang ke nna sone. \s1 Go amogela sekgele sa Modimo \p \v 13 Nnyaa, bakaulengwe ba ba rategang, ga ke ise ke nne gotlhe mo ke tshwanetseng go nna gone, mme ke leka ka natla yotlhe go tlhokomela selo se le sengwe fela se: go lebala tse di kwa morago ke lebelela tse di kwa pele. \p \v 14 Ke gagamaletse go fitlha kwa bokhutlong jwa lobelo le go amogela sekgele se Modimo o se re biletsang kwa legodimong ka ntlha ya se Jesu Keresete a se re diretseng. \p \v 15 Ke solofela gore lotlhe ba lo leng Bakeresete ba ba godileng mo tumelong lo tlaa nna maikutlo a le mangwe le nna mo mabakeng one a, mme fa re sa dumalane mo ntlheng nngwe ke dumela gore Modimo o tlaa lo e tlhalosetsa sentle, \v 16 fa lo ikobela boammaaruri jo lo nang najo. \p \v 17 Bakaulengwe ba ba rategang, lo nne baetsi ba me mme lo eleng tlhoko ba ba tshelang ka fa sekaong sa me. \v 18 Gonne ke lo boleletse gantsi, mme ke bua gape jaanong ka dikeledi mo matlhong a me, go na le ba le bantsi ba ba tsamayang mo tseleng ya Sekeresete mme tota e le baba ba mokgoro wa ga Keresete. \p \v 19 Bokamoso jwa bone ke tatlhego e e sa khutleng, gonne modimo wa bone ke mpa ya bone: ba ipelafatsa ka se se tshwanetseng go tlhabisa ditlhong; mme se ba akanyang kaga sone fela ke botshelo jwa lefatshe leno. \p \v 20 Mme legae la rona le kwa legodimong, kwa Mmoloki wa rona Morena Jesu Keresete a leng teng; mme ebile re lebeletse go boa ga gagwe a tswa teng koo. \p \v 21 E tlaa re fa a tla o tlaa tsaya mebele e e swang e ya rona, a e fetolele mo mebeleng e e galalelang jaaka wa gagwe, a dirisa nonofo e le nngwe fela e o tlaa e dirisang go tlhabana le sengwe le sengwe gongwe le gongwe. \c 4 \s1 Ditaelo tse dingwe tsa ga Paulo \p \v 1 Bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke a lorata ebile ke tlhwaafaletse go lo bona, gonne lo boitumelo jwa me le tuelo ya ditiro tsa me. Ditsala tse di rategang, nnang boammaruri mo Moreneng. \p \v 2 Mme jaanong ke batla go kopa basadi ba babedi ba ba rategang bao, ebong Eodia le Sentuke. Tswee-tswee, ka thuso ya Morena, se tlholeng lo omana, nnang ditsala gape. \v 3 Mme ke a go kopa, tsala ya me ya boammaaruri go thusa basadi ba, gonne ba dirile le nna mo go boleleleng bangwe Mafoko a a Molemo, ba dirile le Klement, le botlhe badiri ka nna botlhe ba maina a bone a kwadilweng mo Lokwalong lwa Botshelo. \p \v 4 Nnang lo itumetse mo Moreneng ka metlha yotlhe; ke ipoeletsa gape, ka re itumeleng! \v 5 A mongwe le mongwe a bone gore ga lo bohula gape lo bonolo mo go tsotlhe tse lo di dirang. Gakologelwang gore Morena o e tla ka bonako. \v 6 Lo se ka lwa tshwenyega kaga sepe; mo boemong jwa moo, rapelang kaga sengwe le sengwe. Bolelelang Modimo se lo se tlhokang mme lo se lebale go O lebogela dikarabo tsa one. \v 7 Fa lo dira jalo, lo tlaa itemogela kagiso ya Modimo, e e hakgamatsang thata go feta e mogopolo wa motho o ka e tlhaloganyang. Kagiso ya gagwe e tlaa ritibatsa e bo e lapolosa dipelo tsa lona fa lo ikanya Jesu Keresete. \p \v 8 Mme jaanong, bakaulengwe, a e re ke tswala lokwalo lo, ke boelele gape selo se: tiisang megopolo ya lona mo boammaaruring le mo molemong le mo tshiamong. Akanyang kaga dilo tse di itshekileng le tse di ntle mme lo nne mo dilong tse di siameng, tse di molemo mo go ba bangwe. Akanyang kaga tsotlhe tse lo ka galaletsang Modimo ka tsone lo bo lo itumele kaga tsone. \v 9 Tswelelang lo dire tsotlhe tse lo di ithutileng mo go nna le tse lo bonyeng ke di dira, mme Modimo wa kagiso o tlaa nna le nna. \s1 Go lebogela dimpho tsa Bafilipi \p \v 10 Ke itumela thata jang ebile ke galaletsa Morena jang ka go bo lo nthusa gape. Ke a itse gore ga lo bolo go tlhwaafalela go romela se lo ka se kgonang, mme ka lobakanyana lo ne lo se na ka fa lo ka dirang ka teng. \v 11 E seng ka ntlha ya gore ke kile ka tlhoka, gonne ke itlwaeditse go itumela fa ke na le go le gontsi le go le gonnye. \v 12 Ke itse ka fa ke ka tshelang ka teng ke na le sengwe le ke sena sepe. Ke ithutile sephiri sa go kgotsofadiwa mo seemong sengwe le sengwe, le fa e le go kgora kgotsa go tshwarwa ke tlala go huma kgotsa go humanega; \v 13 gonne ke ka dira sengwe le sengwe se Modimo o batlang ke se dira ka thuso ya ga Keresete yo o nnayang thata le nonofo. \v 14 Mme le fa go ntse jalo, lo dirile sentle ka go nthusa mo mathateng a me. \p \v 15 Jaaka lo itse sentle, erile la ntlha fa ke lo tlisetsa Efangele, ke le mo tseleng ke tswa Masedonia, ke lona fela Bafilipi ba lo neng lwa nna bapati ba me mo go abeng le mo go amogeleng. Ga go na phuthego epe e e dirileng jalo. \v 16 Le jaaka ke ne ke le kwa Thesalonika lo ne lwa nthomelela thuso gabedi. \v 17 Mme le fa ke itumelela dimpho tsa lona, se se itumedisang thata ke kamogelo e ntle ya tuelo e lo tlaa e bonang ka ntlha ya tshiamo ya lona. \p \v 18 Ka lobaka lo ke na le tsotlhe tse ke di tlhokang, go feta tse ke di tlhokang! Ke na le mo go ntekanyeng ka dimpho tse lo di nthomeletseng ka Epaferodito fa a tla. Ke setlhabelo se se lonko lo monate se se itumedisang Modimo thata. \p \v 19 Mme ke ene yo o tlaa lo abelang tsotlhe tse lo di tlhokang mo dikhumong tsa gagwe tse di mo kgalalelong, ka ntlha ya se Keresete a se re diretseng. \v 20 A kgalalelo e nne go Modimo Rraetsho ka metlha le metlha. Amen. \p \v 21 Ntumedisetseng Bakeresete botlhe koo; bakaulengwe ba ba nang le nna le bone ba a dumedisa. \v 22 Le Bakeresete botlhe ba ba kwano ba a lo gakologelwa, bogolo jang ba ba dirang mo tlung ya segosi ya ga Kaesara. \v 23 A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le mewa ya lona. \cls Ke nna, wa lona ruri, \cls Paulo.