\id MRK - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Mareko \toc1 Mareko \toc2 Mareko \toc3 Mareko \mt1 Mareko \c 1 \s1 Johane wa mokolobetsi \p \v 1 E ke tshimologo ya polelo e ntle ya ga Jesu Mesia, Morwa Modimo. \p \v 2 Mo bukeng e e kwadilweng ke moporofiti Isaia, Modimo o ile wa anamisa gore o tla romela morwaa one, mo lefatsheng, pele ga moo go tlaa tla morongwa yo o faphegileng go tla go baakanyetsa lefatshe go tla ga gagwe. \p \v 3 “Mme morongwa yo o tlaa nna kwa ntle mo sekakeng se se senang sepe,” Isaia o bua jaana a re, “O tlaa anamisa gore mongwe le mongwe o tshwanetse go ipaakanyetsa go tla ga Morena.” \p \v 4 Morongwa yo e ne e le Johane wa Mokolobetsi. O ne a nna mo sekakeng a ruta botlhe gore ba tshwanetse go kolobediwa e le molaetsa mo go botlhe gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, gore Modimo o tle o ba itshwarele. \p \v 5 Batho botlhe ba kwa Jerusalema le botlhe ba Judea ba ne ba tswela mo mafatsheng a Judea go tla go bona le go utlwa Johane, mme e re fa ba sena go ipolela dibe a ba kolobetse mo nokeng ya Jorodane. \v 6 Diaparo tsa gagwe di ne di logilwe ka boboa jwa kamela mme o ne a itlamile ka moitlamo wa letlalo mo lothekeng; tsie le dinotshe tsa naga e ne e le dijo tsa gagwe. \v 7 Sekai sa thero ya gagwe ke se; “Mongwe o etla ka bonako yo o leng mogolo mo go nna, yo o leng mogolo thata go mpheta yo ruri ke sa tshwanelang go ka nna motlhanka wa gagwe. \v 8 Nna ke lo kolobetsa ka metsi mme ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo!” \s1 Go kolobediwa le go raelwa ga ga Jesu \p \v 9 Erile letsatsi lengwe Jesu a tswa kwa Nasaretha wa Galalea, a kolobediwa ke Johane teng mo nokeng ya Jorodane. \p \v 10 Mme erile ka bonako fa Jesu a tswa mo metsing, a bona magodimo a bulega le Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi o fologela mo go ene. \v 11 Mme lentswe la tswa kwa legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang; o boitumelo jwa me.” \v 12-13 Ka bofefo Mowa o o Boitshepo wa gogela Jesu kwa nageng. A nna malatsi a le masome a mane, a nna teng mmogo le diphologolo tsa naga. O ne a tsentswe mo ditekong tsa ga Satane gore a leofe. Mme morago ga moo baengele ba tla ba mo direla. \s1 Go tlhopshwa ga barutwa ba ntlha \p \v 14 Morago ga moo Johane a sena go tshwarwa ke Kgosi Herode, Jesu a ya Galalea a ya go rera Mafoko a a Molemo a Modimo. \p \v 15 Mme la bofelo a ba bolelela a re, “Nako e tsile. Bogosi jwa Modimo bo atametse! Sokologang lo tswe mo dibeng, mme lo dire ka fa mafokong a a molemo a.” \p \v 16 Letsatsi lengwe fa Jesu a tsamaya fa lotshitshing lwa lewatle la Galalea, a bona Simone le Anterea monnawe ba tshwara ditlhapi ka matloa, gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi ba ba di rekisang. \p \v 17 Jesu a ba bitsa a re, “Tlang lo ntshale morago! Mme ke tla lo dira batshwari ba mewa ya batho!” \v 18 Ka bofefo ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae. \p \v 19 Mme kgakajana fa lotshitshing lwa lewatle, a bona bomorwa Sebede, Jakobe le Johane, ba le mo mokorong ba baakanya matloa a bone. \v 20 Le bone a ba bitsa, ka bofefo ba tlogela rraabo Sebede le badiri ba bangwe mo mokorong ba mo sala morago. \s1 Jesu o kgoromeletsa ntle mowa o o maswe \p \v 21 Mme Jesu le bapati ba gagwe ba fitlha mo motseng wa Kaperanama ka letsatsi la Sabata mo mosong mme ba tsena fa felong ga kobamelo ya Sejuta fa go bidiwang Senagoge (Tempele) kwa o neng a ruta gone. \p \v 22 Hong phuthego ya gakgamala thata go utlwa thero ya gagwe gonne o ne a ruta se se builweng ke ba bangwe gona le kafa ba tlwaetseng go utlwa ka teng. \p \v 23 Mme ga bo go le monna mongwe yo o tsenweng ke mewa e e maswe, mme a simolola go goa; a re, \v 24 “Ke ka ntlha yang fa o re tshwenya, Jesu wa Nasaretha a o tsile go re nyeletsa rona Mewa e e maswe? Ke a itse fa o le Morwa Modimo o o Boitshepo.” \p \v 25 Jesu a laola moya o o maswe gore o didimale o tswe mo go ene. \v 26 Mme mowa o o maswe wa goa wa mo kgaratlhisa wa tswa mo go ene. \v 27 Batho ba gakgamala mme ba simolola go bua ka ga se se diragetseng. Ba botsanya ka kakabalo ba re, “Ke mofuta ofe wa tumelo e ncha e? Ke ka ntlha yang, fa le mewa e e maswe e utlwa ditaolo tsa gagwe!” \p \v 28 Mme dikgang ka ga se o se dirileng tsa akofa tsa utlwala mo lefatsheng lotlhe la Galalea. \s1 Jesu o fodisa bontsi jwa batho \p \v 29-30 Mme e rile fa a tswa mo tempeleng, ene le barutwa ba gagwe ba tsena kwa ga bo Simone le Anterea, kwa ba fitlhetseng mogwagwadia Simone wa mosadi a namaletse mo bolaong a lwala bolwetse jwa letshoroma. Mme ya re fela ka bofefo ba bolelela Jesu ka gagwe. \p \v 31 A ya fa thoko ga bolao jwa gagwe, mme a mo kakatlolola gore a nne sentle, ka bofefo letshoroma la mo tlogela, mme a ema a ba baakanyetsa dijo! \p \v 32-33 Mme e rile letsatsi le phirima lolwapa lwa bo lo tletse balwetse le ba ba neng ba tsenwe ke mewa e e maswe, ba lerilwe kwa go ene go fodisiwa; bontsi jwa batho ba ba tswang kwa metseng ya Kaperanama ba kgobokanela kwa ntle ga kgoro go lebelela. \v 34 Mme Jesu a fodisa ba le bantsi ba ba neng ba lwala mo maitseboeng ao, a ba a laola mewa e e maswe go tswa mo go ba e neng e ba tsenye. (Mme a gana go letla mewa e e maswe go bua gonne e ne e itse gore ke mang). \s1 Jesu o rapela a le nosi mo nageng \p \v 35 Erile mo mosong o o latelang a phakela thata a tsamaya a le esi go ya go rapela mo nageng. \p \v 36-37 Mme morago ga moo Simone le ba bangwe ba ya go mmatla, ba mo raya ba re, “Mongwe le mongwe o a go batla.” \p \v 38 Mme a araba a re, “Re tshwanetse go ya le kwa metseng e mengwe, gore le bone ke ba neele molaetsa wame, gonne ke lone lebaka le ke le tletseng.” \p \v 39 Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galalea, a rera mo ditempeleng ebile a golola ba le bantsi mo thateng ya Mewa e e maswe. \s1 Jesu o fodisa moleperwa \p \v 40 Mme ka bofefo ga tla moleperwa a khubama fa pele ga gagwe a kopa gore a fodisiwe. A mo rapela a re, “Fa o rata o ka mphodisa.” \p \v 41 Mme Jesu a mo utlwela botlhoko a mo ama a re, “Ke a rata! fola!” \v 42 Ka bofefo leperwa la tloga, monna a fola! \p \v 43-44 Mme Jesu a mo laya thata a re, “Tsamaya o ye go tlhatlhobiwa ka bonako ke moperesiti wa Sejuta. O seka wa ema go bolelela ope mo tseleng. Tsaya neo ya gago ka fa molaong wa ga Moshe wa moleperwa yo o fodisitsweng, gore mongwe le mongwe a tle a nne le bosupi jwa gore o fodile.” \p \v 45 Erile fa moleperwa a ntse a tsamaya mo tseleng a simolola go goeletsa mafoko a a molemo a gore o fodile. Mme yare ka ntlha ya moo, bontsi jwa batho jwa dikaganyetsa Jesu gore a ba a retelelwe ke go tsena mo motseng, mme a tshwanelwa ke go nna kwa ntle mo sekakeng. Mme batho ba tswa gongwe le gongwe ba tla kwa go ene. \c 2 \s1 Jesu o fodisa segole \p \v 1 Mme erile morago ga malatsi a le mantsi a boela gape kwa Kaperanama, mme kutlwedi ya go tla ga gagwe ya tuma ka bofefo mo motseng otlhe. \v 2 Ka bonako ntlo e o neng a le mo go yone e ne ya tlala baeng thata mo go neng go sena bonno le fa e le jwa motho a le esi, le fa e le kwa kgorong tota. Mme a ba rerela lefoko. \p \v 3 Mme ya re a sa ntse a rera, banna ba le bane, ba goroga ba tshotse monna yo o suleng mhama a le mo lepareng. \v 4 Mme ba palelwa ke go tsena kwa go Jesu ka ntlha ya bontsi jwa batho, hong ba rutlolola ntlo go lebagana le tlhogo ya gagwe, mme ba folosa molwetsi ka lepara, go lebagana sentle le fa pele ga ga Jesu. \p \v 5 Mme erile Jesu a bona kafa ba dumelang thata ka teng gore o tlaa thusa, Jesu a raya monna yo o lwalang a re, “Morwaaka, dibe tsa gago di itshwaretswe!” \p \v 6 Mme bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba ntse foo ba raana ba re, \v 7 “Gatweng? Se ke tlhapatso! A o gopola gore ke Modimo? Gonne ke Modimo fela o o ka itshwarelang dibe.” \p \v 8 Mme Jesu ka a ne a itsile ditlhaloganyo tsa bone a ba raya a re, “Ke eng fa se se lo tshwenya? \v 9 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa? \v 10-11 Mme jalo ke tlaa lo supegetsa, gore Nna, motho yo o tswang legodimong, ke itshwaretse monna yo dibe.” Hong a retologela kwa monneng yo o suleng mhama a re, “O fodisitswe. Tsaya lepara la gago o ye gae!” \p \v 12 Mme monna a nanoga, a tsaya lepara a ralala batho ba ba neng ba mo lebeletse! \s1 Go bidiwa ga ga Lefi \p \v 13 Hong Jesu a ya gape kwa lotshitshing lwa lewatle mme a rerela boidiidi jwa batho jo bo neng bo mo dikaganyeditse. \p \v 14 Erile fa Jesu a ntse a tsamaya fa lotshitshing a bona Lefi, morwa Alefo, a ntse fa go kgethisediwang teng. A mo raya a re, “Ntshala morago. O nne morutwa wa me.” Mme Lefi a nanoga a tsamaya nae. \p \v 15 Mo bosigongjoo, Lefi a laletsa badiri-ka ene ba bakgethisi le baleofi ba bangwe ba ba tumileng go nna balalediwa ba gagwe ka nako ya dijo tsa maitseboa gore ba tle ba kopane le Jesu le barutwa ba gagwe, (go ne go na le batho ba le bantsi ba mofuta o, mo boidiiding jwa batho jo bo neng bo mo setse morago). \v 16 Mme erile fa baeteledipele bangwe ba tumelo ya Sejuta ba mmona a a ja le batho ba ba mekgwa e e maswe, ba raya barutwa ba gagwe ba re, “Ke eng fa a a ja le batho ba ba ntseng jaana?” \p \v 17 Erile fa Jesu a utlwa se ba neng ba se bua, a ba raya a re, “Batho ba ba lwalang ke bone ba ba batlang ngaka, e seng ba ba itekanetseng! Ga ke a tla go sokolola basiami fa e se baleofi.” \s1 Jesu o bodiwa ka go ikitsa dijo \p \v 18 Mme barutwa ba ga Johane le baeteledipele ba Sejuta e ne e tle e re ka nako tse dingwe ba ikitse dijo, ke gore, ba tlhoke go ja e le ntlha nngwe ya tumelo ya bone; ya re letsatsi lengwe ba tla kwa go Jesu ba mmotsa gore ke ka ntlha yang fa barutwa ba gagwe le bone ba sa ikitse dijo? \p \v 19 Mme Jesu a ba araba a re, “A ditsala tsa monyadi di ka gana go ja mo moletlong wa nyalo, A di ka hutsafala fa a sa ntse a na le tsone? \v 20 Mme letsatsi lengwe o tlaa tlosiwa mo go bone, mme ba tla hutsafala. \p \v 21 “Mo godimo ga moo, go ikitsa dijo ke mongwe mokgwa wa bogologolo wa go dira dilo. Go tshwana le go bitia seaparo se segologolo ka letsela le lesha! Go ka diragala eng? Sedibo se ka garola mme sa dira gore leroba le nne maswe go gaisa pele. \v 22 Lo itse botoka gore go tshela mofine o mosha mo dinkgwaneng tse dikgologolo, di ka thubega. Mofine o ka tshologela kwa ntle mme dinkgwana di senyege. Mofine o mosha o tlhoka dinkgwana tse dintsha.” \p \v 23 Ka nako nngwe go le Sabata Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaya mo masimong, barutwa ba ne ba roba diako tsa mabele ba a ja. \p \v 24 Bangwe ba baeteledipele ba tumelo ya Sejuta ba raya Jesu ba re, “Ga ba a tshwanela ba ka bo ba dira jalo! Go kgatlhanong le melao ya rona go roba mabele ka letsatsi la Sabata.” \v 25-26 Jesu a araba a re, “A ga lo ise lo ke lo utlwalele kaga Kgosi Dafide le bapati ba gagwe, ba ba neng ba tshwerwe ke tlala, mme a tsena mo tlung ya Modimo Abiathare e ne e le Moperesiti yo Mogolo ka nako eo--mme ba a ja senkgwe se se faphegileng se se neng se jewa ke baperesiti fela? Seo le sone se ne se le kgatlhanong le molao. \v 27 Mme Sabata e ne e diretswe go solegela motho molemo, e seng motho go solegela Sabata molemo. \v 28 Mme Nna, Mesia, ke na le nonofo ya go dira tshwetso ya se batho ba ka se dirang ka malatsi a Sabata!” \c 3 \s1 Jesu o fodisa motho ka letsatsi la Sabata \p \v 1 Erile Jesu a sa ntse a le mo Kaperanama a ya kwa Tempeleng gape, mme a bona teng monna yo o neng a omeletse letsogo. \p \v 2 Ka e ne e le letsatsi la Sabata, baba ba ga Jesu ba mo tlhoma matlho thata gore a o tlaa fodisa letsogo la monna yo? Fa a ne a ka dira jalo, ba ne ba ikaeletse go mo tshwara! \p \v 3 Hong Jesu a raya monna a re a tle go ema fa pele ga phuthego. \p \v 4 Mme a retologela kwa babeng ba gagwe a ba botsa a re, “A go siame go dira ditiro tse di molemo ka malatsi a Sabata? Kgotsa a ke letsatsi la go utlwisa botlhoko? A ke letsatsi la go boloka matshelo kgotsa go a senya?” Mme ga ba ise ba ke ba mo arabe. \v 5 Erile a ba leba ka kgalefo gonne o ne a tshwentswe ke go tlhoka kelotlhoko ga bone mo ditlhokong tsa batho, a raya monna a re, “Otlolola letsogo la gago.” A le otlolola mme ka bofefo letsogo la gagwe la fola. \p \v 6 Mme e rile fela ka yone nako eo Bafarasai ba tsamaya ba ya go kopana le Baherodia ba loga maano a go mmolaya. \p \v 7-8 Erile ka lobakanyana, Jesu, le barutwa ba gagwe ba ya kwa lotshitshing lwa lewatle, ba setswe morago ke bontsintsi jwa batho go tswa mo tikologong yotlhe ya Galalea, Judea Jerusalema, Idumea le kwa moseja ga Noka ya Jorodane, le go tswa bokgakala jo bo kanang ka Ture le Sidona. Gonne dikgang ka ga dikgakgamatso tsa gagwe di ne di utlwetse kwa kgakala le ka bophara mme batho ba le bantsi ba tla go iponela ka matlho. \p \v 9 Mme a laela barutwa ba gagwe go tlisa mokoro le go o baakanyetsa gore o tle o mo namole fa a ka pitlaganyediwa ke batho mo lotshitshing. \v 10 Gonne go ne ga diragala diphodiso di le dintsi ka letsatsi leo, mme ya re ka ntlha ya moo balwetse ba le bantsi ba mo dikaganyetsa, ba leka go mo ama. \p \v 11 E ne e tle e re ka dinako tsotlhe fa ba ba tsenweng ke mewa e e maswe ba mmona ba wele fa fatshe fa pele ga gagwe ba goele kwa godimo ba re, “O Morwa Modimo!” \p \v 12 Mme a ba laya thata gore ba seka ba mo utlwatsa. \s1 Jesu o itlhophela barutwa \p \v 13 Erile morago ga moo a tlhatlogela kwa godimo ga dithaba mme a bitsa bangwe ba ene o ba tlhophileng, a ba laletsa go tsamaya nae; mme ba dira jalo. \v 14-15 Hong a tlhopha ba le lesome le bobedi mo go bone go nna bapati ba gagwe ba malatsi otlhe le go tswela kwa ntle nae go ya go rera le go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle. \p \v 16-19 A ke maina a ba ba lesome le bobedi ba o ba tlhophileng: Simone (yo o neng a mmitsa Petere) Jakobe le Johane (bomorwa Sebede, Jesu a ba bitsa barwa Tumo ya Maru). Anterea, Filipo, Baretholomea, Mathaio, Thomase, Jakobe, (Morwa Alefaio) Thadaeo, Simone (yo o neng e le wa leloko la lekgotla la dipolotiki le le neng le ikemiseditse go menola puso ya Roma.) Judase Isekariota, (yo e leng ene yo o mo okileng). \s1 Sebe se se sa itshwarelweng \p \v 20 Mme e rile a boela kwa ntlung e o neng a nna mo go yone, boidiidi jwa batho jwa simolola go phuthega gape, mme ya re ka bofefo ntlo ya tlala baeng ba le bantsi mo o neng a tlhoka le yone nako ya go ja. \v 21 Erile fa ditsala tsa gagwe di utlwa se se neng se diragala tsa tla go leka go mo tsaya tsa mo isa kwa di nnang teng. “Tsa re, O tlhakanye tlhogo.” \p \v 22 Mme baruti ba tumelo ya Sejuta ba ba neng ba tsile ba tswa Jerusalema ba re, “Molato wa gagwe ke gore o tsenwe ke Satane kgosi ya Mewa e e maswe. Ke ka moo mewa e e maswe e mo reetsang.” \p \v 23 Hong Jesu a bitsa banna ba, mme a ba botsa (A dirisa diane tse botlhe ba neng ba di tlhaloganya), a re, “Satane o ka kgoromeletsa Satane ntle jang? \v 24 Bogosi jo bo ikgaogantseng ka bo jone bo tlaa swa. \v 25 Lolwapa lo lo tletseng dikgogakgogano le dikgaogano lo inyeletsa ka bo lone. \v 26 Mme fa Satane a itwantsha, o ka dira eng? Ga a kitla a ema. \v 27 [Satane o tshwanetse go golegwa pele ga mewa e e maswe e kgoromelediwa ntle]. Fela jaaka monna yo o nonofileng a tshwanetse go golegwa pele ga ntlo ya gagwe e ka thujwa a ba a gapelwa dilwana. \p \v 28 “Mme ke lo tlhomamisetsa gore boleo bongwe le bongwe jwa motho bo ka itshwarelwa, le e leng go ntlhapatsa tota. \v 29 Mme go tlhapatsa Mowa o o Boitshepo ga go kake ga itshwarelwa, ke sebe sa bosakhutleng.” \p \v 30 O ne a ba raya jalo ka ntlha ya gore ba ne ba re o dira dikgakgamatso ka nonofo ya ga Satane. (Mo boemong jwa gore ba dumele gore e ne e le ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo). \s1 Mma Jesu le bomonnaa-Jesu \p \v 31-32 Hong mmaagwe le bomonnawe ba tla mo ntlung e bontsi jwa batho bo neng bo kgobokanetse mo go yone, fa a neng a rutela teng, ba romela mongwe gore a ba mmiletse. Ba mo raya ba re, “Mmago le bomonnao ba kwa ntle ba batla go go bona.” \p \v 33 Hong Jesu a araba a re, “Mme ke mang? Bonnake ke bo mang?” \v 34 A leba ba ba mo dikologileng a re, “Mme le bonnake ke ba! \v 35 Mongwe le mongwe yo o dirang go rata ga Modimo ke nnake, ke kgaitsadiake, ke mme.” \c 4 \s1 Setshwantsho ka mojadi \p \v 1 Mme boidiidi jwa batho jo bo senang palo jwa mo dikaganyetsa mo lotshitshing fa a ntse a ruta, hong a tsena mo mokorong a nna fa fatshe a bua a le mo teng ga one. \v 2 Mokgwa wa gagwe wa gale wa go ruta e ne e le go bolelela batho dipolelo. Nngwe ya tsone e tsamaile jaana: \p \v 3 “Reetsang! Molemi o kile a ikaelela go jala peo. Mme ya re a e gasa mo tshimong ya gagwe, \v 4 nngwe ya yone ya wela mo tseleng, mme dinonyane tsa tla tsa e sela tsa e e ja. \v 5-6 Nngwe ya yone ya wela mo mmung o mosesane fa go neng go ikadile lefika teng. Ya gola ka bonako, mme ya akofa ya swabisiwa ke mogote wa letsatsi ya a swa, ka ntlha ya gore medi ya yone e ne e sa otlega sentle mo mmung o o seng boteng. \v 7 Tse dingwe dipeo tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya gola ya hupetsa dijalo tse di potlana, jalo tsa se ka tsa ungwa, \p \v 8 “Mme tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa ga masome a mararo tsa ata go fetisa jaaka a ne a jetse, dingwe tsa tsone tsa ungwa ga masome a marataro kgotsa lekgolo. \v 9 Fa lo na le ditsebe, reetsang!” \p \v 10 Mme morago ga moo fa a le esi le ba ba lesome le bobedi le bangwe ba barutwa ba gagwe, ba mmotsa ba re, “Polelo ya gago e raya eng?” \p \v 11-12 Mme a ba araba a re, “Lo letleletswe go itse boammaaruri ka ga Bogosi jwa Modimo jo bo fitlhetsweng ba ba kwa ntle ga Bogosi: jaaka Moporofiti Isaia a bolela a re, ‘Le fa ba bona ebile ba utlwa ga ba kitla ba tlhaloganya, kgotsa ba sokologela mo Modimong kgotsa ba itshwarelwa dibe tsa bone.’ \s1 Tlhaloso ya Setshwantsho sa mojadi \p \v 13 “Mme fa lo se ka ke lwa tlhaloganya setshwantsho se se motlhofo se, lo tlaa dira jang kaga tse dingwe tse ke yang go di bolela. \v 14 Molemi yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke mongwe yo o lereditseng batho molaetsa wa Modimo, a leka go jala peo e e siameng mo matshelong a bone. \v 15 Tsela e e thata, fa go wetseng peo nngwe teng e tshwantshiwa le bopelo-e-thata jwa batho bangwe ba ba utlwang lefoko la Modimo; mme e re ka bofefo Satane a tle a leke go ba lebatsa lefoko. \v 16 Mme mmu o o lokgwarapana o tshwantshiwa le dipelo tsa batho ba ba utlwang molaetsa ka boitumelo, \v 17 mme jaaka ditlhatshana tse di mo mmung o o ntseng jalo, medi ya tsone ga e tsenelele mo teng, le fa, lwa ntlha di gola sentle, ere ka bonako fa matshwenyego a simologa di korobele. \p \v 18 “Mmu o o mitlwa ke sesupo sa dipelo tsa batho ba ba reetsang Mafoko a a Molemo ba bo ba a amogela, \v 19 mme ka bofefo dithato tsa lefatshe le menate ya mahumo le go batla go tswelela pele le go eletsa dilo tse dintle go tsene ka bofefo mme go kgoreletse molaetsa wa Modimo mo dipelong tsa bone mme go seke go nne loungo lope. \p \v 20 “Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le dipelo tsa batho ba ba amogelang molaetsa wa Modimo ka boammaaruri, mme ba ungwele Modimo thobo e ntsi thata, ba ungwe ga masome a mararo le ga masome a le marataro le ga lekgolo tota go gaisa jaaka go jetswe mo dipelong tsa bone.” \s1 Setshwantsho sa lobone le sa peo \p \v 21 Hong a ba botsa a re, “Fa mongwe a tshuba lobone, a o lo baya ka fa tlase ga tafole gore lo fitlhe lesedi? Go ka se nne jalo! Lesedi ga le ka ke la bonwa kgotsa la dirisiwa. Lobone lo siametse go bewa mo setlhomong go bonesa le go nna le mosola. \v 22 Gonne sengwe le sengwe se se fitlhegileng letsatsi lengwe se tlaa nna mo leseding. \v 23 Fa lo na le ditsebe, reetsang! \v 24 Mme gape tlhomamisang lo dirise se lo se utlwang. Gantsi fa lo dira jalo, lo tlaa kgona go tlhaloganya thata se ke se lo bolelelang. \v 25 Mme yo o nang le sengwe o tlaa newa; mme yo o senang sepe o tlaa tseelwa le se o nang le sone tota. \v 26 Setshwantsho sengwe ke se, se se supang gore bogosi jwa Modimo bo ntse jang: Molemi o kile a jala peo mo tshimong ya gagwe, \v 27 mme a tsamaya, ya re malatsi a ntse a feta, dijalo tsa gola kwa ntle ga tlhokomelo ya gagwe. \v 28 Gonne mmu o ne o godisa dijalo. La ntlha mogwang wa tswa, diako tsa tlhoga, mme morago mabele a butswa. \v 29 Hong molemi a tla ka thipa ya gagwe a akofa a roba.” \v 30 Mme Jesu a ba botsa a re, “Ke ka tshwantsha Bogosi jwa Modimo jang? Ke ka dirisa polelo efe go bo tshwantsha? \v 31-32 Bo tshwana le peo ya mosetara! Le ntswa e le nngwe ya dipeo tse di potlana, e gola e nna nngwe ya ditlhare tse di tona thata, e nne le dikala tse di telele mo dinonyane di ka agang dintlhaga tsa tsone teng mme tsa sireletsega.” \p \v 33 O ne a dirisa ditshwantsho di le dintsi tse di ntseng jalo go ruta batho ka fa ba ka kgonang go tlhaloganya ka teng. \v 34 Legale, o ne a ruta fela ka ditshwantsho fa a ruta mo pepeneneng, mme e re morago ga moo, fa a le esi le barutwa ba gagwe a simolole go ba di tlhalosetsa. \s1 Jesu o kgalemela sefefo \p \v 35 Mme ya re mo maitseboeng, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “A re tsheleleng ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.” \v 36 Hong ba mo tsaya, ba tswelela, ba tlogela bontsi jwa batho (le fa mekoro e mengwe e ne ya ba sala morago). \v 37 Mme ya re ka bonako matsubutsubu a magolo a phefo a tsoga. Makhubu a metse a simolola go tlolela mo mokorong go fitlhelela metse a tlala mo mokorong ebile o tloga o nwela. \p \v 38 Jesu o ne a robetse kwa motsheo ga mokoro a samile mosamo. Mme ka bonako ba mo tsosa ka letshogo le legolo ba re, “Moruti, a ga o tshwenyege le fa re tloga re nwela rotlhe?” \p \v 39 Hong a kgalemela phefo a raya lewatle a re, “Didimala!” Mme phefo ya didimala, ga ba ga nna tuulalo e kgolo! \p \v 40 Mme a ba botsa a re, “Lo ne lo tshositswe ke eng? A le jaana ga lo ise lo bo lo inkanye?” \p \v 41 Mme ba tlala poifo thata ba ipotsa ba re, “Monna yo ke mang, yo diphefo le mawatle di mo utlwang?” \c 5 \s1 Jesu o fodisa motho yo o nang le mewa e e maswe \p \v 1-2 Mme erile fa ba goroga ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha monna mongwe yo o tsenyweng ke mewa e e maswe a betsega mo diphupung, fa Jesu a fologa mo mokorong. \p \v 3-4 Monna yo o ne a nna mo diphupung, a nonofile mo e leng gore le fa a ne a golegilwe jaaka a ne a tle a dirwe o ne a tle a kgaole dikeetane mo mabogong a gagwe a tsamae. Go ne go se ope yo o mo kgonang. \v 5 Motshegare otlhe le mo bosigong o ne a lala a tsamaya mo diphupung le mo dithabeng, a goa a itshegaka ka maje a a bogale. \p \v 6 Mme e rile Jesu a sa le kgakala kwa ntle mo metsing, monna yo a bo a setse a mmone, a taboga a mo kgatlhantsha, a ba a wela fa pele ga gagwe. \p \v 7-8 Hong Jesu a bua le mowa o o maswe o o neng o le mo monneng yo, a re, “Tswa, wena mowa o o maswe.” Mme wa goela kwa godimo wa re, “O ya go dirang ka nna, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.” \p \v 9 Mme Jesu a botsa moya o o maswe a re, “Leina la gago ke mang?” moya o o maswe wa re, “Mophato, gonne re bantsi thata mo mothong yo.” \p \v 10 Hong mewa e e maswe ya mo rapela gangwe le gape gore a se ka a e romela kwa lefatshing le le kgakala. \v 11 Mme ga bo go le serapa sa dikolobe se hula fa mhapheng wa thaba ntlheng ya lecha. \v 12 “Mewa e e maswe ya mo rapela ya re, re romele mo serapeng sele sa dikolobe.” \p \v 13 Mme Jesu a e letla. Hong mewa e e maswe ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo mhapheng wa thaba sa thabuela mo lecheng sa betwa ke metse. \v 14 Mme badisa ba siela mo metseng e e gaufi le mo tikologong ya lefatshe leo ba anamisa dikgang fa ba ntse ba taboga mme mongwe le mongwe a ya go iponela. \v 15 Mme batho ba le bantsi ba tloga ba kokoanela fa Jesu a neng a le teng. Ya re ba bona monna yoo a ntse fa fatshe, a apere e bile a ikutlwa sentle, ba tshoga thata. \p \v 16 Bao botlhe ba ba neng ba bona se se diragetseng ba bolelela mongwe le mongwe ka ga sone. \v 17 Mme bontsi jwa batho jwa simolola go rapela Jesu gore a tsamae a ba tlogele! \v 18 Jalo a boela mo mokorong. Mme monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa Jesu gore a mo letle a tsamae nae. \v 19 Mme Jesu a gana a mo raya a re, “Ya gae kwa ditsaleng tsa gago, o ba bolelele dilo tse dintle tse Modimo o di go diretseng; le ka fa o ileng wa nna le kutlwelo botlhoko ka teng.” \v 20 Hong monna a simolola go etela metse e le some mo tikologong eo a bolelela mongwe le mongwe ka ga dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng; mme ba gakgamadiwa thata ke se o neng a se bolela. \s1 Jesu o tsosa morweetsana mo losong \p \v 21 Mme e rile fa Jesu a sena go kgabaganyetsa ka kwa ntlhenge nngwe ya lecha ka mokoro, batho ba le bantsi ba phuthaganela kwa go ene fa lotshitshing. \p \v 22 Mme moeteledipele wa tempele, yo o neng a bidiwa Jairo, a tla a wela fa pele ga gagwe, \v 23 a mo rapela gore a fodise morwadie. A bua ka tlhwaafalo e kgolo a re, “O gaufi le go swa. Tswee-tswee tla o mmee diatla gore a tshele.” \p \v 24 Hong Jesu a tsamaya nae, mme bontsi jwa batho jwa mo sala morago. \v 25 Mo bontsintsing joo go ne go na le mosadi yo o saleng a lwala tshologo ya madi dingwaga di le lesome le bobedi. \v 26 Mme o ne a sa bolo go tshwenyega thata mo dingakeng di le dintsi ka dingwaga e bile a humanegisitswe ke go di duela, mme go ne go sa tokafale ka gope, go ntse go tswelela pele. \v 27 Mme o ne a setse a utlwile dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng, ke gone ka moo o ileng a tla kafa morago ga gagwe mo bontsintsing jwa batho a ama diaparo tsa gagwe. \p \v 28 Gonne o ne a gopotse ka boene gore, “Fa ke ka ama diaparo tsa gagwe, ke tlaa fola.” \v 29 Mme ka boammaaruri, erile fela fa a sena go mo ama, go tshologa ga madi ga khutla, mme a itse gore o fodile. \p \v 30 Hong Jesu a lemoga ka bonako gore nonofo ya phodiso e dule mo go ene, a retologela kwa bontsintsing jwa batho a ba botsa a re, “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?” \p \v 31 Barutwa ba mo raya ba re, “Bontsintsi jwa batho bo go pitlaganyeditse, mme o botsa gore ke mang yo o go amileng.” \p \v 32 Mme a bo a ntse a batlisisa go bona gore ke mang yo o dirileng selo seo. \v 33 Hong mosadi yo o tshogileng, a roromisiwa ke letshogo ka se se mo diragaletseng, a tla a wela fa dinaung tsa gagwe a mmolelela se a se dirileng. \v 34 Mme Jesu a mo raya a re, “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fodile mo bolwetsing jwa gago.” \p \v 35 Erile fa a sa ntse a bua le ene, barongwa ba goroga ba tswa kwa legaeng la ga Jairo, ka mafoko a a reng morwadio o sule, jalo ga go tlhole go tlhokega gore Jesu a tle. \v 36 Mme Jesu a tlhokomologa puo ya bone a raya Jairo a re, “Se boife! Ikanye nna.” \p \v 37 Hong Jesu a kganela bontsintsi jwa batho, mme a se ka a letla ope go tsena nae mo legaeng la ga Jairo, fa e se Petere le Jakobe le Johane. \v 38 Mme erile fa ba goroga, Jesu a bona gore dilo tsotlhe di tlhakatlhakanye, go le selelo se segolo le kuruetso. \v 39 A tsena mo teng a bua le batho, a ba botsa gore, “Ke ka ntlha yang fa go le selelo se se kanakana? Ngwana ga a swa o robetse fela!” \p \v 40 Ba mo tshega ka tshotlo, mme a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a tsaya rraa-ngwana le mma-ngwana le barutwa ba gagwe ba le bararo, a tsena mo ntlung e ngwana o neng a beilwe mo go yone. \p \v 41-42 A mo tshwara ka seatla a mo raya a re, “Tsoga mosetsana!” (O ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi). Mme a nanoga a tsamaya! Batsadi ba gagwe ba gakgamala thata. \v 43 Jesu a ba laela ka tlhoafalo gore ba se ka ba bolelela ope se se diragetseng, mme a ba raya a re ba nee ngwana sengwe a je. \c 6 \s1 Jesu o nyadiwa ke ba ga bone \p \v 1 Mme ka bofefo morago ga moo a tloga mo kgaolong eo a boela le barutwa ba gagwe ba ya Nasaretha, motse wa ga gabo. \v 2-3 Mme ka Sabata se se latelang a ya kwa Tempeleng go ya go ruta, mme batho ba gakgamalela botlhale jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe ka ntlha ya gore e ne e le motho fela yo o tshwanang le bone. Mme ba bua ba tenegile ba re, “Ga a botoka go na le rona. Ke mmetli fela, morwa Marea, mogoloa Jakobe le Josefe, Judase le Simone. Le bokgaitsadie re agile nabo.” \p \v 4 Hong Jesu a ba raya a re, “Moporofiti o tlotlwa gongwe le gongwe fela fa e se mo ga gabo le mo losikeng lwa gagwe le mo go ba ntlo ya gagwe.” \v 5 Mme ka ntlha ya go tlhoka go dumela ga bone a se ka a kgona go dira dikgakgamatso tse di tona mo go bone, fa e se fela go baya diatla mo baboboding ba se kae, a ba fodisa. \v 6 Mme a gakgamalela go tlhoka tumelo ga bone. Hong a tswa a tsamaya mo metseng, a ruta. \s1 Jesu o roma barutwa ba gagwe \p \v 7 A bitsa barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi a ba roma ka bobedi le bobedi, a ba neetse nonofo ya go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe. \v 8-9 A ba raya a re, ba se ka ba tsaya sepe fa e se dithobane tse ba tsamayang ka tsone (diikokotlelo) le fa e le dijo, le fa e le kgetsana le fa e le madi, le fa e le ditlhako kgotsa diaparo tse dingwe. \p \v 10 A ba raya a re, “Fa lo tsena mo motsing nnang mo lwapeng lo le longwe, se suteng fa lo leng teng go tsena ntlo le ntlwana fa lo sa ntse lo le mo motsing oo. \v 11 Fa e le gore ba motse ga ba lo amogele kgotsa ga ba lo reetse itlhotlhoreng lorole mo dinaung tsa lona lo tsamaye; ke sesupo sa gore lo tlogeletse motse oo tshekiso.” \p \v 12 Barutwa ba tsamaya, ba bolelela mongwe le mongwe yo ba kopanang nae gore a sokologe mo dibeng. \v 13 Mme ba kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e le mentsi ba fodisa babobodi ba le bantsi ba ba tlotsa ka lookwane. \s1 Loso lwa ga Johane wa mokolobetsi \p \v 14 Mme ka bofefo Kgosi Herode a utlwa kaga Jesu, gonne dikgakgamatso tsa gagwe di ne di buiwa gongwe le gongwe. Kgosi e ne e akanya gore Jesu ke Johane wa Mokolobetsi a boetse mo botshelong. Hong batho ba ne ba re, “Ga go gakgamatse fa a ka dira dikgakgamatso tse di kalo.” \v 15 Mme ba bangwe ba ne ba gopola gore Jesu ke Elija Moporofiti wa bogologolo o ka ne a boetse gape mo botshelong; ba bangwe ba gopola gore ke moporofiti yo mosha yo o tshwanang le bangwe ba ba tona ba bogologolo. \p \v 16 Herode a re, “Nnyaa, ke Johane, monna yo ke mo kgaotseng tlhogo. O tsogile mo baswing.” \p \v 17-18 Gonne Herode o ne a rometse masole go tshwara Johane go mo isa kgolegelong ka ntlha ya gore o ne a tswelela a ntse a re, ke phoso fa kgosi e nyala Herodiase, mogatsa Filipo monnawe kgosi. \v 19 Herodiase o ne a batla gore Johane a bolawe a ipusulosetse, le fa go ntse jalo, kwa ntle ga tumalano ya ga Herode, Herodiase a palelwa. \p \v 20 Herode o ne a tlotla Johane, a itse fa e le motho yo o molemo a bile a le boitshepo, foo a mmaya ka fa tlase ga tshireletso ya gagwe. Herode o ne a tshwenyega nako tsotlhe fa a bua le Johane, le fa go ntse jalo o ne a rata go mo reetsa. \p \v 21 Mme ya re la bofelo lobaka lwa ga Herodiase la tla. Ya re letsatsi la botsalo jwa ga Herode, Herode a direla bagolwane ba bogosi jwa gagwe mokete le bagolwane ba sesole, le baeteledipele ba baagedi ba motse wa Galalea. \v 22-23 Hong ngwana wa mosetsana wa ga Herodiase a tla a bina fa pele ga bone ka botswerere a ba itumedisa fela botlhe. Kgosi ya mo raya ya re, “Nkopa sengwe se o se ratang,” “Le fa e le bontlha jwa bogosi jwa me, mme ke tla bo go naya!” \p \v 24 Mme a tsamaya a ya go itsise mmaagwe, yo o neng a mo raya a re, “Lopa tlhogo ya ga Johone wa Mokolobetsi!” \p \v 25 Hong a boela kwa morago kwa kgosing a ya go e bolelela, a re, “Ke batla tlhogo ya ga Johane wa Mokolobetsi e le mo mogopong.” \p \v 26 Mme kgosi ya hutsahala thata, ya tlhajwa ke ditlhong go roba maikano a yone fa pele ga baeng ba yone. \v 27 Hong a roma mongwe wa batlhokomedi ba gagwe kwa kgolegelong go ya go kgaola tlhogo ya ga Johane le go e lere kwa go ene. Mme lesole la ya go bolaya Johane mo kgolegelong, \v 28 a tla ka tlhogo ya ga Johane e le mo mogopong, a e naya mosetsana, mosetsana ene a ya go e naya mmaagwe. \p \v 29 Erile barutwa ba ga Johane ba utlwa se se diragetseng, ba tla ba tsaya mmele wa gagwe ba ya go o boloka mo lebitleng. \p \v 30 Mme baaposetoloi ba boela kwa go Jesu ba tswa loetong lwa bone ba mmolelela gotlhe mo ba go dirileng le mo ba go buileng le batho ba ba neng ba ba etela. \s1 Jesu o fepa ba ba dikete tse tlhano \p \v 31 Hong Jesu a ba raya a re, “A re tsweng mo bontsing jwa batho ka lobakanyana re yeng go itapolosa.” Gonne go ne go na le batho ba le bantsi ba ba tlang le ba ba tsamayang ba sena nako le ya go ja tota. \v 32 Mme ba tsamaya ka mokoro ba ya fa lefelong le le tuuletseng. \v 33 Mme batho ba le bantsi ba ba bona ba tsamaya mme ba tabogela kwa pele ba le mo lotshitshing ba ba kgatlhantsha fa ba tswa mo mokorong. \v 34 Fela jaaka gale, bontsi jwa batho jwa bo bo le teng fa a tswa mo mokorong; mme a ba tlhomogela pelo ka ntlha ya gore ba ne ba tshwana le dinku tse di senang modisa a ba ruta dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go di itse. \p \v 35-36 Mme morago ga tshokologo ya letsatsi barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, “Bolelela batho gore ba tsamaye ba ye kwa metsing e e gaufi le masimo ba ye go itshenkela dijo, gonne ga go na sepe se se ka jewang mo thoteng e, gape go nna bosigo.” \p \v 37 Hong Jesu a re, “Ba fepeng.” Mme ba botsa ba re, “Ka eng? Go tlaa lopa madi a le mantsi go reka dijo tsa bontsi jo bo kana!” \p \v 38 Mme a ba botsa a re, “Re na le dijo di le kana kang? Tsamayang lo yeng go bona.” Mme ba tla gape go tla go mmolelela gore go na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi. \v 39-40 Hong Jesu a bolelela bontsi jwa batho gore ba nne fa fatshe, mme ka bonako ba kgaoganngwa ka ditlhopha tsa masome a matlhano kgotsa lekgolo mme botlhe ba bo ba ntse mo bojannyeng jo botala. \p \v 41 Hong a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa legodimong, a lebogela dijo tseo. A ngathoganya dinkgwe go nna dikapetlana, a neela barutwa ba gagwe bontlha bongwe jwa dinkgwe le ditlhapi go di fa batho. \v 42 Mme batho baa ja botlhe ba kgora! \p \v 43-44 Go ne go le banna ba ka nna dikete di le tlhano ka nako ya dijo, morago ga moo ditlatlana di le lesome le bobedi tsa tlala masalela a a neng a selwa fa fatshe mo bojannyeng! \s1 Jesu o tsamaya mo godimo ga lewatle \p \v 45 Mme ka bonako morago ga moo Jesu a laola barutwa ba gagwe gore ba boele mo mokorong ba kgabaganye lecha ba ye Bethesaida, kwa o neng a tlaa kopana le bone teng morago. Fa Ene a ne a sa ntse a saletse go sadisa batho sentle gore ba boele gae. \p \v 46 Morago ga moo a tsamaya a ya kwa dithabeng go rapela. \v 47 Mme ya re bosigo, fa barutwa ba gagwe ba le mo mokorong mo gare ga lecha, ene a bo a le nosi ka kwa ntle ga lecha. \v 48 Mme a bona fa ba le mo matshwenyegong a magolo, ba hudua ka bothata le go kgaratlha kgatlhanong le phefo e e tsubutlang le makhubu a lewatle. Erile e ka ne e le nako ya boraro mo mosong a tsamaela kwa go bone mo godimo ga metsi. Mme ya re ekete o a ba feta, \v 49 ba bona sengwe se tsamaya tsamaya fa thoko ga bone ba goa ka letshogo, ba gopola fa e le sepoko, \v 50 gonne ba ne ba mmona botlhe. Mme a bua le bone a re, “Go siame, se boifeng! Ke nna.” \v 51 Hong a palama mo mokorong, phefo ya didimala! Ba nna fela foo ba gakgametse. \v 52 Gonne ba ne ba ise ba lemoge gore ke mang le fa e le morago ga kgakgamatso ya maabane maitsiboa! Gonne ba ne ba sa batle go dumela. \p \v 53 Mme ya re ba fitlha kwa Geneseretha ka fa ntlheng e nngwe ya lecha ba bohelela mokoro, \v 54 ba fologa. Mme batho ba ba neng ba eme mo tikologong eo ba mo lemoga fela ka nako eo, \v 55 mme ba taboga le tikologo yotlhe ba anamisa dikgang kaga kgorogo ya gagwe, ba simolola go rwalela balwetse kwa go ene ka mapara le ka meseme. \v 56 Gongwe le gongwe mo a neng a tsamaya teng, mo metsaneng le mo metseng e megolo, le kwa ntle kwa masimo, ba baya balwetse mo dipatlelong tsa marekelo le mo ditseleng ba mo rapela gore a ba letle ba ame makantsa a diaparo tsa gagwe; mme botlhe ba ba mo amileng ba fodisiwa. \c 7 \s1 Mokgwa wa go tlhapa diatla \p \v 1 Ka letsatsi lengwe baeteledipele bangwe ba tumelo ya Sejuta ba tla kwa go ene ba tswa kwa Jerusalema go tla go mo tlhotlhomisa, \v 2 ba lemoga gore bangwe ba barutwa ba gagwe ga ba diragatse mekgwa ya bone e e tlwaelesegileng ya Sejuta pele ga ba a ja. \v 3 Gonne Bajuta, segolo jang Bafarasai, ga ba ka ke ba a ja pele ga ba tlhapa diatla tsa bone go fitlha mo dikgonong, jaaka go tlhokafala ka dingwao tsa bone tsa bogologolo. \v 4 Jalo fa ba tla gae ba tswa marekelong ba tshwanetse go tlhapa ka mokgwa oo pele ga ba ka ama dijo. Se ke sengwe sa dikai tse dintsi tsa melao e e tlwaelesegileng e ba saleng ba e ngaparela ka dingwaga di le dintsi e sa ntse e tsweletse e dirisiwa, fela jaaka tlwaelo ya bone ya go tlhatswa dipitsa le senwelo le dijana tse di jelang. \p \v 5 Hong baeteledipele ba tumelo ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba gago ba sa latele ngwao ya rona ya bogologolo? Gonne ba ja pele ga ba tlhapa.” \p \v 6-7 Mme Jesu a araba a re, “Baitemokanyi ke lona! Isaia moporofiti o lo bonye sentle fa a re, ‘Batho ba ba bua sentle ka ga Morena mme ba sa mo rate ka boammaaruri. Kobamelo ya bone ke ya dinyana, gonne ba re Modimo o laola batho go obamela melao ya bone! Ruri Isaia o ne a le boammaaruri jang!’ \v 8 Gonne lo itlhokomolosa melao ya Modimo e e tlhomameng mme mo boemong jwa moo lo tshegeditse ngwao ya lona fela. \v 9 Ga re lo a tle lo gane melao ya Modimo fela lo bo lo e gataka ka dinao gore lo tle lo tshegetse ngwao ya lona. \v 10 Fela jaaka Moshe a lo neile molao o o tswang kwa Modimong; o o reng, ‘Tlotla rrago le mmago!’ Mme a re le fa e le mang yo o buang bosula ka ga rraagwe kgotsa mmaagwe o tshwanetse go swa. \v 11 Mme lwa re go siame fa motho a itlhokomolosa batsadi ba gagwe ba ba tlhokang, a ba raya a re, ‘Lo intshwarele, ga nkake ka lo thusa! Gonne se ke neng ke tlaa se lo naya ke se ntsheditse Modimo.’ \v 12-13 Jalo lo roba molao wa Modimo go diragatsa ngwao ya lona e e dirilweng ke batho. Mme se ke sekai se le sengwe fela. Go na le tse dingwe di le dintsi thata.” \p \v 14 Hong Jesu a bitsa bontsintsi jwa batho go tla go reetsa: A re, “A mongwe le mongwe wa lona a reetse, lo bo lo leke go tlhaloganya. \v 15-16 Mewa ya lona ga e senngwe ke se lo se jang, mme e senngwa ke se lo se akanyang le se lo se buang!” \p \v 17 Hong a tsena mo tlung go tswa fa bontsing jwa batho, mme barutwa ba gagwe ba mmotsa gore o rayang ka se a neng a se bolela. \p \v 18 Mme a ba botsa a re, “A le lona ga lo tlhaloganye? A ga lo bone gore se lo se jang ga se kake sa senya mewa ya lona? \v 19 Gonne dijo ga di amane ka gope le pelo ya gago, mme di feta fela ka mometso di ye kwa di silwang teng,” (go bua se o ne a supa fa mofuta mongwe le mongwe o na le go ka jewa.) \v 20 Mme a nna a tswelela a re, “Ke dikakanyo fela tse di bosula tse di itshekololang. \v 21 Gonne go tswa mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, tsa dikeletso, bogodu, go bolaya, boaka, \v 22 go batla tse e leng tsa ba bangwe, boikepo, tsietso, maaka, dithato, bopelompe, mabela le dilo tsotlhe tsa boeleele. \v 23 Mme dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng; ke tsone tse di go itshekololang gore o seka wa itekanela mo Modimong.” \s1 Kopo ya mosadi wa Mogerika \p \v 24 Mme a tswa a tloga mo Galalea a tsamaya a ya kwa kgaolong ya Ture le Sidona, mme a leka go go dira sephiri sa gore o ne a le teng koo, mme ga seka ga diragala. Gonne jaaka gale, dikgang tsa kgorogo ya gagwe di ne tsa anama ka bofefo. \p \v 25 Ka bonako ga tla mosadi kwa go ene yo ngwana wa gagwe o neng a na le mowa o o maswe, a utlwaletse kaga Jesu mme a tla a wela fa dinaong tsa gagwe, \v 26 mme a mo rapela gore a golole ngwana wa gagwe mo thateng ya taolo ya mowa o o maswe. (Mme a bo a le modichaba wa Se-Siria le Se-Fonishia yo o nyaditsweng!) \p \v 27 Mme Jesu a mo raya a re, “Pele ke tshwanetse go thusa bagaetsho Bajuta. Ga go a siama go tsaya dijo tsa bana o di latlhelela dintsa.” \p \v 28 Hong mosadi a araba a re, “Go boammaaruri, Morena, le tsone dintsanyana kafa tlase ga lomati lwa bojelo di newa mafofora a a wang mo dijaneng tsa bana.” \v 29 Mme a mo raya a re, “Go siame! O arabile sentle mo eleng gore ke fodisitse ngwana wa gago wa mosetsana. Tsamaya o ye gae, gonne mowa o o maswe o dule mo go ene!” \p \v 30 Mme e rile fa a tsena kwa gae, ngwana wa gagwe a bo a robetse ka tidimalo e kgolo mo bolaong, mme mowa o o maswe wa bo o tsamaile. \s1 Jesu o fodisa semumu \p \v 31 Mme go tswa kwa Ture a tsamaya a ya Sidona, a boela kwa lewatleng la Galalea ka tsela ya metse e le lesome. \v 32 Ga tlisiwa kwa go ene monna yo o neng a sa utlwe e le susu a bile a kwakwaetsa, mme botlhe ba kopa Jesu gore a beye diatla tsa gagwe mo monneng yoo go mo fodisa. \v 33 Jesu a mo ntsha mo bontsing jwa batho a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe a ama loleme lwa monna yoo. \v 34 Hong a leba kwa legodimong, a fegelwa mme a laola gore a “Kabologe!” \v 35 Ka bonako monna a simolola go utlwa sentle le go bua sentle ka tlhamalalo! \p \v 36 Mme Jesu a raya bontsi jwa batho a re ba seka ba bolelela ope, mme le fa a na a ba iditse jalo, bone ba ya ba bolela bogolo segolo. \v 37 Gonne ba ne ba gakgametse ka se se diragetseng. Gangwe le gape ba re, “Sengwe le sengwe se o se dirang ke se se gakgamatsang; o kgona gore ba ba susu ba utlwe le ba ba kwakwaetsang ba bue!” \c 8 \s1 Jesu o fepa ba ba dikete tse nne \p \v 1-2 Ka letsatsi lengwe jaaka bontsi bo phuthega, batho ba felelwa ke dijo gape, Jesu a bitsa barutwa ba gagwe go tla go bua ka seemo seo. A re, “Ke utlwela batho ba botlhoko, gonne ga ba bolo go nna fano malatsi a le mararo, mme ga ba a salelwa ke sepe go se ja. \v 3 Mme fa ke ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone ke sa ba fa dijo ba tlaa idibalela mo tseleng! Gonne bangwe ba bone ba tswa kgakala.” \v 4 Mme ba mo fetola ka tshotlo ba re, “A re tshwanetse go ba senkela dijo fano mo sekakeng?” \p \v 5 A botsa a re, “Lo na le dinkgwe di le kae?” Mme bone ba re, “Di supa”. \v 6 Hong a raya bontsi jwa batho a re bo nne fa fatshe. Mme a tsaya dinkgwe di supa, a di lebogela, a di ngathoganya dikapetlana a di fetisetsa kwa barutweng, mme barutwa ba di abela batho. \v 7 Mme ba bo ba na le ditlhatswana di se kae, hong Jesu a di segofatsa a raya barutwa a re ba fe batho. \v 8-9 Hong bontsi jwa batho jwa a ja jotlhe go fitlhelela bo kgora, mme morago ga moo a ba phatlalaletsa kwa magaeng a bone. Go ne go na le batho ba ka nna dikete tse nne ka letsatsi leo. Mme ya re masalela a sena go kokoanngwa morago ga dijo ga sala diroto di supa tse di tona di tletse! \p \v 10 Ka bonako morago ga moo a tsena mo mokorong le barutwa ba gagwe a ya kwa kgaolong ya Dalemanutha. \v 11 E rile baeteledipele ba Sejuta ba kgaolo eo ba utlwa gore o gorogile ba tla go tatalalana nae ba re, “Re direle kgakgamatso, dira gore sengwe se diragale mo loaping. Ke gone re tlaa dumelang mo go wena.” \p \v 12 Mme a utlwa botlhoko fa a utlwa kafa ba buang ka teng mme a re, “Nnyaa bathong. Lo ntse lo batla dikgakgamatso dife?” \p \v 13 Hong a boela mo mokorong a ba tlogela, a tshelela ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha. \s1 Jesu o tlhagisa ka ga Bafarasai \p \v 14 Mme barutwa ba bo ba lebetse go tsaya dijo pele ga ba tsamaya, mme ba ne ba na le senkgwe se le sengwe fela mo mokorong. \p \v 15 Ya re ba kgabaganya, Jesu a ba tlhagisa ka tlhoafalo a re, “Itlhokomeleng mo sebidisong sa ga Kgosi Herode le mo sebidisong sa Bafarasai.” \p \v 16 Mme barutwa ba botsanya ba re, “O rayang?” Ya re kwa bofelong ba akanya gore o tshwanetse a ba a bua ka go lebala ga bone go tla le senkgwe. \p \v 17 Jesu a lemoga se ba neng ba se bua mme a re, “Nnyaa, ga go a nna jalo gotlhelele! A ga lo tlhaloganye? A dipelo tsa lona di thata go ka lemoga? \v 18 Fela jaaka Isaia a boletse, ‘Matlho a lona ke a go re lo bone ka one--ke ka ntlha yang fa lo sa lebe? Ke ka ntlha yang fa lo sa bule ditsebe tsa lona mme lwa reetsa’ A ga lo gakologelwe sepe gotlhelele? \p \v 19 “Lwa reng ka batho ba ba dikete tse tlhano ba ke neng ka ba fepha ka dinkgwe tse tlhano? Go ne go na le diroto di le kae tse di neng di tletse masalela ba sena go ja?” Ba re, “Lesome le bobedi.” \v 20 “Mme e rile fa ke abela batho ba le dikete di le nne dinkgwe di supa, go ne ga sala di le kae?” Ba re, “Go ne ga sala diroto tse di tletseng di supa.” \p \v 21 “Mme a lo gopola gore ke a tshwenyega fa go sena senkgwe?” \s1 Jesu o fodisa sehohu sa Bathesaida \p \v 22 Ya re ba fitlha mo Bethesaida, batho bangwe ba tlisa kwa go ene monna yo o foufetseng mme ba mo kopa gore a mo ame gore a fole. \v 23 Jesu a tshwara monna yo o foufetseng ka letsogo a mo gogela kwa ntle ga motse, a mo kgwela mathe mo matlhong a bo a mmaya diatla. Jesu a mmotsa a re, “A o bona sengwe jaanong?” \p \v 24 Mme monna a leba mo tikologong a re, “Ee, ke bona batho. Mme ga ke ba bone sentle; ba lebega e ka re ke dithito tsa ditlhare di a tsamaya?” \p \v 25 Hong Jesu a mmaya gape diatla mo matlhong mme ya re a leba, a boelwa ke pono ya gagwe gotlhelele, mme a bona sengwe le sengwe sentle, se se neng se le mo tikologong ya gagwe. \p \v 26 Jesu a mo romela kwa gae kwa go ba ntlo ya gagwe. A mo raya a re, “O seka wa ya mo motseng pele.” \p \v 27 Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo Galalea ba tswela kwa ntle kwa metseng ya Kaesarea Filipo. Mme ya re ba ntse ba tsamaya a ba botsa a re, “Ana batho ba re ke mang? Ba reng ka ga me?” \v 28 Barutwa ba araba ba re, “Bangwe ba bone ba gopola gore o Johane wa Mokolobetsi, mme bangwe ba re o Elija kgotsa o mongwe wa baporofiti ba bogologolo o rudile.” \p \v 29 Hong a ba botsa a re, “Mme lona lo gopola gore ke mang?” Petere a araba a re, “O Mesia.” \v 30 Hong Jesu a ba laya gore ba se bolelele ope! \s1 Jesu o buwa ka loso lwa gagwe \p \v 31 A simolola go ba bolelela ka matshwenyego a a boitshegang a o tlaa a bogang le gore o tlaa ganwa ke baeteledipele le bagolwane ba baperesiti le bangwe baeteledipele ba Sejuta, le gore o tlaa bolawa, mme morago ga malatsi a le mararo o tlaa tsoga gape. \v 32 Mme o ne a bua le bone ka tlhamalalo, hong Petere a mo tseela kwa thoko a ya go mo kgalemela a re, “O seka wa bua dilo tse di ntseng jalo.” \p \v 33 Hong Jesu a retologa a leba barutwa ba gagwe a gakalela Petere a re, “Satane, tloga fa morago ga me! O leba dilo tse ka tebo ya senama fela, e seng kafa ntlheng ya bo-Modimo.” \p \v 34 Hong a bitsa barutwa ba gagwe le bontsi jwa batho go tla go mo reetsa, a ba raya a re, “Fa mongwe wa lona a rata go nna molatedi wa me, o tshwanetse go beela mahumo a gagwe fa thoko a itshikarele mokgoro, mme a ntshale morago. \v 35 Fa lo tsweletse go boloka botshelo jwa lona, bo tlaa lo latlhegela. Fela ba ba latlhegelwang ke matshelo a bone ka ntlha ya me le ka ntlha ya Mafoko a a Molemo, ba tlaa itse gore tota botshelo bo rayang. \p \v 36 “Mme motho o boelwa ke eng fa a fenya lefatshe lotlhe mme a lathegelwa ke botshelo jwa gagwe? \v 37 Gonne a go na le sengwe sa botlhokwa go gaisa mowa wa gagwe? \v 38 Le, fa e le mang yo o ntlhabelwang ke ditlhong le molaetsa wa me mo malatsing ano a go tlhoka go dumela le a boleo, Nna Mesia, ke tlaa mo tlhabelwa ke ditlhong fa ke boa ke le mo kgalalelong ya ga Rre, le baengele ba ba boitshepo.” \c 9 \s1 Kgalalelo ya sefatlhogo sa ga Jesu \p \v 1 Jesu a tswelela a raya barutwa ba gagwe a re, “Bangwe ba lona ba ba emeng fa, gompieno ba tlaa tshela go bona Bogosi jwa Modimo bo tla ka nonofo e kgolo!” \s1 Tlhagiso ka go kgopisa ba bangwe \p \v 2 Malatsi a le marataro a sena go feta Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane, a tlhatlhogela kwa godimo ga thaba. Go ne go sena ope teng. Ka bofefo sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatshima ka kgalalelo, \v 3 mme diaparo tsa gagwe tsa tsabakela, tsa nna ditshweu thata, di galalela thata go gaisa jaaka motho ope mo lefatshing a ka di sweufatsa. \v 4 Hong Elija le Moshe ba bonala mme ba simolola go bua le Jesu! \p \v 5 Mme Petere a bua a re, “Moruti, go go ntle jang!” Re tlaa aga metlaagana e le meraro fa, mongwe le mongwe wa lona a na le wa gagwe. \p \v 6 O ne a bua se fela, gonne o ne a sa itse se a ka se buang ka botlhe ba ne ba tshogile. \p \v 7 Mme erile fa a sa ntse a tsweletse ka go bua mafoko a, leru la ba khurumetsa, la sira letsatsi, mme lentswe la tswa mo lerung la re, “Yo ke morwaake. Reetsang ene.” \p \v 8 Mme ka tshoganyetso fa ba leba kafa le kafa, Moshe le Elija ba bo ba seyo, mme ya bo e le Jesu fela yo o nang nabo. \p \v 9 Ya re ba fologa mo thabeng a ba raya are ba seka ba bolelela ope kaga se ba se boneng go fitlhelela a sena go tsoga mo baswing. \v 10 Mme ba ipolokela kgang e, ba nna ba bua ka ga yone, gore o kane a raya eng “Ka go tsoga mo baswing.” \v 11 Hong ba simolola go mmotsa kaga sengwe se baeteledipele ba tumelo ya Sejuta ba tlwaetseng go se bua, ba re Elija o tshwanetse go tla (pele ga Mesia a ka tla). \v 12-13 Mme Jesu a dumela gore Elija o tshwanetse go tla pele go baakanya tsela, le fa go ntse jalo go setse go diragetse, o setse a tsile! Le gore o kopane le matshwenyego a a boitshegang, fela jaaka Baporofiti ba ne ba boletse. Hong Jesu a ba botsa gore baporofiti ba ka ne ba ne ba raya eng fa ba re, Mesia o tlaa boga a ba a tsewa ka lonyatso. \s1 Jesu o fodisa mosimanyana yo o nang le mewa e e maswe \p \v 14 Mme ya re ba goroga kwa tlase ga thaba, ba fitlhela bontsi jo bogolo jwa batho bo dikaganyeditse barutwa ba bangwe ba ba ferang bongwe, fa bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ntse ba ganetsanya nabo. \v 15 Mme bontsi jwa batho ba leba Jesu ka poifo fa a atamela kwa go bone, hong ba tabogela kwa go ene go mo dumedisa. \v 16 Mme a ba botsa a re, “Lo ganetsanya kaga eng?” \p \v 17 Monna mongwe mo bontsing joo a bua a re, “Moruti, ke lerile morwaake mo go wena gore o mo fodise--ga a kgone go bua ka ntlha ya gore o tswenwe ke mowa o o maswe. \v 18 Mme fa mowa o o maswe o mo laola o mo digela fa fatshe o mo dira gore a phoke mafulo ka molomo a phuranye meno a kwatlalale. Mme ka kopa barutwa ba gago gore ba kgoromeletse ntle mowa o o maswe mme ba retelelwa.” \p \v 19 Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Ao, a batho ba ba tumelo e potlana, ke tshwanetse go nna le lona lobaka lo lo kae mme lo sa dumele? Ke lobaka lo lo kae lo ke tshwanetseng go lo itshokela? Lereng mosimane kwa go nna.” \p \v 20 Hong ba lere mosimane, mme erile fa a bona Jesu, mowa o o maswe wa mo kgothakgotha mo go botlhoko, mme a wela fa fatshe a bidikama a phoka mafulo ka molomo. \p \v 21 Jesu a botsa rraagwe a re, “Go lobaka lo lo kae a ntse jaana?” Rraagwe a araba a re, “a le mmotlana, \v 22 mme gantsi mowa o o maswe o dira gore a wele mo molelong kgotsa mo teng ga metsi go mmolaya. Ao, re utlwele botlhoko, o dire sengwe fa go kgonega.” \p \v 23 Jesu a botsa a re, “A wa re fa ke kgona? Sengwe le sengwe se a kgonega fa o na le tumelo.” \v 24 Ka bofefo rraagwe a araba a re, “Ke na le tumelo; Nthusa o e nkokeletse.” \v 25 Erile fa Jesu a bona gore bontsi jwa batho bo a gola, a kgalemela mowa o o maswe. A raya mowa o o maswe o o semumu le bosusu, a re, “Ke a go laola gore o tswe mo ngwaneng yo, o seka wa tlhola o tsena mo go ene gape!” \p \v 26 Hong mowa o o maswe wa goa mo go boitshegang wa kgothakgotha mosimanyana gape mme wa mo tlogela; a robala a sa tshikinyege a bonala jaaka moswi. Modumonyana wa utlwala mo bathung o re, “O sule.” \v 27 Jesu a mo tshwara ka seatla a mo thusa gore a eme ka maoto, mme a ema a itekanetse! \v 28 Ya re morago ga moo Jesu a le esi mo tlung le barutwa ba gagwe, ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go kgoromeletsa ntle mowa o o maswe?” \p \v 29 Jesu a araba a re, “Mofuta o o ntseng jaana o kgonwa ke thapelo fela.” \p \v 30-31 Ya re ba tloga mo kgaolong eo ba tsamaya ba ralala Galalea mo a neng a leka go tila batho gore a tle a nne le nako ya go nna le barutwa ba gagwe, go ba ruta. O ne a ba raya a re, “Nna, Mesia ke tla okiwa, ke bolawe mme morago ga malatsi a le mararo ke tlaa rula.” \p \v 32 Lefa go ntse jalo, ba bo ba sa tlhaloganye, mme ba tshaba go mmotsa gore o rayang. \p \v 33 Mme ba goroga kwa Kaperanama. Ya re ba sena go nna fa fatshe mo tlung e ba neng ba tshwanetse go nna mo go yone a ba botsa a re, “Lo ne lo bua ka ga eng mo tseleng.” \p \v 34 Mme ba tlhajwa ke ditlhong go araba, gonne ba ne ba ganetsanya ka gore e mang mo go bone yo mogolo! \v 35 A nna fa fatshe a ba bitsa a ba raya a re, “Mongwe yo o batlang go nna yo mogolo o tshwanetse go nna wa bofelo, motlhanka wa botlhe!” \p \v 36 Hong a baya ngwana mo gare ga bone; mme e rile a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe a ba raya a re, \v 37 “Le fa e le mang yo o amogelang ngwana yo monnye jaana mo leineng la me o amogela nna, mme le fa e le mang yo o mo amogelang o amogela Rre yo o nthomileng!” \p \v 38 Mme mongwe wa barutwa ba gagwe, ebong Johane, ya re ka letsatsi lengwe a mo raya a re, “Moruti, re bone monna mongwe a dirisa leina la gago go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle; mme ra mo raya ra re a se ka a dira jalo, gonne ga se mongwe wa setlhopha sa rona.” \p \v 39 Jesu a ba raya a re, “Se mo itseng! gonne ga go ope yo o dirang dikgakgamatso ka leina la me yo o tla reng ka bofefo a nne kgatlhanong le nna. \v 40 Lefa e le mang yo o seng kgatlhanong le rona ke wa rona. \v 41 Fa mongwe a ka lo siela metse ka ntlha ya gore lo ba ga Keresete ka re ammaaruri ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe. \v 42 Mme fa mongwe a ka dira gore mongwe wa ba ba botlana ba yo o dumelang mo go nna a latlhegelwe ke tumelo--go ka nna botoka fa motho yoo a ka hunelelwa lolwala lo lo golo mo thamong a ya go thabuediwa mo lewatleng. \p \v 43-44 “Fa seatla sa gago se leofa, se kgaole. Go botoka go tshelela ruri ka seatla se le sengwe go na le go latlhelwa mo molelong wa molete o o sa timeng ka diatla tse pedi! \v 45-46 Fa lonao lwa gago lo go isa bosuleng lo kgaole! Go botoka go nna setlhotsa lobaka lo loleele, go na le go nna le dinao tse pedi tse di go isang moleting. \p \v 47 “Mme fa leitlho la gago le go leofisa, le gonye. Go botoka go tsena mo Bogosingjwa Modimo o le mogapa, go na le go tsena ka matlho a mabedi mo moleting wa molelo, \v 48 kwa seboko se sa sweng, le kwa molelo o sa timeng, \v 49 kwa tsotlhe di lokwang ka molelo. \p \v 50 “Letswai le le molemo, ga le na thuso fa le latlhegelwa ke molodi, ga le ka ke la loka sepe. Se latlhegelweng ke molodi wa lona! Nnang kagiso mo go ba bangwe.” \c 10 \s1 Molao wa lonyalo \p \v 1 Erile a tloga mo Kaperanama a ya ntlheng ya Borwa kwa melelwaneng ya Judea le mo kgaolong ya botlhabatsatsi jwa Noka ya Jorodane. Fela jaaka gale ga bo go le matshutitshuti a batho mme a ba ruta. \p \v 2 Bangwe ba Bafarasai ba tla kwa go ene ba mmotsa ba re, “A o letlelela tlhalo?” le fa go ntse jalo ba ne ba leka go mo lalela. \v 3 Jesu a ba botsa a re, “Moshe o ne a reng ka ga tlhalo?” \p \v 4 Ba araba ba re, “O rile e siame.” O rile, “Se se tlhokafalang ke gore monna a kwalele mosadi lokwalo lwa tlhalo.” \p \v 5 Jesu a ba botsa a re, “Mme o ne a buelang jalo? Ke tla lo bolelela gore ke ka ntlha yang fa a ne a bua jalo. Ke ka ntlha ya boikepo jwa bopeloethata jwa lona. \v 6-7 Mme tota ga se ka fa tseleng ya Modimo, gonne e rile mo tshimologong O dirile monna le mosadi go ba kopanya go nnela ruri mo nyalong; ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, \v 8 mme ene le mosadi wa gagwe ba kopane gore ba se nne bobedi, fa e se bongwe fela. \v 9 Mme ke gone go seng ope yo o tshwanetseng go kgaoganya se Modimo o se kopantseng.” \p \v 10 Ya re morago, a le nosi le barutwa ba gagwe mo tlung, ba lere kgang eo. \p \v 11 Mme a ba raya a re, “Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe a nyala o sele, o a mo akafalela. \v 12 Mme fa mosadi a tlhala monna wa gagwe a nyalwa gape, le ene o dira boaka.” \s1 Jesu o segofatsa bana \p \v 13 E rile ka nako nngwe fa bomma-bana ba lere bana ba bone kwa go Jesu gore a ba segofatse, barutwa ba ba leleka, ba ba raya ba re ba seka ba mo tshwenya. \p \v 14 Mme e rile Jesu a bona se se diragalang o ne a seka a itumedisiwa ke barutwa ba gagwe mme a ba raya a re, “Lesang bana ba tle kwa go nna, gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Se ba lelekeng! \v 15 Ke lo bolelela ka tlhoafalo jaaka ke itse gore fa mongwe a gana go tla mo Modimong jaaka ngwana yo monnye ga a kitla a letlelelwa go tsena mo Bogosing jwa One.” \v 16 Hong a tsaya bana ka mabogo a gagwe a ba baya diatla a ba segofatsa. \s1 Monna wa mohumi \p \v 17 E rile fa a simolola go tsaya loeto, monna mongwe a tla a tabogela kwa go ene a khubama ka mangole a re, “Moruti yo o molemo, ke tshwanetse gore ke direng go tsena kwa legodimong?” \p \v 18 Jesu a mmotsa a re, “Ke ka ntlha yang fa o mpitsa mosiami? \v 19 Mme mo karabong ya potso ya gago o itse ditaolo tse di reng, o seka wa bolaya, o seka wa dira boaka, o seka wa utswa, o seka wa bua maaka, o seka wa tsietsa, tlotla rrago le mmago.” \p \v 20 Monna a araba a re, “Moruti, ga ke ise ke ko ke tlole le fa e le o le mongwe fela wa melao eo.” \v 21 Mme Jesu a ikutlwa a rata monna yo fa a mo leba, a mo raya a re, “O tlhoka selo se le sengwe fela, tsamaya o ye go rekisa dilo tsotlhe tse o nang natso mme o tseye madi o a abele bahumanegi mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong, mme o tle o ntshale morago.” \p \v 22 Mme sefatlhogo sa monna sa sulafala, a tsamaya ka kutlobotlhoko, gonne o ne a humile thata. \p \v 23 Jesu a mo lebelela a tsamaya, hong a retologa a raya barutwa ba gagwe a re, “Ga go motlhofo gore mohumi a tsene mo Bogosing jwa Modimo!” \p \v 24 Mme mafoko a, a ba gakgamatsa. Hong Jesu a boelela mafoko a gape a re, “Bana ba ba rategang, go thata jang mo go ba ba ikantseng dikhumo go tsena mo Bogosing jwa Modimo. \v 25 Go motlhofo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale go na le mohumi go tsena mo Bogosing jwa Modimo.” \p \v 26 Mme go ne ga nna thata, gore barutwa ba dumele mafoko ao. Hong ba botsa ba re, “Mme he, e be e le mang mo lefatsheng yo o ka bolokwang fa mohumi a sa bolokwe?” \p \v 27 Jesu a ba tsepega matlho a re, “Kwa ntle ga Modimo go retetse. Mme mo Modimong sengwe le sengwe se a direga.” \p \v 28 Hong Petere a simolola go bolela kaga tsotlhe tse ene le barutwa ba bangwe ba di tlogetseng a re, “Re tlogetse sengwe le sengwe go go sala morago.” \p \v 29 Mme Jesu a araba a re, “Mma ke go tlhomamisetse gore ga go na ope yo o tlogetseng sepe, ebong legae, bokgaitsadie, bomorwa rraagwe, mmaagwe, rraagwe, bana kgotsa dithoto tsa gagwe, ka ntlha ya go nthata le go bolelela ba bangwe kaga mafoko a me a a Molemo, \v 30 yo o se kitlang a newa ga lekgolo go menagane, ebong magae, bomorwa rraagwe, bokgaitsadie, le bo mmaagwe, bana le masimo di na le dipogisego! Tse tsotlhe e tlaa nna tsa gagwe mo lefatsheng leno le mo go le le tlang o tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng. \v 31 Bontsi jwa batho ba ba bonalang e ka re ba tlhokwa jaanong jaana ba tlaa nna ba ba botlana ka nako eo, mme ba bantsi ba ba bonalang ba le ba botlana fano ba tlaa nna bagolo ka nako eo.” \s1 Jesu o bua ka loso lwa gagwe \p \v 32 Mme ya re ba le mo tseleng ba ya Jerusalema, Jesu a ba eteletse pele barutwa ba gagwe ba mo setse morago ba tlelwa ke poifo. Hong Jesu a ba tseela kwa thoko, a simolola gape go ba tlhalosetsa gotlhe mo go tlaa mo diragalelang fa ba goroga kwa Jerusalema. \p \v 33 A ba raya a re, “E tlaa re re tsena teng. Nna, Mesia ke tlaa tshwarwa ke isiwa fa pele ga baperesiti ba bagolo le bagolwane ba Bajuta ba ba tlaa nkatlholelang loso ba bo ba neele Baroma go mpolaya. \v 34 Ba tlaa ntshotla, ba nkgwele mathe ba mpetse ka dithupa tsa bone; mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula.” \s1 Kopo ya ga Jakobe le Johane \p \v 35 Hong Jakobe le Johane, bomorwa Sebede, ba tla ba bua le ene ka lentswe le le kwa tlase ba re, “Morena, re batla gore o re direle ka fa re batlang ka teng.” \p \v 36 Mme a ba botsa a re, “Lo batla ke lo direla eng?” \p \v 37 Ba mo raya ba re, “Re batla go nna mo ditilong tsa bogosi re bapa nao mo bogosing jwa gago, yo mongwe ka fa letsogong la gago le legolo yo mongwe ka fa letsogong la gago la molema!” \v 38 Mme Jesu a araba a re, “Ga lo itse se lo se lopang! A lo nonofile go nwa mo senwelong se se botlhoko sa khutsafalo se ke tshwanetseng go nwa mo go sone? Kgotsa go kolobediwa ka kolobetso ya pogisego e ke tshwanetseng go kolobediwa ka yone?” \p \v 39 Ba mo raya ba re, “Ee, re nonofile!” Mme Jesu a re, “Lo tlaa nwa mo senwelong se ke nwang mo go sone lo bo lo kolobediwa ka kolobetso ya me e ke kolobeditsweng ka yone, \v 40 mme ga ke na thata ya go lo baya mo ditilong tsa bogosi go bapa le sa me. Ba ba tshwanetseng ba setse ba go baakanyeditswe.” \p \v 41 Fa ba bangwe ba barutwa ba tla go lemoga se Jakobe le Johane ba se lopileng, ba kgotswa thata. \v 42 Hong Jesu a ba biletsa kwa go ene mme a re, “Lo a itse fa dikgosi le banna ba bagolo ba lefatshe ba laola batho; \v 43 mme mo go lona go pharologanyo. Le fa e le mang yo o ratang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona. \v 44 Mme le fa e le mang yo o ratang go ka nna mogolo mo go botlhe o tshwanetse go nna motlhanka wa botlhe. \v 45 Gonne le nna tota, Mesia, ga ke fano go tla go direlwa fa e se go thusa ba bangwe, le go ntsha botshelo jwa me gore e nne thekololo ya batho ba le bantsi.” \s1 Jesu o houholola Bathelomea wa sehohu \p \v 46 Mme ba fitlha kwa Jeriko. Ya re morago fa ba tloga mo motseng bontsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago. Hong ga diragala gore monna wa sefofu wa mokopi yo o bidiwang Baratimaio (morwa Timaio) a ba a ntse fa thoko ga tsela fa Jesu a feta. \p \v 47 Mme e rile fa Baratimaio a utlwa gore Jesu wa Nasaretha o gaufi a simolola go goa, a re, “Jesu Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!” \p \v 48 Mme batho bangwe ba mo kgalemela ba re, “Didimala!” Mme a goa segolo bogolo gangwe le gape a re, “Ao! Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!” \v 49 Erile Jesu a mo utlwa a ema foo mo tseleng, mme a re, “Mo reyeng lo re a tle kwano.” Hong ba bitsa monna wa sefofu. Ba re, “Heela wena yo o letlhogonolo, tla Jesu o a go bitsa.” \p \v 50 Hong Baratimaio a apola seaparo sa gagwe se segologolo a se latlhela kwa thoko, a tlola a tla kwa go Jesu. \p \v 51 Jesu a mmotsa a re, “O batla ke go direla eng?” Monna wa sefofu a araba a re, “Moruti, ke batla go bona.” \p \v 52 Jesu a mo raya a re, “Gotlhe go siame, go diragetse. Tumelo ya gago e go fodisitse.” E rile gone fela foo monna wa sefofu a bona, a sala Jesu morago mo tseleng! \c 11 \s1 Jesu o tsena mo Jerusalema \p \v 1 Mme erile ba atamela Bethefage le Bethania ntlheng ya Jerusalema ba tla mo thoteng ya Lotlhware, Jesu a romela barutwa ba gagwe ba babedi kwa pele. \p \v 2 A ba raya a re, “Yang mo motsing ole, mme e tlaa re fela fa lo tsena lo tlaa bona tonkana e golegilwe e e iseng e ke e palangwe, e gololeng lo e lere kwano. \v 3 Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dirang, lo re, ‘Morena wa rona o a e batla mme o tlaa e busa ka bonako.’ ” \p \v 4-5 Hong banna ba babedi bao ba tsamaya ba fitlhela tonkana eo?” \v 6 Hong ba bua se Jesu a se ba boleletseng mme batho ba ba letla. \p \v 7 Hong tonkana ya isiwa kwa go Jesu, barutwa ba baya diaparo mo mokwatleng wa yone gore Jesu a nne mo go tsone. \p \v 8 Hong ba le bantsi mo matshutitshuting ba ala diaparo tsa bone mo tseleng fa pele ga ga Jesu, fa ba bangwe ba latlhela dikala tsa ditlhare tse ba tswang go di rema kwa nageng. \p \v 9 O ne a le fa gare ga dipopelelo, go na le boidiidi kwa pele le kwa morago, ba goa ba re, “Tshela ka boleele Kgosi! Go sego yoo tlang ka leina la Morena! \v 10 Go sego bogosi jo o bo lereng, Bogosi jwa ga Dafide rraetsho! Modimo boloka kgosi!” \p \v 11 Mme hong a tsena mo Jerusalema a ya mo Tempeleng. Mme ya re a sena go leba dilo tsotlhe, ka kelotlhoko, a tswa a tsamaya, gonne go ne go setse go le maitseboa, a ya Bethania le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi. \s1 Jesu o futsa setlhare sa mofeige \p \v 12 E rile moso o o latelang fa ba tloga mo Bethania, a tshwarwa ke tlala. \v 13 Ya re kgakalanyana fa thoko ga tsela a bona setlhare sa mofeige se le matlhare a matala, hong a tsamaya a ya go bona gore a ga a kake a bona loungo mo go sone. Le fa go ntse jalo ga bo go se na sepe, e le matlhare fela, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa maungo. \p \v 14 Hong Jesu a raya setlhare a re, “Ga o kitla o tlhola o ungwa gape!” Mme barutwa ba mo utlwa fa a bua jalo. \s1 Jesu o leleka ba ba rekisang mo tempeleng \p \v 15 Mme e rile fa ba goroga mo Jerusalema a tsena mo Tempeleng a simolola go kgoromeletsa kwa ntle ba ba rekisang le ba ba rekang, a pitikolola ditafole tsa ba ba ananyang madi le maobo a ba ba rekisang maphoi, \v 16 a kganela botlhe ba ba neng ba lere dilwana tsa thekiso. \p \v 17 A ba raya a re, “Go kwadilwe mo dikwalong gore, ‘Ntlo ya me ya thapelo e tshwanetse go nna bonno jo dichaba tsotlhe di rapelelang mo go jone;’ mme lo setse lo e fetotse mongobo wa dinokwane.” \v 18 Hong e rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba Sejuta ba utlwa se o se dirileng ba simolola go loga maano a gore ba ka mmolaya jang. Mathata a bone e ne e le go boifa gore go tlaa tsoga mokubukubu gonne batho ba ne ba kgatlhegela thuto ya ga Jesu thata. \p \v 19 Mo maitseboeng ao jaaka gale ba ne ba tloga mo motsing. \s1 Nonofo ya tumelo \p \v 20 Letsatsi le le latelang, fa barutwa ba feta fa setlharing sa mofeige se o se hutsitseng, ba bona gore se omeletse go simologa kwa meding! \v 21 Hong Petere a gakologelwa se Jesu a neng a se raya setlhare maabane, mme a re “Bona, Moruti! setlhare sa mofeige se o se hutsitseng se omeletse!” \v 22-23 Mo karabong ya gagwe, Jesu a raya barutwa a re, “Fa lo na le tumelo mo Modimong, boammaaruri jo e leng jone ke jo, lo ka raya thaba ya Lotlhware lwa re, ‘Manologa o wele mo teng ga lewatle’, mme taolo ya lona e tlaa diragala. Se se tlhokegang fela ke gore lo dumele lo sa belaele! \v 24 Ntheetsang! Lo ka rapelela le fa e le eng, mme fa lo dumela, lo tlaa se amogela! \v 25 Mme fa lo rapela, pele itshwareleng ba lo nang le melato le bone gore Rraeno yo o kwa legodimong a lo itshwarele dibe le lona.” \s1 Nonofo ya ga Jesu \p \v 26-28 Ka nako e ba bo ba gorogile mo Jerusalema gape, mme ya re a tsamaya mo felong ga Tempele, baperesiti ba bagolo le ba bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba tla kwa go ene ba mo raya ba re, “Go diragalang fano? Ke mang yo o go neileng nonofo ya go lelekela babapatsi kwa ntle?” \v 29 Mme Jesu a ba araba a re, “Ke tla lo bolelela fa lo ka araba potso e le nngwe fela! \v 30 Lwa reng ka Johane wa Mokolobetsi? A o ne a romilwe ke Modimo kgotsa nnyaa? Nkarabang!” \p \v 31 Mme ba buisanya ka ga potso eo ba re, “Fa re araba re re o romilwe ke Modimo, o tlaa re, ‘Go siame, ke ka ntlha yang lo ne lo sa mo dumele’ \v 32 Mme fa re re Modimo o ne o sa mo roma, hong batho ba tlaa tsosa mokubukubu,” (Gonne batho botlhe ba dumela fa Johane e ne e le moporofiti). \v 33 Hong ba re, “Ga re ka ke ra araba. Ga re itse.” Mme Jesu a fetola a re, “Le nna ga nkitla ke araba potso ya lona!” \c 12 \s1 Setshwantsho ka balemi \p \v 1 Tse ke ditshwantsho dingwe tsa dipolelo tse Jesu o kileng a di bolelela batho ka nako eo. Monna o kile a jala tshimo, mme a e agelela ka logora a ba a epa lehuti la go gamolela matute a moretlwa, a aga ntlo ya molebeledi. Hong a naya balemi tshimo go e thapa ka tuelo, mme a ya kwa lefatshing le le kgakala. \p \v 2 Ka motlha wa thobo a romela mongwe wa badiri ba gagwe go tla go tsaya seabe sa gagwe sa thobo. \p \v 3 Mme balemi ba itaya morongwa ba mmusetsa morago a sa tsaya sepe. \p \v 4 Mme mong wa tshimo a romela mongwe gape wa badiri ba gagwe, yo le ene o neng a itewa fela jalo, ba mo itaya go gaisa wa pele, gonne o ne a ntshitswe dintho tse di boitshegang mo tlhogong. \v 5 Monna yo mongwe yo o neng a mo romile o ne a bolawa; mme morago, ba bangwe ba ne ba itewa kgotsa ba bolawa, \v 6 go fitlhela go sala a le mongwe fela, ebong morwawe yo o tsetsweng a le esi. La bofelo a romela ene, a gopola gore ba tlaa mo tlotla. \p \v 7 “Mme e rile fa balemi ba mmona a tla ba re, ‘Ke ene yo o tlaa tsayang tshimo fa rraagwe a a swa. Tlang re mmolayeng. Hong tshimo e tlaa nna ya rona!’ \v 8 Hong ba mo tshwara ba mmolaya ba latlhela setopo sa gagwe kwa ntle ga tshimo. \p \v 9 “O akanya gore mong wa tshimo o tlaa dirang fa a utlwa ka se se diragetseng? O tlaa tla a ba bolaya botlhe, mme a neela ba bangwe tshimo eo. \v 10 A ga lo ga kologelwe gore lo badile temana mo dikwalong? e e reng, ‘Lentswe le baagi ba neng ba le latlha le ne la nna lentswe la kgokgotsho, lentswe le le tlotlegang thata mo kagong! \v 11 Se ke tiro ya Modimo e bile ke selo se se gakgamatsang go bonwa.’ ” \p \v 12 Baeteledipele ba Bajuta ba ne ba batla go mo tshwara teng foo, ka ntlha ya go dirisa setshwantsho se, gonne ba ne ba itse gore o raya bone, e ne e le balemi ba ba bosula mo polelong ya gagwe. \s1 Lekgetho la ga Kaisara \p \v 13 Mme ba romela bangwe ba baeteledipele ba tumelo le ba dipolotiki go bua le ene le go leka go mo lalela gore a tle a bue sengwe se ba ka lekang go mo tshwara ka sone. \p \v 14 Mme ditlhola tse tsa re, “Moruti, re itse gore o bolela boammaaruri le fa go ntse jang! Ga o tlhotlhelediwe ke dikakanyo le dikeletso tsa batho, mme o ruta ditsela tsa Modimo sentle. Jaanong re bole lele, a go siame go duela lekgetho la Roma, kgotsa nnyaa?” \p \v 15 Jesu a bona leano la bone mme a re, “Ntshupegetsang ledi mme ke tlaa lo bolelela.” \p \v 16 E rile fa ba le mo naya a re, “Setshwantsho se le mokwalo ke tsa ga mang?” Ba mo raya ba re, “Ke tsa ga Kaesara.” \v 17 Mme Jesu a ba raya a re, “Go siame, fa e le gore ke tsa gagwe, mo neyeng ditsa gagwe. Mme tse eleng tsa Modimo di tshwanetse go newa Modimo!” Mme ba simolola go ingwaya ditlhogo ka ntlha ya go palelwa ke karabo ya gagwe. \s1 Potso ka ga lonyalo morago ga tsogo \p \v 18 Hong Basadukai ba tla kwa go ene, e le setlhopha sengwe sa banna se se reng ga go na tsogo ya baswi. Potso ya bone ke e: \p \v 19 “Moruti, Moshe o re neile molao gore fa motho a a swa a sena bana, a monnawe a tseye mosadi wa gagwe mme a nne le bana le ene mo leineng la ga mogolowe. \v 20-22 Go kile ga bo go le bomorwa motho ba supa mme yo mo tona a nyala, a swa a sena bana. Jalo monnawe a nyala motlholagadi yoo mme le ene a akofa a swa a sena bana. Mme yo mongwe a mo nyala le ene a swa a sena bana ga tswelela jalo go fitlhelela ba a swa botlhe. Mme le gona go ne go sena bana; morago ga moo mosadi le ene a swa. \p \v 23 “Se re batlang go se itse ke se—Mo tsogong ya baswi, e tlaa nna mosadi wa ga mang gonne e ne e le mosadi wa bone botlhe?” \p \v 24 Jesu a araba a re, “Molato wa lona ke gore ga lo itse dikwalo, le fa e le nonofo ya Modimo. \v 25 Gonne e tlaa re fa batho ba ba supang ba, le mosadi ba tsoga mo baswing, ba tlaa bo ba sa nyala mme ba tlaa bo ba tshwana le baengele. \p \v 26 “Mme kaga tsogo ya baswi a ga lo ise lo ke lo bale mo lokwalong lwa ga Ekesodo ka ga Moshe le setlhare se se tukang? Modimo o ne wa raya Moshe wa re, ‘Ke Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe’. \p \v 27 “Modimo o ne o bolelela Moshe gore batho ba, le fa ba sule mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fetileng, ba ne ba sa ntse ba tshela, gonne o ka bo o se ka wa re, ‘Ke Modimo wa ba ba seong!’ Lo dirile phoso e tona.” \s1 Taolo e kgolo \p \v 28 Mme mongwe wa baruti ba tumelo yo o neng a eme foo a reeditse puisanyo ya bone a lemoga gore Jesu o arabile sentle. Hong a botsa a re, “Mo melaong yotlhe, ke ofe wa botlhokwa?” \p \v 29 Jesu a araba a re, “Ke o o reng, ‘Utlwa wena Iseraele! Morena Modimo wa rona ke ene Modimo a le nosi. \v 30 Mme o tshwanetse go mo rata ka pelo yotlhe ya gago le ka mowa le ka tlhaloganyo le ka thata yotlhe ya gago.’ \p \v 31 “Wa bobedi wa re, ‘O tshwanetse go rata ba bangwe fela jaaka o ithata;’ ga go na melao epe e e fetang e.” \p \v 32 Mme Moruti wa tumelo a araba a re, “Morena o buile boammaaruri fa o re go na le Modimo o le mongwe fela mme ga go na ope gape. \v 33 Mme ke itse gore go tlhokega thata go mo rata ka pelo yotlhe ya me le ka kitso, le go rata ba bangwe jaaka ke ithata, go na le go ntsha mehuta yotlhe ya ditlhabelo mo aletareng ya Tempele.” \p \v 34 Mme e rile Jesu a lemoga go tlhaloganya ga monna yo a re, “Ga o kgakala le Bogosi jwa Modimo.” Mme morago ga moo ga seka ga tlhola ga nna le ope yo o pelokgale go mmotsa dipotso. \s1 Keresete ke Morwa Dafita \p \v 35 Ya re morago Jesu a ntse a ruta batho mo tikologong ya Tempele, a ba botsa potso e: “Ke eng fa baruti ba tumelo ya lona ba re, Mesia o tshwanetse a bo a le wa lotso lwa ga Kgosi Dafide? \v 36 Dafide ka esi o buile ka Mowa o o Boitshepo a re, ‘Modimo o reile Morena wa me wa re, nna ka fa letsogong ja me je legolo, ke be ke tle ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.’ \v 37 E re ka Dafide a ne a mmitsa Morena wa gagwe, o ka nna morwawe jang?” (Kakanyo e ya itumedisa bontsintsi jwa batho, mme ba mo reetsa ka kgatlhego e kgolo thata.) \p \v 38 Dilo dingwe tse a di ba rutileng ka nako eo ke tse: “Itlhokomeleng mo baruting ba tumelo! Gonne ba rata go apara diaparo tsa bahumi le tsa barutegi, le gore batho botlhe ba ba ikobele fa ba tsamaya mo marekisetsong. \v 39 Ba rata go nna mo ditilong tse di kwa pele mo ditempeleng le manno a tlotlo mo medirong, \v 40 mme ga ba tlhabiwe ke ditlhong go tsietsa batlholagadi mo matlung a bone, tota ba fitlha gore ke batho ba mekgwa e e ntseng jang, ba dira jaaka o ka re ba obamela Modimo ka go rapela dithapelo tse di telele mo ponong ya batho. Ka ntlha ya go dira jalo katlholo ya bone e tlaa nna e kgolo.” \s1 Seabe sa motlholagadi \p \v 41 Hong a ya fa letloleng la madi a Tempele a nna fa fatshe a lebelela fa bontsi jwa batho bo ntse bo latlhela madi. Bangwe ba ba neng ba humile ba ne ba latlhela a magolo. \v 42 Hong ga tla mosadi wa motlholagadi wa mohumanegi a tla a latlhela dithebe di le pedi. \p \v 43-44 A biletsa barutwa ba gagwe kwa go ene a re, “Mohumanegi yole wa motlholagadi o ntshitse mo go golo go feta gotlhe ga bahumi go kopantswe! Gonne bone ba ntshitse mo go botlana, ga dikhumo tsa bone, fa ene a ntshitse thebe ya gagwe ya bofelo.” \c 13 \s1 Ditshupo tsa metlha ya befelo \p \v 1 Mme ya re a tswa mo Tempeleng ka letsatsi leo, mongwe wa barutwa ba gagwe a re, “Moruti, dikago tse di dintle jang! Bona mekgabisa ya maje a a mo lokotswaneng jaaka e ntse.” \v 2 Jesu a araba a re, “Ee, bona! gonne ga go na leje lepe le le tlaa tlogelwang le tlhatlaganye le le lengwe, otlhe a tlaa fetoga matlotla.” \p \v 3-4 Mme ya re a ntse mo dithoteng tsa thaba ya Lotlhware go kgabaganya molatswana o o tswang Jerusalema, Petere le Jakobe le Anterea le Johane ba bo ba na nae mme ba mmotsa ba re, “Dilo tse tsotlhe di tlaa diragalela Tempele leng? A go tlaa nna le tlhagiso pele ga nako?” \p \v 5 Hong Jesu a dirisa nako e ntsi ya go ba tlhalosetsa a re, “Lo se letle ope go lo timetsa, \v 6 gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ikaya fa e le Mesia wa lona, mme ba tlaa timetsa ba le bantsi. \v 7 Mme go tlaa tsoga dintwa gongwe le gongwe mme mo ga se sesupo sa bokhutlo. \p \v 8 “Gonne dichaba le mebuso di tlaa tsogologelana, mme go tlaa nna dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a le mantsi le mauba. Mme dilo tse e tlaa bo e le dikai tsa ntlha tsa dipogisego tse di tlang. \v 9 Mme fa dilo tse di simolola go diragala, lo tlhokomele! Gonne lo tlaa bo lo le mo diphatseng tse dikgolo. Lo tlaa gogelwa fa pele ga basekisi, mme lo tlaa itewa mo ditempeleng, lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya go nna balatedi ba me. Se e tlaa bo e le nako ya lona ya go ba bolelela Mafoko a a Molemo. \v 10 Gonne Mafoko a a Molemo a tshwanetse go itsiwe mo merafeng yotlhe pele ga bokhutlo bo tla. \v 11 Mme fa lo tshwarwa lo bo lo sekisiwa, lo se ka lwa tshwenyega kaga se lo tlaa se buang go iphemela. Buang se Modimo o lo bolelelang gore lo se bue. Gonne e tlaa bo e se lona lo buang mme e le Mowa o o Boitshepo. \v 12 Mme morwa rraa motho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, borrabana ba tlaa neela bana ba bone, le bana ba tlaa neela batsadi ba bone gore ba bolawe. \v 13 Mme lo tlaa ilwa ke mongwe le mongwe ka ntlha ya gore lo ba me. Mme botlhe ba ba tlaa itshokang go ya bokhutlong ba sa intatole ba tlaa bolokwa. \p \v 14 “Mme fa lo bona selo se se makgapha se eme mo Tempeleng, mmadi, ela tlhoko! Tshaba, o tshabele kwa dithabeng tsa Judea fa go kgonega. \v 15-16 Akofa! Fa o le mo setlhoeng fa godimo ga ntlo, o se ka wa boela mo tlung. Fa o le kwa masimo, o se ka wa boela kwa gae go ya go tsaya madi kgotsa diaparo. \p \v 17 “A bo go latlhega basadi ba baimana mo malatsing ao, le basadi ba ba amusang. \v 18 Mme lo rapele gore go sia ga lona go se ka ga nna go le mariga. \v 19 Gonne malatsi ao e tlaa bo e le metlha ya pitlagano e e iseng e ke e nne teng fa e sa le kwa tlholegong ya lefatshe, mme ga go kitla go nna gape jalo. \v 20 Kwa ntle ga gore Morena a khutshwafatse nako eo ya kutlobotlhoko, ga go na le fa e le mowa ope mo lefatsheng o o tlaa bolokesegang, mme ka ntlha ya ba o ba ikgethetseng o tlaa khutshwafatsa malatsi ao. \p \v 21 “Mme fa mongwe a lo raya a re, ‘Yo ke Mesia’, kgotsa ‘ke yole’, lo se ka lwa mo ela tlhoko. \v 22 Gonne go tlaa nna bo-Mesia ba le bantsi ba tsietso le baporofiti ba tsietso ba ba tlaa dirang dikgakgamatso tse dintsi tse di tlaa timetsang ba le bantsi, le e leng bone bana ba Modimo tota. \v 23 Elang tlhoko! Ke lo tlhagisitse! \p \v 24 “Morago ga pitlagano eo, letsatsi le tlaa fifala mme ngwedi ga a kitla a phatsima. \v 25 Dinaledi di tlaa wa, magodimo a tlaa reketlisiwa. \p \v 26 “Hong batho botlhe ba tlaa mpona, Nna Morwa Motho ke tla ke le mo marung ka nonofo e kgolo le kgalalelo. \v 27 Mme ke tlaa romela baengele ba me go tla go phutha botlhe baitshenkedwi ba me go tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe le legodimo. \p \v 28 “Jaanong, thuto ke e ka setlhare sa mofeige. Fa dikala tsa one di simolola go kukunya le makakaba a simolola go tlhoga, lo itse sentle fela gore selemo se setse se gorogile. \p \v 29 “Mme fa lo bona dilo tse di diragala tse ke setseng ke tswa go di tlhalosa, lo ka tlhomamisa gore go tla ga me go setse go le gaufi, le gore ke setse ke le mo kgorong. \p \v 30 “Ee, tse ke ditiragalo tse di kayang nako ya bokhutlo. \v 31 Legodimo le lefatshe di tlaa nyelela, mme Lefoko la me le emetse ruri. \p \v 32 “Le fa go ntse jalo, ga go na ope, le fa e le baengele mo legodimong, le fa e le nna, ga ke itse letsatsi le fa e le nako e dilo tse di tlaa diragalang ka yone; fa e se Rara fela yo o itseng. \v 33 Mme ere ka lo sa itse gore go tlaa diragala leng, nnang lo itisitse. Nnang ka kelotlhoko kaga go boa ga me. \p \v 34 “Go tla ga me go ka tshwantshiwa ka monna yo o neng a tsamaya a ya kwa lefatsheng le sele, yo o neng a baya tiro yotlhe ya gagwe mo batlhankeng ba gagwe go e dira fa a sa ntse a seyo a tsamaile, mme a raya motlhokomedi wa kgoro a re, a lebelele go boa ga gagwe. \p \v 35-37 “Nnang lo lebeletse thata! Gonne ga lo itse gore a go tla ga me go tlaa bo go le maitseboa, bosigo, phakela kgotsa motshegare. Lo se ka lwa letla gore ke lo fitlhele lo robetse. Disang go bowa ga me! se ke molaetsa wa me mo go lona le mo go botlhe ba bangwe.” \c 14 \s1 Mosadi yo o tloditseng Jesu ka lookwane \p \v 1 Mme Modiro wa Tlolaganyo wa simologa morago ga malatsi a le mabedi, e le letsatsi la boitapoloso la Bajuta la ngwaga le ngwaga le go neng go sa jewe senkgwe se se bedisitsweng, baperesiti ba bagolo le ba bangwe baeteledipele ba Sejuta ba bo ba sa ntse ba batla leano le ba ka tshwarang Jesu ka lone ka sephiri go mmolaya. \p \v 2 Mme ba re, “Ga re ka ke ra dira jalo ka letsasi la modiro wa Tlolaganyo, e ka re kgotsa ga nna pheretlhego.” \p \v 3 Ka lobaka loo Jesu o ne a le kwa Bethania, mo tlung ya ga Simone wa molepero; ka nako ya dijo tsa maitseboa, mosadi mongwe a tla a tshotse kurwana ya setlolo se se tlhwatlhwa kgolo se se nkgang monate. Hong a thuba kurwana, a tshela setlolo mo tlhogong ya gagwe. \p \v 4-5 Bangwe ba ba neng ba le fa lomating lwa bojelo ba galefa thata kaga “tshenyo” eo, ka fa ba neng ba bua ka teng. Ba re, “O ka bo a rekisitse setlolo seo ka tlhwatlhwa e e kwa godimo mme a naya bahumanegi madi ao!” \p \v 6 Mme Jesu a re, “Mo leseng, lo mo omanyetsang ka go dira selo se se molemo. \v 7 Gonne lo na le bahumanegi malatsi otlhe mme ba tlhoka thuso mo go lona thata, lo ka kgona go ba thusa nako nngwe le nngwe e lo batlang go ba thusa ka yone; mme ga ke na go nna le lona ka lobaka lo lo leele. \v 8 O dirile se a neng a ka se kgona, mmele wa me o o tloleditse phitlho go sa le gale. \v 9 Mme ke lo bolelela ka tlhwaafalo ya boammaaruri gore gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a rerwang gone mo lefatsheng lotlhe, tiro ya mosadi yo, e tlaa nna e gakologelwa, e bo e galalediwa.” \v 10 Mme Judase Isekariota, mongwe wa barutwa ba gagwe, a ya kwa ditlhogong tsa baperesiti go ya go rulaganya go ba okela Jesu. \p \v 11 Erile fa baperesiti ba bagolo ba utlwa gore o tletse eng ba itumela thata ba bo ba mo solofetsa tuelo. Hong a simolola go batla nako e e siameng le lefelo le o ka okelang Jesu mo go lone. \s1 Jesu o baakanyetsa Selalelo \p \v 12 Ka letsatsi la ntlha la modiro wa Tlolaganyo, letsatsi le go neng go ntshiwa ditlhabelo tsa dikonyana, barutwa ba gagwe ba mmotsa gore o rata go ya go jela modiro wa Tlolaganyo kae? \v 13 Mme a roma ba le babedi kwa Jerusalema go ya go dira dithulaganyo a ba raya a re, “E tlaa re fa lo sa ntse lo tsamaya, lo tlaa bona monna a tla a lebaganye le lona a rwele nkgwana ya metse. Lo mo sale morago. \v 14 Mo tlung e o tsenang mo go yone, bolelelang mong-wa ntlo lo re, ‘Morena wa rona o re rometse go tla go bona ntlwana e lo e re baakanyeditseng, e re tlaa jelang modiro wa Tlolaganyo mo go yone maitseboeng ano!’ \v 15 O tlaa lo isa kwa ntlwaneng e e kwa godimo e kgolo e e baakantsweng. Baakanyang dijo tsa rona gone.” \p \v 16 Mme barutwa ba babedi ba tswelela jalo ba tsena mo motsing ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse jaaka Jesu a ba boleletse, mme ba baakanyetsa Tlolaganyo. \p \v 17 Mo maitseboeng Jesu a goroga le barutwa ba bangwe, \v 18 mme ya re ba ntse fa lomating lwa bojelo ba a ja, Jesu a re “Ammaaruri ke a lo raya mongwe wa lona o tlaa nkoka, mongwe wa lona yo o leng fano yo ke jang nae.” \p \v 19 Mme ba tlala khutsafalo e kgolo botlhe, mme mongwe le mongwe wa bone a mmotsa a re, “A ke nna?” \p \v 20 Mme a araba a re, “Ke mongwe wa lona ba ba lesome le bobedi yo ke jang nae fano gompeino. \v 21 Ke tshwanetse go swa, fela jaaka baporofiti ba boletse bogologolo; mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo fa a ka bo a sa tsalwa.” \v 22 Ya re ba ntse baa ja Jesu a tsaya senkgwe a se segofatsa a se ngathoganya a se ba naya a re, “Jaang se, ke mmele wa me.” \p \v 23 A tsaya senwelo sa mofine a leboga Modimo kaga sone a se ba naya, mme botlhe ba a nwa mo go sone. \v 24 Mme a ba raya a re, “Se ke madi a me, a a tshololetsweng batho ba le bantsi, a a kanelang kgolagano e ncha ya Modimo le batho. \v 25 Ammaaruri ke a lo raya ga nke ke tlhola ke e nwa loungo lwa mofine go fitlhelela letsatsi le ke nwang mofuta o sele mo Bogosing jwa Modimo.” \p \v 26 Hong ba opela sefela mme ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware. \s1 Petere o solofetsa go ema le Jesu \p \v 27 Mme Jesu a ba raya a re, “Lotlhe lo tlaa ntlogela, gonne Modimo o buile jaana ka baporofiti wa re, ‘Ke tlaa ya kwa Galalea go ya go kopana le lona teng.’” \p \v 28-29 Petere a mo raya a re, “Nna ga nkake ka go tlogela le fa ba bangwe ba ka go tlogela!” \p \v 30 Jesu a re, “Petere, Pele ga koko e tonanyana e lela la bobedi ka moso mo mosong o tla bo o intatotse gararo.” \p \v 31 Mme Petere a re, “Nnyaa! Le fa nkabo ke na le go swa nao ga nkake ka go itatola!” Mme ba ikana fela jalo botlhe. \s1 Jesu o rapela mo Gethesemane \p \v 32 Hong ba fitlha fa felong fa go bidiwang tshimo ya Gethesemane, a feta a raya barutwa ba gagwe a re, “Nnang fa, ke sa ntse ke ya go rapela.” \p \v 33 Mme a tsaya Petere, Jakobe le Johane a ya nabo, a simolola go fuduega thata le go tshwenyega. \v 34 A ba raya a re, “Mowa wa me o hutsafetse thata mo ruri go isang losong; nnang fano, lo lebelele le nna.” \p \v 35 A tsamaela fa pelenyana a wela fa fatshe, a rapela gore fa go ne go kgonega nako e e boitshegang e e mo letetseng e seka ya mo diragalela. \p \v 36 Mme a re, “Rara, Rara, dilo tsotlhe di ka diragala mo go wena. Tlosa senwelo se mo go nna. Le fa go ntse jalo ke batla thato ya gago, eseng ya me.” \p \v 37 Hong a boela kwa barutweng ba gagwe ba bararo a ba fitlhela ba robetse, a re, “Simone a o robetse? A o ne o sa ka ke wa leta le nna lobaka lwa oura e le nngwe fela? \v 38 lebelelang le nna lo rapele gore moraedi a seka a lo fenya. Gonne le fa mowa o le tlhaga mmele o bokoa.” \p \v 39 Mme a boa gape a ya go rapela, a boeletsa kopo ya gagwe. \v 40 A boela gape kwa go bone a fitlhela ba robetse, gonne ba ne ba lapile thata. Ba bile ba sa itse ka fa ba ka mo fetolang ka teng. \p \v 41 La boraro fa a boela kwa go bone a ba raya a re, “Tswelelang lo robale; Lo itapolose! Nnyaa! Nako ya go robala e setse e fetile! Bonang! ke okelwa mo diatleng tsa batho ba ba bosula. \v 42 Tsogang! Re tshwanetse go tsamaya! yo o nkokang o gaufi!” \s1 Go tshwarwa ga ga Jesu \p \v 43 Mme erile ka bonako a sa ntse a bua, Judase mongwe wa barutwa ba gagwe a goroga le setlhopha sa batho ba ba ipapanneng ka dichaka le melamu ba ba romilweng ke baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuta. \p \v 44 Judase o ne a ba boleletse gore, “Yo ke tlaa yang kwa go ene go mo dumedisa, lo itse gore ke ene mme lo mo tshware. Mme lo ka mo tsaya motlhofo.” \p \v 45 Mme erile fela jaaka ba goroga, a tlhamalalela kwa go Jesu, a re, “Morena!” Mme a mo tlamparela ka tshupo ya botsalano jo bogolo. \v 46 Jalo setlhopha sa batho sa mo tshwara. \v 47 Gone fela foo, mongwe a somola chaka, a kgaola motlhanka wa moperesiti yo mogolo tsebe. \p \v 48 Jesu a ba botsa a re, “A ke serukhutlhi se se diphatsa, gore lo bo lo tla ka tsela e lo tlang ka yone, lo tla kwa go nna lo ipapanne ka ditlhabano? \v 49 Ke eng lo ile lwa seka lwa ntshwara kwa Tempeleng? Ke ne ke le teng koo, ke ruta letsatsi le letsatsi. Mme le fa go ntse jalo, dilo tse di dirafala gore di tlatse diperofeso tse di buang ka ga me.” \p \v 50 Ka nakonyana, barutwa ba gagwe botlhe ba bo ba tshabile. \v 51-52 Mme le fa go ntse jalo ga bo go le lekawana lengwe le mo setse morago, le apere seaparo sa leloba e le seaparo sa bosigo. Ya re setlhopha seo se leka go mo tshwara, a falola, le fa go ntse jalo diaparo tsa gagwe tsa gagoga, a tshaba a sa ikatega. \s1 Jesu fa pele ga Moperesiti yo mogolo \p \v 53 Hong Jesu a isiwa kwa legaeng la Moperesiti yo Mogolo kwa bagolwane botlhe ba baperesiti le baeteledipele bangwe ba Sejuta ba neng ba phuthaganela teng. \v 54 Mme Petere a bo a mo setse morago a le kgakalanyana nae a ba a tla a tsena ka kgoro ya motse wa Moperesiti yo Mogolo a kotama fa molelong a nna fa gare ga batlhanka. \p \v 55 Mo teng baperesiti ba bagolo le ba Kgotla kgolo ya tshekelo ya Sejuta ba ne ba leka go bona sengwe se ba ka pegang Jesu molato ka sone gore ba tle ba mmolaye. Mme ga se ka ga kgonega. \v 56 Basupi ba le bantsi ba maaka ba ne ba ithaopa, mme bosupi jwa bone jwa ganetsanya. \p \v 57 Lwa bofelo ga ema banna ba bangwe ba bua maaka ka ga gagwe ba re, \v 58 “Re mo utlwile a re, ‘Ke tlaa senya Tempele e e agilweng ka diatla tsa batho mme mo malatsing a le mararo ke tlaa aga e nngwe e e sa dirwang ka diatla!’ ” \v 59 Le fa go ntse jalo ga ba ise ba ke ba bo ba bue polelo e e tlhamaletseng! \p \v 60 Hong Moperesiti yo mogolo a ema fa pele ga Lekgotla a botsa Jesu a re, “A o gana go arabela molato o? O na le eng se o ka iphemelang ka sone?” \v 61 Mme Jesu a seka a araba. Hong Moperesiti yo mogolo a mmotsa a re, “A o Mesia, Morwa Modimo?” \p \v 62 Jesu a araba a re, “Ke ene, mme lo tlaa mpona ke ntse ka fa letsogong la Modimo le legolo, ke tla mo lefatsheng ka maru a legodimo.” \p \v 63-64 Hong moperesiti yo Mogolo a ikgagola diaparo a re, “Re sa ntse re tlhoka eng gape? Re sa ntse re tlhoka bosupi jwa eng? Lo setse lo utlwile tlhapatso ya gagwe. Katlholo ya lona ya reng?” Mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore a atlholelwe loso. \p \v 65 Mme bangwe ba bone ba simolola go mo kgwela mathe, ba mmipa sefatlhogo ba mo itaya ka mabole. Ba mo sotla ba re, “Ke mang yo o go iteileng moporofiti?” Ba mo nyonnyobetsa. Le masole tota a ne a mo itaya ka mabole fa a ntse a tsamaya nae. \s1 Petere o itatola Jesu \p \v 66-67 Mme ka lobaka loo Petere o ne a le kwa tlase mo lolwapaneng. Mongwe wa basetsana ba ba neng ba direla Moperesiti yo Mogolo a lemoga Petere a ikomosa fa molelong. A tsepega Petere matlho a goa a re, “O ne o na le Jesu, wa Monasara.” \p \v 68 Petere a itatola a re, “Ga ke itse se o buang ka ga sone!” A tswela kwa ntle kwa mathuding a lolwapa. Gone fela foo koko e tonanyana ya lela. \p \v 69 Mme morweetsana a mmona a eme foo a simolola go bolelela ba bangwe, a re, “Ke yole morutwa wa ga Jesu!” \p \v 70 Petere a itatola gape. Moragonyana bangwe ba ba neng ba dikaganyeditse molelo ba simolola go raya Petere ba re, “Le wena o mongwe wa bone, gonne o tswa Galalea!” \p \v 71 A simolola go tlhapatsa a ikana a re, “Ga ke mo itse monna yo lo buang ka ga gagwe.” \p \v 72 Ka bonako koko e tonanyana ya lela lwa bobedi. Mme Petere a gakologelwa mafoko a ga Jesu a a reng, “Pele ga koko e tonanyana e lela lwa bobedi o tla a bo o intatotse gararo.” Mme a simolola go lela. \c 15 \s1 Jesu fa pele ga ga Pilatwe \p \v 1 Mme ya re mo mosong ditlhogo tsa bapereesiti le bagolwane ba phuthego, baruti ba tumelo le botlhe ba Kgotla kgolo, ba kopana go buisana kaga se ba neng ba tshwanetse go se dira. Maikaelelo a bone e ne e le gore masole a ise Jesu kwa go Pilatwe mmusi wa Seroma. \p \v 2 Pilatwe a mmotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuta?” Hong Jesu a fetola a re, “Ee, ke jaaka o bolela.” \p \v 3-4 Hong baperesiti ba bagolo ba mmaya molato ka dilo di le dintsi, mme Pilatwe a mmotsa a re, “Ke ka ntlha yang fa o sa bue sepe? Wa reng ka ga melato e ba e go pegang.” \p \v 5 Mme Jesu a seka a tlhola a bua sepe, mo go neng ga gakgamatsa Pilatwe thata. \p \v 6 Mme jaana, e ne e le tlwaelo ya ga Pilatwe go golola legolegwa le le lengwe la Mojuta ngwaga e nngwe le e nngwe ka nako ya Paseka, legolegwa lengwe fela le batho ba lopang gore le gololwe. \v 7 Mongwe wa magolegwa ka nako eo e ne e le Barabase yo o neng a atlhotswe le ba bangwe ka molato wa polao ya motho, ka nako ya ba tsogologela mmuso. \p \v 8 Hong lesomo la simolola go kokoanela Pilatwe, la mo kopa gore a golole legolegwa jaaka gale. \p \v 9 Pilatwe a botsa a re, “Go ka nna jang gore ke lo gololele kgosi ya Bajuta? A ke ene yo lo batlang a gololwa?” \v 10 Gonne o ne a lemoga gore se ke segwenegwene, se se neng se tlhotlhelediwa ke baperesiti ba bagolo gonne ba ne ba fufegela go tuma ga ga Jesu. \p \v 11 Mme ka nako e, baperesiti ba bagolo ba tlhotlheletsa lesomo gore le batle gore go gololwe Barabase boemong jwa ga Jesu. \p \v 12 Mme Pilatwe a botsa a re, “Fa ke golola Barabase, Ke tlaa dirang ka monna yo lo mmitsang kgosi ya lona yo?” \p \v 13 Mme ba goa ba re, “Mmapole!” \p \v 14 Pilatwe a ba galefela a re, “Ka ntlha yang? O dirileng sa bosula?” Ba tswelela ba goa thata ba re, “Mmapole!” \p \v 15 Mme Pilatwe ka ntlha ya go tshaba mokubukubu gape a rata go itumedisa batho, a ba gololela Barabase. A laola gore ba iteye Jesu ka kubu, a ba mo neela gore a bapolwe. \s1 Masole a sotla Jesu \p \v 16-17 Mme, masole a Roma a mo tsaya a mo isa kwa teng ga lolwapa lwa bogosi, ba bitsa mapodise a kgotla otlhe, ba mo apesa kobo e e bohibidu jo bo mokgona, ba mo direla serwalo sa mitlwa e meleele ba se mo rwesa. \v 18 Ba simolola go mo dumedisa ba re, “Ahee! Kgosi ya Bajuta!” \v 19 Mme ba mo itaya mo tlhogong ka lotlhaka ba mo kgwela mathe, ba khubama ka mangole ba mo “obamela”. \p \v 20 Erile ba sena go lapisiwa ke go mo sotla, ba mo apola seaparo sa gagwe se se bohibidu jo bo mokgona, mme ba mo apesa diaparo tsa gagwe gape, ba mo kgwakgwaetsa go ya go bapolwa. \s1 Jesu o a bapolwa \p \v 21 Simone wa Kurene yo o neng a tswa kwa ga bone ka nako eo, a patelediwa go sikara mokgoro wa ga Jesu. (Simone ke rraagwe Alekasantarea le Rufase). \p \v 22 Mme ba tsaya Jesu ba mo isa kwa felong fa go bidiwang Gologotha (Ke gore felo ga logata). \v 23 Ba mo naya mofine o o tlhakantsweng le ditlhare tse di babang mme a o gana. \v 24 Mme ba mmapola, ba tshelela diaparo tsa gagwe bola. \p \v 25 E ne e ka ne e le ka nako ya bofera-bongwe mo mosong fa papolo e diragala. \p \v 26 Lokwalo lo lo bolelang molato wa gagwe lo ne lo kokotetswe mo mokgorong fa godimo ga tlhogo ya gagwe lo balega jaana, “Kgosi ya Bajuta.” \p \v 27 Mme ga bo go bapotswe nae magodu a le mabedi mo mosong oo, mekgoro ya bone e tsentse wa gagwe fa gare. \v 28 Mme lokwalo lwa diragadiwa lo lo reng, “O baletswe le baleofi.” \p \v 29-30 Batho ba ne ba mo kgala fa ba feta, ba tshikinya ditlhogo tsa bone ka tshotlo, ba goeletsa kwa go ene ba re, “Ahee! Ipone jaanong; Ammaaruri o ka senya Tempele wa ba wa e aga mo malatsing a le mararo! Fa e le gore o nonofile go le kalo, ipoloke o fologe mo mokgorong.” \s1 Loso lwa ga Jesu \p \v 31 Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo le bone ba bo ba eme foo ba sotla Jesu. Ba re, “O botlhale thata go boloka ba bangwe, mme ene ga a kgone go ipoloka!” \p \v 32 Ba goa ba re, “Hee, wena Mesia!” “Wena Kgosi ya Iseraela! Fologa mo mokgorong mme re tlaa go dumela!” Le magodu a mabedi tota a a neng a swa nae a mo kgoba. \p \v 33 Erile e ka ne e le motshegare wa sethoboloko, lefatshe lotlhe la fifala go fitlhelela ka nako ya boraro mo tshokologong eo. \p \v 34 Hong Jesu a bitsa ka lentswe le legolo a re, “Eli, Eli Lamasabakatani?” (“Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”) \p \v 35 Bangwe ba batho ba ba neng ba eme foo ba gopola gore o ka ne a bitsa Elija moporofiti. \v 36 Hong mongwe a tla a taboga a ina ngami mo mofineng o o botlha a e tlhomela ka lotlhaka a re, “A re ke re bone gore a Elija o tlaa tla go mo folosa.” \p \v 38 Mme sesiro mo Tempeleng sa gagoga ka bogare go simologa kwa godimo go ya kwa tlase. \p \v 39 E rile fa lesole la Se-Roma le le neng le eme gaufi le mokgoro wa gagwe le bona ka fa o neng a neela mowa wa gagwe ka gone la re, “Ruri e ne e le Morwa Modimo!” \p \v 40 Basadi bangwe ba bo ba le foo ba lebeletse ba le kgakala, e le Marea Magatalena, Marea (mmaagwe Jakobe yo mmotlana le Josese), Salome le ba bangwe. \v 41 Bone le basadi ba bangwe ba bantsi ba Galalea ba e neng e le balatedi ba gagwe ba mo direla fa a le kwa Galalea, ba tsile nae mo Jerusalema. \s1 Phitlho ya ga Jesu \p \v 42-43 Dilo tse tsotlhe di ne tsa diragala pele ga Sabata. Mme ya re tshokologong ya letsatsi leo Josefe wa Arimathea, yo o neng a le leloko le le tlotlegang la Kgotla Kgolo ya Sejuta (yo o neng a lebeletse go tla ga Bogosi jwa Modimo), a nna pelokgale go ya kwa go Pilatwe go lopa setopo sa ga Jesu. \p \v 44 Pilatwe o ne a sa dumele gore Jesu o ne a setse a sule, hong a bitsa mogolwane wa Roma a mmotsa. \v 45 Mogolwane a tlhomamisa mafoko ao, Pilatwe a raya Josefe a re, “O ka nna wa tsaya setopo.” \p \v 46 Mme Josefe a ya go reka letsela le letelele la leloba a pagolola setopo sa ga Jesu mo mokgorong, a se phuthela ka letsela leo a se baya mo phupung e e neng e gabilwe mo lefikeng, a pitikela leje mo kgorong ya phupu. \p \v 47 Marea Magatalena le Marea MmaJosese ba ne ba le teng ba lebile Jesu fa a fitlhwa. \c 16 \s1 Tsogo ya ga Jesu mo losong \p \v 1-2 Mme mo maitseboeng a a latelang, fa Sabata e setse e fetile, Marea Magatalena le Salome le Marea mmaagwe Jakobe ba tsamaya ba ya go reka ditlolo go tlotsa setopo sa ga Jesu. Mo maphakeleng a magolo a letsatsi le le latelang fa letsatsi le tlhaba, ba tsaya ditlolo tseo ba ya natso kwa phupung. \v 3 Mo tseleng ba bo ba ntse ba buisanya ka gore ba tlaa feta ba tlosa jang letlapa le legolo fa kgorong ya phupu. \p \v 4 Mme ya re ba goroga ba leba ba bona gore letlapa le legolo le le bokete thata, le ne le setse le tlositswe mme kgoro ya lebitla ya bo e setse e bulegile! \p \v 5 Hong ba tsena mo phupung, mme mo letsogong le legolo ga bo go ntse lekau le apere diaparo tse di tshweu. Mme basadi ba gamarega. \v 6 Mme moengele a re, “Se boifeng. A ga lo batle Jesu wa Monasara yo o neng a bapotswe? Ga a yo fa! Bonang fa mmele wa gagwe o neng o robaditswe teng. \v 7 Jaanong tsamayang lo ise molaetsa o kwa barutweng ba gagwe le kwa go Petere lo re: Jesu o lo eteletse pele go ya Galalea; lo tlaa mmona gone, fela jaaka a lo boleletse pele ga aa swa!” \p \v 8 Basadi ba taboga ba tswa fa phupung, ba roroma ba tshogile thata mo ba neng ba palelwa ke go bua. \s1 Go iponatsa ga ga Jesu le go tlhatloga ga gagwe \p \v 9 E ne e le maphakela ka letsatsi la Tshipi mo mosong fa Jesu a tsoga mo baswing, mme motho wa ntlha go mmona e ne e le Marea Magatalena, mosadi yo Jesu o kileng a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e supa mo go ene. \p \v 10-11 Hong a fitlhela barutwa ba lela ka kutlobotlhoko mme a ba bolelela gore o bonye Jesu, le gore o tshedile. Mme ga ba a ka ba mo dumela! \v 12 Morago ga letsatsi leo a iponatsa mo go ba babedi ba ba neng ba tsamaya ba tswa Jerusalema ba ya kwa nageng, mme ga ba a ka ba mo lemoga lwa ntlha ka gore o ne a fetogile setshwano. \v 13 Mme ya re kwa bofelong fa ba lemoga gore ke mang, ba tabogela kwa Jerusalema go ya go bolelela ba bangwe, mme ga se ka ga nna le yo o ba dumelang. \p \v 14 Kwa moragonyana a iponatsha mo barutweng ba ba lesome le motso ba sa ntse ba a ja. Mme a ba omanyetsa thata go tlhoka go dumela ga bone, ka botlhogo-e-thata jwa bone le go gana go dumela ba ba mmonyeng a sena go tsoga. \p \v 15 Mme a ba raya a re, “Lo tshwanetse go ya mo lefatsheng lotlhe lwa rerela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo, gongwe le gongwe. \v 16 Ba ba dumelang ba bo ba kolobediwa ba tlaa bolokwa. Mme ba ba ganang go dumela ba tlaa sekisiwa. \v 17 Mme ba ba dumelang ba tlaa dirisa thata ya me go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe, ba tlaa bua dipuo tse di ncha. \v 18 Ba tlaa nna le thata ya go tshwara dinoga ba babalesegile, mme fa ba a nwa le fa e le eng se se bolayang ga se kitla se ba utlwisa botlhoko: Ba tlaa kgona go baya balwetse diatla ba ba fodisa.” \p \v 19 Erile Morena Jesu a sena go fetsa go bua le bone, a tsholelediwa kwa legodimong a ya go nna ka fa letsogong le legolo la Modimo. \p \v 20 Mme barutwa ba tswa ba ya gongwe le gongwe ba rera, mme Morena a bo a na le bone, a tlhomamisa se ba se buang ka dikgakgamatso tse di diragalang morago ga melaetsa ya bone.