\id LUK - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Luke \toc1 Luke \toc2 Luke \toc3 Luke \mt1 Luke \c 1 \s1 Diketapele \p \v 1-2 Go tsala e e ratang Modimo. Dipolelo tse dintsi kaga Keresete di setse di kwadilwe di dirisiwa ka maitshegeletso a tsone jaaka dipolelo mo go rona go tswa mo barutweng ba pele le ba bangwe ba ba di boneng ka matlho. \p \v 3 Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala mo go nna gore go ka siama fa nka boelela dipolelo tse gape go simolola ka palo ya ntlha go ya kwa go ya bofelo morago ga tlhotlhomiso tota ke be ke lo bolelela polelo e. \v 4 Go lo tlhomamisetsa boammaaruri kaga se lo se rutilweng. \s1 Moengele o iponatsa mo go Sakarea \p \v 5 Polelo ya me e simologa ka Moperesiti wa Sejuta, ebong Sakarea yo o tshedileng ka lobaka lwa Herode e le kgosi ya Judea. Sakarea e ne e le leloko la batsamaisi ba Tempele ya ga Abija, (mosadi wa gagwe Elisabetha le ene o ne a tshwana le ene e le leloko la baperesiti ba morafe wa Sejuta, wa losika lwa ga Arone.) \p \v 6 Sakarea le Elisabetha e ne e le batho ba ba boifang Modimo, ba tlhokometse go utlwa melao yotlhe ya Modimo mo moweng le mo lokwalong. \v 7 Mme ba ne ba sena bana, gonne Elisabetha e ne e le moopa; mme ka bobedi jwa bone ba bo ba tsofetse thata. \p \v 8-9 Ka letsatsi lengwe ya re Sakarea a tsamaisa tiro ya gagwe mo Templeng, gonne lesomo la gagwe le ne le le mo tirong mo bekeng eo, tlotlego ya mo tlela ya go tsena mo felong ga Boitshepo go ya go fisa mashwalo fa Pele ga Modimo. \v 10 Ka lobakanyana, bontsi jwa kokoano ya batho jwa emela kwa ntle ga Tempele, ba rapela jaaka ba tle ba dire fa mashwalo a fisiwa. \p \v 11-12 Sakarea o ne a le mo felong ga boitshepo fa ka tshoganetso Moengele a iponatsa mo go ene, a eme ka fa letsogong le legolo la sebeso sa ma-shwalo! Sakarea o ne a tshogile ebile a gamaregile. \v 13 Mme moengele a mo raya a re, “Se boife, Sakarea! Gonne ke tletse go go bolelela gore Modimo o utlwile thapelo ya gago le mosadi wa gago Elisabetha o tlaa tshola ngwana wa mosimane! Mme o tlaa mo raya leina o re Johane. \v 14 Ka bobedi jwa lona lo tlaa nna le boipelo jo bogolo le boitumelo ka botsalo jwa gagwe, mme ba le bantsi ba tla ipela le lona. \v 15 Gonne e tlaa nna mongwe wa batho ba bagolo ba Morena. A se ka a nwa mofine kgotsa seno se se tagisang-gonne o sa le a tladitswe ka Mowa o o Boitshepo, le e leng pele ga a tsalwa! \v 16 Mme o tlaa tlhotlheletsa Bajuta ba le bantsi go sokologela mo go Morena Modimo wa gagwe. \v 17 E tlaa nna motho yo o mowa o makgawekgawe a nonofile jaaka Elija, moporofiti yo mogolo; mme o tlaa etelela pele go tla ga ga Mesia, a baakanyetsa batho go goroga ga gagwe. O tlaa ba ruta go rata Morena fela jaaka bagolwane ba bone ba ne ba dira, le go tshela jaaka batho ba ba boifang Mo-dimo.” \p \v 18 Hong Sakarea a raya moengele a re, “Mme mo ga go kgonege! Ke setse ke le monna mogolo jaanong, le mosadi wa me le ene o tsofetse.” \p \v 19 Hong moengele a mo raya a re, “Ke Gabariele ke eme sentle fa pele ga Modimo. Ke one o o ntho-mileng kwa go wena ka mafoko a a molemo a! \v 20 Mme jaanong, ka gore ga o a ka wa ntumela, o tlaa dirwa semumu, o tlaa palelwa ke go bua go fitlhelela ngwana a tsholwa. Gonne mafoko a me a tlaa diragala ka nako e e leng yone.” \p \v 21 Ka lobakanyana kokoano ya batho kwa ntle ba bo ba letile Sakarea go boa, ebile ba gakgametse gore ke eng fa a diegile. \v 22 Ya re a tswa a bo a palelwa, ke go bua nabo, jalo ba lemoga fa a bonye ponatshegelo mo tempeleng. Ene a nna a ba gwetlha fela a ntse. \p \v 23 Hong a nna mo Tempeleng selekanyo sa malatsi a a setseng a tiro ya gagwe ya Tempele mme morago a boela gae. \v 24 Ka bonako morago ga lobaka Elisabetha mosadi wa gagwe a ithwala a nna a le nosi selekanyo sa kgwedi tse tlhano. \p \v 25 “A goa” a re, “Morena o pelotlhomogi mo go kae, go ntsha tlotlologo ya me ya go tlhoka bana!” \s1 Molaetsa ka go tsalwa ga ga Jesu \p \v 26 Kgwedi e e latelang Modimo wa roma moengele Gabariele kwa Nasaretha, motse wa Galalea, \v 27 kwa kgarebaneng, Marea, yo o neng a beeletswe go nyalwa ke monna yo o neng a bidiwa Josefe, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide. \p \v 28 Gabariele a iponatsa mo go ene a re, “A go nne boitumelo kgarebane e e rategang! Morena o na le wena!” \p \v 29 Marea o ne a tshwenyegile thata fa a leka go akanya se moengele a ka neng a se raya. \p \v 30 Moengele a mo raya a re, “Se tshoge Marea, gonne Modimo o thata. \v 31 Ka bonako jaanong o tlaa ithwala mme o tlaa nna le ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re ‘Jesu’ \v 32 O tlaa nna mogolo thata mme o tlaa bidiwa Morwa Modimo. Mme Morena Modimo o tlaa mo naya setilo sa bogosi sa mogolwagolwane wa gagwe Dafide. \v 33 O tlaa busa mo Iseraela ka bosakhutleng, Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo fela!” \p \v 34 Mme Marea a botsa moengele a re, “Ke ka nna jang le ngwana? ke le kgarebane.” \p \v 35 Moengele a mo fetola a re, “Mowa o o Boitshepo o tlaa tla mo go wena, le nonofo ya Modimo e tlaa go apesa, jalo ngwana yo o tlaa mo tsholang o tlaa ba a le boitshepo e le Morwa Modimo. \v 36 Mo godimo ga moo, Elisabetha ntsalao wa ‘moopa’ jaaka a bidiwa-o setse a na le dikgwedi di le thataro a ithwele mo botsofeng ja gagwe! \v 37 Gonne tsholofetso nngwe le nngwe e e tswang mo Modimong e tlaa diragala.” \p \v 38 Mme Marea a re, “Ke motlhanka wa Morena e bile ke batla go dira sengwe le sengwe se o se batlang. A sengwe le sengwe se o se buileng se diragale.” Hong moengele a nyelela. \s1 Marea o etela Elisabetha \p \v 39-40 Morago ga malatsi a se kae Marea a itlhaganelela kwa makhubung a Judea kwa motseng o Sakarea o neng a nna mo go one, go etela Elisabetha. \v 41 Mme ya re Elisabetha a utlwa tumediso ya ga Marea, ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe mme Elisabetha a tlala Mowa o o Boitshepo. \p \v 42 A tshega ka boitumelo a raya Marea a re, “o ratilwe ke Modimo mo basading botlhe, le ngwana, wa gago, o tlhologeletswe kgalalelo ya Modimo e kgolo. \v 43 Ana ke tlotlo e kgolo thata jang, e Mma-Morena wa me o nketetseng ka yone! \v 44 Erile fa ke utlwa lentswe la gago ka nako e o neng o ntumedisa ka yone, ngwana a tlola mo sebopelong sa me ka boitumelo! \v 45 O dumetse gore Modimo o tlaa dira se o se buileng; ke ka moo o go neileng letlhogonolo le le gakgamatsang le.” \s1 Pako ya ga Marea \p \v 46 Marea a fetola a re, “Ao, ke galaletsa Morena jang. \v 47 Ke itumela jang mo Modimong Mmoloki! \v 48 Gonne o tlhokometse motlhanka wa one wa morweetsana, le jaanong kokomana morago ga kokomana go ya bosakhutleng ba tlaa mpitsa mosegofadiwa wa Modimo. \p \v 49 “Gonne ene yo mogolo yo o boitshepo, o ntiretse dilo tse dikgolo. \v 50 Boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo tsamaya go tsweng kokomaneng go ya kokomaneng, mo go botlhe ba ba o boifang: \p \v 51 “Nonofo ya letsogo la gagwe e kgolo jang! O faladitse baikgantshi le ba ba ikgodisang. \v 52 O digile dikgosi tse di kgolo mo ditilong tsa tsone tsa bogosi mme o godisitse ba ba ingotlileng. \v 53 O kgorisitse dipelo tse di bolailweng ke tlala mme o busitse bahumi ba sa tsaya sepe. \v 54 Ebile o thusitse motlhanka wa gagwe Iseraele jang! Ga a ka a lebala tsholofetso ya kutlwelo-botlhoko. \p \v 55 “Gonne o solofeditse bo rraarona-Aberahame le bana ba gagwe go nna kutlwelo-botlhoko mo go bone go ya bosakhutleng.” \p \v 56 Marea a nna le Elisabetha selekanyo sa dikgwedi tse tharo mme a boela kwa legaeng la gagwe. \s1 Go tsalwa ga ga Johane wa mokolobetsi \p \v 57 Ka nako e, tebelelo ya ga Elisabetha e ne e setse e wetse, ka gore lobaka lo ne lo setse lo fitlhile lwa ngwana gore a tsholwe mme ya bo e le mosimane. \p \v 58 Mme lefoko la anamela ka bonako kwa go bangwe ka ene le ba losika gore Morena o mo diretse molemo go le kae, mme mongwe le mongwe a itumela. \p \v 59 E rile fa ngwana a na le malatsi a fera bobedi botlhe ba losika le ditsala ba tla modirong wa thupiso. Botlhe ba ne ba ithaya ba re leina la ngwana e tlaa nna Sakarea, a reelelwa rraagwe. \v 60 Mme Elisabetha a re, “Nnyaa! O tshwanetse go bidiwa Johane!” \p \v 61 Mme ba gakgamala ba re, “Wa reng? Ga go na ope mo go ba gaeno wa leina leo.” \v 62 Jalo ba botsa rangwana, ba bua le ene ka diatla. \p \v 63 Mme a kopa pampiri e e kwalelang mme mo kgakgamalong ya mongwe le mongwe a kwala a re, “Leina la gagwe ke Johane!” \p \v 64 Ka bonako Sakarea a kgona go bua gape, mme a simolola go baka Modimo. \p \v 65 Kgakgamalo ya wela botlhe ba ba agileng gaufi, mme mafoko a se se diregileng a anama le dithota tsa Judea. \v 66 Mme batho botlhe ba ba utlwileng kaga gone, ba akanya ka boleele ba ipotsa ba re, “Re a gakgamala gore ngwana yo o tsile go nna eng? Gonne letsogo la Morena ruri le mo okame ka mokgwa mongwe wa botlhokwa.” \v 67 Hong rraagwe ebong Sakarea a tlala Mowa o o Boitshepo mme a ntsha polelopele e e reng: \p \v 68 Bakang Modimo, Morena wa Iseraele gonne o tsile go etela batho ba gagwe mme o ba golotse. \v 69 O re romeletse Mmoloki yo o senatla a tswa mo losikeng lwa motlhanka wa gagwe Dafide, \v 70 fela jaaka a solofeditse ka baporofiti ba gagwe ba ba boitshepo mo lobakeng lo lo fetileng \v 71 gore o tlaa re romelela mongwe yo o tlaa re gololang mo babeng ba rona, le mo go botlhe ba ba re ilang. \p \v 72-73 “O na a le kutlwelobotlhoko mo bagolwaneng ba rona, ee, mo go Aberahame ka bo ene, ka go gakologelwa tsholofetso ya gagwe e e boitshepo mo go ene, \v 74 le go re naya tshwanelo ya go direla Modimo kwa ntle ga poifo, re golotswe mo babeng ba rona. \v 75 Le go re dira boitshepo le go amogelesega, re siametse go ema fa pele ga one ka bosakhutleng. \p \v 76 “Mme wena morwaaka yo mmotlana, o tlaa bidiwa moporofiti wa Modimo o o galalelang, gonne o tlaa baakanya ditsela tsa ga Mesia. \v 77 O tlaa bolelela batho ba one ka fa ba ka bonang poloko ka teng ka boitshwarelo jwa dibe. \v 78 Gotlhe mo go tlaa nna ka ntlha ya gore boutlwelo-botlhoko jwa Modimo wa rona bo bonolo thata, e bile bosa jwa legodimo bo tlaa re sela. \v 79 Go bonesetsa ba ba ntseng mo lefifing la moruti wa loso, le go re goga mo tseleng ya kagiso.” \p \v 80 Mme e rile ngwana a sena go gola a rata Modimo thata. A nna kwa ntle mo sekakeng a le esi go fitlhelela a simolola thuto ya gagwe mo Iseraele. \c 2 \s1 Go tsalwa ga ga Jesu \p \v 1 Ka nako e Kaesare Aguseto, Kgosi e kgolo ya Roma a ntsha molao wa gore merafe yotlhe e kwalwe. \v 2 Go kwalwa mo go ne ga dirwa ka lobaka lwa Kwirinio e le molaodi wa Siria. \p \v 3 Mongwe le mongwe o ne a kopiwa go boela kwa ga gabo mogolo go ikwadisa. \v 4 Mme Josefe ka e ne e le ngwana wa bogosi, a tshwanelwa ke go tswa kwa motseng wa Galalea wa Nasaretha a etela kwa Bethelehema mo Judea legae la bogologolo la ga Kgosi Dafide. \v 5 A tsamaya le Marea, mmeelediwa wa gagwe yo o neng a bonala a le moimana ka nako e. \p \v 6 Mme fa ba sa le teng foo, lobaka lwa tla lwa gore ngwana a tsholwe; \v 7 mme a tshola ngwana wa ntlha, e le mosimane. A mo phuthela ka kobo a mmaya mo bojelong jwa diruiwa, gonne ba ne ba sena bonno mo motseng wa baeti. \p \v 8 Bosigo joo badisa bangwe ba bo ba le mo nageng kwa ntle ga motse, ba disitse letsomane la bone la dinku. \p \v 9 Ka tshoganetso moengele a iponatsa mo go bone mme lefatshe la phatsima ka ntlha ya kgalalelo ya Morena, mme ba tshoga thata. \v 10 Mme moengele a ba nametsa a re, “Se boifeng!” “Ke lo lereditse mafoko a boitumelo jo bogolo jo bo tlaa bolelwang ka bosakhutleng, mme ke jwa mongwe le mongwe! \v 11 Mmoloki ee, Mesia o tsetswe bosigong jono mo Bethelehema! \v 12 Lo tlaa mo lemoga jang? Lo tlaa bona losea lo phuthetswe mo kobong, lo robaditswe mo bojelong!” \p \v 13 Ka tshoganetso moengele a tlhakana le lesomo le legolo la ba bangwe ebong mephato ya legodimo ba baka Modimo ba opela ba re: \p \v 14 “Kgalalelo e nne go Modimo kwa magodimong, le kagiso mo lefatsheng mo go botlhe ba ba mo itumedisang.” \p \v 15 Erile mophato o mogolo wa baengele o sena go boela gape kwa legodimong, badisa ba raana ba re, “A re yeng! A re yeng kwa Bethelehema! A re yeng go bona kgakgamatso e e diragetseng, e Morena o re boleletseng kaga yone.” \p \v 16 Mme ba sianela kwa motseng ba tsaya tsela e e yang kwa go Marea le Josefe. Mme ga bo go le ngwana a rapame mo bojelong. \v 17 Badisa ba bolelela mongwe le mongwe kaga se se diragetseng le se moengele o se ba boleletseng kaga ngwana yo. \v 18 Botlhe ba ba utlwileng polelo ya badisa ba gakgamala. \v 19 Mme Marea a baya dilo tse mo pelong ya gagwe ka tidimalo mme a akanya kaga tsone gantsi. \p \v 20 Hong badisa ba boela gape kwa nageng kwa letsomaneng la bone, ba galaletsa Modimo kaga go etelwa ke moengele le gore ba bone ngwana, fela jaaka baengele ba ba boleletse. \p \v 21 Morago ga malatsi a fera bobedi, kwa tirelong ya thupiso ya losea, a rewa leina gatwe Jesu, leina le o le neilweng ke moengele pele ga a ise a ithwalwe. \s1 Jesu o neelwa Morena mo Tempeleng \p \v 22 E rile fa nako e tla ya gore Marea a ntshe tshupelo ya ntlafatso kwa tempeleng, ka fa melaong ya ga Moshe morago ga botsalo jwa ngwana, batsadi ba gagwe ba mo tseela kwa Jerusalema go ya go mo neela mo Moreneng; \v 23 Gonne mo melaong e go tulwe, “Fa ngwana wa ntlha wa mosadi e le mosimane, o tlaa neelwa Morena.” \p \v 24 Ka nako eo batsadi ba ga Jesu le bone ba ntsha setlhabelo sa bone sa go itshekisiwa, a e ka nna maphoi a le mabedi! kgotsa maebana a mabedi! E ne e le kopo e e ka fa molaong. \v 25 Ka letsatsi leo monna yo o bidiwang Simione moagi wa Jerusalema, o na a le mo tempeleng. E ne e le monna yo o siameng, morapedi yo mogolo, a tletse Mowa o o Boitshepo ebile ka metlha yotlhe a solofetse Mesia go tla ka bonako. \v 26 Gonne Mowa o o Boitshepo o ne o iponaditse mo go ene gore ga a na go swa go fitlhelela a bona kgosi e e tloditsweng ya Modimo. \v 27 Mowa O O Boitshepo o ne wa mo tlhotlheletsa go ya kwa tempeleng ka letsatsi leo; mme jalo fa Marea le Josefe ba goroga go neela Jesu mo Moreneng ka go ikobela molao, \v 28 Simione o ne a le teng mme a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe, a baka Modimo. \p \v 29-31 A re, “Morena. Jaanong ke ka a swa ka kagiso! Gonne ke mmone jaaka o ntsholofeditse gore ke tlaa mmona, ke bone Mmoloki yo o mo neileng lefatshe. \v 32 Ke lesedi le le tlaa phatshimelang dichaba, e bile o tlaa nna kgalalelo mo bathong ba gago ba Iseraele!” \p \v 33 Marea le Josefe ba ema fela foo, ba gakgamalela se se buiwang kaga Jesu. \p \v 34-35 Simione a ba segofatsa mme a raya Marea a re, “Chaka e tlaa tlhaba mowa wa gago, gonne ngwana yo o tlaa ganwa ke batho ba le bantsi mo Iseraele ka ntlha ya tshenyego ya bone. Mme o tlaa nna boipelo jo bogolo jwa ba bangwe ba le bantsi. Le dikakanyo tse di kwa teng tsa dipelo tse di ntsi di tlaa senolwa.” \p \v 36-37 Ana, moporofiti wa mosadi o na a le teng ka letsatsi leo. E ne e le morwadia Fanuela, wa morafe wa Sejuta wa ga Ashere, mme o ne a tsofetse, gonne e ne e le motlholagadi wa selekanyo sa dingwaga di le masome a fera bobedi le bone go tloga mo dingwageng di supa tsa lenyalo la gagwe, o ne a seka a tloga mo tempeleng mme a nna teng bosigo le motshegare, a obamela Modimo ka go rapela le go itima dijo gantsi. \p \v 38 A atamela fa Simione a sa ntse a bua le Marea le Josefe, mme a simolola go leboga Modimo le go itsise mongwe le mongwe mo Jerusalema yo a neng a letile go tla ga Mmoloki kaga kgorogo ya ga Mesia. \v 39 Erile batsadi ba ga Jesu ba sena go diragatsa gotlhe mo go neng go tlhokwa ke Molao wa Modimo ba boela gae kwa Nasaretha mo Galalea. \v 40 Koo ngwana a feta a nna mosimane yo o thata yo o nonofileng, a ba a itsiwe ka botlhale jo bo fetileng dingwaga tsa gagwe; mme Modimo wa gorometsa matlhogonolo a one mo go ene. \s1 Jesu o bua le Baruti mo Tempeleng \p \v 41-42 Erile Jesu a le dingwaga di le lesome le bobedi a tsamaya le batsadi ba gagwe go ya kwa moletlong wa Tlolaganyo o ba neng ba o tsena ngwaga le ngwaga. \v 43 Morago ga moletlo ba simolola go boela gae kwa Nasaretha, mme Jesu a sala mo Jerusalema. Mme batsadi ba gagwe ga ba a ka ba mo tlhoka letsatsi la ntlha, \v 44 gonne ba ne ba gopola gore o na le ditsala mo baeting ba bangwe. Mme erile fa a sa bonale mo maabanyaneng ao, ba simolola go mmatla mo ditsaleng tsa bone. \p \v 45 Mme ya re ba sa mmone, ba boela kwa Jerusalema go ya go mmatla teng. \v 46-47 Morago ga malatsi a mararo ba mmona. O ne a le mo Tempeleng, a ntse fa gare ga baruti ba molao, a ganetsanya le bone ka dipotso tse di thata mme a gakgamatsa mongwe le mongwe ka kitso ya gagwe le dikarabo. \v 48 Mme batsadi ba gagwe ba se ka ba itse gore ba ka akanyang fa ba mmona a ntse foo a didimetse. Hong mmaagwe a mo raya a re, “Morwaaka! Ke eng fa o re diretse jaana. Rrago le nna re go batlile ka tlhoafalo gongwe le gongwe?” \p \v 49 Mme a ba raya a re, “Lo ne lo mpatlelang? A lo ne lo sa lemoge gore ke tlaa bo ke le fano mo Tempeleng, mo tlung ya ga Rre?” \p \v 50 Mme ba bo ba sa tlhaloganye gore o raya jang. \p \v 51 Hong a boela kwa Nasaretha le bone a ba utlwa; mme mmaagwe a boloka dilo tse tsotlhe mo pelong ya gagwe. \v 52 Mme Jesu a gola a nna moleele ebile a le botlhale, mme a ratwa ke Modimo le batho. \c 3 \s1 Tiro ya ga Johane wa Mokolobetsi \p \v 1-2 Mme e rile mo ngwageng ya lesome le botlhano ya puso ya ga kgosi kgolo Teberio Kaefase, molaetsa wa tla mo go Johane (morwa Sakarea) ka a ne a nna kwa ntle mo dikakeng (Pilatwe e ne e le mmusi mo Judea ka lobaka loo; Herode e le mmusi mo Galalea, monnawe Filipo e le mmusi mo Iturea le Trakoniti; Lusaniase e le mmusi mo Abilene; Anase le Kaeafase e le baperesiti ba bagolo ba Sejuta). \v 3 Hong Johane a tsamaya gongwe le gongwe mo ditlhakoreng tsoopedi tsa noka ya Jorodane, a rera gore batho ba tshwanetse go kolobediwa go supa gore ba sokologetse mo Modimong, ebile ba sokologile mo dibeng tsa bone, gore ba tle ba itshwarelwe. \p \v 4 Mo mafokong a ga moporofiti Isaia, Johane e ne, “E le lentswe le le kuang mo sekakeng, le re baakanyang tsela e Morena o tlaa tsamayang mo go yone! Mo katolosetseng tsela. \v 5 Ritibatsang dithaba! Katelang melatswana! Tlhamalatsang ditsela tse di kgopo! Rethefatsang le tsone tse di dikhuti! \v 6 Ke gone batho botlhe ba tlaa bonang Mmoloki yo o tswang legodimong.” \p \v 7 Se ke sekai sa thero ya ga Johane mo dikokoanong tsa batho ba ba neng ba tsile kolobetsong: “Losika lwa dinoga ke lona! Lo leka go falola molete kwa ntle ga go sokologela mo Modimong ka boammaaruri! Ke gone ka moo lo batlang go kolobediwa! \v 8 Tsamayang pele lo ye go itshupa ka mokgwa o lo tshelang ka one gore ke boammaaruri lo ikwatlhaile. Le gone lo se ka lwa akanya gore lo falotse ka gore lo losika lwa ga Aberahame. Moo ga go a lekana. Modimo o ka ntsha bana ba ga Aberahame mo majeng a a sekaka a! \p \v 9 “Selepe sa katlholo ya gagwe se tlhomilwe mo godimo ga lona, se baakanyeditswe go kgaola medi ya lona le go lo kgaolela fa fatshe. Ee, setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo siameng se tlaa rengwa se be se latlhelwa mo molelong.” \p \v 10 Mme batho ba ba kokoaneng ba fetola bare, “O batla gore re direng?” Hong a ba fetola a re, \p \v 11 “Fa o na le dikobo di le pedi,” naya yo o tlhokang e nngwe. Fa o na le dijo tse dingwe di abele ba ba bolailweng ke tlala. \p \v 12 Le e leng bone bakgethisi tota ba ba itsegeng ka bosula jwa bone ba tla go kolobediwa mme ba botsa ba re, “Re tlaa go tlhomamisetsa jang gore re latlhile dibe tsa rona?” \v 13 Johane a re, “Ke tlaa itse jang boammaaruri jwa lona. Tlhomamisang gore lo seka lwa phutha makgetho a a fetang a mmuso wa Seroma o o lo kopang gore lo a kokoanye.” \p \v 14 Mme masole mangwe a botsa a re, “A le rona? Jaanong ka ga rona?” Johane a fetola a re, “Lo seka lwa gapa madi ka patiko le thubakanyo; lo se pateletse ope ka ga se lo itseng a sa se dire; mme itumeleleng tuelo ya lona!” \p \v 15 Batho botlhe ba solofetse Mesia go tla ka bonako, ebile ba gakaletse go itse gore a Johane ke ene kgotsa nnyaa. E e ne e le potso ya lobaka lwa oura, mme ba ne ba tsaya kgang ka yone gongwe le gongwe. \p \v 16 Johane a araba potso e a re, “Ka nna legale ke lo kolobetsa ka metsi; mme mongwe o e tla yo o nang le nonofo e kgolo go feta yame; yo ke sa tshwanelang le fa e le go nna motlhanka wa gagwe mme ene o tlaa lo kolobetsa ka molelo ka Mowa o o Boitshepo. \v 17 O tlaa kgaoganya mmoko le mabele, a tshube mmoko ka molelo o o sa khutleng mme a boloke mabele.” \v 18 A dirisa ditlhagiso di le dintsi fa a ntse a bolelela batho mafoko a a molemo a Modimo. \p \v 19-20 (Mme ya re Johane a sena go bona Herode mmusi wa Galalea molato, ka go nyala Herodease, mosadi wa ga monnawe, le ka ga diphoso tse dintsi tse o di dirileng, Herode a tsenya Johane mo kgolegelong, ka go dira jalo a ba a oketsa sebe se, mo go tse dingwe tse dintsi tsa gagwe). \s1 Go kolobediwa ga ga Jesu \p \v 21 Erile ka letsatsi lengwe Jesu ka boene a tlhakana le boidiidi jwa batho ba ba neng ba kolobediwa ke Johane. Mme e rile fa a sena go kolobediwa, a rapela, mme magodimo a bulega, \v 22 mme Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi wa tlhomama mo godimo ga gagwe, mme lentswe le le tswang legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang thata. Ee, o boitumelo jwa me.” \p \v 23 Jesu o ne a na le dingwaga di ka nna masome mararo fa a simolola tirelo ya gagwe. O na a itsege e le morwa Josefe. \p \v 24 Josefe rraagwe e ne e le Eli; Eli rraagwe e ne e le Lefi; Lefi rraagwe e ne e le Meleki; Meleki rraagwe e ne e le Janai; Janai rraagwe e ne e le Josefe; \p \v 25 Josefe rraagwe e ne e le Mathatio; Mathatio rraagwe e ne e le Amose; Amose rraagwe e ne e le Nahume; Nahume rraagwe e ne e le Eseli; Eseli rraagwe e ne le Nagai; \p \v 26 Nagai rraagwe e ne e le Maathe; Maathe rraagwe e ne e le Mathatio; Mathatio rraagwe e ne e le Semeine; Semeine rraagwe e ne e le Joseke; Joseke rraagwe e ne e le Joda; \p \v 27 Joda rraagwe e ne e le Joane; Joane rraagwe e ne e le Resa; Resa rraagwe e ne e le Sorobabela; Sorobabela rraagwe e ne e le Salatheile; Salathiele rraagwe e ne e le Neri; \p \v 28 Neri rraagwe e ne e le Meleki; Meleki rraagwe e ne e le Adi; Adi rraagwe e ne e le Kosame; Kosame rraagwe e ne e le Elemadame; Elemadame rraagwe e ne e le Ere; \p \v 29 Ere rraagwe e ne e le Joshua; Joshua rraagwe e ne e le Eliesere; Eliesere rraagwe e ne e le Jorime; Jorime rraagwe e ne e le Mathate; Mathate rraagwe e ne e le Lefi; \p \v 30 Lefi rraagwe e ne e le Simione; Simione rraagwe e ne e le Juda; Juda rraagwe e ne e le Josefe; Josefe rraagwe e ne e le Joname; Joname rraagwe e ne e le Eliakime; \v 31 Eliakime rraagwe e ne e le Melea; Melea rraagwe e ne e le Mene; Mene rraagwe e ne e le Matatha; Matatha rraagwe e ne e le Nathame; Nathame rraagwe e ne e le Dafide; \v 32 Dafide rraagwe e ne e le Jese; Jese rraagwe e ne e le Obede; Obede rraagwe e ne e le Boase; Boase rraagwe e ne e le Sala; Sala rraagwe e ne e le Naasone; \p \v 33 Naasone rraagwe e ne e le Aminadabe; Aminadabe rraagwe e ne e le Admine; Admine rraagwe e ne e le Areni; Areni e ne e le rraagwe Eserome; Eserome e ne e le rraagwe Perese; Perese rraagwe e ne e le Juda; \p \v 34 Juda rraagwe e ne e le Jakobe; Jakobe rraagwe e ne e le Isake; Isake rraagwe e ne e le Aberahame; Aberahame rraagwe e ne e le Thara; Thara rraagwe e ne e le Nagore; \p \v 35 Nagore rraagwe e ne e le Seruge; Seruge rraagwe e ne e le Ragau; Ragau rraagwe e ne e le Faleke; Faleke rraagwe e ne e le Ebere; Ebere rraagwe e ne e le Sala; \p \v 36 Sala rraagwe e ne e le Kainame; Kainame rraagwe e ne e le Arpagasadi; Arpagasadi rraagwe e ne e le Sheme; Sheme rraagwe e ne e le Lamege; \v 37 Lamege rraagwe e ne e le Methusela; Methusela rraagwe e ne e le Enoke; Enoke rraagwe e ne e le Jareke; Jareke rraagwe e ne e le Mahalele; Mahalele rraagwe e ne e le Kainame; \p \v 38 Kainame rraagwe e ne e le Enose; Enose rraagwe e ne e le Sethe; Sethe rraagwe e ne e le Adamo; Adamo rraagwe e ne e le Modimo. \c 4 \s1 Go raelwa ga ga Jesu \p \v 1-2 Mme ya re Jesu a ntse a tletse Mowa O O Boitshepo, a tloga mo nokeng ya Jorodane, a tlhotlheleditswe ke Mowa O O Boitshepo a ya mafatshing a Judea, kwa Satane o neng a mo raela selekanyo sa malatsi a le masome a mane. O ne a sa je sepe mo lobakeng loo lotlhe, mme a ba a tshwerwe ke tlala. \p \v 3 Satane a mo raela a mo raya a re, “Fa o le Morwa Modimo, raya leje le o re le fetoge senkgwe.” \v 4 Mme Jesu a mo fetola a re, “Go kwadilwe mo dikwalong gatwe, ‘Dilo dingwe mo botshelong di botlhokwa thata go na le senkgwe.’ ” \p \v 5 Mme Satane a mo tseela kwa godimo mme a mmontsha magosi a lefatshe otlhe ka nako e khutshwane; \v 6-7 mme Satane a mo raya a re, “Ke tlaa go naya magosi a mantle a otlhe le kgalalelo ya one gonne ke a me ke a naya mongwe yo ke eletsang go a mo naya fa o ka khubama ka mangole wa nkobamela.” \v 8 Jesu a fetola a re “Re tshwanetse go obamela Modimo, ene ka esi. ‘Go kwadilwe jalo mo dikwalong.’ ” \p \v 9-11 Hong Satane a mo tseela kwa Jerusalema kwa setlhoeng se se kwa godimo sa Tempele mme a re, “Fa o le morwa Modimo itige! Gonne dikwalo tsa re Modimo o tlaa romela baengele ba one go go sireletsa le go go tlamela gore o seka wa sugakana fa fatshe!” \p \v 12 Mme Jesu a fetola a re, “Dikwalo gape tsa re ‘O se leke bopelotelele jwa Modimo.’ ” \p \v 13 Erile Diabole a sena go fetsa dithaelo tsotlhe a tlogela Jesu ka lobakanyana mme a tsamaya. \v 14 Mme Jesu a boela kwa Galalea, a tletse nonofo ya Mowa O O Boitshepo. Mme ka bofefo a tuma mo tikologong ya kgaolo eo yotlhe. \v 15 Gonne o ne a galalediwa ke mongwe le mongwe mo disenagogeng ka ntlha ya dithero tsa gagwe. \s1 Jesu o rera kwa Nasaretha \p \v 16 E rile fa a tsena mo motsing wa Nasaretha, mo legaeng le o tsaletsweng mo go lone, a ya jaaka gale kwa tlung ya thuto ka Sabata, mme a ema a bala dikwalo. \v 17 Mme a neelwa lokwalo lwa ga Moporofiti Isaia, mme a lo bula mo kgaolong e e reng. \v 18-19 “Mowa wa Modimo o mo go nna. O ntaoletse go rerela bahumanegi Mafoko a a Molemo; o nthometse go fodisa dipelo tse di phatlogileng le go bolela gore magolegwa a tla gololwa, le difofu di tlaa bona, bapatikegi ba tlaa gololwa mo bagateleding ba bone le gore Modimo o ipaakanyeditse go naya letlhogonolo botlhe ba ba tlang mo go one.” \p \v 20 Mme a tswala lokwalo a lo busetsa kwa molebeleding, a nna fa fatshe, mongwe le mongwe mo senagogeng a mo lebeletse thata ka tlhoafalo. \v 21 Hong a oketsa a re, “Dikwalo tse di diragetse gompieno!” \p \v 22 Botlhe ba ba neng ba le foo ba bua sentle kaga gagwe e bile ba gakgamaditswe ke mafoko a mantle a a neng a tswa mo molomong wa gagwe. Mme ba botsa ba re, “Mo go ka diragala jang. A motho yo ga se morwa Josefe?” \p \v 23 Mme Jesu a re, “Nkete lo tlaa mpuela seane se se reng, ‘Ngaka, iphodise’ ke gore, ‘Ke eng fa o sa dire dikgakgamatso fano mo legaeng la gaeno jaaka tse o neng o di dira kwa Kaperenama?’ \v 24 Mme ke lo tlhomamisetsa gore ga go moporofiti ope yo o amogelesegang mo ga gabo!” \p \v 25-26 Sekai ke se, “Gakologelwang jaaka moporofiti Elija a ne a dira Sarefa a le moeti go tswa lefatsheng la Sidona. Go ne go le batlholagadi ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba tlhoka thuso mo malatsing ao a leuba, gonne go ne go se na pula selekanyo sa dingwaga di le tharo le sephatlo, mme tlala ya tsena mo lefatsheng ka bokukuntshwane; le fa go ntse jalo Elija a ba a sa romelwa kwa go bone. \v 27 Kgotsa akanyang moporofiti Elija, yo o neng a fodisa Naamane wa Mosiria, bogolo go balepero ba le bantsi ba Sejuta ba ba neng ba tlhoka thuso.” \p \v 28 Mme mafoko a a ba shakgatsa thata; \v 29 Mme ba tlola, ba mo gagautlha ba ba ba mo tseela kwa losing lwa lentswe le le godileng mo go neng go agilwe motse teng, go mo kgoromeletsa mo godimo ga lekhubu. \v 30 Mme a tswa mo bontsintsing jwa batho a ba tlogela. \s1 Jesu o koba mowa o o maswe \p \v 31 Mme a boela kwa Kaperenama, motse o o mo Galalea, mme a ruta teng mo senagogeng ka Sabata mongwe le mongwe. \p \v 32 Teng koo le gone batho ba gakgamadiwa ke dilo tse o neng a di bua. Gonne o ne a bua jaaka mongwe yo o itseng boammaaruri mo boemong jwa go nankola megopolo ya ba bangwe. \p \v 33 Mme ya re nako nngwe a ruta mo ntlung ya thuto, monna yo o neng a tsenywe ke mowa o o maswe a simolola a goeletsa kwa go Jesu a re, \p \v 34 “Tsamaya! Ga re na sepe le wena, Jesu wa Nasaretha. O tsile go re senya, ke a itse gore o mangMorwa Modimo yo o boitshepo.” \p \v 35 Jesu a mo kgaodisa go bua a re, “Didimala!” A raya mowa o o maswe a re, “Tswela kwa ntle!” Mme mowa o o maswe wa latlhela monna fa fatshe fa bontsintsing jwa batho bo ntse bo lebeletse; mme wa mo tlogela ‘o’ sa mo utlwisa botlhoko gope. \p \v 36 Hong batho ba botsa ka kgakgamalo ba re, “Ke eng se se mo mafokung a monna yo fa le mewa e e maswe e mo utlwa?” \v 37 Mme polelo kaga se a se dirileng ya anama jaaka molelo wa naga mo tikologong yotlhe. \s1 Jesu o fodisa batho bale bantsi \p \v 38 Erile a sena go tloga mo tlung ya thuto ka letsatsi leo, a ya kwa legaeng la ga Simone kwa a neng a fitlhela mogwagwadia Simone wa mosadi a lwala thata bolwetse jwa letshoroma. Mme batho botlhe ba mo kopa go re a mo fodise. \p \v 39 Ya re a eme fa thoko ga bolao jwa gagwe a bua le letshoroma, a le kgalemela, ka bonako a fola a tsoga a ba direla dijo! \p \v 40 Ya re letsatsi le phirima mo maabanyaneng ao, baagi ba motse botlhe ba ba nang le balwetse mo magaeng a bone, go sa re sepe gore e ka bo e le malwetse a a ntseng jang, ba ba tlisa kwa go Jesu; mme erile fa a ba baya diatla ba fola. \v 41 Bangwe ba ne ba tsenwe ke mewa e e maswe, mme mewa e e maswe ya tswela kwa ntle ka taolo ya gagwe, ya goa ya re, “O Morwa Modimo.” Mme ka gore ba ne ba itse fa e le Keresete, a ba didimatsa. \p \v 42 Mme ya re phakela mo mosong o o latelang a tswela kwa ntle mo sekakeng. Bontsintsi jwa batho ba mmatla gongwe le gongwe mme ya re fa ba mmonang gone ba mo kopa gore a seka a ba tlogela, mme a nne kwa Kaperenama. \v 43 Mme a ba fetola a re, “Ke tshwanetse go rera Mafoko a a Molemo a bogosi jwa Modimo le mo metseng e mengwe, gonne ke sone se ke se tletseng.” \v 44 Jalo a nna a tsamaya a rera mo matlung a thuto mo Judea otlhe. \c 5 \s1 Jesu o tlhopha barutwa \p \v 1 Mme ya re ka letsatsi lengwe a rera mo lotshitshing lwa lecha la Genesareta, bontsintsi jo bogolo jwa batho jwa kokoanela mo go ene go reetsa Lefoko la Modimo. \v 2 Mme a lebela mekoro e mebedi e e senang sepe e eme fa thoko ga metse fa batshwari ba ditlhapi ba tlhatswa matloa a bone. \v 3 Erile Jesu a tsena mo go mongwe wa mekoro, a raya Simone mong wa mokoro o mongwe a re, a o suteletse kwa pelenyana mo metsing gore a tle a nne mo go one a bue le batho a le mo teng. \p \v 4 Erile a sena go fetsa go bua, a raya Simone a re, “Jaanong tsamaela fa go boteng o lese matloa a gago mme o tlaa tshwara ditlhapi di le dintsi!” \v 5 Mme Simone a fetola a re, “Morena,” re dirile thata bosigo jotlhe mme ra se ka ra tshwara sepe, mme fa o rialo re tlaa leka gape. \p \v 6 Mme ka nako e matloa a bone a ne a tlala thata mo e leng gore a ne a simolola go gagoga! \v 7 Mme go goa ga bone ba batla thuso ga tlisa bangwe ka bone mo mokorong o mongwe mme ka bonako mekoro yotlhe ya bo e tletse ditlhapi mo e ka nwelang. \p \v 8 Erile Simone Petere a lemoga se se diragetseng a itigela ka mangole fa pele ga ga Jesu mme a re, “Ao, Morena, tswee-tswee, re tlogele ke moleofi yo mogolo go ka nna le wena.” \v 9 Gonne o ne a gakgamaditswe thata ke selekanyo se ba se tshwereng jaaka ba bangwe ba ba neng ba na le bone. \v 10 Le bapati ba bangwe le bone bo Jakobe le Johane, bomorwa Sebede. Mme Jesu a fetola a re, “Se tshwenyege! go simolola gompieno lo tlaa tshwara mewa ya batho!” \v 11 Mme ya re ka bonako fa ba fologa mo mekorong ba tlogela tsotlhe ba tsamaya le ene. \s1 Jesu o fodisa molepero \p \v 12 Mme ka letsatsi lengwe mo motsaneng mongwe o a neng a o etela, teng koo ga bo go le monna yo o neng a na le lepero le le sa foleng. Erile a bona Jesu a itigela fa fatshe fa pele ga gagwe, a oba sefatlhogo a kopa gore a fodisiwe. A re, “Morena, fa o rata o ka mphodisa.” \p \v 13 Hong Jesu a otlolola seatla a ama monna yoo mme a re, “Go ntse jalo ke a rata, fola!” Mme lepero la mo tlogela ka bonako. \v 14 Mme Jesu a mo laela gore a tsamaye ka bofefo a sa bolelele ope se se diragetseng le go ya go tlhatlhojwa ke moperesiti wa Sejuta. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntsha setlhabelo se ka molao wa ga Moshe se batlwang mo baleperweng ba ba fodisitsweng. Se se tlaa supegetsa mongwe le mongwe gore o fodile.” \v 15 Hong polelo ya nonofo ya gagwe ya anama ka bonako mme kokoano e kgolo ya batho ya tla go utlwa a ruta le go fodisiwa malwetse a bone. \v 16 Mme Jesu o ne a tle a ngwangwaelele kwa nageng go ya go rapela. \s1 Jesu o fodisa segole \p \v 17 Ka letsatsi lengwe fa a ntse a ruta, bangwe ba molao ba bo ba ntse gaufi nae. (Go ne go bonala fa batho ba ba ne ba tswa mo metsaneng mengwe le mengwe ya Galalea otlhe le Judea, le mo Jerusalema). Mme nonofo ya phodiso ya Morena e ne e le mo go ene. \p \v 18-19 Mme bonang! banna bangwe ba tlaa ba tshotse monna yo o suleng mofama a robetse mo phateng. Ba leka go itshukela mo gare ga bontsintsi jwa batho go ya kwa go Jesu mme ba se ka ba mmona. Jalo ba tlhatlogela mo ditlhomesong fa godimo ga gagwe, ba tlosa makote a a neng a khurumetse ditlhomeso mme ba baya fa fatshe monna yo o lwalang mo bontsintsing jwa batho, a ntse a robetse mo phateng, fa pele ga ga Jesu! \p \v 20 Mme ya re Jesu a bona tumelo ya bone, a raya monna a re, “Tsala ya me, dibe tsa gago di itshwaretswe!” \p \v 21 Mme Bafarasai le baruti ba molao ba botsanya ba re, “Motho yo o ikgopola a le eng?” O a tlhapatsa! E mang fa e se Modimo yo o ka itshwarelang dibe. \v 22 Jesu a ba a setse a itsile se ba se akantseng, mme a fetola a re, “Ke eng fa e le tlhapatso? \v 23 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa?” \p \v 24 Jaanong ke tlaa supa thata ya me go itshwarela sebe ka go supa nonofo ya me ka go fodisa bolwetse. Mme a raya monna yo o suleng mofama a re, “Ema o menaganye phate ya gago o ye gae.” \v 25 Mme ya re ka bonako, fa mongwe le mongwe a lebeletse, monna a nanoga a tsaya phate ya gagwe a ya gae a baka Modimo. \v 26 Mme mongwe le mongwe yo o neng a le foo a tshwarwa ke kgakge le letshogo. Mme ba baka Modimo, ba boaboela gangwe le gape ba re, “Re bone dilo tse di gakgamatsang gompieno.” \s1 Jesu o tlhopha Lefi \p \v 27 Mme morago ya re Jesu a tswa mo motseng a bona mokgethisi ka sekao sa gale sa go tsietsa a ntse fa bokgethelong. Leina la monna yo e ne e le Lefi, Jesu a mo raya a re, “Tla o nne mongwe wa barutwa ba me!” \p \v 28 Mme Lefi, a tlogela sengwe le sengwe a nanoga a tsamaya le ene. \p \v 29 Mme ka bonako Lefi a dira modiro mo legaeng la gagwe a o direla Jesu e le moeng yo o tlotlegang. Ba le bantsi ba ditsala tsa ga Lefi tsa bakgethisi le baeti ba bangwe ba ne ba le teng. \p \v 30 Mme Bafarasai le baruti ba molao ba ngongoregela barutwa ba ga Jesu ka go ja le baleofi ba mofuta oo. \p \v 31 Mme Jesu a ba araba a re, “Ke molwetse yo o tlhokang ngaka eseng ba ba itekanetseng, \v 32 Tiro ya me ke go laletsa baleofi gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, eseng go senya nako ya me ka ba ba ikgopolang gore ba setse ba siame thata.” \s1 Jesu o tlhalosa ka go ikitsa dijo \p \v 33 Ngongorego e nngwe e ne e le ya gore barutwa ba ga Jesu ba dira modiro mo boemong jwa go ikitsa dijo, fa barutwa ba ga Johane le ba Bafarasai bone ba aga ba itima dijo ebile ba rapela. Ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago bone ba a nwa ba a ja?” \p \v 34 Jesu a botsa a re, “A batho ba ba itumelang ba ka ikitsa go ja? A balalediwa ba lenyalo ba ka tshwarwa ke tlala fa ba le mo moketeng le monyadi? \v 35 Mme nako e tlaa tla e monyadi o tlaa bolawang ka yone; ke gone ba se kitlang ba batla go ja.” \p \v 36 Hong Jesu a dirisa setshwantsho se: a re, “Ga go na ope yo o gagolang sebata sa seaparo se sesha go bitiya seaparo se segologolo, gonne seaparo se sesha se tlaa bo se sentswe, mme seaparo se segologolo se tlaa lebega se le maswe ka ntlha ya sebata se sesha mo go sone. \v 37 Mme ga go ope yo o ka tshelang seno sa mofine se sesha mo teng ga dinkgwana tse di kgologolo, gonne seno se sesha se tlaa phunya dinkgwana mme di tsholole mofine. \v 38 Mofine o mosha o tshwanetse go tshelwa mo dinkgwaneng tse disha. \v 39 Mme ga go ope yo e a reng a sena go nwa mofine o mogologolo a eletse o mosha. Mme batho ba re ditsela tsa bogologolo di botoka.” \c 6 \s1 Jesu o tlhalosa ka molao wa Sabata \p \v 1 Ka Sabata mongwe ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaya mo gare ga masimo mangwe a mabele, ba kgetla diako ba sosorela ditlhaka mo diatleng tsa bone mme ba a ja mabele. \p \v 2 Mme Bafarasai bangwe ba re, “Ga go ka fa molaong! Barutwa ba gago ba roba mabele, mme go kgatlhanong le molao wa Sejuta go dira jalo go le Sabata.” \p \v 3 Jesu a fetola a re, “A ga lo bale dikwalo? a ga lo ise lo ke lo bale se Kgosi Dafide o neng a se dira fa ene le batho ba gagwe ba ne ba tshwerwe ke tlala? \v 4 O ne a tsena mo teng ga Tempele mme a tsaya senkgwe sa tshupelo, senkgwe se se neng se tlhophetswe go bewa fa pele ga Morena, mme a se ja se sa letlelelwa go jewa fela jaaka mo go sa letlelelwa mme a se kgaogana le ba bangwe.” \v 5 Mme Jesu a tlatsa a re, “Ke Morena le wa Sabata tota.” \p \v 6 Ka Sabata nngwe o ne a le mo tlung ya thuto a ruta, mme monna mongwe a ba a le foo yo o golafetseng letsogo le legolo. \v 7 Baruti ba molao le Bafarasai ba lebelela sentle go bona gore a o tlaa fodisa monna ka letsatsi leo, ka e ne e le la Sabata. Gonne ba ne ba ikaeletse go mmaya molato. \v 8 Hong a itse megopolo ya bone jang! Mme a raya monna yo o neng a golafetse letsogo a re, “Tla o eme fa, fa mongwe le mongwe a tlaa go bonang gone.” Mme monna a dira jalo. \p \v 9 Hong Jesu a raya Bafarasai le baruti ba molao a re, “Ke na le potso. A go siame go dira tshiamo ke letsatsi la Sabata, kgotsa go tlhokofatsa? Go boloka botshelo kgotsa go bo senya?” \p \v 10 A leba mongwe le mongwe wa bone mme a raya monna a re, “Otlolola letsogo la gago,” mme ya re a le otlolola, la fola! \v 11 Mme ya re ka ntlha ya tiragalo e, baba ba ga Jesu ba galefa thata, mme ba simolola go rerisanya polao ya gagwe. \s1 Jesu o tlhopha Baaposetoloi \p \v 12 Ka letsatsi lengwe Jesu a tswela mo dithabeng go ya go rapela, bosigo jotlhe. \v 13 Mme ya re letsatsi le tswa a bitsa balatedi ba gagwe a tlhopha ba le lesome le bobedi mo go bone go nna baeteledipele ba barutwa ba gagwe. (Ba ne ba tlhomamisiwa jaaka “Baapostoloi,” ba gagwe kgotsa “Barongwa.”) \v 14-16 Maina a bone ke a: Simone (yo o neng a bidiwa Petere), Anderea (monnawe Simone), Jakobe, Filipo, Barotholomea, Mathaio, Thomase, Jakobe, (morwa Alafaio), Simone, (yo o neng a bidiwa “Moselote”) Judase (morwa Jakobe), Judase Isekariota (yo o neng ya re morago a oka Jesu). \s1 Ba ba segofaditsweng le ba ba hutsitsweng \p \v 17-18 Erile fa ba fologa mekgokolosa ya thaba, ba ema le Jesu mo lobaleng lo lo tona, ba dikaganyeditswe ke bontsi jwa balatedi ba gagwe, ba le bone ba neng ba dikaganyeditswe ke bontsintsi jwa batho. Gonne batho botlhe ba ba tswang mo tikologong ya Judea le go tswa Jerusalema le go tswa bokgakala jwa bokone jwa lotshitshi lwa lewatle la Ture le Sidona ba ne ba tsile go mo reetsa a ruta kgotsa a fodisa. Mme a kgoromeletsa mewa e e maswe e le mentsi ntle. \v 19 Mongwe le mongwe o ne a leka go mo ama, gonne ka go dira jalo nonofo ya phodiso e ne e tswa mo go ene mme ba fodisiwe. \p \v 20 Hong a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba raya a re, “Lo sego lona ba lo bahumanegi, gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa lona! \v 21 Lo sego lona ba lo bolawang ke tlala, gonne lo tlaa kgorisiwa. Lo sego lona ba lo lelang gonne nako e e tla, e lo tlaa tshegang ka boitumelo! \p \v 22 “Lo sego motlhang batho ba ba lo ilang ba ikgaoganya le lona ba lo kgoba ba lo senya leina ka ntlha ya gore lo ba me! \v 23 Fa moo go diragala itumeleng! Ee, ipeleng gonne lo tla nna le tuelo e kgolo. Mme lo tlaa nna mo lesomong le le siameng baporofiti ba bogologolo ba ne ba dirwa jalo le bone. \p \v 24 “Mme mafutsana a letile bahumi! Gonne ba na le boitumelo fela fano. \v 25 Ba nonne ba tsweletse pele gompieno, mme lobaka lwa tlala e e boitshegang lo ba letile. Ditshego tsa bone tse e seng tsa sepe gompieno di raya kutlobotlhoko. \v 26 Mme kutlobotlhoko e lebagane ba ba galalediwang ke batho gonne baporofiti ba tsietso ba ne ba aga ba galalediwa jalo. \s1 Go rata baba \p \v 27 “Reetsang! Ratang baba ba lona. Direlang tshiamo ba ba lo ilang. \v 28 Rapelelang boitumelo ba ba lo hutsang; kopelang ba ba lo utlusang botlhoko matlhogonolo a Modimo. \p \v 29 “Fa mongwe a go faphola mo lerameng, mo lese a faphole le lengwe! Fa mongwe a go kopa baki, mo nee le hempe ya gago. \v 30 Naya se o nang naso yo o se kopang; mme fa dilo di tshotswe mo go wena, se tshwenyege ka gore di boe. \v 31 Direla ba bangwe jaaka o batla ba go direla. \p \v 32 “A o gopola gore o tshwanetswe ke tlotlo ka go rata ba ba go ratang fela? Le baleofi ba dira jalo! \v 33 Mme fa o direla molemo fela ba ba go direlang molemo-a moo go siame? Le baleofi ba dira jalo! \v 34 Fa o adima madi fela ba ba go duelang ana ke tshiamo, efe? Le baikepi ba bagolo le bone ba tle ba adime baikepi ka bone gore ba amogele mo go kalo gape! \p \v 35 “Ratang baba ba lona! Ba direleng tshiamo. Ba adimeng! Mme lo se ka lwa tshwenyega ka gore ga ba kitla ba duela. Hong tuelo ya lona kwa legodimong e tlaa nna kgolo thata, mme ruri lo tlaa dira jaaka bomorwa Modimo: Gonne o siametse ba ba sa lebogeng le ba ba bosula. \p \v 36 “Leka go supa kutlwelo botlhoko e tona jaaka Rraeno a dira. \s1 Go tshwaya ba bangwe diphoso \p \v 37 “O se ka wa tshwaya diphoso kgotsa wa sekisa, e se re kgotsa ga boela mo go wena. Direla ba bangwe ka bopelonomi; mme le bone ba tlaa go direla jalo. \v 38 Gonne fa o aba, o tlaa bona! Mpho ya gago e tlaa go boela ka botlalo e bile e le selekanyo se se tshologang, e papietswe e tshikintswe go direla tse dingwe photlha, e bile e penologa. A e ka bo e le selekanyo sefe se o se dirisang se se tona kgotsa se se nnye se tlaa dirisiwa go lekanya se se go boelang.” \p \v 39 Dingwe tsa ditshwantsho tsa dipolelo tse Jesu a neng a di dirisa mo ditherong tsa gagwe ke tse: “Go thusang gore sefofu se etelele se sengwe kwa pele? Gonne e tlaa re se wela mo kgatamping se gogele se sengwe mo teng. \p \v 40 “Moithuti o ka itse jang go gaisa moruti wa gagwe? Mme fa a ithuta thata o ka tshwana le moruti wa gagwe. \p \v 41 “Mme ke eng fa o tshwenyega kaga selabe se se mo leitlhong la yo mongwe ebong molato o monnye wa gagwe fa mosipori o le mo go la gago? \v 42 O ka akanya jang go mo raya o re, mokaulengwe, tla ke go thuse go ntsha selabe mo leitlhong la gago, fa o sa kgone go bona ka ntlha ya mosipori pele ke gone gongwe o ka bonang sentle go dira sengwe ka selabe sa gagwe. Moitimokanyi: \p \v 43 “Setlhare se se tswang mo thitong e e siameng ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo motlhofo le ditlhare tse di tswang mo thitong e e motlhofo ga di ka ke tsa ungwa loungo lo lo tlhophegileng. \v 44 Setlhare se lemogwa ka mofuta wa loungo lwa sone. Maungo a difeige ga a ka ke a ungwiwa ke ditlhare tse di mitlwa, kgotsa moretlwa mo manganeng. \p \v 45 “Motho yo o siameng o ntsha ditiro tse di siameng mo pelong e e siameng. Mme motho yo o bosula o ntsha dilo tse di bosula mo boikepong jwa gagwe jo bo fitlhegileng. Sengwe le sengwe se se mo pelong ya gagwe se fetogela mo puong. \s1 Moagi yo o botlhale le yo o seeleele \p \v 46 “Jaanong ke eng fa lo mpitsa Morena lo sa nkutlwe? \v 47-48 Mme botlhe ba ba tlang go reetsa le go nkutlwa ba tshwana le monna yo o agang ntlo mo motheong o o nonofileng o o beilweng mo lefikeng le le kwa tlase. E re fa merwalela e tlhatloga e thubaka ntlo, e eme e nitame mo lefikeng. \v 49 Mme ba ba reetsang mme ba sa utlwe ba tshwana le monna yo o agileng ntlo e e senang motheo. E re fa merwalela e elelela mo tlung eo, e senyege e be e tswe letlotla.” \c 7 \s1 Tumelo ya molaodi wa masole \p \v 1 Erile Jesu a sena go fetsa thero ya gagwe a boela mo motsing wa Kaperenama. \p \v 2 Fela ka yone nako eo motlhanka yo mogolo wa moeteledi pele wa mophato wa Seroma o ne a lwala a bile a le gaufi le go swa. \v 3 E rile fa moeteledipele wa mophato a utlwa kaga Jesu, a romela bangwe ba Sejuta ba ba tlotlegang go ya go mo kopa gore a tle go fodisa motlhanka wa gagwe. \v 4 Hong ba simolola go kopa Jesu ka tlhoafalo go ya le bone go thusa monna yoo. Ba mmolelela ka fa moeteledipele wa masole o neng a le senatla ka gone. “Fa mongwe a tshwanelwa ke go thusiwa, ke ene, \v 5 gonne o rata Bajuta o bile o re agetse ntlo ya thuto!” \p \v 6-7 Jesu a tsamaya le bone; mme ya re pele ga ba goroga kwa tlung, moeteledipele wa masole a romela ditsala dingwe go ya gore, “Morena o se ka wa itapisa ka go tla kwa lwapeng la me, gonne ga ke a tshwanelwa ke tlotlo e e kalo kgotsa le fa e le go ka kopana nao, bua lefoko fela fa o leng teng mme motlhanka wa me o tlaa fola. \v 8 Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya maotlana a magolo, mme ke na le taolo mo bathong ba me. Ke na le tshwanelo ya gore ‘Tsamayang!’ mme ba tsamaye; kgotsa ‘Tlang!’ mme ba tle; mme ke reye motlhanka wa me ke re, dira se kgotsa sele; mme a se dire. [Jalo, bua fela jaana o re, ‘Fola’ mme motlhanka wa me o tlaa fola!].” \p \v 9 Jesu a hakgamala. A retologela kwa bathong ba ba kgobokaneng a re, “Ga ke ise nke ke kopane le motho wa tumelo e e ntseng jaana mo Bajuteng botlhe ba ba mo Iseraele.” \p \v 10 Mme ya re ditsala tsa moeteledipele wa masole di boela kwa tlung ya gagwe, tsa fitlhela motlhanka a fodile gotlhelele! \s1 Jesu o tsosa ngwana wa lekawana wa motlholagadi \p \v 11 Morago ga lobakanyana Jesu a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ya kwa motsaneng wa Naine le batho ba bantsi ba mo kgobokanetse jaaka gale. \v 12 Popelelo ya phitlho ya tswela kwa ntle fa Jesu a atamela kgoro ya motsana. Mosimane yo o neng a sule e ne e le ene fela ngwana wa mosimane wa mosadi wa motlholagadi, mme bahutsahadi ba le bantsi ba tswa nae mo motsaneng oo. \p \v 13 E rile fa Morena a mmona, pelo ya gagwe ya tlala kutlwelobotlhoko. Mme a mo raya a re, “Se lele!” \v 14 Hong a tsamaela kwa kesing ya moswi! Mme a e ama, mme batshodi ba yone ba ema. A mo raya a re, “Morwaaka, tsoga mo losong!” \p \v 15 Hong mosimane a nna sentle mme a simolola go bua le ba ba neng ba mo dikaganyeditse! Mme Jesu a mmusetsa kwa go mmaagwe. \p \v 16 Letshogo le legolo la tsena batho, mme ba goa ba baka Modimo. Ba re, “Moporofiti yo mogolo o tsogile mo gare ga rona mme re bonye letsogo la Modimo le dira gompieno!” \p \v 17 Polelo ya se a se dirileng ka letsatsi leo ya anamela ka bonako go tswa ntlheng e nngwe go ya go e nngwe ya Judea le go kgabaganya melelwane tota. \s1 Jesu o laela barutwa ba ga Johane \p \v 18 Mme barutwa ba ga Johane wa Mokolobetsi ba tloga ba utlwa gotlhe mo Jesu o neng a go dira. Ya re ba bolelela Johane kaga gone, \v 19 a romela bangwe ba barutwa ba gagwe ba le babedi kwa go Jesu go ya go mmotsa ba re, “A o Mesia tota? Kgotsa re nne re mo lebeletse?” \p \v 20-22 Barutwa ba babedi ba fitlhela Jesu a sa ntse a alafa balwetse ba malwetse a a farologanyeng, a fodisa digole le difofu ebile a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe. Erile ba mmotsa potso ya ga Johane, a fetola a re, “Boelang kwa go Johane mme lo mmolelele gotlhe mo lo go boneng le mo lo go utlwileng gompieno: gore ba ba neng ba foufetse ba a bona! Batlhotsi ga ba tlhole ba tlhotsa! Balepero ba setse ba fodisitswe! Bosusu ba a utlwa! Baswi ba a rula! Mme bahumanegi ba utlwa Mafoko a a Molemo. \v 23 Mme lo mmolelele gore, ‘Go sego yo o sa latlhegelwang ke tumelo mo go nna.’ ” \p \v 24 Erile ba sena go tsamaya Jesu a bua le batho kaga Johane. A re, “Motho yo ke mang yo lo neng lo ile go mmona mo sekakeng sa Judea? A lo ne lwa mmona a le motlhofo jaaka bojang jo bo sutisiwang ke mosumo mongwe le mongwe wa phefo! \v 25 A lo kile lwa mmona a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo? Nnyaa! Batho ba ba nnang mo monateng ba bonwa mo matlung a segosi, e seng kwa ntle mo sekakeng. \v 26 Mme a lo kile lwa bona moporofiti? Ee! Le go feta moporofiti? \v 27 Ke ene yo dikwalo di neng di mo raya fa di re, ‘Bona! Ke romela morongwa wa me kwa pele ga gago, go go baakanyetsa ditsela!’ \v 28 Mo bathong botlhe ga go na ope yo mogolo go feta Johane. Mme le fa go ntse jalo yo mmotlana mo Bogosing jwa Modimo o mogolo go mo feta.” \p \v 29 Mme botlhe ba ba utlwileng Johane a rera, le e leng bone ba ba neng ba le bosula thata, ba dumela gore se se batlwang ke Modimo se siame, mme ba kolobediwa ke ene. \p \v 30 Botlhe ba kolobediwa kwa ntle ga Bafarasai le baruti ba molao wa ga Moshe. Ba ne ba gana leano la Modimo mo go bone mme ba gana kolobetso ya ga Johane. \v 31 Mme Jesu a ba botsa a re, “Ke ka reng ka batho ba ba ntseng jalo? Ke ka ba tshwantsha le eng? \v 32 Ba tshwana le setlhopha sa bana ba ba ngongoregang mo ditsaleng tsa bone, ba re, ‘Ga lo rate fa re tshameka “Lonyalo” e bile ga lo rate fa re tshameka phitlho!’ \v 33 Gonne Johane wa Mokolobetsi o ne a tlwaetse go tsamaya a sa tsaya dijo e bile a se ke a tsaya seno mo botshelong jwa gagwe jotlhe, mme lwa re, ‘O tshwanetse a ba a tsenwa!’ \v 34 Mme ke ja dijo tsa me e bile ke nwa mofine wa me mme lwa re, ‘Kana Jesu o rata dijo jang! E bile o a nwa! E bile o na le ditsala tsa mofuta o o kwa tlase!’ \v 35 Mme nna ke tlhomamisa gore lo ka kgona go itshegetsa mo tshiamololong ya lona.” \s1 Mosadi wa seaka o tlotsa Jesu lookwane \p \v 36 Hong mongwe wa Bafarasai a kopa Jesu gotla kwa lwapeng lwa gagwe go ya go ja, mme Jesu a amogela taletso eo. Ya re ba nna fa fatshe ba a ja, \v 37 mosadi wa mebila, wa seaka, a utlwalela fa Jesu a le foo mme a lere lebotlolo le tletse setlolo se se tlhwatlhwa kgolo. \p \v 38 Ya re a tsena mo teng a obama fa dinaung tsa gagwe ka mangole, a lela go fitlhela dinao tsa ga Jesu di kolobediwa ke dikeledi tsa gagwe; mme a di phimola ka moriri wa gagwe a di atla a ba a tshela setlolo mo go tsone. \p \v 39 E rile Mofarasai mongwe yo Jesu o neng a mmiditse, a bona se se diregang le gore mosadi e ne e le mang, a ithaya a re, “Se supa gore Jesu ga se moporofiti, gonne fa tota a ne a romilwe ke Modimo, o ka bo a itsile gore mosadi yo ke wa mofuta ofe!” \p \v 40 Hong Jesu a buela kwa godimo a araba dikakanyo tsa ga Simone wa Mofarasai a re, “Ke na le sengwe se ke batlang go se bua le wena.” Simone a fetola are, “Gosiame moruti, tswelela.” \p \v 41 Hong Jesu a mmolelela polelo e: “Monna o kile a adima batho ba babedi madi, a adima yo mongwe dikete di le tlhano tsa dipula mme a adima yo mongwe makgolo a matlhano a dipula. \v 42 Mme ga go ise go ke go nne le ope wa bone yo o neng a mo duela, jalo ka bopelo-tlhomogi a ba itshwarela botlhe, a ba lesa gore ba seka ba duela. Ke ofe yo o gopolang gore o ne a mo rata thata morago ga moo?” \p \v 43 Simone a araba a re, “Ke gopola gore ke yo o neng a mo kolota thata.” Jesu a dumela a re go ntse jalo. \p \v 44 Hong a retologela kwa mosading a raya Simone a re, “A o bona mosadi yo o khubameng fa yo! Erile ke tsena mo lwapeng lwa gago ga o a ka wa tshwenyega ka go nnaya metse go tlhapa lorole mo dinaong tsa me, mme ene o di tlhapisitse ka dikeledi tsa gagwe a ba a di phimola ka moriri wa gagwe! \v 45 Lo nkganeletse katlo ya tlwaelesego ya tumediso, mme ene o atlile dinao tsa me gangwe le gape go simologa ka nako e ke neng ke goroga ka yone. \v 46 Lo ne lwa tlhokomologa bopelonomi jwa gale jwa lookwane lwa motlhware go tlotsa tlhogo ya me, mme ene o bipile dinao tsa me ka setlolo se se sa tlwaelesegang. \v 47 Ka moo dibe tsa gagwe tse dintsi di itshwaretswe, gonne o nthatile thata; mme yo o itshwaretsweng go le gonnye go supa lorato lo lo nnye.” \v 48 Mme a mo raya a re, “Dibe tsa gago di itshwaretswe.” \p \v 49 Mme banna ba ba neng ba ntse fa lomating lwa bojelo ba raana ba re, “Monna yo o akanya gore ke mang, yo o tsamayang a itshwarela dibe?” \v 50 Mme Jesu a raya mosadi a re, “Tumelo ya gago e go bolokile; tsamaya ka kagiso.” \c 8 \s1 Sekai ka molemi \p \v 1 Mme ka bofefo morago ga moo a etela metse le metsana ya Galalea go bolela go tla ga Bogosi jwa Modimo, mme a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi. \v 2 Basadi bangwe ba tsamaya nae, ba o ntshitseng mewa e e maswe mo go bone kgotsa ba o ba fodisitseng; mo go bone go ne go le Marea Magatalena (Jesu o ne a ntshitse mewa e e maswe ele supa mo go ene). \v 3 Joana mosadi wa ga Chusa (Chusa e ne e le molaodi wa papadi ya ga Kgosi Herode a bile a le motlhokomedi wa ntlo ya segosi le dilwana tsa yone). Susana, le ba bangwe ba ba neng ba ntsha dikatso go otla Jesu le barutwa ba gagwe. \p \v 4 Ka letsatsi lengwe a neela boidiidi jwa batho ba ba neng ba phuthegile go tla go mo utlwa, setshwantsho se, fa ba bangwe ba bantsi ba sa ntse ba le mo tseleng ba tswa mo metseng e mengwe. \v 5 “Molemi o kile a tswela kwa tshimong ya gagwe go ya go jala peo. Ya re a gasa peo fa fatshe, nngwe ya yone ya wela mo tseleng mme ya gatakwa; mme dinonyane tsa e e ja ka e ne e le mo lobaleng. \v 6 Peo e nngwe ya wela mo mmunyaneng o go neng go ikadile letlapa ka fa tlase ga one. Peo ya simolola go gola, mme ka bonako ya swaba ya a swa ka ntlha ya go tlhoka longola. \v 7 Peo e nngwe ya wela mo gare ga masitlwana, mme medi e mennye ya akofa ya hupela. \v 8 E nngwe ya wela mo mmung o o molemo; peo e ya gola ya ungwa thobo ya selekanyo sa lekgolo go menagane go gaisa ka fa a neng a jetse ka teng.” (Ya re a a fa setshwantsho se a re, “Yo o nang le ditsebe a a utlwe.”) \s1 Jesu o tlhalosa sekai sa molemi \p \v 9 Baapostoloi ba gagwe ba mmotsa gore polelo e e rayang. \p \v 10 Mme a fetola a re, “Modimo o lo letleletse go itse tlhaloso ya ditshwantsho tse, gonne di bolela tiro e kgolo ya Bogosi jwa Modimo. Mme bontsintsi jo jwa batho bo utlwa mafoko mme ga ba tlhaloganye, fela jaaka baporofiti ba boletse. \p \v 11 “Tlhaloso ya sone ke e: Peo ke molaetsa wa Modimo mo bathong. \v 12 Tsela e e kwakwaletseng e peo nngwe e wetseng mo go yone e tshwantshiwa le dipelo tse di thata tsa batho ba ba utlwang mafoko a Modimo, mme diabolo a tle a utswe mafoko a kganele batho go dumela le go bolokwa. \v 13 Lefatshe le le maje le tshwantshiwa le ba ba itumelelang go reetsa dithero, mme ka mokgwa mongwe molaetsa tota o sa tsene mo go bone le gone ga o mele ebile ga o gole. Ba a itse gore molaetsa o o boammaaruri mme ba dumela ka lobakanyana fela; ere fa dipogiso di tla ba felelwe, ke kgatlhego. \v 14 Peo e e mo gare ga mitlwa e tshwantshiwa le batho ba ba dumelang mafoko a Modimo mme ba e reng morago tumelo ya bone e hupediwe ke matshwenyego le dikhumo le ditiro le maitumelo a botshelo. Mme jalo ga ba na nonofo ya go thusa ope go dumela Mafoko a a Molemo. \p \v 15 “Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le batho ba ba ikanyegang ba ba pelo di siameng. Ba reetsa mafoko a Modimo ba a tshegetse mme ba a anamise ka bonya mo go ba bangwe.” \s1 Sekai ka lobone \p \v 16 [Ka nako e nngwe a botsa a re,] “E mang yo o kileng a utlwalela mongwe yo e a reng a sena go tshuba lobone a lo khurumetse gore lo se ka lwa bonesa? Nnyaa! Dipone di bewa mo di ka bonwang teng. \v 17 Se se supa gore ka letsatsi leo sengwe le sengwe [mo dipelong tsa batho] se tlaa leriwe mo leseding mme se supegediwe botlhe. \v 18 Jalo itlhokomeleng ka fa lo reetsang ka gone, gonne yo o nang le gone, o tlaa newa mo go tona; mme le fa e le mang yo o senang sepe, le e leng se o nang naso tota o tlaa se tseelwa.” \s1 Mmaagwe Jesu le bomonnawe Jesu \p \v 19 Mme ya re ka nako nngwe fa mmaagwe le bomonnawe ba tsile go mmona, ba seka ba tsena mo tlung e o neng a ruta mo go yone ka ntlha ya bontsintsi jwa batho. \p \v 20 E rile Jesu a utlwa fa ba eme kwa ntle ba batla go mmona, \v 21 a re, “Mme le bonnake ke botlhe ba ba utlwang molaetsa wa Modimo ba bo ba o tshegetsa.” \s1 Jesu o kgalemela sefefo \p \v 22 Ka letsatsi lengwe mo lobakeng loo, fa ene le barutwa ba gagwe ba le kwa ntle mo mokorong, a ntsha mogopolo wa gore ba kgabaganyetse ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha. \v 23 Mme ya re ba kgabaganya a rapama a thulamela, mme ya re a sa ntse a robetse ga tsoga matsubutsubu a phefo a a boitshegang a leka go kgaphela mokoro mo lewatleng. Mme ba ne ba le mo diphatseng tse di kgolo. \p \v 24 Mme ba taboga ba mo tsosa ba goa ba re, “Morena, Morena re a nwela!” Hong a bua le phefo a re, “Kgaotsa,” mme diphefo le makhubu a metse tsa khutla, gotlhe ga nna tidimalo. \p \v 25 Mme a ba botsa a re, “Tumelo ya lona e kae?” Mme ba bo ba tletse therego le go mmoifa ba raana ba re, “Monna yo ke mang, yo le e leng diphefo le makhubu a metse a mo utlwang?” \p \v 26 Mme ba goroga ka fa ntlheng e nngwe, mo lefatsheng la Bagerasena go lebagana le lecha la Galalea. \v 27 Ya re a fologa mo mokorong monna yo o tswang mo motseng wa Gatara a tla go mo kgatlhantsha, monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe ka lobaka lo lo leele. A se na legae a bile a sa ikatega, a nna mo mabitleng mo gare ga diphupu. \v 28 Ya re ka bonako fa a bona Jesu a gala a wela fa fatshe fa pele ga ga Jesu, a goa, a re, “O batla go dirang ka nna, Jesu, Morwa Modimo o o tlotlegang? Tsweetswee, ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa!” \p \v 29 Gonne Jesu o ne a setse a laola mowa o o maswe gore o tswe mo go ene. Mowa o o maswe o ne o tle o laole monna yo mo e leng gore e ne e tle e re le fa a bofilwe ka dikeetane a kgaole mme a siele mo nageng, a laolwa ke mowa o o maswe gotlhelele. \p \v 30 Mme Jesu a botsa mowa oo maswe a re, “Leina la gago ke mang?” Mme wa fetola wa re, “Diketekete,” gonne o ne a tletse diketekete tsa mowa o o maswe! \v 31 Mme ya mo kopa gore a se ka a e laolela go tsena mo lehuting le le senang bolekanngo. \p \v 32 Serapa sa dikolobe sa bo se fula gautshwane mo mhapheng wa thaba mme mewa e e maswe ya mo kopa gore a e letle go tsena mo dikolobeng. Mme Jesu a e letla. \v 33 Mme ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme ka bonako serapa sotlhe sa kgokologa thaba sa wela mo teng ga lecha kwa tlase, mo di neng tsa nwela teng tsotlhe. \v 34 Hong badisa ba dikolobe ba sianela kwa motsing o o gaufi, ba gasa mafoko fa ba ntse ba siana. \v 35 Ka bofefo bontsintsi jwa batho jwa tla go iponela ka bobone se se diragetseng mme ba bona monna yo o neng a tsenwe ke mowa o o maswe a ntse ka tidimalo fa dinaong tsa ga Jesu, a apere a bile a ikutlwa sentle. Mme bontsintsi jwa batho botlhe ba tshoga thata. \v 36 Hong ba ba neng ba bone selo se se diragala ba bolela ka fa monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a fodisitsweng ka teng. \v 37 Mme batho botlhe ba kopa Jesu gore a tsamaye a ba tlogele (gonne therego e kgolo ya letshogo e ne ya ba wela). Mme a boela kwa mokorong a tsamaya, a kgabaganyetsa gape ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha. \p \v 38 Monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa go tsamaya le ene, mme Jesu a gana. \p \v 39 A mo raya a re, “Boela kwa go ba ntlo ya gago, o ba bolelele selo se sentle se Modimo o se go diretseng.” O ne a tsamaya le motse otlhe a bolelela mongwe le mongwe kaga kgakgamatso e kgolo ya ga Jesu. \s1 Jesu o tsosa morwadia Jairo \p \v 40 Ka fa ntlheng e nngwe ya lecha bontsintsi jwa batho jwa mo amogela ka botlalo, gonne ba ne ba ntse ba mo lebeletse. \p \v 41 Mme jaanong monna yo o neng a bidiwa Jairo, moeteledipele wa ntlo ya thuto ya Sejuta, a tla a wela fa dinaong tsa ga Jesu a mo kopa gore a ye nae kwa ga gagwe, \v 42 gonne ngwana wa gagwe yo o esi o ne a swa, morweetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme Jesu a tsamaya nae, ba sutlhelela ka bothata mo gare ga batho. \p \v 43-44 Ya re ba ntse ba tsamaya mosadi yo o neng a batla phodiso a tla kwa morago a ama Jesu, gonne o ne a dutlile madi ka bonya selekanyo sa dingwaga di le lesome le bobedi, mme a sa bone kalafi (ntswa a sentse sengwe le sengwe se a neng a na naso mo dingakeng), mme nako e o neng a ama ntlha ya seaparo sa ga Jesu, madi a ema. \p \v 45 Mme Jesu a botsa a re, “Ke mang yo o nkamileng?” Mme mongwe le mongwe a itatola, mme Petere a re, “Morena, bontsintsi bo go dikaganyeditse…” \p \v 46 Mme Jesu a mo raya a re, “Nnyaa, e ne e le mongwe fela yo o nkamileng ka bomo, gonne ke utlwile nonofo ya phodiso e tswa mo go nna.” \p \v 47 Mme ya re mosadi a lemoga gore Jesu o a itse, a simolola go roroma a wela fa fatshe ka mangole fa pele ga gagwe a mmolelela go re o ne a mo amelang le gore jaanong o fodile. \p \v 48 Hong Jesu a mo raya a re, “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso.” \v 49 E rile a sa ntse a bua le ene, morongwa a goroga a tswa kwa lapeng la ga Jairo ka mafoko a a reng ngwanyana o sule. A raya rraagwe ngwana a re, “O sule, ga go thuse go tshwenya Moruti jaanong.” \p \v 50 Mme e rile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a raya rraagwe ngwana a re, “Se boife! Ikanye nna fela, ngwana o tla siama.” \p \v 51 Ya re ba goroga kwa tlung Jesu a se ka a letla ope go tsena mo tlung fa e se Petere, Jakobe le Johane le batsadi ba morweetsana. \p \v 52 Lelapa le ne le tletse batho ba ba hutsafetseng, mme a re, “Lesang go lela! Ga a a swa; o robetse fela!” \v 53 Se sa tlisa tshotlo le setshego, gonne ba ne ba itse botlhe gore o sule. \p \v 54 Hong a mo tshwara ka seatla a mmitsa a re, “Tsoga morweetsana.” \v 55 Mme ka yone nako eo a rula a nanoga! A ba raya a re, “Mo neeng sengwe a je!” \v 56 Batsadi ba gagwe ba ne ba itumela thata. Mme Jesu a ba laya gore ba seka ba bolelela ope kaga se se diragetseng. \c 9 \s1 Jesu o roma ba ba lesome le bobedi \p \v 1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a phutha baaposetoloi ba gagwe ba ba lesome le bobedi! A ba naya taolo mo meweng e e bosula, a ba naya nonofo go e kgoromeletsa ntle go fodisa malwetse otlhe. \v 2 Hong a ba roma go ya go bolelela mongwe le mongwe kaga go tla ga Bogosi jwa Modimo le go fodisa balwetse. \p \v 3 A ba laela a re, “Se tseyeng le fa e le seikokotlelo, kgotsa kgetsana ya loeto, kgotsa dijo, kgotsa madi le fa e le hempe e nngwe. \v 4 Lo nne fela fa lo gorogetseng teng mo motsing mongwe le mongwe. \p \v 5 “Fa batho ba motse ba sa lo reetse fa lo tsena, hularang lo tsamaye, lo supa bogale jwa Modimo kgatlhanong le motse o o ka go itlhotlhora lorole lwa one mo dinaong tsa lona fa lo tsamaya.” \p \v 6 Mme jalo ba simolola go tlhatlologanya metsana, ba rera Mafoko a a Molemo ba bile ba fodisa balwetse. \p \v 7 Mme e rile fa dipolelo tsa dikgakgamatso tsa ga Jesu di tsena kwa go Herode wa mmusi, a tshwenyega thata a akabala, gonne bangwe ba ne ba re “Ke Johane wa Mokolobetsi o rudile”, \v 8 ba bangwe ba re, “Ke Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo o tsogile mo losong.” Mme magatwe a a anama le lefatshe lotlhe. \p \v 9 Mme Herode a re, “Ke kgaotse Johane tlhogo.” “Jaanong ke mang monna yo ke utlwang dipolelo tse di sa tlwaelesegang ka ga gagwe?” Mme a eletsa go mmona. \s1 Jesu o abela dikete di le tlhano dijo \p \v 10 Mme ya re Baapostoloi ba sena go boela kwa go Jesu go ya go bolela se ba se dirileng, a ngwangwaela ka tidimalo le bone go ya kwa motsing wa Bethesaida. \v 11 Mme bontsintsi jwa batho jwa bona kwa o yang gone, mme ba mo sala morago. A ba amogela a ba ruta gape kaga Bogosi jwa Modimo a ba a fodisa ba ba neng ba lwala. \p \v 12 Mo tshokologong barutwa botlhe ba ba lesome le bobedi ba tla ba mo kopa gore a phatlalaletse batho kwa metsaneng le masimo a a gautshwane go ya go batla dijo le marobalo. Ba re, “Gonne ga go na se se jewang fa mo sekakeng se.” \p \v 13 Mme Jesu a fetola a re, “Ba feng dijo!” Mme bone ba re, “Go reng, re na le dinkgwe di le tlhano fela le ditlhapi tse pedi mo gare ga bontsintsi jwa rona, kgotsa o gopotse gore re ye go rekela bontsintsi jo dijo tse di lekaneng?” \v 14 Gonne go ne go na le batho ba ka nna dikete tse tlhano foo. Jesu a fetola a re, “Ba reyeng ba nne fa fatshe ka ditlhopha tse di ka nnang tsa masome a matlhano.” \v 15 Mme ba dira jalo. \p \v 16 Mme Jesu a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa godimo mo loaping a leboga; mme a ngathoganyetsa barutwa ba gagwe go di abela batho. \v 17 Mme mongwe le mongwe a ja a kgora; mme ga sala diroto di le lesome le bobedi di tletse masalela! \s1 Tumelo ya ga Petere mo go Jesu \p \v 18 Ka letsatsi lengwe fa a le esi, a rapela le barutwa ba gagwe, a tla kwa go bone a ba botsa a re, “Batho ba re ke mang?” \p \v 19 Ba mo raya ba re, “Johane wa Mokolobetsi, kgotsa gongwe Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo a tsogile mo losong.” \p \v 20 Hong a ba botsa a re, “Lona lo akanya gore ke mang?” Mme Petere a fetola a re, “O Mesia Keresete wa Modimo!” \p \v 21 Mme a ba naya ditaolo tse di gagametseng gore ba se ka ba bolelela ope. \v 22 A re, “Gonne ke tlaa sotlega thata, e bile ke tlaa ganwa ke baeteledipele ba Sejuta, bagolwane, baperesiti ba bagolo le bomaitseanape ba molao, ke tlaa bolawa mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula!” \p \v 23 Mme a ba raya botlhe a re, “Le fa e le mang yo o batlang go ntshala morago a a tseye mokgoro wa gagwe letsatsi le letsatsi a nne gaufi le nna! \v 24 Le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka mme le fa e le mang yo o tsweletseng a boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; \v 25 mme go thusang gore motho a gape lefatshe lotlhe mme a latlhegelwe ke botshelo jwa gagwe? \p \v 26 “Fa nna Morwa Motho, ke tla ka kgalalelo ya ga Rara le baengele ba ba boitshepo, ke tlaa ba tlhabelwa ke ditlhong botlhe ba ba ntlhabelwang ke ditlhong le mafoko a me gompieno. \v 27 Mme boammaaruri jo e leng jone ke jo, bangwe ba lona ba ba emeng fano fa nako e, ga ba kitla ba a swa go fitlhelela lo sena go bona Bogosi jwa Modimo!” \s1 Kgalalelo ya ga Jesu \p \v 28 Morago ga malatsi a le lesome le bofera bobedi Jesu a tsaya Petere, Jakoba le Johane go ya go rapela kwa dithabeng. \v 29 Mme ya re a ntse a rapela, sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatsima le diaparo tsa gagwe tsa sweufala tsa lakasela. \v 30 Hong banna ba babedi Moshe le Elija ba iponatsa mme ba simolola go bua nae. \v 31 Ba ne ba bonala ba galalela, ba le bantle thata; ba bua ka loso lwa gagwe lo lo tlaa diragalang kwa Jerusalema go diragatsa leano la Modimo. \v 32 Petere le ba bangwe ba ne ba otsela ebile ba robetse. Hong ba tsoga ba bona Jesu a apesitswe ke phatsimo le kgalalelo, le banna ba babedi ba eme le ene. \p \v 33 Erile fa Moshe le Elija ba simolola go tsamaya, Petere a sa itlhaloganye, a bile a sa itse se a se buang a kgomoga a re, “Morena, go molemo jang! Re tlaa aga metlaagana e le meraro, o mongwe e le wa gago o mongwe e le wa ga Moshe o mongwe e le wa ga Elija.” \p \v 34 Mme ya re a santse a bua jaana leru le le phatsimang la ikaga mo godimo ga bone; mme ba tshwarwa ke poifo fa le ba khurumetsa. \v 35 Mme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake, yo ke mo itlhaoletseng; mo utlweng.” \v 36 Mme ya re morago, lentswe le sena go feta, Jesu a bo a le esi le barutwa ba gagwe. Mme ba seka ba bolelela ope se ba se boneng go fitlhelela morago ga lobaka lo lo leele. \s1 Mosimane yo o neng a nale mototwane \p \v 37 Mme ya re ka letsatsi le le latelang fa ba fologa thaba, boidiidi jo bogolo jwa batho jwa mo kgatlhantsha, \v 38 hong monna mongwe mo bontsing a mo tlhaeletsa a re, “Moruti, mosimane yo o fano yo ke ene fela morwaake, \v 39 mme mowa o o maswe o tsweletse ka go mo tshwenya, o mo dira gore a goe; mme o mo karalatse gore a bo a phoke mafulo mo molomong; o aga o mo keteka, mme ga o ke o bo o mo tlogela. \v 40 Ke kopile barutwa ba gago gore ba kgoromeletse mowa o o maswe o kwa ntle mme ga ba a ka ba kgona.” \p \v 41 Hong Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Batho ba ba logwadi ke lona ba lo senang tumelo, ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae? Mo tliseng kwano.” \p \v 42 Ya re mosimane a tla mowa o o maswe wa mo digela fa fatshe wa mo karalatsa mo go botlhoko. Mme Jesu a laola mowa o o maswe gore o tswele kwa ntle, a fodisa mosimane mme a mo neela rraagwe. \p \v 43 Mme batho ba welwa ke kgakgamalo fa ba bona tiragalo ya nonofo ya Modimo. E rile ba sa ntse ba bolela dilo tse di molemo tse o neng a di dira, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, \p \v 44 “Ntheetsang lo bo lo gakologelwe se ke se buang. Nna, Morwa Motho, ke tlaa okwa.” \v 45 Mme barutwa ba gagwe ba ne ba sa itse gore o rayang, gonne megopolo ya bone e ne e kaneletswe, ba boifa go mmotsa. \s1 Jesu o ruta ka boikobo \p \v 46 Mme jaanong ga tsoga kgang mo gare ga bone gore ke ofe wa bone yo o tlaa nnang mogolo [mo Bogosingjo bo tlang]! \v 47 Mme Jesu a bo a setse a itsile megopolo ya bone, a baya ngwanyana fa go ene, \v 48 mme a ba raya a re, “Le fa e le mang yo o tlhokomelang ngwananyana yo o tshwanang le yo, o tlhokomela nna! Mme le fa e le mang yo o ntlhokomelang o tlhokometse Modimo o o nthomileng. Tlhokomelo ya lona mo go ba bangwe ke sone selekanyo sa bogolo ba lona.” \p \v 49 Mme morutwa mongwe wa gagwe ebong Johane a tla kwa go ene a re, “Morena, re bone mongwe a dirisa leina la gago go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle. Mme ra mo itsa. Ka gonne e ne e se wa setlhopha sa rona!” \p \v 50 Mme Jesu a re, “Ga lo a tshwanela go ka bo lo dirile jalo! Gonne mongwe le mongwe yo o seng kgatlhanong le lona ke wa lona.” \s1 Basamarea ba gana go amogela Jesu \p \v 51 Mme ya re ka lobaka lwa gagwe lwa go boela kwa legodimong lo atamela, a tsamaya ka boiketlo go ya Jerusalema ka maikaelelo a a tlhomameng. \v 52 Mme ya re ka letsatsi lengwe a romela barongwa kwa pele go ya go ba baakanyetsa matlwana mo motseng wa Samaria. \v 53 Mme batho ba motse oo ba ba koba ba gana go ba amogela ka gore ba ne ba fetela Jerusalema. \p \v 54 Mme e rile fa ba utlwa gore go diragetseng, Jakobe le Johane ba raya Jesu ba re, “Morena, a ke re laole molelo gore o fologe kwa legodimong o ba laile?” \v 55 Mme Jesu a retologa a ba kgalemela, \v 56 mme ba tsamaela kwa motseng o mongwe. \s1 Tsela ya go sala Jesu morago \p \v 57 Ya re ba ntse ba tsamaya mongwe a raya Jesu a re, “Nna ke tlaa go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang teng.” \p \v 58 Mme Jesu a mo fetola a re, “Gakologelwa gore ga ke na fa ke robalang teng, bophokoje ba na le mesima e ba nnang mo go yone, le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho ga ke na lelapa mo lefatsheng gotlhelele.” \p \v 59 Mme ya re ka nako e nngwe fa a laletsa monna mongwe go nna morutwa wa gagwe, monna a dumela, mme a batla go leta go fitlhela loso lwa ga rraagwe. \p \v 60 Hong Jesu a mo fetola a re, “Lesa ba ba senang botshelo jo bo sa khutleng ba dire dilo tse di ntseng jalo. Wena tiro ya gago ke go tla go rerela lefatshe lotlhe Bogosi jwa Modimo.” \p \v 61 Yo mongwe a re, “Ee, Morena, ke tlaa tla, mme ntetla go ya go kopa tetlelelo mo go bagaetsho.” \v 62 Mme Jesu a mo raya a re, “Le fa ele mang yo o iteseletsang go tsietsega mo tirong e ke e mo laetseng ga a a nonofela Bogosi jwa Modimo.” \c 10 \s1 Jesu o roma barutwa bobedi ka bobedi \p \v 1 Hong Morena a tlhopha barutwa ba le masome a supa mme a ba roma ka bobedi ka bobedi mo metseng le metsana e o neng a laotse go e etela. \p \v 2 Mme ditaelo tse a neng a di ba naya ke tse: “Rapelang Morena wa thobo gore a romele badiri ba bangwe go tla go lo thusa. \v 3 Tsamayang jaanong, mme lo gakologelwe gore ke lo roma jaaka dikonyana mo gare ga diphiri. \v 4 Lo se ka lwa tsaya madi, kgotsa kgetsana, kgotsa le fa e le dilwana tse dingwe le gone lo se ka lwa senya nako mo tseleng. \p \v 5 “Mme e ne e re fa lo tsena mo lolwapeng, lo lo segofatsa. \v 6 Fa lo tshwanelwa ke tshegofatso, tshegofatso e tlaa nna mo go lone; fa e sa lo tshwanele; tshegofatso e tlaa boela mo go lona. \p \v 7 “Mme e re fa lo tsena mo motseng, \v 8-9 Fa lo amogelesega mo motseng lo se ka lwa tlhatlologanya malwapa, lo nne mo lefelong le le lengwe, lo o ja lo o nwa se lo tlaa bong lo se newa kwa ntle ga potso epe. Mme lo se ka lwa etsaetsega ka go amogelesega mo motseng, fa lo amogelesega mo motsing, lo latele ditaolo tse pedi tse: jang sengwe le sengwe se lo se fiwang. Fodisang balwetse; mme e re fa lo ba fodisa lo ba reyeng lo re ‘Bogosi jwa Modimo bo gaufi le lona thata gompieno.’ \p \v 10 “Mme fa batho ba motse ba lo gana, tsamayang le mebila ya one lo re, \v 11 ‘Re tlhotlhora lorole lwa motse wa lona mo dinaong tsa rona elekanamiso ya lona mo pontsheng. Lo se lebale gore lo ne lo le gaufi jang le Bogosi jwa Modimo!’ \p \v 12 “Le Sodoma tota yo o bosula o tlaa nna botoka go na le motse oo ka letsatsi la katlholo. \v 13 A bo go latlhega lona, metse ya Korasina le Bethesaida! Gonne fa dikgakgamatso tse ke di lo diretseng di ka bo di dirilwe mo metseng ya Ture le Sidona, batho ba yone ba ka bo ba sa bolo go sokologa bogologolo, ba apere letsela la kgetse ba bile ba latlhetse melora mo ditlhogong tsa bone go supa kutlobotlhoko ya dipelo tsa bone. \v 14 Ee, Ture le Sidona ba tlaa reng kaga lona? A lo tlaa golelediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tlaa folosediwa kwa moleteng.” \v 15 Mme lona batho ba Kaperenama, ke tla reng kaga lona? A lo tla galalediwa kwa legodimong? Nnyaa, lo tla folosediwa kwa moleteng. \p \v 16 Mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Ba ba lo amogelang ba amogela nna. Mme ba ba lo ganang ba gana nna. Le ba ba nkganang ba gana Modimo o o nthomileng.” \s1 Go boa ga ba ba romilweng \p \v 17 Mme e rile barutwa ba gagwe ba ba masome a supa ba boa, ba mmolelela ka boitumelo ba re, “Le mewa e e maswe tota e a re utlwa fa re dirisa leina la gago.” \v 18 Mme Jesu a ba raya a re, “Ee, ke bone Satane a wa kwa legodimong jaaka logadima! \v 19 Mme ke lo neetse taolo mo nonofong yotlhe ya Mmaba le go tsamaya mo gare ga dinoga le diphepheng le go di gataka. Mme ga go na sepe se se tlaa lo utlwisang botlhoko! \v 20 Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ga se go re mewa e e maswe e a lo utlwa, mme e bo e le gore maina a lona a kwadilwe jaaka baagedi ba legodimo.” \p \v 21 Mme a tlala boitumelo jwa Mowa O O Boitshepo a re, “Ke a go baka, Rara Morena wa legodimo le lefatshe, ka go fitlhela ba ba nang le ditlhaloganyo le botlhale, dilo tse, mme wa di senolela ba ba ikanyegang jaaka bana. Ee, ke a leboga, gonne ke ka fa o batlileng ka teng. \v 22 Ke moemedi wa ga Rre mo dilong tsotlhe; mme ga go ope tota yo o itseng Morwa fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara fa e se Morwa le ba Morwa o ba tlhophang go mo senola.” \p \v 23 Mme Jesu a retologela kwa barutweng ba gagwe ba ba lesome le bobedi a ba sebetsa a re, “Lo lesego jang go bona dilo tse lo di boneng. \v 24 Baporofiti ba le bantsi le dikgosi tsa bogologolo ba ne ba eletsa malatsi ano, go bona le go utlwa se lo se boneng le se lo se utlwileng!” \s1 Sekai ka Mosamarea yo o Molemo \p \v 25 Ka letsatsi lengwe moitseanape wa melao ya ga Moshe a tla go leka tumelo ya ga Jesu ka go mmotsa potso e: “Moruti, motho o tshwanelwa ke go dira eng gore a nnele ruri mo legodimong?” \p \v 26 Mme Jesu a fetola a re, “Molao wa ga Moshe wa reng ka ga gone?” \p \v 27 Mme moitseanape a fetola a re, wa re, “O tshwanetse go rata Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo yotlhe ya gago, le ka mogopolo otlhe wa gago. Le gore o tshwanetse go rata mong ka wena fela jaaka o ithata.” \p \v 28 Jesu a mo raya a re, “Go siame, dira sone se mme o tlaa tshela!” \p \v 29 Monna a batla go siamisa (go tlhaela ga lorato lwa gagwe mo bathung bangwe) jalo a botsa a re, “Bangwe ka nna ba fe?” \p \v 30 Jesu a mo fetola ka setshwantsho: a re, “Mojuta mongwe o kile ya re a etile go tswa Jerusalema go ya Jeriko a tlhaselwa ke dinokwane. Tsa mo tseela diaparo le madi tsa ba tsa mo keteka mme tsa mo tlogela a namaletse foo. \v 31 Ka tshoganetso Moperesiti wa Mojuta a feta ka tsela eo, mme ya re a mmona a mo feta fela. \v 32 Fela jalo le Molefi ya re a fitlha felong foo, mme a mmona a mo feta fela. \p \v 33 “Mme ga tla Mosamaria yo o nyatsegileng, e rile a mmona, a tlhomoga pelo thata. \v 34 A obama ka mangole fa go ene a tlotsa dintho tsa gagwe molemo a ba a di fapa. Mme a pega monna mo tonking a tsamaya fa thoko ga gagwe go fitlhelela ba tsena hoteleng, kwa o neng a mo oka bosigo jotlhe teng. \v 35 Ka letsatsi le le latelang a naya motlhokomedi wa hotele dipula di le masome a mane a mo laela gore a tlhokomele monna yoo a mo raya a re, ‘Fa ditshenyegelo tsa gago di feta foo; ke tlaa go duela a a setseng fa ke boa.’ \p \v 36 “Jaanong ke ofe mo go ba bararo ba yo wena o ka reng e ne e le mongwe ka yo o bolailweng ke dinokwane?” \p \v 37 Monna a fetola a re, “Ke yo o mo tlhomoge-tseng pelo.” Mme Jesu are, “Ee, jaanong tsamaya o dire fela jalo.” \s1 Maratha le Marea \p \v 38 Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsweletse mo loetong lwa bone go ya Jerusalema ba tsena mo motsaneng mongwe kwa mosadi yo o neng a bidiwa Maratha o neng a ba amogela mo lwapeng lwa gagwe. \p \v 39 Monnawe Marea a nna fa fatshe, a reeditse Jesu fa a bua. \p \v 40 Mme Morena a mo raya a re, Maratha, tsala ee rategang, o ngongorega thata mo dilong tse tsotlhe. \p \v 41 Mme Maratha e ne e le motho yo o matlhagatlhaga, mme a bo a ngongorega fa a ntse a baakanya dijo. Hong a tla kwa go Jesu a re, “Morena, a ga o bone gore ga go a siama gore ke dire tiro yotlhe nnake ene a ntse fela fa fatshe. \v 42 Go na le selo se le sengwe fela se o tshwanetseng go amega mo go sone, Marea o se bone, mme ga nke ke se tsaya mo go ene!” \c 11 \s1 Jesu o ruta ka thapelo \p \v 1 Mme ya re ka nako nngwe fa Jesu a ile go rapela, mongwe wa barutwa ba gagwe a tla mo go ene fa a fetsa a re, “Morena re rute thapelo jaaka Johane a rutile barutwa ba gagwe.” \p \v 2 Mme e ke yone thapelo e a neng a e ba ruta: “Rara leina la gago le tlotlelwe boitshepo jwa lone; Romela Bogosi jwa gago ka pele. \v 3 Re fe dijo letsatsi le letsatsi. \v 4 Mme o re itshwarele melato ya rona gonne re itshwaretse ba ba neng ba re leofetse. Mme o se re letle go raelesega.” \p \v 5-6 Hong ya re a ba ruta thata ka ga thapelo, a dirisa setshwantsho se a re: “A ke re o etetse tsala ya gago bosigogare o batla go adima dinkgwe di le tharo. Otlaa mo tlhaeletsa o re, ‘Tsala ya me e nketetse e e tswang kgakala mme ga ke na sepe se e ka se jang!’ \v 7 O tlaa fetola a le ka fa ntlwaneng ya borobalo a re, ‘Tswee-tswee se ntsose. Ga ke ka ke ka go thusa ka nako e!’ \p \v 8 “Mme ke tlaa go bolelela se, le fa a sa go direla jaaka tsala, fa o tswelela o kokota o tlaa tsoga a go neye sengwe le sengwe se o se batlang ka ntlha ya bobelotelele jwa gago. \v 9 Mme go ntse fela jalo mo thapelong, tswelelang lo lope lo tlaa newa, batlang lo tlaa bona, kokotang lo tlaa bulelwa. \v 10 Mongwe le mongwe yo o kopang o tlaa amogela; botlhe ba ba batlang, ba a bona; mme go bulelwa mongwe le mongwe yo o kokotang. \p \v 11 “Mme lona bo rra-bana, fa ngwana wa gago wa mosimane a go kopa senkgwe, a o ka mo naya lentswe? Fa a kopa tlhapi a o ka mo naya noga? \v 12 Fa a kopa lee, a o ka mo naya phepheng? [Nnyaa!] \p \v 13 “Mme fa baleofi jaaka lona ba naya bana se ba se tlhokang, a ga lo lemoge gore Rraeno yo o kwa legodimong o tlaa dira mo go tona, a neela Mowa O O Boitshepo ba ba o kopang?” \s1 Jesu o mumulola semumu \p \v 14 Ka nako nngwe, fa Jesu a kgoromeletsa ntle mowa o o maswe mo monneng yo o neng a le semumu, lentswe la gagwe la mmoela, a mumuloga. Mme bontsintsi jwa batho jwa itumela thata ba nna matlhagatlhaga, \v 15 mme bangwe ba re, “Ga go hakgamatse fa a kgoromeletsa mewa e e maswe ntle. O tsaya nonofo ya gagwe mo go Satane, Kgosi ya mewa e e maswe!” \v 16 Bangwe ba kopa gore a dire sesupo sengwe mo loaping go supa go ipitsa ga gagwe a re ke Mesia. \p \v 17 Mme ka a ne a itsile dikakanyo tsa mongwe le mongwe wa bone a re, “Bogosi bongwe le bongwe jo bo itwantshang bo a senyega; le lolwapa lo lo tletseng kganetsanyo le ntwa lo ntse fela jalo. \v 18 Hong fa se lo se buang e le boammaaruri, gore Satane o a itwantsha ka go nnonotsha go kgoromeletsa mewa ya gagwe e e maswe ntle, bogosi jwa gagwe bo ka ema jang? \v 19 Mme fa ke newa nonofo ke Satane, balatedi ba lona bone? Gonne ba kgoromeletsa mewa e e maswe ntle! A lo gopola gore mo go supa gore ba tsenywe ke Satane? Ba botseng fa e le gore lo bolelela ruri! \v 20 Mme fa ke kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka ntlha ya nonofo e e tswang mo Modimong, go supa gore Bogosi jwa Modimo bo tsile. \p \v 21 “Gonne fa Satane a le thata a bile a tshotse dibolao, a tlhokomela ntlo ya gagwe ya segosi, e bolokesegile. \v 22 Go fitlhelela mongwe yo o nonofileng a bile a tshotse dibolao tse di botoka a tla a mo fenya a bo a gapa dibolao tsa gagwe le dilwana tsa gagwe. \p \v 23 “Mongwe le mongwe yo e seng wa me o kgatlhanong le nna; fa a sa nthuse, o a ntlhokofatsa. \p \v 24 “E ya re fa mowa o o maswe o dule mo mothong o ye kwa dikakeng o batla boikhutso; mme e re o sa bo bone o boele kwa go yo o neng o tswa mo go ene, \v 25 mme o fitlhele lolwapa lwa one lwa gale lo feetswe lo le phepa. \v 26 Hong ‘o’ tsamaye, ‘o’ ye go tlisa mewa e mengwe e e maswe e le supa e e bosula go na le one, mme yotlhe e tsene mo mothung yoo. Hong motho wa mogolo a bife go gaisa jaaka a ne a ntse pele.” \p \v 27 Mme ya re a ntse a bua mosadi mongwe mo bontsintsing jwa batho a mo tlhaeletsa a re, “A Modimo o segofatse mmago, le sebopelo se o duleng mo go sone, le mabele a o a amuleng.” \p \v 28 Hong a mo fetola a re, “E, mme bogolo go sego botlhe ba ba utlwang Lefoko la Modimo ba le dirisa.” \s1 Sekai ka Jona \p \v 29-30 Ya re bontsi jwa batho bo ntse bo ikgotlhaganyetsa mo go ene, a ba rerela thero e, a re: “Dipaka tseno ke tse di bosula, tsa batho ba ba bosula. Ba tswelela ka go kopa tiragalo e e sa tlwaelesegang mo loaping [gore ke supe gore ke Mesia], mme kgakgamalo e ke tlaa ba e nayang fela ke ele ya ga Jona, yo dikai tsa gagwe di neng tsa supegetsa batho ba Ninefe gore o rometswe ke Modimo. Sekai sa me se se tshwanang le sone se tlaa supegetsa batho ba gore ke romilwe ke Modimo. \p \v 31 “Mme ka Letsatsi la Katlholo Mohumagadi wa Sheba o tlaa tsoga mme a supe morafe o ka monwana, a o sekise gonne o tsamaile loeto lo lo leele go tla go reetsa botlhale jwa ga Solomone; mme fano go yo mogolo thata go gaisa Solomone [mme o reediwa ke ba se kae fela]. \p \v 32 “Batho ba Ninefe le bone ba tlaa tsoga ba sekisa sechaba se, gonne ba sokologile ka lobaka lwa thero ya ga Jona, mme yo mogola go gaisa Jona o fano. [Mme sechaba se ga se mo reetse]. \s1 Sekai ka lobone \p \v 33 “Ga go ope yo o tshubang lobone a tswe a lo fitlhe! eseng jalo, o lo baya mo setlhomong go bonesetsa botlhe ba ba tsenang mo tlung. \v 34 Matlho a gago a bonesa bokafateng jwa gago. Leitlho le le nang le keletso e e bosula le fifatsa lesedi mme le go latlhela mo lefifing. \v 35 Jalo tlhokomela gore lesedi la gago le se ka la fifala. \v 36 Fa go tletse lesedi mo go wena, go se na dintlha dipe tsa lefifi, hong bontle jwa gago le jone bo tlaa phatsima jaaka ekete lesedi le go phatsimela ka marang a lone.” \s1 Jesu o kgala Bafarasai \p \v 37-38 Ya re a ntse a bua, mongwe wa Bafarasai a mo kopa go ya go ja kwa lwapeng lwa gagwe. Mme ya re a goroga a nna fa fatshe a ja kwa ntle ga go dirisa mokgwa wa Sejuta wa go tlhapa diatla pele ga a ja. Mme mo ga gakgamatsa yo o neng a mo laleditse. \p \v 39 Mme Jesu a mo raya a re, “Lona Bafarasai lo tlhatswa bokafa ntle, mme mo teng lo sa le leswe, go tletse bobelotshetlha le bosula! \v 40 Dieleele ke lona! A Modimo ga oa ka wa dira bokafateng le bokafantle? \v 41 Bophepa bo supa bopelontle. \p \v 42 “Mme a bo go latlhega lona Bafarasai! Gonne le fa lo tlhokomela go ntsha di tsa bosome tsa mo go nnye mo lo go amogetseng, lo lebala gotlhelele kaga tshiamo le lorato lwa Modimo. Lo tshwanetse go kgetha, ee, lo tshwanetse go ntsha ditsa bosome, mme ga lo a tshwanela go tlogela tse dingwe tse di sa dirwa. \p \v 43 “A bo go latlhega lona Bafarasai! Gonne lo rata manno a tlotlego mo disenagogeng le go dumedisiwa ka maitseo ke mongwe le mongwe fa lo tsamaya mo marekelong! \v 44 Ee, katlholo e e boitshegang e lo letile. Gonne lo tshwana le mabitla a a fitlhilweng mo nageng. Batho ba feta ka lona ba sena kitso ya gore lo batho ba ba kgopo jang.” \p \v 45 Mme moitseanape wa tumelo yo o neng a eme foo a re, “Morena, o tlhapaditse le yone tiro ya me ka se o ntseng o se bua.” \p \v 46 Mme Jesu a re, “Ee, bogale jo bo ntseng jalo bolo emetse! Gonne lo gatelela batho mo ditaolong tsa tumelo tse di se ka keng tsa kgonega, tse le lona ka bo lona lo se ka keng lwa leka go di tshegetsa. \v 47 A bo go latlhega lona! Gonne lo tshwana fela le bagolwane ba lona ba ba bolaileng baporofiti bogologolo. \v 48 Babolai ke lona! Lo dumalana le bo rraalona gore se ba neng ba se dira se ne se siame, lo ka bo lo dirile jalo le lona. \p \v 49 “Mme se ke se Modimo o se buang kaga lona: ‘Ke tlaa romela baporofiti le baapostoloi kwa go lona, mme lo tlaa bolaya bangwe ba bone lo bo lo leleke ba bangwe’. \p \v 50 “Mme lona ba dipaka tseno lo tlaa arabela polao ya batlhanka ba Modimo go tswa tshimologong ya lefatshe, \v 51 go tswa polaong ya ga Abele go tsena ka ya ga Sakarea yo o swetseng fa gare ga aletara le felo fa go boitshepo. Ee, ruri e tlaa lopiwa mo go lona. \p \v 52 “A bo go latlhega lona baitseanape ba tuelo! Gonne lo fitlhela batho boammaaruri. Ga lo bo ikamogelele, mme lo kganela ba bangwe go nna le nako ya go bo dumela.” \p \v 53-54 Hong Bafarasai le baruti ba molao ba gakala; mme ya re go tswa foo ba mo gagautlha ka dipotso tse dintsi, ba leka go mo raela gore a bue sengwe se ba ka mo tshwarang ka sone. \c 12 \s1 Jesu o laya Barutwa ba gagwe \p \v 1 Mme ya re ka lobakanya na loo bontsintsi jwa batho jwa ntsifala go fitlhelela ba nna diketekete ba bo ba hereetsega ba gatakana. Mme Jesu a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba tlhagisa a re, “Mo godimo ga dilo tsotlhe, lo itlhokomeleng mo Bafarasaing ba, le ka mokgwa o ba ipayang jaaka ba siame mme ba sa siama. Mme boitimokanyi jo bo kana ga bo ka ke jwa fitlhegela ruri. \v 2 Bo tlaa nna sesupo jaaka sebediso mo boping jo bo dubilweng. \v 3 Sengwe le sengwe se ba se buetseng mo lefifing se tlaa utlwiwa mo pontsheng, le se lo se sebetseng mo matlung a a kwa teng se tlaa anamisiwa mo ditlhoeng tsa matlo gore botlhe ba utlwe! \p \v 4 “Ditsala tse di rategang, lo se ka lwa boifa ba, ba ba batlang go lo bolaya. Ka gore ba ka bolaya mmele fela mme ga ba na nonofo mo meweng ya lona. \v 5 Mme ke lo bolelela yo lo tshwanetseng go mmoifa, boifang Modimo o o nang le nonofo ya go bolaya le go latlhela mo moleteng. \p \v 6 “Tlhwatlhwa ya dithaga tse tlhano ke bokae? A ke dithebe di se kae e seng go feta moo? Le fa go ntse jalo Modimo ga o lebale le fa e le epe ya tsone. \v 7 Ebile o itse palo ya meriri ya ditlhogo tsa lona! Se boifeng gonne lo botlhokwa thata mo go one go gaisa setlhopha sa dithaga. \p \v 8 “Mme ke lo tlhomamisetsa se, ka re: Nna Morwa Motho ke tlaa lo tlotla mo pepeneneng fa pele ga baengele ba Modimo fa lo mpolela jaaka Tsala ya lona mono lefatsheng. \v 9 Mme ba ba intatolang mo gare ga batho ke tlaa ba itatola fa pele ga baengele. \v 10 (Le fa go ntse jalo ba ba buang ka ga me ba ka nna ba itshwarelwa, fa ba ba buang kgatlhanong le Mowa O O Boitshepo ba se kitla ba itshwarelwa). \p \v 11 “Mme e re fa lo tlisiwa tshekong fa pele ga babusi ba ba Sejuta le ba ba nang le ditaolo mo matlung a thuto lo se tshwenyege ka se lo tlaa se buang go iphemela, \v 12 gonne Mowa O O Boitshepo o tlaa lo naya mafoko a a tshwanetseng fa lo ntse lo le foo.” \s1 Sekai ka mohumi yo o seeleele \p \v 13 Hong mongwe a mo tlhaeletsa mo bontsintsing jwa batho a re, “Morena, tswee-tswee raya mogolole a kgaogane boswa le nna.” \p \v 14 Mme Jesu a mo fetola a re, “Rra, ke mang yo o ntirileng moatlhodi mo go lona go akanya dilo tse di ntseng jaaka tseo? \v 15 Itlhokomeleng lo se ka lwa aga lo eletsa dilo tse lo senang natso. Gonne botshelo jwa boammaaruri le go tshela ga boammaaruri ga go a ikaega ka dikhumo tsa rona.” \p \v 16 Mme a fa setshwantsho: a re, “Monna wa mohumi o ne a na le tshimo e e mmu o nonneng e e ntshang thobo e ntsi. \v 17 Le fa go ntse jalo difalana tsa gagwe di ne di tletse mo go penologang, o ne a sa kake a kgona go tsenya sengwe le sengwe mo teng. Mme a akanya mathata a gagwe, \v 18 ya re kwa bofelong a goa a re, ‘Ke a itse, ke tlaa rutla difalana tsa me ke aga tse di tona! Jaanong ke tlaa nna le polokelo e e lekaneng. \v 19 Mme ke tlaa nna, ke ithaya ke re, “Tsala o na le dithoto tse dintsi tsa dingwaga tse di tlang. Thuba kobo segole! Itumedise botshelo jwa gago ka mofine le basadi o opelelwe.” ’ \p \v 20 “Mme Modimo wa mo raya wa re, ‘Seeleele ke wena; bosigo jono o a swa mme dilo tse tsotlhe e tlaa nna tsa ga mang?’ \v 21 Ee, mongwe le mongwe ke seeleele yo o amogelang dikhumo mo lefatsheng e seng kwa legodimong.” \s1 Se tshwenyegeng \p \v 22 Hong a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba raya a re, “Se tshwenyegeng ka gore a lo na le dijo tse dintsi go ja kgotsa diaparo go apara. \v 23 Gonne botshelo bo gaisa dijo le diaparo. \v 24 Lebelelang magakabe, ga a leme, ga a robe, ga a na difalana go boloka dijo tsa one, mme le fa go ntse jalo a tshela sentle fela gonne Modimo o a a otla. Mme lo tlhwatlhwa kgolo mo go one go gaisa dinonyane! \p \v 25 “Jaanong mo godimo ga mo, go thusang gore lo tshwenyege? Go lo thusa ka eng? A go ka lo okeletsa botshelo ka letsatsi le le lengwe fela? Nnyaa! \v 26 Mme fa tlhobaelo e se ka ke ya dira selo se sennye jaaka seo, go thusang go tlhobaelela dilo tse di tona? \p \v 27 “Lebelelang dithunya: Ga di dire ebile ga di otlhe tlhale mme le fa go ntse jalo Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa apare sentle jaaka tsone. \v 28 Mme fa Modimo o apesa dithunya tse di leng fano gompieno e re ka moso di bo di seyo, a ga lo gopole gore o tlaa lo apesa babelaedi ke lona! \v 29 Le gone lo se ka lwa tshwenyega ka ga dijo, se se jewang le se se nowang; se tshwenyegeng gotlhelele gonne Modimo o tlaa di lo naya. \p \v 30 “Batho botlhe ba itapisa ka senkgwe sa letsatsi le letsatsi, mme Rraeno yo o kwa legodimong o itse go tlhoka ga lona. \v 31 O tlaa aga a lo naya tsotlhe tse lo di tlhokang letsatsi le letsatsi fa lo tlhoafaletse Bogosi jwa Modimo. \p \v 32 “Jalo se boifeng, lona motlhape o monnye gonne go naya Rraeno boitumelo jo bogolo go lo naya Bogosi. \v 33 Rekisang tse lo nang natso lo di neye ba ba tlhokang. Mo go tlaa oketsa dikhumo tsa lona kwa legodimong! Mme dikgwama tsa legodimo ga di gagoge e bile ga di na maroba. Dikhumo tsa lona ga di kitla di nyelela, ga go na magodu a a ka di utswang, ga go na motoutwana o o di senyang. \v 34 Gongwe le gongwe kwa khumo ya gago e leng teng, pelo ya gago le dikakanyo tsa gago di tlaa nna teng. \s1 Iketleetso \p \v 35 “Nnang lo ipaakantse, lo apere lo iketleeleditse, \v 36 go boa ga Morena wa lona kwa modirong wa lonyalo. Hong lo tlaa bo lo ipaakanyeditse go mmulela kgoro gore a tsene ka nako e o gorogang ka yone a kokota. \v 37 Go tlaa nna boitumelo jo bogolo mo go ba ba ipaakantseng ba bile ba letile go boa ga gagwe. Ene ka boene o tlaa ba amogela a ba naya bonno a ba a apara seaparo sa baabi ba dijo go ba heha. \p \v 38 “O ka nna a tla ka nako ya boroba bongwe bosigo, kgotsa bosigo gare. Mme e tlaa re mogang a tlang, go tlaa nna boitumelo mo batlhankeng ba gagwe ba ba ipaakantseng! \p \v 39 “Mongwe le mongwe o ne a tlaa mo ipaakanyetsa fa ba ne ba itsile nako tota ya go boa ga gagwe, fela jaaka ba ne ba ka ipaakanyetsa legodu fa ba itsile fa le tlaa tla. \v 40 Jalo ipaakanyeng ka nako tsotlhe. Gonne Nna Morwa Motho, ke tlaa tla go sa solofela ope.” \p \v 41 Petere a botsa a re, “Morena a o bua le rona fela kgotsa le mongwe le mongwe?” \p \v 42-44 Mme Morena a fetola a re, “Ke bua le mongwe le mongwe yo o ikanyegang yo o nang le tlhaloganyo yo mong wa gagwe o mo nayang tiro ya go otla batlhanka ba gagwe. Mme fa mong wa gagwe a boa a fitlhela a dirile tiro e e siameng, go tlaa nna le tuelo, mong wa gagwe o tlaa mmaya motlhokomedi wa dilo tsa gagwe tsotlhe. \p \v 45 “Mme fa motho a simolola go akanya gore, ‘Morena wa me ga a nke a tla o diegile,’ hong a simolole go itaya banna le basadi ba o tshwanetseng go ba sireletsa, le go senya nako ya gagwe mo medirong ya dino le botagwa, \v 46 Mme mong wa gagwe o tlaa boa kwa ntle ga kitsiso epe mme a mo ntshe mo maemong a gagwe a go tshephega a mo neye bonno jwa ba ba sa ikanyegeng. \v 47 O tlaa otlhaiwa mo go botlhoko, gonne le fa a ne a itse tiro ya gagwe o ganne go e dira. \p \v 48 “Mme le fa e le mang yo o sa itseng gore o dira phoso o tlaa otlhaiwa fela go le gonnye. Mo go tona go batlwa mo go ba ba neilweng mo go tona, gonne boikarabelo jwa bone bo bo tona. \s1 Ditshupo tsa dipaka tse di tlang \p \v 49 “Ke tsile go lere molelo mo lefatshing, mme ruri, ke eletsa jang gore ekete tiro ya me e ka bo e setse e fedile! \v 50 Go na le kolobetso e e maswe kwa pele ga me, mme ke pitlagane thata go tsamaya e diragala! \p \v 51 “A lo gopola gore ke tsile go lere kagiso mo lefatsheng? Nnyaa! Ke lerile ntwa le kgaogano fela. \v 52 Go tloga fano malwapa a tlaa kgaogana ka bogare, ba bararo ba eme le nna, ba babedi ba nne kgatlhanong le nna, kgotsa go nne ka mokgwa o sele. \p \v 53 “Rrabana o tlaa ntsha maikutlo a sele ka ga me; morwawe le ene a ntshe a sele; mmangwana le morwadie ba tlaa tlhoka kutlwisisanyo, mogopolo wa matsalaa motho yo o tlotlegang o tlaa nyadiwa ke ngwetsi ya gagwe.” \p \v 54 Mme a retologela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Fa lo bona maru a simolola go ipopa kwa bophirima, lwa re, ‘Pula e e tla’, mme lo bo lo bolelela ruri. \p \v 55 “Fa phefo ya borwa e foka lo re, ‘Gompieno go tlaa nna mogote’. Mme ruri go nne jalo. \v 56 Baitimokanyi! lo lemoga loapi sentle thata, mme lo gana go lemoga ditlhagiso tse di lo dikaganyeditseng kaga dipaka tse di diphatsa tse di tlang. \v 57 Ke eng fa lo gana go iponela se se siameng? \p \v 58 “Fa o kopana le moganetsi wa gago mo tseleng a isa kgang ya lona kgotleng, leka go letlana nae pele ga kgang e tsena kwa moatlhoding, e se re gongwe a go isa kwa kgolegelong; \v 59 gonne fa seo se diragala ga o kitla o gololesega gape go fitlhelela thebe ya bofelo e duelwa yotlhe”. \c 13 \s1 Jesu o ruta ka go sokologa \p \v 1 Mme ya re ka lone lobaka lo a itsisiwe fa Pilatwe a bolaile Bajuta bangwe ba ba neng ba tswa kwa Galalea fa ba ntsha ditlhabelo kwa Tempeleng mo Jerusalema. \p \v 2 Mme a ba botsa a re, “A lo akanya gore e ne e le baleofi ba bagolo go feta batho botlhe ba ba tswang Galalea? A ke gone ka fa ba sotlegileng ka gone? \v 3 Ga go a nna jalo! A ga lo lemoge gore le lona lo tlaa nyelela fa lo sa tlogele ditsela tsa lona tse di bosula lwa sokologela mo Modimong? \p \v 4 “Mme lwa reng kaga batho ba ba lesome le bofera-bobedi ba ba neng ba a swa fa kago e e godileng ya Siloama e ba wela. A e ne e le baleofi ba bagolo mo Jerusalema? \v 5 Ga go a nna jalo! Mme le lona lo tlaa nyelela fa lo sa ikwatlhae.” \s1 Sekai ka setlhare se se sa ungweng \p \v 6 Hong a dirisa setshwantsho se: “Monna mongwe o kile a tlhoma setlhare sa mofeige mo tshimong mme a tla gangwe le gape go tlhola gore a ga a ka ke a bona loungo lope mo go sone, mme o ne a aga a sa fitlhele sepe. \v 7 Mme ya re kwa bofelong a raya motlhokomedi wa tshimo ya gagwe a re a se reme. A mo raya a re, ‘Ke letile dingwaga di le tharo ga go ise nke go nne le fa e le feige e le nngwe! Ke eng fa o se ngongoregela? se tsere phatlha e re ka bong re e dirisetsa sengwe gape.’ \p \v 8 “Mme motlhokomedi wa tshimo a araba a re, ‘Se neye lobaka lo longwe gape. Se lese ngwaga e le nngwe, ke tlaa se tlhokomela ka go se tshela monontshane. \v 9 Fa re ka bona difeige ngwaga e e tlang go siame, mme fa go sa nne jalo ke tlaa se rema.’ ” \s1 Jesu o fodisa mosadi wa segole ka Sabata \p \v 10 Mme ka Sabata mongwe ya re a ruta mo senagogeng, \v 11 ga bo go na le sekoa sa mosadi yo o neng a obegile selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi mme a sa kgone go itlhamalatsa. \p \v 12 Mme Jesu a mmitsa a re, “Mosadi o fodisitswe mo bolwetseng jwa gago!” \v 13 A mo ama mme a akofa a inamologa. Hong mosadi a leboga a ba a galaletsa Modimo! \p \v 14 Mme motlhokomedi wa ntlo ya thuto ya Sejuta a gakala thata ka gonne Jesu o ne a fodisitse mosadi yoo ka letsatsi la Sabata. A goa a raya batho a re, “Go na le malatsi a le marataro mo bekeng a go dirwang ka one, ao ke one malatsi a go ka fodisiwang ka one eseng go le Sabata!” \p \v 15 Mme Morena a mo fetola a re, “Moitimokanyi ke wena! O dira go le Sabata! A ga o ko o golola dikgomo tsa gago mo marakeng a tsone go le Sabata o di kgweeletsa kwa metsing. \v 16 Jaanong a go phoso mo go nna, fela ka ntlha ya gore e re ka letsatsi la Sabata ke golole mosadi yo wa Mojuta mo bokgobeng jwa ga Satane selekanyo sa dingwaga di le lesome le boferabobedi?” \p \v 17 Mo ga tlhabisa baba ba gagwe ditlhong. Mme batho botlhe ba itumelela tiro e ntle e o e dirileng. \s1 Sekai ka peo ya mosetara \p \v 18 Jaanong a simolola go ba ruta kaga Bogosi jwa Modimo; A ba botsa a re, “Bogosi jwa Modimo bo ka tshwantshiwa le eng? Ke ka bo tshwantsha le eng? \v 19 Bo tshwana le peo e nnye ya mosetara e e jetsweng mo tshimong; ya akofa ya gola ya tswa setlhare, mme dinonyane tsa nna mo gare ga dikala tsa sone. \v 20-21 Bo tshwana le sebediso se se dubetsweng mo boupeng, se se dirang se sa bonwe go fitlhelela boupe bo gogomoga bo bo bo nna motlhofo.” \s1 Kgoro e tshesane \p \v 22 Hong a tsamaya metse le metsana, a ruta fa a ntse a tsamaela kwa Jerusalema. \p \v 23 Mongwe a mmotsa a re, “A go tlaa bolokwa ba se kae fela?” Mme a mo fetola a re, \v 24-25 “Kgoro e e yang legodimong e tshesane. Lekang thata go tsena mo go yone, gonne boammaaruri ke gore ba le bantsi ba tlaa leka go tsena mme fa mong wa ntlo a setse a tswetse kgoro, nako e tlaa bo e setse e fetile. Mme e tlaa re fa lo eme kwa ntle lo kokota lo re, ‘Morena re bulele,’ o tlaa fetola a re, ‘Ga ke lo itse’. Hong lo tlaa re, \p \v 26 “Mme re jele le wena ebile o rutile mo mebileng ya rona.” \p \v 27 “Mme o tlaa fetola a re, ‘Ke a lo bolelela, ga ke lo itse. Ga lo ka ke lwa tla fa lo le molato jaana. Tsamayang.’ \p \v 28 “Mme go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno fa lo eme kwa ntle lo bona Aberahame, Isake le Jakobe le baporofiti botlhe mo Bogosing jwa Modimo, \v 29 gonne batho ba tlaa tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe go tla go tsaya manno a bone. \v 30 Mme tlhokomelang se: Ba ba nyatsegang gompieno ba tlaa tlotlwa thata, ba ba tseetsweng kwa godimo gompieno ba tlaa ngotlafadiwa.” \s1 Jesu o tlhomogela \s1 Jerusalema pelo \p \v 31 Mme ya re morago ga metsotso e se kae Bafarasai bangwe ba mo raya ba re, “Tloga fano fa o batla go tshela, gonne Kgosi Herode o go tsomile!” \p \v 32 Jesu a ba fetola a re, “Tsamayang lo reye phokoje yoo lo re ke tlaa tswelela ke ntshetsa mewa e e maswe ntle, ke dira dikgakgamatso tsa phodiso gompieno le ka moso; mme ka letsatsi la boraro ke tlaa fitlha kwa ke yang teng. \v 33 Ee, gompieno, ka moso le ka letsatsi le le latelang! Gonne ga go ka ke ga direga gore moporofiti wa Modimo a bolawe ka kwa ntle ga Jerusalema! \p \v 34 “Jerusalema wee! Jerusalema! Motse o o bolayang baporofiti. Motse o o kgobotletsang ka maje ba ba rometsweng go o thusa. Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago jaaka koko e e sireletsang dikokwana tsa yone ka fa diphukeng, mme ga o aka wa ntetla. \v 35 Mme jaanong, ntlo ya gago e tlogetswe e le letlotla. Ga o kitla o mpona gape go fitlhelela o re, ‘A go bakwa yo o tlang mo leineng la Morena.’ ” \c 14 \s1 Jesu o ruta mo lwapeng lwa Mofarasai \p \v 1-2 Mme ka Sabata nngwe ya re a le mo lwapeng lwa leloko lengwe la Lekgotla la Sejuta, Bafarasai ba bo ba mo lebeletse thata jaaka bophakalane go bona gore a o tlaa fodisa monna yo o neng a le foo a lwala go tlala metsi mo ditokololong. \v 3 Mme Jesu a raya Bafarasai le bomaitseanape ba ba neng ba le foo a re, “A go kafa molaong go fodisa motho ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?” \v 4 Mme ya re ba gana go mo araba, Jesu a tshwara monna yo o lwalang ka letsogo a mo fodisa a mo rebola go tsamaya. \p \v 5 Hong a retologela kwa go bone: A botsa a re, “Ke ofe wa lona yo o sa direng ka letsatsi la Sabata? Fa kgomo ya gago e wela mo sedibeng, a ga o ka ke wa tswelela pele go e ntsha ka bonako?” \p \v 6 Gape ba tlhoka karabo. \p \v 7 Mme erile fa a lemoga fa batho botlhe ba ba tsileng dijong ba leka go nna gaufi le lomati lwa bojelo, a ba gakolola a re: \v 8 “Fa lo laleditswe modiro wa nyalo, lo se ka lwa aga lo lwela go nna kwa mannong a a botoka. Gonne fa mongwe yo o tlotlegang thata go lo gaisa a goroga, \v 9 ene yo o laleditseng o tlaa mo lere fa o ntseng gone mme a re, ‘A monna yoo a nne fa mo boemong jwa gago’. Mme wena, ka ditlhong o tlaa tshwanelwa ke go nna mo setilong se se setseng kwa morago ga lomati lwa bojelo! \p \v 10 “Jaanong dira se mo boemong jwa seo, simolola kwa morago; mme fa yo o go laleditseng a go bona, o tlaa tla a go raya a re, ‘Tsala, re go bonetse bonno jo bo botoka go na le jo! Hong o tlaa tlotlega fa pele ga balalediwa ba bangwe botlhe! \v 11 Gonne mongwe le mongwe yo o lekang go itlotla o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ikokobetsang o tlaa tlotlwa.’ ” \v 12 Hong a retologela kwa go yo o mo laleditseng a re, “E re fa o dira dijo, o se ka wa laletsa ditsala, bomorwarrago, bagaeno, le bahumi! Gonne le bone ba tlaa go laletsa. \v 13 Mme mo boemong jwa mo, o laletse bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu. \v 14 Hong e tlaa re ka tsogo ya basiami, Modimo o tlaa go duelela go laletsa ba ba se ka keng ba go laletsa.” \s1 Sekai ka modiro o mogolo \p \v 15 Erile monna mongwe yo o neng a ntse fa lomating lwa bojelo le Jesu a utlwa dilo tse a goa a re, “Go tlaa nna boitumelo jo bo kae go tsena mo Bogosing jwa Modimo!” \p \v 16 Mme Jesu a fetola ka setshwantsho se: “Monna mongwe o kile a baakanya modiro o mogolo mme a dira ditaletso tse dintsi. \v 17 Erile fa gotlhe go siame, a roma motlhanka wa gagwe go itsise balalediwa gore ke nako ya gore ba tle. \v 18 Mme botlhe ba simolola go dira diipato. Mongwe a re, ke gone fela o neng a reka tshimo mme o batla go ya go e bona, mme a kopa go itshwarelwa. \v 19 Yo mongwe a re ke gone fela a neng a reka sepane sa dipholo tse some mme o batla go di lekeletsa. \v 20 Yo mongwe e ne e le gone fela a neng a nyala, ka lebaka leo ga aa ka a tla. \p \v 21 “Motlhanka a boa a ya go bolelela mong wa gagwe se ba se buileng. Mong wa gagwe a gakatsega thata mme a mo raya a re, itlhaganelele mo mebileng le mo dikgorong tsa motse o laletse bakopi, digole, batlhotsi le difofu. \v 22 Mme ga bo go santse go na le phatlha. \p \v 23 “Mong wa gagwe a re, ‘Go siame, jaanong tswela mo diferwaneng tsa motse le mo morago ga dikgoro o kope mongwe le mongwe yo o mmonang go tla, gore ntlo e tle e tlale. \v 24 Gonne ga go ope mo go ba ke ba laleditseng pele yo o tlaa itatswang mo go se ke se ba baakanyeditseng.’ ” \s1 Tsela ya go nna morutwa wa ga Jesu \p \v 25 Mme batho ba bantsi ba ne ba mo setse morago. Hong a retologa a ba raya a re, \v 26 “Fa mongwe a batla go nna molatedi wa me o tshwanetse go nthata bogolo go gaisa rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, bomonnawe kgotsa bokgaitsadie-ee, go gaisa le jone tota botshelo jwa gagwe, kwa ntle ga moo ga a ka ke a nna morutwa wa me. \v 27 Ebile ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa sikare mokgoro wa gagwe a ntshala morago. \p \v 28 “Mme lo se ka lwa simolola go fitlhelela lo bala tlhwatlhwa. Gonne e mang yo o ka simololang kago, kwa ntle ga go bona pele tekanyo le go bona gore a o na le madi a a lekanyeng go duela melato. \v 29 E seng jalo, o ka kgona go fetsa motheo pele ga a tlhaelelwa ke madi. Mme ka ntlha ya moo mongwe le mongwe o ka mo tshega jang! \p \v 30 “Mme ba tlaa mo sotla ba re, ‘A lo bona motho yo o fa yole? O simolotse kago ele mme o tlhaeletswe ke madi pele ga a e fetsa!’ \p \v 31 “Kgotsa ke efe kgosi e e ka lorang go ya ntweng pele ga e nna fa fatshe le bagakolodi ba yone ba buisanya gore a masole a selekanyo sa dikete tse di lesome a itekanetse go ka fenya a a dikete tse di masome a mabedi a a kgatlhanong nae? \v 32 Mme fa mogopolo o sa kgonege, e re fa masole a mmaba a sa le kgakala, e rome batsereganyi go buisanya ka mafoko a kagiso. \v 33 Jalo ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa nna fa fatshe pele ga a bala masego a gagwe, mme a a latlhela otlhe mo go nna. \v 34 Tshiamo ya letswai ke eng fa le latlhegetswe ke molodi? \v 35 Letswai le le senang molodi ga le na tiro le fa e le go nna monontshane. Ga le na tiro mme le tshwanetse go latlhelwa kwa ntle. Reetsang sentle, fa lo batla go tlhaloganya phuthololo ya me.” \c 15 \s1 Sekai ka nku e e timetseng \p \v 1 Mme bakgethisi ba ba sa ikanyegeng le baleofi ba ne ba tla gantsi go reetsa dithero tsa ga Jesu, \v 2 mme mo ga tsosa dingongorego mo baeteledingpele ba tumelo ya Sejuta le bomaitseanape ba melao ya Sejuta ka gore o na a tsalane le baleofi ba ba ntseng jalo, ebile aa ja le bone! \v 3-4 Hong Jesu a dirisa setshwantsho se: “Fa o na le dinku di le lekgolo mme nngwe ya tsone ya bo e ya le naga, e timela a ga o ka ke wa tlogela tse di masome a ferabongwe le metso e fera bongwe wa latela e e timetseng go fitlhelela o e bona? \v 5 Mme o tlaa e baya mo magetleng o ya gae ka boitumelo. \v 6 Ere fa o goroga o phuthe ditsala tsa gago le ba o agileng nabo go itumela le wena ka gore o bonye nku e e neng e timetse. \p \v 7 “Go ntse fela jalo, legodimo le tlaa itumelela moleofi a le mongwe yo o sokologelang mo Modimong go na le ba ba masome a ferabongwe le metso e ferabongwe, ba ba neng ba sa timela! \s1 Sekai ka madi a a latlhegileng \p \v 8 “Setshwantsho se sengwe ke se: Mosadi o na le diselefera di le lesome tsa madi mme a bo a latlhegelwa ke e le nngwe. A ga a ka ke a tshuba lobone go sekaseka mo dihukung tsa ntlo le go feela mo dikgokgotshwaneng le mo diphatlheng go fitlhelela a e bona. \v 9 A mme ga a ka ke a bitsa ditsala tsa gagwe ba a agileng nabo go itumela nae? \v 10 Fela jalo go na le boitumelo fa pele ga baengele ba Modimo fa moleofi a le mongwe a sokologa.” Go tshwantsha ntlha e ka botlalo, a ba bolelela polelo e: \s1 Sekai ka morwa wa sesinyi \p \v 11 “Monna o ne a na le bomorwawe ba le babedi. \v 12 Ya re yo mmotlana a raya rraagwe a re, ‘Ke batla seabe sa boswa jwa gago gompieno, go na le go letela go fitlhelela o swa!’ Rraagwe a dumela go kgaoganyetsa bomorwawe ba babedi khumo ya gagwe. \p \v 13 “E rile morago ga malatsi a se kae morwawe yo mmotlana a phutha dilwana tsa gagwe a etela kwa lefatsheng le le kgakala, koo a feta a senya madi a gagwe mo medirong le mo boakeng. \v 14 Mme ya re mo lobakeng lo madi a gagwe a neng a fedile ka lone, leuba, le legolo la wela lefatshe, mme a simolola go bolawa ke tlala. \v 15 A tshwenya morui mongwe wa lefatshe leo gore a mo hire go otla dikolobe tsa gagwe. \v 16 Mosimane o ne a bolawa ke tlala mo a neng a bona le tsone dijo tsa dikolobe di mo siametse. Mme ga seka ga nna le ope yo o mo nayang sepe. \p \v 17 “E rile kwa morago a tlelwa ke tlhaloganyo, a ithaya a re, ‘Kana le bone tota banna ba ba hirilweng kwa gaetsho ba na le dijo tse di lekanyeng, di bo di sala, mme nna fano, ke bolawa ke tlala! \v 18 Ke tlaa ya gae kwa go rre ke re, “Rra, ke leofetse legodimo le wena.” \v 19 Mme ga ke tlhole ke tshwanetse go bidiwa morwao. Tswee-tswee mma ke nne modiredi wa gago.’ \p \v 20 “Jalo a boela gae kwa go rraagwe. Mme e rile a sa le kgakala, rraagwe a mmona a tla, mme a mo tlhomogela pelo ka lorato a taboga a mo tlamparela a bo a mo atla. \p \v 21 “Morwawe a mo raya a re, ‘Rra, ke leofetse legodimo le wena, mme ga ke na tshwanelo ya go bidiwa morwao—’ \v 22 Mme rraagwe a raya batlhanka a re, ‘Itlhaganeleng! Tlisang seaparo se se ntle mo tlung lo mo apese. Le mhitshana wa botlhokwa go o rwala mo monwaneng wa gagwe le ditlhako. \v 23 Mme lo bolaye kgongwana e e nonneng e re nang nayo mo sakeng. Re tshwanetse go dira mokete, \v 24 gonne morwaake yo, o ne a sule mme o rudile. O ne a timetse mme o bonywe!’ Hong modiro wa simologa. \p \v 25 “Ka nako eo, morwawe yo mo tona o ne a dira mo tshimong, erile fa a boela gae a utlwa moopelo wa mmino o tswa mo tlung; \v 26 mme a botsa mongwe wa batlhanka gore go diregang? \p \v 27 “A mo raya a re, ‘Monnao o buile mme rrago o bolaile kgongwana e e nonneng o baakantse modiro o mogolo wa go itumelela go boa ga gagwe a sa bolaisega gope’. \p \v 28 “Mogolowe a shakgala thata a bo a se ka a tsena mo teng. Rraagwe a tswela kwa ntle a mo rapela, \v 29 mme a fetola a re, ‘Mo dingwageng tse tsotlhe ke go diretse thata mme ga ke ise nke ke gane go dira sepe se o neng o re ke se dire; mme mo lobakeng loo lotlhe ga o ise o ke o nneye le fa e le potsane go dira modiro le ditsala tsa me. \v 30 Le fa go ntse jalo ngwana yo wa gago yo o boileng a sena go senya madi mo boakeng, o mo itumeletse ka go mo tlhabela kgongwana e e nonneng e re neng re na nayo mo sakeng’. \p \v 31 “Mme rraagwe a mo raya a re, ‘Bona morwaaka yo o rategang, wena le nna re atamalane thata, sengwe le sengwe se ke nang naso ke sa gago. \v 32 Mme go tshwanetse go dirwa modiro. Gonne ke monnao; yo o neng a sule mme o rudile, yo o neng a timetse mme o bonywe.’ ” \c 16 \s1 Sekai ka motlhokomedi yo o sa ikanyegeng \p \v 1 Mme Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo e: “Monna wa mohumi o kile a hira molebeledi go tlhokomela dilo tsa gagwe mme ka bonako ga utlwala fa molebeledi a sa ikanyege. \v 2 Mme mong wa gagwe a mmitsa a mo raya a re, Ke eng se ke se utlwang ka go nkutswela ga gago? Baakanya pego ya gago, gonne o tshwanetse go tlogela tiro. \p \v 3 “Mme molebeledi a ithaya a re, ‘Ke tlaa dirang? Fano ke feditse mme ga ke na nonofo ya go tsamaya ke epa mesele, le gone go kopa go ntlhabisa ditlhong. \v 4 Ke itse selo se fela! Gore ke tlaa nna le ditsala tse dintsi go ntlhokomela fa ke tswa mo tirong.’ \p \v 5-6 “Mme a laletsa mongwe le mongwe yo o neng a kolota mong wa gagwe go tla go buisana nae. A botsa wa ntlha a re, ‘O mo kolota bokae?’ Monna a fetola a re, ‘Molato wa me ke selekanyo sa dinkgwana di le makgolo a ferabobedi le masome a matlhano a lookwane.’ Molebeledi a mo raya a re, ‘Ee, tumalano e o e kwadileng ke e: e senye o kwale e e leng bontlha bongwe jwa yone.’ \p \v 7 “Mme a botsa monna yo mongwe a re, ‘Wena o mo kolota bokae?’ A fetola a re, ‘Sekete sa dikgetse tsa mabele. Mme molebeledi a re tsaya lokwalo lwa gago o kwale o re, di makgolo a ferabobedi.’ \p \v 8 “Monna wa mohumi a tshwanelwa ke go baka molebeledi yo o bolotsana ka go dira botlhale jo bo kalo. Mme ke boammaaruri gore banni ba lefatshe le, ba tlhalefile thata [mo go sa ikanyegeng]! go gaisa batho ba Modimo. \v 9 Mme a ke tshwanetse go lo raya ke re lo dire jalo, go reka botsalano ka go tsietsa? A mo go tlaa lo tlhomamisetsa go tsena ga lona mo legaeng la bosakhutleng kwa legodimong? \v 10 Nnyaa! Gonne fa lo sa ikanyege mo dilong tse di potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo go tse di kgolo. Fa lo dira tsietso e potlana, ga lo ka ke lwa ikanyega mo dilong tse dikgolo. \v 11 Mme fa lo sa ikanyege kaga mahumo a lefatshe, ke mang yo o tlaa lo ikanyang mo mahumong a boammaaruri a legodimo? \v 12 Mme fa lo sa ikanyege ka madi a batho ba bangwe, lo ka ikanyega jang ka madi a e leng a lona. \p \v 13 “Gonne le fa e le wena kgotsa mongwe fela ga go ope yo o ka direlang barena ba babedi. O tlaa ila yo mongwe mme o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka mokgwa mongwe o sele. O tla nna mafolofolo ka yo mongwe mme o nyatse yo mongwe. Ga o ka ke wa direla Modimo le madi!” \p \v 14 Mme Bafarasai, ba ba ratang madi thata, ba mo sotla ka ntlha ya mo gotlhe. \p \v 15 Mme a ba raya a re, “Lo apara tshiamo ya lona mo pepeneneng, mme Modimo o itse bosula jwa dipelo tsa lona. Go ipaya ga lona jaaka ekete lo siame go lo tlisetsa tlotlo mo bathong, mme ke makgapha fa pele ga Modimo. \v 16 Go tla go fitlha mo motlheng o Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka one, melao ya ga Moshe le ya Baporofiti e ne e le yone e e lo kaelang. Mme Johane a lo itsise kaga: Mafoko a a Molemo gore bogosi jwa Modimo bo tlaa tla ka bonako. Mme bontsintsi jwa ba ba eletsang ba itshukunyetsa mo go jone. \v 17 Mme moo ga go reye gore molao o senyegetswe ke thata le fa e le ka ntlhanyana epe. O nonofile ebile ga o na botshikhinngo fela jaaka legodimo le lefatshe. \p \v 18 “Mme jalo fa mongwe a tlhala mosadi wa gagwe a nyala o sele o dira boaka, mme yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng le ene o dira boaka”. \s1 Mohumi le Lasaro \p \v 19 Hong Jesu a re, “Gonne go ne go na le monna mongwe wa mohumi, yo o neng a apara sentle a nna mo letlepung mo monateng ka letsatsi le letsatsi. \v 20 Mme ya re ka letsatsi lengwe Lasaro, wa mokopi, yo o neng a le dintho, a lala fa kgorong ya gagwe. \v 21 E ne e tle e re a rapame foo a laletse masalela a a wang mo lomating lwa bojelo jwa monna wa mohumi, dintsa di latswe dintho tsa gagwe. \v 22 Mme ya re kwa bofelong mokopi a swa mme a tsewa ke baengele go ya go nna le Aberahame mo felong ga baswi ba ba siameng. Mme monna wa mohumi le ene a swa a fitlhwa, \v 23 mme mowa wa gagwe wa ya moleting. E rile fa a le koo, mo tlhokofatsong a lebela Lasaro a le kgakala a na le Aberahame. \p \v 24 “Mme a goa a re Rre Aberahame, Nkutlwela botlhoko! romela Lasaro kwano fela gore a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing go ntsidifatsa loleme, gonne ke mo tlhokofatsong e e maswe mo dikgabung tse. \p \v 25 “Mme Aberahame a mo raya a re, ‘Morwaaka, gakologelwa gore erile mo botshelong jwa gago o ne o na le sengwe le sengwe se o se batlang, mme Lasaro o ne a sena sepe. Jaanong o fano o a gomodiwa mme wena o mo tlhokofatsong. \v 26 Gape kwa ntle ga moo, go na le phata e tona e e senang bolekeletso, e e re kgaoganyang, mme mongwe yo o batlang go tla kwa go wena a tswa fano o kganelwa ke losi lwa yone; le gone ga go ope yo o ka kgabaganyetsang ka kwano go rona’. \p \v 27 “Mme monna wa mohumi a re, ‘Ao, Rre Aberahame, tswee-tswee mo romele kwa legaeng la ga rre, \v 28 gonne go na le bana ba ga rre ba le batlhano ba basimane, go ba tlhagisa kaga felo fano ga tlhokofatso e e botlhoko gore ba se ka ba tla fano fa ba a swa.’ \p \v 29 “Mme Aberahame a re, ‘Dikwalo di ba tlhagisitse gangwe le gape. Bomorwarrago ba ka di bala ka nako nngwe le nngwe e ba e ratang’. \p \v 30 “Mme monna wa mohumi a fetola a re, ‘Nnyaa Rre Aberahame ga ba kitla ba itshwenya ka go di bala. Mme fa mongwe a rometswe kwa go bone a tswa mo baswing ke gone ba ka sokologang mo dibeng tsa bone.’ \p \v 31 “Hong Aberahame a mo fetola a re, ‘Fa ba sa reetsa Moshe le baporofiti ga ba kitla ba reetsa le fa mongwe a ka tsoga mo baswing.’ ” \c 17 \s1 Sebe le tumelo le go itshwarelana \p \v 1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu raya barutwa ba gagwe a re, “Go tlaa aga go le dithaelo tsa go leofa, mme a bo go latlhega motho yo o raelang. \v 2-3 Fa a ne a latlhetswe mo lewatleng ka lentswe le legolo le fapeletswe mo molaleng wa gagwe, o ne a ka bo a le botoka thata go na le go otlhaelwa go tlhokofatsa mewa ya ba bannye ba. Ke a lo tlhagisa! Kgalemela morwa-rrago fa a leofa mme o mo itshwarele fa a ipona molato. \v 4 Le fa a go leofela ga supa ka letsatsi mme nako nngwe le nngwe a boela go wena a kopa maitshwarelo, mo itshwarele.” \p \v 5 Ka letsatsi lengwe Baaposetoloi ba raya Morena ba re, “Re tlhoka tumelo e kgolo; re ka e bona jang?” \p \v 6 Jesu a ba araba a re, “Fa tumelo ya lona e le selekanyo sa peo ya mosetara, e tlaa bo e le kgolo thata go kumula setlhare se se kwa sele sa mosikamine le go se tlhoma mo teng ga lewatle! Taolo ya lona e ne e ka diragala ka bofefo! \v 7-9 Fa motlhanka a tswa go lema kgotsa a tswa go disa dinku, ga a nne fela fa fatshe a a ja, mme pele o baakanyetsa mong wa gagwe dijo tsa maitseboa pele ga a a ja tsa gagwe. Mme ga a lebogwe, gonne o dira se a tshwanetseng go se dira. \v 10 Fela jalo, fa lo nkutlwa, ga lo a tshwanela go galalediwa. Gonne lo dirile tiro ya lona!” \s1 Jesu o fodisa Balepero ba le some \p \v 11 E rile ba ntse ba tsweletse mo loetong lwa go ya Jerusalema, ba tsena fa molelwaneng o o fa gare ga Galalea le Samarea, \v 12 mme ya re ba tsena mo motsaneng oo, baleperwa ba le some ba bo ba emetse kwa kgakajana, \v 13 ba goa ba re, “Jesu, Morena, re utlwele botlhoko!” \p \v 14 Mme a ba leba a re, “Tsamayang lo ye kwa moperesiting wa Sejuta lo mo supegetse gore lo fodisitswe!” Mme ya re ba tsamaya, boleperwa jwa bone jwa nyelela! \p \v 15 Mme mongwe wa bone a boela kwa go Jesu a goa a re, “A go galalediwe Modimo, ke fodisitswe!” \v 16 A wela fa fatshe fa pele ga dinao tsa ga Jesu, a lebile fa fatshe mo loroleng a lebogela se a se dirileng. Monna yo e ne e le Mosamarea yo o nyatsegileng. \p \v 17 Mme Jesu a botsa a re, “A ga ke a fodisa banna ba le lesome? Ba ba ferang bongwe ba kae? \v 18 A ke Modichaba yo fela yo o boileng go tla go galaletsa Modimo?” \p \v 19 Mme Jesu a mo raya a re, “Ema o tsamaye tumelo ya gago e go fodisitse.” \s1 Go tla ga bogosi jwa Modimo \p \v 20 Mme ya re ka letsatsi lengwe Bafarasai ba botsa Jesu ba re, “Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa leng? Jesu a ba fetola a re, Bogosi jwa Modimo ga bo tle ka ditshupo tse di bonalang. \v 21 Ga lo ka ke lwa kgona gore lo re, ‘Bo simologile fano mo lefelong le kgotsa kwa ntlheng ele ya lefatshe’. Gonne Bogosi jwa Modimo bo mo go lona.” \p \v 22 Mme morago a bua gape kaga selo se le barutwa ba gagwe. A ba raya a re, “Lobaka lo e tla lo lo tlaa ntlhoafalelang ka lone go nna le lona le fa e le letsatsi le le lengwe fela mme ke tlaa bo ke seyo fa.” \p \v 23 “Dipolelo di tlaa tla mo go lona tsa gore ke boile le gore ke mo lefelong le kgotsa le; mme lo se ka lwa di dumela kgotsa lwa ya go mpatla. \v 24 Gonne e tlaa re fa ke boa, lo tlaa itse kwa ntle ga pelaelo epe. Ke tlaa bo ke tshwana le logadima lo lo phatsimang go kgabaganya loapi. \v 25 Mme pele ke tshwanetse go sotlega thata le go ganwa ke sechaba se sotlhe. \p \v 26 “[E tlaa re fa ke boa] lefatshe le tlaa [tlhokomologa dilo tsa Modimo] jaaka batho ba lobaka lwa ga Noa. \v 27 Ba ne ba a ja, ba a nwa, ba nyala, sengwe le sengwe se siame go fitlhelela letsatsi le Noa o neng a tsena mo tlung e e kokobalang ka lone mme morwalela wa tla wa senya botlhe. \p \v 28 “Mme lefatshe le tlaa nna jaaka mo metlheng ya ga Lote: Batho ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, ba a nwa ba a ja, ba reka ba rekisa, ba tlhoma ditlhare ba aga, \v 29 go fitlhelela mo mosong o Lote o neng a tswa mo Sodoma. Hong molelo le sebabole tse di neng di tswa kwa legodimong tsa ba nyeletsa botlhe. \v 30 Ee, go tlaa ‘bo go berekwa’ jaaka gale go fitlhelela lobaka lwa go boa ga me. \p \v 31 “Ba ba tlaa bong ba se mo lwapeng ka letsatsi leo ba seka ba ya go phutha; ba ba mo nageng ba se ka ba boela kwa motsing. \v 32 Gakologelwang se se neng sa diragalela mosadi wa ga Lote! \v 33 Le fa e le mang yo o ngaparetseng botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe o tlaa bo boloka. \v 34 Mo bosigong joo banna ba le babedi ba tlaa bo ba robetse mo tlung e le nngwe mme mongwe o tlaa tsewa yo mongwe a tlogelwe. \v 35-36 Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba dira botlhe mo tlung; yo mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe o tlaa tlogelwa; mme go tlaa nna fela jalo mo banneng ba ba dirang ba bapile mo tshimong.” \p \v 37 Mme barutwa ba botsa ba re, “Morena, ba tlaa bo ba isiwa kae?” Jesu a fetola a re, “Kwa setoto se leng gone, manong a phuthegela gone!” \c 18 \s1 Mosadi wa Motlholagadi \p \v 1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo ya go ba supegetsa ka fa go tlhokegang ka teng gore ba rapele ka metlha yotlhe le go ba bontsha gore ba tshwanetse go tswelela ba rapela go fitlhelela ba bona karabo. \p \v 2 A ba raya a re, “Go kile ga bo go na le moatlhodi mo motsing, monna yo o ne a sa boife Modimo a le lonyatso lo logolo mo go botlhe. \v 3 Mme motlholagadi mongwe wa motse oo o ne a tla kwa go ene nako le nako go ikopela tsheko kgatlhanong le monna yo o neng a mo utlwisitse botlhoko. \p \v 4-5 “Moatlhodi o ne a mo tlhokomologa ka lobakanyana mme ya re morago a mo lapisa. A ithaya a re, ‘Ga ke boife Modimo le fa e le motho, mme mosadi yo o a ntshwenya. Ke tlaa mo atlhola gonne o ntapisa ka go boaboa ga gagwe.’ ” \p \v 6 Hong Morena a ba raya a re, “Fa e le gore moatlhodi yo o bosula o ka dira jalo, \v 7 a ga lo akanye gore Modimo o tlaa atlholela batho ba one ka tshiamo ba ba o lopang bosigo le motshegare? \v 8 Ee! O tlaa ba araba ka bonako! Mme potso ke gore: Fa nna Morwa motho, ke boa, ke tlaa fitlhela ba le kae ba ba nang le tumelo [ebile ba rapela]?” \s1 Mofarasai le Mokgethisi \p \v 9 Hong a ba bolelela polelo ya bangwe ba ba kileng ba ikgantsha ka tshiamo ya bone ba nyatsa ba bangwe. \p \v 10 “Banna ba babedi ba kile ba ya kwa Tempeleng go ya go rapela. Mongwe e ne e le moikgantshi wa Mofarasai, yo o iponang tshiamo yo mongwe e le mokgethisi wa motsietsi. \v 11 Mme moikgantshi wa Mofarasai a ‘rapela’ thapelo e: ‘Ke a leboga Mo-dimo, ga ke moleofi jaaka ba bangwe, bogolo jang jaaka mokgethisi yole! Gonne ga ke tsietse, ga ke dire boaka, \v 12 Ke itima dijo gabedi mo bekeng, mme ke naya Modimo di tsa bosome jwa dilo tsotlhe tse ke di bapalang.’ \p \v 13 “Mme mokgethisi yo o bosula a emetse kwa kgakala a sa batle go lelala kwa legodimong fa a rapela, a ititaya sefuba ka kutlobotlhoko, a goa a re, ‘Modimo nkutlwela botlhoko nna moleofi!’ \v 14 Ke a lo bolelela, moleofi yo, e seng Mofarasai, o ne a boela gae a itshwaretswe! Gonne baikgantshi ba tlaa ngotlafadiwa mme ba ba ingotlang ba tlaa godisiwa.” \s1 Jesu o segofatsa bana \p \v 15 Ka letsatsi lengwe basadi bangwe ba tlisa masea a bone kwa go ene go ba ama le go ba segofatsa. Mme barutwa ba ba raya ba re ba tsamaya. \p \v 16-17 Hong Jesu a ipiletsa bananyana mme a raya barutwa a re, “Lesang bananyana ba tle kwa go nna! Lo se ka lwa ba kganela! Gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa batho ba dipelo tsa bone di nang le tumelo jaaka tsa bananyana. Mme le fa e le mang yo o senang tumelo e e tshwanang le ya bone, ga a kitla a tsena ka dikgoro tsa Bogosi!” \p \v 18 Ka bofefo Moeteledipele wa tumelo ya Sejuta a mmotsa potso e: “Morena yo o molemo ke ka dira jang go tsena mo legodimong?” \p \v 19 Mme Jesu a mo raya a re, “A o lemoga se o se buang fa o mpitsa ‘molemo’? Ke Modimo fela ke one o molemo, e seng ope gape. \v 20 Mme ka fa potsong ya gago, o itse gore melao e e lesome ya re, o seka wa dira boaka, o seka wa bolaya, o seka wa utswa, o se ka wa aka, tlotla batsadi ba gago, le e mengwe jalo.” \p \v 21 Mme monna a fetola a re, “Ke tlhokometse mongwe le mongwe wa melao eo go tswa bonnyeng jwa me.” \p \v 22 Hong Jesu a mo raya a re, “Go santse go na le sengwe se o se tlhokang, rekisa tsotlhe tse o nang natso o abele bahumanegi madi, e tlaa nna yone khumo ya gago kwa legodimong, mme o tle, o ntshale morago.” \p \v 23 Mme e rile fa monna a utlwa se, a tsamaya ka kutlo botlhoko, ka a ne a humile thata. \p \v 24 Jesu a mo lebelela a tsamaya mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Go thata jang gore mohumi a tsene mo bogosing jwa Modimo! \v 25 Go bonolo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale bogolo go mohumi go tsena mo Bogosing jwa Modimo!” \p \v 26 Mme ba ba mo utlwileng jaana ba gakgamala ba re, “Fa go le thata jalo, batho ba ka bolokesega jang?” \p \v 27 A ba fetola a re, “Modimo o ka dira se batho ba se ka keng ba se dira!” \p \v 28 Mme Petere a re, “Re tlogetse malwapa a rona ra go sala morago.” \p \v 29 Jesu a fetola a re, “E, mme botlhe ba ba dirileng jaaka lona, ba tlogetse lolwapa, mosadi, bomorwarraagwe, batsadi kgotsa bana ka ntlha ya Bogosi jwa Modimo, \v 30 ba tlaa duelwa gantsintsi ka lobaka lo, le go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.” \s1 Jesu o bolela ka go swa ga gagwe \p \v 31 Hong a phutha ba ba Lesome le Bobedi a ba raya a re, “Jaaka lo itse, re ya Jerusalema. Mme fa re tsena koo dipolelelo-pelo tsa baporofiti ba bogologolo ka ga me di tlaa diragala. \v 32 Ke tlaa neelwa Badichaba go sotlwa le go kgwelwa mathe le go gagautlhwa mo go tlhabisang ditlhong, \v 33 ke tlaa itewa ke bo ke bolawa. Mme ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga gape.” \p \v 34 Mme ba seka ba tlhaloganya selo se o neng a se bua. O ne a bonala ekete o bua dinaane fela. \s1 Jesu o foufolola sefofu \p \v 35 Mme ya re ba atamela Jeriko, ga bo go le monna mongwe wa sefofu a ntse fa thoko ga tsela, a kopa mo bafeting. \v 36 E rile a utlwa modumo wa bontsintsi bo feta a botsa gore go diragalang? \v 37 A bolelelwa gore Jesu wa Nasaretha o a feta. \p \v 38 Hong a simolola go goa a re, “Jesu, Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!” \p \v 39 Mme bontsintsi jwa batho jo bo neng bo eteletse Jesu pele jwa leka go didimatsa monna yo, mme a goela kwa godimo a re, “Morwa Dafide nkutlwela botlhoko!” \p \v 40 E rile Jesu a goroga fa lefelong leo a ema a re, “Lereng monna yoo wa sefofu kwano.” \v 41 Hong Jesu a botsa monna a re, “O batlang”? A kopa a re, “Morena ke batla go bona!” \p \v 42 Jesu a mo raya a re, “Go siame, bona! Tumelo ya gago e go fodisitse!” \p \v 43 Mme ka bofefo monna a kgona go bona, a latela Jesu, a baka Modimo. Mme botlhe ba ba neng ba go bona go direga le bone ba baka Modimo. \c 19 \s1 Go sokologa ga ga Sakaio \p \v 1-2 Mme ya re a feta mo Jeriko, monna mongwe yo o neng a bidiwa Sakaio, yo e neng e le mongwe wa batlhotlheletsi ba Sejuta mo papading ya go phutha lekgetho la Seroma (ebile e le mohumi), \v 3 a leka go bona Jesu mme a ba a le mokhutshwane thata go mmona mo bontsintsing jwa batho. \v 4 Mme a sianela kwa pele a palama setlhare sa mosikamore fa thoko ga tsela, a lebelela a le koo. \p \v 5 E rile Jesu a feta foo a lelala Sakaio mme a mmitsa ka leina a re, “Sakaio! Itlhaganele! Fo-loga! Gonne ke ya go nna moeng mo lwapeng lwa gago gompieno!” \p \v 6 Sakaio a itlhaganela a fologa a tseela Jesu kwa tlung ya gagwe ka boitumelo jo bogolo. \p \v 7 Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, “O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe”. \p \v 8 Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!” \p \v 9-10 Mme Jesu a mo raya a re, “Se se supa gore poloko e tsile mo lwapeng lo gompieno. Monna yo e ne e le mongwe wa bana ba ga Aberahame yo o neng a timetse, mme nna Morwa Motho, ke tsile go batla ke bo ke boloka mewa e e ntseng jaaka wa gagwe.” \s1 Sekai ka badiri ba ba some \p \v 11 Mme ka gonne Jesu o ne a atamela Jerusalema, a bolela polelo go baakanya mogopolo o o reng Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa gone jaana. \p \v 12 A re, “Mogolwane mongwe yo o neng a nna mo lefatsheng lengwe kwa motseng mogolo o o kgakala wa bogosi, o ne a bilediwa go ya go tlhongwa kgosi ya lefatshe la gagwe. \v 13 Pele ga a tsamaya o ne a phutha bathusi ba le some a naya mongwe le mongwe wa bone dikete tse pedi tsa dipula, go sala ba di atisa fa a setse a tsamaile. \v 14 Mme bangwe ba batho ba gagwe ba ne ba mo ila ba bo ba mo romelela polelo ya gore ba batla boipuso, ba bolela gore ba mo tsogologetse ga ba kitla ba mo amogela go nna kgosi ya bone. \p \v 15 “Ya re fa a boa a bitsa batho ba o neng a ba neetse madi, go bona gore ba dirileng ka one, le gore ba boetswe ke bokae. \p \v 16 “Monna wa ntlha a bega papadi e kgolo, e menaganye ga some go feta tlhwatlhwa e o neng a e neetswe. \p \v 17 “Mme kgosi ya goa ya re, ‘O dirile sentle! O monna yo o siameng o ikanyegile mo bonnyennyaneng jo ke go bo neileng. Mme tuelo ya gago ke gore, o tlaa nna molaodi wa metse e le some!’ \v 18 Monna wa bobedi le ene a bega papadi e e itumedisang, e menaganye ga tlhano go feta tlhatlhwa e o neng a e neetswe. \p \v 19 “Mong wa gagwe a mo raya a re, ‘Go siame! o ka nna molaodi mo metseng e metlhano.’ \p \v 20 “Mme monna wa boraro a bega fela madi a o neng a simolotse ka one, a re, ‘Ke a bolokile, \v 21 ka gore ke ne ke tshaba [gore o tlaa batla papadi ya me] gonne o monna yo o thata go dirisanya nao o tsaya se e seng sa gago e bile o gapa jalo tse di lemilweng ke ba bangwe.’ \v 22 Mme Kgosi ya goa ya re, ‘Selo ke wena sa motlhanka yo o bosula. A ke pelo e thata? Ke tlaa nna fela jalo mo go wena! Fa o itsile bopelo-e-thata jwa me le ka fa ke leng logwadi ka gone, \v 23 ke eng fa o ne o sa boloke madi a me mo polokelong gore ke tle ke bone morokotso mo go one.’ \p \v 24 “Mme a retologela kwa go ba ba emeng fa go ene a ba raya a re, ‘Tsayang madi mo go ene lo a neele monna yo o dirileng a mantsi.’ \p \v 25 “Mme ba re ‘Morena, o setse a na le a mantsi!’ \v 26 Kgosi ya fetola ya re, ‘Ee, ke boammaaruri gore ba ba nang le go le gontsi ba newa go le gontsi, mme ba ba nang le go le gonnye ba latlhegelwa le ke gone mo ba nang nago. \v 27 Mme jaanong kaga baba ba, ba me ba ba rukutlhileng, ba tliseng kwano lo ba bolaye fa pele ga me!’ ” \s1 Jesu o tsena ka bogosi mo Jerusalema \p \v 28 Mme ya re Jesu a sena go bolela polelo e, a ya Jerusalema le barutwa ba gagwe (a ba eteletse pele). \v 29 Ya re ba tsena mo motsing wa Bethefeige le Bethania, mo Thoteng ya Lotlhware, a romela barutwa ba gagwe ba le babedi kwa pele, \v 30 a ba laela go ya kwa motseng o o fa pele le gore e re ba tsena ba senke tonki e e golegilweng fa thoko ga tsela. E tlaa bo e le tonkana, e e iseng e ke e palangwe. “E gololeng, mme lo e lere kwano. \v 31 Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dira eng, lo re, ‘Morena o a e batla!’ ” \p \v 32 Mme ba bona tonkana jaaka Jesu a boletse, \v 33 mme ka boammaaruri ya re ba e golola, beng ba yone ba batla tlhaloso. Ba botsa ba re, “Lo dira eng? Lo gololelang tonkana ya rona?” \p \v 34 Mme barutwa ba fetola ba re, “Morena o a e batla!” \v 35 Mme ba lere tonkana kwa go Jesu ba pega dingwe tsa diaparo tsa bone mo go yone gore a e palame. \p \v 36-37 Mme bontsi jwa batho jwa ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, mme ya re ba fitlha fa tsela e fologelang gone go tswa kwa Thoteng ya Lotlhware, batho ba simolola go goa ba opela fa ba ntse ba tsamaya ba baka Modimo kaga dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng. \p \v 38 Ba ipela ba re, “Modimo o re neile Kgosi, e tshele ka boleele! A legodimo lotlhe le itumele! Kgalalelo go Modimo kwa magodimong!” \p \v 39 Mme bangwe ba Bafarasai mo gare ga batho ba re, “Morena, kgalemela balatedi ba gago go bua dilo tse di ntseng jalo!” \p \v 40 Mme a fetola a re, “Fa ba ka didimala, maje a a fa thoko ga tsela a, a tlaa thubega ka tuduetso!” \v 41 Mme ya re ba atamela Jerusalema a lebela motse kwa pele, a simolola go lela. \v 42 A lela a re, “Kagiso e e sa khutleng e ne e le gautshwane le wena mme wa e gana, mme jaanong lobaka lo setse lo fetile. \v 43 Baba ba gago ba tlaa go agelela ka lobota lwa mmu, ba go dika, ba go kganelela ka ntlha tsotlhe, \v 44 ba bo ba go ripitlela fa fatshe le bana ba gago ba o nang nabo; ga ba kitla ba tlogela leje le tlhatlaganye le le lengwe, gonne o ganne sebaka se Modimo o se go neileng.” \s1 Barekisi ba kojwa mo tempeleng \p \v 45 Hong a tsena mo Tempeleng a simolola go lelekela ntle barekisi mo marekisetsong a bone, \v 46 a ba raya a re, “Dikwalo di bolela gore ‘Tempele ya me ke lefelo la thapelo; mme lo e fetotse mongobo wa magodu.’ ” \p \v 47 Morago ga moo a ba ruta malatsi otlhe mo Tempeleng, mme baperesiti ba bagolo le baruti bangwe ba molao le bagwebi ba ne ba leka tsela e ba ka mmolayang ka yone. \v 48 Mme ba se ka ba akanya sepe, gonne o ne a tumile thata mo bathong, ebile ba utlwa lefoko lengwe le lengwe le o neng a le bua. \c 20 \s1 Nonofo ya ga Jesu \p \v 1 Mme ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao fa a ntse a ruta a bile a rera Mafoko a a Molemo mo Tempeleng, a engwa pele ke baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo le bagolwane ba motse. \v 2 Ba batla go itse gore o neilwe e mang nonofo ya go lelekela barekisi kwa ntle ga Tempele. \p \v 3 A ba fetola a re, “Ke tlaa lo botsa potso pele ga ke lo araba. \v 4 A Johane o ne a rometswe ke Modimo kgotsa o ne a itirela fela ka fa nonofong ya gagwe?” \v 5 Ba buisanya ka ga gone bare, “Fa re re molaetsa wa gagwe o ne o tswa legodimong, hong re tlaa bo re itshwarisa ka gore o tla re botsa gore, ‘Ke eng falo sa dumela?’ \v 6 Mme fa re re Johane o ne a sa rongwa ke Modimo batho ba tlaa re kgobotletsa ka maje, gonne ba dumela thata gore ene ele moporo-fiti.” \p \v 7 Mme ya re kwa morago ba fetola ba re, “Ga re itse!” \p \v 8 Mme Jesu a ba araba a re, “Ga nkitla ke araba potso ya lona ka gope.” \s1 Sekai ka balemi \p \v 9 Mme a retologela kwa bathong gape a ba bolelela polelo e: “Monna o kile a lema tshimo ya mofine mme a e hirisetsa balemi bangwe, mme a tsamaela kwa lefatsheng le le kgakala go ya go nna gone dingwaga di se kae. \v 10 Mme e rile fa nako ya thobo e fitlha, a romela mongwe wa batho ba gagwe go ya go phutha seabe sa gagwe sa thobo. Mme balemi ba mo itaya ba mmusetsa morago a iphotlhere fela. \v 11 Mme a romela yo mongwe, mme ga diragala gape jalo le ene a itewa a tlhapadiwa a bo a busediwa morago a sa tsaya sepe. \p \v 12 “Motho wa boraro le ene a rongwa mme ga diragala fela jalo le ene a ntshiwa dintho a ba a lelekwa. \v 13 Hong mong wa tshimo a ipotsa a re, ‘Ke tlaa dira eng? Ke tlaa roma morwaake yo ke mo ratang thata. Ammaaruri ene ba tlaa mo tlotla.’ \v 14 Mme e rile balemi ba bona morwawe, ba re, ‘E ke yone fela nako ya rona! Motho yo o tlaa ja boswa jwa lefatshe lotlhe fa rraagwe a sena goswa. Tlang, a re mmolayeng, ke gone e tlaa nnang jwa rona.’ \v 15 Hong ba mo gogela kwa ntle ga tshimo ya mofine ba mmolaya. Jaanong lo akanya gore mong wa tshimo o tlaa dira eng? \v 16 Ke a lo bolelela, o tlaa tla go ba bolaya a bo a hirisetsa ba sele tshimo ya mofine.” Mme bareetsi ba ganela ba re, “Ga ba ke ba dira selo se se ntseng jalo.” \p \v 17 Mme Jesu a ba leba a re, “Jaanong dikwalo di raya eng fa di re, ‘Lentswe le le gannweng ke baagi ke lone le le dirilweng lentswe la kgokgotshwana.’ ” \v 18 Mme a tlatsa a re, “Le fa e le mang yo o kgotswang mo lentsweng leo o tlaa robega; mme ba le ba welang le tlaa ba sugakanya go fitlhelela ba nna lorole.” \p \v 19 E rile baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba molao ba utlwa kaga polelo e o e boletseng, ba batla gore a tshwarwe ka bonako, gonne ba ne ba lemoga gore o bua kaga bone. E ne e le bahiri ba ba bosula mo polelong ya gagwe. Mme ba ne ba boifa gore fa bone ka sebele ba ka mo tshwara go tlaa nna le pheretlhego. Hong ba leka go mo tshwara ka go bua sengwe se se ka bolelelwang molaodi wa Seroma e le lebaka le le ka mo tshwarang. \s1 Go kgethela Kaesara \p \v 20 Ya re ba ntse ba lebeletse lebaka le la bone, ba romela ditlhola di ipeile jaaka ekete ke basiami. \v 21 Ba raya Jesu ba re, “Morena re a itse fa o le moruti yo o ikanyegang. O aga o bolela boammaaruri o sa fapoge ka gope se bangwe ba se akanyang, ebile o ruta ditsela tsa Modimo. \v 22 Jaanong a o ko o re bolelele, a go siame go duela makgetho a mmuso wa Seroma kgotsa nnyaa?” \p \v 23 Mme ya re ka go lemoga boferefere jwa bone a re, \v 24 “Ntshupegetsang ledi. Ke setshwantsho sa ga mang se se mo go lone? Ke leina la ga mang?” Mme ba fetola ba re, “Kaesara, molaodi yo mogolo wa Roma.” \p \v 25 Mme a ba raya a re, “Hong nayang molaodi tsotlhe tse e leng tsa gagwe mme lo neye Modimo tse e leng tsa one.” \p \v 26 Mme maiteko a bone a go leka go mo tshwara ka mafoko mo pele ga batho a pala; ba hakgamalela karabo ya gagwe mme ba didimala. \s1 Go tsoga mo losong le go nyalana \p \v 27 Mme Basadukai bangwe, batho ba ba dumelang gore loso ke bokhutlo jwa botshelo, ba re ga go na tsogo ya baswi, \v 28 ba tla kwa go Jesu ba re, “Melao ya ga Moshe ya re fa monna a a swa a sena bana, morwa-rraagwe o ka nyala motlholagadi wa gagwe mme bana ba bone e bo e le ba monna yo o suleng, go tsweledisa leina la gagwe. \p \v 29 “Re itse kaga bo morwa motho ba basimane ba supa. Yo mogolo mo go bone a nyala mme a swa a sena bana. \v 30 Monnawe a nyala motlholagadi yoo mme le ene, a swa a sena bana. \v 31 Mme ga tswelela fela jalo, go fitlhelela wa bosupa a mo nyala a bo a swa, a sena bana. \v 32 Mme ya re kwa morago mosadi le ene a swa. \v 33 Jaanong potso ya rona fano ke gore: E tlaa nna mosadi wa ga mang mo tsogong ya baswi! Gonne ba ne ba mo nyetse botlhe?” \p \v 34-35 Jesu a ba fetola a re, “Nyalo ke selo sa batho mono lefatsheng, mme e tlaa re ka letsatsi leo, batho ba ba bonwang ba tshwanetswe ke go tsosiwa mo baswing ba tsena kwa legodimong ga ba kitla ba nyala. \v 36 Le gone ga ba kitla ba tlhola ba a swa ka gope, ka tsela e, ba tshwana le baengele, ke bana ba Modimo gonne ba tsoseditswe botshelong jo bosha go tswa mo baswing. \p \v 37-38 “Mme ka fa potsong ya lona, e, le go ka ne go na le tsogo ya baswi kgotsa nnyaa, ke eng, fa le dikwalo tsa ga Moshe di supa selo se. Gonne fa a tlhalosa ka fa Modimo o iponaditseng ka gone mo go ene mo setlhareng se se tukang, o bua kaga Modimo e le, ‘Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe.’ Gore Morena ke Modimo wa motho, mongwe, go raya gore motho yoo o a tshela, ga aa swa. Jalo ka fa Modimong batho botlhe ba a tshela.” \p \v 39 Bangwe ba baruti ba molao ba Sejuta ba ba neng ba eme foo ba re, “O buile sentle Morena!” \v 40 Mme seo sa khutlisa dipotso tsa bone, gonne ba ne ba tshaba go botsa go feta foo. \p \v 41 Mme a ba botsa potso e: “Ke eng fa Keresete, Mesia, gotwe ke wa lotso lwa ga Kgosi Dafide? \v 42-43 Gonne Dafide ka boene o kwadile mo bukeng ya Dipesalema a re, ‘Modimo o reile Morena wa me, Mesia, wa re, “Nna ka fa seatleng sa me se segolo go fitlhelela ke baya baba ba gago ka fa tlase ga dinao tsa gago.” ’ \v 44 Mesia o ka nna jang Morwa Dafide le Modimo wa ga Dafide ka nako e le nngwe.” \p \v 45 Mme ya re batho ba reeditse, a retologela kwa barutweng ba gagwe a re, \v 46 “Itiseng mo bomaitseanapeng ba, ba tumelo, gonne ba rata go apara diaparo tse di kgokgothang le go dumedisiwa ka tlotlo fa ba tsamaya mo mebileng. Mme ba rata jang ditulo tsa tlotlego mo disenagogeng le manno a tlotlomalo mo medirong! \v 47 Mme le fa ba rapela ba rapela dithapelo tse di telele ka bobelonomi jo bogolo jo bo bonalang ka kwa ntle, ba loga maano a go gapela basadi ba batlholagadi dilo tsa bone ka tsietso. Mme katlholo e e boitshegang ya Modimo e letetse batho ba.” \c 21 \s1 Seabe sa motlholagadi \p \v 1 Mme ya re a ema mo Tempeleng a bo a lebeletse bahumi thata fa ba tsenya dineo tsa bone mo letloleng. \p \v 2 Mme mohumanegi wa motlholagadi a tla a latlhela dithebe di le pedi. \p \v 3 Mme Jesu a re, “Ammaaruri motlholagadi yo wa mohumanegi o ntshitse mo go tona go gaisa ga ba ba ntshitseng gotlhe go kopantswe. \v 4 Gonne ba ntshitse bonnye jwa se ba sa se tlhokeng, mme ene ka fa khumanegong ya gagwe o ntshitse gotlhe mo o neng a na le gone.” \s1 Sekai sa metlha ya bofelo \p \v 5 Bangwe ba barutwa ba gagwe ba simolola go bua kaga bontle jwa maje a a kgabisitseng Tempele le mekgabisa ya segopotso mo dipoteng. \p \v 6 Mme Jesu a re, “Lobaka lo e tla lo dilo tse tsotlhe tse di lo kgatlhang di tlaa digelwang fa fatshe, mme ga go leje lepe le le tlaa tlogelwang le tlhatlaganye le le lengwe; gotlhe go tlaa nna mokoa o le mongwe fela wa matlakala.” \p \v 7 Mme ba goa ba re, “Morena! mo go tlaa diragala leng? A go tlaa nna le tlhagiso nngwe pele ga nako ya go diragala?” \p \v 8 Mme a fetola a re, “Lo se lese ope go lo timetsa. Gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ipolela fa e le bo-Mesia, ba re, ‘Nako e gorogile’ mme lo se ka lwa ba dumela!” \p \v 9 “Mme e re fa lo utlwela dintwa le dipheretlhego di simologa, lo se ka lwa tshoga. Dintwa tsa boammaaruri di tshwanetse go tla mme bokhutlo ga bo kitla bo tla ka bonako, \v 10 gonne chaba e tlaa tsogologela chaba e nngwe le bogosi bo tlaa tsogologela jo bongwe, \v 11 mme go tlaa nna dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe le mauba mo mafatsheng a le mantsi, le maroborobo le dipoitshego tse di diregang mo magodimong. \p \v 12 “Mme pele ga mo gotlhe go diragala; go tlaa nna le paka ya dipogiso, lo tlaa gogelwa mo disenagogeng mo dikgolegelong le fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya Leina la Me. \p \v 13 “Mme ka ntlha ya gone moo, Mesia o tlaa itsege ka bophara a bo a tlotlwa. \v 14 Jalo, lo se tshwenyege ka gore lo tlaa ikarabela jang, \v 15 gonne ke tlaa lo naya mafoko a a tshwanetseng le botlhale mo e leng gore baganetsi ba lona ga ba kitla ba lo fetola! \v 16 Le e leng ba ga lona tota, batsadi ba lona, bomorwa-rraalona, ba lo tsalwang nabo ditsala tsa lona di tlaa lo oka gore lo tshwarwe; mme bangwe ba lona ba tlaa bolawa. \p \v 17 “Mme batho botlhe ba tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me e bile lo bidiwa ka Leina la Me. \v 18 Mme le fa e le thiri ya tlhogo ya lona ga e kitla e nyelela! \v 19 Gonne fa lo eme ka tlhomamo, lo tlaa boloka mewa ya lona. \p \v 20 “Mme fa lo bona Jerusalema a dikaganyeditswe ke dintwa, ke gone lo tlaa itseng gore nako ya tshenyego e gorogile. \v 21 Hong lesang batho ba Judea ba tshabele kwa dithabeng. Lesang ba ba mo Jerusalema ba leke go falola, mme ba ba kwa ntle ga motse ba se ka ba leka go boa. \v 22 Gonne ao e tlaa bo e le malatsi a katlholo ya Modimo, le mafoko a dikwalo tsa bogologolo a a kwadilweng ke baporofiti a tlaa diragala ka botlalo. \p \v 23 “Mme a bo go tlaa latlhega bomme ba baimana mo malatsing ao, le ba ba nang le masea. Gonne go tlaa nna pitlagano e kgolo mo chabeng e le bogale mo bathong ba. \p \v 24 “Ba tlaa bolawa polao e e setlhogo ka ditlha-bani tsa mmaba, kgotsa ba isiwe jaaka bafaladi le ditshwara mo dichabeng tsotlhe tsa lefatshe; mme Jerusalema o tlaa fenngwa a gatakwa ke Badi-chaba go fitlhelela nako ya phenyo ya Badi-chaba e khutla mo lobakeng lwa Modimo. \p \v 25 “Mme go tlaa nna le ditiragalo tse di sa tlwaelesegang mo loaping, ditlhagiso le botlhodi jo bo maswe mo letsatsing, ngwedi le dinaledi, le mono lefatsheng dichaba di tlaa nna mo pheretlhegong le mo tlalelong e kgolo ka ntlha ya modumo wa mawatle le makhubu a a sa tlwaelesegang. \v 26 Bopelo-kgale jwa batho ba le bantsi bo tlaa reketla ka ntlha ya tiragalo e ba e bonang e tla mo lefatsheng, gonne dinonofo tsa magodimo di tlaa thubaganngwa. \v 27 Mme batho ba lefatshe ba tlaa mpona nna Mesia, ke tla mo lerung ka nonofo le kgalalelo e kgolo. \v 28 Mme e tlaa re fa dilo tse tsotlhe di simologa go diragala, lo eme lo tlhamalale lo lebe kwa godimo! gonne poloko ya lona e gaufi.” \p \v 29 Mme a ba fa setshwantsho se: “Lepang setlhare sa mofeige kgotsa setlhare sengwe fela. \v 30 Fa matlhare a tlhoga, lo itse lo sa bolelelwa gore selemo se gaufi. \v 31 Fela jalo fa lo bona ditiragalo tse ke di lo tlhaloseditseng di diragala lo tlhomamise gore bogosi jwa Modimo bo gaufi. \p \v 32 “Ke lo tlhomamisetsa gore fa dilo tse di diragala, bokhutlo jwa motlha ono bo tlaa bo bo gorogile. \v 33 Legodimo le lefatshe di tlaa feta, le fa go ntse jalo mafoko a me a eme mo boammaaruring ka bosakhutleng. \p \v 34-35 “Itiseng! Lo se letle gore go tla ga me ka tshoganetso go lo fitlhele lo sa ipaakanya. Ke se ka ka lo fitlhela lo iketlile mo boatleng, kgotsa mo medirong ya botlhapelwa, lo gapilwe ke matshwenyego a botshelo jo, jaaka mo lefatsheng lotlhe. \v 36 Lo lebeleleng ka metlha yotlhe. Lo rapele gore e re fa go kgonega lo tle fa pele ga me lo ise lo bone dikhuduego tse.” \p \v 37-38 Letsatsi le letsatsi Jesu o ne a ya kwa Tempeleng go ya go ruta, mme bontsi jwa batho ba phuthega go sa le mo mosong go ya go mo reetsa. Mme mo maabanyaneng mangwe le mangwe o ne a tle a boele kwa Thoteng ya Lotlhware go ya go lala teng. \c 22 \s1 Judase o dumalana go oka Jesu \p \v 1 Mme jaanong moletlo wa Tlolaganyo wa bo o le gaufi, moletlo wa Sejuta o go neng go dirisiwa senkgwe se se sa bedisiwang. \v 2 Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba tumelo ba ne ba tlhoafaletse polao ya ga Jesu ba leka go senka tsela e ba ka mmolayang ka yone kwa ntle ga go tsosa mokubukubu, selo se ba neng ba se tshaba segolo. \p \v 3 Mme Satane a tsena mo go Judase Isekariota, yo e neng e le mongwe wa barutwa ba ba lesome le bobedi, \v 4 a ya kwa baperesiting ba bagolo le bagolwane ba batlhokomedi ba Tempele go ya go buisanya ka tsela e e siameng ya go ba okela Jesu. \p \v 5 Mme ba ne ba rata, ba itumelela go itse fa a ipaakanyeditse go ba thusa mme ba mo solofetsa tuelo. \v 6 Hong a simolola go ba senkela nako ya go tshwara Jesu ka tidimalo batho ba seyo. \s1 Selalelo sa bofelo \p \v 7 Mme letsatsi la moletlo wa Tlolaganyo la fitlha, le ka lone kwana ya modiro e neng ya bolawa ya ba ya jewa le senkgwe se se sa bedisiwang. \v 8 Jesu a roma Petere le Johane go ya go batla felo fa go tlaa baakanyediwang Tlolaganyo ya bone gone. \p \v 9 Mme ba botsa ba re, “O batla re ya kae?” \p \v 10 Mme a fetola a re, “E tlaa re fela fa lo tsena mo Jerusalema, lo tlaa bona monna a tshotse nkgwana ya metsi. Mo lateleng go ya kwa lwapeng lo a tsenang mo go lone, \v 11 mme lo reye monna yo o nnang foo lo re, ‘Moruti wa rona a re o re kaele ntlo ya baeti fa a ka jelang Tlolaganyo gone le barutwa ba gagwe.’ \v 12 Mme o tlaa lo tseela kwa godimo kwa tlung e tona e re setseng re e baakanyeditswe. Ke lone lefelo leo. Tsamaelang pele lo ye go baakanya dijo gone.” \p \v 13 Mme ba tswa ba ya kwa motseng mme ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse fela jaaka Jesu a boletse, mme ba baakanya dijo tsa Tlolaganyo. \v 14 Mme Jesu le ba bangwe ba goroga, mme ka nako e e tshwanetseng ba nna fa fatshe botlhe fa lomating lwa bojelo; \v 15 mme a ba raya a re, “Ke lebeletse lobaka lo ka tlhoafalo e kgolo, ke batla go ja Tlolaganyo e le lona pele ga pogiso ya me e simologa. \v 16 Gonne ke a lo bolelela gompieno gore ga nkitla ke tlhola ke e ja gape; go fitlhela se e se emetseng se diragala mo Bogosing jwa Modimo.” \p \v 17 Mme a tsaya senwelo sa mofine, ya re a sena go se lebogela a re, “Tsaya se lo se kgaogane. \v 18 Gonne ga nkitla ke e nwa mofine gape go fitlhelela Bogosi jwa Modimo bo tla.” \p \v 19 Mme a tsaya senkgwe; mme a se lebogela, a se ngathoganya a se ba naya a re, “Se ke mmele wa me, o lo o neetsweng. O jeng e le segopotso sa me.” \v 20 Morago ga dijo a ba naya senwelo se sengwe sa mofine a re, “Mofine o, ke sesupo sa kgolagano e ncha ya Modimo go lo boloka, kgolagano e e kanetsweng ka madi a ke tlaa a tshololang go reka mewa ya lona. \v 21 Mme fano fa lomating lwa bojelo go ntse mongwe jaaka tsala mo gare ga rona, ke ene monna yo o tlaa nkokang. \v 22 Ke tshwanetse go swa. Ke ntlha nngwe ya leano la Modimo. Mme bomadimabe bo letile monna yo, yo o nkokang,” \p \v 23 Mme barutwa ba ikgakgamalela gore ke ofe wa bone yo o ka dirang selo se se ntseng jalo. \s1 Barutwa ba ganetsana gore yo mogolo e tlaa nna mang \p \v 24 Ba simolola go ganetsanya gore ke ofe yo o tlaa nnang mo maemong a a kwa godimo [mo Bogosing jo bo tlang]. \p \v 25 Mme Jesu a ba raya a re, “Mo lefatsheng leno dikgosi le banna ba batona ba laola batlhanka ba bone, mme batlhanka ga ba ke ba itlhophela fa e se go ineela fela! \v 26 Mme mo gare ga lona, ene yo o lo direlang ke ene o tlaa nnang moeteledipele wa lona. \v 27 Mo lefatsheng Morena o nna fa lomating lwa bojelo mme a direlwe ke batlhanka ba gagwe. Mme e seng fano! Gonne ke motlhanka wa lona. \v 28 Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya gore lo ntse lo le boammaaruri mo go nna mo malatsing a a matshwenyego, \v 29 le ka ntlha ya gore Rre a nneetse Bogosi, le Nna gompieno ke lo naya tshwanelo, \v 30 ya go ja le go nwa fa lomating lwa bojelo mo Bogosing joo; mme lo tlaa nna mo ditilong tsa segosi lo atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele. \p \v 31 “Simone, Simone, Satane o lopile gore lo mo neelwe, gore a lo fefere jaaka mabele, \v 32 mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e seka ya fenngwa gotlhelele. Mme e re fa o sena go sokologa o bo o boela mo go nna gape, o nonotshe tumelo ya bakaulengwe ba gago o bo o e age.” \v 33 Simone a re, “Morena ke ipaakanyeditse go ya kgolegelong le wena, le go swa le wena.” \p \v 34 Mme Jesu a mo raya a re, “Petere, mma ke go bolelele sengwe. Go simolola ka nako eno go ya go tsena ka moso mo mosong fa mokoko o lela, o tlaa bo o intatotse gararo, o bolela gore ga o nkitse.” \v 35 Mme Jesu a ba botsa a re, “E rile fa ke lo phatlalatsa go ya go rera Mafoko a a Molemo lo sena madi, sekgwama kgotsa diaparo tse dingwe, lo ne lwa tsamaya jang?” Mme ba fetola ba re, “Re tsamaile sentle.” \p \v 36 A re, “Jaanong a yo o nang le sekgwama a se tseye le madi. Mme le yo o senang chaka, go botoka gore a rekise diaparo tsa gagwe a ye go e reka! \v 37 Gonne lobaka lo fitlhile lwa gore polelelo pele ka ga me e e reng: ‘O tlaa bonwa molato jaaka dinokwane,’ e diragale! Ee, sengwe le sengwe se se kwadilweng ka ga me ke baporofiti se tlaa diragala.” \p \v 38 Mme ba fetola ba re, “Morena, re na le dichaka tse pedi,” mme a ba fetola a re, “Di lekane!” \s1 Jesu o rapela kwa Thabeng ya lotlhware \p \v 39 Mme a tswa mo tlung e e kwa godimo a ya kwa Thoteng ya Lotlhware jaaka gale. \v 40 Mme ya re teng koo a ba raya a re, “Rapelang Modimo gore lo se ka lwa fenngwa ke thaelo.” \p \v 41-42 Mme a tsamaya gongwe e ka ne e le sebaka sa konopelo ya lentswe, a khubama a rapela thapelo e: “Rara, fa o rata tsweetswee, tlosa senwelo se sa tlhokofatso mo go nna mme ke batla go rata ga gago, e seng ga me.” \v 43 Mme moengele yo o tswang legodimong a iponatsa a mo nonotsha, \v 44 gonne o ne a le mo tlhokofatsong ya mowa mo o neng a rotha mofufutso wa madi; ka marothodi a magolo a wela fa fatshe fa a ntse a rapela thata ka tlhoafalo. \v 45 Mme ya re lwa bofelo a boela gape kwa barutweng ba gagwe, a ba fitlhela ba robetse, ba lapisitswe ke bohutsana. \p \v 46 A ba raya a re, “A lo robetse! Tsogang! Rapelang gore lo se ka lwa fenngwa fa lo raelwa.” \s1 Go tshwarwa ga ga Jesu \p \v 47 Mme ya re fa a sa ntse a bua jaana lesomo la batho la tla le eteletswe pele ke Judase, mongwe wa barutwa ba gagwe ba ba neng ba le lesome le bobedi. Judase a tsamaela kwa go Jesu a mo atla mo lerameng ka tumediso ya botsalano. \p \v 48 Mme Jesu a mo raya a re, “Judase ke eng fa o dira jaana, o oka Morwa Motho ka katlo?” \p \v 49 Mme ya re barutwa ba gagwe ba bona se se tlaa tlogang se direga ba goa ba re, “Morena a re ka lwa? Re tsile le dichaka!” \p \v 50 Mme mongwe wa bone a rema tsebe e e kafa letsogong le legolo la motlhanka wa Moperesiti yo Mogolo a e kgaola. \p \v 51 Mme Jesu a re, “Lo seka lwa busolosa ka gope”. Mme a ama fa tsebe e neng e le teng a e busetsa. \v 52 Mme Jesu a bua le baperesiti ba bagolo le balaodi ba batlhokomedi ba Tempele le baeteledipele ba tumelo ba ba neng ba eteletse lesomo la batho pele. A botsa a re, “A ke serukutlhi, fa lo tsile ka dichaka le melamu go ntshwara jaana?” \v 53 Ke eng fa lo ne lo sa ntshware mo Tempeleng. Ke ne ke le koo malatsi otlhe. Mme lo ke lobaka lwa lona, lobaka lo nonofo ya ga Satane e busang thata ka lone. \s1 Petere o itatola Jesu \p \v 54 Jalo ba mo tshwara ba mo isa kwa bonnong jwa Moperesiti yo Mogolo, mme Petere a ba latela a katogetse kgakajana. \v 55 Mme masole a gotsa molelo mo lwapeng ba nna fa fatshe ba ora, mme Petere a ora nabo. \p \v 56 Mme motlhanka wa morweetsana a mo lemoga mo leseding la molelo hong a simolola go mo tlhoma matlho. Mme ya re lwa bofelo a re, “Monna yo o ne a na le Jesu!” \p \v 57 Petere a itatola a re, “Mosadi, ga ke itse monna yoo gotlhelele!” \p \v 58 Morago ga lobakanyana mongwe a mo leba a re, “O tshwanetse wa bo o le mongwe wa bone!” Petere a fetola a re, “Nnyaa rra, ga ke ene!” \p \v 59 E rile kwa moragonyana e ka nna lobaka lwa oura mongwe a tlhomamisa a re, “Ke itse motho yo, ke mongwe wa barutwa ba ga Jesu, gonne ba tswa Galalea mmogo.” \p \v 60 Mme Petere a re, “Monna ke wena, ga ke itse gore o bua kaga eng.” Mme ya re a bua mafoko a, mokoko wa lela. \p \v 61 Mme ya re ka lobaka loo Jesu a retologa a leba Petere mme Petere a gakologelwa gore o ne a mo reile a re, “Pele ga mokoko o lela ka moso mo mosong o tlaa bo o intatotse gararo.” \v 62 Hong Petere a tswa mo lwapeng, a lela mo go botlhoko. \s1 Jesu o a thamathamisiwa \p \v 63-64 Mme badisa ba ba neng ba disitse Jesu ba simolola go mo sotla. Ba mo fapa matlho ba mo itaya ka mabole ba mmotsa ba re, “E mang yo o neng a go itaya ka nako eo, moporofiti?” \v 65 Ba mo tlhaeletsa ka matlhapa a mefuta yotlhe. \p \v 66 E rile letsatsi le tlhaba mo mosong o o latelang Kgotla e Tona ya Sejuta ya phuthega, go na le baperesiti ba bagolo le baruti ba molao ba bagolo ba Sechaba, Jesu a tlisiwa fa pele ga Lekgotla leo, \v 67-68 mme a tewa gatwe a tlhomamise gore a o ipitsa Mesia kgotsa nnyaa. Mme a fetola a re, “Le fa nka lo bolelela ga lo kitla lo ntumela kgotsa lo ntetla go ntsha ngongorego ya me. \p \v 69 “Mme nako e e tla ka bofefo fa Nna, Morwa Motho, ke tlaa nnang fa seatleng se segolo sa nonofo ya Modimo.” \p \v 70 Hong ba goa botlhe ba re, “A jaanong o ipitsa gore o Morwa Modimo?” Mme a fetola a re, “Ee ke ene.” \p \v 71 Mme ba goa ba re, “Re santse re tlhoka eng? Gonne rona ka bo rona re mo ikutlwetse a bua jalo.” \c 23 \s1 Jesu fa pele ga ga Pilatwe \p \v 1 Mme Lekgotla lotlhe la tseela Jesu kwa go Pilatwe wa molaodi. \v 2 Mme ba simolola go mmaya molato ba re: “Motho yo o ntse a timetsa batho ba rona ka go ba raya a re ba se ka ba ntshetsa mmuso wa Seroma makgetho ebile o ipitsa gore ke Mesia wa rona, Kgosi.” \p \v 3 Mme Pilatwe a mmotsa a re, “A o Mesia wa bone, Kgosi ya bone?” Jesu a fetola a re, “Ee, ke jaaka o bua.” \p \v 4 Mme Pilatwe a retologela kwa baperesiting ba bagolo le kwa lesomong la batho a re, “Moo ga se molato!” \p \v 5 Ba kgobega marapo ba re, “Mme o tsosa dipheretlhego kgatlhanong le mmuso gongwe le gongwe kwa o yang teng, mo Judea otlhe, go tswa Galalea, go ya Jerusalema!” \s1 Jesu fa pele ga ga Herode \p \v 6 Pilatwe a botsa a re, “A ke Moga lalea?” \p \v 7 Mme ya re ba dumela, Pilatwe a re ba mo ise kwa go Kgosi Herode, gonne Galalea o ne a le ka fa tlase ga taolo ya ga Herode, mme Herode o ne a le mo Jerusalema ka lobaka loo. \v 8 Herode o ne a itumelela sebaka seo sa go bona Jesu, gonne o ne a mo utlwaletse thata mme a solofetse go bona a dira kgakgamatso. \p \v 9 A botsa Jesu dipotso ka go latelana, mme a se ka a fetola. \p \v 10 Mme ya re ka lobakanyana loo, baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ba goa ba eme foo ba mmaya molato. \p \v 11 Mme Herode le masole a gagwe ba simolola go sotla Jesu ba mo tshega; ba mo apesa seaparo sa segosi, ba mmusetsa kwa go Pilatwe. \v 12 Mme ya re letsatsi leo Herode le Pilatwe ba ba kileng ba ne ba tlhoane pele, ba nna ditsala tse dikgolo. \p \v 13 Mme Pilatwe a phutha baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuta le batho, \v 14 a bolela mogopolo wa gagwe a re, “Lo ntereditse monna yo, lo mmaya molato ka go tsosa khuduego kgatlhanong le mmuso wa Se-Roma. Mme ke mo tlhatlhobile sentle mo ntlheng e mme ga ke mmone molato ope. \v 15 Herode le ene o mmuseditse kwano go rona, a sa mmona molato o o tshwanetseng loso. \v 16 Jalo ke tlaa mo kgwathisa ka thupa e e mitlwa, ke bo ke mo golola.” \p \v 17-18 Mme modumo o mogolo wa tsoga mo bathong ka lentswe le le lengwe ba re, “Mmolaye, o re gololele Barabase!” \v 19 (Barabase o ne a le mo kgolegelong ka ntlha ya go simolola dipheretlhego mo Jerusalema kgatlhanong le mmuso le go bolaya batho). \v 20 Mme Pilatwe a ganetsanya nabo, gonne o ne a batla go golola Jesu. \p \v 21 Mme ba goa ba re, “Mmapole! Mmapole!” \v 22 A bo a bua le bone la boraro a kopa a re, “Ka ntlha yang? O dirile molato ofe? Ga ke a bona lebaka lepe la go mo atlholela loso. Mme ke tlaa mo kgwathisa ke bo ke mo lesa a tsamaya.” \v 23 Mme ba goela kwa godimodimo gore Jesu a bapolwe, mantswe a bone a bo a fenya. \p \v 24 Mme Pilatwe a atlholela Jesu loso jaaka ba lopile. \v 25 Mme a golola Barabase, ka fa kopong ya bone, monna yo o neng a tshwaretswe go feretlha le go bolaya batho. Mme Pilatwe a ba neela Jesu gore ba mo dire ka fa ba ratang ka teng. \s1 Jesu o a bapolwa \p \v 26 Mme ya re bontsi jwa batho bo isa Jesu kwa o neng a ya go bolaelwa teng, ba bona Simone wa Mokurene yo e neng e le gone a gorogang mo Jerusalema a tswa kwa dikgaolong, mme ba mo pateletsa go ba sala morago, a sikere mokgoro wa ga Jesu. \v 27 Bontsintsijwa batho jwa mo sala morago, le basadi ba le bantsi ba ba neng ba mo lelela ka kutlobotlhoko. \p \v 28 Mme Jesu a retologa a ba raya a re, “Bomorwadia Jerusalema, se nteleleng, iteleleng lo bo lo lelele bana ba lona. \v 29 Gonne malatsi a e tla, a basadi ba ba senang bana ba tlaa bidiwang ba ba sego tota. \v 30 Batho ba tlaa lopa dithaba gore di ba wele di ba sugakanye le maje gore a ba khurumetse. \v 31 Gonne fa dilo tse di ntseng jaana di dirwa mo go nna Setlhare sa Botshelo, lona ba tlaa lo dira jang?” \p \v 32-33 Dinokwane tse pedi di ne tsa tlisiwa go ya go bolawa nae kwa lefelong le le bidiwang “Logata.” Ka boraro jwa bone ba bapolwa, Jesu a le mo mokgorong o o fa gare, dinokwane tse pedi di le mo ditlhakoreng. \p \v 34 Mme Jesu a re, “Rara, itshwarele batho ba, gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme masole a kgaogana diaparo tsa gagwe ba di laola ka bola. \v 35 Batho ba lebelela. Mme Baeteledipele ba Sejuta ba sotla. Ba re, “O ne a siame thata go thusa ba bangwe, a re mmoneng a ipoloka fa e le gore ke ene tota yo o tlhophilweng ke Modimo go nna Mesia.” \p \v 36 Mme masole le one a mo sotla ka go mo nosa seno se se botlha sa mofine. \v 37 Mme ba mo tlhaeletsa ba re, “Fa o le kgosi ya Bajuta, ipoloke!” \p \v 38 Kitsiso ya pegwa mo mokgorong fa godimo ga gagwe ka mafoko a, “Yo ke Kgosi ya Bajuta.” \p \v 39 Mongwe wa dinokwane yo o neng a pegilwe go bapa nae a sotla a re, “Wa re o Mesia, a ga o ene? Itshupe ka go ipoloka le rona o re boloke.” \v 40-41 Mme senokwane se sengwe sa re, “A le Modimo ga o o boife, le fa o o swa? Re tshwanetse go swa ka ntlha ya ditiro tsa rona tse di bosula, mme monna yo ga a a dira sepe se se molato.” \v 42 Mme a re, “Jesu, o nkgopole fa o tsena mo Bogosing jwa gago!” \v 43 Mme Jesu a fetola a re, Tsatsi jeno o tlaa nna le nna kwa Paradaiseng ke go solofetsa ka boammaaruri. \s1 Go swa ga ga Jesu \p \v 44 Mme ya bo e setse e le motshegare wa sethoboloko; ga nna lefifi mo lefatshing lotlhe selekanyo sa oura tse tharo, go fitlha ka nako ya boraro. \v 45 Letsatsi la fifala, mme ka tshoganetso sesiro sa Tempele sa gagoga ka bogare. \p \v 46 Mme Jesu a goa a re, “Rara, ke go neela mowa wa me.” Mme ka mafoko ao a swa. \p \v 47 Ya re molaodi wa masole a Se-Roma yo o neng a laola polao ya bone a bona se se diragetseng, a tlelwa ke poifo fa pele ga Modimo a re, “Ruri monna yo o ne a sena molato.” \p \v 48 Mme ya re bontsintsi jwa batho ba ba neng ba tsile go bona papolo ba bona Jesu a sule, ba boela magaeng ka kutlobotlhoko e kgolo. \p \v 49 Mme ya re barutwa ba gagwe ba bona se se tla tlogang se direga ba goa ba re “Morena, a re ka lwa re tsile le dichaka.” \s1 Go fitlhwa ga ga Jesu \p \v 50-52 Mme monna mongwe yo o bidiwang Josefa, leloko la Kgotla Kgolo ya Sejuta, wa motse wa Arimathea mo Judea, a ya kwa go Pilatwe a mo kopa setopo sa ga Jesu. E ne e le monna yo o boifang Modimo yo o neng a ntse a lebeletse go tla ga Mesia ebile o ne a ise a ke a dumalane le maikaelelo le dikgato tsa baeteledipele ba bangwe ba Sejuta. \v 53 Mme a folosa mmele wa ga Jesu a o phuthela ka letsela le le leele la lene mme a o baya mo lebitleng le lesha le le iseng le ke le dirisiwe, [le gabilwe mo lefikeng mo mhapheng wa thaba]. \v 54 Mo go ne ga diragala ka Labotlhano mo tshokologong ka letsatsi la iketleetso ya Sabata. \p \v 55 Mme ya re setopo se tsewa, basadi ba ba neng ba tswa Galalea ba se sala morago, ba se bona se tsenngwa mo phupung. \p \v 56 Mme ba ya magaeng go ya go baakanya malao le ditlolo go dibela setopo; mme ya re ba fetsa ga bo go le Sabata. Hong ba itapolosa letsatsi leo lotlhe ka fa molaong wa Sejuta. \c 24 \s1 Go tsoga ga ga Jesu \p \v 1 Erile go sa le mo mosong ka Tshipi ba tseela ditlolo tsa bone kwa phupung, \v 2 mme ba fitlhela lentswe le legolo le le neng le khurumeditse phupu le hidikolotswe. \v 3 Jalo ba tsena mo teng, mme setopo sa ga Jesu sa bo se seyo. \p \v 4 Ba ema foo ba reregile ba akanya gore se ka bo se diragaletswe ke eng? Ka tshoganetso banna ba babedi ba iponatsa mo go bone, ba apere diaparo tse di tshweu di lakasela mo e leng gore matlho a bone a ne a kaloga. \v 5 Basadi ba bo ba tshogile thata mme ba obama fa pele ga bone. Mme banna ba ba botsa ba re, “Ke eng fa lo batla motshedi mo diphupung? \v 6-7 Ga a yo fa! O rudile! A ga lo gakologelwe se o neng a se lo bolelela kwa Galalea gore Mesia o tshwanetse go okelwa mo nonofong ya batho ba ba bosula a bo a bapolwa mme a tsoge ka letsatsi la boraro?” \p \v 8 Mme ba gakologelwa, \v 9 ba sianela kwa Jerusalema go ya go bolelela barutwa ba gagwe ba ba lesome le bongwe le mongwe le mongwe se se diragetseng. \v 10 (Basadi ba ba neng ba ya kwa phupung e ne e le Marea Magatalena, Joana le Marea mmagwe Jakobe le ba bangwe ba le bantsinyana). \v 11 Mme polelo e ya utlwala ekete dinaane fela mo bathong, ba se ka ba e dumela. \v 12 Le fa go ntse jalo, Petere a sianela kwa phupung go ya go bona. A obama a okomela mme a bona diphutho tse di senang sepe; a boela gae, a gakgamaletse se se diragetseng. \s1 Jesu le barutwa ba gagwe kwa Emau \p \v 13 Ka lone letsatsi leo, balatedi bangwe ba ga Jesu ba le babedi ba bo ba ya kwa motsaneng wa Emau; bokgakala jwa dimmaele di supa go tswa kwa Jerusalema. \p \v 14 Ya re ba ntse ba tsamaya ba bo ba bua; kaga loso lwa ga Jesu, \v 15 mme ka tshoganetso Jesu ka sebele a tla a tseisanya nabo tsela! \p \v 16 Mme ba se ka ba mo lemoga, gonne Modimo o ne wa dira gore ba seka ba lemoga. \v 17 A ba raya a re, “Lo lebega o ka re lo tshotse kgang e tona ka ga sengwe. Lo tshotse kgang ka ga eng?” Ba ema go se kae ba tlhontse difatlhogo. \p \v 18 Mme mongwe wa bone, ebong Keleopase a fetola a re, “E tshwanetse ya bo e le wena fela mo Jerusalema yo o iseng o utlwalele dilo tse di gakgamatsang tse di diragetseng mo bekeng e e fetileng.” \v 19 Jesu a botsa a re, “Dilo di fe?” Ba re, “Dilo tse di dirageletseng Jesu, wa Monasara. E ne e le Moporofiti yo o neng a dira dikgakgamatso tse di leng thata go dumelwa ebile e le Moruti yo mogolo yo o neng a tlotlwa thata ke Modimo le batho. \v 20 Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ya rona ba mo tshwara ba mo neela mmuso wa Se-Roma go atlholelwa loso, ba bo ba mmapola. \v 21 Re ne re solofetse gore e ne e le Mesia yo o galalelang yo o tsileng go golola Iseraele. Mme jaanong, mo godimo ga mo gotlhe mo go diragetseng mo malatsing a mararo a a fetileng, \v 22-23 basadi bangwe ba setlhopha sa rona sa balatedi ba gagwe ba ne ba le kwa phupung phakela thata mme ba boa ka polelo e e hakgamatsang e e reng setopo sa gagwe ga seyo, le gore ba bonye baengele gone ba ba ba boleletseng gore Jesu o a tshela! \v 24 Bangwe ba rona ba ne ba sianela teng go ya go bona, mme ka boammaaruri jo bo tletseng setopo sa ga Jesu sa bo se seyo, fela jaaka basadi ba boletse.” \p \v 25 Mme Jesu a ba raya a re, “Lo dieleele go le kae? A batho ba ba dieleele! Lo palelwa ke go dumela se baporofiti ba se kwadileng mo dikwalong! \v 26 A ga go a tlhalosiwa pele ke baporofiti gore Mesia o tlaa bogela dilo tse tsotlhe pele ga a tsena mo kgalalelong ya Gagwe!” \p \v 27 Mme a ba phuthololela mafoko ka go latelana ga one mo dikwalong tsa baporofiti, a simolola ka lokwalo lwa Genesese mme a tsamaya le dikwalo tse dingwe, a tlhalosa gore mafoko a ne a raya eng le gore a ne a bua kaga gagwe. \p \v 28 Ka nako e ba ne ba atamela Emau kwa ba neng ba ya teng. Jesu a dira jaaka o ka re o santse a fetela kwa pele, \v 29 mme ba mo kopa go lala nabo, ka nako e ne e setse e fetile. Jalo a ya lwapeng nabo. \v 30 Mme ya re ba nna fa fatshe ba a ja, a kopela dijo tshegofatso mo Modimong mme a tsaya senkgwe se sennye a se ngathoganya a se ba naya, \v 31 ka bonako matlho a bone a bulega mme ba mo lemoga! mme ka sone sebaka se a nyelela. \v 32 Ba simolola go bolelelana ka fa dipelo tsa bone di tlhotlhelesegileng ka teng fa a bua le bone a tlhalosa dikwalo fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng. \p \v 33-34 Fela ka yone nako eo ba nanoga ba boela kwa Jerusalema, kwa barutwa ba ba lesome le motso le balatedi ba bangwe ba ga Jesu ba neng ba ba dumedisa ka mafoko a, “Ruri Morena o tsogile. O iponaditse mo go Petere!” \v 35 Mme ba babedi ba ba tswang Emau ba bolela ka fa Jesu a iponaditseng mo go bone ka teng fa a ngathoganya senkgwe. \p \v 36 Mme ya re ba sa ntse ba bua ka gone, ka tshoganetso Jesu a bo a setse a eme foo mo gare ga bone, a ba dumedisa! \v 37 Mme botlhe ba bo ba tshogile thata, ba gopola gore ba bona sepoko. \v 38 A ba botsa a re, “Lo tshositswe ke eng? Ke eng fa lo belaela gore a ruri ke Nna? \p \v 39 “Lebelelang dinao tsa me! Lo ka bona gore ke nna ka sebele. Nkamang gore lo tlhomamise sentle gore ga ke sepoko! Gonne dipoko ga di na mebele, jaaka lo bona nna ke na le one.” \v 40 Mme ya re a bua jaana, a tsholetsa diatla gore ba bone [dipadi tsa dipekere] mo diatleng tsa gagwe, a ba a ba kaela dintho mo dinaong tsa gagwe. \v 41 Le fa go ntse jalo ba nna foo ba sa itse gore ba ka reng, ba tletse boitumelo le pelaelo. Mme a ba botsa a re, “A lo na le sengwe se se jewang fano?” \p \v 42 Ba mo naya setoki sa tlhapi e e besitsweng. \p \v 43 Mme a e ja ba mo lebeletse. \v 44 Mme a ba raya a re, “Mafoko a, ke ona a ke kileng ka a bua le lona ke santse ke na le lona fa dilo tsotlhe di na le go diragala, ebong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe, le mo baporofiting le mo dipesalemeng, kaga me.” \v 45 Hong a rarabolola tlhaloganyo ya bone, gore ba tlhaloganye dikwalo. \p \v 46 Mme a ba raya a re, “Go kwadilwe jaana, fa ene Keresete a tla swa jalo, mme a ba a tsoga mo losong ka letsatsi la boraro; \v 47 le gore go rerelwe merafe yotlhe boikotlhao jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema. \p \v 48 “Lona lo basupi ba dilo tse. \v 49 Mme, bonang, ke tlisa polelo ya tsholofetso ya ga Rre mo go lona: mme lo name lo sa diegile mo motseng wa Jerusalema, go tlo go tsamaye lo amogele nonofo e e tswang kwa godimo.” \p \v 50 Mme a ba etelela pele ba ya go fitlha go lebagana le Bethania; mme a choletsa mabogo a gagwe, a ba segofatsa. \v 51 Mme ga diragala ya re a sa ntse a ba segofatsa, a kgaogana nabo, mme a tsholelediwa kwa legodimong. \s1 Jesu o boela legodimong \p \v 52 Mme ba mo obamela; mme ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo, \v 53 mme ba tlhola ba ntse ba le mo tempeleng ka gale, ba baka Modimo.