\id JHN - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Johane \toc1 Johane \toc2 Johane \toc3 Johane \mt1 Johane \c 1 \s1 Modimo jaaka Lefoko \p \v 1-2 Erile pele ga tlholego ya dilo tshotlhe, Keresete a bo a ntse a le teng le Modimo. Ga a bolo go nna a tshela mme a le Modimo ka sebele. \v 3 O tlhodile sengwe le sengwe se se leng teng, ga gona sepe se se tshelang se se sa tlholwang ke ene. \p \v 4 Botshelo jo bo sa khutleng bo mo go ene, mme botshelo jo bo naya batho lesedi. \v 5 Botshelo jwa gagwe ke lesedi le le phatsimang mo lefifing, mme lefifi ga le kake la tima lesedi. \p \v 6-7 Modimo o ne wa roma Johane wa Mokolobetsi e le mosupi wa gore Jesu Keresete ke lesedi la Boammaaruri. \v 8 Johane e ne e se lesedi ka boene; o ne a le mosupi wa lone fela. \v 9 Moragonyana, yo e leng ene lesedi la boammaaruri a goroga go tla go phatsima mo go mongwe le mongwe yo o tlang mo lefatsheng. \p \v 10 Mme le fa tota a dirile lefatshe, lefatshe ga le a ka la mo itse fa a sena go tla. \v 11-12 Le fa e le mo lefatsheng la ga gabo le mo go ba ga gabo ebong Bajuta, ga a a ka a amogelesega. Ba se kae fela ba ne ba mo amogela. Mme botlhe ba ba neng ba mo amogela, o ne a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo. Gotlhe mo ba neng ba tlhoka go go dira, e ne e le go mo ikanya gore a ba boloke. \v 13 Botlhe ba ba dumelang se, ba tsalwa sesha eseng ga senama mo go tswang mo thatong ya motho kgotsa leano; mme go tswa mo go rateng ga Modimo. \p \v 14 Mme Keresete a nna motho mme a nna mo lefatsheng mo gare ga rona a tletse lorato lwa boitshwarelo le boammaaruri. Bangwe ba rona ba bonye kgalalelo ya gagwe; kgalalelo ya Morwa yo o esi wa ga Rara wa Legodimo! \p \v 15 Johane a mo supegetsa batho, a bolelela batho ba le bantsintsi a re, “Yo ke ene yo ke neng ka bua ka ga gagwe ke re, ‘Mongwe o e tla yo o mphetang go menaganye; gonne ga a bolo go nna pele ga ke tsalwa.’ ” \p \v 16 Rotlhe re amogetse mahumo a a tswang mo matlhogonolong a gagwe a o a re lereditseng, letlhogonolo mo godimo ga letlhogonolo go koegilwe mo go rona! \v 17 Gonne Moshe o re neetse molao fela o o nang le maikaelelo a a thata go tshegediwa, le tshiamo e e senang kutlwelobotlhoko, fa Jesu Keresete ene a re lereditse lorato le boitshwarelo. \v 18 Ga go na ope yo tota o kileng a bona Modimo ka matlho, fa e se Morwawe fela a le esi yo o mmonyeng, gonne ke mopati wa ga Rara ebile o re boleletse gotlhe ka ga Ene. \s1 Johane o tlhalosa go tla ga ga Jesu \p \v 19 Baeteledipele ba Sejuta ba roma baperesiti le bathusi ba bone go tsweng kwa Jerusalema go botsa Johane gore a o ne a ipitsa Mesia. \v 20 Mme a ganela mo go senang gotwe sepe. A re, “Ga ke Keresete.” \v 21 Mme ba mmotsa ba re, “Go siame, jaanong o mang? A o Elija?” A fetola a re, “Nnyaa.” “A o moporofiti?” “Nnyaa.” \p \v 22 “Jaanong o mang? Re bolelele gore re tle re kgone go neela ba ba re romileng karabo. Wa reng fa o ikarabela?” \v 23 A fetola a re, “Ke lentswe le le tswang mo sekakeng se se senang sepe, ke goa fela jaaka Isaia a porofitile a re, ‘ipaakanyetseng go tla go Morena’.” \p \v 24-25 Mme ba ba neng ba romilwe ke Bafarasai ba mmotsa ba re, “Fa o se Mesia kgotsa Elija kgotsa moporofiti, o tsaya kae tetlelelo ya go kolobetsa?” \v 26 Johane a ba raya a re, “Ke kolobetsa fela ka metsi, mme mo gare ga bontsintsi jwa batho, go na le mongwe yo lo iseng lo ke lo rakane nae. \v 27 Yo o tlaa tlogang a simolola tirelo-Modimo mo go lona, mme ga ke a lekana go nna le fa e le lekgoba la gagwe.” \p \v 28 Tiragalo e e ne ya diragala kwa Bethania, motse o o ka fa ntlheng e nngwe ya Noka ya Jorodane kwa Johane o neng a kolobetsa teng. \p \v 29 Letsatsi le le latelang Johane a bona Jesu a tla ntlheng ya gagwe mme a re, “Bonang! Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe! \v 30 Ke ene yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke re, ‘Monna yo o mphetang thata o tlaa tloga a tla ka bofefo, yo o sa bolong go nna pele ga me!’ \v 31 Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme ke fano ke kolobetsa ka metse gore ke mo supe mo chabeng ya Iseraele.” \p \v 32 Mme Johane a bolela ka go bona Mowa O O Boitshepo o fologela mo go Jesu o le mo setshwa-nong sa lephoi o tswa kwa legodimong. \p \v 33 Gape Johane a re, “Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme erile ka nako e Modimo o neng o nthoma ka yone go tla go kolobetsa wa re, ‘Fa o bona Mowa O O Boitshepo o fologa o nna mo mongweng, ke ene yo o mmatlang. Ke ene yo o kolobetsang ka Mowa O O Boitshepo.’ \v 34 Ke bonye go diragala mo monneng yo, mme ke sone se ke supang gore ke Morwa Modimo.” \s1 Barutwa ba ntlha ba ga Jesu \p \v 35 Letsatsi le le latelang fa Johane a eme le barutwa ba bangwe ba le babedi, \v 36 Jesu a feta gautshwane le bone. Johane a mo leba thata mme a bua a re, “Bonang Kwana ya Modimo!” \p \v 37 Mme barutwa ba babedi ba ga Johane ba retologa ba sala Jesu morago! \p \v 38 Jesu a retologa a ba bona ba mo setse morago. Mme a ba botsa a re, “Lo batlang?” Ba mo raya ba re, “Rra, o nna kae?” \p \v 39 A ba raya a re, “Tlang lo bone.” Mme ba ya le ene kwa a neng a nna teng mme ba nna nae lobaka lo e neng e ka nna go simologa nako ya bone mo tshokologong go fitlhelela go nna lotlatlana. \v 40 (Mongwe wa banna ba e ne e le Anderea Monnaa Simone Petoro). \p \v 41 Mme Anderea a ya go senka Petoro mogolowe a mo raya a re, “Re bonye Mesia.” \v 42 Mme a isa Petoro kwa go Jesu. Jesu a tlhoma Petoro matlho le mogopolo ka lobakanyana mme a re, “O Simone, morwa Johane, mme o tlaa bidiwa Petoro, ke gore Lefika!” \p \v 43 Letsatsi le le latelang Jesu a ikaelela go ya Galalea. Mme bona Filipo a mo raya a re, “Ntshala morago.” \v 44 Filipo a ya go senka Nathaniele mme a mo raya a re, “Re bonye Mesia! Ene tota motho yo Moshe le baporofiti ba boletseng ka ga gagwe! Leina la gagwe ke Jesu, morwa Josefe yo o tswang Nasaretha!” \p \v 45 Nathaniele a hakgamala a re. \v 46 “Kwa Nasaretha! a gona le sengwe se se siameng se se ka tswang teng?” Filipo a re, “Tla fela o iponele.” \v 47 Ya re ba atamela Jesu a re, “Monna yo o ikanyegang ke yo o e tla, Moiseraele wa boammaaruri.” \p \v 48 Nathaniele a re, “O nkitsile jang?” Mme Jesu a fetola a re, “Erile o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige, Filipo a ise a go bone, ke ne ke go bona.” \p \v 49 Nathaniele a fetola a re, “Rra, O Morwa Modimo, Kgosi ya Iseraele!” \p \v 50 Jesu a mmotsa a re, “A o dumela gotlhe mo fela ka gore ke go boleletse gore ke ne ka go bona ka fa tlase ga setlhare sa mofeige? O tlaa bona ditshupo tse dikgolo go na le tse. \v 51 O tlaa bo o bone le legodimo le atlhamologa le baengele ba Modimo ba boaboela ba tla kwa go nna, Monna wa kgalalelo.” \c 2 \s1 Jesu o fetola metsi mofine \p \v 1 Mme erile morago ga malatsi a mabedi, mmaagwe Jesu o ne a le molalediwa mo lenyalong kwa motseng wa Kana mo Galalea, \v 2 mme Jesu le barutwa ba gagwe le bone ba ne ba laleditswe. \v 3 Mofine wa fela go sa ntse go itumelwa, mme mmaagwe Jesu a tla kwa go ene go mmolelela ka mathata a. \p \v 4 Mme Jesu a mo fetola a re, “Ga nkake ka go thusa jaanong jaana ga e ise e be e nne nako ya me ya go dira dikgakgamatso.” \p \v 5 Mme mmaagwe a raya batlhanka a re, “Dirang sengwe le sengwe se a se lo bolelelang.” \p \v 6 Dinkgwana tsa metse di le thataro tse di dirilweng ka lentswe, tsa bo di le foo; di ne di dirisiwa kafa mokgweng wa Sejuta wa mediro mme nngwe le nngwe ya tsone e ne e ka tshela diemere di ka nna masome a le mabedi kgotsa a le mararo. \p \v 7-8 Mme Jesu a raya batlhanka a re, ba di tlatse metsi go fitlhelela metsi a nna mo mosetlhong o o kwa godimo. Erile go sena go dirwa jalo a re, “Gang mo go tsone lo ise kwa go motsamaisi wa modiro.” \v 9 Erile motsamaisi wa mediro a leka metsi mo ganong a jaanong a neng a fetogile mofine, a sa itse gore o ne o tswa kae (lefa tota batlhanka bone ba ne ba itse), a bitsa monyadi a re, \v 10 “Se ke seno se se gakgamatsang! Wena o farologanye le batho ba bangwe! Motho yo o amogelang balalediwa o tle a dirise mofine o o monate pele, mme e re morago fa mongwe le mongwe a kgotshe a sa tlhole a kgathala, mme a lere mofine o o seng monate. Mme wena o beetse lobaka lono lwa bofelo mofine o o monate.” \p \v 11 Kgakgamatso e e ne ya dirwa mo Kana wa Galalea e le sesupo sa ntlha sa ga Jesu mo pontsheng sa nonofo ya legodimo e a romilweng go tla go e supa. Mme barutwa ba gagwe ba dumela tota gore ke Mesia. \s1 Jesu o leleka barekisi mo tempeleng \p \v 12 Erile morago ga lenyalo a ya Kaperenama go ya go nna teng malatsinyana le mmaagwe, le bomonnawe le barutwa. \p \v 13 Mme ya bo e le lobaka lwa Tlolaganyo ya Sejuta ya ngwaga le ngwaga, mme Jesu a ya Jerusalema. \p \v 14 Mme a bona mo patlelong ya Tempele barekisi ba rekisa dikgomo, dinku le maphoi e le ga ditlhabelo, le baananyi ba madi ba le ka fa morago ga mabati a go ananyediwang mo go one. \v 15 Erile Jesu a bona go dirwa jalo a loga seiteo sa megala, a ba lelekela kwa ntle le dinku le dipelesa, a gasagasa madi a baananyi mo bodilong, a pitikolola ditafole tsa bone! \v 16 Hong ya re a ya kwa banneng ba ba rekisang maphoi a ba raya a re, “Ntshang dilo tse fa. Se fetoleng Ntlo ya ga Rre ntlo ya marekisetso!” \p \v 17 Mme barutwa ba gagwe ba gakologelwa seporofeto se se mo dikwalong se se reng, “Tlhoafalelo ya ntlo ya Modimo e tlaa nna tirololo ya me.” \p \v 18 Mme baeteledipele ba Sejuta ba mmotsa ba re, “O tsaya kae tetlelelo ya go ba lelekela kwa ntle? Fa e le gore tetlelelo e o e newa ke Modimo, re bontshe kgakgamatso e e go supelang.” \p \v 19 Jesu a fetola a re, “Go siame se ke kgakgamatso e ke tlaa e lo direlang: Senyang kago e mme e tlaa re mo malatsing a le mararo ke e tsose!” \p \v 20 Ba gakgamala ba re, “Wa reng! go tsere dingwaga di le masome a mane le borataro go aga Tempele e, mme wena wa re o ka e aga mo malatsing a le mararo?” \v 21 Mme ka “Kago e” o ne a raya mmele wa gagwe. \v 22 Erile a sena go rula, barutwa ba gakologelwa fa a kile a bua jalo mme ba lemoga gore se a neng a se bua o ne a se ntsha mo dikwalong, se ne se raya ene ka sebele, le gore gotlhe go diragetse ka boammaaruri! \p \v 23 Ka ntlha ya dikgakgamatso tse a di dirileng kwa Jerusalema go le moletlo wa Tlolaganyo, batho ba le bantsi ba dumela gore e ne e le ene Mesia tota. \v 24-25 Mme Jesu a seka a ba ikanya ka gore o ne a itse motho le tlhaloganyo ya gagwe. O ne a sa tlhoke gore le fa e le mang o ka mmolelela gore tlholego ya motho e fetoga fetoga jang! \c 3 \s1 Jesu o ruta Nikodemo \p \v 1-2 Mme ya re bosigo bongwe morago ga lotlatlana, moeteledipele wa tumelo ya Sejuta yo o bidiwang Nikodemo, wa leloko la phuthego ya Bafarasai, a tla go kopa Jesu thuso. A re, “Rra, rotlhe re itse gore Modimo o go romile go tla go re ruta. Dikgakgamatso tsa gago di supa ka botlalo gore o romilwe ke Modimo.” \p \v 3 Mme Jesu a fetola a re, “Ka tlhoafalo yotlhe e ke nang nayo ke go bolelela se: fa o sa tsalwe sesha, ga o kake wa tsena mo Bogosing jwa Modimo.” \v 4 Mme Nikodemo a gakgamala a re, “Ke tsalwe gape! O rayang? Motho e ka re e le mogolo o ka boela jang mo sebopelong sa ga mmaagwe gore a tsalwe gape?” \p \v 5 Mme Jesu a fetola a re, “Se ke se go bolelelang ka tlhoafalo ke se: kwa ntle ga gore motho a tsalwe ka metsi le ka mowa ga a ka ke a tsena mo Bogosing jwa Modimo. \v 6 Batho ba ka tsala batho ba bangwe fela, mme Mowa O O Boitshepo o naya botshelo jo bosha jo bo tswang legodimong. \v 7 Jalo he, o se gakgamalele go bua ga me fa ke re o tshwanetse go tsalwa gape! \v 8 Fela jaaka o ka utlwa phefo mme o ka seka wa bolela kwa e tswang teng kgotsa kwa e tlaa fokelang teng gape, Mowa o ntse fela jalo. Ga re itse gore o tlaa neela mang botshelo jo, jo bo tswang legodimong.” \p \v 9 Mme Nikodemo a mmotsa a re, “O rayang?” \v 10-11 Mme Jesu a fetola a re, “O moruti wa Bajuta yo o tlotlegang, mme a ga o ise o tlhaloganye dilo tse? Ke go bolelela se ke se itseng e bile ke se bonye, mme le fa go ntse jalo ga o ise o ntumele. \v 12 Mme fa o sa ntumele fa ke go bolelela ka ga dilo tse di diragalang fano mo bathong, o ka dumela jang fa ke go bolelela ka tse di diragalang kwa legodimong? \v 13 Gonne ke nna fela, Morwa Motho, yo ke tsileng mo lefatsheng mme ke tlaa boela kwa legodimong gape. \p \v 14 “Mme fela jaaka Moshe a ne a tsholetsa setshwantsho sa noga ya kgotlho mo mopakong, le nna ke tshwanetse go tsholediwa fela jalo mo mopakong. \v 15 Gore le fa e le mang yo o dumelang mo go nna a tle a bone botshelo jo bo sa khutleng. \v 16 Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo mo o neng wa ntsha Morwa One a le esi gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. \v 17 Modimo ga o wa ka wa romela Morwa One go atlhola lefatshe, fa e se go le boloka. \p \v 18 “Ga go na tshekiso ya bosakhutleng e e emetseng ba ba mo ikanyang go ba boloka. Mme ba ba sa mo ikanyeng ba setse ba sekisitswe ebile ba atlhotswe ka ntlha ya go sa dumeleng mo go morwa Modimo yo o esi. \v 19 Katlholo ya bone e itsetsepetse mo boammaaruring jo: gore Lesedi le le tswang kwa legodimong le tsile mo lefatsheng, mme ba rata lefifi go gaisa Lesedi, gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. \v 20 Ba ila Lesedi la legodimo gonne ba ne ba batla go leofa mo lefifing. Ba nna kgakala le Lesedi leo gonne ba ne ba tshaba gore dibe tsa bone di tlaa bewa mo pontsheng, mme ba otlhaiwe. \v 21 Mme ba ba dirang tshiamo, ba tla ka boitumelo mo Leseding gore mongwe le mongwe a bone gore ba dira se Modimo o batlang ba se dira.” \s1 Johane o tlhalosa ka ga Jesu \p \v 22 Erile morago, Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo Jerusalema mme ba nna ka lobakanyana mo Judea ba kolobetsa teng. \p \v 23-24 Ka nako e, Johane wa Mokolobetsi o ne a ise a tsenngwe mo kgolegelong. O ne a kolobetsa kwa Ainona gaufi le Salema, gonne go ne go na le metsi a mantsi teng. \p \v 25 Letsatsi lengwe mongwe a simolola go ngangisa barutwa ba ga Johane a ba bolelela gore kolobetso ya ga Jesu ke yone fela e e botoka. \p \v 26 Hong ba tla kwa go Johane ba mo raya ba re, “Rra, monna yo o neng o na nae ka kwa moseja ga Noka ya Jorodane, yo o neng wa re ke Mesia, le ene o a kolobetsa, mme mongwe le mongwe o ya teng mo boemong jwa go tla kwano go rona.” \p \v 27 Johane a fetola a re, “Modimo kwa legodimong o tlhoma tiro ya mongwe le mongwe. \v 28 Tiro ya me ke go betlela monna yoo tsela gore mongwe le mongwe a tle a ye kwa go ene. Le lona tota lo itse ka fa ke lo boleletseng sentle ka teng gore ga ke Mesia. Ke fano go mmaakanyetsa tsela, ke gone gotlhe. \v 29 Ka tlwaelo bontsintsi bo ya kwa go se se gapang maikutlo, monyadiwa o ya kwa monyadi o teng! Ditsala tsa monyadi di itumela nae. Ke tsala ya monyadi, mme ke tletse boitumelo mo tswelelong pele ya gagwe. \v 30 O tshwanetse go tlotlega thata, mme nna ke tshwanetse go ngotlafala thata. \v 31 O tswa legodimong ebile o mogolo mo go mongwe le mongwe. Nna ke wa lefatshe, mme tlhaloganyo ya me e lekaganyeditswe mo dilong tsa lefatshe fela. \v 32 O bolela se a se bonyeng le se a se utlwileng, mme ke ba se kae fela ba ba dumelang se a se ba bolelelang! \p \v 33-34 “Ba ba mo dumelang ba bona gore Modimo ke motswedi wa boammaaruri. Gonne yo, yo o romilweng ke Modimo, ebile o bua mafoko a Modimo, gonne Mowa wa Modimo o mo go ene mo go senang selekanyo. \v 35 Rara o rata monna yo gonne ke Morwae, mme Modimo o mo neile sengwe le sengwe se se leng teng. \v 36 Mme botlhe ba ba dumelang Morwa Modimo go ba boloka, ba na le botshelo jo bo sa khutleng; ba ba sa mo dumeleng ebile ba sa mo reetse ga ba kitla ba bona legodimo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go bone.” \c 4 \s1 Jesu o bua le mosadi wa Mosamarea \p \v 1-2 Erile Morena a itse gore Bafarasai ba utlwile kaga bontsintsi jo bo yang kwa go ene go na le kwa go Johane go kolobediwa le go nna barutwa ba gagwe (ntswa Jesu ene ka boene a ne a sa ba kolobetse, go ne go kolobetsa barutwa ba gagwe). \v 3 A tswa mo Judea mme a boela kwa kgaolong ya Galalea. \p \v 4 Mme a tshwanelwa ke go ralala Samaria a le mo tseleng. \v 5-6 Mme erile motshegare wa sethoboloko, fa a atamela motse wa Sikara, a goroga fa Sedibeng sa ga Jakobe se se neng se le mo setsheng sa lefatshe se Jakobe a neng a se neile morwawe Josefe. Jesu o ne a lapisitswe ke go tsamaya mo mogoteng wa letsatsi sekgala se se leele, hong a nna fa thoko ga sediba a lapile thata. \p \v 7 Mme ka bofefo ga tla mosadi wa Mosamaria a tla go ga metsi, mme Jesu a mo kopa metse a go nwa. \v 8 O ne a le nosi ka nako eo, barutwa ba gagwe ba ile kwa motseng go reka dijo. \v 9 Mosadi a gakgamala gore a Mojuta o ka kopa “Mosamaria yo o nyatsegang” sengwe, ka tlwaelo ba ne ba sa buisanye! Mme a bua kaga selo se le Jesu. \p \v 10 Mme Jesu a fetola a re, “Fa o ne o itsile gore Modimo o go tsholetse neo e e gakgamatsang jang, le gore ke nna mang, o kabo o nkopile metse a botshelo!” \p \v 11 Mme mosadi a re, “Ga o na segelelo, le gone sediba se se boteng thata! O ne o tlaa tsaya kae metse a botshelo? \v 12 Kwa ntle ga moo, a o mogolo mo go rraarona mogolwagolwane Jakobe? O ka mpha metse a a botoka jang go na le a Jakobe le bo morwawe le dikgomo tsa bone di a noleng ka boitumelo?” \p \v 13 Jesu a fetola a re, “Batho ba tshwarwa ke lenyora ka bofefo fa ba sena go nwa metsi a. A ke a ba nayang, a nna motswedi wa bosakhutleng mo go bone. \v 14 Mme metsi a. A ke a motswedi o o ba nose-tsang ka metlha ka botshelo jo bo sa khutleng.” \v 15 Mme mosadi a mo raya a re, “Tswee-tswee rra, nnosa metsi ao! Hong ga ke na go tlhola ke nyorwa gape, le fa e le go tsamaya mosepele o moleele o wa go tla go ga metse fano malatsi otlhe.” \v 16 Mme Jesu a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tla le monna wa gago.” \p \v 17-18 Mme mosadi a mo fetola a re, “Kana ga ke a nyalwa.” Jesu a re, “O bua boammaaruri Ka gore o kile wa nna le banna ba le batlhano, mme monna yo o nnang le ene gompieno jaana ga a go nyala.” \p \v 19 Mme mosadi a mo raya a re, “Rra, o tshwa-netse wa bo o le moporofiti. \v 20 Mme he, mpolelela, ke eng fa lona Bajuta lo re Jerusalema ke lone fela lefelo la kobamelo-Modimo, fa rona Basamaria re re ke fano [mo Thabeng ya Gerasime] kwa borraa-rona mogolwagolwane ba neng ba obamela teng?” \v 21-24 Jesu a fetola a re, “Nako e e tla, mma, fa re tlaa bong re sa tlhole re tshwenyega ka gore a re obamela Rara fano kgotsa mo Jerusalema. Gonne ga go mo go reng re obamela kae, fa e se gore re obama jang, ebong gore a kobamelo ya rona ke ya semowa le ya boammaaruri? A re na le thuso ya Mowa O O Boitshepo? Gonne Modimo ke Mowa, jalo re tshwanetse go nna le thuso ya one go o obamela jaaka re tshwanetse. Rara o batla one mofuta o wa kobamelo mo go rona. Mme lona Basamaria lo itse go se kae fela kaga gagwe, lo obamela ka bofofu fa rona Bajuta re itse gotlhe kaga gagwe, gonne poloko e tla mo lefatsheng ka Bajuta.” \p \v 25 Mosadi a re, “Go siame, le fa go ntse jalo ke itse gore Mesia o tlaa tla, yo ba mmitsang Keresete, mme fa a tla o tlaa re tlhalosetsa sengwe le sengwe.” \v 26 Hong Jesu a mo raya a re, “Ke nna Mesia!” \v 27 Mme erile gone foo fela barutwa ba gagwe ba goroga. Ba gakgamalela go mmona a bua le mosadi, mme le fa e le ope wa bone a se ka a mmotsa gore ke eng. \p \v 28-29 Mme mosadi a tsamaya a tlogela nkgwana ya gagwe ya metsi fa thoko ga sediba a boela kwa motseng mme a feta a bolelela mongwe le mongwe jaana, “Tlang lo bone monna yo o mpoleletseng sengwe le sengwe se ke neng ke tshela ke se dira! A e ka ne e le ene Mesia?” \v 30 Mme batho ba motse ba tla ba tsositse modumo ba ya go mmona. \v 31 Erile ka lobakanyana fa mosadi a sa ntse a ile go bolelela batho kwa motseng, barutwa ba sala ba leka go kgothaletsa Jesu go ja. \v 32 Mme Jesu a ba fetola a re, “Nnyaa, ke na le dijo tse lo sa itseng kaga tsone.” \v 33 Mme barutwa ba botsanya ba re, “Yo o di mo lereditseng ke mang?” \p \v 34 Mme Jesu a ba tlhalosetsa jaana a re: “Dikotla tsa me di mo go direng go rata ga Modimo o o nthomileng, le mo go fetseng tiro ya One. \v 35 A lo gopola gore tiro ya thobo ga e na go simolola go fitlhelela selemo se fela mo dikgweding tse nne go simolola jaanong jaana? Lebang mo tikologong! Masimo a magolo a e leng mewa ya batho, a simolola go butswa mo tikologong yotlhe ya rona, ebile a setse a ka rojwa. \v 36 Barobi ba tlaa duelwa tuelo e ntle, mme ba tlaa phuthela mewa e e bolokwang mo difalaneng tsa legodimo! Ke boitumelo jo bogolo jang jo bo letileng mojadi le morobi! \v 37 Gonne ke boammaaruri gore mongwe o a jala mme yo mongwe o a roba. \v 38 Ke lo romile go roba kwa lo sa jalang teng; ba bangwe ba dirile tiro ya bone mme lona lwa amogela thobo.” \s1 Batho ba Samarea ba dumela mo go Jesu \p \v 39 Batho ba le bantsi ba ba tswang mo motseng wa Samarea, ba dumela gore ke Mesia ka ntlha ya polelo ya mosadi e e reng, “O mpoleletse sengwe le sengwe se ke neng ke aga ke se dira!” \v 40-41 Erile ba ya go mmona kwa sedibeng, ba feta ba mo kopa go ya go nna mo motseng wa bone; mme a dira jalo, a nna malatsi a le mabedi, a a neng a lekanye ba le bantsi go dumela mo go ene ba sena go mo utlwa. \p \v 42 Mme ba raya mosadi ba re, “Jaanong re a dumela gonne re mo ikutlwetse, e seng fela ka ntlha ya se wena o se re boleletseng. Ke ene tota Mmoloki wa lefatshe.” \p \v 43-44 Erile a sena go nna malatsi a mabedi, a ya Galalea fela jaaka a ne a tle a re, “Moporofiti o tlotlega gongwe le gongwe fa e se fela mo lefatsheng la ga gabo!” \v 45 Mme Bagalalea ba feta ba mo amogela sentle ka diatla tsoo pedi gonne ba ne ba le mo Jerusalema ka moletlo wa Tlolaganyo le gore ba ne ba bonye dikgakgamatso dingwe tsa gagwe. \s1 Jesu o fodisa lekawana la motlhanka wa kgosi \p \v 46-47 Mo lobakeng lwa loeto lwa gagwe a raletse Galalea, o ne a goroga mo motseng wa Kana kwa a neng a kile a fetola metsi mofine teng. Erile a sale teng koo, monna mongwe mo motseng wa Kaperenama, yo e neng e le kgosana, yo morwawe o neng a lwala thata, a utlwa gore Jesu o boile kwa Judea jaanong o mo Galalea. Monna yo a ya kwa Kana, a fitlhela Jesu, mme a kopa gore a ye le ene kwa Kaperenama go ya go fodisa morwawe yo a neng a le fa gare ga loso le botshelo. \p \v 48 Mme Jesu a mmotsa a re, “A ga gona ope wa lona yo o dumelang mo go nna fa e se ke tswelela ka go dira dikgakgamatso?” \p \v 49 Kgosana ya mo rapela ya re, “Rra, tswee-tswee itlhaganele pele ngwanake o a swa.” \p \v 50 Mme Jesu a mo raya a re, “Boela kwa gae. Morwao o fodile!” Mme kgosana ya dumela Jesu ya boela kwa gae. \v 51 Mme ya re fa a sale mo tseleng, bangwe ba batlhanka ba gagwe ba mo rakantsha ka mafoko a a reng sengwe le sengwe se siame, morwao o namologile mo bolwetseng. \v 52 A ba botsa gore mosimanyana o sale a simolola go ikutlwa botoka leng? Mme ba mo fetola ba re, “Erile maabane mo tshokologong nako e ka nna ya bongwe, letshoroma la gagwe la bo le nyelela!” \v 53 Hong rraagwe a lemoga gore e ne e le ka lone lobaka lo Jesu a neng a mo raya a re, “Morwao o fodile.” Mme Kgosana le bantlo ya gagwe ba dumela gore Jesu ke Mesia. \p \v 54 Se e ne e le kgakgamatso ya bobedi mo Ga-lalea morago ga go boa ga ga Jesu kwa Judea. \c 5 \s1 Jesu o fodisa molwetse kwa Bethesaida \p \v 1 Mme erile morago ga mo o Jesu a boela kwa Jerusalema ka ntlha ya letsatsi lengwe la malatsi a boikhutso a tumelo ya Sejuta. \v 2 Mo mo-tseng, gaufi le kgoro ya dinku go ne go na le Lekadiba ja Betheseda le na le maobo a le matlhano. \v 3 Bontsintsi jwa batho ba ba lwalang, ba ba tlho-tsang, ba ba foufetseng, kgotsa ba ba suleng mefama ba ne ba ntse mo maobong ba letetse go fetlhega ga metsi, \v 4 gonne moengele wa Morena o ne a tle a tle go fetlha metsi, mme motho wa ntlha go tlolela mo teng o ne a fodisiwa. \p \v 5 Mongwe wa banna ba ba neng ba namaletse gone foo, o ne a sa bolo go lwala mo dingwageng di le masome mararo le bofera bobedi. \p \v 6 Erile fa Jesu a mmona ebile a itse lobaka lo a saleng a lwala ka lone a mmotsa a re, “A o batla go fola?” \p \v 7 Mme monna yo o lwalang a re, “Ga ke kgone, ka gore ga ke na ope yo o ntsenyang mo lekadibeng ka nako ya phetlho ya metsi, e a re fa ke sa ntse ke leka go tlolela mo teng, mongwe a bo a nthaka.” \v 8 Mme Jesu a mo raya a re, “Nanoga, phutha phate ya gago o ye gae!” \v 9 Ka bonako monna a fola! A phutha phate a simolola go tsamaya! Mme go ne go le letsatsi la Sabata fa kgakgamatso e e diragala. \p Mme baeteledipele ba Sejuta ba nna kgatlhanong le tiro eo. \v 10 Ba raya monna yo o fodisitsweng ba re, “Ga o a tshwanela go dira ka letsatsi la Sabata! Ga go kafa molaong go tshola phate eo!” \v 11 Mme ene a ba fetola a re, “Monna yo o mphodisitseng o rile ke e tsee.” \p \v 12 Ba mmotsa ba re, “Yo o neng a bua selo se se ntseng jalo ke mang?” \p \v 13 Monna yo o fodisitsweng a bo a sa itse gore ke mang, gonne Jesu o ne a nyeletse mo bontsintsing jwa batho. \v 14 Mme erile kwa morago Jesu a mmona mo Tempeleng mme a mo raya a re, “Jaanong o fodile; o se ka wa tlhola o leofa gape, ka gore fa o ka leofa e ka re kgotsa wa diragalelwa ke se se bosula bogolo!” \p \v 15 Mme monna yo o fodisitsweng a ya go senka baeteledipele ba Sejuta mme a ba bolelela gore o fodisitswe ke Jesu. \p \v 16 Mme ba simolola go gagautlha Jesu ba mo raya ba re ke motlola melao ya Sabata. \p \v 17 Mme Jesu a fetola a re, “Rre o tsweletse pele ka go dira tshiamo, mme le nna ke dira jaaka ene.” \p \v 18 Mme baeteledipele ba Sejuta ba gakala thata ba batla go mmolaya gonne mo godimo ga go tlola melao ya Sabata, o ne a re Modimo ke rraagwe, ka go bua jalo a itekanya le Modimo. \p \v 19 Mme Jesu a fetola a re, “Ga go na sepe se Morwa a ka se dirang ka boene. O dira fela se a bonang Rara a se dira, ka tsela e e tshwanang. \v 20 Gonne Rara o rata Morwa, o mmolelela sengwe le sengwe se a se dirang; mme Morwa o tlaa dira dikgakgamatso tse dikgolo go feta phodiso ya monna yo! \v 21 Ebile o tlaa tsosa mo baswing mongwe fela yo ene a batlang go mo tsosa, fela jaaka Rara a dira. \v 22 Mme Rara o neetse Morwa katlholo yotlhe; ya sebe \v 23 gore mongwe le mongwe a tle a tlotle Morwa, fela jaaka ba tlotla Rara. Mme fa lo gana go tlotla Morwa Modimo, yo o mo romileng kwa go lona, hong ga lo tlotle Rara gotlhelele. \p \v 24 “Ke bua ke gatelela gore mongwe yo o reetsang molaetsa wa me a bo a dumela mo Modimong o o nthomileng, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a na go sekisiwa ka ntlha ya dibe tsa gagwe, gonne o setse a dule mo losong a tsenye mo botshelong. \v 25 Mme ke bua ka tlhoafalo ke re, ‘Lobaka lo e tla, tota legale lo setse lo fitlhile, fa baswi ba tlaa utlwang lentswe la me, lentswe la Morwa Modimo, mme ba ba reetsang ba tlaa tshela.’ \v 26 Rara ka esi o na le botshelo, jalo he o neetse Morwawe botshelo joo gore bo nne mo go ene ka esi, \v 27 le go atlhola dibe tsa batho botlhe gonne ke Morwa Modimo. \v 28 Se gakgamaleng! Ruri lobaka lo e tla lo baswi botlhe mo mabitleng a bone ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Modimo, \v 29 mme ba ba dirileng tshiamo ba tlaa tsoga gape go ya botshelong jo bo sa khutleng; mme ba ba neng ba tsweletse mo bosuleng, ba tlaa bo ba tsogela katlholong. \v 30 Mme ga ke dire katlholo epe ke sa rerisa Rara. Ke atlhola jaaka ke laetswe. Mme katlholo ya me e siame ebile e tlhamaletse gonne e ka fa go rateng ga Modimo o o nthomileng, ga se ya me fela. \v 31 Fa ke bua ka bo nna, ga ke dumelwe. \s1 Boammaaruri ka ga Jesu \p \v 32-33 “Mme mongwe, ebong Johane wa Mokolobetsi, le ene o bua ka ga me. Lo ne lwa tswa lwa ya go reetsa thero ya gagwe, mme ke lo tlhomamisetsa gore mo a go buang ka ga me ke boammaaruri! \v 34 Mme bosupi jwa boammaaruri jo ke nang nang najo, ga bo tswe mo mothong, lo gakolotswe ka bosupi jwa ga Johane gore lo tle lo dumele mo go nna lo bolokwe. \v 35 Johane o ne a phatsima sentle ka lobakanyana, mme go ne ga lo solegela molemo lwa itumela, \v 36 mme Nna ke na le mosupi yo mogolo go feta Johane. Ke raya dikgakgamatso tse ke di dirang; ke di neetswe ke Rara, mme di supa gore Rara o nthomile. \v 37 Mme Rara le ene o supile ka ga me, le fa a sa lo itshupegetsa ka sebele, kgotsa a bua le lona lo lebaganye mo matlhong. \p \v 38 “Mme ga lo mo reetse, gonne lo gana go ntumela, nna yo ke romilweng kwa go lona ka molaetsa wa Modimo. \v 39 Lo phuruphutsa dikwalo tsa tumelo, gonne lo dumela gore di lo naya botshelo jo bo sa khutleng. Mme dikwalo di raya nna! \p \v 40 “Mme ga lo tle kwa go nna gore ke lo neye botshelo jo jo bo sa khutleng! \v 41-42 Go rata kgotsa go sa rateng ga lona ga go reye sepe mo go nna gonne jaaka ke itse sentle, ga go na lorato lwa Modimo mo go lona. \v 43 Ke a itse, gonne ke tsile kwa go lona ke emetse Rre mme lo gana go nkamogela, le fa go ntse jalo lo ipaakanyeditse go amogela ba ba sa rongwang ke ene, mme ba ikemetse ka bo bone! \v 44 Ga go hakgametse fa lo sa dumele! Gonne lo tlotlana ka boitumelo, mme ga lo na sepe ka ga tlotlo e e tswang Modimong o o osi! \p \v 45 “Mme ga se nna yo ke tlaa lo bayang molato ka ga selo se kwa go Rara; ke Moshe yo o tlaa dirang jalo! Moshe, yo mo melaong ya gagwe lo tlhomileng ditsholofelo tsa lona tsa legodimo. \p \v 46 “Gonne lo ganne go dumela Moshe. O kwadile ka ga me, mme lo gana go mo dumela, jalo he, le nna lo gana go ntumela. \v 47 Mme ka lo sa dumele se a se kwadileng, ga go hakgamatse fa le nna lo sa ntumele.” \c 6 \s1 Jesu o fepa dikete tse tlhano \p \v 1 Morago ga mo, Jesu a kgabaganya Lewatle la Galalea, le le itsegeng gape ka leina la Tiberia. \v 2-5 Mme bontsi jo bogolo jwa batho, jo bontsi jwa bone e neng e le batsamai ba ya Jerusalema kwa moletlong wa Tlolaganyo, ba bo ba mo setse mo-rago gongwe le gongwe kwa a yang teng, go mmona a fodisa balwetse. Mme erile Jesu a sena go tlha-tlogela mo thabeng a nna fa fatshe, barutwa ba gagwe ba mo dikaganyeditse, mme a tloga a bona bontsi jo bogolo jwa batho bo tlhatloga thaba bo mo senka. Hong a retologela kwa go Filipo a mo raya a re, “Filipo, re ka reka senkgwe kae go fa batho ba botlhe?” \v 6 (O ne a leka Filipo, gonne o ne a setse a itse se a neng a ya go se dira). \p \v 7 Filipo a fetola a re, “Go tlaa lopa madi a mantsi thata go simolola go dira jalo!” \p \v 8-9 Mme Anderea, monnaa Simone Petoro, a bua a re, “Go na le mosimanyana fano yo o tshotseng dinkgwe tsa korong di le tlhano le ditlhapi di le pedi! Mme go ka thusang fa batho ba le bantsi jaana?” \p \v 10 Mme Jesu a ba raya a re, “Rayang mongwe le mongwe a nne fa fatshe,” mme botlhe fela ba nna fa fatshe mo bojannye, mme palo ya banna ba le bosi e ne e ka nna dikete di le tlhano. \v 11 Hong Jesu a tsaya dinkgwe, a di lebogela, a di naya batho. Morago ga moo a dira fela jalo ka ditlhapi. Mme mongwe le mongwe a ja a kgora! \p \v 12 Mme Jesu a ba raya a re, “Kokoanyang masalela, gore le fa e le sepe se seka sa latlhwa.” \v 13 Mme diroto di le lesome le bobedi tsa tlala masalela ao! \p \v 14 Erile fa batho ba lemoga kgakgamatso e tona tona eo e e diragetseng, ba bua ka kgakgamalo ba re, “Ammaaruri, ke mopopofiti yo re ntseng re mo solofetse!” \p \v 15 Mme erile ka go bua jalo, Jesu a bona gore ba ipaakanyeditse go mo tsaya ka pateletso go mo dira kgosi ya bone, hong a tlhatlogela kwa godimo mo dithabeng a le nosi. \s1 Jesu o tsamya mo godimo ga metsi \p \v 16 Mo maabanyaneng ao barutwa ba gagwe ba fologela kwa lotshitshing go mo emela teng. \p \v 17 Mme erile go nna lefifi Jesu a ise a tle, ba tsena mo mokorong ba kgabaganya lewatle go ya Kaperenama. \v 18-19 Mme ka bofefo ga tsoga phefo e kgolo thata mo lewatleng, ya ba tsubutletsa le mokoro o ba neng ba o kgweetsa, le lewatle la rwalelesega. Mme le fa go ntse jalo, erile ba ka ne ba tsamaile bommaele ba le bararo kgotsa ba le bane, ka tshoganetso ba bona Jesu a tsamaela ntlheng ya mokoro! Mme ba tshoga thata, \v 20 mme a ba bitsa a re se boifeng. \p \v 21 Mme ba eletsa go mo tseela mo teng, mme ka bofefo mokoro wa goroga kwa ba neng ba ya teng! \v 22-23 Mme ya re mo mosong o o latelang, morago ga ba kgabaganya lecha, bontsintsi jwa batho jwa simolola go phuthaganela mo lotshitshing (bo emetse go bona Jesu). Gonne ba ne ba itse gore barutwa ba ne ba tsamaile ka mokoro wa bone ba mo tlogela kwa morago. Mekoro e mennye e le mentsinyana e e tswang kwa Tiberia e ne e le gautshwane, \v 24 mme erile batho ba bona gore Jesu o ne a seyo foo, le fa e le barutwa ba gagwe, ba tsena mo mekorong ba kgabaganyetsa kwa Kaperenama go ya go mo senka teng. \s1 Jesu ke senkgwe sa botshelo \p \v 25 Erile fa ba goroga ba mmona ba re, “Morena o tsile fano jang?” \p \v 26 Jesu a ba fetola a ba raya a re, “Boammaaruri jwa potso ya lona ke gore lo batla go nna le nna gonne ke lo file dijo, e seng ka ntlha ya gore lo dumela mo go nna. \v 27 Jalo he, ga lo a tshwanela go baya mo dilong tse di nyelelang jaaka dijo. Nnyaa, dirisang nonofo ya lona ka go batla botshelo jo bo sa khutleng jo nna Morwa Motho ke ka bo lo nayang. Gonne Modimo Rara o nthomile gone go dira jalo.” \p \v 28 Mme ba mo fetola ba re, “Re tshwanetse go dira eng go itumedisa Modimo?” \p \v 29 Jesu a ba raya a re, “Go rata ga Modimo ke gore lo dumele mo go yo o mo romileng.” \p \v 30-31 Ba fetola ba re, “O tshwanetse go re bontsha dikgakgamatso tse dingwe fa o batla gore re dumele gore o Mesia. Re fe dijo mahala malatsi otlhe, jaaka borraa rona ba ne ba di fiwa fa ba tsamaya ba raletse sekaka! Fela jaaka dikwalo di re, ‘Moshe o ba neetse senkgwe se se tswang legodimong’.” \p \v 32 Jesu a ba raya a re, “Moshe ga a ise a ke a se ba neele. Rre ke ene yo a neng a se ba naya. Mme jaanong o lo fa senkgwe sa boammaaruri se se tswang legodimong. \v 33 Senkgwe sa boammaaruri ke Motho, yo o romilweng ke Modimo a tswa legodimong, mme ene o neela lefatshe botshelo.” \v 34 Mme ba mo raya ba re, “Morena, re nnele senkgwe se mo matshelong a rona malatsi otlhe!” \v 35 Mme Jesu a re, “Ke nna Senkgwe sa Botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go nna yo o tlaa tlholang a bolawa ke tlala gape. Ba ba dumelang mo go nna ga ba kitla ba tlhola ba nyorwa. \v 36 Mme molato fela ke gore, jaaka ke lo boleletse pele, ga lo dumele le fa tota lo mponye. \v 37 Mme bangwe ba Rara a ba nneileng ba tlaa tla kwa go nna mme ga nkitla ke ba gana. \v 38 Gonne ke tsile fano ke tswa legodimong go tla go dira go rata ga Modimo o o nthomileng, e seng go rata ga me. \v 39 Mme mo ke go rata ga Modimo go re, ‘Ke seka ka latlhegelwa le fa e le ke a le mongwe fela mo go botlhe ba o ba nneileng, mme e leng gore ke ba tsosetse botshelong jo bo sa khutleng ka Letsatsi la Bofelo.’ \v 40 Gonne ke go rata ga ga Rre gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwawe a ba a dumela mo go ene o tshwanetse go nna le botshelo jo bo sa khutleng, gore ke tle ke mo tsose ka Letsatsi la Bofelo.” \p \v 41 Hong Bajuta ba simolola go mo ngongoregela, gonne a re ke Senkgwe se se tswang legodimong. \p \v 42 Ba hakgamala ba re, “A reng? Gonne re mo itse e le Jesu fela, morwa Josefa yo rraagwe le mmaagwe re ba itseng. O rayang fa a re o fologile kwa legodimong?” \p \v 43 Mme Jesu a fetola a re, “Se ngongoregeng ka ntlha ya go bua ga me jalo. \v 44 Gonne ga go ope yo o ka tlang kwa go nna fa e se Rara yo o nthomileng a mo gogela kwa go nna, mme ka Letsatsi la Bofelo ke tlaa mo tsosa. \v 45 Jaaka go kwadilwe mo Dikwalong, ‘Botlhe ba tlaa rutwa ke Modimo.’ Ba Rara o buang nabo, ba ba ithutang boammaaruri mo go ene, ba tlaa tla kwa go nna. \v 46 (Ga go ope yo o bonyeng Rara, ke nna fela yo ke mmonyeng). \p \v 47 “Ke bua ka go gatelela ke re, le fa e le mang yo o dumelang mo go nna o setse a na le botshelo jo bo sa khutleng! \v 48 Ee, ke senkgwe sa botshelo. \v 49 Go ne go sena botshelo bope mo senkgweng se, se se neng se tswa mo loaping, se se neng sa neelwa borraeno mo sekakeng, gonne botlhe ba ne ba a swa. \v 50-51 Mme go na le senkgwe tota se se tswang legodimong se se nayang mongwe le mongwe yo o se jang botshelo jo bo sa khutleng. Mme ke sone senkgwe seo se se tshelang se se fologileng kwa Legodimong. Le fa e le mang yo o jang senkgwe se o tlaa tshelela ruri; mmele wa me ke sone senkgwe se, se ntsheditswe go golola batho.” \p \v 52 Hong Bajuta ba simolola go ganetsanya kaga se a se rayang. Ba re, “Monna yo o ka re naya nama ya gagwe gore re e je?” \p \v 53 Hong Jesu a ipoeletsa a re, “Ka tlhomamiso yotlhe e ke nang nayo ke lo raya, ke re: fa lo sa je nama ya Morwa Motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo ka ke lwa nna le botshelo jo bo sa khutleng mo go lona. \v 54 Mme le fa e le mang yo o jang nama ya me a ba a a nwa le madi a me, o na le botshelo jo bo sa khutleng, mme ke tlaa mo tsosa ka Letsatsi la Bofelo. \v 55 Gonne nama ya me ke dijo tsa boammaaruri, le madi ke seno sa boammaaruri. \p \v 56 “Mongwe le mongwe yo o jang nama ya me a ba a a nwa madi a me o mo go nna, le nna ke mo go ene. \v 57 Ke tshela ka nonofo ya ga Rara yo o tshelang yo o nthomileng, mme fela jalo ba ba njang le bone ba tlaa tshela ka ntlha ya me! \v 58 Ke Senkgwe sa boammaaruri se se tswang legodimong; mme le fa e le mang yo o jang Senkgwe se, o tlaa tshelela ruri, a sa swe jaaka borraeno ba ne ba a swa, le fa ba ne ba jele senkgwe se se tswang legodimong.” \v 59 (A rera thero e mo ntlung ya thuto mo Kaperenama). \s1 Barutwa ba a belaela \p \v 60 Le barutwa ba gagwe tota ba re, “Golo mo go thata go tlhaloganngwa. Ke mang yo o ka thalosang se a se rayang?” \v 61 Jesu a itse mo pelong ya gagwe gore barutwa ba gagwe ba ne ba ngongorega mme a ba raya a re, “A golo mo go a lo kgopisa? \v 62 Mme lo tlaa akanya eng fa lo mpona, Morwa Motho, ke boela kwa legodimong gape? \v 63 Mowa O O Boitshepo ke one fela o o nayang botshelo jo bo sa khutleng. Ba ba tsetsweng gangwe fela ka tsalo ya senama, ga ba kitla ba amogela mpho e. Mme jaanong ke lo boleletse ka fa lo ka nnang le botshelo jo jwa semowa ka teng. \v 64 Mme bangwe ba lona ga ba ntumele.” (Gonne Jesu o ne a sale a itse kwa tshimologong ba ba neng ba sa dumele le yo o tlaa mo okang). \p \v 65 Mme a re, “Ke sone se ke neng ke se raya fa ke re ga go na ope yo o ka tlang kwa go nna fa e se Rara a mo lere kwa go nna.” \p \v 66 Erile fela gone foo barutwa ba gagwe ba le bantsintsi ba mo furalela ba mo tlogela. \p \v 67 Mme Jesu a retologela kwa go ba ba lesome le bobedi a ba botsa a re, “A le lona lo a tsamaya?” \v 68 Mme Simone Petoro a fetola a re, “Morena, re ka ya kwa go mang? Ke wena fela o le esi yo o nang le mafoko a a nayang botshelo jo bosakhutleng, \v 69 jalo he re a dumela ebile re itse gore o Morwa Modimo o o boitshepo.” \v 70 Hong Jesu a re, “Ke tlhophile ba le lesome le bobedi ba lona, mme a le esi ke diabolo.” \p \v 71 (O ne a bua ka ga Judase, Morwa Simone Isekariota, mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o tlaa mo okang). \c 7 \s1 Barutwa ba batla Jesu kwa modirong \p \v 1 Erile morago ga mo, Jesu a ya Galalea, a tsena motse le motsana gonne o ne a batla go nna ka kwa ntle ga Judea kwa Bajuta ba neng ba mo logela leano la go mmolaya teng. \v 2 Mme jaana ya bo e le lobaka lwa Mediro ya Metlaagana letsatsi lengwe la ngwaga la boitapoloso la Sejuta. \v 3 Mme bomonnaa Jesu ba mo tlhotlheletsa gore a ye kwa Judea kwa medirong. Ba mo raya ka tshotlo ba re, “Ya kwa batho ba bantsi ba ka bonang dikgakgamatso tsa gago gone! \v 4 Ga o ka ke wa tuma fa o iphitlha jaana! Fa o le mogolo jaana, itshupegetse lefatshe!” \v 5 Gonne le bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene. \p \v 6 Jesu a fetola a re, “Ga e ise e nne nako e e ntshwanetseng gore ke ye teng. Mme lona lo ka nna lwa tsamaya nako nngwe fela ga go na go dira pharologanyo epe mo go lona. \v 7 Gonne lefatshe ga le ka ke la lo ila; mme nna le a nkila gonne ke le bona molato kaga sebe le bosula. \v 8 Lona tsamayang, ke tlaa tla kwa morago fa nako e setse e siame.” \v 9 Jalo a sala mo Galalea. \p \v 10 Mme erile bomonnawe ba sena go ya moletlong, le ene a tsamaya, le fa go ntse jalo a ngwangwaela a sa bonwe ke ope. \v 11 Baeteledipele ba Sejuta ba leka go mo senka kwa moletlong mme ba nna ba botsa gore a ope ga a ise a ke a mmone. \v 12 Go ne, go na le ditlotlo tse dintsi kaga gagwe mo bathong. Bangwe ba re, “Ke monna yo o gakgamatsang,” fa ba bangwe bone ba ne ba re, “Nnyaa, o timetsa batho.” \v 13 Mme ga bo go sena motho ope yo o neng a na le maikaelelo a go mmuelela mo pontsheng ka ntlha ya go tshaba ipusolosetso ya baeteledipele ba Sejuta. \s1 Jesu o rera mo tempeleng \p \v 14 Mme erile go setse go le fa gare ga moletlo, Jesu a ya kwa Tempeleng mme a feta a ruta mo pontsheng. \v 15 Baeteledipele ba Sejuta ba hakgamala fa ba mo utlwa, mme ba botsanya ba re, “Ke eng fa a itse thata jaana mme a ise a ke a tsene dikole tsa rona?” \p \v 16 Mme Jesu a ba raya a re, “Ga ke lo rute megopolo ya me, fa e se ya Modimo o o nthomileng. \v 17 Fa mongwe wa lona a ikaelela go dira go rata ga Modimo ka boammaaruri, hong lo tlaa itse gore a thuto ya me e tswa Modimong kgotsa ke ya me fela. \v 18 Le fa e le mang yo o ntshang megopolo ya gagwe o a bo a ipuisa a batla go galalediwa, mme yo o batlang go tlotla yo o mo romileng, ke motho yo o siameng yo o boammaaruri. \v 19 Ga go na ope wa lona yo o obamelang melao ya ga Moshe! Jalo ke eng fa lo ntshwaya phoso ka go sa e obameleng? Ke eng fa lo mpolaela go dira jaana?” \p \v 20 Mme bontsi jwa batho jwa fetola jwa re, “O a tsenwa! Yo o lekang go go bolaya ke mang?” \p \v 21-23 Jesu a fetola a re, “Ke dirile go le Sabata ke fodisa motho, mme lo ne lwa hakgamala. Mme le lona lo dira go le Sabata, fa lo obamela molao wa ga Moshe wa go rupisa (tota, le gale, mokgwa o wa go rupisa o mogologolo go na le molao wa ga Moshe); ka gore fa nako e e siameng ya go rupisa bana ba lona e tla go le Sabata, lo tswelela pele lo rupisa, jaaka lo tshwanetse. Jaanong ke eng fa ke atlholelwa go fodisa motho go le Sabata? \v 24 Aka-nyang selo se mme lo tlaa bona gore ke bolelela ruri.” \p \v 25 Bangwe ba batho ba ba neng ba nna koo mo Jerusalema ba buisanya ba re, “A monna yo ga se ene yo ba lekang go mmolaya? \v 26 Mme ke yo fa, o rera mo mpepeneneng, ga ba mo reye sepe. A e kane e le gore baeteledipele ba rona ba bonye gore ke Mesia tota? \v 27 Mme o ka nna Mesia jang? Gonne re itse kwa monna yo a tsaletsweng teng; fa Keresete ene a tla, o tlaa bonala fela mme ga gona ope yo o tlaa itseng kwa o tswang teng.” \p \v 28 Mme Jesu mo therong ya gagwe mo Tempeleng a goa a re, “Ee, lo a nkitse le kwa ke tsaletsweng gone le kwa ke neng ka godisediwa gone, mme ke moemedi wa mongwe yo lo sa mo itseng, mme ene o Boammaaruri. \v 29 Ke a mo itse nna ka gore ke ne ke na nae, mme o nthomile mo go lona.” \v 30 Mme baeteledipele ba Sejuta ba batla go mo tshwara, le fa go ntse jalo ga se ka ga nna letsogo le le mo amang, gonne nako e a e beetsweng ke Modimo e ne e ise e nne yone. \p \v 31 Ba le bantsi mo bontsintsing jwa batho kwa Tempeleng ba dumela mo go ene ba re, “Oai, lo solofela dikgakgamatso dife mo go Mesia tse monna yo a sa di dirang?” \p \v 32 Erile Bafarasai ba utlwa gore bontsintsi bo ne bo le mo mogopolong o, bone le ditlhogo tsa baperesiti ba romela mapodise a Tempele go tshwara Jesu. \v 33 Mme Jesu a ba raya a re, “Ga e ise e nne nako! Ke tshwanetse go nna fa ka lobakanyana. Hong ke gone ke tlaa boelang kwa go yo o nthomileng. \v 34 Lo tlaa mpatla mme ga lo na go mpona, gape ga lo na go kgona go tla kwa ke gone!” \p \v 35 Baeteledipele ba Sejuta ba akabadiwa ke polelo e, mme ba botsanya ba re, “O ikaelela go ya kae? Kgotsa o akanya go tswa mo kgaolong e a tsamaya e le moruti mo Bajuteng mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe, kgotsa le fa e le kwa go Badichaba! \v 36 O raya eng fa a re, re tlaa mmatla mme ga re na go mmona, le gore, ‘Ga lo kitla lo kgona go tla kwa ke leng teng?’ ” \p \v 37 Mo letsatsing la bofelo, e le pheletso ya malatsi a boitapoloso, Jesu a goela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Le fa e le mang yo o nyorilweng, a a tle kwa go nna a nwe. \v 38 Gonne dikwalo tsa re dinoka tsa metse a a tshedileng di tlaa elela ditswa mo teng ga yoo o dumelang mo go nna.” \p \v 39 (O ne a bua ka Mowa O O Boitshepo, o o tlaa newang mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene; mme Mowa o ne o ise o abiwe, gonne Jesu o ne a ise a boele kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong). \p \v 40 Erile bontsintsi bo utlwa a buajaana, bangwe ba bone ba re, “Ammaaruri monna yo ke moporofiti yo o tlaa tlang pele ga Mesia.” \v 41-42 Bangwe ba re, “Ke Mesia.” Mme ba bangwe bone ba nna ba re, “Ga e ka ke ya nna ene! A Mesia o tlaa tswa kwa Galalea? Gonne dikwalo di bua sentle fela gore Mesia o tlaa tsalwa ke ba ntlo ya bogosi jwa ga Dafide, mo Bethelehema, motse o Dafide o neng a tsalelwa mo go one.” \v 43 Jalo ga tsoga kgaogano mo bontsing jwa batho ka ga gagwe. \p \v 44 Mme bangwe ba batla gore a tshwarwe mme ga seka ga nna ope yo o mo amang ka letsogo. \s1 Baeteledipele ba Bajuta ba ba sa dumeleng \p \v 45 Mapodisi a Tempele a a neng a romilwe go mo tshwara a boela kwa ditlhogong tsa baperesiti le Bafarasai. Mme tsa feta tsa ba botsa tsa re, “Ke eng lo ne lo sa tle le ene?” \p \v 46 Mme mapodisi a dumaduma a re, “O bua dilo tse di hakgamatsang! Ga re ise re ke re be re utlwe sepe se se ntseng jaaka se a se buang.” \p \v 47 Mme Bafarasai ba fetola ka tshotlo ba re, “Go raya gore le lona lo timeditswe?” \v 48 “A go na le mongwe mo go rona babusi ba Sejuta kgotsa Bafarasai yo o dumelang fore Jesu ke Mesia? \v 49 Bontsintsi jo jwa dieleele bo a dumela, ee, mme baitse ka ga gone? Le gale ba hutsegile!” \p \v 50 Mme Nikodemo a bua. (A lo a mo gakologelwa? Ke ene yole yo e neng e le moeteledipele wa Sejuta yo o neng a tla ka sephiri go tla go buisanya le Jesu), \v 51 A botsa a re, A go ka fa molaong go atlhola motho pele ga a sekisiwa? \p \v 52 Mme ba mo gakalela ba re, “A le wena o Mogalalea yo o tlhomolang pelo? Tlhatlhoba dikwalo o iponele, ga go na baporofiti ba ba tlaa tswang kwa Galalea!” \p \v 53 Mme phuthego ya phatlalala mongwe le mongwe a ya gae. \c 8 \s1 Mosadi yo o tshwerweng a akafala \p \v 1 Mme Jesu a boela kwa Thabeng ya lotlhware, \v 2 mme ya re phakela mo mosong o o latelang a bo a le mo Tempeleng gape. Mme bontsintsi jwa simolola go kokoana, mme a nna fa fatshe a bua nabo. \v 3 Ya re a santse a bua, baeteledipele ba Sejuta le Bafarasai ba lere mosadi yo o tshwerweng mo boakeng ba mmaya fa pele ga bontsintsi jwa batho jo bo lebeletseng. \p \v 4 Ba raya Jesu ba re, “Moruti, mosadi yo o tshwerwe fela a santse a dira boaka. \v 5 Molao wa ga Moshe wa re a bolawe. Wa reng ka ga gone?” \p \v 6 Ba ne ba leka go mmeela seru sa gore a bue sengwe se ba tlaa mmonang molato ka sone, mme Jesu a inama a kwala mo mmung ka monwana wa gagwe. \p \v 7 Ba tswelela pele ba batla karabo mo go Jesu, jalo a inamologa a ba raya a re, “Go siame, mo kgobotleng ka matlapa go fitlhela a swa. Mme le gale a konopiwe lwa ntlha ke yo a iseng a ke a leofe.” \p \v 8 Mme a inama a kwala gape mo mmung. \v 9 Mme baeteledipele ba Sejuta ba ngwangwaela ka bongwe ka bongwe go simolola ka yo mogolo mo go bone go fitlhelela Jesu le mosadi ba sala ba le bosi fa pele ga bontsintsi jwa batho. \p \v 10 Mme Jesu a inamologa gape mme a mo raya a re, “Ba ba go bayang molato ba kae? A le fa e le ope wa bone ga aa go sekisa?” \p \v 11 Mme mosadi a fetola a re, “Nnyaa rra.” Mme Jesu a mo raya a re, “Le nna ga ke go sekise. Tsamaya mme o seka wa tlhola o leofa.” \s1 Jesu ke lesedi la lefatshe \p \v 12 Mme erile morago, mo go nngwe ya dithero tsa gagwe, Jesu a raya batho a re, “Ke lesedi la lefatshe. Jalo fa lo ntshala moragao, ga lo na go kgotswa mo lefifing, gonne lesedi le le tshelang le tlaa bonesa tsela ya lona.” \p \v 13 Mme Bafarasai ba mo fetola ba re, “O a ikgantsha ebile o bua maaka!” \p \v 14 Jesu a ba raya a re, “Ditshupo tse di boammaaruri le fa ke di bua di raya nna. Gonne ke itse kwa ke tswang teng le kwa ke go yang, mme ga lo itse kwa ke go tswang le kwa ke go yang. \v 15 Lo nkatlhola lo sena mabaka a a utlwalang. Nna ga ke lo atlhole jaanong jaana, \v 16 mme fa ke ne nka lo atlhola, e ne e tlaa bo e le katlholo ya boammaaruri gotlhelele, gonne ke na le Rara yo o nthomileng. \v 17 Melao ya lona ya re fa batho ba le babedi ba dumalana mo go sengwe se se diragetseng, bosupi jwa bone bo amogelwa e le boammaaruri. \v 18 Mme he, Nna ke mosupi yo mongwe le Rre yo o nthomileng ke mosupi yo mongwe.” \p \v 19 Mme bone ba botsa Jesu ba re, “Rrago o kae?” Jesu a ba araba a re, “Ga lo nkitse gore ke mang, jalo he, ga lo itse gore Rre ke mang. Fa lo no lo nkitsile, hong le ene lo ka bo lo mo itsele.” \p \v 20 Jesu o ne a bua mafoko a a sa ntse a le mo lefelong la Tempele le le bidiwang Ntlo ya Dikhumo. Mme ga a ka a tshwarwa, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa gagwe. \p \v 21 Kwa morago a ba raya a re, “Ke a tsamaya; mme lo tlaa mpatla, mme lo tlaa swela mo dibeng tsa lona. Mme ga lo ka ke lwa tla kwa ke yang teng.” \p \v 22 Bajuta ba botsa ba re, “A o ikaelela go ipolaya? O raya eng fa a re, ‘Ga lo ka ke lwa tla kwa ke yang teng’?” \p \v 23 Mme a ba raya a re, “Lo tswa kwa tlase; ke tswa kwa godimo. Lo ba lefatshe leno; nna ga ke wa lona. \v 24 Ke sone se ke neng ke re lo tlaa swela mo dibeng tsa lona; gonne fa lo sa dumele gore Ke Mesia, Morwa Modimo, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.” \p \v 25 Ba batla go itse, “Re bolelele gore o mang.” A fetola a re, “Ke yo o agang a lo ipolelela malatsi otlhe. \v 26 Ke ne ke ka lo sekisetsa dilo di le dintsi ka ba ka lo ruta di le dintsi, mme ga ke na go dira jalo, gonne ke bua fela se ke se boleletsweng ke yo o nthomileng; yo o boammaaruri.” \v 27 Mme ba nna ba tlhoka go tlhaloganya gore o ne a bua le bone ka ga Modimo. \p \v 28 Mme Jesu a re, “E tlaa re lo sena go bolaya Morwa Motho, lo tlaa lemoga gore ke nna tota le gore ke ntse ke sa lo bolelele se ke se intshetsang fela mo tlhaloganyong ya me, mme ke ne ke bua se Rara o se nthutileng. \v 29 Mme yo o nthomileng o na le nna, ga a a ntatlha, gonne ke aga ke dira dilo tse di mo itumedisang.” \s1 Losika lwa ga Aberahame \p \v 30-31 Mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba mo utlwileng a bua dilo tse ba simolola go mo dumela fa e le Mesia. Jesu a ba raya a re, “Lo barutwa ba me ba boammaaruri fa lo tshela ka fa ke lo bolelelang ka teng, \v 32 mme lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.” \p \v 33 Mme ba re, “Mme re losika lwa ga Aberahame, ga re ise re ke re nne makgoba a ga ope mo lefatsheng! O raya eng fa o re ‘boammaaruri bo tlaa lo golola’?” \p \v 34 Mme Jesu a ba raya a re, “Lo makgoba a sebe, mongwe le mogwe wa lona. \v 35 Mme makgoba ga a na ditshwanelo, mme Morwa o na le tshwanelo nngwe le nngwe, e e teng! \v 36 Jalo fa Morwa a lo golola, lo tlaa gololesega tota. \v 37 (Ee, ke lemoga gore lo losika lwa ga Aberahame!) Mme le fa go ntse jalo bangwe ba lona ba leka go mpolaya gonne molaetsa wa me ga o bone boikhutso mo dipelong tsa bone. \v 38 Ke lo bolelela se ke se bonyeng fa ke na le Rre. Mme lona lo diragatsa kgakololo ya ga rraa-lona.” \v 39 Ba re, “Rraa-rona ke Aberahame,” mme Jesu a fetola a re, “Nnyaa! Fa e ne e le ene, lo ka bo lo tshwana nae. \v 40 Mme mo boemong jwa gore lo tshwane nae lo leka go mpolaya, ka ntlha ya go bo ke lo boleletse boammaaruri jo ke bo utlwileng kwa Modimong. Aberahame o ne o ka seka a dira selo se se ntseng jalo! \v 41 Nnyaa! Lo obamela rraa-lona tota fa lo dira jalo.” Ba fetola ba re, “Ga re a tsalelwa mo dikgoreng, rraa-rona wa boammaaruri ke Modimo o le osi.” \s1 Bana ba ga Diabole \p \v 42 Mme Jesu a ba raya a re, “Fa go ne go ntse jalo, lo ka bo lo nthata, gonne ke tsile kwa go lona ke tswa kwa Modimong. Ga ke fano ka go rata ga me, ke ene o nthomileng. \v 43 Ke eng fa lo sa kgone go tlhaloganya se ke se buang? Ke ka ntlha ya gore lo kganelwa go dira jalo! \v 44 Gonne lo bana ba ga rraa-lona ebong Diabolo, jalo he lo rata dilo tse di bosula tse a di dirang. Ene o sale a nna mmolai le mo tshimologong, le Moidi wa boammaaruri, ga go na le fa e le tlhase-nyana ya boammaaruri mo go ene. Fa a bua maaka, ke tlwaelo ya gagwe gonne ke Ramaaka. \v 45 Mme jalo fa ke bua boammaaruri, ga lo dumele ka ntlha ya ka fa lo tlholegileng ka teng! \p \v 46 “Ke ofe wa lona yo o ka mpayang molato wa sebe? [Ga gona ope!] Mme ka ke lo bolelela boammaaruri, ke eng fa lo sa ntumele? \v 47 Le fa e le mang yo e leng gore rraagwe ke Modimo o reetsa mafoko a Modimo ka boitumelo. Mme ka lo sa reetse, go supa fa lo se bana ba one.” \p \v 48 Mme baeteledipele ba Sejuta ba goa ba re, “Mosamarea ke wena! Motswakwa! Diabolo! A ga re a go bolelela ra re o tsenwe ke mowa o o maswe?” \v 49 Jesu a re, “Nnyaa, ga ke a tsenwa ke mowa o o maswe. Gonne ke tlotla Rre, mme nna ga lo ntlotle? \v 50 Mme le fa ke sa eletse go ikgodisa, Modimo o mpatlela selo se ebile o atlhola ba ba sa mpatleng. \v 51 Ka tlhomamiso yotlhe ke lo raya ke re, ga go na ope yo o ntheetsang yo o tlaa swang!” \p \v 52 Baeteledipele ba Sejuta ba mo raya ba re, “Jaanong re itse gore o tsenwe ke mowa o o maswe. Le Aberahame tota le baporofiti ba bagolo ba sule, mme wena wa re fa re go obamela ga re kitla re e swa! \v 53 Jalo he, a o mogolo mo go rraa-rona Aberahame yo o suleng? Gape a o mogolo mo baporofiting ba ba suleng? O ikgopola gore o eng.” \p \v 54 Hong Jesu a ba raya a re, “Fa e le gore ke a ikgodisa, ga go reye sepe. Mme Modimo ke Rre, mme lwa re Modimo ke wa lona, yo o buang dilo tse di galalelang tse ka ga me. \v 55 Mme le fa e le go mo itse ga lo mo itse. Nna ke a mo itse. Fa e le gore ke buile ka tsela nngwe, ke tlaa bo ke mo obamela ka botlalo. \v 56 Rraa-lona Aberahame o itumeletse go bona letsatsi la me. O ne a itse gore ke e tla mme a itumela.” \p \v 57 Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, “Ga o ise o bo o nne dingwaga di le masome matlhano, tota ga o ise o ke o bone Aberahame!” \v 58 Mme Jesu a re, “Boammaaruri jotlhe ke gore ke ne ke sale ke tshedile pele ga Aberahame a tsalwa!” \p \v 59 Gone fela foo baeteledipele ba Sejuta ba sela matlapa go mmolaya. Mme a ba iphitlhela, a ba ralala a tswa mo Tempeleng. \c 9 \s1 Jesu o foufolola sefofu \p \v 1 Mme ya re a santse a tsamaya, a bona monna yo o saleng a tsalwa a foufetse. \v 2 Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, “Morena, ke eng fa monna yo a tsetswe e le sefofu? A ke ka ntlha ya dibe tsa gagwe kgotsa dibe tsa batsadi ba gagwe?” \v 3 Mme Jesu a araba a re, “Ga se ka ntlha ya dibe dipe. Go ne go direlwa gore nonofo ya Modimo e supiwe. \v 4 Rotlhe re tshwanetse go akofa ra dira ditiro tse re di neetsweng ke yo o nthomileng, gonne go setse nakonyana fela pele ga bosigo bo tla mme tiro yotlhe e bo e khutla. \v 5 Mme fa ke santse ke le fano mo lefatsheng, ke naya lefatshe lesedi la me.” \p \v 6 Mme a kgwela mathe mo mmung a duba seretse ka mathe mme a se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng, \v 7 mme a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tlhapa mo lekadibeng la Siloame” (lefoko le le reng ‘Siloame’ le raya gore ‘Romilwe’) jalo monna a ya kwa a romilweng teng, mme a feta a tlhapa a boela kwa morago a bona! \v 8 Mme ba ga gabo le batho ba bangwe ba ba mo itseng e le sefofu sa mokopi ba botsanya ba re, “A yo ke ene tota, mokopi yo re mo itseng?” \p \v 9 Bangwe ba re, ee, mme ba bangwe ba re nnyaa. Jalo ba akanyetsa ba re, “Ga e ka ke ya nna ene, mme o lebega jaaka ene!” Mme mokopi a ba raya a re, “Ke nna yo lo nkitseng!” \p \v 10 Mme ba mmotsa gore go diragetse jang gore a foufologe. Tota-tota go tsamaile jang! \p \v 11 Mme a ba raya a re, “Monna yo ba mmitsang Jesu o ne a duba seretse a se tshasa mo matlhong a me mme a nthaya a re ke ye kwa lekadibeng la Siloame ke ye go tlhapa seretse. Mme ke ne ka dira jalo, jaanong ke a bona!” \p \v 12 Mme ba mmotsa ba re, “O kae jaanong?” Mme a araba a re, “Ga ke itse.” \s1 Bafarasai ba tlhotlhomisa Jesu \p \v 13 Mme ba tsaya monna ba mo isa kwa Bafarasaing. \v 14 Mme ya re mo go diragala ga bo go le letsatsi la Sabata. \p \v 15 Mme Bafarasai ba mmotsa gotlhe ka ga tiragalo eo. Jalo a ba bolelela ka fa Jesu a neng a dira seretse ka teng a se tshasa mo matlhong a gagwe, mme ya re a sena go tlhapa a bona! \p \v 16 Bangwe ba bone ba re, “Motho yo Jesu ga a tswe kwa Modimong gonne o dira go le Sabata.” Ba bangwe ba re, “Mme motho fela wa modira dibe ao ka dira dikgakgamatso tse jang?” Mme ga nna kgaogano e tona ya megopolo mo go bone. \v 17 Mme Bafarasai ba retologela kwa monneng yo a neng a foufetse ba mmotsa ba re, “Wa re monna yo o go foufolotseng ke mang?” Mme monna a re, “Ke bona gore e tshwanetse ya bo e le moporofiti a romilwe ke Modimo.” \v 18 Mme Baeteledipele ba Sejuta ba seka ba dumela gore o ne a foufetse, go fitlhelela ba botsa batsadi ba gagwe. \v 19 Erile ba sena go ba bitsa ba ba botsa ba re, “A motho yo ke morwaa lona? A o-tsetswe a foufetse? Fa go ntse jalo, ke eng fa a bona?” \p \v 20 Batsadi ba gagwe ba fetola ba re, “e itse gore motho yo ke ngwana wa rona le gore o tsetswe e le sefofu, \v 21 mme ga re itse gore go diragetse jang gore a foufologe, kgotsa gore o foufolotswe ke mang. O setse a godile o lekanye go ikarabela. Mmotseng.” \v 22-23 Ba ne ba bua jaana ka ba boifa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba setse ba anamisitse gore mongwe fela yo o reng Jesu ke Mesia o tlaa kgaolwa mo phuthegong. \v 24 Mme lwa bobedi ba bitsa monna yo o foufolotsweng ba mo raya ba re, “Galaletsa Modimo e seng Jesu, gonne re itse gore Jesu ke motho yo o bosula.” \v 25 Mme monna a fetola a re, “Ga ke itse gore a o siame kgotsa o bosula, mme nna ke itse fela gore, ke ne ke le sefofu mme jaanong ke a bona!” \v 26 Ba mmotsa ba re, “O ne a dira eng? O ne a go fodisa jang”? \v 27 Mme monna a ba botsa a re, “Bonang! Ke lo boleletse gagwe fela, a lo ne lo sa reetsa? Ke eng fa lo mpotsa gape? A le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?” \v 28 Mme ba mo hutsa ba mo raya ba re, “Morutwa wa gagwe, mme rona re barutwa ba ga Moshe. \v 29 Re itse gore Modimo o buile le Moshe, mme fa e le yo ene ga re itse sepe ka ga gagwe.” \v 30 Mme a fetola a re, “Ka ntlha yang, go a hakgamatsa! \v 31 O foufolola difofu, mme o na le ditsebe tse di bulegetseng ba ba o obamelang ba dirago rata ga one. \v 32 Fa e sale lefatshe le simologa ga go ise go ke go nne le ope yo a neng a ka foufola matlho a mongwe yo o tsetsweng a le sefofu. \v 33 Fa monna yo a ne a sa tswe kwa Modimong, o ka bo a sa kgona go foufolola difofu.” \v 34 Mme ba goa ba re, “Ngwana wa mpa ya dikgora ke wena! A o leka go re ruta?” Mme ba mo kgoromeletsa kwa ntle. \s1 Bofofu jwa mowa \p \v 35 Erile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a bona monna yo mme a mo raya a re, “A o dumela mo go Mesis?” \v 36 Mme monna a araba a re, “E mang, rra, gonne ke a batla.” \v 37 Mme Jesu a re, “O mmonye, ebile ke ene yo o buang le wena!” \v 38 Monna a re, “Ee, Morena, Ke a dumela!” mme a obamela Jesu. \v 39 Mme Jesu a mo raya a re, “E tletse mo lefatsheng go naya ba ba foufetseng mo moweng pono le go kaela ba ba ithayang ba re ba a bona gore ba foufetse.” \v 40 Bafarasai ba ba neng eme foo ba botsa ba re, “A wa re re foufetse?” \v 41 Mme Jesu a ba raya a re, “Fa lo ne lo foufetse, lo ka bo lo se molato! Mme lo molato gonne lo ipona gore lo itse se lo se dirang.” \c 10 \s1 Modisa yo o Molemo \p \v 1 “Le fa e le mang yo o ganang go tsena ka kgoro mo lesakeng la dinku, yo o tlolelang ka lokotswana, o tshwanetse tota a be a le legodu. \v 2 Gonne modisa o tsena ka kgoro. \v 3 Motlhokomedi wa kgoro o a e mmulela, mme dinku di utlwa lentswe la gagwe jalo di tle kwa go ene; mme a bitse dinku tsa gagwe ka maina a di etelele pele di ya kwa ntle. \v 4 O tsamaya kwa pele ga tsone; mme di mo sale morago, gonne di tlhaloganya lentswe la gagwe. \v 5 Ga di kitla di sala moeng morago, mme di tlaa mo phatlalalela, gonne ga di itse lentswe la gagwe.” \v 6 Ba ba neng ba utlwa Jesu a dirisa setshwantsho se ba ne ba seka ba tlhaloganya se a se rayang. \v 7 Mme a se ba tlhalosetsa a re, “Ke nna Kgoro ya dinku. \v 8 Botlhe ba bangwe ba ba tsileng pele ga me e ne e le magodu le dinokwane. Mme dinku tsa boammaaruri ga di ise di ke di ba reetse. \v 9 Ee, ke nna Kgoro. Ba ba tsenang ka Kgoro ba tlaa bolokwa mme ba tlaa tsena ba bo ba tswa mme ba tlaa bona mafulo a matalana. \v 10 Maikaelelo a legodu ke go utswa, le go bolaya le go senya. Mme nna maikaelelo a me ke go aba botshelo jo bo sa khutleng ka letlotlo. \p \v 11 “Ke Modisa yo o Molemo. Modisa yo o molemo o ntshetsa dinku botshelo jwa gagwe. \v 12 Motho yo o thapilweng o tlaa sia a tlogela dinku fa a bona phiri e tla, gonne ga se tsa gagwe ebile ga se modisa wa tsone. Mme jalo phiri e di tlolele e phatlalatse letsomane. \v 13 Motho yo o thapilweng o sia ka ntlha ya gore o thapilwe, le ka ntlha ya gore ga a kgathalele dinku thata. \p \v 14 “Ke Modisa yo o Molemo ebile ke itse dinku tsa me, le tsone di a nkitse. \v 15 Fela jaaka Rara a nkitse le nna ke itse Rara; jalo ke ntshetsa dinku botshelo jwa me. \v 16 Ke na le dinku tse dingwe mo lesakeng le lengwe. Le tsone ke tshwanetse go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; jalo go tlaa nna letsomane le le lengwe ka fa tlase ga tlhokomelo ya Modisa a le mongwe fela. \p \v 17 “Rara o a nthata gonne ke ntsha botshelo jwa me setlhabelo gore ke tle ke nne le jone gape. \v 18 Ga go na ope yo o ka mpolayang kwa ntle ga go rata ga me. Ke ntsha botshelo jwa me setlhabelo ka bonna. Gonne ke na le tshwanelo le nonofo ya go bo ntsha setlhabelo fa ke batla le tshwanelo le nonofo ya go bo tsaya gape. Gonne Rara o nneile tshwanelo e.” \p \v 19 Erile fa a bua jaana, baeteledipele ba Sejuta ba kgaogana mo megopolong gape ka ga gagwe. \v 20 Bangwe ba bone ba re, “O na le mowa o o maswe eseng jalo o a tsenwa. Ke eng re reetsa motho yo o ntseng jalo?” \p \v 21 Ba bangwe ba re, “Mo go rona golo mo ga go utlwale go buiwa ke motho yo o tsenweng ke mowa o o maswe! A mowa o o maswe o ka foufolola matlho a difofu?” \s1 Go tlhoka tumelo ga Bajuta \p \v 22-23 Go ne go le mariga, fa Jesu a le mo Jerusalema ka lebaka lwa Moletlo wa Boshafatso. O ne a le kwa Tempeleng, a raletse golo fa go bidiwang Mathudi a ga Solomone. \v 24 Baeteledipele ba Sejuta ba mo dikgaganyetsa mme ba mmotsa ba re, “O tlaa re baya mo lefifing la bosena-kitso fitlhelela leng? Fa e le gore o Mesia re bolelele sentle.” \p \v 25 Mme Jesu a ba raya are, “Ke setse ke lo bole-letse, mme ga lo ntumele. Sesupo ke dikgakgamatso tse ke di dirang ka leina la ga Rara. \v 26 Mme ga lo ntumele gonne ga lo ba letsomane la me. \v 27 Dinku tsa me di itse lentswe la me, le nna ke a di itse, mme dintshala morago. \v 28 Ke di naya botshelo jo bo sa khutleng mme ga di kitla di nyelela. Ga gona ope yo o tlaa di phamolang mo go nna, \v 29 gonne Rara o di nneile, mme o nonofile go feta mongwe le mongwe, jalo he ga go na ope yo o ka di utswang mo go nna. \v 30 Nna le Rara re selo se le sengwe.” \p \v 31 Mme gape baeteledipele ba Sejuta ba sela matlapa go mmolaya. \p \v 32 Jesu a ba raya a re, “E fa kaelong ya Modimo ke dirile dikgakgamatso di le dintsi go thusa batho. Lo mpolaela kgakgamatso efe?” \p \v 33 Mme ba mo fetola ba re, “Ga re go balaele tiro epe e e siameng, re go bolaela tlhapatso; wena, mothonyana ke wena yo o seng wa sepe o ipiditse gore o Modimo.” \p \v 34-36 Mme a fetola a re, “Mo molaong wa lona gatwe batho ke medimo Jalo he, fa lokwalo, lo lo sa ka keng lwa bua maaka, lo bua ka gore medimo ke batho ba molaetsa wa Modimo o tsileng mo go bone, a lo go bitsa tlhapatso fa yo ene a itshepisitsweng a bile a romilwe mo lefatsheng ke Rara a re, ‘Ke Morwa Modimo?’ \v 37 Se ntumeleng, fa e se fela ke dira dikgakgamatso tsa Modimo. \v 38 Mme fa ke di dira, di dumeleng lefa lo sa ntumele. Hong lo tlaa dumela tota gore Rara omo go nna, le gore ke mo go Rara.” \p \v 39 Gape ba leka go mo tshwara. Mme a tsamaya a ba tlogela… \v 40 Mme a tlhatlogela kwa moseja ga Noka ya Jorodane go nna gaufile lefelo le Johane a neng a kolobeletsa mo go lone lwa ntlha. \v 41 Mme ba le bantsi ba mo sala morago. Mme ba le bantsi ba mo sala morago. Mme ba dumaduma ba re, “Johane ga a ise a ke a dire dikgakgamatso, mme dipolelelopele tsa gagwe tsotlhe kaga monna yo di diragetse,” \v 42 Hong ba le bantsi ba dumela gore ke Mesia. \c 11 \s1 Loso lwa ga Lasaro \p \v 1-2 Mme jaana ga bo go le monna mongwe yo o neng a bidiwa Lasaro yo o neng a lwala. O ne a tswa Bethania motse wa ga gabo Marea Le Maratha mogolowe. Marea Kgaitsadia Lasaro, ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo a ba a se phimola mo dinaong tsa gagwe ka moriri. \v 3 Mme bokgaitsadie ba babedi ba romela molaetsa kwa go Jesu ba mo raya ba re, “Morena, tsala ya gago e e molemo e lwala thata thata.” \p \v 4 Mme erile fa Jesu a utlwa ka ga moo, a re, “Maikaelelo a bolwetse jwa gagwe ga se loso, mme ke maikaelelo a gore Modimo o tlo o galalediwe. Nna, Morwa Modimo, Ke tlaa galalediwa ka ga jone bolwetse jo.” \p \v 5 Lefa Jesu a ne a rata Maratha le Marea le Lasaro thata, \v 6 o ne a nna fela kwa a neng a le teng malatsi a mabedi a a latelang a sa ye kwa go bone fa a sena go bolelelwa. \v 7 Lwa bofelo morago ga malatsi a mabedi, a raya barutwa ba gagwe a re, “A re yeng kwa Judea.” \p \v 8 Mme barutwa ba gagwe ba gana ba re, “Morena, malatsinyana fela a a fetileng a se kae, baeteledipele ba Sejuta mo Judea ba ne ba leka go go bolaya. A o yo teng gape?” \p \v 9 Jesu a fetola a re, “Motshegare mongwe le mongwe o na le dioura di le lesome le bodedi, mme mo oureng nngwe le nngwe ya one motho o ka tsamaya a babalesegile a sa kgotswe. \v 10 Bosigo fela ke gone go nang le diphatsa tsa go kgotswa, ka ntlha ya lefifi.” \v 11 Mme a bua a re, “Tsala ya rona Lasaro o robetse, mme jaanong ke ya go mo tsosa!” \v 12-13 Erile ka barutwa ba ne ba gopola gore Jesu o raya gore Lasaro o robetse boroko fela jwa bosigo, ba re, “Moo go raya gore o nna botoka!” Mme Jesu o ne a raya gore Lasaro o sule. \p \v 14 Mme a ba bolelela sentle a re, “Lasaro o sule. \v 15 Mme ka ntlha ya lona, Ke a itumela, ka ke ne ke se fa go ene, mme mo go tlaa lo naya sebaka sa go dumela mo go nna. A re yeng kwa go ene.” \v 16 Thomase yo o bidiwang “Lewelana” a raya barutwa ba bangwe ka ene a re, “A re tsamaeng le rona re ye go swa nae.” \s1 Jesu o tsosa Lasaro mo losong \p \v 17 Mme ya re ba goroga kwa Bethania, ba bolelelwa gore Lasaro o setse a le mo phupung malatsi a le mane. \v 18 Bethania o ne a le dimmaele di se kae fela ka tsela e e tswang Jerusalema, \v 19 mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba tsile Maratha le Marea matshidiso. \v 20 Erile fa Maratha a utlwa gore Jesu o e tla, a ya go mo kgatlhantsha, mme Marea ene a sala mo lwapeng. \p \v 21 Maratha a raya Jesu a re, “Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa. \v 22 Mme le jaanong ga go ise go fete nako e telele thata, gonne ke itse gore Modimo o tlaa lere kgaitsadiake mo botshelong gape, fa o ka mo kopa gore a dire jalo.” \p \v 23 Jesu a mo raya a re, “Kgaitsadio o tlaa rula.” \p \v 24 Maratha a re, “Ee, fa mongwe le mongwe a rula mo Letsatsing la Tsogo.” \p \v 25 Mme Jesu a mo raya a re, “Ke nna yo ke tsosang baswi ke bo ke ba naya botshelo gape. Le fa e le mang yo o dumelang mo go nna, le mororo a a swa jaaka mongwe le mongwe, o tlaa tshela gape. \v 26 O neelwa botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya go dumela mo go nna mme ga a kitla a nyelela, A o dumela se Maratha?” \p \v 27 Mme Maratha a re, “Ee, Morena, ke dumela gore o Mesia, Morwa Modimo, ene tota yo re sa bolong go mo letela.” \p \v 28 Mme a mo tlogela a boela kwa go Marea, mme a feta a mmiletsa kwa thoko ga ba ba tsileng ma-tshidiso, a mo raya a re, “Jesu o fano o batla go go bona.” \v 29 Mme Marea a itlhaganelela kwa go ene. \v 30 Ka nako eo Jesu o ne a ntse ka kwa ntle ga motse, kwa lefelong le Maratha a neng a rakana le ene teng. \v 31 Fa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba le mo tlung ba leka go gomotsa Marea ba bona a nanoga ka bofefo, ba ne ba gopola gore o ya kwa phupung ya ga Lasaro go lela; jalo ba mo sala morago. \p \v 32 Erile fa Marea a goroga kwa Jesu a leng teng, a wela ka mangole fa pele ga dinao tsa gagwe a mo raya a re, “Morena, fa o ne o le fano, kgaitsadiake o ka bo a sa ntse a tshela.” \v 33 Erile fa Jesu a mmona a lela, le baeteledipele ba Sejuta ba lela nae a hohomoga mo moweng a huduega. \v 34 Mme a ba botsa a re, “O fitlhilwe kae?”, “Tla o bone.” \p \v 35 Jesu a lela. \p \v 36 Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, “Ba ne ba le ditsala tse di ratanang thata. Bonang gore o ne a mo rata jang.” \p \v 37-38 Mme bangwe ba re, “Motho yo o foufolotse monna wa sefofu, ke eng a ne a sa dire gore Lasaro a seka a swa?” Mme gape Jesu a hohomoga mo moweng. Mme ba tla kwa lebitleng. Lebitla leo e ne e le logaga lo lo tswalwang ka lentswe le legolo thata. \p \v 39 Jesu a ba raya a re, “Pitikololelang lentswe kwa thoko.” Mme Maratha, kgaitsadia moswi, a re, “Ka nako eno monkgo wa gagwe o tlaa nna maswe thata, gonne o na le malatsi a le mane a sule.” \v 40 Jesu a mmotsa a re, “A mme ga ke a go raya ka re o tlaa bona kgakgamatso e e tswang Modimong fa o dumela?” \p \v 41 Mme ba pitikololela lentswe fa thoko. Jesu a leba kwa legodimong mme a re, “Rara, ke lebogela go nkutlwa ga gago. \v 42 (O nkutlwa ka gale, ee, mme ke ipoeleditse ka ntlha ya batho ba botlhe ba ba emeng fano, gore ba tle ba dumele fa o nthomile).” \p \v 43 Mme a goa a re, “Lasaro, tswela kwa ntle!” \p \v 44 Mme Lasaro a tswa a fapilwe ka matsela a phitlho, sefatlhogo sa gagwe se fapilwe ka tuku. Jesu a ba raya a re, “Mmofololeng lo mo lese a tsamaye!” \s1 Bajuta ba rera go bolaya Jesu \p \v 45 Mme jalo lwa bofelo fa baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ba neng ba na le Marea ba bona tiragalo eo, ba dumela ene! \v 46 Mme bangwe ba ya kwa Bafarasaing go ba bolelela ka ga gone. \p \v 47 Mme ditlhogo tsa baperesiti tsa bitsa lekgotla go buisanya ka ga tiragalo e. Mme ba botsanya ba re, “Re dirang ka ga tiragalo e, gonne monna yo tota o dira dikgakgamatso? \v 48 Fa re mo lesa fela, sechaba sotlhe se tlaa mo sala morago, mme masole a Roma a tlaa tla go re bolaya a bo a tsaya mmuso wa Sejuta.” \p \v 49 Mme mongwe wa bone ebong Kaeafase, yo a neng a le Moperesiti yo Mogolo mo ngwageng eo, a re, “Dieleele ke lona, \v 50 tlogelang monna yo a swele batho botlhe, ke eng fa sechaba sotlhe se ka nyelela ka ntlha ya motho a le nosi?” \p \v 51 Seporofeto se sa gore Jesu o tshwanetse go swela Sechaba sotlhe, se dule mo go Kaefase a le mo maemong a gagwe jaaka a ne a le Moperesiti yo mogolo, e ne e se ene a se ikakanyeditseng mme o ne a tlhotlhelediwa ke mowa go bua jalo. \v 52 E ne e le polelo pele gore loso lwa ga Jesu e tlaa bo e se lwa Iseraele fela, mme e tlaa bo e le lwa bana ba Modimo ba ba anameng mo lefatsheng lotlhe. \v 53 Jalo go simolola nako eo baeteledipele ba Sejuta ba simolola go tsoma Jesu. \p \v 54 Mme Jesu a khutlisa dithuto tsa gagwe mme a tswa mo Jerusalema, a ya kwa lotshitshing lwa sekaka, kwa motseng wa Eferaima; mme a nna teng le barutwa ba gagwe. \p \v 55 Tlolaganyo, e e leng letsatsi la Sejuta la boitapoloso, e ne e le gaufi, mme batho ba le bantsi ba ba tswang kwa dikgaolong ba goroga mo Jerusalema malatsinyana a sa le kwa pele gore ba tle ba tsene mo modirong wa bontlafatso pele ga Tlolaganyo e simolola. \v 56 Ba ne ba batla go bona Jesu, mme ka ba ne ba sebaseba mo Tempeleng, ba be ba botsanya ba re, “Lo akanya jang? A o tlaa tla kwa Tlolaganyong?” \v 57 Ka lone lobaka loo, ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di anamisitse phatlalatsa gore yo o tlaa bonang Jesu a ba bolelele gore ba tle ba mo tshware. \c 12 \s1 Marea o tlotsa Jesu lookwane \p \v 1 Malatsi a le marataro pele ga meletlo ya Tlolaganyo e simologa, Jesu a goroga mo Bethania kwa Lasaro monna yo a mo rudisitseng a neng a le teng. \v 2 Mme Jesu a baakanyediwa modiro wa tlotlo teng. Maratha a ba tsholela mme Lasaro ene a nna le bone kwa lomating lwa bojelo (tafole). \v 3 Mme Marea a tsaya setlolo se se tlhwatlhwa kgolo se dirilwe ka dinkgisamonate a tlotsa dinao tsa ga Jesu ka sone, a bo a di phimola ka moriri wa gagwe. Mme ntlo ya tlala monkgo o o monate wa setlolo. \p \v 4 Mme Judase Isekariota, mongwe wa barutwa ba gagwe, ene yo o tlaa mo okang, a re, \v 5 “Setlolo seo se ne se lekanye madi a mantsi. Se ka bo se rekisitswe mme madi a sone a abelwa bahumanegi.” \v 6 E ne e se gore ka go bua jalo o gopotse go tlhokomela bahumanegi, gonne o ne a le mmei wa madi a barutwa mme o ne a tle a a utswe a a dirise mo ditirong tsa gagwe! \p \v 7 Mme Jesu a fetola a re, “Mo tlogele. O dirile jalo e le paakanyetso ya phitlho ya me. \v 8 Lo ka aga lo thusa bahumanegi, mme nna ga ke na go nna le lona ka lobaka lo loleele.” \p \v 9 Erile fa ba e leng batho fela ba Jerusalema ba utlwalela ka kgorogo ya gagwe ba itlhaganela ka bontsintsi go ya go mmona le go bona Lasaro, monna yo o rudileng. \v 10 Mme ditlhogo tsa baperesiti tsa ikaelela go bolaya le Lasaro, \v 11 gonne e ne e le ka ntlha ya ga Lasaro gore baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba tlogele Sejuta ba dumele mo go Jesu e le Mesia wa bone. \s1 Jesu o tsena mo Jerusalema \p \v 12 Letsatsi le le latelang, dikgang tse di reng Jesu o mo tseleng ya Jerusalema tsa anama mo motseng, mme bontsintsi jo bogolo jwa baeti ba Tlolaganyo, \v 13 jwa tsaya dikala tsa makolane mme jwa fologela mo tseleng go mo kgatlhantsha ba goa ba re, “Mmoloki! Modimo segofatsa Kgosi ya Iseraele! A go bakwe moemedi wa Modimo!” \v 14 Jesu a tsamaya a palame tonkana, a diragatsa seporofeso se se reng \v 15 “Se boifeng Kgosi ya lona, batho ba Iseraele, gonne e tlaa tla kwa go lona ka boingotlo, e palame tonkana!” \p \v 16 (Barutwa ba gagwe ba seka ba lemoga ka nako eo gore se e ne e le tiragatso ya seporofeso; mme morago ga Jesu a boela kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong, ba simolola go lemoga gore go setse go diragetse diporofeso di le kae tsa lokwalo mo matlhong a bone). \p \v 17 Mme ba ba mo bontsintsing joo ba ba neng ba bonye Jesu a tsosa Lasaro mo baswing ba ne ba bolela gotlhe ka gone. \v 18 Ke sone se batho ba le bantsi ba neng ba ya go mo kgatlhantsha, gonne ba ne ba utlwile kgakgamatso e tona eo. \v 19 Mme Bafarasai ba raana ba re, “Re fentswe. Bonang, lefatshe lotlhe le mo setse morago!” \s1 Jesu o bua ka loso lwa gagwe \p \v 20 Bagerika bangwe ba ba neng ba tsile mo Jerusalema go obama mo Tlolaganyong, \v 21 ba etela Filipo yo a neng a tswa Bethesaida, mme ba feta ba re, “Rara, re batla go rakana le Jesu.” \v 22 Filipo a bolelela Anderea ka gone, mme ba tsamaya botlhe go kopa Jesu. \p \v 23-24 Jesu a ba fetola ka gore nako e mo gorogetse ya go boela kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong, le gore, “Ke tshwanetse go wa ka swa jaaka tlhaka ya mabele e e welang mo mmung wa boleme. Fa ke sa swe, ke tlaa nna ke le nosi, peo e e yosi. Mme loso lwa me lo tlaa tlhogisa ditlhaka tsa mabele di le dintsi, thobo e kgolo ya matshelo a masha. \v 25 Fa lo rata botshelo jwa lona mono lefatsheng, bo tlaa lo latlhegela. Mme fa lo nyatsa botshelo jwa lona mono lefatsheng, o tlaa bo ananya ka kgalalelo ya bosakhutleng. \p \v 26 “Fa e le gore Bagerika ba, ba batla go nna barutwa ba me, ba boleleleng gore ba tle ba ntshale morago, gonne batlhanka ba me ba tshwanetse go nna kwa ke teng. Mme fa ba ntshala morago, Rara o tlaa ba tlotla \v 27 Jaanong mowa wa me o tshwenyegile thata. A nka rapela ka re, ‘Rara, mpoloka mo go se se nkemeng pele?’ Mme ke lone lebaka le ke le tletseng! \v 28 Rara, galaletsa leina la gago o bo o le tlotle.” Mme ga bua lentswe le tswa kwa legodimong le re, “Ke setse ke dirile jalo, mme ke tlaa dira jalo gape.” \v 29 Erile fa bontsintsi jwa batho bo utlwa lentswe, bangwe ba bone ba gopola gore ke tladi, fa ba bangwe bone ba re ke moengele o buile nae. \v 30 Mme Jesu a ba raya a re, “Lentswe leo ga le a tla ka ntlha ya me, mme e leng ka ntlha ya lona. \v 31 Lobaka lwa katlholo ya lefatshe lo gorogile, le nako ya fa Satane, Kgosana ya lefatshe leno a tlaa kgoromelediwang ntle. \v 32 Mme fa ke tsholediwa (mo mokgorong) ke tlaa gogela mongwe le mongwe kwa go nna?” \v 33 O ne a bua jaana go supa ka fa o tlaa swang ka teng. \p \v 34 Bontsintsi jwa botsa jwa re, “Go swa? Re utlwile gore Mesia o tlaa tshela ka bosakhutleng mme ga a kitla a a swa. Ke eng fa o re o tlaa swa? O bua kaga. Mesia ofe?” \p \v 35 Mme Jesu a fetola a re, “Lesedi la me le tlaa lo phatsimela ka lobakanyana. Tsamayang mo go lone lo sa ntse lo ka kgona, mme lo ye kwa lo batlang go ya teng pele ga lefifi le tla, gonne ka nako eo lobaka lo tlaa bo lo setse lo fetile thata gore lo bone tsela ya lona. \v 36 Dirisang Lesedi nako e sa le teng; ka go dira jalo lo tlaa nna batsamaisi ba lesedi.” Morago ga a bua dilo tse, Jesu a tsamaya mme a ba iphitlhetse. \s1 Bajuta ba tswelela mo go sa dumeleng \p \v 37 Mme le fa a ne a dirile dikgakgamatso tse tsotlhe, batho ba le bantsi ba ne ba sa dumele gore ke Mesia. \p \v 38 Ke sone tota se Isaia o se porofetileng a re: “Morena, re tlaa dumelwa ke mang? E mang yo o tlaa tsayang dikgakgamatso tsa Modimo tse di tona e le bosupi?” \p \v 39 Mme ba ne ba seka ba dumela, fela jaaka Isaia le ene a ne a rile: \v 40 “Modimo o foufaditse matlho a bone o bile o thatafaditse dipelo tsa bone gore ba seka ba bona le fa e le go tlhaloganya e se re kgotsa ba sokologela kwa go nna gore ke ba fodise.” \v 41 Isaia o ne a raya Jesu fa a porofeta jaana, gonne o ne a bonye ponatshego ya kgalalelo ya ga Mesia. \p \v 42 Le fa go ntse jalo, le baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba dumela mo go ene gore ke Mesia mme legale ba ne ba sa dumele fa ba na le batho ka ntlha ya go tshaba go kgaolwa ke Bafarasai mo tlung ya ga Jehofa; \v 43 gonne ba ne ba rata kgalaletso ya batho bogolo go kgalaletso ya Modimo. \p \v 44 Mme Jesu a goela kwa bontsintsing a re, “Fa lo ntumela lo dumela Modimo. \v 45 Gonne fa lo mpona, lo bona ene yo o nthomileng. \v 46 Ke tsile ke le Lesedi go phatsima mo lefatsheng leno le le lefifi gore botlhe ba ba dumelang mo go nna ba seka ba tlhola ba tsamaya mo lefifing. \v 47 Mme le fa e le mang yo o nkutlwang mme a sa nkobamele, ga ke moatlhodi wa gagwe, gonne ke tletse go boloka lefatshe eseng go le atlhola. \v 48 Mme botlhe ba ba nkganang le molaetsa wa me, ba tlaa atlholwa ka Letsatsi la Katlholo ka mafoko a boammaaruri a ke a buileng. \v 49 Gonne se ga se tlhaloganyo ya me, mme ke lo boleletse se Rara a rileng ke se lo bolelele. \v 50 Mme ke itse gore ditaolo tsa gagwe di gogela kwa botshelong jo bo sa khutleng; jalo sengwe le sengwe se a reng ke se bue, ke a se bua!” \c 13 \s1 Jesu o tlhapisa barutwa ba gagwe dinao \p \v 1-3 Jesu o ne a itse mo maitseboeng a tsatsi la Tlolaganyo gore ke bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng pele ga a boela kwa go Rraagwe. Erile go jewa dijo tsa maitseboa Diabolo a bo a setse a feditse mogopolo wa ga Judase Isekariota, morwa Simone, gore jo ke bosigo jwa gore a dirise leano la gagwe la go oka Jesu. Jesu o ne a itse gore Rara o mo neetse sengwe le sengwe le gore o ne a tswa kwa Modimong le gore o tlaa boela kwa Modimong. Le ka fa a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng! \v 4 Mme a tswa fa lomating lwa bojelo, (tafole) a apola seaparo sa gagwe, a thathelela toulo (taole) mo lothekeng, \v 5 a tshela metsi mo mogotswaneng mme a simolola a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao a ba a di phimola ka taole e a neng a ithathile ka yone. \p \v 6 Erile a tla fa go Simone Petere, Petere a mo raya a re, “Morena, ga o a tshwanela o ka bo o re tlhapisa dinao!” \p \v 7 Jesu a fetola a re, “Ka nako e ga o tlhaloganye se ke se dirang, mme o tlaa tlhaloganya ka letsatsi lengwe.” \p \v 8 Petere a gana a re, “Nnyaa, ga o kitla o ntlhapisa dinao gope!” Mme Jesu a fetola a re, “Kana fa ke sa di tlhapise, ga o kake wa nna mopati wa me.” \p \v 9 Simone Petere a mo raya a re, “Mme tlhapisa diatla tsa me le tlhogo, e seng dinao fela!” \p \v 10 Jesu a fetola a re, “Yo o setseng a tlhapile mmele otlhe o tlhoka go tlhapisiwa dinao fela gore a nne phepa gotlhelele. Jaanong o phepa, mme ga go a nna jalo mo go mongwe le mongwe yo o fano.” \v 11 Gonne Jesu o ne a itse gore o tlaa okwa ke mang. Ke sone se a neng a se raya fa a re, “Ga lo phepa lotlhe.” \p \v 12 Erile a sena go ba tlhapisa dinao, a apara seaparo sa gagwe gape mme a nna fa fatshe a botsa potso a re, “A lo tlhaloganya se ke neng ke se dira? \v 13 Lo mpitsa ‘Moruti’ le ‘Morena’, mme lo dira sentle go bua jalo, gonne ke boammaaruri. \v 14 Mme ka nna, Morena, le Moruti, ke lo tlhapisitse dinao, lo tshwanetse go tlhapisanya dinao fela jalo. \v 15 Ke lo neile sekai se lo tshwanetseng go se sala morago: dirang jaaka ke lo diretse. \v 16 Go boammaaruri thata jang gore motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. Le fa e le morongwa ga a mogolo go motho yo o mo romang. \v 17 Lo itse dilo tse, jaanong di direng! Ke yone tsela ya matlhogonolo. \s1 Jesu o bua ka go okwa ga gagwe \p \v 18 “Ga ke lo reye lotlhe; ke itse mongwe le mongwe wa lona yo ke mo tlhophileng sentle. Lokwalo lo bua jaana lwa re, ‘Ene yo o jang dijo le nna o tlaa nkoka’ mme se ke se buang se tlaa tloga se diragala. \v 19 Mme ke lo bolelela selo se jaanong jaana gore e re fa se diragala, lo dumele mo go nna. \p \v 20 “Ammaaruri, le fa e le mang yo o amogelang Morongwa wame, yo ke tlaa mo romang, o amogela nna. Mme go nkamogela ke go amogela Rara yo o nthomileng.” \p \v 21 Mme jaanong Jesu o ne a huduegile thata mo moeng mme a re, “Ee, go boammaaruri, mongwe wa lona o tlaa nkoka.” \v 22 Barutwa ba lebana, ba hakgamala gore o ka ne a raya mang. \p \v 23 E re ka ke ne ke ntse go bapa le Jesu fa lomating lwa bojelo (tafole) ke le tsala ya gagwe e tona thata, \v 24 Simone Petere a tla kwa go nna go mpotsa gore ke mang yo o tlaa dirang tiro e e setlhogo eo ya go mo oka. \p \v 25 Mme ka retologa ka mmotsa ka re, “Morena, ke mang?” \p \v 26 A mphetola a re, “Ke yo ke mo tlotlang ka go mo neela senkgwe se innwe mo morong.” Mme erile a sena go se ina, a se inola a se neela Judase, morwa Isekariota. \p \v 27 Mme ya re Judase a sena go se ja, Satane a tsena mo go ene. Mme Jesu a mo raya a re, “Itlhaganele, dira se o se ikaeletseng jaanong jaana.” \v 28 Go ne go sena le fa e le ope wa ba ba fa lomating lwa bojelo yo o neng a itse se Jesu o se rayang. \v 29 Bangwe ba gopola gore ka Judase e ne e le mmei wa madi a bone Jesu o ne a mmolelela gore a ye go duelela dijo kgotsa a ye go abela bahumanegi madi mangwe. \v 30 Judase a nanoga ka bofefo, a ralala lefifi. \p \v 31 Erile fela Judase a tswa mo tlung, Jesu a re, “Lobaka lwa me lo gorogile; kgalalelo ya Modimo e tlaa tloga e ntikaganyetsa, mme Modimo o tlaa amogela kgalaletso e tona ka ntlha ya gotlhe mo go ntiragalelang. \v 32 Mme Modimo o tlaa nnaya kgalalelo ya one, fela jaanong jaana. \v 33 Bana ba ba rategang, kana nako e khutshwane jang pele ga gore ke tsamaye ke lo tlogele! Mme, le fa lo ka ntshenka ga lo ka ke lwa tla kwa go nna, fela jaaka ke boleletse baeteledipele ba Sejuta. \p \v 34 “Jaanong ke lo naya taolo e ncha ka re, ‘Ratanang fela jaaka ke lo ratile.’ \v 35 Go ratana ga lona mo go kitlaneng go tlaa supegetsa lefatshe gore lo barutwa ba me.” \s1 Jesu o bua ka go itatolwa ga gagwe \p \v 36 Simone Petere a re, “Morena o ya kae?” Mme Jesu a fetola a re, “Ga o ka ke wa tsamaya le nna jaanong jaana; mme e tlaa re morago, o ntatele.” \v 37 Mme Simone Petere a mmotsa a re, “Mme ke kganelwa ke eng go tla jaanong jaana gonne ke ipaakanyeditse go go swela?” \p \v 38 Jesu a araba a re, “O ntshwela? Nnyaa e tlaa re pele ga mokoko o lela gararo ka moso o tlaa bo o intatotse o re ga o nkitse.” \c 14 \s1 Jesu o laela barutwa a tla a ba gomotsa \p \v 1 “A dipelo tsa lona di se fuduege. Lo ikanya Modimo, jaanong inkanyeng le nna. \v 2-3 Go na le malapa a le mantsi kwa godimo kwa Rara o nnang teng, mme ke ya go a baakanyetsa go tla ga lona. Fa go setse go siame gotlhe, mme ke tlaa tla go lo tsaya, gore lo nne le nna ka metlha yotlhe kwa ke teng. Fa go ne go sa nna jalo nkabo ke lo boleletse sentle fela. \v 4 Mme lo itse kwa ke yang teng le tsela e e yang teng lo a e itse.” \p \v 5 Thomase a mo raya a re, “Nnyaa, ga re itse, ga re na kitso epe ya kwa o yang teng, jaanong re ka itse tsela jang?” \p \v 6 Mme Jesu a mo raya a re, “Ke nna Tsela, ee, le Boammaaruri le Botshelo. Ga go na ope yo o ka tlang kwa go Rara fa e se ka nna. \v 7 Fa lo ne lo itsile gore ke mang, hong lo ka bo lo itsile gore Rre ke mang. Go tloga fano lo a mo itse, ebile lo mmonye!” \v 8 Filipo a mo raya a re, “Morena, re supegetse Rara mme go tlaa bo go re lekanye.” \p \v 9 Jesu a fetola a re, “A ga o ise o nkitse Filipo, le fa ke sa bolo go nna le wena ka lobaka lo lo kana? Le fa e le mang yo o mponyeng o bonye Rre! Jaanong ke eng fa o kopa go mmona? \v 10 A ga o dumele gore ke mo go Rara yo o agileng mo go nna. Ebile o dira tiro ya gagwe ka nna. \v 11 Dumela fela gore ke mo go Rara ebile le Rara o mo go nna. E seng jalo dumela ka ntlha ya dikgakgamatso tse dikgolo tse o mponyeng ke di dira. \p \v 12-13 “Ka boammaaruri jo bo feletseng ke lo bolelela gore, le fa e le mang yo o dumelang mo go nna o tlaa dira dikgakgamatso tse ke di dirileng, gonne ke ya go nna le Rara. Lo ka mo kopa sengwe le sengwe lo dirisa leina la me, mme ke tlaa se dira, gonne mo go tlaa lere kgalaletso kwa go Rara ka ntlha ya se nna, Morwa, ke tlaa se lo direlang. \v 14 Ee, lopang le fa e le eng lo dirisa leina la me mme ke tlaa se dira!” \s1 Jesu o solofetsa ka gotla ga Mowa O O Boitshepo \p \v 15-16 “Fa e le gore lo a nthata, inkokobeletseng; mme ke tlaa kopa Rara mme o tlaa lo naya Mogomotsi yo mongwe, mme ga a kitla a lo tlogela. \v 17 Mogomotsi yoo ke Mowa O O Boitshepo, Mowa o o gogelang mo boammaaruring jotlhe. Lefatshe ka bophara ga le ka ke la o amogela, gonne ga le o batle ebile ga le o itse. Mme lona lo a mo itse gonne o nna le lona gompieno, mme mo malatsinyaneng a a latelang o tlaa bo o le mo go lona. \v 18 Nnyaa, ga ke na go lo latlha kgotsa go lo tlogela lo le masiela mo setsuatsueng, ke tlaa tla kwa go lona. \v 19 Mo lobakanyaneng ke tlaa bo ke tsamaile ke dule mo lefatsheng, mme ke tlaa bo ke sa ntse ke na le lona. Gonne ke tlaa tshela gape, mme le lona lo tlaa tshela. \v 20 E tlaa re fa ke boela mo botshelong gape, lo tlaa itse gore ke mo go Rre, mme lona lo mo go nna le nna ke mo go lona. \v 21 Ene yo o inkobelang ke ene yo o nthatang; mme ka ntlha ya gore o a nthata, Rara o tlaa mo rata; mme le nna ke tlaa mo rata, ke tlaa mo itshenolela.” \p \v 22 Judase, (eseng Judase Isekariota, mme e leng morutwa yo mongwe wa gagwe yo o bidiwang ka leina leo le ene) a mo raya a re, “Morena, ke eng fa e le gore o tlaa itshenolela rona barutwa fela e seng lefatshe ka bophara?” \p \v 23 Jesu a fetola a re, “Gonne ke tlaa itshenolela ba ba nthatang le ba ba inkobelang. Rara le ene o tlaa ba rata, mme re tlaa tla kwa go bone go nna nabo. \v 24 Le fa e le mang yo o sa inkobelang ga a nthate. Mme gakologelwang, ga se nna ke arabang potso ya lona ka go bua jaana! Ke karabo e e tswang mo go Rara yo o nthomileng. \v 25 Ke lo bolelela dilo tse gompieno ke sa ntse ke na le lona. \v 26 Mme fa Rara a roma Mogomotsi mo boemong jwa me, mme ka Mogomotsi ke raya Mowa O O Boitshepo, o tlaa lo ruta go le go ntsi thata, le go lo gakolola sengwe le sengwe se nna ke se lo boleletseng. \p \v 27 “Ke lo tlogela ka mpho, ebong, kagiso ya pelo le mogopolo. Mme kagiso e ke e lo nayang ga e senyege jaaka kagiso e lo e newang ke lefatshe. Mme ke gona se tshwenyegeng kgotsa lwa boifa. \v 28 Gakologelwang se ke se lo boleletseng, ke a tsamaya, le gale ke tlaa boela kwa go lona gape. Fa e le gore lo a nthata, lo tlaa intumelela, gonne jaanong nka ya kwa go Rara, yo o leng mogolo mo go nna. \v 29 Ke lo boleletse dilo tse pele ga di diragala gore ere di diragala, lo tle lo ntumele. \p \v 30 “Ga ke nako e ntsi ya go bua le lona, gonne Kgosana e e bosula ya lefatshe leno e a atamela. Ga e na nonofo epe mo go nna, \v 31 mme ke tlaa dira ka kgololesego se Rara o se batlang mo go nna gore lefatshe le tle le itse fa ke rata Rara. Tlang, a re tsamayeng.” \c 15 \s1 Jesu o itshwantsha le mofine \p \v 1 “Ke nna mofine wa boammaaruri, mme Rara ke ene mmaakanyi wa tshimo. \v 2 O kgaola kala nngwe le nngwe e e sa ungweng. Mme o ntlafatsa dikala tse di ungwang gore di ungwe thata. \v 3 O setse a bile a lo ntlafaditse ka go lo ntlafaletsa mo go ene gore lo nne le nonofo e kgolo thata le tiriso ka ditaolo tse ke di lo neileng. \v 4 Elang tlhoko gore lo nne mo go nna, le nna ke nne mo go lona. Gonne ga e kake ya re kala e kgaotswe mo mofineng ya ungwa, le lona ga lo kake lwa ungwa kwa ntle ga me. \p \v 5 “Ee, ke mofine; lona lo dikala. Lefa e le mang yo o nnang mo go nna le nna ke nna mo go ene, o tlaa ungwa loungo lo logolo. Gonne ga go na sepe se lo ka se dirang kwa ntle ga me. \v 6 Fa mongwe a ikgaoganya le nna, o latlhwa jaaka kala e e senang molemo, e omelela, e phuthwa le tse dingwe mme di tshujwe. \v 7 Mme fa lo nna mo go nna lo reetsa ditaolo tsa me, lo ka kopa kopo nngwe fela e lo e ratang, mme lo tlaa e newa! \v 8 Barutwa ba me ba boammaaruri ba ungwa thobo e kgolo thata. Mme go tlisa kgalalelo e kgolo thata mo go Rre. \p \v 9 “Ke lo ratile fela jaaka Rara a nthatile. Nnang mo loratong lwa me. \v 10 Fa lo inkobela, lo nna mo loratong lwa me, fela jaaka ke reetsa Rara ebile ke nna mo loratong lwa gagwe. \v 11 Ke lo boleletse se gore lo tlale boitumelo jwa me. Ee, senwelo sa lona sa boitumelo se tlaa penologa. \v 12 Ke batla gore lo ratane fela jaaka ke lo rata. \v 13 Mme lorato lo lekanngwa jaana, lorato lo logolo lo supega fa motho a ntshetsa ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe; \v 14 mme lona lo ditsala tsa me fa lo inkobela. \v 15 Ga ke sa tlhole ke lo bitsa batlhanka gonne mong wa batlhanka ga a ba rerise sepe; lo ditsala tsa me jaanong, gonne go supiwa ke lobaka lwa gore ke lo boleletse sengwe le sengwe se Rara o se mpoleletseng. \s1 Lefatshe le tlaa ila barutwa ba ga Jesu \p \v 16 “Ga lo a ntlhopha! Ke nna ke lo tlhophileng! Ke lo tlhomile go ya go ntsha maungo a mantle malatsi otlhe, gore le fa e le eng se lo se kopang mo go Rara, lo dirisa leina la me, o tlaa se lo neela. \v 17 Ke batla gore lo ratane. \p \v 18 “Gonne lo ilwa ke lefatshe thata! Mme nna lefatshe le sale le nkila pele ga lona. \v 19 Lefatshe le ne le ka lo rata fa lo ne lo le ba lone; mme ga lo ba lone, gonne ke lo tlhophetse go tswa mo lefatsheng, mme jalo le a lo ila. \v 20 A lo gakologelwa se ke se lo boleletseng? ‘Motlhanka ga a mogolo mo go mong wa gagwe!’ mme ereka ba mpogisitse, le lona fela jalo ba tlaa lo bogisa. Mme fa ba ka bo ba ne ba ntheetsa, ba ne ba tlaa lo reetsa. \v 21 Batho ba lefatshe ba tlaa lo bogisa gonne lo ba me, gonne ga ba itse Modimo o e leng one o nthomileng. \p \v 22 “Ba ka bo ba se molato fa nkabo ke sa tla ka buisanya nabo. Mme jaanong ga ba na seipato ka ntlha ya dibe tsa bone. \v 23 Le fa e le mang yo o nkilang, o ila Rara. \v 24 Fa nkabo ke sa dira dikgakgamatso tse dikgolo jaana mo go bone ba ka bo ba sa tsewe ba le molato. Mme jaanong jaaka go ntse, ba bonye dikgakgamatso tse, mme ba re ila rotlhe, Nna le Rara. \v 25 Mo go diragatsa se baporofiti ba se buileng ka ga Mesia ba re, ‘Ba nkidile ke sena molato.’ \p \v 26 “Mme ke tlaa lo romelela Mogomotsi, Mowa O O Boitshepo, motswedi wa boammaaruri jotlhe. O tlaa tswa kwa go Rara mme o tlaa lo bolelela gotlhe ka ga me. \v 27 Mme le lona lo tshwanetse go bolelela mongwe le mongwe ka ga me, gonne lo ntse lo na le nna go tswa kwa tshimologong.” \c 16 \s1 Tiro ya Mowa O O Boitshepo \p \v 1 “Ke lo boleletse dilo tse gore lo seka lwa etsaetsega (ka ga dilo tse di kwa pele). \v 2 Gonne lo tlaa kgaolwa mo matlung a thuto, mme tota lobaka lo, e tla nna lo ka lone babolai ba lona ba tlaa gopolang gore ba dira tiro ya Modimo. \v 3 Se ke ka ntlha ya gore ga go nako epe e ba kileng ba itse Rara le fa e le nna. \v 4 Ee, ke lo bolelela dilo tse gompieno gore e tle e re di diragala lo tlo lo gakologelwe gore ke lo tlhagisitse. Ga ke ise ke ko ke lo bolelele le fa e le sepe gonne ke ne ke tsile go nna le lona ka lobaka lo lo leejana. \p \v 5 “Mme jaanong ke a tsamaya ke boela kwa go yo o nthomileng; mme go bonala fa e le gore ga go na ope wa lona yo o nang le kgatlhego mo lebakeng la go tsamaya ga me; le fa e le ope ga a hakgamale. \v 6 Mo boemong jwa go dira jalo lo tletse bohutsana fela. \v 7 Mme boammaaruri ke gore, go lo solegela molemo fa ke tsamaya, gonne fa ke sa tsamaye, Mogomotsi ga a na go tla. Fa ke tsamaya, o tlaa tla, gonne ke tlaa mo romela kwa go lona. \p \v 8 “Mme fa a sena go tla, o tlaa senolela lefatshe boleo jwa lone, le gore tshiamo ya Modimo e teng, le kgololo mo katlholong. \v 9 Boleo jwa lefatshe ke go sa dumeleng mo go Nna; \v 10 mme tshiamo e teng gonne ke ya kwa go Rara mme ga lo na go tlhola lo mpona gape; \v 11 go na le go gololwa mo katlholong gonne kgosana ya lefatshe leno e setse e bile e atlhotswe. \p \v 12 “Oo, go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse ke batlang go di lo bolelela, mme ga lo ka ke lwa di tlhaloganya jaanong jaana. \v 13 Fa Mowa O O Boitshepo, o e leng boammaaruri, o tla, o tlaa lo gogela mo boammaaruring jotlhe, mme o tlaa bo o sa bue mafoko a one; mme o tlaa bo o lo bolelela se o se utlwileng. O tlaa lo bolelela kaga dilo tse di tlaa tlang. \v 14 O tlaa nkgalaletsa a bo a nteretse tlotlo e kgolo ka go lo bontsha kgalalelo ya me. \v 15 Kgalalelo yotlhe ya ga Rara ke ya me; ke sone se ke se rayang fa ke re o tlaa lo supegetsa kgalalelo ya me. \v 16 E tlaa re fela mo lobakanyaneng morago ga moo, lo tlaa mpona gape!” \s1 Jesu o gomotsa barutwa ba gagwe \p \v 17-18 Mme bangwe ba barutwa ba gagwe ba re, “A reng? Ke eng se a se rayang fa a re ke ya kwa go Rara? Rona ga re tlhaloganye se a se rayang.” \p \v 19 Jesu a lemoga gore ba batla go mmotsa, mme a ba botsa a re, “A lo ipotsa se ke se rayang? \v 20 Lefatshe le tlaa itumela thata kaga se se tsileng go ntiragalela, mme lona lo tlaa lela. Mme e tlaa re ka bonako selelo sa lona se fetoge boitumelo jo bogolo (fa lo mpona gape). \v 21 E tlaa bo e le boitumelo jo bo tshwanang le jwa mosadi a le mo ditlhabing fa a tshola ngwana wa gagwe, hong ditlhabi tse di lebalwe gotlhelele. \v 22 Gompieno jaana lo futsafetse, mme ke tlaa lo bona gape, mme lo tlaa itumela, mme ga gona ope yo o ka lo tseelang boitumelo joo. \v 23 Ka nako eo ga lo na go tlhokana le go nkopa sepe, gonne lo tlaa bo lo ka tlhamalalela kwa go Rara go mo kopa, mme o tlaa lo naya se lo tlaa bong lo se kopa gonne lo tlaa bo lo dirisa leina la me. \v 24 Ga lo ise lo ke lo leke go dira jaana pele, (mme simololang gompieno). Kopang, lo dirisa leina la me. Mme lo tlaa amogela, mme senwelo sa lona sa boitumelo se tlaa penologa. \v 25 Ke buile kaga dilo tse ke itisitse mo puong, mme nako e tlaa tla fa go itisa mo puong go tlaa bo go sa tlhokege mme ke tlaa lo bolelela sentle thata gotlhe ka ga Rara. \v 26 Mme lo tlaa lere dikopo tsa lona ka leina la me! Mme ga nkitla ke tlhoka go kopa Rara go lo naya dikarabo tsa dikopo tse, \v 27 gonne Rara ene o lo rata fela thata ka gore lo a nthata ebile lo dumela gore ke tsile ke tswa kwa go Ene. \v 28 Ee, ke tsile ke tswa kwa go Rara fa ke tla mo lefatsheng, mme ke tlaa tswa mo lefatsheng ke boela kwa go Rara.” \p \v 29 Mme barutwa ba gagwe ba re, “Jaanong o bua sentle thata, eseng ka diane. \v 30 Jaanong re tlhaloganya gore o itse sengwe le sengwe ebile ga o tlhoke ope go go bolelela sepe. Jaanong ka ntlha ya one mabaka a, re dumela gore o tsile o tswa kwa Modimong.” \v 31 Mme Jesu a ba raya a re, “A jaanong lo dumela se ke se buang? \v 32 Mme lobaka lo e tla, le gone tota lo setse lo fitlhile, fa lo tlaa phatlalala, mongwe le mongwe a boela kwa legaeng la gagwe, a ntlogela ke le nosi. Le fa go ntse jalo ke tlaa bo ke se nosi, gonne Rara o na le nna. \v 33 Ke lo boleletse mo gotlhe gore lo tle lo nne le kagiso mo mogopolong le mo pelong. Lo tlaa nna le meleko e mentsi le dikutlobotlhoko fano mo lefatsheng; mme lo itumele thata, gonne ke fentse lefatshe.” \c 17 \s1 Jesu o a ithapelela \p \v 1 Erile fa Jesu a sena go fetsa go bua dilo tse tsotlhe, a lelalela kwa legodimong mme a re, “Rara, Nako e gorogile. Senola kgalalelo ya ga Morwao gore a tle a kgone go e busetsa kwa go wena. \v 2 Gonne o mo neile taolo mo godimo ga banna le basadi mo lefatsheng lotlhe. O neela mongwe le mongwe botshelo jo bo sa khutleng jo o bo mo neileng. \v 3 Mme tsela e e isang botshelong jo bosa khutleng ke e—ke ka go go itse wena Modimo o o boammaaruri o le esi, le Jesu Keresete, ene yo o mo romileng mo lefatsheng! \v 4 Ke go lereditse kgalalelo mo lefatsheng ka go dira sengwe le sengwe se o ntheileng wa re ke se dire. \v 5 Mme jaanong, Rara, senola kgalalelo ya me jaaka ke eme fa pele ga gago, kgalalelo e re neng ra e tlhakanela pele ga lefatshe le simologa. \s1 Jesu o rapelela barutwa ba gagwe \p \v 6 “Ke boleletse batho, ba, gotlhe ka ga gago. Ba ne ba le mo lefatsheng, mme wa ba nneela. Tota tota e ne e le ba gago ka malatsi otlhe, mme wa ba nnaya, mme ba go reetsa. \v 7 Jaanong ba itse gore sengwe le sengwe se ke nang naso ke mpho e e tswang kwa go wena, \v 8 gonne ke ba neetse melao e o e nneetseng; mme ba e amogetse ebile ba itse ka botlalo gore ke tsile mo lefatsheng ke tswa kwa go wena, jalo ba dumela fa o nthomile. \p \v 9 “Thapelo ya me ga se go rapelela lefatshe, mme ke go rapelela ba o ba nneileng gonne ke ba gago. \v 10 Mme botlhe fela, ka e le ba me, ke ba gago; mme o ba buseditse mo go nna ka sengwe le sengwe se e leng sa gago, jalo ba o ba nneileng ke kgalalelo ya me! \v 11 Jaanong ke tloga mo lefatsheng, mme ke ba tlogela kwa morago, ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepo, ba babalele, botlhe ba o ba nneileng, gore ba nne selo se le sengwe fela jaaka re ntse, go sa latlhega ope. \v 12 Ka nako ya fa ke sa ntse ke le mono, ke bolokile batho botlhe ba o ba nneileng ba lwapa lwa gago. Ke ne ka ba tlhokomela gore le fa e le ope wa bone a seka a nyelela, fa e se morwa tatlhego fela fela jaaka dikwalo di boletse pele. \p \v 13 “Mme jaanong ke tla kwa go wena. Ke ba boleletse dilo tse dintsi fa ke sa ntse ke na le bone gore ba tle ba tlale boitumelo jwa me. \v 14 Ke ba neetse ditaolo tsa gago. Mme lefatshe le a ba ila gonne ga ba dire mekgwa ya lone e e maswe, fela jaaka nna ke sa e dire. \v 15 Ga ke go kope gore o ba ntshe mo lefatsheng, mme ke kopa gore o ba boloke ba se ka ba wela mo nonofong ya ga Satane. \v 16 Ga ba sa tlhole e le ba lefatshe leno jaaka le nna ke se wa lone. \v 17 Ba ntlafatse o ba itshepise ka go ba ruta mafoko a gago a boammaaruri. \v 18 Fela jaaka o nthomile mo lefatsheng, le nna ke ba roma mo lefatsheng. \v 19 Mme ke ineela gore ke ba thuse mo ditlhokong tsa bone tsa go gola mo boammaaruring le mo boitshepong. \s1 Jesu o rapelela badumedi botlhe \p \v 20 “Ga ke rapelele fela ba, mme ke rapelela le badumedi ba malatsi a a tlang ba ba tlaa tlang kwa go nna ka ntlha ya bosupi jwa bone ba. \v 21 Go ba rapelela ga me botlhe ke gore ba nne pelo e le nngwe le mogopolo o le mongwe fela jaaka wena le nna re ntse, Rara. Gore fela jaaka o le mo go nna le nna ke le mo go wena, le bone ba tle ba nne mo go rona, jalo lefatshe le tlaa dumela fa o nthomile. \p \v 22 “Ke ba neile kgalalelo e o e nneileng, kopano e e galalelang ya go bopagana, jaaka re ntse, \v 23 Nna ke le mo go bone le wena o le mo go nna, botlhe ba ntlafaleditswe mo go bopaganeng, gore lefatshe le tle le itse fa o nthomile le bo le tlhaloganye gore o ba rata fela jaaka o nthata. \v 24 Rara, ke batla gore ba o ba nneetseng ba, ba nne le nna kwa ke gone, gore ba tle ba bone kgalalelo ya me. O nneetse kgalalelo gonne o sale o nthata pele ga lefatshe le simologa! \p \v 25 “Oo Rara yo o tshiamo, lefatshe ga le go itse, mme nna ke a go itse; le barutwa ba, ba itse fa o nthomile. \v 26 Mme ke go senotse mo go bone, jalo ke tlaa nna ke go senola gore lorato lwa gago lo logolo lo o ntshotseng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.” \c 18 \s1 Go tshwarwa ga ga Jesu \p \v 1 Mme erile Jesu a sena go bua dilo tse, a kgabaganya molatswana wa Kide-rona le barutwa ba gagwe mme a tsena mo sekgweng sa lotlhware. \v 2 Judase wa moraedi, o ne a itse lefelo le, gonne Jesu o ne a sa bolo go nna a ya teng gantsi le barutwa ba gagwe. \p \v 3 Ditlhogo tsa baperesiti le Bafarasai di ne di neetse Judase segopa sa masole le mapodisi go mo pata. Mme ba goroga mo sekgweng sa lotlhware ba tshotse dipone tsa mefuta e farologanye ba tshotse le ditlhabani. \p \v 4-5 Jesu a tlhaloganya ka botlalo se se neng se ya go mo diragalela. Erile a tsamaela kwa pele go ba kgatlhantsha a re, “Lo batla mang?” Mme ba mo fetola ba re, “Jesu wa Nasaretha.” Mme Jesu a ba raya a re, “Ke nna.” \v 6 Mme erile a bua jalo, botlhe ba boela kwa morago ba wela fa fatshe. \p \v 7 Mme a ba botsa gape a re, “Lo batla mang?” Mme ba mo fetola gape ba re, “Jesu wa Nasaretha.” Mme Jesu a ba raya a re, \p \v 8 “Ke lo reile ka re ke Nna, mme ka ke Nna yo lo mpatlang, tlogelang ba bangwe ba, ba tsamaye.” \v 9 O ne a dira jaana go diragatsa seporofeso se a neng a setse a se buile a re, “Ga ke a latlhegelwa ke ope mo go ba o ba nneileng.” \v 10 Mme Simone Petere a somola chaka a kgaola “tsebe e e ka fa letsogong la moja ya ga Maleko motlhanka wa moperesiti yo mogolo”. \v 11 Mme Jesu a raya Petere a re, “Somela chaka ya gago. A ga ke a tshwanela go nwa mo senwelong se Rara o se nneileng?” \p \v 12 Mme mapodisi a Sejuta le masole le maotlana a tshwara Jesu a mo golega. \v 13 Ba mo tseela “pele” kwa go Anase mogwagadia Kaiafase, Moperesiti yo mogolo mo ngwageng eo. \v 14 Kaiafase e ne e le ene yo o reileng baeteledipele ba Sejuta a re go botoka gore motho a le mongwe fela a swele batho botlhe. \s1 Petere o itatola Jesu \p \v 15 Simone Petere a ba sala morago, jaaka yo mongwe wa barutwa yo ene a neng a tsalanye le Moperesiti yo Mogolo a ne a dira \v 16 fa Petere a eme fa ntle ga kgoro ya batsena. Mme Morutwa yo a buisanya le mosetsana yo o tlhokometseng kwa kgorong, mme a letlelela Petere go tsena. \v 17 Mosetsana a botsa a re, “A ga o mongwe wa barutwa ba ga Jesu?” Mme Petere a re, “Nnyaa ga ke mongwe wa bone.” \p \v 18 Mme mapodise le batlhanka ba mo lwapeng ba ne ba eme ka dinao ba dikologile molelo o ba neng ba o gotsitse gonne go ne go le serame. Mme Petere a nna foo le bone a ikomosa. \s1 Moperesiti yo mogolo o thamathamisa Jesu \p \v 19 Mme mo teng ga kgotla ya tshekelo Moperesiti yo Mogolo a simolola go botsa Jesu kaga barutwa ba gagwe le se a neng a ntse a se ba ruta. \p \v 20 Jesu a fetola a re, “Se ke se rutang se itsege ka bophara, gonne ke rutile ka gale mo disenagogeng le mo Tempeleng; ke utlwilwe ke baeteledipele ba Sejuta botlhe mme ga ke rute sepe mo sephiring se ke sa se buang mo ponong ya mongwe le mongwe. \v 21 Ke eng fa o mpotsa potso e? Botsa ba ba nkutlwileng. O na le bangwe ba bone fano. Ba itse se ke se buileng.” \p \v 22 Mongwe wa masole a a emeng foo a ngadibola Jesu ka lebole a mmotsa a re, “A ke yone tsela ya go araba Moperesiti yo Mogolo eo?” \p \v 23 Mme Jesu a fetola a re. “Fa ke buile maaka, ntsha bosupi, a o tshwanetse go iteela motho go bua boammaaruri?” \p \v 24 Mme Anase a romela Jesu a golegilwe kwa go Kaiafase Moperesiti yo Mogolo. \s1 Petere o itatola Jesu gape \p \v 25 Mme ya re ka lobaka loo, fa Simone Petere a sa ntse a eme fa molelong, a bodiwa gape gatwe, “A ga o mongwe wa barutwa ba gagwe?” Mme ene a fetola a re, “Nnyaa,” \p \v 26 Mme mongwe wa batlhanka ba mo lwapeng lwa Moperesiti yo mogolo, wa losika lwa monna yo o neng a kgaotswe tsebe ke Petere, a botsa a re, “A ga ke a go bona kwa sekgweng sa lotlhware o na le Jesu?” \p \v 27 Mme Petere a itatola gape. Mme ka bofefo mokoko wa lela. \s1 Jesu fa pele ga ga Pilatwe \p \v 28 Go sekisiwa ga ga Jesu ke Kaiafase ga fela maphakela thata. Go tsweng foo a tseelwa kwa kgotleng ya Molaodi wa Mmuso wa Roma. Basekisi ba gagwe ba seka ba tsena mo teng gonne ba ne ba re, go ne go tlaa ba “itshekolola”, le gone ba ne ba sena go letlelelwa go ja kwanyana ya Tlolaganyo. \v 29 Mme Pilatwe molaodi wa mmuso wa Roma, a ya kwa ntle kwa go bone a botsa a re, “Lo bona monna yo molato wa eng? Lo mmona molato wa go dira eng.” \p \v 30 Mme ba fetola ka go gakala ba re, “Fa e ka bo ene e se serukutlhi re ka bo re sa mo tshwara!” \p \v 31 Mme Pilatwe a ba raya a re, “Mo tseyeng lo mo atlhole lo le nosi ka melao ya lona.” Mme ba re, Mme kana re batla a bapolwa, mme, re batla tetlelelo ya gago \v 32 Se se ne sa rurifatsa kakanyetsopele ya ga Jesu ka ga tsela e a tla bolawang ka yone. \p \v 33 Mme Pilatwe a boela kwa kgotleng ya gagwe ya tshekelo a laola gore Jesu a leriwe kwa go ene. Ammotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuta?” \p \v 34 Jesu a botsa a re, “A le wena wa re ke ‘Kgosi’ kgotsa o bua kafa Bajuta ba buang ka teng.” \p \v 35 Pilatwe a botsa ka kgakalo a re, “A ke Mojuta? Batho ba gaeno le ditlhogo tsa bone tsa baperesiti ba go lerile kwano. Ka ntlha yang? O dirile eng?” \p \v 36 Mme Jesu a araba a re, “Ga ke Kgosi ya lefatshe. Fa ke ne ke le yone, balatedi ba me ba ka bo ba lole fa ke tshwarwa ke baeteledipele ba Sejuta. Mme bogosi jwa me ga se jwa lefatshe.” \p \v 37 Pilatwe a fetola a re, “Ee, fa e le gore go ntse jalo o Kgosi?” Jesu a re, “Ee, ke tsaletswe gone moo. Mme ke tletse go lere boammaaruri mo lefatsheng. Botlhe ba ba ratang boammaaruri ke balatedi ba me.” \p \v 38 Pilatwe a botsa a re, “Boammaaruri ke eng?” Mme a boela a tswela gape kwa ntle kwa bathong a ba raya a re, “Ga a na molato ope wa borukutlhi motho yo. \v 39 Mme lo na le ngwao ngwaga le ngwaga ya go nkopa go lo gololela mongwe mo kgolegelong fa go le Tlolaganyo. Mme fa lo batla ke dira jalo, ke tlaa golola ‘Kgosi ya Bajuta’.” \p \v 40 Mme ba goa ba re, “Nnyaa! E seng monna yo, e leng Barabase!” Barabase e ne e le serukutlhi. \c 19 \s1 Jesu o atlholelwa papolo \p \v 1 Mme Pilatwe a fatola mokwatla wa ga Jesu ka thupa, \v 2 mme masole a loga serwalo sa mitlwa a se mo rwesa mo tlhogong a bo a mo apesa seaparo se se bohibidu jo bo mokgona. \v 3 Ba mo sotla ba re, “Dumela, Kgosi ya Bajuta!” Ba bo ba mo itaya ka mabole. \p \v 4 Pilatwe tswela kwa ntle gape mme a raya Bajuta a re, “Ke ya go mo ntshetsa kwa ntle kwa go lona jaanong, mme legale tlhaloganyang sentle gore nna ga ke mmone molato.” \p \v 5 Mme Jesu a tswela kwa ntle a rwele serwalo sa mitlwa a bile a apere seaparo se se bohibidu jo bo mokgona. Mme Pilatwe a re, “Bonang monna yo!” \p \v 6 Erile fela fa ba mmona, ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba Sejuta ba simolola go goa ba re, “A a bapolwe! A a bapolwe!” Pilatwe a re, “Mmapoleng lona, nna ga ke mmone molato.” \p \v 7 Mme ba mo fetola ba re, “Ka melao ya rona o tshwanetse go swa gonne o ipiditse Morwa Modimo.” \p \v 8 Erile fa Pilatwe a utlwa ba bua jalo, a tshoga thata go gaisa malatsi otlhe. \v 9 A busetsa Jesu kwa kgotleng ya tshekelo a mmotsa a re, “O tswa kae?” Mme Jesu a seka a ntsha karabo epe. \p \v 10 Mme Pilatwe a re, “A ga o batle go bua le nna? A ga o lemoge gore ke na le nonofo ya go go golola kgotsa go go bapola?” \p \v 11 Mme Jesu a re, “O ka bo o sena nonofo epe gotlhelele mo go nna fa o ne o sa e newa e tswa kwa godimo. Mme ba ba ntlisitseng kwa go wena ba na le sebe se segolo.” \p \v 12 Mme Pilatwe a leka go mo golola, mme baeteledipele ba Sejuta ba mo raya ba re, “Fa o golola monna yo, ga o tsala ya ga Kaesara. Le fa e le mang yo o ipitsang gore ke Kgosi o tlhabana le Kaesara.” \p \v 13 Erile Pilatwe a utlwa mafoko a, a ntshetsa Jesu kwa ntle gape kwa go bone mme a nna mo setilong sa tshekelo mo bonnong jo bo dirilweng ka matlapa. \v 14 E ne jaanong e ka nna motshegare wa sethoboloko pele ga letsatsi la Tlolaganyo. Mme Pilatwe a raya Bajuta a re, “Kgosi ya lona ke e!” \p \v 15 Mme ba goa ba re, “A a ye koo, A a ye koo, mmapole!” Pilatwe a re, “Lwa reng? Ke bapole Kgosi ya lona? Baperesiti ba bagolo ba goa ba re, Ga re na kgosi epe fa se Kaesara.” \p \v 16 Mme Pilatwe a ba neela Jesu gore a bapolwe. \s1 Go bapolwa ga ga Jesu mo mokgorong \p \v 17 Jalo Jesu lwa bofelo a tsenngwa mo diatleng tsa bone, mme a tseelwa kwa ntle ga motse, a itshikaretse mokgoro a isiwa kwa lefelong le le bidiwang “Logata.” Ka Sehebera le bidiwa “Gologotha.” \p \v 18 Ba feta ba mmapola le ba bangwe teng koo ba le babedi, yo mongwe a bapolwa ka fa letsogong la gagwe la molema, yo mongwe ka fa go la moja, Jesu a le fa gare ga bone. \v 19 Mme Pilatwe a baya sesupo fa godimo ga ga Jesu se se balegang jaana, “JESU WA NASARETHA, KGOSI YA BAJUTA.” \v 20 Lefelo le Jesu a bapoletsweng mo go lone le ne le le gaufi le motse; mme sesupo se ne se kwadilwe ka Selatina le Segerika, gore batho ba le bantsi ba tle ba kgone go se bala. \p \v 21 Mme baperesiti ba bagolo ba raya Pilatwe ba re, “Fetola sesupo mo go reng, ‘Kgosi ya Bajuta’ o se fetolele mo go reng, ‘A re ke Kgosi ya Bajuta’.” \p \v 22 Pilatwe a fetola a re, “Se ke se kwadileng ke se kwadile. Se nna fela jaaka se ntse.” \p \v 23-24 Erile masole a sena go bapola Jesu, a baya diaparo tsa gagwe ka mekoanyana e le mene, mongwe le mongwe wa one masole ao a nna le seabe mo mekoanyaneng eo. Mme ba re, “Re seka ra kgagola seaparo sa gagwe,” gonne se ne se sena momeno, “A re se tsheleleng bola (mataese) gore re tle re bone gore se tsewa e mang.” Mo ga diragatsa polelo ya dikwalo e e reng, “Ba kgaogana diaparo tsa me, mme ba tshelela hempe ya me bola.” \p \v 25 Se ke sone se ba se dirileng. Gaufi le mokgoro go ne go eme Marea Mma Jesu le mmangwanaagwe ebong mosadi wa ga Kelopase le Marea Magatalena. \v 26 Erile fa Jesu a bona mmaagwe a eme foo fa thoko ga me, nna tsala ya gagwe e kgolo, a raya mmaagwe a re, “Ke morwao.” \v 27 Nna a nthaya a re, “Ke mmago.” Mme go simolola foo ka mo tseela kwa lwapeng lwa me. \s1 Go swa ga ga Jesu \p \v 28 Jesu a itse gore sengwe le sengwe jaanong se weditswe, mme go diragatsa dikwalo a bua a re, “Ke nyorilwe.” \v 29 Nkgwana ya mofine o o botsarara e ne e le foo, mme ngami ya inwa mo go yone ya ba ya tlhomelwa ka thupa ya mosiama mme ya tsholelediwa kwa molomong wa gagwe. \v 30 Erile fa Jesu a sena go leka mofine ka legano, a re, “Go fedile,” mme a lepeletsa tlhogo a golola mowa wa gagwe. \p \v 31 Baeteledipele ba Sejuta ba ne ba sa rate gore batho ba ba bapotsweng ba nne foo go fitlhelela letsatsi le le latelang, le e neng e le Sabata (le gone e le Sabata yo mogolo thata, gonne e ne e le Tlolaganyo) mme ba kopa Pilatwe go laola gore maoto a banna bao a rojwe go re ba swe ka bonako, le gore mebele ya bone e tle e folosiwe. \v 32 Mme masole a tla a roba maoto a banna ba babedi ba ba bapotsweng le Jesu; \v 33 mme erile fa ba tla kwa go ene, ba bona gore o setse a sule, mme ba seka ba roba a gagwe. \v 34 Le fa go ntse jalo, mongwe wa masole a tlhaba lotlhakore lwa gagwe ka segai, mme madi le metsi a elela. \v 35 Ke iponetse selo se ka matlho mme ke ntshitse polelo ya boammaaruri gore le lona lo dumele. \v 36-37 Masole a dira jaana a diragatsa seporofeso sa dikwalo se se reng, “Le fa e le lengwe la marapo a gagwe ga le na go rojwa, mme ba tlaa leba kwa go ene yo ba mo tlhabileng.” \s1 Go fitlhwa ga ga Jesu \p \v 38 Moragonyana Josefa wa Arimathea, yo a neng a le morutwa wa ga Jesu ka sephiri ka ntlha ya go boifa baeteledipele ba Sejuta, a kopa Pilatwe ka bopelokgale go mo fa tetlelelo ya go tsaya mmele wa ga Jesu; mme Pilatwe a mo raya a re o ka tswelela pele wa ya go o tsaya. Mme a ya teng a ya go o tsaya a tsamaya ka one. \v 39 Nikodemo, monna yo a neng a kile a ya kwa go Jesu go le bosigo, a tla le ene a lere lookwane lo lo dirilweng ka mera le aloe lo lo tlhwatlhwa ya makgolo a le mabedi a dipula. \v 40 Botlhe ka bobedi ba phutha mmele wa ga Jesu ka leloba le le telele le innwe mo ditlolong tse di nkgang monate, ka e le mokgwa wa Sejuta wa phitlho. \v 41 Lefelo la Papolelo le ne le le gaufi le sekgwa sa ditlhare, kwa go neng go na le lebitla le lesha le le neng le ise le ke le dirisiwe. \v 42 Mme jalo, ka ntlha ya iketleetso pele ga Sabata, le ka ntlha ya gore lebitla le ne le le gautshwane, ba mo robatsa mo go lone. \c 20 \s1 Go tsoga ga ga Jesu \p \v 1 Mme ya re mo mosong wa letsatsi la Tshipi, go sa ntse go le lefifi, Marea Magatalena a tla kwa phupung mme a fitlhela lentswe le pitikolotswe fa kgorong. \p \v 2 A siana mme a bona Simone Petere le nna mme a re raya a re, “Ba tsere mmele wa Morena mo phupung, mme ga ke itse kwa ba mmeileng gone!” \p \v 3-4 Ra sianela kwa phupung go bona, mme ka sia Petere ka goroga pele, \v 5 mme ka inama ka leba mo teng ka bona letsela la leloba le le moo, mme ka seka ka tsena mo teng. \v 6 Mme Simone Petere le ene a goroga mme a tsena mo teng. Le ene a bona leloba le le teng moo, \v 7 fa tuku e e neng e fapile Jesu mo tlhogong yone e ne e phuthilwe e beilwe fa thoko. \v 8 Mme le nna ka tsena mo teng, mme ka bona, ka ba ka dumela (gore o tsogile). \v 9 Gonne go fitlhelela letsatsing leo go ne go ise go ke go tle mo kgakologelong ya rona gore a kana dikwalo di rile o tla rula. \p \v 10 Re ne ra ya gae. \s1 Jesu o bonala mo go Marea Magatalena \p \v 11 Mme ka nako eo Marea o ne a boetse kwa phupung a eme kwa ntle a lela. Mme ya re a ntse a lela a inama a leba mo teng. \v 12 Mme a bona baengele ba le babedi ba apere diaparo tse ditshweu yo mongwe a ntse fa tlhogong yo mongwe kwa maotong a lefelo le mmele wa ga Jesu o neng o namaletse mo go lone. \p \v 13 Baengele ba mmotsa ba re “O lelelang?” A ba fetola a re, “Gonne ba tsere Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mmeileng teng.” \v 14 A gadima mme a bona mongwe a eme fa morago ga gagwe. E ne e le Jesu, mme a seka a mo lemoga! \v 15 Mme Jesu a mmotsa a re, “O lelelang? O batla mang?” Mme a mo raya a re, “Fa o mo tsere, mpolelela kwa o mmeileng teng, mme ke tlaa tsamaya ke ya go mo tsaya.” \p \v 16 Mme Jesu a mmitsa a re, “Marea!” Mme Marea a retologela kwa go ene a araba “Morena!” \p \v 17 A mo tlhagisa a re, “Se nkame, gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara. Mme tsamaya o ye go senka bana ba ga Rre o ba bolelele gore ke tlhatlogela kwa go Rara le Rraa lona, Modimo wa me le Modimo wa lona.” \v 18 Marea Magatalena a bona barutwa mme a ba bolelela a re, “Ke bonye Morena!” Mme a ba bolelela molaetsa wa gagwe. \s1 Jesu o iponatsa mo barutweng ba gagwe \p \v 19 Maitseboeng ao barutwa ba ne ba kopana ba itotlelela mo tlung ka ntlha ya go boifa baeteledipele ba Sejuta, fa ka tshoganetso Jesu abo a ema fa gare ga bone! Morago a ba dumedisa, \v 20 a ba kaela mabogo a gagwe le lotlhakore. Mme boitumelo jwa bone jwa nna bogolo thata jang fa ba bona Morena wa bone! \p \v 21 A bua le bone gape a re, “Fela jaaka Rara a nthomile, le nna fela jalo ke a lo roma.” \v 22 Mme a ba budulela mowa a ba raya a re, “Amogelang Mowa o o Boitshepo. \v 23 Fa lo itshwarela mongwe dibe, di a itshwarelwa. Fa lo gana go di itshwarela ga di itshwarelwe.” \p \v 24 Mongwe wa barutwa ebong Thomase, “Lewelana,” o ne a seyo foo ka nako e ba bangwe ba neng ba na le Jesu ka yone. \v 25 Ya re ba tsweletse pele ba mmolelela ba re, “Re bonye Morena,” a ba fetola a re, “Ga ke na go dumela fa e se ke bone dintho tsa dimapo mo mabogong a gagwe, ke bo ke tsenya menwana ya me mo go tsone, ke bo ke tsenya seatla sa me mo lotlhakoreng lwa gagwe.” \p \v 26 Erile malatsi a ferabobedi a sena go feta, barutwa ba bo ba le mmogo gape, mme ka nako e, Thomase o ne a na nabo. Dikgoro di ne di lotletswe; mme ka tshoganetso fela jaaka pele, Jesu a bo a eme fa gare ga bone a ba dumedisa. \p \v 27 Mme a raya Thomase a re, “Tsenya monwana wa gago mo diatleng tsa me. Tsenya seatla sa gago mo lotlhakoreng lwa me. O seka wa tlhola o tlhoka tumelo. Dumela!” \p \v 28 Thomase a re, “Morena wa me le Modimo wa me!” \p \v 29 Hong Jesu a mo raya a re, “O dumela ka ntlha ya gore o mponye. Go sego ba ba sa mponang mme le fa go ntse jalo ba dumela.” \p \v 30-31 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmona fa a dira dikgakgamatso tse dingwe tse dintsi kwa ntle ga tse di bolelwang mo lokwalong lo, mme tse tsone di kwaletswe gore lo tlo lo dumele gore ke Mesia, Morwa Modimo, le gore ka go dumela mo go ene lo tlaa nna le botshelo. \c 21 \s1 Jesu o ntse o iponatsa mo barutweng ba gagwe \p \v 1 Mme ya re morago Jesu a bonala gape kwa barutweng fa thoko ga Lecha la Galalea. Go ne ga diragala jaana: \p \v 2 Setlhopha sa rona se ne se le teng koo, Simone Petere, Thomase “Lewelana” Nathaniele wa Kana mo Galalea, mokaulengwe Jakobe le nna le barutwa ba bangwe ba babedi. \p \v 3 Simone Petere a re, “Ke ya go tshwara ditlhapi,” le rona rotlhe ra re, “Re tsamaya nao.” Re ne ra dira jalo, mme ra seka ra tshwara sepe bosigo jotlhe. \v 4 Mme ya re ka makuku ra bona monna a eme mo moshaweng mme ra seka ra bona gore ke mang. \p \v 5 A botsa a re, “A go na le ditlhapi, basimane?” Mme ra mo fetola ra re, “Nnyaa.” \p \v 6 Mme a re raya a re, “Latlhelang lotloa lwa lona ka fa letsogong le legolo la mokoro, mme lo tlaa di tshwara di le dintsi!” Ra dira jalo, mme ra seka ra kgona go goga lotloa ka ntlha ya bokete jwa ditlhapi, di ne di le dintsi thata! \v 7 Mme ka raya Petere ka re, “Ke Morena!” Erile fela foo, Simone Petere a apara seaparo sa gagwe (gonne o ne a se tsotse go fitlhelela kwa lothekeng). Mme a itatlhela mo metsing (a shapela kwa lotshitshing). \v 8 Mme rona ra sala mo mokorong ra gogela lotloa lo lo tletseng kwa moshaweng o o neng o ka nna dikgato di le makgolo a mararo. \v 9 Erile fa re goroga koo, ra fitlhela molelo o gotsitswe, ditlhapi di besitswe, ebile go na le senkgwe. \v 10 Mme Jesu a re raya a re, “Lereng dingwe tsa ditlhapi tse lo di tshwereng.” \v 11 Mme Simone Petere a tswela kwa ntle mme a gogela lotloa kwa lotshitshing. Ka bala e le ditlhapi di le lekgolo le masome a matlhano le boraro; mme le fa go ntse jalo lotloa lo ne lo sa kgagoga! \p \v 12 Mme Jesu a re raya a re, “Tlang kwano re tle go fitlhola.” Mme ga go na ope wa rona yo o neng a tshwenyega go mmotsa gore a ke Morena tota, gonne re ne re tlhomamisa gore ke ene. \p \v 13 Mme Jesu a ya le rona rotlhe a re fa senkgwe le ditlhapi. \p \v 14 Le e ne e le lekgetho la boraro Jesu a bonala mo go rona a sena go rula. \s1 Tumelo ya ga Petere \p \v 15 Morago ga sefitlholo Jesu a raya Simone Petere a re, “Simone, morwa Johane, a o nthata go gaisa ba bangwe ba?” Petere a fetola a re, “Ee, O a itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Go siame hudisa dikwanyana tsa me.” \p \v 16 Mme Jesu a boelela potso a re: “Simone morwa Johane, a o nthata tota?” Petere a re, “Ee, Morena, oa itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Tlhokomela dinku tsa me.” \p \v 17 Gape gape a mmotsa a re, “Simone, morwa Johane, a o tsala ya me tota?” Petere a hutsafala ka ntlha ya tsela e Jesu o neng a botsa potso e lwa boraro ka yone. Mme a mo fetola a re, “Morena, o itse pelo ya me, O itse gore ke tsala ya gago.” Mme Jesu a mo raya a re, “Hudisa dikwanyana tsa me. \v 18 Erile o sa le monana, o ne o kgona go dira ka fa o ratang ka teng, o ya gongwe le gongwe kwa o go ratang, mme fa o setse o tsofetse, o tlaa otlolola mabogo a gago mme ba bangwe ba tlaa go goga ba go isa kwa o sa rateng go ya teng.” \v 19 Jesu o ne a bua jalo go mo itsise loso lo a tlaa lo swang go galaletsa Modimo. Mme Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago.” \p \v 20 Petere a retologa mme a bona morutwa yo Jesu o mo ratang a mo setse morago, ene yo a neng a le fela fa dijong ka nako ele gotla go botsa Jesu a re, “Morena, ke ofe wa rona yo o tla go okang?” \v 21 Petere a botsa Jesu a re, “Go tlaa diragalang ka ga gagwe, Morena? O tlaa swa loso lo lo ntseng jang?” \v 22 Jesu a mo fetola a re, “Fa e le gore ke batla gore a tshele go fitlhelela ke boa, moo go go ama ka eng? Wena ntshala morago.” \p \v 23 Mme monahune oo wa anama mo bakaulengweng gore morutwa yoo ga a na go swa! Mme seo e ne e se se Jesu o se rayang! O ne a rile, “Fa ke batla gore a tshele go fitlhelela ke tla, go go ama ka eng?” \p \v 24 Ke nna morutwa yoo! Ke bonye ditiragalo tse mme ke di kwadile fano. Mme rotlhe re itse gore polelo ya me ya dilo tse e boammaaruri. \v 25 Mme ke bona gore fa ditiragalo tse dingwe mo botshelong jwa ga Jesu di ne di kwadilwe, lefatshe lotlhe le ne le ka se ka lekana go tshola dikwalo tseo tsotlhe!