\id JAS - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Jakobe \toc1 Jakobe \toc2 Jakobe \toc3 Jakobe \mt1 Jakobe \c 1 \p \v 1 Lokwalo lo lo tswa kwa go nna: Jakobe, motlhanka wa Modimo le Morena Jesu Keresete. \s1 Lopang ka tumelo \p \v 2 Lo ya kwa: Bajuteng ba ba rategang, Bakaulengwe a botshelo jwa lona bo mo mathateng le dithaelong? Ke gone he itumeleng, \v 3 gonne fa tsela e na le dikgopi, bopelotelele jwa lona bo nna le nako e ntle ya go gola. \v 4 Ke gone mmang bopelotelele jwa lona bo gole, le gone lo seka lwa leka go intsha mo mathateng a lona ka go iphethekganya. Gonne bopelotelele jwa lona bo setse bo godile, jalo lo tlaa bo lo ipaakanyeditse go lebagana le sengwe le sengwe, lo itekanetse mo mokgweng, lo tletse ebile lo feletse. \p \v 5 Fa lo batla go itse se Modimo o batlang lo se dira, o kopeng, mme o tlaa lo bolelela ka boitumelo, gonne o ipaakanyeditse ka malatsi otlhe go naya botlhe ba ba o kopang botlhale jo bogolo; o sa kgopege. \v 6 Mme fa lo o kopa, tlhomamisang ka botlalo gore lo lebeletse gore o tlaa lo bolelela, gonne tlhaloganyo e e belaelang e tlaa etsaetsega fela jaaka lekhubu la lewatle le le kgwekgweediwang le phailakwa ke phefo; \v 7-8 jalo maikaelelo mangwe le mangwe a o a dirang a tlaa bo a sa tlhomama, ka ntlha ya gore o leba kwa le kwa. Fa o sa kgope ka tumelo, se solofele Morena go go naya karabo nngwe e e tlhomameng. \p \v 9 Mokeresete yo o lebelwang kwa tlase mo lefatsheng leno a itumele, gonne o mogolo mo matlhong a Morena. \v 10-11 Mme mohumi o tshwanetse go itumelela gore dikhumo tsa gagwe ga di reye sepe mo Moreneng, gonne o tlaa tloga a nyelela, jaaka sethunya se se latlhegetsweng ke bontle jwa sone se bo se e swa se swabile, se bolailwe ke mogote wa letsatsi la selemo. Go ntse fela jalo mo bahuming. Ba tlaa tloga ba a swa ba bo ba tlogela ditiro tsa bone tse dintsi kwa morago. \p \v 12 Go sego motho yo o sa ineeleng mo go direng boleo fa a lekwa, gonne e tlaa re kwa morago o tlaa amogela serwalo sa botshelo e le tuelo ya gagwe, serwalo se Modimo o se solofeditseng ba ba o ratang. \v 13 Mme gakologelwang, fa mongwe a batla go dira boleo ga se Modimo o mo raelang, gonne Modimo ga o ke o batla go dira boleo le gone ga o ke o raela ope gore a bo dire. \v 14 Thaelo ke go gogwa ke dikakanyo tse di bosula tsa motho le dikeletso tsa gagwe. \v 15 Dikakanyo tse di bosula tse, di gogela mo ditirong tse di bosula mme morago go bo go nna katlholelo loso e tswa kwa Modimong. \v 16 Ke gone se tsietsegeng, bakaulengwe ba ba rategang. \p \v 17 Mme le fa e le eng se se molemo ebile se itekanetse se tla kwa go rona se tswa kwa Modimong Motlhodi wa lesedi lotlhe, mme o phatshimela ruri ka bosakhutleng go sena phetogo epe kgotsa moriti. \v 18 Gape e ne e le letsatsi le le itumedisang mo go One fa o re naya matshelo a masha, ka boammaaruri jwa Lefoko la one, mme re ne ra nna jaaka ekete re bana ba One ba ntlha mo go ba ntlo ya One e ncha. \s1 Go reetsa se se buiwang ke Modimo \p \v 19 Bakaulengwe, se lebaleng gore go botoka go reetsa thata, le go bua go le gonnye mme o sa tlale bogale; \v 20 gonne bogale ga bo re siamise, jaaka Modimo o batla re siama. \p \v 21 Ke gone latlhang gotlhe mo go sa siamang mo botshelong jwa lona, ke gore ka fa teng ga gago le ka fa ntle, mme ka boingotlo itumeleleng molaetsa o montle o re o amogetseng, gonne o nonofile go boloka mewa ya rona jaaka e le One o o tshwereng dipelo tsa lona. \p \v 22 Gape gakologelwang gore molaetsa o, o tshwanetse go obamelwa, eseng go reediwa fela. Ke gone se itsietseng. \v 23 Gonne fa motho a reetsa fela a sa o obamele o tshwana le motho yo o itebileng sefatlhogo mo seiponeng; \v 24 gonne fela jaaka a tsamaya, ga a tlhole a ipona, gape ga a sa tlhole a gakologelwa gore o lebega jang. \p \v 25 Mme fa mongwe a tswelela ka go lebela pele mo molaong wa Modimo wa batho ba ba gololesegileng, ga a kitla a o gakologelwa fela, mme o tlaa dira se o se buang, mme Modimo o tlaa mo segofatsa thata mo go sengwe le sengwe se o se dirang. \p \v 26 Lefa e le mang yo o reng ke Mokeresete mme a sa laole loleme lwa gagwe lo lo bogale, o itsietsa fela, le tumelo ya gagwe ga e na molemo ope. \v 27 Mokeresete yo o phepa a bile a sena molato, ka fa ponong ya Modimo ke yo o tlhokomelang masiela le batlholagadi, le yo mowa wa gagwe o emeng ka boammaaruri mo Moreneng, a sa marwa gope ke dibe tsa lefatshe. \c 2 \s1 Lo seka lwa kgethololana \p \v 1 Bakaulengwe ba ba rategang, lo ka re lo ba Morena Jesu Keresete Morena wa kgalalelo jang, fa lo supa kgethololo ka go ja le bahumi fela lo lebela bahumanegi kwa tlase? \p \v 2 Fa motho a tsena mo tlung ya lona ya kobamelo a apere diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo a bile a rwele mehitshana ya gouta e e tlhwatlhwa kgolo mo menwaneng ya gagwe, mme e re fela ka nako eo go bo go tla motho yo mongwe yo o humanegileng a apere makgasa, \v 3 mme lo bo lo amogela mohumi ka matsetseleko a magolo lo mo naya setilo se se ntle ka tlotlo mme lo bo lo raya mohumanegi lo re, “O ka ema fale fa o rata kgotsa wa nna fa fatshe mo bodilong,” jalo he, \v 4 go leba motho ka khumo ya gagwe go supa gore lo tlhotlhelediwa ke megopolo e e bosula. \p \v 5 Ntheetsang, bakaulengwe ba ba rategang: Modimo o tlhophile bahumanegi go huma mo tumelong le Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone, gonne eo ke mpho e Modimo o e solofeditseng botlhe ba ba o ratang. \v 6 Mme le fa go ntse jalo, mo batsamaing ba babedi, lo nyaditse wa mohumanegi. A ga lo lemoge gore bahumi ke bone ba ba tleng ba lo gogele kwa tshekong? \v 7 Gape gantsi thata ke bone ba ba tshegang Jesu Keresete; yo leina la gagwe le le tlotlegang lo bidiwang ka lone. \p \v 8 Ee ruri, go molemo fa o obamela taolo ya Morena wa rona, e e reng, “O tshwanetse go rata le go thusa bangwe ka wena fela jaaka o ithata ebile o itlhokomela.” \v 9 Mme lo tlola molao o wa Morena wa rona fa lo rekegela bahumi fela ebile lo ba ipelela; ke boleo go dira jalo. \p \v 10 Mme motho yo o tshegetsang molao mongwe le mongwe wa Modimo, mme a relela go le gonnye, o molato fela jaaka motho yo o tlodileng molao mongwe le mongwe o o leng teng, \v 11 gonne Modimo o o rileng o seka wa nyala mosadi yo o setseng a na le monna, ke one o o rileng o seka wa bolaya, jalo le fa o sa tlola melao ya lonyalo ka go dira boaka, mme o bolaile mongwe, o robile melao ya Modimo gotlhelele, mme ka go dira jalo o molato fa pele ga One. \p \v 12 O tlaa atlholwa le fa o dira kgotsa o sa dire se Keresete o rileng o se dire. Ke gone ela tlhoko se o se dirang le se o se akanyang; \v 13 gonne ga go kitla go nna le kutlwelo botlhoko mo go ba ba iseng ba ke ba supe kutlwelo botlhoko. Mme fa e le gore o ntse o le kutlwelo botlhoko, jalo kutlwelo botlhoko ya Modimo e e yang kwa go wena e tlaa fenya katlholo ya gago e e tswang kwa go One. \s1 Tumelo ka ditiro \p \v 14 Bakaulengwe ba ba rategang, go thusang gore lo re lo na le tumelo ebile lo Bakeresete fa lo sa go supe ka go thusa ba bangwe? A tumelo e e ntseng jalo e ka boloka mongwe? \v 15 Fa o na le tsala e e tlhokang dijo le diaparo, \v 16 o bo o e raya o re, “Go siame, tsamaya sentle Modimo o go segofatse; o thuthafalelwe o bo o kgore,” mme o bo o sa mo fe diaparo kgotsa dijo, moo go thusang? \p \v 17 Jalo a o a bona, ga go a lekana fela go nna le tumelo. O tshwanetse gape go dira molemo go supa gore o na le yone tumelo. Tumelo e e sa itshupeng ka ditiro tse di molemo ga se tumelo gotlhelele, e sule ebile ga e na mosola. \p \v 18 Mme kgotsa mongwe o ka nganga a re, “Wa re tsela e e yang kwa Modimong ke ka tumelo e le yosi, e sa okediwe ka sepe; go siame, nna ka re ditiro tse di molemo le tsone di botlhokwa gonne kwa ntle ga ditiro tse di molemo ga o kake wa supa gore a o na le tumelo kgotsa nnyaa; mme le fa e le mang o ka bona gore ke na le tumelo ka tsela e ke itsayang ka yone.” \p \v 19 A go santse go na le bangwe mo go lona ba ba reng, “Go dumela fela”? go lekanye? Go dumela mo Modimong o le mongwe fela? Ee, gakologelwang gore le mewa e e maswe e dumela selo se thata, mo e leng gore e roroma ka letshogo! \v 20 Motho ke wena wa seeleele? O tlaa ithuta leng gore “Go dumela” ga gona mosola kwa ntle ga go dira se Modimo o batlang o se dira? Tumelo e e sa ungweng ditiro tse di molemo ga se tumelo ya boammaaruri. \p \v 21 A ga o gakologelwe gore le rraa rona Aberahame o ne a supiwa a le molemo ka ntlha ya se a se dirileng, jaaka a ne a ineela go obamela Modimo, le fa go ne go raya gore a ntshe morwawe Isake setlhabelo go swa mo sebesong? \v 22 O a bona, o ne a ikanya Modimo mo e leng gore o ne a batla go dira le fa e le eng se Modimo o neng o se mmolelela; tumelo ya gagwe e ne ya felelediwa ke se a neng a se dira, ke ditiro tsa gagwe, ditiro tse di molemo. \v 23 Mme jalo ga diragala fela jaaka Dikwalo di bua, gore Aberahame o ne a ikanya Modimo, mme Morena a mo supa a le molemo mo ponong ya Modimo, le gone o ne a ba a tla a bidiwa “tsala ya Modimo.” \v 24 Jalo lo a bona, gore motho o bolokwa ka se a se dirang, le se a se dumelang. \p \v 25 Rahabe, mosadi wa seaka ke sengwe sa dikai tsa se se buiwang. O ne a bolokwa ka ntlha ya se a neng a se dira ka nako e o neng a fitlha barongwa a bo a ba ngwegisa ka tsela e sele ba bolokesegile. \v 26 Fela jaaka mmele o sule fa go sena mowa mo go one, tumelo le yone e ntse fela jalo e sule fa e le gore ke mofuta o o sa ungweng ditiro tse di molemo. \c 3 \s1 Ntshenatshe e e ka dirwang ke loleme lwa motho \p \v 1 Bakaulengwe ba ba rategang, se gakaleleleng go bolelela ba bangwe diphoso tsa bone, gonne rotlhe re dira diphoso; mme fa rona baruti, ba re tshwanetseng go itse botoka, re dira diphoso, go otlhaiwa ga rona go tlaa nna gogolo go na le ga ba bangwe. \v 2 Fa motho le fa e le mang a ka kgona go laola loleme lwa gagwe, go supa gore o na le thata ya go ikgapa ka ditsela tsotlhe. \p \v 3 Re ka dira gore pitse e tona e retologele kwa re batlang e ya teng ka tomonyana e e mo molomong wa yone. \p \v 4 Le lomatsanyana (seterebonyana) lo dira gore sekepe se se tona se retologele gongwe le gongwe kwa mokgweetsi a batlang se ya teng, le fa diphefo di tsubutla. \p \v 5 Fela jalo loleme le lone ke selo se sennyennyane, mme lo ka dira tshenyo e kgolo thata. Sekgwa se se tona se ka tshujwa ke tlhasenyana. \v 6 Mme loleme ke kgabo ya molelo. Lo tletse tshiamololo ebile lo leswafatsa tokololo nngwe le nngwe ya mmele. Mme loleme lo tlhosediwa ke molete ka sebele, jalo lo ka fetolela matshelo a rona otlhe mo kgabong e e lakaselang ya tshenyo e kgolo. \p \v 7 Batho ba katisitse, kgotsa ba ka katisa, mofuta mongwe le mongwe wa phologolo kgotsa nonyane e e tshelang le mofuta mongwe le mongwe wa segagabi le ditlhapi, \v 8 mme ga go na ope yo o ka katisang loleme. Ka malatsi otlhe lo ipaakanyeditse go tsholola botlhole jwa lone jo bo bolayang. \v 9 Nako e nngwe lo galaletse Rara wa rona wa legodimo, mme ka nako e nngwe lo hutsa batho ba ba bopilweng mo setshwanong sa Modimo. \p \v 10 Fela jalo, tshegofatso le phutso di tuntologa mo go one molomo. Bakaulengwe ba ba rategang, tota se ga se a siama. \v 11 A motswedi wa metse o tlo o pumpunyege metse a a siameng lwa ntlha mme e re morago o tswe metse a a botlhoko? \v 12 A o ka hula lotlhware mo setlhareng sa mofeige, kgotsa difeige mo setlharing sa mofine? Nnyaa, gape ga o kake wa ga metse a a monate mo sedibeng se se letswai. \s1 Botlhale jo bo feletseng \p \v 13 Fa o le botlhale, tshela botshelo jo bo molemo jo bo tlhomameng gore ditiro tse di molemo di tle di tote, mme fa o sa ikgantshe ka tsone, o tlaa nna botlhale ka boammaaruri! \v 14 Mme kaga dilo tsotlhe, o seka wa ikgantsha kaga go nna botlhale le go nna molemo fa o le bogalaka le lefufa ebile o ipona botoka; seo ke maaka a a maswe thata. \v 15 Gonne lefufa le go ipona botoka ga se botlhale jo bo tswang kwa Modimong. Dilo tse di ntseng jaana ke tsa lefatshe ga se tsa semowa, di tlhotlhelediwa ke Satane. \v 16 Gonne kwa go nang le lefufa teng kgotsa keletso ya go ipona botoka, go tlaa nna tobekano le mofuta mongwe le mongwe wa bosula. \p \v 17 Mme botlhale jo bo tswang kwa legodimong, bo simologa bo le phepa ebile bo le bonolo. Jalo bo rata kagiso le boikobo. Bo letlelela dipuisano ebile bo rata go ineela mo go ba bangwe; bo tletse kutlwelo-botlhoko le ditiro tse di molemo. Bo itekanetse, bo tlhamaletse ebile bo a ikanyega. \v 18 Mme ba e leng badira kagiso ba tlaa jala dipeo tsa kagiso ba bo ba roba thobo ya bomolemo. \c 4 \s1 Ineeleng mo Modimong \p \v 1 Se se dirang dikomano le dintwa mo gare ga lona ke eng? A ga se ka ntlha ya dikeletso tse di bosula tse di lwang mo ditokololong tsa lona. \v 2 Lo batla se lo senang naso, jalo lo a bolaya go nna naso. Lo eletsa se ba bangwe ba nang naso, mme ga lo kgone go nna naso, jalo lo simolola ntwa go se tsaya mo go bone. Mme le fa go ntse jalo lebaka la gore lo seka lwa nna le se lo se batlang ke ka ntlha ya gore ga lo se kope mo Modimong. \p \v 3 Mme le fa lo kopa ga lo se fiwe gonne maikaelelo otlhe a lona ga a a siama, lo batla fela se se tlaa lo nayang boitumelo. \p \v 4 Lo tshwana le mosadi yo o nyetsweng yo o sa ikanyegeng yo o ratang baba ba monna wa gagwe. A ga lo lemoge gore go nna botsalano le baba ba Modimo, ebong dithato tse di bosula tsa lefatshe leno, go lo dira baba ba Modimo? Ke bua gape ka re fa maikaelelo a lona e le go itumela mo dithatong tse di bosula tsa lefatshe leno, le le sa bolokwang, ga lo kake gape lwa nna ditsala tsa Modimo. \p \v 5 Kgotsa lo akanya gore lokwalo lo raya eng fa lo re Mowa O O Boitshepo, o Modimo o o agisitseng mo go rona, o re disitse ka lefufa le le bonolo. \v 6 Mme o re naya nonofo ya go tlhabana le dikeletso tsotlhe tse di bosula tse di ntseng jaana. Jaaka Lokwalo lo re, Modimo o naya ba ba ingotlang nonofo, mme o kgatlhanong le ba ba ikgodisang le ba ba mabela. \p \v 7 Ke gone ineeleng mo Modimong ka boingotlo. Tlhabanang le diabolo mme o tlaa lo tshaba. \v 8 Mme fa lo atamela mo Modimong, le One o tlaa lo atamela. Tlhapang diatla tsa lona, baleofi ke lona lo bo lo letle dipelo tsa lona di tlale ka Modimo fela go di ntlafatsa le gore di ikanyege mo go One. \v 9 Hutsafalang lo lele ka ntlha ya dilo tse di sa siamang tse lo di dirileng. A go nne boikotlhao le bohutsana jwa boammaaruri. A go nne bohutsana mo boemong jwa setshego, le go sa itumeleng mo boemong jwa boitumelo. \v 10 Ke gone e tlaa reng fa lo ikutlwa lo se ba sepe fa pele ga Morena, o tlaa lo tsholeletsa kwa godimo a lo kgothatsa a bo a lo thusa. \p \v 11 Se tshwaaneng diphoso lwa ba lwa buana bosula bakaulengwe ba ba rategang. Fa lo dira jalo, lo tlaa bo lo tlhabana le molao wa Modimo o o reng lo ratane, lo o supa o sa siama. Mme tiro ya lona ga se go akanya gore a molao o o siame kgotsa ga o a siama, fa e se go o obamela fela. \v 12 Yo o dirileng molao ke ene fela a ka atlholang sentle mo gare ga rona. Ke ene fela o ka atlholang go re boloka kgotsa go re nyeletsa. Jalo lo na le tshwanelo efe go sekisa kgotsa go bona ba bangwe diphoso? \s1 Tsa ka moso ga di itsiwe \p \v 13 Bonang, lona batho ba lo reng, “Gompieno kgotsa ka moso re tlaa ya kwa motsing wa bolebe, re nna teng koo ngwaga, mme re simolole teng madirelo a papadi.” \v 14 Lo itse jang se se tlaa lo diragalelang ka moso? Gonne boleele jwa matshelo a lona ga bo tlhomamisege fela jaaka mouwane wa mo mosong, o bonala jaanong jaana; mme e re ka lobakanyana o bo o nyeletse. \v 15 Se lo tshwanetseng go se bua ke se, “Fa Morena a rata, re tlaa tshela re bo re dira se kgotsa sele.” \v 16 E seng jalo lo tlaa bo lo ikgantsha ka maano a e leng a lona, mme go itshepa mo go ntseng jaana ga go itumedise Modimo. \p \v 17 Gakologelwang gape gore, go itse se se molemo se se tshwanetseng go dirwa, mme se bo se sa dirwe, ke boleo. \c 5 \p \v 1 Bonang, lona bahumi, jaanong ke nako ya go lela le go bokolela ka bohutsana jo bogolo ka ntlha ya go bona matshwenyego otlhe a a boitshegang a a kwa pele ga lona. \p \v 2 Gonne khumo ya lona e setse jaanong e bola, le diaparo tsa lona tse dintle di fetoga makgasa a a jelweng ke motoutwane. \p \v 3 Tlhwatlhwa ya gouta le selefera ya lona e wela kwa tlase ka bofefo, go ntse jalo e tlaa nna e le bosupi jo bo lo tlhabantshang, e bo e e ja nama ya lona jaaka molelo. Ke sone se lo se ipeetseng go se amogela mo letsatsing leo la tshekiso. \p \v 4 Mme reetsang! Reetsang selelo sa badiri ba ba dirang mo masimong a lona ba lo ba tsieditseng ka tuelo ya bone. Selelo sa bone se tsenye mo ditsebeng tsa Morena wa Masomosomo. \s1 Thapelo \p \v 5 Lo dirisitse dingwaga tsa lona mo lefatsheng lo le mo letlepung, lo itumedisa dikeletso tsotlhe tsa dipelo tsa lona, mme jaanong dipelo tsa lona tse di nonneng di siametse polao. \v 6 Lo atlhotshe ebile lo bolaile batho ba ba molemo ba ba neng ba sena nonofo go itshireletsa mo go lona. \s1 Nnang pelotelele \p \v 7 Ke lona bagaetsho, bakaulengwe ba ba rategang, ba lo letetseng go bowa ga Morena, nnang pelotelele, jaaka molemi yo o letelang go fitlhelela letlhabula fa thobo ya gagwe ya botlhokwa e butswa. \v 8 Ee nnang, pelotelele. Lo bo lo kgothale, gonne go tla ga Morena go gaufi. \p \v 9 Lo se ka lwa ngongoregela bakaulengwe. A lona ka bolona lo setse lo fetile go nyadiwa? Gonne bonang! Moatlhodi yo mogolo o e tla. O setse a le gaufi mo leseng e nne ene yo o tshwayang diphoso tsotlhe tse di tshwanetseng go supiwa. \p \v 10 Mo dikaing tsa bopelotelele mo dipogisegong, tsayang malebela mo baporofiting ba Morena. \v 11 Re itse ka fa ba itumelang ka teng jaanong gonne ba ne ba le boammaruri mo go ene ka nako eo, le fa ba ne ba go bogela thata. Jobe ke sesupo sa motho yo o neng a tsweletse a ikanya Morena mo matshwenyegong; mo maitemogelong a gagwe re bona ka fa leano la Modimo le neng la felela ka bomolemo ka teng, gonne Morena o tletse bopelotlhomogi le kutlwelo-botlhoko. \p \v 12 Mme mo godimo ga dilo tsotlhe, bakaulengwe ba ba rategang, se ikaneng ka legodimo kgotsa ka lefatshe kgotsa le fa e le ka eng; lo re “ee” kgotsa “nnyaa” fela, gore lo seka lwa leofa lwa tloga lwa welwa ke phutso ya Modimo. \p \v 13 A mongwe mo go lona o tlhokofetse? A a nne a tswelele a rapele ka gone. Mme ba ba nang le lobaka lwa go leboga ba tshwanetse go tswelela ba opelela Morena dipako. \p \v 14 A mongwe o a lwala? O tshwanetse go bitsa bagolwane ba phuthego mme ba mo rapelele ba bo ba mo tshele lookwane ba kope Morena go mo fodisa. \v 15 Mme thapelo ya bone, fa e dirwa ka tumelo, e tlaa mo fodisa, gonne o tlaa mo kakatlolola mme fa e le gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo dirwa ke sebe sengwe, Morena o tlaa mo itshwarela. \p \v 16 Ipolelaneng ditlolo mme lo rapelelane gore lo tle lo fodisiwe. Thapelo ya mosiami e e tlhomameng e na le nonofo e kgolo le maungo a mantle. \v 17 Elija e ne e le motho fela jaaka rona, mme le fa go ntse jalo e ne ya re a rapela ka tlhoafalo gore pula e seka ya na ya se ka ya na mo dingwageng tse tharo le dikgwedi tse thataro tse di latelang! \v 18 Mme a rapela gape, gore jaanong e ne, mme ya simolola go na mme bojang jwa nna botala le masingwana a simolola go ungwa gape. \v 19 Bagaetsho, ha mongwe mo go lona a timeletswe ke boammaruri, mme mongwe a mo sokolola; \v 20 a a itse ha yo o sokololang moleofi mo timelong ya tsela ya gagwe, a tlaa golola mowa mo losong, mme a ba a bipa bontsi jwa dibe.