\id HEB - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Bahebera \toc1 Bahebera \toc2 Bahebera \toc3 Bahebera \mt1 Bahebera \c 1 \s1 Modimo o a re itshupegetsa \p \v 1 Erile bogologolo Modimo wa bua le bo rraa rona ka baporofiti ka ditsela di le dintsi tse di farologanyeng (ka diponatshegelo, le ditoro, le e leng ka difatlhogo di lebaganye), o ba bolelela bonnye ka bonnye ka leano la one. \p \v 2 Mme jaanong mo malatsing ano, o buile le rona ka Morwaa One yo o mo neileng sengwe le sengwe, yo gape ka ene o dirileng lefatshe le sengwe le sengwe se se leng teng. \p \v 3 Morwa Modimo o galalela ka kgalalelo ya Modimo, mme gotlhe mo Morwa Modimo a leng gone ebile a go dira, go mo supa fa e le Modimo tota. O tshegeditse lobopo ka nonofo ya gagwe e kgolo ya taolo. Ke ene yo o suleng go re ntlafatsa le go phimola dibe tsa rona tsotlhe tse di neng di kwadilwe, mme morago ga moo a nna fa fatshe ka tlotlo e kgolo fa lotlhakoreng lwa Modimo o mogolo wa legodimo. \p \v 4 Jalo a nna mogolo thata mo baengeleng, jaaka go supiwa ke boammaaruri jo bo reng, leina la gagwe ke “Morwa Modimo,” le a neng a le rewa ke Rraagwe, le legolo thata mo maineng a baengele le maina a a supang maemo a bone. \v 5-6 Gonne Modimo ga o ise o ke o reye moengele ope o re, “O Mo-rwaake.” Mme gape erile ka lobaka longwe, fa Morwaa one yo o tsetsweng pele a tla mo lefatsheng, Modimo o ne wa re, “A baengele ba botlhe ba Modimo ba mo obamele.” \p \v 7 Modimo o bua kaga baengele e le barongwa ba ba bofefo jaaka phefo le jaaka batlhanka ba ba dirilweng ka dikgabo tsa molelo; \v 8 mme kaga Morwawe a re, “Bogosi jwa gago, Modimo, bo tlaa nna ka bosakhutleng; ditaolo tsa jone ka malatsi otlhe di siame ebile di boammaaruri. \v 9 O rata boammaaruri o ila bosula; jalo Modimo, le e leng Modimo wa gago, o goromeleditse boitumelo jo bogolo go feta motho le fa e le mang.” \p \v 10 Modimo gape o mmiditse “Morena” fa o re, “Morena, mo tshimologong o dirile lefatshe, le magodimo ke tiro ya diatla tsa gago. \v 11 Tsotlhe di tlaa nyelelela ruri, mme wena o tlaa tshelela ruri. Di tlaa onala jaaka diaparo tse di kgologolo, \v 12 mme letsatsi lengwe o tlaa di phutha o bo o di emisetsa. Mme wena ka sebele ga o kitla o fetoga, le dingwaga tsa gago ga di kitla di khutla.” \p \v 13 A mme Modimo o kile wa raya moengele wa re, “Nna fa, fa thoko ga me ka tlotlo go fitlhelela ke ripitla baba ba gago botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gago,” fela jaaka o raya Morwa One? \p \v 14 Nnyaa, gonne baengele ke mewa e e rongwang go thusa le go tlhokomela ba ba tshwanetseng go amogela poloko ya One. \c 2 \s1 Keresete e ne e le motho \p \v 1 Jalo re tshwanetse go reetsa sentle thata boammaaruri jo re bo utlwileng, e seng jalo re ka tloga ra tswa mo go jone. \v 2 Gonne ka melaetsa e e tswang kwa baengeleng e aga e le boammaaruri le batho ba ne ba aga ba otlhaelwa go tlhoka go e obamela, \v 3 se se re dirang gore re itheye re re re ka falola ke eng fa re tlhokomologa poloko e kgolo e, e e anamisiwang ke Morena Jesu ka sebele, ebile e tsile mo go rona ka ba ba mo utlwileng a bua? \p \v 4 Modimo ka malatsi otlhe o ntse o re kaela gore melaetsa e, e boammaaruri ka ditshupo le dikgakgamatso le ka ditiro tsa nonofo tse di farologanyeng le ka go naya ba ba dumelang dineo tsa botlhokwa tse di tswang mo Moweng O O Boitshepo; ee, Modimo o neetse mongwe le mongwe wa rona dineo tse di ntseng jalo. \s1 Jesu o rwesiwa serwalo sa bogosi \p \v 5 Mme lefatshe le le tlang le re buang ka lone ga le na go laolwa ke baengele. \v 6 Nnyaa, gonne mo lokwalong lwa Dipesalema Dafide o raya Modimo a re, “Kana motho e bo e le eng fa o tshwenyega thata ka ene? Le Morwa Motho yo o mo tlotlang thata ke mang? \p \v 7 “Gonne le fa o mo dirile go nna monnye mo baengeleng ka lobakanyana, jaanong o mo rwesitse kgalalelo le tlotlo. \v 8 Ebile o mo tlhomile go nna motlhokomedi wa sengwe le sengwe se se leng teng. Ga gona sepe se se tlogetsweng”. Ga re ise re bo re bone gotlhe mo go diragala, \v 9 mme re bona ene Jesu, yo ka lobakanyana a neng a le kwa tlase ga baengele go le gonnye, jaanong a rwesiwa kgalalelo le tlotlo ke Modimo gonne o re bogetse ka loso. Ee, gonne ka kutlwelobotlhoko ya Modimo e kgolo, Jesu o ne a utlwa loso ka ntlha ya batho botlhe mo lefatsheng lotlhe. \p \v 10 Mme go ne go siame ebile go tlhamaletse gore Modimo o o tlhodileng sengwe le sengwe ka ntlha ya kgalalelo ya one, o leseletse Jesu go boga, gonne ka go dira jaana o ne o lere bontsintsi jo bogolo jwa batho ba Modimo kwa legodimong; gonne go boga ga gagwe go dirile Jesu moeteledipele yo o senang selabe, yo o nonofileng go ba lere mo polokong ya bone. \p \v 11 Rona ba re itshepisitsweng ke Jesu, jaanong re na le Rara a le mongwe nae. Ke sone se Jesu a sa tlhabiweng ke ditlhong go re bitsa barwaa-rraagwe. \p \v 12 Gonne mo lokwalong lwa Dipesalema a re, “Ke tlaa bua le barwa rre kaga Modimo Rara, mme re tlaa opela dipako tsa one mmogo.” \v 13 Ka lobaka longwe o ne a re, “Ke tlaa baya tshepo ya me mo Modimong ga mmogo le barwa rre.” Mme gape ka lobaka longwe a bua a re, “Bonang, ke fano le bana ba Modimo o ba nneetseng.” \p \v 14 Ka rona bana ba Modimo, re le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, le ene o ne a nna nama le madi ka go tsalwa mo setshwanong sa motho; gonne o ne a ka swa fela fa e le motho mme mo go sweng a fenya nonofo ya ga diabolo yo o neng a na le nonofo ya loso. \p \v 15 Ke gone fela ka tsela eo, a neng a ka golola ba ka ntlha ya poifo ya loso ba neng ba ntse ba tshela botshelo jwa bone jotlhe e le magolegwa mo letsho-gong le legolo le le tsweletseng pele. \p \v 16 Rotlhe re itse gore o ne a sa tla e le moengele mme e ne e le motho ee, Mojuta. \v 17 Mme go ne go tlhokega gore Jesu a nne jaaka rona, barwa-rraagwe, gore a tle a nne Moperesiti yo Mogolo wa rona yo o kutlwelo-botlhoko mo go rona ebile a ikanyega mo Modimong, go tlhabantsha dibe tsa batho. \v 18 Gonne e re ka ene ka sebele a bogile ebile a tsamaile mo thaelong, o itse gore go utlwala jang fa re bogisega ebile re raelwa, mme o nonofile thata go re thusa. \c 3 \s1 Keresete o mogolo go tsotlhe \p \v 1 Jalo he, bakaulengwe ba Modimo o lo itlhaoletseng, lona ba lo tlhophetsweng legodimo, ke batla gore jaanong lo akanye ka Jesu yo, yo e leng Morongwa wa Modimo ebile e le Moperesiti yo Mogolo wa tumelo ya rona. \p \v 2 Gonne Jesu o ne a ikanyega mo Modimong o o mo tlhophileng go nna Moperesiti yo Mogolo, fela jaaka Moshe le ene a ne a dira mo tlung ya Modimo ka go ikanyega. \v 3 Mme Jesu o na le kgalalelo e kgolo go gaisa Moshe, fela jaaka motho yo o agang ntlo e ntle a galalediwa thata go gaisa jaaka ntlo ya gagwe e galalediwa. \v 4 Le batho ba le bantsi ba ka aga matlo, mme Modimo ke One fela o o dirileng dilo tsotlhe. \p \v 5 Legale, Moshe o dirile tiro e ntle a dira mo tlung ya Modimo, mme o ne a le motlhanka fela; le tiro ya gagwe e ne e le ya go supa thata le go bolela dilo tse di neng di tlaa diragala kwa morago. \v 6 Mme Keresete, Morwa Modimo yo o ikanyegang, ke motlhokomedi yo o feletseng tota wa ntlo ya Modimo. Mme rona Bakeresete re ntlo ya Modimo, o nna mo go rona! Fa re tshegetsa bopelokgale jwa rona go ya bokhutlong le boitumelo jwa rona le boikanyo mo Moreneng. \s1 Re tshwanetse go reetse Keresete \p \v 7-8 Mme ere ka Keresete a le mogolo thata, Mowa O O Boitshepo o re tlhagisa go mo reetsa, go ela tlhoko go utlwa lentswe la gagwe gompieno, le go itsa dipelo tsa rona go nna kgatlhanong nae, jaaka bana ba Iseraele ba ne ba dira. Ba ne ba ithatafatsa dipelo go nna kgatlhanong le lorato lwa one ba bo ba o ngongoregela mo sekakeng a santse a ba leka. \v 9 Mme Modimo o ne wa nna pelotelele mo go bone ka dingwaga di le masome a le mane, le fa ba ne ba leka bopelotelele jwa one mo go utlwisang botlhoko; o ne wa nna wa ba direla dikgakgamatso tse di kgolo gore ba bone. \v 10 Mme Modimo wa re, “Ke ne ke ba gakaletse thata, gonne dipelo tsa bone di ne di aga di lebile go sele mo boemong jwa gore di lebe kwa go nna, le gone ga ba ise ba ke ba bone ditsela tse ke neng ke batla ba tsamaya ka tsone.” \p \v 11 Mme Modimo wa ba gakalela, wa ikana gore ga o kitla o ba leseletsa go tla kwa lefelong la one la boikhutso. \p \v 12 Ke gone tlhokomelang dipelo tsa lona, bakaulengwe ba ba rategang, e se re kgotsa lwa fitlhela gore le tsone di bosula ebile ga di dumele di lo gogela kgakala le Modimo o o tshelang. \v 13 Buisa-nyang ka dilo tse malatsi otlhe nako e santse e lo atlegetse, gore le fa e le ope wa lona a seka a thatafalela Modimo, a foufaditswe ke tsietso ya sebe. \p \v 14 Gonne fa re ikanyega go ya bokhutlong, re ikanya Modimo fela jaaka re ne ra dira fa re simolola go nna Bakeresete, re tlaa nna le seabe mo go tsotlhe tse e leng tsa ga Keresete. \p \v 15 Mme jaanong ke nako. Lo seka lwa ba lwa lebala tlhagiso e e reng, “Fa lo utlwa lentswe la Modimo gompieno le bua le lona, se o thatafaletseng dipelo tsa lona jaaka bana ba Iseraele ba ne ba dira fa ba o tsogologela mo sekakeng.” \p \v 16 Mme e ne e le bomang batho ba ke buang ka bone, ba ba neng ba utlwa lentswe la Modimo le bua le bone mme ba otsogologela? Ke ba ba neng ba tswa kwa Egepeto ba eteletswe pele ke Moshe. \v 17 Mme e ne e le mang yo o neng a gakatsa Modimo mo dingwageng tsele tsotlhe tse di masome a le mane? E ne e le bone batho ba, ba ba neng ba leofa mme ka ntlha ya go leofa ba swela mo sekakeng. \p \v 18 Mme Modimo o ne o bua le mang fa o ikana o re ga ba kitla ba tsena mo lefatsheng le o le solofeditseng batho ba one? O ne o bua le botlhe ba ba neng ba sa o utlwe. \p \v 19 Gape ke eng fa ba ne ba sa tsene? Ke ka ntlha ya gore ba ne ba sa o ikanye. \c 4 \s1 Dumelang lefoko la Modimo \p \v 1 Le fa tsholofetso ya Modimo e ise e diragale, ebong tsholofetso ya One ya gore botlhe ba ka tsena mo lefelong la One la boikhutso, re tshwanetse go roroma ka letshogo gonne morago ga tsotlhe, bangwe ba lona ba ka nna mo seemong sa go tlhaela go goroga teng koo. \v 2 Gonne Mafoko a a Molemo a, ebong molaetsa wa gore Modimo o batla go re boloka, re o neetswe fela jaaka o ne wa neelwa ba ba neng ba tshela mo lobakeng lwa ga Moshe. Mme ga o a ka wa ba solegela molemo gonne ga ba a ka ba o dumela. Ga ba a ka ba o kopanya le tumelo. \p \v 3 Ke rona fela ba re dumelang Modimo re ka tsenang mo lefelong la One la boikhutso. O rile, “Ke ikanne mo bogaleng jwa me gore ba ba sa ntumeleng ga ba kitla ba tsena,” le fa tota o ne o ntse o ba ipaakanyeditse ebile o ntse o ba emetse go tswa tshimologong ya lefatshe. \p \v 4 Re itse fa o ipaakantse ebile o letile gonne go kwadilwe gatwe Modimo o ne wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa la lobopo o sena go fetsa tsotlhe tse o neng o ikaeletse go di dira. \p \v 5 Le fa go ntse jalo ga ba a ka ba tsena, gonne lwa bofelo Modimo o ne wa re, “Ga ba kitla ba tsena mo boikhutsong jwa me.” \v 6 Le fa go ntse jalo, tsholofetso e ntse e ntse fela jalo, bangwe ba a tsena, mme eseng ba ba neng ba bona sebaka sa go rerelwa pele gonne ga ba a ka ba ikobela Modimo mme ka ntlha ya go dira jalo ba tlhaela go tsena. \p \v 7 Mme o beile nako e nngwe ya go tsena mo lefelong la boikhutso, mme nako eo ke jaanong jaana. O anamisitse polelo e ka Kgosi Dafide morago ga lobaka lo loleele lwa dingwaga motho a sena go palelwa ke go tsena mo felong ga boikhutso, o ne wa bua jaana ka mafoko a a setseng a boletswe, a a reng, “Gompieno fa lo mo utlwa a bitsa, se mo thatafaletseng dipelo tsa lona.” \s1 Boikhutso jo bo tswang Modimong \p \v 8 Lefelo le lesha le la boikhutso le Modimo o buang ka lone ga se lefatshe la Iseraele le Joshua a neng a etelela pele Baiseraela a ba gorosa mo go lone. Fa e le gore Modimo o ne o raya lone, o ka bo o ne wa seka ya re morago ga lobaka lo lo leele wa bua ka “Gompieno” e le yone nako ya go tsena mo lefelong la boikhutso. \v 9 Jalo go na le boikhutso jo bo tletseng jo bo santseng bo letetse batho ba Modimo. \v 10 Keresete o setse a tsenye teng. O itapolositse mo tirong ya gagwe, fela jaaka Modimo o ne wa itapolosa morago ga lobopo. \p \v 11 Mme le rona a re lekeng ka bojotlhe jwa rona go tsena mo lefelong leo la boikhutso, re iketse tlhoko, e se re kgotsa le rona ra tloga ra tlhoka kutlo mo Modimong jaaka bana ba Iseraela ba ne ba dira, mme ka go dira jalo ba tlhaela go tsena mo lefelong la boikhutso. \p \v 12 Gonne le fa e le eng se Modimo o se re bolelelang se tletse nonofo e e tshedileng: se bogale thata go gaisa chaka e e bogale jo bo feteletseng e tlhabela ka bofefo mo teng teng ga megopolo ya rona le dikeletso le gotlhe ga tsone, e re senolela se tota re leng sone. \v 13 O itse ka mongwe le mongwe gongwe le gongwe. Sengwe le sengwe ka rona se apogile ebile se bulegetse thata matlho otlhe a a bonang a Modimo wa rona o o tshelang; ga go na sepe se Modimo o ka se fitlhelwang, One o re tshwanetseng go o tlhalosetsa tsotlhe tse re di dirileng. \s1 Keresete ke mmueledi wa rona yo mogolo \p \v 14 Mme Jesu Morwa Modimo Ke Moperesiti wa rona yo Mogolo thata ene yo o ileng kwa legodimong go re thusa; jalo a re se khutliseng go mo ikanya. \v 15 Moperesiti yo Mogolo yo wa rona o tlhaloganya makoa a rona, gonne le ene o kile a nna mo dithaelong jaaka rona, le fa go ntse jalo ga a ise a ke a bo a neye dithaelo sebaka mme a leofa. \p \v 16 Jalo a re tleng kwa setilong sa bogosi jwa Modimo ka bopelokgale re bo re nne teng koo go amogela kutlwelo botlhoko ya One le go nna le tshegofatso go re thusa mo dinakong tsa rona tsa botlhoki. \c 5 \s1 Motho ga a itlhophe \p \v 1 Moperesiti yo mogolo wa Sejuta ke motho fela jaaka mongwe le mongwe, mme o tlhophetswe go buelela batho botlhe le Modimo mo ditirong tsa bone. \v 2 O neela Modimo dimpho tsa bone ebile o o abela madi a diphologolo tse di ntshiwang setlhabelo go bipa dibe tsa batho le tsa gagwe ka sebele. \v 3 Mme ka ntlha ya gore ke motho, o ka neneketsa batho ba bangwe sentle, le fa ba le dieleele ba sa itse sepe, gonne le ene o dikaganyeditswe ke tsone dithaelo tseo ebile o tlhaloganya mathata a bone sentle thata. \p \v 4 Selo se sengwe se se tshwanetseng go gakologelwa ke se, ga go na motho ope yo o ka nnang moperesiti yo mogolo fela ka ntlha ya gore o batla go nna ene. O tshwanetse go bilediwa tiro e ke Modimo fela jaaka o ne wa bitsa Arone. \p \v 5 Ke gone ka moo Keresete a neng a seka a itlhopha go nna mo tlotlong ya go nna Moperesiti yo mogolo; nnyaa, o ne a tlhophiwa ke Modimo. Modimo o ne wa mo raya wa re, “Morwaaka, gompieno ke go tlotlile.” \v 6 Gape ka nako e nngwe o ne wa mo raya wa re, “O tlhophilwe go nna moperesiti ka bosakhutleng, o le mo maemong a le mangwe fela a boperesiti le Melekisedeke.” \p \v 7 Mme le fa go ntse jalo, erile Keresete a sa le mo lefatsheng a kopa Modimo, a rapela ka dikeledi le mowa o o thubegileng, a rapela ene fela yo o tlaa mo gololang mo losong lo lo neng lo sa solofediwa. Mme Modimo o ne wa ultwa dithapelo tsa gagwe ka ntlha ya keletso ya gagwe e e nonofileng ya go eletsa go ikobela Modimo ka dinako tsotlhe. \p \v 8 Mme le fa Jesu a ne a le Morwa Modimo, o ne a tshwanetse go ithuta ka ditiragalo tse di neng di mo diragalela gore go ikoba go ne go utlwala jang, fa go ikoba go ne go raya go boga. \v 9 Erile a sena go itshupa fa a itekanetse mo maitemogelong a gagwe, Jesu a nna Moabi wa Poloko ya bosakhutleng mo go botlhe ba ba mo ikobelang. \v 10 Gonne gakologelwang gore Modimo o mo tlhophile go nna Moperesiti yo Mogolo a lekana le Melekisedeke ka maemo. \p \v 11 Go na le dilo di le dintsi tse ke neng ke eletsa go di bua mo go one mabaka a, mme o ka re ga lo a reetsa, jalo go thata go lo dira gore lo tlhaloganye. \p \v 12-13 Ga lo bolo go nna Bakeresete ka lobaka lo lo leele jaanong, e bile lo tshwanetse lo ka bo lo ruta ba bangwe, mme mo boemong jwa moo lo boetse kwa morago kwa maemong a lo tlhokang mongwe go ipuseletsa go lo ruta gape metheo ya ntlha ka Lefoko la Modim. Lo tshwana le bananyana ba ba ka nwang mashi fela, ba sa gola mo go lekanyeng go ja dijo tse di loileng. Mme fa motho a santse a tshela ka mashi fela go supa gore ga a ise a gatele pele thata mo botshelong jwa Sekeresete, ebile ga a itse thata ka pharologanyo fa gare ga tshiamo le bosula. E santse e le Mokeresete yo mmotlana fela! \v 14 Ga lo kitla lo kgona go ja dijo tse di loileng tsa semowa lo bo lo tlhaloganya dilo tse di kwa teng-teng tsa Lefoko la Modimo go fitlhelela lo nna Bakeresete ba ba botoka lo bo lo ithuta go itse pharologanyo fa gare ga tshiamo le bosula ka go itlwaetsa go dira tshiamo. \c 6 \p \v 1 A re khutliseng go tlhola re ntse re boelela selo se le sengwe fela gangwe le gape, ka malatsi otlhe re ruta dithuto tsele tsa pele kaga Keresete. Go na le moo, a re tsweleleng pele mo dilong tse dingwe re bo re gole mo go tlhaloganyeng ga rona, jaaka Bakeresete ba ba nonofileng ba tshwanetse go nna. Tota ga re tlhoke go tswelela re buela pele ka boeleele jwa go leka go bolokwa ka go nna tshiamo, kgotsa ka botlhokwa jwa tumelo mo Modimong; \v 2 ga lo tlhoke go rutelwa pele ka kolobetso le dineo tsa semowa le tsogo ya baswi le tshekiso ya bosakhutleng. \p \v 3 Mme fa Modimo o ka re leta, re tlaa tswelela pele mo dilong tse dingwe jaanong. \p \v 4 Ga go thuse sepe go leka go lo busetsa mo Moreneng gape fa lo kile lwa tlhaloganya Mafoko a a Molemo lwa ba lwa lekeletsa dilo tse di molemo tsa legodimo lwa ba lwa nna le seabe mo Moweng O O Boitshepo, \v 5 lo bile lo itse ka fa Lefoko la Modimo le leng molemo ka teng, lwa ba lwa ikutlwela dinonofo tse dikgolo tsa lefatshe le le tlang, \v 6 mme jaanong lo tsogologetse Modimo. Ga lo kake lwa kgona go ikwatlhaya gape fa lo kokotetse Morwa Modimo mo mokgorong ka go mo gana, lo mo tsholeditse go sotlwa le go tlhabisiwa ditlhong mo pepeneneng. \p \v 7 Fa tshimo e netswe ke dipula tse dintsi, mme dijalo tse dintle di tlhoga, lefatshe leo le bonye tshegofatso ya Modimo e wela mo go lone. \p \v 8 Mme fa le tswelela go mela mesetlho le mitlwa, go akanngwa gore ga le a siama ebile le emetse katlholo le go nyelediwa ka molelo fela. \s1 Modimo o atlhola sentle \p \v 9 Ditsala tse di rategang, le fa ke bua jaana, ga ke dumele tota gore se ke se buang se raya lona. Ke tlhomamisa gore lo ungwa maungo a mantle a a tsamaelanang le poloko ya lona. \v 10 Gonne Modimo ga o patike. O ka lebala jang tiro ya lona e e bokete e lo e o direlang, kgotsa wa lebla tsela e lo neng lo tle lo supe ka yone ka fa lo o ratang ka teng, mme ebile lo sa ntse lo tshwere lo dira jalo ka go thusa bana ba one? \v 11 Re eletsa thata gore lo tle lo amogele tuelo ya lona e e itekanetseng. \p \v 12 Mme ka o itse se se lo emetseng mo malatsing a a kwa pele, ga o kitla o lapisiwa ke go nna Mokeresete, le fa e le go tshwakgafala go tshwana le ba ba amogelang tsotlhe tse Modimo o di ba solofeditseng ka ntlha ya tumelo ya bone e e nonofileng le bopelotelele. \s1 Boikanyego jwa tsholofetso ya Modimo \p \v 13 Sekai ke se, go ne ga nna tsholofetso ya Modimo mo go Aberehame: Modimo o ne wa ikana ka leina la One, gonne go ne go se na ope yo mogolo yo Modimo o neng o ka ikana ka ene, \v 14 gore o tlaa segofatsa Aberahame gangwe le gape, o bo o mo fa ngwana wa mosimane, o bo o mo dira rara wa chaba e kgolo ya batho. \v 15 Jalo Aberahame a leta ka bopelotelele go fitlhelela lwa bofelo Modimo o mo naya ngwana wa mosimane, ebong Isake, fela jaaka o ne o solofeditse. \p \v 16 Fa motho a ikana, o a bo a bitsa mongwe yo o fa godimo ga gagwe ka maemo gore a mo pateletse go dira se a se solofeditseng kgotsa go mo otlhaya fa a gana go se dira; maikano a fedisa manganga otlhe. \v 17 Modimo le One o ne wa itlama ka maikano, gore ba o ba solofeditseng go ba thusa, ba tlhomamise sentle thata le gone ba seka ba belaela gore a ruri Modimo o se nke o tloga o fetogela ditsholofetso tsa One. \p \v 18 O re neetse tsholofetso ya One le maikano, e le dilo tse pedi tse re ka di dumelang gotlhelele, gonne ga go kgonege gore Modimo o bue maaka. Jaanong botlhe ba ba tshabelang kwa go One go ba boloka ba ka kgothatsega sesha fa ba utlwa kaga ditsholofetso tse, tse di tswang kwa Modimong; ebile jaanong ba ka itse, kwa ntle ga go belaela, gore Modimo o tlaa ba neela poloko e o e ba solofeditseng. \p \v 19 Tsholofetso e e tlhomamisegang e ya go bolokwa ke seitsetsepelo se se nonofileng se se ikanyegang sa mewa ya rona, se re gokaganya le Modimo ka bo One ka fa morago ga sesiro sa boitshepo sa legodimo, \v 20 kwa Keresete a tsamaetseng kwa pele teng go re rapelela a le mo maemong a gagwe e le Moperesiti wa rona, a le mo tlotlong le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke. \c 7 \s1 Keresete ke moemedi wa rona \p \v 1 Melekisedeke yo, e ne e le kgosi ya motse wa Salema, gape e ne e le moperesiti wa Modimo Mogodimodimo. E rile fa Aberahame a boela kwa gae a sena go fenya mo ntweng e kgolo e a neng a tlhabana le dikgosi tse dintsi mo go yone, Melekisedeke a mo kgatlhantsha a bo a mo segofatsa; \v 2 mme Aberahame a ntsha tsa bosome mo go tsotlhe tse a di gapileng mo ntweng mme a di neela Melekisedeke. Leina le le reng Melekisedeke le raya, “Tshiamo,” jalo ke Kgosi ya Tshiamo; ebile gape ke Kgosi ya Kagiso ka ntlha ya leina la motse wa gagwe, ebong Salema, leina le le rayang, “Kagiso” fa le tlhalosiwa. \p \v 3 Melekisedeke o ne a sena rraagwe le fa e le mmaagwe le gone ga go na sesupo sepe sa gore e ne e le wa losika lope. Ga a iselo a ke a bo a tsalwe le gone ga ise a ke a bo a swe, jalo botshelo jwa gagwe bo tshwana le jwa Morwa Modimo, moperesiti wa bosakhutleng. \p \v 4 Ke gone lemogang gore Melekisedeke yo o mogolo thata jang: \p Le e leng Aberahame tota, yo e leng motho wa ntlha ebile a tlotlega thata go gaisa botlhe ba ba itlhophetsweng ke Modimo a neela Melekisedeke tsa bosome mo dilong tsotlhe tse a di gapileng mo dikgosing tse a neng a di lwantsha. \v 5 Mongwe o ne a ka tlhaloganya gore Aberahame o ne a direla eng jaana fa Melekisedeke e ne e le moperesiti wa Sejuta, gonne erile kwa morago batho ba Modimo ba direlwa molao o o ba tlamang gore ba ntshe dineo go thusa baperesiti ba bone, gonne baperesiti e ne e le masika a bone. \v 6 Mme Melekisedeke e ne e se wa losika, mme le fa go ntse jalo Aberahame a mo duela. \p Melekisedeke o ne a naya Aberahame matlhogonolo, \v 7 mme fela jaaka mongwe le mongwe a itse, motho yo o nang le nonofo go segofatsa, ka gale o mogolo mo go yo o mo segofatsang. \p \v 8 Baperesiti ba Sejuta, le fa ba ne ba a swa, ba ne ba amogela tsa bosome; mme re bolelelwa gore Melekisedeke ene o a tshela. \p \v 9 Mongwe ebile o ne a ka re, le ene Lefi (tota ka sebele mogologolwane wa baperesiti botlhe ba Sejuta, wa botlhe ba ba amogelang tsa bosome), o ne a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke a di romela ka Aberahame. \v 10 Gonne le fa Lefi a ne a ise a tsalwe, o ne a santse a le mo mankopeng (mo maleng) a ga Aberahame ka nako e Aberahame a neng a ntsha tsa bosome kwa go Melekisedeke ka yone. \s1 Keresete o tshwana le Melekisedeke \p \v 11 Fa e le gore baperesiti ba Sejuta le melao ya bone ba ne ba na le nonofo ya go re boloka, ke eng jaanong fa Modimo o ne wa bona go tshwanetse gore o rome Keresete e le moperesiti yo o lekanang le Melekisedeke ka maemo, go na le gore o rome mongwe yo o lekanang le Arone ka maemo, a e leng gore baperesiti botlhe ba bangwe ba ne ba na nao? \p \v 12-14 Mme fa Modimo o roma mofuta o mongwe wa boperesiti, molao wa one o tshwanetse go fetolwa gore o dumalane le thomo ya jone. Jaaka rotlhe re itse, Keresete e ne e se wa lotso lwa ga Lefi lwa boperesiti, mme o dule mo lotsong lwa Juta, lo lo neng lo ise ke lo tlhophelwe boperesiti; Moshe o ne a ise a ke a ba neele tiro eo. \v 15 Jalo re ka bona sentle gore tsela e Modimo o tsamaisang dilo ka yone e ne ya fetoga, gonne Keresete, Moperesiti yo Mogolo yo mosha yo o tsileng a le mo maemong a ga Melekisedeke, \v 16 ga a a ka a nna moperesiti ka go diragatsa molao o mogologolo wa gore a nne wa lotso lwa ga Lefi, fa e se ka ntlha ya motheo wa nonofo e e elelang e tswa mo botshelong jo bo sa khutleng. \v 17 Ebile Mopesalema o supa selo se fa a bua kaga Keresete a re, “O moperesiti ka bosakhutleng o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.” \s1 Molao wa bogologolo \p \v 18 Ee, tsamaiso e kgologolo ya boperesiti e motheo wa yone e neng e le gore boperesiti e nne tshwanelo ya ba losika fela e ne ya tlosolosiwa gonne e ne e sena thuso epe. E ne e le bokoa ebile e sena molemo go boloka batho. \p \v 19 Ga e ise e ke e siamise ope mo Modimong. Mme jaanong re na le tsholofelo e kgolo thata, gonne Keresete o re dira gore re amogelesege mo Modimong, ebile jaanong re ka atamela kwa go one. \p \v 20 Modimo o ne wa ikana gore Keresete o tlaa nna moperesiti ka malatsi otlhe, \v 21 le fa go ntse jalo Modimo ga o ise o ke o bue jalo ka baperesiti ba bangwe. O reile Keresete a le nosi fela wa re, “Modimo o ikanne ebile ga o kitla o fetoga mo maikaelelong a one. O moperesiti ka bosakhutleng, o le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke.” \v 22 Ka ntlha ya maikano a Modimo, Keresete, o ka tlhomamisa ka kgolagano e ncha e, e e botoka. \p \v 23 Ka fa tsamaisong ya kgolagano e kgologolo go ne go tshwanetse go nna baperesiti ba le bantsi, gore e tle e re fa ba bagolo ba a swa, thulaganyo e tle e tswelele. \p \v 24 Mme Keresete ene o tshela ka bosakhutleng o bile o tsweletse go nna moperesiti gore go seka ga tlhola go tlhokega yo mongwe gape. \v 25 O nonofile go bolokela ruri botlhe ba ba tlang kwa Modimong ka ene. Ka a tlaa tshelela ruri, o tlaa nna teng ka malatsi otlhe go gakolola Modimo gore o dueletse dibe tsa bone ka madi a gagwe. \p \v 26 Jalo he, Jesu ke ene tota mofuta wa Moperesiti yo Mogolo yo re mo tlhokang; gonne o boitshepo ebile ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a na sepe sa boleo se a ka kaiwang ka sone, ga a ise a ke a leswafadiwe ke sebe, ga a a tladiwa leswe ke baleofi, ebile o neetswe bonno jwa tlotlego kwa legodimong. \v 27 Ga a ke a tlhoka madi a diphologolo tse di ntshiwang ditlhabelo, jaaka baperesiti ba bangwe ba ne ba dira, go bipa dibe tsa bone pele le tsa batho morago; gonne o khutlisitse ditlhabelo tsotlhe gangwe fela, ka nako e a neng a intsha setlhabelo mo mokgorong. \v 28 Ka fa tsamaisong e kgologolo, le baperesiti ba bagolo tota ba ne ba le bokoa e le baleofi ba ba neng ba ka seka ba kgaogana le go dira boleo, mme e rile morago Modimo wa tlhopha ka go ikanya Morwa One yo o itekanetseng ka bosakhutleng. \c 8 \s1 Keresete ke moperesiti yo mogolo \p \v 1 Se re se buang ke se: Keresete yo boperesiti jwa gagwe re setseng re tswa go bo tlhalosa, ke Moperesiti wa rona yo Mogolo, ebile o kwa legodimong kwa bonnong jwa tlotlo e kgolo thata gaufi le Modimo ka sebele. \v 2 O dira mo tempeleng e e kwa legodimong, lefelo la boammaaruri la kobamelo le le agilweng ke Morena e seng ke diatla tsa batho. \p \v 3 Mme ka moperesiti mongwe le mongwe yo mogolo a tlhophelwa go ntsha dineo le ditlhabelo, Keresete le ene o tshwanetse go ntsha setlhabelo. \p \v 4 Setlhabelo se a se ntshang se botoka thata go gaisa ditlhabelo tse di ntshiwang ke baperesiti ba lefatshe. Mme le fa go ntse jalo, fa a ka bo a ne a le mo lefatsheng o ne a ka se ka a letlelelwa go nna moperesiti gonne mo lefatsheng baperesiti ba santse ba latela mokgwa wa bogologolo wa Sejuta wa ditlhabelo. \v 5 Tiro ya bone e ka fa tsamaisong ya motlaagana wa selefatshe o o leng moriti wa motlaagana tota o o kwa legodimong; gonne erile fa Moshe a ipaakanyetsa go aga motlaagana Modimo o ne wa mo tlhagisa gore a dire motlaagana o o tshwanang le motlaagana wa legodimo jaaka a ne a bontshiwa kwa Thabeng ya Senai. \p \v 6 Mme Keresete, jaaka e le moperesiti kwa legodimong, o duetswe ka tiro e e botlhokwa thata go gaisa ba ba dirang ka fa melaong e megologolo, gonne Kgolagano e ncha e a e fetiseditseng kwa go rona e tswa kwa Modimong e na le ditsholofetso tse di molemo thata. \p \v 7 Kgolagano e kgologolo ga e ise e ke e bo e nne le thuso epe. Fa e ka bo e ne e na le thuso, go ka bo go ne ga seka ga tlhokega gore kgolagano e ncha e nne teng. \v 8 Mme Modimo ka sebele o ne wa bona phoso mo kgolaganong e kgologolo, gonne o ne wa re, “Letsatsi le tlaa tla la gore ke dire kgolagano e ncha le batho ba Iseraele le batho ba Juda. \v 9 Kgolagano e ncha e ga e kitla e tshwana le e kgologolo e ke neng ka e neela borraabo ka letsatsi le ke neng ka ba tshwara ka seatla go ba etelela pele ke ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto; ga ba a ka ba tlhomama mo kgolaganong eo; jalo ka tshwanelwa ke go e tlosolosa. \v 10 Mme Morena a re, kgolagano e ke tlaa e dirang le batho ba Iseraele ke e: Ke tlaa kwala melao ya me mo megopolong ya bone gore ba tle ba itse se ke batlang ba se dira kwa ntle ga go ba bolelela, mme ke tlaa nna Modimo wa bone le bone ba tlaa nna batho ba me. \v 11 Mme ga go na ope yo o tlaa tlhokang go bua le tsala ya gagwe kgotsa molekane kgotsa morwa rraagwe, a re, ‘Le wena o tshwanetse go itse Morena’ gonne mongwe le mongwe, yo mogolo le yo monnye, ba tlaa bo ba setse ba nkitse. \v 12 Mme ke tlaa ba utlwela botlhoko mo ditirong tsa bone tse di bosula, ebile ga ke na go tlhola ke gakologelwa dibe tsa bone”. \p \v 13 Modimo o bua ka ditsholofetso tse di ncha tse, tsa kgolagano e ncha e, gore di tsaya maemo a kgolagano e kgologolo; gonne e beetswe kwa thoko ka bosakhutleng. \c 9 \s1 Jesu o nonofile go feta dibe \p \v 1 Mme jaana mo kgolaganong ya pele e e neng e le fa gare ga Modimo le batho ba One go ne go na le melao ya kobamelo ebile go ne go na le mo-tlaagana mo lefatsheng. Mo teng ga motlaagana o wa kobamelo go ne go na le matlwana a le mabedi. \v 2 Ntlwana ya ntlha e ne e na le setlhomo sa lobone sa gouta le lomati lwa bojelo go na le dinkgwe tse di itshephileng tsa tshupelo mo godimo ga lone; ntlwana e, e ne e bidiwa Felo ga Boitshepo. \v 3 Gape go ne go na le sesiro mme ka fa morago ga sesiro seo go ne go na le ntlwana e e bidiwang Boitshepo jwa Maitshepo. \v 4 Mo ntlwaneng eo go ne go na le leiswana le go fisediwang maswalo mo go lone le agilwe ka gouta, le bidiwa letlole la kgolagano, le manegilwe ka gouta gotlhelele ka ntlha tsotlhe. Mo teng ga letlole go ne go na le matlapana a a kwadilweng Melao e e Some, le nkgwana e e bopilweng ka gouta e beile mana, le thobane ya ga Arone ya lotlhaka e e neng e tlhoga. \v 5 Mo godimo ga letlole la kgolagano go ne go na le ditshwantsho tse di bopilweng tsa baengele tse di neng di bidiwa dicheruba e le batlhokomedi ba kgalalelo ya Modimo, diphuka tsa bone di ne di tsharologile di okame letlole le le agilweng ka gouta, le le neng le bidiwa senno sa kutlwelo botlhoko. Mme go lekanye go bua kaga dilo tse. \p \v 6 Mme jaana, e ne e re fa gotlhe go setse go siame, baperesiti ba tsene ba bo ba tswele kwa ntle ga ntlwana ya ntlha ka fa ba batlang ka teng, ba dira tiro ya bone. \v 7 Mme moperesiti yo mogolo ke ene fela a neng a tsena kwa ntlwaneng e e kwa teng, e e neng e bidiwa Boitshepo jwa Maitshepo, gangwe fela mo ngwageng, a le nosi fela, a tshotse madi a a neng a a kgatsha mo setilong sa kutlwelo botlhoko e le mpho e a e nayang Modimo go bipa diphoso tsa gagwe le dibe tsa gagwe, le diphoso le dibe tsa batho botlhe. \p \v 8 Mme Mowa O O Boitshepo o dirisa gotlhe mo go re supegetsa gore ka fa tsamaisong e kgologolo batho fela ba ne ba ka seka ba tsena mo Boitshepong jwa Maitshepo fela fa e le gore ntlwana e e ka kwa ntle le tsamaiso yotlhe e e e emetseng e santse e dirisiwa. \p \v 9 Tsamaiso e, e na le thuto ya botlhokwa mo go rona gompieno. Gonne ka fa tsamaisong e kgologolo, dineo le ditlhabelo di ne di ntshiwa mme di ne tsa palelwa ke go ntlafatsa dipelo tsa batho ba ba neng ba di ntsha. \v 10 Gonne tsamaiso e kgologolo e ne e le melao ya senama fela, gore go tshwanetse ga jewa dijo tse di ntseng jang ga nowa dino tse di ntseng jang, melao ya go itlhapisa, le melao kaga se le sele. Batho ba ne ba tshwanetse go tshegetsa melao e go fitlhelela Keresete a tla ka tsamaiso e ncha e e botoka ya Modimo. \s1 Madi a ga Jesu a a ntlafatsa \p \v 11 Keresete o tsile e le Moperesiti yo Mogolo wa tsamaiso e e botoka e jaanong re nang nayo. O ile a tsena mo motlaaganeng o mogolwane o o iteka-netseng wa selegodimo o o sa agiwang ka diatla tsa batho ebile e se wa tlholego eno, \v 12 mme a tsaya madi gangwe fela e le la bofelo a tsena nao mo ntlwaneng e e kwa teng, ebong Boitshepo jwa Maitshepo, mme a a kgatsha mo setilong sa kutlwelo botlhoko; mme e ne e se madi a dipodi kgotsa a dinamane. Nnyaa, o ne a tsaya madi a gagwe, mme ka sebele, a tlhomamisa poloko ya rona ya bosakhutleng. \p \v 13 Mme fa e le gore ka fa tsamaisong e kgologolo madi a dipoo le a dipodi le melora ya dikgongwana a ne a ka tlhapisa mebele ya batho dibe, \v 14 a o ko akanye gore madi a ga Keresete one a ne a ka fetola matshelo le dipelo tsa rona go le kae. Setlhabelo sa gagwe se re golola mo go tshwenyegeng go patelesega go obamela melao e megologolo, ebile se re dira gore re batle go direla Modimo o o tshelang. Gonne ka thuso ya Mowa O O Boitshepo wa bosakhutleng, Keresete o ne a ineela mo Modimong ka go rata go swela dibe tsa rona, ene a le boitekanelo, a se na le fa e le sebe kgotsa molato. \s1 Kgolagano e ncha \p \v 15 Keresete o tsile ka kgolagano e ncha e, gore botlhe ba ba lalediwang ba ka nna ba tla gore ba tle ba bone dilo tsotlhe tse di molemo tse Modimo o di ba solofeditseng. Gonne Keresete o swetse gore a ba falotshe mo go otlhaelweng dibe tse ba di dirileng ba santse ba le ka fa tlase ga kgolagano e kgologolo. \p \v 16 Jaanong, fa mongwe a a swa a tlogela lokwalo lwa go aba boswa e le sesupo sa dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go neelwa batho bangwe fa a a swa, ga go na ope yo o neelwang sepe go fitlhelela go supiwa gore motho yo o kwadileng lokwalo lwa boswa o sule. \v 17 Lokwalo lwa go aba boswa lo simolola go dira fela morago ga loso lwa motho yo o lo kwadileng. Fa a santse a tshela ga go na ope yo o ka dirisang lokwalo lo go tsaya sengwe sa dilo tse a di ba solofeditseng. \p \v 18 Ke gone ka moo madi a neng a kgatshiwa (e le sesupo sa loso lwa ga Keresete) le pele ga Kgolagano e kgologolo e dirisiwa. \v 19 Gonne erile Moshe a sena go neela batho gotlhe ga melao ya Modimo, a tsaya madi a dinamane le dipodi, mmogo le metse mme a kgatsha lokwalo lwa Modimo lwa melao ka madi le batho botlhe, a dirisa dikala tsa ditlhatshana tsa mosimama le boboa jo bohibidu go kgatsha ka tsone. \v 20 Mme a re, “Se ke madi a a supang tshimologo ya kgolagano ya lona le Modimo, kgolagano e Modimo o ntaotseng go e dira le lona.” \v 21 Mme ka yone tsela e, a kgatsha madi mo motlaaganeng le mo go sengwe le sengwe se se neng se dirisiwa mo kobamelong. \v 22 Tota re ka re ka fa kgolaganong e kgologolo sengwe le sengwe se ne se ntlafadiwa ka go kgatshiwa ka madi, mme kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo jwa dibe. \p \v 23 Ke gone ka moo motlaagana o o mo lefatsheng, le sengwe le sengwe se se mo go one, tsotlhe di ne di tshwantsha dilo tse di kwa legodimong, tsotlhe di ne di tshwanelwa ke go ntlafadiwa ke Moshe ka tsela e, ka go kgatshiwa ka madi a diruiwa. Mme dilo tse e leng tsone tota kwa legodimong, tse e leng gore tse di mo lefatsheng ke ditshwantsho tsa tsone di ne tsa ntlafadiwa ka dineo tsa botlhokwa. \p \v 24 Gonne Keresete o tsenye mo legodimong ka bo lone, go tla fa pele ga Modimo e le Tsala ya rona. Ga a a dira jaana mo felong ga kobamelo ya lefatshe, gonne moo e ne e le setshwantsho fela sa tempele ya boammaaruri e e kwa legodimong. \v 25 Le gone ga a ise a ke a intshe setlhabelo gantsi, jaaka moperesiti yo mogolo mo lefatsheng a isa madi a diruiwa mo Boitshepong jwa Maitshepo ngwaga le ngwaga. \v 26 Fa e ne e le gore go dira jalo go ne go tlhokega o ka bo a ne a tshwanelwa ke go swa gantsi, go tswa tshimologong ya lefatshe. Mme ga go a nna jalo! O ne a tla gangwe fela ebile e le lwa bofelo, kwa bokhutlong jwa metlha, go tlosa nonofo ya sebe ka bosakhutleng ka go re swela. \p \v 27 Mme fela jaaka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, mme morago ga moo go tle tshekiso, \v 28 fela jalo Keresete le ene o sule gangwe fela e le setlhabelo sa dibe tsa batho ba le bantsi; mme o tlaa tla gape, mme legale a sa tlele go dirana le dibe tsa rona. Jaanong o tlaa tla a lerile poloko kwa go botlhe ba ba mo letileng ka tlhwaafalo le bopelotelele. \c 10 \s1 Botlhokwa jwa madi \p \v 1 Tsamaiso e kgologolo ya melao ya Sejuta e ne e supa fela moriti wa dilo tse di molemo tse Keresete a neng a tlaa re di direla. Ka fa tsamaisong e kgologolo ditlhabelo di ne di boelelwa gantsi, ngwaga le ngwaga, mme le fa go ntse jalo di ne tsa seka tsa boloka ba ba neng ba tshela ka fa tlase ga melao ya tsone. \v 2 Fa e ne e le gore di ne di ka kgona, setlhabelo se le sosi fela se ka bo se ne sa lekana; baobamedi ba ka bo ba ntlafaditswe gangwe fela, le go itlhobaelela ga bone go ka bo go ne ga nyelela. \p \v 3 Mme go ne ga diragala ka tsela e sele: ditlhabelo tsele tsa ngwaga le ngwaga di ne tsa gakolola kaga go tlhoka theetso ga bone le molato wa bone mo boemong jwa go lapolosega ga mewa ya bone. \p \v 4 Gonne ga go kgonege ruri gore madi a dipoo le dipodi a tlose dibe. \p \v 5 Ke gone ka moo Keresete o rileng a tla mo lefatsheng a bua a re, “Modimo, madi a dipoo ga a kake a go itumedisa, jalo o mpaakanyeditse mmele o wame go o baya e le setlhabelo mo sebesong sa gago. \v 6 Ga o a itumedisiwa ke ditlhabelo tsa diruiwa, tse di neng di bolawa di bo di fisiwa fa pele ga gago e le ditshupelo tsa boleo. \v 7 Mme ka bua ka re, ‘Bona, ke tletse go dira thato ya gago, go ntsha botshelo jwa me setlhabelo, fela jaaka Dikwalo di boletse gore ke tlaa dira jalo.’ ” \s1 Re siamisiwa ka loso lwa ga Keresete \p \v 8 Erile Keresete a sena go bua jaana, ka go tlhoka go itumedisiwa ke ditlhabelo tse di farologanyeng, le ditshupelo tse di batlwang ka fa tsamaisong e kgologolo, \v 9 a oketsa a bua a re, “Ke fano. Ke tletse go ntsha botshelo jwa me setlhabelo.” O tlosa tsamaiso ya pele ka go rata e e botoka e e itekanetseng. \v 10 Ka fa leanong le lesha le, re itshwaretswe ra bo ra ntlafadiwa ke Keresete ka go re swela gangwe fela. \v 11 Ka fa kgolaganong e kgologolo baperesiti ba ne ba ema fa pele ga sebeso malatsi otlhe ba ntsha ditlhabelo tse di neng di ka seka tsa phimola dibe tsa rona. \v 12 Mme Keresete o ne a ineela Modimo go tswa setlhabelo sa dibe tsa rona e le sone setlhabelo fela sa nako yotlhe, mme erile morago ga moo a nna fa fatshe mo lefelong la tlotlo e kgolo ka fa letsogong la Modimo le legolo, \v 13 a letile baba ba gagwe go bewa ka fa tlase ga dinao tsa gagwe. \v 14 Gonne ka sone setlhabelo seo, o ne a dira botlhe boitekanelo fa pele ga Modimo, botlhe ba o ba itshepisang. \p \v 15 Mme Mowa O O Boitshepo o supa gore go ntse fela jalo, gonne o rile, \p \v 16 “Se ke kgolagano e ke tlaa e dirang le batho ba Iseraela, le fa ba ne ba senya kgolagano ya pele: ke tlaa kwala melao ya me mo megopolong ya bone gore ba itse thata ya me ka gale, gape ke tlaa tsenya melao ya me mo dipelong tsa bone gore ba tle ba rate go e obamela.” \v 17 Mme morago wa oketsa wa re, “Ga ke kitla ke tlhola ke gakologelwa dibe tsa bone le ditiro tsa bone tse di maswe.” \p \v 18 Jaanong, fa dibe di itshwaretswe ruri ebile di lebetswe, ga go tlhokege go ntsha ditlhabelo tse dingwe go di phimola. \s1 Tsela e ncha \p \v 19 Jalo ba gaetsho ba ba rategang, jaanong re ka tsena mo teng ga Boitshepo jwa Maitshepo kwa Modimo o leng teng, ka ntlha ya madi a ga Jesu. \v 20 Se ke tsela e e itekanetseng, e ncha, ya go fa botshelo, e Keresete a e re buletseng ka go gagola sesiro, ebong mmele wa gagwe wa setho, go re letla go tsena fa pele mo kgalalelong ya Modimo. \p \v 21 Mme ka Moperesiti yo mogolo yo wa rona a laola tsa ntlo ya Modimo, \v 22 a re tseneng mo teng, kwa Modimong tota ka dipelo tse di boammaaruri di mo ikanya gotlhelele go re amogela, ka ntlha ya gore re kgatshitswe ka madi a ga Jesu go re ntlafatsa, le ka ntlha ya gore mebele ya rona e tlhatswitswe ka metsi a a phepa. \p \v 23 Mme re ka solofela poloko e Modimo o e re solofeditseng. Ga go tlhole go na le sebaka sa pelaelo, ebile re ka bolelela ba bangwe gore poloko ke ya rona, gonne ga gona pelaelo gore o tlaa dira se o se buang. \p \v 24 Mme mo go dumalaneng le tsotlhe tse a re di diretseng, a re tlhotlheletsanyeng mo go thusanyeng le mo go nneng bopelonomi yo mongwe mo go yo mongwe le mo go direng bomolemo. \p \v 25 A re se tlhokomologeng ditiro tsa phuthego le dikopano tsa rona, jaaka batho bangwe ba dira, mme a re kgothatsanyeng re bo re tlhagisanyeng, segolo jang ka gore letsatsi la go bowa ga gagwe le a atamela. \p \v 26 Fa mongwe a leofa ka bomo ka go gana Mmoloki a sena go itse boammaaruri jwa boitshwarelo, sebe se ga se tlosiwe ke loso lwa ga Keresete; ga go na tsela e se ka tlosiwang ka yone. \v 27 Ga go na sepe se se ka solofelwang morago ga go dira jalo fa e se katlholo e e setlhogo ya bogale jo bo tshosang jwa Modimo jo bo tlaa nyeletsang baba botlhe ba One. \v 28 Motho yo o neng a gana go obamela melao e e neng e ntshiwa ke Moshe o ne a bolawa kwa ntle ga kutlwelo botlhoko fa go ne go na le basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo ba supa molato wa gagwe. \p \v 29 A o ko o akanye gore kotlhao e e setlhogo e tlaa wela go le kae ba ba gatakileng Morwa Modimo ka dinao, ba bo ba kaya madi a gagwe a a ntlafatsang jaaka ekete ke selonyana fela a bile a se boitshepo, ba bo ba tlhapatsa ba gakatsa Mowa O O Boitshepo o o lereng kutlwelo botlhoko ya Modimo kwa bathong ba One. \p \v 30 Gonne re a mo itse yo o rileng, “Pusoloso ke ya me; ke tlaa ba duela;” yo gape o rileng, “Morena ka sebele o tlaa atlhola batho ba gagwe”. \p \v 31 Ke selo se se boitshegang go wela mo diatleng tsa Modimo o o tshelang. \p \v 32 Lo seka lwa ba lwa lebala malatsi ale a a molemo a lo neng lwa simolola go ithuta kaga Keresete mo go one. Gakologelwang ka fa lo neng lwa itshegeletsa ka teng mo Moreneng le fa go ne go raya pogiso e e boitshegang. \v 33 Ka dinako tse dingwe lo ne lo tshegwa lo bo lo itewe, mme ka dinako tse dingwe lo ne lo tle lo lebelele lo bo lo utlwele ba bangwe botlhoko ba boga jaaka lona. \v 34 Mme lo bogile le ba ba tlhatlhetsweng mo dikgolegelong, ebile lo ne lwa itumela fa lo tseelwa tsotlhe tsa lona, lo itse gore dilo tse di botoka di lo letile kwa legodimong, dilo tse di tlaa nnelang tsa lona ruri. \p \v 35 Se letleng gore go ikanya Morena ka boitumelo mo, go swe, ga go re sepe gore go diragalang. Gakologelwang tuelo ya lona! \p \v 36 Lo tlhoka go tswelela ka bopelotelele lo dira go rata ga Modimo fa e le gore lo batla gore o lo direle tsotlhe tse o di lo solofeditseng. \p \v 37 Go tla ga gagwe ga go kitla go diega. \v 38 Mme ba tumelo ya bone e ba siamisitseng mo ponong ya Modimo ba tshwanetse go tshela ka tumelo, ba o ikanya mo dilong tsotlhe. E seng jalo, fa ba gonyela, Modimo ga o kitla o ba itumelela. \p \v 39 Mme ga re ise re ke re furalele Modimo ra bo ra thibela tshenyego ya rona. Nnyaa, tumelo ya rona mo go One e tlhomamisa poloko ya mewa ya rona. \c 11 \s1 Tumelo \p \v 1 Tumelo ke eng? Ke tsholofelo e e tlhomameng ya gore se re se batlang se tlaa diragala. Ke tlhomamiso ya gore se re se solofetseng se re letetse, le fa re sa se bone ka matlho a senama. \v 2 Batho ba Modimo mo malatsing a bogologolo ba ne ba itsege ka ntlha ya tumelo ya bone. \p \v 3 Ka tumelo, ka go dumela Modimo, re itse gore lefatshe le dinaledi, tota a ke re dilo tsotlhe, di dirilwe ka taolo ya Modimo; le gore di dirilwe ka dilo tse di sa bonweng. \p \v 4 E ne e le ka ntlha ya tumelo gore Abele a reetse Modimo a bo a ntsha setlhabelo se se neng sa itumedisa Modimo go gaisa sa ga Kaene. Modimo o ne wa amogela Abele wa bo wa supa jalo ka go amogela mpho ya gagwe; mme le fa Abele a sa bolo go swa, re santse re ka ithuta dithuto mo go ene ka go ikanya Modimo. \p \v 5 Enoke le ene o ne a ikanya Modimo, mme ka moo Modimo o ne wa mo tseela kwa legodimong a sa swa, ka tshoganetso o ne a tsamaya gonne Modimo o ne wa mo tsaya. Pele ga tiragalo e, Modimo o ne o rile o itumetse thata jang ka Enoke. \p \v 6 Ga o kake wa itumdisa Modimo kwa ntle ga tumelo, kwa ntle ga go ikaega mo go One. Le fa e le mang yo o batlang go tla kwa Modimong o tshwanetse go dumela gore go na le Modimo le gore o duela ba ba o batlang ka boammaaruri. \p \v 7 Noa le ene e ne e le mongwe yo o neng a ikanya Modimo. Erile a utlwa tlhagiso ya Modimo ka malatsi a a tlang, Noa a o dumela le fa go ne go sena sekai sepe sa morwalela, mme kwa ntle ga go senya nako a aga araka (ntlo e e kokobalang) mme a boloka ba ntlo ya gagwe. Ka go dumela mo Modimong Noa o ne a supa boleo jwa lefatshe lotlhe le go sa dumeleng ga lone, le le ganneng go reetsa, mme ka ntlha ya tumelo ya gagwe o ne a nna mongwe wa ba Modimo o ba amogetseng. \p \v 8 Aberahame o ne a ikanya Modimo, mme erile Modimo o mo raya o re a huduge mo ga gabo a ye kgakala kwa lefatsheng le lengwe le o le mo solofeditseng, Aberahame a dumela. A tsamaya, a sa itse tota le kwa a neng a ya teng. \v 9 Mme erile le a goroga kwa lefatsheng le Modimo o le mo solofeditseng, a nna mo megoping (ditante) jaaka moeti fela, jaaka Isake le Jakobe ba le bone Modimo o ba solofeditseng jaaka Aberahame. \p \v 10 Aberahame o ne a dira jaana gonne o ne a letetse Modimo ka tlhomamiso go mo lere kwa lefelong le le nonofileng la selegodimo le modiri le moagi wa lone e leng Modimo. \p \v 11 Sara, le ene o ne a na le tumelo, mme ka ntlha ya yone tumelo e, o ne a bona nonofo ya go nna le ngwana ntswa a ne a tsofetse, gonne o ne a lemoga gore Modimo o o mo solofeditseng, o tlaa diragatsa tsholofetso ya one. \v 12 Ke gone ka moo chaba yotlhe e duleng mo go Aberahame, yo o neng a tsofetse thata go ka nna le e leng ngwana a le mongwe fela, tota chaba e e nang le didikadike tsa batho tse di senang palo, ba bontsi jwa bone bo lekanang le dinaledi tsa legodimo le motllhaba wa lotshitshi lwa lewatle. \p \v 13 Batho ba ba tumelo ba ke ba umakileng, ba sule ba ise ba amogele gotlhe mo Modimo o neng o go ba solofeditse; mme ba ne ba go bona go ba letetse kwa pele mme ba itumela, gonne ba ne ba dumela gore lefatshe leno ga se legae la bone tota mme e le baeng fela mo go lone. \v 14 Mme go bonala fela sentle gore e ne e re fa ba bua jalo, ba bo ba solofetse legae la bone tota kwa legodimong. \p \v 15 Fa ba ne ba rata, ba ka bo ba ne ba boela kwa morago kwa dilong tse di molemo tsa lefatshe leno. \v 16 Mme ga ba a ka ba dira jalo. Ba ne ba tshelela legodimo. Jaanong Modimo ga o tlhajwe ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone, gonne o ba agetse motse wa selegodimo. \p \v 17 Erile o santse o mo leka, Aberahame o ne a nna a ikanya Modimo le ditsholofetso tsa one, mme ke gone a ntsha Isake morwawe tshupelo, a bo a ipaakanyetsa go mmolaela mo sebesong sa ditlhabelo; \v 18 ee, go bolaya le e leng Isake, yo ka ene Modimo o neng o solofeditse go naya Aberahame chaba yotlhe ya losika lwa gagwe! \v 19 O ne a dumela gore fa Isake a ka swa Modimo o tlaa mo tsosa mo losong; mme ke sone se tota se neng sa diragala seo, gonne mo mogopolong wa ga Aberahame, Isake o ne a tshwanetse go swa, mme o ne a tsoga mo losong! \v 20 E ne e le ka tumelo mo Isake a neng a itse gore Modimo o tlaa naya bomorwawe ba babedi masego, ka lobaka lo lo tlang, ebong Jakobe le Esau. \p \v 21 Ka tumelo erile Jakobe a setse a tsofetse ebile a tloga a a swa, a segofatsa bomorwa Josefe boo-babedi fa a ema ka dinao a rapela, a itshegeleditse ka thobane ya gagwe. \p \v 22 Gape e ne e le ka tumelo mo Josefe erileng a tla a tloga a a swa, a bua ka tlhomamiso gore Modimo o tlaa ntsha batho ba Iseraele mo Egepeto; o ne a tlhomamisa kgololo ya bone mo e leng gore o ne a ba raya a re ba mo solofetse go tsaya marapo a gagwe fa ba tsamaya. \p \v 23 Batsadi ba ga Moshe le bone ba ne ba na le tumelo. Erile fa ba bona gore Modimo o ba file ngwana yo o sa tlwaelesegang, ba ikanya Modimo gore o tlaa mmoloka mo losong lo kgosi e lo laotseng, mme ba mo fitlha dikgwedi di le tharo, ebile ba sa boife. \p \v 24-25 E ne e le ka tumelo mo Moshe erileng a gola, a gana go tsewa jaaka setlogolwana sa kgosi, mme a itlhophela go boga le batho ba Modimo mo boemong jwa go ja monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobakanyana. \v 26 O ne a bona gore go botoka go bogela Keresete yo o solofetsweng go na le go rua mahumo otlhe a Egepeto, gonne o ne a solofetse tuelo e kgolo e Modimo o neng o tlaa e mo naya. \v 27 Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a ikanya Modimo mo a ileng a tswa mo lefatsheng la Egepeto a sa boife bogale jwa kgosi. Moshe o ne a nna a tsamaya; go ne go bonala ekete o bona Modimo o na le ene teng koo. \v 28 Gape e ne e le ka ntlha ya gore o ne a dumela gore Modimo o tlaa boloka batho ba one jaaka a ba laotse go bolaya kwana, ka fa Modimo o neng o ba laotse go dira ka teng le go kgatsha madi mo mepakong ya dikgoro tsa matlo a bone, gore Moengele yo o boitshegang wa Loso wa Modimo a se ka a ama ngwana ope wa ntlha wa mosimane mo malapeng ao, jaaka o ne wa dira mo Baegepetong. \p \v 29 Batho ba Iseraela ba ne ba ikanya Modimo ba bo ba ralala Lewatle le Lehibidu jaaka o ka re ba tsamaya mo mmung o o omeletseng. Mme erile Baegepeto ba ba neng ba ba setse morago ba leka go le kgabaganya, ba nwela botlhe. \p \v 30 E ne e le tumelo e e neng ya ribegetsa dithako tsa Jeriko batho ba Iseraela ba sena go di dikologa malatsi a supa, jaaka Modimo o ne o ba laotse. \v 31 Ka tumelo Rahabe wa seaka o ne a seka a swa le botlhe ba bangwe mo motseng wa ga bone fa ba ne ba gana go reetsa Modimo, gonne o ne a dumela Modimo le thata ya One, gonne o ne a amogela ditlhola ka kagiso. \p \v 32 Mme he, ke santse ke tlhoka go bua go le kae? Go ka tsaya nako e telele thata go boelela dipolelo tsa tumelo ya ga Gideone le Baraka le Samesone le Jefethe le Dafide le Samuele le baporofiti botlhe. \v 33 Batho ba botlhe ba ne ba ikanya Modimo mme ka ntlha ya go o ikanya ba fenya dintwa, ba diga dipuso, ba busa batho ba bone sentle, mme ba amogela se Modimo o neng o se ba solofeditse; ba ne ba sireletsega mo go gagolakweng ke ditau mo mengobong; \v 34 le mo boubelong, Bangwe ka tumelo ya bone, ba falotse mo losong lwa chaka. Bangwe ba ne ba nonotshiwa gape morago ga bokoa jwa bone le bolwetse. Ba bangwe ba ne ba fiwa nonofo e kgolo mo ntweng; ba ne ba dira gore mephato ya ntwa e sie e ba tshabe. \v 35 Mme basadi bangwe, ka tumelo, ba amogela ba ga bone ba ba rategang, ba ba neng ba sule. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ikanya Modimo, mme ba betswa go fitlhelela ba a swa. Ba itlhophela go swa go na le go furalela Modimo gore ba gololesege, ba tshepha gore ba tlaa tsogela botshelong jo bo botoka moragonyana. \p \v 36 Bangwe ba ne ba tshegwa, ba fatolwa mekwatla ka dithupa, mme ba bangwe ba ne ba golegelelwa ka dikeetane mo dikgolegelong. \p \v 37-38 Bangwe ba sule ba kgobotlediwa ka maje ba bangwe ka go fatoganngwa ka dishaga; ba bangwe ba ne ba solofediwa kgololo fa ba ne ba ka itatola tumelo ya bone, morago ga moo ba ne ba bolawa ka chaka. Bangwe ba ne ba tsamaya ba apere matlalo a dinku le dipodi, ba kgarakgatshega mo dikakeng le mo dithabeng, ba iphitlha mo mengobong le mo dikgageng. Ba ne ba bolawa ke tlala, ba lwala, ba tshwerwe setlhogo, e le batho ba lefatshe le sa ba tshwanelang. \v 39 Mme batho ba ba tumelo, le fa ba ne ba ikanya Modimo ebile ba ne ba gapa maikutlo a One, ga go na ope wa bone yo o neng a amogela tsotlhe tse Modimo o neng o di solofeditse; \v 40 gonne Modimo o ne o batla gore ba iketle gore le bone ba tle ba nne le seabe mo dituelong tse di botoka tse di sa fetogeng tse re di baakanyeditsweng. \c 12 \s1 Ngwana yo o sa reetseng \p \v 1 Mme ka re na le batho ba ba ntseng jalo ba le bantsi ba tumelo ba ba re lebeletseng ba le kwa ditilong tse di kwa godimo, a re apoleng sengwe le sengwe se se diang kgotsa se se re busetsang kwa morago, mme bogolo thata jang dibe tse di tshophelelang thata mo maotong a rona di bo di re digela fa fatshe; mme a re sianeng ka bopelotelele lobelo lo Modimo o lo beileng fa pele ga rona. \p \v 2 Tlhomang matlho a lona mo go Jesu, moeteledipele le moruti wa rona. O ne a ineela go swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong ka ntlha ya boitumelo jo a neng a itse fa bo mo letetse kwa morago; mme jaanong o nna mo lefelong la tlotlo gaufi le setilo sa bogosi sa Modimo. \v 3 Fa lo batla go kgaogana le go ngodiega le go lapisega, akanyang ka bopelotelele ja gagwe ka nako e baleofi ba neng ba mo dira dilo tse di sa siamang. \p \v 4 Mme le gone, ga lo ise lo ke lo kgaratlhisanye le sebe le thaelo go fitlhelela lo fufula marothodi a madi. \p \v 5 A lo lebetse gotlhelele mafoko a kgothatso a Modimo o a lo reileng, lona bana ba One? Modimo o ne wa re, “Morwaaka, se kgopisege fa Morena a go otlhaya. Se kgobege marapo fa a go kaela fa o molato teng. \v 6 Gonne fa a go otlhaya, go supa gore o a go rata. Fa a go betsa go supa gore o ngwana wa gagwe tota.” \p \v 7 Letla Modimo go go ruta, gonne o dira se rre mongwe le mongwe yo o lorato a se direlang bana ba gagwe. Ke mang yo o kileng a utlwa ka ngwana yo o iseng a ke a bo a otlhaiwe? \v 8 Fa Modimo o sa go otlhae fa go tlhokega jaaka borabana bangwe ba otlhaya bana ba bone, moo go raya gore ga o ngwana wa Modimo tota gotlhelele, go raya gore ga o wa ba lolwapa lwa One tota. \v 9 Ka re tlotla borraa rona mo lefatsheng, le fa ba re otlhaya, a ga re a tshwanela go ineela ka boitumelo mo go rutweng ke Modimo gore re tle re simolole go tshela tota. \p \v 10 Borraa rona ba lefatshe ba re rutile mo dingwageng di se kae, ba re direla gotlhe ka fa ba neng ba itse ka teng, mme kotlhao ya Modimo e siame ka malatsi otlhe ebile e re siametse, gore re tle re nne le seabe mo boitshepong jwa One. \v 11 Go otlhaiwa ga go monate fa go sa ntse go diragala, go utlwisa botlhoko! Mme kwa morago re ka bona maduo a gone, go gola mo kagisong mo kutlwelo botlhokong le mo bothong. \p \v 12 Ke gone ingapareleng thata ka diatla tsa lona tse di lapileng, emang lo nitame ka mangole a lona a a reketlang, \v 13 lo bo lo direle dinao tsa lona tsela e e tlhamaletseng e e borethe gore ba ba lo salang morago, le fa ba le bokoa ebile ba tlhotsa, ba seka ba wa ba ikgolafatsa, mme ba nonofe. \s1 Go reetsa Modimo \p \v 14 Lekang go tswa gotlhelele mo dikomanong mme lo batle go tshela botshelo jo bo phepa jo bo itshepileng, gonne yo o seng boitshepo ga a kitla a bona Morena. \v 15 Tlhokomelanang gore le fa e le ope wa lona a seka a palelwa ke go bona masego a Modimo. Itlhokomeleng gore bogalaka bope bo seka jwa mela mo go lona, gonne fa bo mela bo dira matshwenyego a matona, bo leswafatsa batho ba le bantsi mo matshelong a bone a semowa. \v 16 Itlhokomeleng gore le fa e le ope wa lona a seka a dira sebe sa boaka kgotsa a seka a nna kelotlhoko kaga Modimo jaaka Esau: o ne a rekisa botsalwa-pele jwa gagwe ka sejonyana se se kgorwang gangwe fela. \p \v 17 Mme erile kwa morago, fa a batla ditshwanelo tseo gape, nako ya bo e setse e tsamaile, le fa tota a ne a lela dikeledi tse di botlhoko tsa boikwatlhao. Ke gone gakologelwang, lo bo lo ikele tlhoko. \p \v 18 Ga lo ise lo ke lo lebagane le mathata a a tshosang, molelo o o dikgabo, kutlobotlhoko e e tlhakanyeng le go felelwa ke tsholofelo, lefifi le setsuatsue se se boitshegang, jaaka Baiseraela ba ne ba rakana le One kwa Thabeng ya Senai fa Modimo o ba neela melao ya One. \p \v 19 Gonne go ne ga nna tumo e e tshosang ya terompeta, le lentswe le le neng le na le molaetsa o o boitshegang, mo e leng gore batho ba ne ba kopa Modimo go khutlisa go bua. \v 20 Ba ne ba thetheekelela kwa morago ka fa taolong ya Modimo e e reng, le phologolo fa e ka ama thaba, e tshwanetse go swa. \v 21 Moshe ka sebele erile fa a bona pono e e boitshegang eo a tshoga thata. \p \v 22 Mme lo tsile sentle mo Thabeng ya Siona, kwa motseng wa Modimo o o Tshelang, Jerusalema wa selegodimo, le kwa kokoanong ya baengele ba ba senang palo ba ba itumetseng; \v 23 le kwa phuthegong, e e dirilweng ka botlhe ba ba kwadilweng mo legodimong; le kwa Modimong o o leng mosekisi wa botlhe; le kwa meweng ya ba ba kwa legodimong ba ba golotsweng, ba ba setseng ba ntlafaditswe; \v 24 le kwa go Jesu ka sebele, yo o re lereditseng kgolagano e ncha ya gagwe e e hakgamatsang; le kwa mading a kgatsho a a itshwarelang ka kutlwelo botlhoko mo boemong jwa go ipusolosetsa jaaka madi a ga Abele. \p \v 25 Ke gone bonang gore lo obamele ene yo o buang le lona. Gonne fa batho ba Iseraele ba ne ba se ka ba falola fa ba gana go reetsa Moshe yo o neng a ba tlhagisa a le mo lefatsheng, re mo diphatseng tse di setlhogo thata jang fa re gana go reetsa Modimo o o buang le rona o le kwa legodimong! \p \v 26 Erile fa o bua o le kwa Thabeng ya Senai, lentswe la one la roromisa lefatshe, mme wa bua wa re, “Ka nako e e tlang ga ke kitla ke roromisa lefatshe fela, mme ke tlaa roromisa le magodimo.” \v 27 Ka go bua jaana Modimo o ne o raya gore o tlaa tlosa sengwe le sengwe se se senang motheo o o tiileng, gore go sale tse di sa reketleng fela. \p \v 28 Ka re na le bogosi jo bo ka sekeng jwa senngwa ke sepe, a re itumediseng Modimo ka go o direla ka dipelo tse di lebogang, le ka poifo e e boitshepo le tshisimogo. \v 29 Gonne Modimo wa rona ke molelo o o lailang. \c 13 \s1 Go reetsa Modimo \p \v 1 Tswelelang ka go ratana ka lorato lwa boammaaruri lwa sekaulengwe. \v 2 Lo seka lwa lebala go nna pelonomi mo go ba eleng baeng, gonne bangwe ba ba kileng ba dira jaana ba ne ba tshogana ka ba tshotse baengele ba sa itse gore a ke bone. \p \v 3 Lo seka lwa lebala ba ba mo kgolegelong. Bogang le bone jaaka o ka re le lona lo mo kgolegelong nabo. Tlhakanelang kutlobotlhoko le ba ba sotlwang, gonne lo itse gore tshotlego e utlwala jang. \p \v 4 Tlotlang lenyalo la lona le maikano a lone, lo bo lo nne phepa; gonne ruri Modimo o tlaa otlhaya botlhe ba ba bosula kgotsa ba ba dirang boaka. \p \v 5 Ikgogeng mo go rateng madi; itumeleleng se lo nang naso. Gonne Modimo o rile, “Ga ke kitla, ke go tlogela le fa e le go go latlha.” \v 6 Ke gone ka moo re ka buang kwa ntle ga pelaelo kgotsa poifo re re, “Morena ke mothusi wa me mme ga ke boife sepe se motho fela o ka se ntirang.” \p \v 7 Gakologelwang baeteledipele ba lona ba ba lo rutileng Lefoko la Modimo. Akanyang kaga bomolemo jotlhe jo bo duleng mo matshelong a bone, lo bo lo leke go ikanya Morena fela jaaka ba mo ikanya. \p \v 8 Jesu Keresete e ntse ke ene wa maabane, wa gompieno, le wa bosakhutleng. \v 9 Ke gone lo se ka lwa gapiwa mewa ke dithuto tse dintsha tsa seeng. Nonofo ya lona ya semowa e tla e le neo e e tswang kwa Modimong, ga e tswe mo melaong e e itiretsweng ya go ja dijo dingwe, tsamaiso e e sa thusang ka sepe ba ba neng ba e dirisa. \p \v 10 Re na le sebeso, mokgoro o Keresete o neng a ntshiwa setlhabelo mo go one, kwa ba ba tswelelang ka go batla poloko ka go obamela melao ya Sejuta ba ka sekeng ba thusiwa teng. \v 11 Ka fa tsamaisong ya melao ya Sejuta moperesiti yo mogolo o ne a lere madi a diruiwa tse di bolailweng mo felong ga boitshepo e le setlhabelo sa sebe, mme morago ga moo ditoto tsa diruiwa tseo di ne di fisediwa ka molelo ka kwa ntle ga metse. \v 12 Ke gone ka moo a neng a boga a ba a swela ka kwa ntle ga motse kwa madi a gagwe a neng a tlhatswa dibe tsa rona teng. \v 13 Ke gone a re tsweleng kwa go ene kwa ntle ga motse (ke gore, kwa ntle ga dikgatlhego tsa lefatshe leno, re ineele go nyadiwa) go boga nae teng koo, re rwele kgobo nae. \v 14 Gonne lefatshe leno ga se legae la rona; re lebeletse legae la rona la bosena-bokhutlo kwa legodimong. \p \v 15 Ka thuso ya ga Keresete re tlaa tswelela re ntshetsa Modimo setlhabelo sa rona sa kgalaletso ka go bolelela ba bangwe kaga kgalalelo ya leina la gagwe. \v 16 Lo se ka lwa lebala go dira tshiamo le go abalana se lo nang naso le ba ba tlhokang, gonne ditlhabelo tse di ntseng jaana di itumedisa Modimo thata. \p \v 17 Ikobeleng baeteledipele ba lona ba semowa lo bo lo ineele go dira se ba se buang. Gonne tiro ya bone ke go tlhokomela mewa ya lona, mme Modimo o tlaa ba atlhola ka fa ba dirang tiro e ka teng. Dirang gore ba bolelele Morena ka lona ba itumetse mme e seng ka bohutsana, gonne le lona lo tlaa boga kaga dilo tseo. \p \v 18 Re rapeleleng, gonne segakolodi sa rona se siame mme re batla go tswelela fela jalo. \v 19 Nna tota ke tlhoka dithapelo tsa lona thata gone jaanong gore ke tle ke tle kwa go lona ka bofefo. \p \v 20-21 A jaanong Modimo wa kagiso, o o tsositseng Morena wa rona Jesu mo losong, o lo neye tsotlhe tse lo di tlhokang go dira go rata ga One. A ene yo o Modisa yo mogolo wa dinku ka kgolagano e e sa khutleng fa gare ga Modimo le lona, yo o kanetseng ka madi a gagwe, a ntshe mo go lona ka nonofo ya ga Keresete tsotlhe tse di mo itumedisang. A Kgalalelo e nne kwa go ene ka metlha le metlha Amen. \p \v 22 Bakaulengwe, tswee-tswee reetsang ka bopelotelele se ke se buileng mo lokwalong lo, gonne ke lokwalo lo lo khutshwane. \v 23 Ke batla gore lo itse gore Mokaulengwe Timotheo o dule mo kgolegelong; fa a tla kwano ka bofefo, ke tlaa tla le ene go lo bona. \p \v 24-25 Ntumedisetsang baeteledipele ba lona botlhe le badumedi ba bangwe koo. Bakeresete ba ba kwano ba ba tswang kwa Itale ba a lo dumedisa. A tshegofatso ya Modimo e nne le lona lotlhe. Salang sentle.