\id GAL - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Bagalatia \toc1 Bagalatia \toc2 Bagalatia \toc3 Bagalatia \mt1 Bagalatia \c 1 \s1 Ga go na tsela e sele \p \v 1-2 Lokwalo lo lo tswa kwa go nna Paulo morongwa le Bakeresete ba bangwe fano botlhe. Ke kwalela: Diphuthego tsa Galatia. Ga ke a bilediwa go nna morongwa wa Modimo ke setlhopha sengwe kgotsa boemedi bongwe jwa lefatshe. Pitso ya me e tswa kwa go Jesu Keresete ka sebele, le kwa go Rara yo o mo tsositseng mo baswing. \v 3 A kagiso le tshegofatso tse di tswang kwa go Modimo Rara le Morena Jesu Keresete di nne le lona. \v 4 O swetse dibe tsa rona fela jaaka Modimo Rara wa rona a rulagantse, a bo a re falotsha mo lefatsheng leno le le bosula le re nnang mo go lone. \p \v 5 A kgalalelo yotlhe e nne go Modimo ka metlha yotlhe ya bosakhutleng. Amen. \p \v 6 Ke a hakgamala fa lo akofa lo furalela Mo-dimo, o mo loratong le kutlwelo-botlhoko ya one o lo laleditseng go nna le seabe mo botshelong jo bosakhutleng jo o bo abang ka Keresete; lo setse lo sala “tsela e sele morago go ya legodimong,” e tota e sa yeng kwa legodimong gotlhelele. \p \v 7 Gonne ga gona tsela epe e sele kwa ntle ga e re e lo kaetseng; lo tsiediwa ke ba ba sokamisang ebile ba fetola boammaaruri kaga Keresete. \p \v 8 A diphutso tsa Modimo di wele le fa e le mang, le nna tota, yo o ka rerang ka tsela nngwe fela ya go bolokwa go na le e re lo boleletseng ka ga yone; ee, fa moengele a tswa legodimong a bo a rera molaetsa mongwe fela, a phutso ya Modimo e mo wele. \v 9 Ke ipoeletsa gape ke re: fa mongwe a rera Mafoko a a Molemo a sele kwa ntle ga a lo a amogetseng, a petso ya Modimo e mo wele. \p \v 10 Lo ka bona gore ga ke leke go lo itumedisa ka puo e e monate le e e gapang maikutlo fela; nnyaa, ke leka go itumedisa Modimo. Fa ke ne ke santse ke leka go itumedisa batho ke ne ke ka seka ka nna motlhanka wa ga Keresete. \p \v 11 Ditsala tse di rategang, ke ikana ka tlhwaafalo ka re tsela e e yang legodimong e ke e rerang, ga e a thaega mo mogopolonyaneng kgotsa mo torong ya motho. \v 12 Gonne molaetsa wa me ga o tswe mo go ope fa e se Jesu Keresete a le esi, yo o mpoleletseng gore ke bue eng. Ga go na motho ope yo o nthutileng. \p \v 13 Lo itse gore ke ne ke ntse jang fa ke santse ke setse tumelo ya Sejuta morago, le ka fa ke neng ke le pelo-mpe ka teng mo Bakereseteng, ke ba tsoma ebile ke leka ka bojotlhe jwa me go ba bolaya botlhe. \v 14 Ke ne ke le mongwe wa bagolwane ba tumelo ya Sejuta mo mophatong wa balekane ba me ba malatsi ao mo lefatsheng ka fa ke neng ke ka kgona ka teng go sala morago melao yotlhe e megologolo ya ngwao ya tumelo ya me. \p \v 15 Mme sengwe sa diragala! Gonne le pele ga ke tsalwa Modimo o ne o intlhophetse, wa ba wa mpitsa: ana ke tshiamo le tshegofatso e ntle thatajang, \v 16 go senola Morwa one mo go nna gore ke tle ke ye kwa go Badichaba ke ba bontshe Mafoko a a Molemo kaga Jesu. Erile fa mo gotlhe go ntiragalela ga ke ise ke re gone fela foo ke ye go go rerisanya le ope; \v 17 ga ke ise ke ko ke tlhatlogele kwa Jerusalema go rerisanya le ba e neng e le baaposetoloi pele ga me. Nnyaa, ke ne ka ya kwa dikakeng tsa Arabia, ka bo ka boela kwa motsing wa Damaseko. \v 18 Erile dingwaga di le tharo di sena go feta ka ya kwa Jerusalema ke le mo loetong ke etela Petoro, mme ka nna koo le ene malatsi a le lesome le botlhano. \p \v 19 Mme moaposetoloi yo mongwe yo ke neng ka rakana nae ka lobaka loo e ne e le Jakobe monnawe Morena wa rona. \v 20 (Reetsang se ke se buang, gonne ke lo bolelela boammaaruri jo fa pele ga Modimo tota. Se ke se se neng sa diragala tota ga ke lo aketse). \v 21 Erile morago ga loeto lo ka ya kwa Siria le Kilikia. \v 22 Mme Bakeresete mo Judea ba ne ba santse ba sa itse sebopego sa me. \v 23 Se ba neng ba se itse fela e ne e le puo ya batho e e reng, “Yo o neng a le mmaba wa rona, jaanong o rera tumelo e a neng a leka go e nyeletsa.” \v 24 Mme ba galaletsa Modimo ka ntlha ya me. \c 2 \p \v 1 Mme erile morago ga dingwaga di le lesome le bone ka boela kwa Jerusalema gape, ka nako eo ke ne ke patilwe ke Barenabase; mme Tito le ene a tsamaya le rona. \v 2 Ke ne ka ya teng ke tshotse ditaelo tse di tlhomameng di tswa kwa Modimong gore ke ye go gakololana le bakaulengwe teng koo kaga molaetsa o ke neng ke o rerela Badichaba. Ke ne ka buisanya le baeteledipele ba phuthego kwa thoko gore botlhe ba tlhaloganye se ke neng ke ntse ke se ruta, mme ke ne ka solofela gore ba tlaa dumela gore di siame. \v 3 Mme ba ne ba dumela; ga ba ise ba ke ba rate le gore Tito yo o neng a mpatile a rupisiwe, ntswa e ne e le Modichaba. \p \v 4 Le potso eo tota e ka bo e sa bodiwa fa e se ka ntlha ya bangwe ba go kabong gotwe ke “Bakeresete” teng koo, mme e le Bakeresete ba e seng bone—ba ba neng ba tletse go re tsaya dinopolo le go bona gore kgololesego e re neng re e e ja monate mo go Keresete Jesu e ne e le efe, jaaka gore a re ne re obamela melao ya Sejuta kgotsa nnyaa. Ba ne ba leka go re golegelela rotlhe mo melaong ya bone ya Sejuta, makgoba mo dikeetaneng. \v 5 Mme ga re a ka ra reetsa le fa e le ka lobakanyana, gonne re ne re sa batle go lo tlhakanya ditlhogo ka go akanya gore poloko e ka bonwa ka go rupisiwa le ka go obamela melao ya Sejuta. \p \v 6 Mme baeteledipele ba bagolo ba phuthego ba ba neng ba le teng koo ba tlhoka se ba neng ba ka tlatsa ka sone se ke neng ke se rera. (Legale go nna baeteledipele ba bagolo ga bone go ne go sa reye sepe mo go nna, gonne rotlhe re tshwana fela mo Modimong). \v 7-9 Tota erile Petoro le Jakobe le Johane, ba ba neng ba itsege e le dipinagare tsa phuthego, ba bona ka fa Modimo o ntirisitseng ka teng thata mo go gapeng Badichaba, fela jaaka Petoro a ne a segofaditswe thata mo go rereleng Bajuta, gonne Modimo o ne o neela mongwe le mongwe wa rona dineo tsa botlhokwa, ba ne ba re neela diatla, Barenabase le nna ba bo ba re kgothatsa gore re tswelele ka tlhamalalo mo go rereleng Badichaba fa bone ba tswelela ka thero ya bone mo Bajuteng. \v 10 Kgakololo fela e ba neng ba e ntsha e ne e le ya gore re tshwanetse go gakologelwa go thusa bahumanegi ka malatsi otlhe, mme le nna ke ne ke tlhwaafaletse gone go dira jalo. \s1 Paulo o tlhophilwe ke Modimo \p \v 11 Mme erile fa Petoro a tla mo Antioka ka tshwanelwa ke go mo ganetsa mo pontsheng, ke gatelela thata kgatlhanong le se a neng a se dira gonne se ne se sa siama gotlhelele. \p \v 12 Gonne erile fela lwa ntlha fa a goroga a bo a a ja le Bakeresete ba Badichaba (ba ba neng ba sa tshwenyege ka go rupa le melao e mengwe e mentsi ya Sejuta). Mme erile moraganyana fa ditsala dingwe tsa ga Jakobe tsa Sejuta di tla, a seka a tlhola a a ja le Badichaba gonne o ne a tshaba se badira melao ba ba Sejuta ba tlaa se buang, gonne ba ne ba sa khutlise go bua ba re, thupiso e botlhokwa mo polokong; \v 13 mme Bakeresete botlhe ba Bajuta le Barenabase tota ba fetoga baitimokanyi, ba etsa Petoro, le fa tota ba ne ba tlhaloganya botoka. \v 14 Erile fa ke bona se se diragalang le gore ba ne ba sa ikanyege kaga se tota ba neng ba se dumela, le gore ba ne ba sa sala morago boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo, ka raya Petoro fa pele ga ba bangwe botlhe ka re, “Le fa wena o le Mojuta ka go tsalwa, ga o bolo go latlha melao ya Sejuta; jalo he, ke eng fa ka tshoganetso o leka gore badichaba ba, ba e obamela? \v 15 Wena le nna re Bajuta ka go tsalwa, e seng Badichaba fela ba baleofi, \v 16 mme rona Bakeresete ba Bajuta re santse re itse sentle gore ga re kake ra nna tshiamo mo Modimong ka go tshegetsa melao ya rona ya Sejuta, fa e se ka tumelo mo go Jesu Keresete go tlosa maleo a rona. Mme jalo he le rona, re ikantse Jesu Keresete, gore re tle re amogelwe ke Modimo ka ntlha ya tumelo, eseng ka ntlha ya gore re obametse melao ya Sejuta. Gonne ga go ope yo o tlaa bolokwang ka ntlha ya go e obamela.” \p \v 17 Mme re tlaa reng fa re ikanya Keresete go re boloka mme re bo re iphitlhela re le molato, le gore ga re kake ra bolokwa kwa ntle ga go rupisiwa le go obamela melao e mengwe yotlhe ya Sejuta? A ga re na go tlhoka gore re re tumelo mo go Keresete e re ntshitse mo boammaruring e re koafaditse? Nnyaa, ga go a nna jalo, gonne Modimo ga o letlelele ope go nna pelokgale ka go akanya megopolo e e ntseng jalo kaga Morena wa rona. \v 18 Ka megopolo e e ntseng jalo, re baleofi fa re simolola gape go aga dilo tse dikgologolo tse ke ntseng ke di senya, tsa go leka go bolokwa ka go tshegetsa melao ya Sejuta, \v 19 gonne ke ka ntlha ya go bala Dikwalo mo ke ileng ka lemoga gore go amogelwa ke Modimo go tla ka go dumela mo go Keresete. \p \v 20 Ke bapotswe le Keresete: mme jaanong ga ke sa tlhole ke tshela, mme Keresete o tshela mo go nna. Mme botshelo tota jo jaanong ke nang najo mo mmeleng o, ke ka ntlha ya go ikanya Morwa Modimo, yo o nthatileng a bo a iintshetsa setlhabelo. \v 21 Ga ke mongwe wa ba ba tsayang loso lwa ga Keresete e le lefela. Gonne fa e le gore re ne re ka bolokwa ke go tshegetsa melao ya Sejuta, jalo go ne go sa tlhokafale gore Keresete a swe. \c 3 \s1 Tumelo kgotsa melao ya Sejuta \p \v 1 Ao Bagalatia ba ba dieleele! Lo tseantswe ke moloi yo o ntsengjang a bo a lo tsenya mowa wa bohema? Gonne lo kile lwa bo lo bona sentle se loso lwa ga Keresete lo se rayang jaaka o ka re ke ne ke kile ka baya fa pele ga lona lomati lo lo nang le setshwantsho sa ga Keresete a a swa mo mokgorong. \v 2 Mmang ke lo botse potso e: “A lo amogetse Mowa O O Boitshepo ka go leka go boloka melao ya Sejuta?” Nnyaa, ga go a nna jalo, gonne Mowa O O Boitshepo o tsile mo go lona fela lo sena go utlwa kaga Keresete lo bo lo mo ikanya go lo boloka. \v 3 Jalo he, a lo tsenwe ke botsenwa gotlhelele? Gonne fa go leka go obamela melao ya Sejuta go ise go ke go bo go lo neye botshelo jwa semowa lwa ntlha, ke eng fa jaanong lo akanya gore go leka go e obamela go tlaa lo dira Bakeresete ba ba itekanetseng? \v 4 Lo bogetse Mafoko a a Molemo thata. A jaanong lo tsile go a latlhela gongwe le gongwe fela? Ga ke dumele tota! \p \v 5 Ke lo botsa gape ka re, a Modimo o lo naya nonofo ya Mowa O O Boitshepo o bo o dira dikgakgamatso mo go lona e le ka ntlha ya go leka ga lona ga go obamela melao ya Sejuta? Nnyaa, tota ga go a nna jalo. Ke fa lo dumela mo go Keresete lo bo lo mo ikanya ka botlalo. \p \v 6 Aberahame o ne a na le one maitemogelo a, Modimo wa mo supa fa a le moitekanedi go tsena mo legodimong fela ka gore o ne a dumela ditsholofetso tsa Modimo. \v 7 Lo ka bona mo go one maitemogelo a gore bana ba ga Aberahame tota ke batho botlhe ba tumelo ba ba ikanyang Modimo ka boammaaruri. \p \v 8-9 Mo godimo ga moo, se sengwe gape ke eng, Dikwalo di ne di solofetse lobaka lo lwa gore Modimo o boloke le badichaba ka tumelo ya bone. Modimo ga o bolo go bolelela Aberahame bogologolo kaga sone selo se fa o re, “Ke tlaa segofatsa mo chabeng nngwe le nngwe ba ba inkanyang jaaka wena.” Mme go ntse fela jalo: botlhe ba ba ikanyang Keresete ba na le seabe mo go lone lesego le Aberahame o le amogetseng. \p \v 10 Ee, mme ba ba ikaegileng mo melaong ya Sejuta go ba boloka ba mo phutsong ya Modimo, gonne Dikwalo di supa sentle thata di re, “Go hutsegile mongwe le mongwe yo ka nako nngwe a robang mongwe wa melao, e e kwadilweng mo Lokwalong lwa Modimo lwa Molao.” \p \v 11 Ka go rialo, go bonala sentle gore ga go na le fa e le ope yo o ka bonang botsalano le Modimo ka go leka go tshegetsa melao ya Sejuta, gonne Mo-dimo o rile tsela fela e ka yone re ka siamang mo ponong ya one ke ka tumelo. Jaaka moporofiti Habakuke a ne a bua a re, “Motho yo o bonang botshelo o tlaa bo bona fela ka go ikanya Modimo.” \v 12 A pharologanyo e tona fa gare ga tsela e ya tumelo le tsela ya molao o o reng motho o bolokwa ke go obamela molao mongwe le mongwe wa Modimo, a sa sute le fa e le gangwe fela. \v 13 Mme Keresete o re rekile ka fa tlase ga phutso eo ya tsela e e sa kgonegeng ka go tsaya phutso ya rona ka ntlha ya ditiro tse di bosula a e baya mo magetleng a gagwe. Gonne go kwadilwe mo Lokwalong gatwe, “Le fa e le mang yo o pegilweng mo setlhareng o hutsegile,” (jaaka Jesu a ne a lepelediwa mo mokgorong wa logong). \p \v 14 Jaanong Modimo o ka segofatsa Badichaba le bone, ka lone lesego le o le solofeditseng Aberahame; mme rotlhe re le Bakeresete re ka nna le Mowa O O Boitshepo o re o solofeditsweng ka yone tumelo e. \p \v 15 Bagaetsho ba ba rategang, le mo botshelong jwa malatsi otlhe fa motho a direla yo mongwe tsholofetso, fa e kwadilwe ya ba ya saenwa (tlanngwa) ga e kake ya fetolwa. Ga e kake ya re morago ga moo a fetoga a dira se sele. \v 16 Jaanong, Modimo o neetse Aberahame le Ngwana wa one ditsholofetso dingwe. Mme lemogang gore ga gotwe ditsholofetso di ne di neetswe bana ba gagwe, jaaka go ne go katwe, di tshwanetse bomorwae botlhe, ebong Bajuta botlhe ba go neng go buiwa kaga bone, mme tota go ne go buiwa kaga Morwawe ebong Keresete. \p \v 17 Se ke lekang go se bua ke se: Tsholofetso ya Modimo ya go boloka ka tumelo, le gore Modimo o kwadile tsholofetso e, wa ba wa e saena (tlanya), e ne e sa kake ya dirololwa kgotsa ya fetolwa morago ga dingwaga di le makgolo a le mane le masome a le mararo fa Modimo o ntsha Melao e e Some. \v 18 Fa go obamela melao eo go ne go ka re boloka, mme go bonala sentle gore mo e ne e tlaa bo e le tsela e sele ya go nna botsalano le Modimo go na le tsela ya ga Aberahame, gonne go ne ga nna motlhofo mo go ene go amogela tsholofetso ya Modimo. \s1 Go tlhongwa ga melao \p \v 19 Jalo he, melao e ne e direlwang? E ne ya okediwa tsholofetso e sena go dirwa, go supegetsa batho gore ba molato go le kae ka go roba melao ya Modimo. Mme tsela e ya molao e ne e tshwanetse go nna teng fela go fitlhelela Keresete a tla, ngwana yo tsholofetso ya Modimo e neng ya diragadiwa ka ene. (Mme go santse go na le pharologanyo nngwe. Modimo o ne wa neela baengele melao ya one go e neela Moshe, yo ene a neng a e neela batho; \v 20 mme erile fa Modimo o neela Aberahame tsholofetso ya one, o ne wa e dira ka boone o le nosi, kwa ntle ga go roma baengele kgotsa Moshe). \p \v 21-22 Jalo he, a melao ya Modimo le ditsholofetso tsa one di a ganetsanya? Ga go a nna jalo! Fa re ne re ka bolokwa ka melao ya one, jalo Modimo o ka bo o sa re naya tsela e sele go tswa mo botshwarong jwa sebe, gonne Dikwalo di gatelela gore re magolegwa a sebe. Tsela fela e re ka falolang ka yone ke ka tumelo mo go Jesu Keresete; tsela ya go falola e bulegetse botlhe ba ba dumelang mo go ene. \p \v 23 Go fitlhelela Keresete a tla re ne re disitswe ke molao, re beilwe mo tisong e e babalesegileng, go bua jalo ke gore, go fitlhelela re dumela mo Mmoloking yo o tlang. \p \v 24 Mmang ke tlhalose ka tsela e nngwe. Melao ya Sejuta e ne e le moruti wa rona le mokaedi go fitlhelela Keresete a tla go re neela seemo se se nitameng mo Modimong ka tumelo ya rona. \v 25 Mme jaanong ka gore Keresete o tsile, ga re sa tlhole re tlhoka melao eo go re disa le go re etelela pele e re isa kwa go one. \p \v 26 Gonne jaanong rotlhe re bana ba Modimo ka tumelo mo go Jesu Keresete, \v 27 ebile rona ba re kolobeditsweng go nna selo se le sengwe le Keresete, re mo apere. \v 28 Ga re sa tlhole re le Bajuta kgotsa Bagerika kgotsa makgoba kgotsa batho ba ba golotsweng, kgotsa banna fela kgotsa basadi, mme re tshwana fela rotlhe, re Bakeresete; re bangwe fela mo go Keresete Jesu. \v 29 Mme jaanong ka gore re ba ga Keresete, re losika lwa ga Aberahame tota, mme ditsholofetso tsotlhe tse Modimo o di mo solofeditseng ke tsa rona. \c 4 \s1 Re bana ba Modimo \p \v 1 Mme gakologelwang se, gore fa rrabana a a swa a bo a tlogelela morwawe yo mmotlana khumo e ntsi, ngwana yoo ga a botoka ka gope go na le motlhanka go fitlhelela a gola le fa tota sengwe le sengwe se rraagwe a neng a na naso e le sa gagwe. \v 2 O tshwanetse go dira se batlhokomedi ba gagwe le batlamedi ba mmolelelang gore a se dire, go fitlhelela a nna dingwaga tse rraagwe a di beileng. \p \v 3 Mme le mo go rona go ne go ntse fela jalo pele ga Keresete a tla. Re ne re le batlhanka ba melao ya Sejuta le mekgwa ya Sejuta gonne re ne re ithaya re re di ka re boloka. \p \v 4 Mme erile fa nako e e tshwanetseng e sena go tla, nako e Modimo o neng o e beile, wa roma Morwaone, a tsetswe ke mosadi, a tsetswe e le Mojuta, \v 5 go re rekela kgololesego, rona ba re neng re le batlhanka ba molao gore a tle a re godise re le bana ba gagwe tota. \p \v 6 Mme e re ka re le bana ba one, Modimo o rometse Mowa wa Morwa-one mo dipelong tsa rona, gore re nne le tshiamelo ya go bua ka Modimo re re ke Rraa rona yo o rategang. \p \v 7 Jaanong ga re sa tlhole re le batlhanka, re bana ba Modimo tota. Mme ere ka re le bana ba one, sengwe le sengwe se o nang naso ke sa rona, gonne ke ka fa go rulagantsweng ke Modimo ka teng. \p \v 8 Pele ga lona Badichaba lo itse Modimo lo ne lo le batlhanka ba medimo e le gone e iseng e ke e be e nne mo tlholegong. \v 9 Mme jaanong ka lo bonye Modimo (kgotsa a ke re, ka Modimo o lo setse) go diragala jang gore lo batle go boela kwa morago gape go nna batlhanka mo tumelong nngwe ya lehuma, e e bokoa, e e senang molemo, ya go leka go ya legodimong ka go obamela melao ya Modimo? \v 10 Lo leka go nna botsalano le Modimo ka se lo se dirang kgotsa se lo sa se direng mo malatsing mangwe kgotsa mo dikgweding kgotsa mo dipa-keng tsa ngwaga kgotsa mo dingwageng. \p \v 11 Ke a tshoga ka lona. Ke tshaba gore tiro ya me ya bonatla e ke e lo diretseng e ne e le lefela mo go lona. \p \v 12 Bakaulengwe ba ba rategang, ke a lo kopa gore lo nne fela jaaka nna kaga dilo tse, gonne ke gololesegile mo dikeetaneng tse jaaka lo kile lwa bo lo ntse. Ga lo a ka lwa nnyatsa ka lobaka loo fa ke lo rerela lwa ntlha, \v 13 ntswa ke ne ke lwala fa ke simolola go lo rerela Mafoko a a Molemo a ga Keresete. \v 14 Mme le fa bolwetse jwa me bo ne bo lo tena, ga lo a ka lwa nkgana lwa nteleka. Nnyaa, lo ne lwa nkamogela lwa ba lwa ntlhokomela jaaka ekete ke moengele yo o tswang kwa Modimong, kgotsa Jesu Keresete ka sebele. \v 15 Mowa ole wa boitumelo o re neng re na nao o kae jaanong? Gonne mo malatsing ao ke itse gore lo ka bo lo ne lwa ikgonya matlho ka boitumelo lwa a nnaya mo boemong jwa a me fa mo go ne go ka nthusa. \p \v 17 Baruti bao ba tsietso ba ba ratang thata go lo gapa maikutlo ga ba dire jalo gore go lo solegele molemo. Se ba lekang go se dira ke go lo kgaoganya le nna gore lo tle lo beye maikutlo thata mo go bone. \v 18 Ke selo se se molemo fa batho ba go siametse ka maikaelelo a a molemo le dipelo tse di ikanyegang, segolo bogolo fa ba sa dire fela jalo fa ke na le lona. \v 19 Ao, bana ba me, kana lo nkutlwisa-botlhoko thata jang! Ke sa ntse ke lo bogela gape ke le mo ditlha-bing tse di tshwanang le tsa mmangwana a letile ngwana wa gagwe go tsholwa, ke tlhologeletswe lobaka lo mo go lone e tlaa reng lwa bofelo lo bo lo tladitswe ka Keresete. \p \v 20 Ke eletsa thata jang ekete ke ka bo ke na le lona koo gone gompieno, ke sa akantshanye le lona jaana, gonne ka ntlha ya go katologana mo ga rona, ga ke itse gore ke ka reng. \s1 Sara le Hagare \p \v 21 Ntheetsang, lona ditsala tse di gopolang gore lo tshwanetse go obamela melao ya Sejuta gore lo bolokwe: ke eng fa lo sa batlisise tota se se rerwang ke melao eo? \p \v 22 Gonne go kwadilwe gore Aberahame o ne a na le bana ba basimane ba le babedi, yo mongwe o ne a tsetswe ke mosadi wa gagwe wa lelata mme yo mongwe o ne a tshotswe ke mosadi wa gagwe yo e leng ngwana wa motse. \p \v 23 Go ne go sena sepe se se sa tlwaelesegang kaga go tsholwa ga losea lwa mosadi wa lelata. Mme losea lwa mosadi yo e leng ngwana wa motse lo ne lwa tsholwa fela morago ga Modimo o solofetsa tota gore lo tlaa tsholwa. \p \v 24-25 Jaanong polelo e e boammaaruri e, ke setshwantsho kaga ditsela tse pedi tsa Modimo tsa go thusa batho. Tsela e nngwe e ne e le go ba neela melao ya one gore ba e obamele. O dirile jaana mo Thabeng ya Senai, fa o neela Moshe Melao e e Some. Thaba ya Senai, kana tota, e bidiwa “Thaba ya Hagare” ka Searabia, mme mo setshwantshong se ke se ntshitseng mosadi wa ga Aberahame Hagare, wa lelata, o emetse Jerusalema, mma-motse wa Bajuta, modi wa tsela ele ya go leka go itumedisa Modimo ka go leka go obamela Melao; mme Bajuta, ba ba lekang go sala morago tsela eo, ke bana ba one ba batlhanka. \v 26 Mme mma-motse wa rona ke Jerusalema wa selegodimo, ebile ga se motlhanka wa melao ya Sejuta. \p \v 27 Ke sone se Isaia a neng a se raya fa a porofesa a re, “Jaanong o ka itumela, wena mosadi yo o senang le fa e le ngwana; o ka goeletsa ka boitumelo le fa o ise o ke o nne le ngwana pele. Gonne ke ya go go naya bana le ba bantsi, ba le bantsi go gaisa ba mosadi wa lelata.” \p \v 28 Nna le lona, bakaulengwe ba ba rategang, re bana ba Modimo o ba solofeditseng, fela jaaka Isake a ne a solofeditswe. \v 29 Jalo he, rona ba re tsetsweng ke Mowa O O Boitshepo re a bogisiwa jaanong ke ba ba batlang re tshegetsa melao ya Sejuta, fela jaaka Isake ngwana wa tsholofetso a ne a bogisiwa ke Ishemaele ngwana wa mosadi wa lelata. \p \v 30 Mme Dikwalo tsa re Modimo o ne wa raya Aberahame wa re a leleke mosadi wa gagwe wa lelata le morwawe, gonne ngwana wa mosadi wa lelata o ne a ka seka a rua boswa jwa ga Aberahame ebong legae le masimo mmogo le ngwana wa mosadi wa motse. \p \v 31 Bakaulengwe ba ba rategang, ga re bana ba batlhanka, ba ba golegeletsweng mo melaong ya Sejuta, re bana ba mosadi yo e leng ngwana wa motse, re amogelesega kwa Modimong ka ntlha ya tumelo. \c 5 \s1 Kgololesego ka Keresete \p \v 1 Jalo he, Keresete o re golotse. Jaanong tlhomamisang gore lo nne lo golotswe mme lo seka lwa golegelwa lotlhe gape mo dikeetaneng tsa botlhanka tsa melao le mediro ya Sejuta. \v 2 Ntheetsang ka tlhawaafalo, gonne se ga se dinyana: fa e le gore lo ikaegile mo go rupisiweng ebile lo tshegetsa melao ya Sejuta go lo siamisa mo Modimong, jalo Keresete ga a kake a lo boloka. \v 3 Ke ipoeletsa gape ka re: le fa e le mang yo o lekang go nna botsalano le Modimo ka go rupisiwa o tshwanetse go obamela molao mongwe le mongwe wa Sejuta malatsi otlhe e seng jalo a nyelele. \v 4 Keresete ga a na thuso epe mo go lona fa lo ganelela mo go phimoleng molato wa lona kwa Modimong ka go tshegetsa melao eo: lo latlhegile mo tshegofatsong ya Modimo. \p \v 5 Mme rona ka thuso ya Mowa O O Boitshepo re ikaegile mo losong lwa ga Keresete go phimola dibe tsa rona le go re siamisa mo Modimong. \v 6 Le gone rona ba Keresete a re neetseng botshelo jo bo sa khutleng ga go tlhokege gore re tshwenyege ka gore a re rupisitswe kgotsa nnyaa; kgotsa gore a re obamela mediro ya Sejuta kgotsa nnyaa; gonne gotlhe mo re go tlhokang ke tumelo e e dirang ka lorato. \p \v 7 Lo ne lo direla Modimo sentle thata. Yo o lo kgoreleditseng a lo busetsa kwa morago mo go saleng boammaaruri morago ke mang? \v 8 Tota ga se Modimo o o dirileng jalo, gonne ke one o o lo bileditseng mo kgololesegong mo go Keresete. \v 9 Mme motho a le mongwe fela yo o sa siamang mo gare ga lona o siamolola ba bangwe botlhe. \v 10 Ke ikanya Morena go lo busetsa mo go dumeleng jaaka ke dumela kaga dilo tse. Modimo o tlaa atlhola mosiamolodi yoo, le fa e ka ne e le mang, yo o ntseng a lo tshwenya ebile a lo tlhakatlhakanya ditlhogo. \v 11 Batho bangwe ba re Nna tota ke rera gore thupiso le melao ya Sejuta di tlhokega mo leanong la poloko. Jalo he, fa e le gore ke rerile jalo, ke ka bo ke sa tlhole ke bogisiwa, gonne molaetsa oo ga o kgopise ope. Lebaka le ke santseng ke bogisiwa ka lone, le supa gore ke santse ke rera poloko ka tumelo mo mokgorong wa ga Keresete a le nosi. \s1 Ditaolo tsa Mowa O O Boitshepo \p \v 12 Ke eletsa fela gore baruti ba, ba ba batlang gore lo ikgaole ka go rupisiwa ba ikgaole mo go lona ba lo tlogele! \p \v 13 Gonne bakaulengwe, lo neetswe kgololesego: e seng kgololesego ya go dira bosula, mme e leng kgololesego ya go ratana le go direlana. \v 14 Gonne Molao otlhe o ka khutshwafalediwa mo taolong e e reng: “Rata ba bangwe jaaka o ithata.” \v 15 Mme fa mo boemong jwa gore lo supe kgolagano ya lorato mo go lona, malatsi otlhe lo buana bosula lo rumolana, itlhokomeleng! Itiseng mo go koafatsaneng. \p \v 16 Ke lo gakolola gore lo obamele ditaolo tsa Mowa O O Boitshepo fela. O tlaa lo bolelela gore lo ye kae le gore lo dire eng; jalo ga lo na go dira dilo tse di sa siamang malatsi otlhe tse tlholego ya lona e e bosula e batlang lo di dira. \v 17 Gonne ka tlholego re rata go dira dilo tse di bosula tse e leng gore ke dilo di sele fela mo dilong tse Mowa O O Boitshepo o re bolelelang gore re di dire; mme dilo tse di molemo tse re batlang go di dira fa Mowa O O Boitshepo o re kaela tsela ke dilo di sele mo dithatong tsa rona tsa tlholego. Dinonofo tse pedi tse, tse di mo go rona, di tsweletse ka go lwela go re laola, mme dikeletso tsa rona ga di a gololesega mo dikgatelelong tsa tsone. \v 18 Mme fa lo gogwa ke Mowa O O Boitshepo ga go sa tlhole go tlhokega gore lo ipateletse go obamela melao ya Sejuta. \v 19 Mme fa lo sala morago dithato tsa lona tse di bosula, matshelo a lona a tlaa ungwa maungo a a bosula a: megopolo e e leswe le keletso ya dithato tsa senama, \v 20 go rapela medimo ya disetwa, mewa e e maswe (ke gore go kgothatsa tiriso ya badimo), kilo le go lwa, lefufa le kgakalo, go ikgagapela, dingongorego le go buana bosula, maikutlo a gore mongwe le mongwe o phoso fa e se ba ba mo setlhopheng sa gago fela, gape go tlaa nna thuto e e seng ya boammaaruri, \v 21 bopelotshetlha, go bolaya, botagwa, botlhapelwa le gotlhe fela moo. Mmang ke lo bolelele gape jaaka pele, gore le fa e le mang yo o tshelang botshelo jo bo ntseng jalo ga a kitla a rua bogosi jwa Modimo. \p \v 22 Mme fa Mowa O O Boitshepo o laola matshelo a rona o tlaa ungwa loungo lwa mofuta o mo go rona: lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, boikanyego, \v 23 tshiamo le boitshwaro; mme fa ga gona kgogakgogano le melao ya Sejuta. \p \v 24 Ba e leng ba ga Keresete ba kokotetse dithato tse di bosula tsa bone tsa tlholego mo mokgorong wa gagwe ba di bapola gone foo. \p \v 25 Fa e le gore jaanong re tshela ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo, a re gogweng ke Mowa O O Boitshepo mo tokololong nngwe le nngwe ya matshelo a rona. \v 26 Mme ga re na go tlhokana le go ipatlela tlotlo le go itsege mo go gogelang kwa lefufeng le mo go tsholaneng ka dipelo. \c 6 \s1 Go thusa ba ba latlhegileng \p \v 1 Bakaulengwe ba ba rategang, fa Mokeresete a fentswe ke sebe sengwe, lona ba ba boifang Modimo lo mo thuse ka tshiamo le boikokobetso go mmusetsa mo tseleng e e siameng, lo gakologelwa gore nako nngwe e ka ne e le mongwe wa lona yo o mo molatong. \p \v 2 Rwadisanyang matshwenyego le mathata, jalo lo obamele taolo ya Morena. \v 3 Fa mongwe a ithaya a re o mogolo thata go ka ingotlela mafoko a, o a itsietsa. Tota ga a sepe. \p \v 4 A mongwe le mongwe a tlhomamise gore o leka bojotlhe jwa gagwe, gonne ka go dira jalo o tlaa ipelafatsa ka tiro e a e dirileng sentle, le gone ga a na go tlhokana le go itshwantshanya le ope. \p \v 5 Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itshwaya diphoso le go ithwalela merwalo. Gonne ga go ope wa rona yo o itekanetseng. \v 6 Ba ba ru-twang lefoko la Modimo ba tshwanetse go thusa barutintshi ba bone ka go ba duela. \p \v 7 Se tsietsegeng, gakologelwang gore ga lo kake lwa itlhokomolosa Modimo mme lwa fenya: motho o tlaa roba seo fela se a se jalang! \v 8 Fa a jalela go itumedisa dithato tsa gagwe tse di sa siamang, o tlaa bo a jala dipeo tsa bosula mme ka go dira jalo ammaaruri o tlaa roba thobo ya mowa o o bodileng le loso; mme fa a jala dilo tse di molemo tsa semowa o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo Mowa O O Boitshepo o bo mo nayang. \v 9 Mme a re se lapeng go dira se se siameng, gonne morago ga lobakanyana re tlaa roba thobo ya letlhogonolo fa re sa kgobega marapo re bo re itlhoboga. \v 10 Ke sone se e leng gore fa go kgonega re tshwanetse go nna pelonomi mo go mongwe le mongwe malatsi otlhe, segolo jang bakaulengwe ba rona ba Bakeresete: \s1 Mafoko a bofelo \p \v 11 Ke tlaa feletsa ka go kwala mafoko a ka seatla se e leng sa me. Bonang ka fa ke tlamegang go kwala ditlhaka tse dikgolo ka teng. \p \v 12 Baruti bao ba lona ba ba lekang go lo fenya gore lo rupisiwe, ba dira jalo ka ntlha ya lebaka le le lengwe fela: gore ba itsege ba bo ba kganele pogiso e ba neng ba tlaa wela mo go yone fa ba ne ba ka dumela gore mokgoro wa ga Keresete o le nosi fela o ka boloka. \v 13 Mme le bone baruti bao ba ba ineelang mo thupisong ga ba leke go tshegetsa melao e mengwe ya Sejuta; mme ba batla gore lo rupisiwe gore ba tle ba ipelafatse ka gore lo barutwa ba bone. \p \v 14 Mme fa e le ka ga me, Modimo ga o ntetlelele gore ke ipelafatse ka sepe fa e se mokgoro wa Morena wa rona Jesu Keresete. Ka ntlha ya mokgoro oo, kgatlhego ya me mo dilong tsotlhe tse di gapang maikutlo tsa lefatshe ga e bolo go bolawa, le kgatlhego ya lefatshe mo go nna ga e bolo go swa. \p \v 15 Jaanong ga go a tota re fetoletswe mo go nneng batho ba basha ba ba pharologanyo. \p \v 16 A kutlwelo botlhoko ya Modimo le kagiso e nne le lona lotlhe ba lo tshelang ka tsela e, le mo go botlhe ba e leng ba Modimo tota gongwe le gongwe. \v 17 Go simologa gompieno tswee-tswee se ngangisanyeng le nna kaga dilo tse, gonne mo mmeleng wa me go tletse mabadi a dithupa le dintho tse di dirilweng ke baba ba ga Jesu tse di ntshupang gore ke motlhanka wa gagwe. \p \v 18 Bakaulengwe ba ba rategang, a tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. \cls Ke nna wa lona ruri, \cls Paulo