\id EPH - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Baefesia \toc1 Baefesia \toc2 Baefesia \toc3 Baefesia \mt1 Baefesia \c 1 \s1 Lokwalo lwa ga Paulo a kwalela Baefesia \p \v 1 Ditsala tsa me tsa Bakeresete mo Efeso tse di rategang, tse ka malatsi otlhe di ikanyegang mo Moreneng: ke nna Paulo yo ke lo kwalelang, yo ke tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete. \p \v 2 A masego a gagwe le kagiso a nne le lona, a lo a romeletsweng ke Modimo Rraetsho le Jesu Keresete Morena wa rona. \s1 Go segofadiwa ka ntlha ya ga Keresete \p \v 3 Mme re galaletsa Modimo thata jang, Ra-Morena wa rona ebong Jesu Keresete, yo o re segofaditseng ka lesego lengwe le lengwe mo legodimong ka gobo re le ba ga Keresete. \p \v 4 Erile bogologolo, le pele ga o dira lefatshe, Modimo o ne wa re itlhophela go nna baone tota, ka se Keresete o neng a tlaa se re direla; o ne wa ikaelela go re itshepisa mo matlhong a One, re sena molato ope rona ba re emeng fa pele ga one re apere lorato lwa one. \v 5 Leano la one le le sa fetogeng e ntse ka malatsi otlhe e le go re dira ba lelwapa la One ka go roma Jesu Keresete go tla go re swela. Mme o ne o dira jaana ka gore o ne o batla go dira jalo! \p \v 6 Jaanong a pako yotlhe e nne go Modimo ka ntlha ya bopelonomi jwa one jo bo hakgamatsang mo go rona, le botsalano jo o re bo neileng ka ntlha ya go bo re le ba Morwaa One yo o rategang thata. \v 7 Jalo he, bopelonomi jwa One bo a penologa mo go rona gonne o ne wa tlosa dibe tsotlhe tsa rona ka madi a Morwaa One, yo re bolokwang ka ene; \v 8 gape o re neseditse khumo ya tshegofatso ya One, gonne o re tlhaloganya sentle thata ebile o itse se se re siametseng ka dinako tsotlhe. \p \v 9 Modimo o re boleletse lebaka la sephiri sa One sa go romela Keresete, leano la kutlwelobotlhoko le o sa bolong go le akanya; \v 10 mme maikaelelo a One e ne e le a: gore e re fa lobaka lo setse lo siame o re phuthe rotlhe gongwe le gongwe kwa re leng teng, mo legodimong kgotsa mo lefatsheng, go nna le one mo go Keresete, ka bosakhutleng. \v 11 Segolo jang ka ntlha ya se Keresete a se dirileng, re nnile dimpho tsa Modimo tse o di itulelang, mme ka ele bontlhabongwe jwa leano la bogosi re sale re tlhophiwa go nna ba One go tswa tshimologong, mme dilo tsotlhe di diragala fela jaaka o sale o ikaeletse bogologolo. \v 12 Maikaelelo a Modimo mo go lone leano le, e ne e le gore re galaletse Modimo re bo re o neye kgalalelo ka ntlha ya go re direla dilo tse dikgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go re direla dilo tse di kgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go ikanya Keresete. \p \v 13 Mme ka ntlha ya se Keresete o se dirileng, le lona lotlhe ba bangwe, ba lo utlwileng Mafoko a a Molemo a ka fa lo ka bolokwang ka teng, lwa ba lwa ikanya Keresete, lo ne lwa tshwaiwa ke Mowa O O Boitshepo gore lo ba ga Keresete, o e rileng bogologolo ra o solofediwa rotlhe rona Bakeresete. \v 14 Go nna teng ga gagwe mo go rona ke tlhomamiso ya Modimo gore tota o tlaa re neela gotlhe mo o go re solofeditseng; mme sekano sa mowa O O Boitshepo mo go rona se raya gore Modimo o setse o re rekile, le gore o tlhomamisa go re busetsa kwa go one. Ke lone fela lebaka le lengwe le re tshwanetseng go galaletsa Modimo wa rona wa kgalalelo ka lone. \v 15 Ke gone ka mo e leng gore, fa e sale fela e re ke sena go utlwalela kaga tumelo ya lona e e nonofileng mo go Morena Jesu le kaga lorato lo lo nang nalo mo Bakereseteng gongwe le gongwe, \v 16-17 ga ke ise ke ko ke khutle go leboga Modimo kaga lona. Ke lo rapelela gangwe le gape, ke kopa Mo-dimo, Rara yo o galalelang wa Morena wa rona Jesu Keresete, go lo naya botlhale go bona sentle le go tlhaloganya tota gore Jesu ke mang le gotlhe mo o go lo diretseng. \v 18 Ke rapelela gore dipelo tsa lona di tlale lesedi gore lo tle lo bone sengwe sa malatsi a a saleng kwa pele se a se lo bileditseng go nna le seabe mo go sone. Ke batla gore lo lemoge gore Modimo o humile gonne rona ba re leng ba ga Keresete re ba one. \p \v 19 Ke rapelela gore lo simolole go tlhaloganya ka fa nonofo ya One e leng kgolo ka teng go thusa ba ba dumelang mo go One. Mme e ntse ke yone fela nonofo e kgolo eo, \v 20 e e tsositseng Keresete mo baswing ya mmaya mo lefelong la tlotlo ka fa lebogong le legolo la Modimo mo legodimong, \v 21 kwa godimo-dimo thata go feta kgosi le fa e ka ne e le efe kgotsa mmusi kgotsa molaodi yo o sa fetolweng kgotsa moeteledipele. Ee, tlotlo ya gagwe e galalela thata go feta le fa e le ya ga mang mo lefatsheng leno kgotsa mo lefatsheng le le tlang. \p \v 22 Mme Modimo o beile dilo tsotlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe wa bo wa mo dira Tlhogo kgolo ya phuthego, \v 23 e e leng mmele wa gagwe, e e tladitsweng ka ene, Motlhodi le Moabi wa dilo tsotlhe gongwe le gongwe. \c 2 \s1 Re bolokilwe ka kutlwelobotlhoko ya Modimo \p \v 1 Lo kile lwa bo lo hutsitswe ke Modimo, lo atlholetswe loso lwa bosakhutleng ka ntlha ya dibe tsa lona. \v 2 Lo ne lo tsamaya le bontsintsi jwa batho mme lo ne lo tshwana fela le ba bangwe botlhe, lo tletse boleo, lo ikobela Satane, kgosana e kgolo ya nonofo ya loapi, e e dirang mo dipelong tsa ba ba kgatlhanong le Morena gone jaanong. \v 3 Rotlhe re kile ra bo re ntse fela jaaka ba ntse, matshelo a rona a supa bosula jo bo mo go rona, re dira sengwe le sengwe sa boikepo se dikeletso tsa rona kgotsa megopolo ya rona e e bosula e neng e re gogela mo go sone. Re ne ra simolola ka bomaswe, re tsetswe ka ditlholego tse di bosula, ra bo ra nna mo bogaleng jwa Modimo fela jaaka mongwe le mongwe. \p \v 4 Mme Modimo o humile kutlwelo botlhoko thata; o re ratile thata, \v 5 mo e leng gore le fa re ne re sule mo moweng ebile re atlholetswe loso lwa bosakhutleng ka ntlha ya dibe tsa rona, o ne wa re busetsa matshelo a rona fa o tsosa Keresete mo baswing fela ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya One e e neng e sa re tshwanela, re ne ra bolokelwa ruri, \v 6 wa bo wa re ntsha mo lebitleng wa re tsenya mo kgalalelong mmogo le Keresete, kwa re nnang teng le ene mo mannong a segosi a selegodimo ka ntlha ya se Keresete Jesu a se dirileng. \v 7 Mme jaanong Modimo ka malatsi otlhe o ka re supegetsa e le dikai tsa ka fa bopelonomi jwa one jo bontle bo ntseng ka teng; jaaka go supiwa mo go tsotlhe tse o re di diretseng ka Jesu Keresete. \p \v 8 Ka ntlha ya bopelonomi jwa one lo bolokilwe ka go ikanya Keresete. Mme le e leng go ikanya ga se ga lona ka bo lona; le gone ke mpho e e tswang kwa Modimong. \p \v 9 Poloko ga se tuelo ya tshiamo e re e dirileng, jalo he, ga gona ope wa rona yo o ka ipelafatsang ka yone. \v 10 Ke Modimo ka bo one o o re dirileng se re leng sone wa bo wa re naya matshelo a masha a a tswang kwa go Keresete Jesu; mme mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng o ne wa loga leano la gore re tshwanetse go dirisa matshelo go thusa ba bangwe. \s1 Re bangwefela mo go Keresete \p \v 11 Se lebaleng gore lo kile lwa bo lo le baheitane, le gore Bajuta ba ne ba lo bitsa batho ba ba senang Modimo, ba ba “leswe”. (Mme le bone dipelo tsa bone di ne di santse di le leswe, le fa ba ne ba tsena mo dingwaong le mo medirong ya basiami, gonne ba ne ba ithupisa e le sesupo sa bomodimo). \v 12 Gakologelwang gore malatsing ao lo ne lo tshela kwa ntle ga ga Keresete; lo ne lo le baba ba bana ba Modimo mme o ne o sa lo solofetsa thuso epe. Lo ne lo latlhegile, lo sena Modimo, lo sena tsholofelo. \v 13 Mme jaanong lo ba ga Keresete, mme le fa lo kile lwa ne lo le kgakala le Modimo, jaanong lo tlisitswe gaufi le one ka ntlha ya se Keresete o se lo diretseng ka madi a gagwe. \p \v 14 Gonne Keresete ka sebele ke tsela ya rona ya kagiso. O dirile kagiso fa gare ga rona Bajuta le lona Badichaba ka go re dira bana ba lolwapa lo le longwe, a diga lorako lwa kilano e e tletseng lonyatso e e neng e re kgaoganya. \v 15 Ka loso lwa gagwe o khutlisitse tsogologano le pifelano fa gare ga rona, e e neng e dirwa ke melao ya Sejuta e e neng e sireleditse Bajuta fela e kgetholola Badichaba, gonne o swetse gore a phimole tsela eo yotlhe ya melao ya Sejuta. Mme a tsaya ditlhopha tse pedi tse di neng di sa utlwane a di dira ditokololo tsa gagwe; ka go dira jalo a re bopaganya go nna motho a le mongwe yo mosha, mme lwa bofelo ga nna kagiso. \v 16 Ka re le ditokololo tsa mmele wa gagwe, dikilano tsa rona di nyeletse, gonne rotlhe re letlantswe mo Modimong. Jalo he, lwa bofelo kgotlhang ya felela kwa mokgorong. \v 17 Mme o rile Mafoko a a Molemo a, a kagiso kwa go lona Badichaba ba lo neng lo le kgakala thata nae, le kwa go rona Bajuta ba re neng re le gaufi. \v 18 Jaanong rotlhe fela, Bajuta kgotsa Badichaba, re ka tla kwa Modimong Rara ka thuso ya Mowa O O Boitshepo ka ntlha ya se Keresete o se re diretseng. \p \v 19 Jaanong ga lo sa tlhole lo le baeng mo Modimong le bajaki mo legodimong, mme lo ba lolwapa lwa Modimo tota, ebile lo ba ntlo ya one mmogo le Bakeresete botlhe. \p \v 20 A motheo o montle o lo emeng mo go one jaanong jaana: ebong baaposetoloi le baporofiti: Jesu Keresete ka sebele e leng lentswe la kago la kgokgotshwana. \v 21 Rona ba re dumelang re lomagantswe sentle le Keresete jaaka ditokololo tsa tempele e ntle ya Modimo e e golelang pele. \p \v 22 Mme le lona lo lomagantswe nae le ba bangwe ke Mowa, jalo lo tokololo ya ntlo e ya Modimo. \c 3 \s1 Paulo o rerela Badichaba \p \v 1 Nna Paulo, motlhanka wa ga Keresete, ke fano mo kgolegelong ka ntlha ya lona, ka go rera gore le lona Badichaba lo bontlha bongwe jwa ntlo ya Modimo. \v 2-3 Ga go belaesege lo setse lo itse gore Modimo o nneetse tiro e e faphegileng e ya go supa kutlwelo botlhoko mo go lona Badichaba, jaaka ke buile pele ka bokhutshwane mo lokwalong longwe lwa dikwalo tsa me. Modimo ka sebele o nkaetse leano le la one la bosaitsiweng la gore Badichaba le bone ba balelwa mo bopelonoming jwa one. \v 4 Ke bua jaana go lo tlhalosetsa ka fa ke itseng dilo tse ka teng. \v 5 Mo metlheng ya bogologolo Modimo ga o ise o ke o tlhakanele leano le, le batho ba one, mme jaanong o le senoletse baaposetoloi le baporofiti ba one ka Mowa O O Boitshepo. \v 6 Mme bosaitsiweng ke jo: gore Badichaba ba tlaa nna le seabe se se lekanang le sa Bajuta mo dikhumong tsotlhe tse di ruilweng ke barwa-Modimo; botlhe ba lalediwa go nna ba phuthego ya one, mme gotlhe ga ditsholofetso tsa Modimo tsa matlhogonolo a magolo ka Keresete ke ga bone botlhe fa ba amogela Mafoko a a Molemo kaga Keresete le se a se ba diretseng. \v 7 Modimo o nneetse tshwanelo e e hakgamatsang e ya go bolelela mongwe le mongwe leano le la one; gape o nneetse nonofo ya one le botlhale jo bo faphegileng go le tlhalosa ka fa tshwanelong. \p \v 8 A lo ko lo akanyeng! Le fa ke sa dira sepe se se dirang gore ke le tshwanele, gape le fa nna ke le Mokeresete yo e seng wa sepe bogolo go botlhe, le fa go ntse jalo ke nna yo ke neng ka tlhophelwa tiro e, e e itumedisang, e e faphegileng ya go bolelela Badichaba Mafoko a Boitumelo a mahumo a a sa feleng a ba ka a bonang ka Keresete; \v 9 le go tlhalosetsa mongwe le mongwe gore Modimo ke Mmoloki le wa Badichaba, fela jaaka ene yo o dirileng dilo tsotlhe a ne a rulaganya mo sephiring go tswa tshimologong. \p \v 10 Mme tota maikaelelo a one e ne e le eng? E ne e le go supegetsa batshwara-marapo botlhe ba legodimo ka fa Modimo o leng botlhale ka teng fa botlhe ba lolwapa lwa One, Bajuta le Badichaba, ka go tshwana, ba lomagantswe mmogo mo phuthegong ya one, \v 11 fela jaaka o ne o sa bolo go rulaganya go dira ka Jesu Keresete Morena wa rona. \v 12 Jaanong re ka tla mo Modinong kwa ntle ga poifo, re tlhomamisa kamogelo ya one e e tletseng boitumelo fa re tla ka Keresete ebile re mo ikanya. \v 13 Ke gone tswee-tswee se lapisiweng dipelo ke se ba se ntirang kwano. Ke bogela lona mme lo tshwa-netse go ikutlwa e le tlotlo mo go lona lwa ba lwa tsenya marapo dinameng. \s1 Go rapelela Baefesia \p \v 14-15 Fa ke akanya kaga botlhale le megopolo ya leano la one ke khubama ka mangole ke rapela Rara wa ba ntlo e kgolo yotlhe ya Modimo, bangwe ba bone ba setse ba le kwa legodimong mme ba bangwe ba fano mo lefatsheng, \v 16 gore mo dikhumong tsa one tse di galalelang tse di senang selekanyo, o tlaa lo naya nonofo e kgolo e e ka fa teng ka Mowa wa One O O Boitshepo. \p \v 17 Mme ke rapela gore Keresete a nne ka kgololesego mo dipelong tsa lona, a nna mo go lona jaaka lo mo ikanya. A medi ya lona e tsenelele kwa teng mo loratong lwa Modimo lo lo hakgamatsang; \v 18-19 gape lo bo lo kgone go ikutlwela le go tlhaloganya, bana ba Modimo botlhe ba tshwanetse, kana lorato lwa gagwe lo boleele bo kae, lo bophara bo kae, lo boteng bo le kae, le gone lo kwa godimo jang; mme gore lo itemogele lorato lo ka bo lona, le fa lo le bogolo go le kalo mo lo ka sekeng lwa bona bofelelo ja lone kgotsa go tlhaloganya ka botlalo. Mme kwa bokhutlong lo tlaa tladiwa ka Modimo ka sebele. \p \v 20 Jaanong a kgalalelo e nne go Modimo o ka nonofo ya one e kgolo e e dirang mo go rona, o kgonang go dira go le gotona go na le jaaka re ne re ka kopa kgotsa le go akanya ka ga gone go feta dithapelo tsa rona tse dikgolo thata mo go senang selekanyo, dikeletso tse di molemo, dikakanyo, kgotsa ditsholofelo. \v 21 A o newe kgalalelo ka bosakhutleng mo dingwageng tse di sa khutleng ka ntlha ya leina la Morena la poloko ya phuthego ka Jesu Keresete. \c 4 \s1 Tshwaragano mo go Keresete \p \v 1 Ke a lo kopa, nna yo ke leng legolegwa mo kgolegelong ka ntlha ya go direla Morena, gore lo tshele lo bo lo sepele ka fa tseleng e e tshwanetseng ba ba tlhophetsweng masego a mantle jaaka one a. \v 2 Nnang boikokobetso le bonolo. Nnang pelotelele yo mongwe mo go yo mongwe, lo leke go iphapaanya ka lorato le diphoso tse lo ka di diralanang. \p \v 3 Lekang ka malatsi otlhe go gogwa ke Mowa O O Boitshepo, gore lo tle lo nne ka kagiso yo mongwe mo go yo mongwe. \p \v 4 Rotlhe ditokololo tsa mmele o le mongwe fela, re na le Mowa o o tshwanang, bile rotlhe re bileditswe tsholofelo e e tshwanang e e galalelang. \v 5 Morena wa rona o mongwe fela, tumelo e nngwe fela, kolobetso e nngwe fela, \v 6 gape rotlhe re na le Modimo o le mongwe fela le Rara yo o re okameng rotlhe ebile a le mo go rona rotlhe, a bile a tshela mo tokololong nngwe le nngwe ya rona. \v 7 Le fa go ntse jalo, Keresete o neile mongwe le mongwe wa rona dinonofo tsa botlhokwa, sengwe le sengwe se a batlang gore re nne naso se tswa mo polokelong ya gagwe e e tletseng dimpho. \p \v 8 Mopesalema o re bolelela kaga sone se, gonne a re erile fa Keresete a boela kwa legodimong a tletse boitumelo jwa phenyo morago ga tsogo ya gagwe mo baswing le go fenya Satane, o ne a naya batho dimpho tsa kutlwelo botlhoko. \p \v 9 Lemogang gore gatwe o ne a boela kwa legodimong. Mo go raya gore o simologile a tswa kwa legodimong, a fologela mo mafelong a a kwa tlase-tlase a lefatshe. \v 10 Ene yo o fologileng e ntse ke ene yo o tlhatlogetseng gape kwa legodimong, gore sengwe le sengwe se tlale ene gongwe le gongwe, go tswa mo go se se kwa tlase go ya kwa go se se kwa godimo. \p \v 11 Bangwe ba rona ba neetswe neo ya botlhokwa go nna baaposetoloi; ba bangwe o ba neile neo ya go rera sentle; ba bangwe ba na le neo ya botlhokwa ya go gapela batho mo go Keresete, ba ba thusa gore ba mo ikanye e le Mmoloki wa bone; mme ba bangwe ba na le neo ya go tlhokomela batho ba Modimo jaaka modisa a tlhokomela dinku tsa gagwe, a ba goga a bile a ba ruta ka ditsela tsa Modimo. \p \v 12 Ke eng fa a re naya dineo tsa botlhokwa go dira dilo dingwe botoka? Ke ka ntlha ya gore batho ba Modimo ba tlaa nonotshiwa go mo direla tiro ka botswerere, ba aga phuthego, ebong mmele wa ga Keresete, go nna mo maemong a nonofo le tlhaloganyo e e tletseng, \v 13 go fitlhelela lwa bofelo rotlhe re dumela ka go tshwana kaga poloko ya rona le kaga Mmoloki wa rona, Morwa Modimo, rotlhe re bo re gola ka botlalo mo Moreneng, ee, go fitlhelela re le mo selekanyong sa go tlala Keresete mo go senang pelaelo. \p \v 14 Mme ga re kitla re tlhola re nna bana, re nna re fetola megopolo ya rona kaga se re se dumelang fela ka gore mongwe o re boleletse sengwe se se pharologanyo, kgotsa a re akeditse ka botlhale a dirile gore maaka a utlwale jaaka boammaaruri. \p \v 15-16 Mo boemong jwa go fetola megopolo ya rona mo go se re se dumelang, re tlaa sala morago boammaaruri ka lorato ka dinako tsotlhe, re bua boammaaruri, re dira ka boammaaruri, re tshela ka boammaaruri, mo tseleng nngwe le nngwe re nna jaaka Keresete yo o leng Tlhogo ya mmele wa gagwe, ebong phuthego. Ka fa ketelellong ya pele ya gagwe mmele otlhe o kitlanye sentle, mme tokololo nngwe le nngwe mo tirong ya yone ya botlhokwa e thusa ditokololo tse dingwe gore mmele otlhe o itekanele o gole o bo a tlale lorato. \s1 Mekgwa ya bogologolo \p \v 17-18 Mmang ke bue jaana, ka go bua jalo ke buelela Morena: se tlholeng lo tshela jaaka ba ba sa bolokwang ba tshela, gonne ba foufaditswe ebile ga ba sa tlhole ba itse se e leng boammaaruri. Dipelo tsa bone tse di tswetsweng di tletse ka lefifi; ba kgakala thata le botshelo jwa Modimo gonne ba o tswaletse megopolo ya bone, mme ga ba kake ba tlhaloganya ditsela tsa one. \p \v 19 Ga ba sa tlhole ba kgathala kaga tshiamo le bosula ebile ba ineetse mo ditseleng tse di makgapha. Ga ba tlogele sepe, ba dirisiwa ke megopolo ya bone e e bosula le dikeletso tsa bosutlha. \s1 Mekgwa e mesha \p \v 20 Mme ga se ka fa Keresete a lo rutileng ka teng! \v 21 Fa e le gore tota lo utlwile lentswe la gagwe ebile lo ithutile mo go ene boammaaruri kaga gagwe, \v 22 ke gone latlhang tlholego ya lona e kgologolo e e bosula, popego ya lona ya bogologolo e e neng e le mopati wa lona mo ditseleng tsa lona tse di bosula, e e bodileng go ya goileng, e tletse dikeletso le tsietso. \p \v 23 Jaanong mekgwa le megopolo ya lona e tshwanetse go bo e fetogile botoka gangwe le gape. \v 24 Ee, o tshwanetse go bo o le motho yo mosha yo o pharologanyo, o itshephile ebile o le molemo. Ikapese ka tlholego e ncha e. \p \v 25 Khutlisang go akelana; buang boammaaruri, gonne mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya yo mongwe mme fa re akelana re ikutlwisa botlhoko. \v 26 Fa o kgopisegile, se dire sebe ka go boloka kutlo botlhoko ya gago mo pelong. Se letle gore letsatsi le phirime o santse o kgopisegile gore o lebale ka bonako; \v 27 gonne fa o tenegile o neela diabolo maitsetsepelo a magolo. \v 28 Fa mongwe a utswa a a go bakele, a simolole go dirisa mabogo ao a gagwe mo tirong ya boikanyego, gore a tle a abele ba bangwe ba ba tlhokang. \v 29 Se bue matlhapa. Bua fela se se molemo ebile se na le thuso mo go ba o buang nabo, le se se tlaa ba segofatsang. \p \v 30 Se futsafatseng Mowa O O Boitshepo ka tsela e lo tshelang ka yone. Gakologelwang, ke one o o supang kaga lona mo letsatsing leo fa poloko go tswa mo sebeng e tlaa bong e feletse. \v 31 Khutlisang go nna bohula, pelo e e maswe le go nna bogale. Go omana, mafoko a kgakalo le kilano di se ka tsa nna mo matshelong a lona. \p \v 32 Mo boemong jwa moo ratanang, nnang pelonomi, lo itshwarelane, fela jaaka Modimo o lo itshwaretse gonne lo ba ga Keresete. \c 5 \s1 Ditiro tse di maswe le tse dintle \p \v 1 Ke gone etsang Modimo mo go sengwe le sengwe se lo se dirang fela jaaka ngwana yo o ratwang thata a etsa rraagwe. \v 2 Ratanang thata, lo etse Keresete yo o lo ratileng a bo a ineela Modimo go nna setlhabelo se se tlosang dibe tsa lona. Mme Modimo o ne wa itumela, gonne lorato lo Keresete o lo ratileng ka lone, lo ne lo tshwana le setlolo se se nkgang monate mo go one. \p \v 3 A go se nne sebe sa boaka, boitshekologo kgotsa bohula mo go lona. A go se nne le ope yo o umakang dilo tse mo go lona. \v 4 Dipolelo tse di maswe, dikgang tse di leswafatsang, le dinyao tse di sa siamang, tse ga se tsa lona. Mo boemong jwa tsone, gakologelwang kaga bomolemo jwa Modimo lo bo lo leboge. \p \v 5 Lokatlhomamisa selose: Bogosi jwa ga Keresete le Modimo ga bo kitla bo tshwanela le fa e le mang yo o itshekologileng kgotsa yo o bohula gonne motho yo o bohula ke moobamedi wa me-dimoya disetwa, o rata dilo tse dintle tsa lefatshe leno ebile o a di obamela go na le Modimo. \v 6 Se tsiediweng ke ba ba lekang go itlhokomolosa dibe tse, gonne bogale jwa Modimo jo bo tukang bo mo go botlhe ba ba di dirang. \p \v 7 Lo seka lwa ba lwa nna le bokopano le batho bao. \v 8 Gonne le fa dipelo tsa lona di kile tsa ne di tletse lefifi, jaanong di tletse lesedi le le tswang kwa Moreneng, mme maitseo a lona a tshwanetse go le supa. \v 9 Mme ka ntlha ya lesedi le, le le mo go lona, lo tshwanetse go dira fela se se molemo, se siame ebile gape se le boammaaruri. \p \v 10 Ithuteng se se itumedisang Morena fa lo ntse lo tsweletse. \v 11 Lo seka lwa nna le seabe mo tlhape-ding tsa boleo le tsa lefifi tse di sa thuseng ka sepe, mme mo boemongjwa go dira jalo, di kgalemeleng lo bo lo di senole. \v 12 Go ka tlhabisa ditlhong go umaka fano dilo tseo tsa lefifi tse ba ba sa boifeng Modimo ba di dirang. \v 13 Mme fa lo ba senola, lesedi le tlaa bonesa dibe tsa bone le bo le di baya mo pontsheng, mme fa ba bona tota ka fa ba leng molato ka teng, bangwe ba bone ba ka nna bana ba lesedi! \v 14 Ke sone se Modimo mo Dikwalong o reng, “Kubuga, wena morobadi, mme o tsoge mo baswing; mme Keresete o tlaa go naya lesedi.” \p \v 15-16 Jalo he, elang tlhoko ka fa lo itsayang ka teng; malatsi a, ke a a bosula. Se nneng dieleele; nnang botlhale: dirisang lobaka longwe le longwe lo lo nang nalo go dira tshiamo. \v 17 Se direng sepe lo sa akanya, mme lekang go tlhotlhomisa pele ke gone lo itse go dira le fa e le eng se Morena o batlang lo se dira. \v 18 Se nweng mofine o le montsi, gonne maleo a le mantsi a mo go yone tsela eo; mo boemong jwa moo, tlalang ka Mowa O O Boitshepo, lo bo lo laolwe ke one. \p \v 19 Itlwaetseng thata go buisanya ka Morena, lo buisanya ka dipesalema le difela lo bo lo opela dipina tsa semowa, lo opelela Morena mo dipelong tsa lona. \v 20 Malatsi otlhe lebogang Modimo Rraa rona mo go sengwe le sengwe ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete. \p \v 21 Tlotlang Keresete ka go ikobelana. \s1 Banyalani \p \v 22 Lona basadi ba lo nyetsweng, lo tshwanetse go ikobela go gogwa ke banna ba lona fela jaaka lo ikobela Morena. \p \v 23 Gonne monna ke motlhokomedi wa mosadi wa gagwe fela jaaka Keresete e le motlhokomedi wa mmele wa gagwe ebong phuthego. (O ntshitse botshelojwa gagwe setlhabelo go e tlhokomela le go nna Mmoloki wa yone). \v 24 Jalo lona basadi ba lo nyetsweng, lo tshwanetse go ikobela banna ba lona ka lorato mo go sengwe le sengwe, fela jaaka phuthego e ikobela Keresete. \p \v 25 Mme lona banna ba lo nyetseng, supang lone lorato lo mo basading ba lona jaaka Keresete a lo supile mo phuthegong fa a e swela, \v 26 go e dira boitshepo le bophepa, e tlhatswitswe ka kolobetso le Lefoko la Modimo; \v 27 gore a tle a ineye phuthego ka sebele e le phuthego e e galalelang e e senang selabe kgotsa go sosobagana kgotsa bogole, e le boitshepo ebile e sena le fa e le phoso epe. \v 28 Ke yone tsela e banna ba ba nyetseng ba tshwanetseng go tshola basadi ba bone ka yone, ba ba rata jaaka ditokololo tsa mebele ya bone. Gonne ka monna le mosadi wa gagwe jaanong ba le motho a le mongwe fela, monna o itirela tlotlo ebile o a ithata fa a rata mosadi wa gagwe. \v 29-30 Ga go ope yo o ilang mmele wa gagwe mme o o tlhokomela ka lorato, fela jaaka Keresete a tlhokomela mmele wa gagwe ebong phuthego, e re leng ditokololo tsa yone. \p \v 31 Boammaaruri jwa gore monna yo o nyetseng le mosadi wa gagwe ba mmele o le mongwe fela bo supiwa ke Lokwalo lo lo reng, “Monna o tshwanetse go tlogela rraagwe le mmaagwe fa a nyala, gore a tle a lomagane sentle le mosadi wa gagwe, mme bobedi jo e tlaa nna bongwe fela.” \p \v 32 Ke itse gore se se thata go tlhaloganngwa, mme ke setshwantsho sa ka fa re leng ditokololo tsa mmele wa ga Keresete ka teng. \p \v 33 Jalo gape ka re, monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe jaaka tokololo ya gagwe; mme mosadi o tshwanetse go bona tota gore o tlotla monna wa gagwe ka pelo yotlhe, a mo ikobela, a mo galaletsa ebile a mo tlotla. \c 6 \s1 Bana le batsadi \p \v 1 Bana, utlwang batsadi ba lona; se ke selo se se siameng go dirwa gonne Modimo o ba neile taolo ya go lo laola. \v 2 Tlotla rrago le mmaago. O ke molao wa ntlha wa Modimo wa melao o o felelang ka tsholofetso. \v 3 Mme tsholofetso ke e: Gore fa o tlotla rrago le mmago; o tlaa nna le botshelo jo bo leele, jo bo tletseng masego. \p \v 4 Mme jaanong ke raya batsadi ba bana ke re: Se ntse lo kgadiepetsa bana ba lona lo ba omanyetsa ruri, lo ba galefisa lo ba kgopisa. Go na le go dira jalo, ba godiseng ka go ba tshola ka lorato lo Morena a lo dumelang, lo ba gakolola ka poifo Modimo. \s1 Batlhanka le beng ba bone \p \v 5 Batlhanka, ikobeleng beng ba lona; tlhwaafalelang go ba direla ka bonatla jotlhe jwa lona. Ba direleng fela jaaka lo ne lo ka direla Keresete. \p \v 6-7 Se direng thata fela fa Mongwa lona a lo lebeletse mme lwa nnela go tshameka fa a sa lo lebelela; dirang thata ka boitumelo nako yotlhe, jaaka lo ka bo lo direla Keresete, lo dira go rata ga Modimo ka dipelo tsa lona tsotlhe. \p \v 8 Gakologelwang gore, Morena o tlaa lo duelela go dira sengwe le sengwe se se molemo, a lo ka bo lo le batlhanka kgotsa lo se bone. \p \v 9 Mme le lona beng ba batlhanka lo tshwanetse go tshwara batlhanka ba lona sentle, fela jaaka ke ba reile ka re ba lo ikobele. Se ntse lo ba bopela; gakologelwang gore lona ka bo lona lo batlhanka mo go Keresete; lo na le Morena yo ba nang nae, mme ga a rate bape go gaisa ba bangwe. \s1 Diaparo tsa phemelo tsa Modimo \p \v 10 Lwa bofelo, ke batla go lo gakolola gore nonofo ya lona e tshwanetse go tswa mo nonofong e kgolo ya Morena e e mo go lona. \p \v 11 Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo gore lo tle lo kgone go iphemela mo maanong otlhe le boferefere jwa ga Satane. \v 12 Gonne ga re lwe le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, mme re lwa le batho ba ba senang mebele, babusi ba ba bosula ba lefatshe le le sa bonweng ka matlho, dibopiwa tse di nonofileng tsa bo-Satane le magosana a magolo a a bosula a lefifi a a busang lefatshe leno, le mewa e mentsi e e bosula mo lefatsheng le le sa itsegeng. \p \v 13 Jalo dirisang sengwe le sengwe sa seaparo sa Modimo sa phemelo go tlhabantsha mmaba fa a tlhasela, mme fa ntwa e sena go fela, lo tlaa bo lo santse lo eme. \p \v 14 Mme go dira jaana, lo tlaa tlhoka moitlamo wa lotheka o o thata wa boammaaruri le thebe ya sehuba ya tumelo ya Modimo. \v 15 Rwalang ditlhako tse di tlaa dirang gore lo dire ka bofefo fa lo rera Mafoko a a Molemo a kagiso le Modimo. \v 16 Mo ntweng nngwe le nngwe lo tlaa tlhoka tumelo go nna thebe ya lona go kganela metswi e e bogale e lo e lebagantsweng ke Satane. \v 17 Gape lo tlaa tlhoka tlhoro ya phemelo ya poloko le chaka ya Mowa e e leng Lefoko la Modimo. \p \v 18 Rapelang ka metlha yotlhe. Kopang Modimo sengwe fela ka fa dikeletsong tsa Mowa O O Boitshepo. O kopeng, lo o gakolola ka se lo se tlhokang, mme lo bo lo nne lo rapelele Bakeresete botlhe gongwe le gongwe ka tlhwaafalo. \v 19 Nthapelelang le nna, lo bo lo kope Modimo go nnaya mafoko a a ntshwanetseng fa ke bolelela ba bangwe ka bopelokgale kaga Morena, le fa ke ba tlhalosetsa, gore poloko ya gagwe ke ya rona le Badichaba. \p \v 20 Jaanong ke golegilwe ka ntlha ya go rera molaetsa o o tswang kwa Modimong. Mme rapelang gore ke tle ke nne ke tswelele go o buelela ka bopelokgale le mo kgolegelong, jaaka ke tshwanetse. \p \v 21 Tukiko, yo e leng mokaulengwe yo a rategang thata a bile a le mothusi yo o ikanyegang mo tirong ya Morena, o tlaa lo bolelela gotlhe mabapi le ka fa ke tswelelang ka teng. \v 22 Ke mo roma kwa go lona ka maikaelelo a, go lo itsise ka fa re tsogileng ka teng le gore lo bo lo kgothadiwe ke molaetsa o a o lo leretseng. \p \v 23 A Modimo o lo neye kagiso, bakaulengwe ba me mo go Keresete, le lorato ka tumelo e e tswang kwa go Modimo Rara le Morena Jesu Keresete. \v 24 A tshegofatso le masego a Modimo a nne le botlhe ba ba ratang Morena wa rona Jesu Keresete ka boammaaruri.