\id COL - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Bakolosa \toc1 Bakolosa \toc2 Bakolosa \toc3 Bakolosa \mt1 Bakolosa \c 1 \p \v 1 Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo yo o tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete, le kwa go mokaulengwe Timotheo. \p \v 2 Lo ya kwa: Bakaulengweng ba Bakeresete ba ba ikanyegang, batho ba Modimo, mo motseng wa Kolosa. A Modimo Rara wa rona o lo nesetse matlhogonolo o bo o lo tlatse ka kagiso ya One e kgolo. \s1 Go leboga le go rapela \p \v 3 Nako nngwe le nngwe fa re lo rapelela re simolola ka go leboga Modimo Rraa Morena wa rona Jesu Keresete, \v 4 gonne re utlwile gore lo ikanya Modimo go le kae, le gore lo rata batho ba one go le kae. \v 5 Ebile lo solofetse go amogela dilo tse di itumedisang tsa legodimo, le gone ga lo bolo go nna lo di solofela go simolola ka nako e Mafoko a a Molemo a neng a simolola go rerwa ka yone mo go lona. \p \v 6 One Mafoko a a Molemo a, a a tsileng kwa go lona, a anamela mo lefatsheng lotlhe ebile a fetola matshelo a batho gongwe le gongwe, fela jaaka a fetotse matshelo a lona ka lone letsatsi le lo neng lo a utlwa ka lone lwa ba lwa tlhaloganya ka ga kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo mo baleofing. \p \v 7 Epafarase modiri ka rona yo o rategang thata ke ene yo o neng a lo leretse Mafoko a a Molemo a. Ke motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jesu Keresete, go re thusa mo boemong jwa lona. \p \v 8 Gape ke ene yo o re boleletseng kaga lorato lo logolo mo go ba bangwe lo Mowa O O Boitshepo o lo lo neileng. \v 9 Jalo he, e sale e re fela re utlwa kaga lona re bo re tswelela re rapela re kopa Modimo go lo thusa go tlhaloganya se o batlang lo se dira, le go tlhaloganya dilo tsa semowa; \v 10 le go kopa gore tsela e lo tshelang ka yone e itumedise Morena ka metlha yotlhe lo bo lo mo tlotle, gore lo age lo dira, dilo tse di molemo mo go ba bangwe, lo ntse lo tswelela go ithuta go itse Modimo botoka. \p \v 11 Re rapelela gape gore lo tladiwe ka nonofo ya one e kgolo e e galalelang gore lo tle lo kgone go tswelela pele le go le mathata, lo tletse boitumelo jwa Morena ka metlha yotlhe, \v 12 ebile lo leboga ka metlha yotlhe Rara yo o re nonotshitseng go nna le seabe mo dilong tsotlhe tse dintle tse e leng tse ba ba nnang mo Bogosing jwa Lesedi. \v 13 Gonne o re falotshitse ka go re ntsha mo lefifing le mo phifalong ya bogosi jwa ga Satane mme wa re tsenya mo bogosing jwa Morwa One yo o rategang, \v 14 yo o rekileng kgololo ya rona ka madi a gagwe a bo a itshwarela dibe tsa rona tsotlhe. \s1 Keresete ona antse a leteng ko tshimologong \p \v 15 Keresete ke setshwano tota sa Modimo o o sa bonweng ka matlho, O ne a le teng pele ga Modimo o tlhola lobopo lotlhe, mme tota, \v 16 Keresete ka sebele ke mmopi yo o tlhodileng sengwe le sengwe mo legodimong le mo lefasheng, dilo tse re ka di bonang le tse re se ka keng ra di bona; lefatshe la semowa ka dikgosi tse lone le mebuso ya lone, babusi ba lone le maotlana a lone; gotlhe go dirilwe ke Keresete go dirisiwa ke ene mo kgalalelong ya gagwe. \p \v 17 O ne a le teng pele ga sengwe le sengwe se simologa, mme gape ke nonofo ya gagwe e e tshwaragantseng sengwe le sengwe. \p \v 18 Ke ene tlhogo ya mmele o o dirilweng ka batho ba gagwe, ke gore, phuthego ya gagwe e a e simolo-tseng; gape ke Moeteledipele wa botlhe ba ba tsogang mo baswing, gore a nne wa ntlha mo dilong tsotlhe; \v 19 gonne Modimo o ne o batla gore gotlhe mo e leng ga one go nne mo go Morwa One. \p \v 20 E ne e le ka ntlha ya se Morwa One a se dirileng, mo Modimo o neng wa betlela sengwe le sengwe tsela ya go tla kwa go one, dilo tsotlhe mo legodimong le mo lefatsheng, gonne loso lwa ga Keresete mo mokgorong lo diretse botlhe kagiso mo Modimong ka madi a gagwe. \v 21 Mo go balelwa le lona ba lo kileng lwa ne lo le kgakala thata le Modimo. Lo ne lo le baba ba one, lo o ila ebile lo ne lo kgaogantswe le one ke megopolo ya lona e e bosula le ditiro tsa lona mme le fa go ntse jalo jaanong o lo buseditse mo go one go nna ditsala tsa one. \p \v 22 O dirile jaana ka ntlha ya go swa ga mmele wa gagwe wa botho mo mokgorong, mme ka ntlha ya go dira jalo Keresete o lo tlisitse fa pele ga Modimo ka sebele, mme lo eme foo fa pele ga gagwe go se na sepe se se setseng kgatlhanong le lona, go se na sepe se se setseng se a neng a ka se lo omanyetsa; \v 23 se se batlwang fela mo go lona ke gore lo dumele Boammaaruri ka botlalo, lo eme mo go jone lo sa reketle ebile lo nitame, lo nonofile mo Moreneng, lo dumela ka botlalo mo Mafokong a a Molemo gore Jesu o lo swetse, ebile lo sa sute mo go mo ikanyeng go lo boloka. Se mafoko a mantle a a hakgamatsang a a tsileng mo go mongwe le mongwe wa lona mme jaanong a aname le lefatshe lotlhe. Mme nna Paulo, ke na le boitumelo jwa go a bolelela ba bangwe. \p \v 24 Mme bontlha bongwe jwa tiro ya me ke go lo bogela; gape ke a itumela, gonne ke thusa go feleletsa masalela a dipogiso tsa mmele wa ga Keresete, ebong phuthego. \p \v 25 Modimo o nthomile go thusa phuthego ya one, le go lo bolelela lona Badichaba leano la one le le fitlhegileng. \v 26-27 Ga o bolo go fitlha bosaitsiweng jo mo dingwageng tse di makgolokgolo le mo dikokomaneng tse di fetileng, mme jaanong kwa bofelong go mo itumedisitse go bo bolelela ba ba o ratang ebile ba o tshelela, mme mahumo le kga-lalelo ya maikaelelo a one ke a lona le Badichaba. Mme bosaitsiweng joo ke jo: gore Keresete mo dipelong tsa lona ke ene fela tsholofelo ya lona ya kgalalelo. \p \v 28 Jalo gongwe le gongwe kwa re yang teng re bua kaga Keresete mo go botlhe ba ba tlaa ree-tsang, re ba tlhagisa ebile re ba ruta ka fa re itseng ka teng ka ntlha ya se Keresete a se diretseng mongwe le mongwe wa bone. \v 29 Ke yone tiro ya me e, mme ke ka e dira fela ka ntlha ya gore nonofo e kgolo ya ga Keresete e dira mo go nna. \c 2 \p \v 1 Ke eletsa fa lo ne lo ka itse ka fa ke lo kgaratlhetseng ka teng mo thapelong ke rapelela lona le phuthego e e kwa Laodikea, ebile ke rapelela le ditsala tsa me tse dingwe tse dintsi tse di iseng di ke di nkitse sefatlhogo. \v 2 Se ke se lo kope-tseng mo Modimong ke se: gore lo kgothadiwe lo bo lo lomaganngwe mmogo ka ditlamo tse di thata tsa lorato, le gore lo nne le boitemogelo jo bo tletseng le tlhaloganyo ya go itse Keresete ka botlalo. Gonne leano le la Modimo le le neng le sa itsiwe, jaanong le senotswe, ke lone Keresete ka sebele. \v 3 Mo go ene go na le mahumo otlhe a magolo a a fitlhegileng a a senang bolekanngo a botlhale le kitso. \s1 Ikanyeng Keresete \p \v 4 Ke bua jaana ka gore ke tshaba gore motho mongwe o ka lo fora ka puo ya gagwe e e borethe. \v 5 Gonne le fa ke le kgakala le lona, pelo ya me yone e na le lona, ke a itumela gonne lo tsweletse sentle thata, ke a itumela ka ntlha ya tumelo ya lona e e nonofileng mo go Keresete. \v 6 Mme jaanong fela jaaka lo ne lwa ikanya Keresete go lo boloka, mo ikanyeng, le mo matshwenyegong a letsatsi lengwe le lengwe; nnang mo kgolaganong ya botlhokwa nae. \p \v 7 A medi ya lona e melele thata kwa teng ga gagwe mme e gope dikotla mo go ene. Elang tlhoko gore lo tswelele go gola mo Moreneng, le gore lo a nonofa ebile lo tlhomama mo boammaaruring jo lo bo rutilweng. A matshelo a lona a penologe ka boitumelo le malebogo mo go tsotlhe tse a di dirileng. \v 8 Se letleleleng ba bangwe go senya tumelo ya lona le boitumelo ka botlhalenyana jwa bone; le dikarabo tsa bone tse di sa tlalang tse di tswang mo megopolong le mo ditlhaloganyong tsa batho, mo boemong jwa go dumela mo go se Keresete o se buileng. \v 9 Gonne mo go Keresete go na le BoModimo jotlhe mo mmeleng wa setho; \v 10 jalo lo na le sengwe le sengwe fa lo na le Keresete, gape lo tladiwa ka Modimo ka ntlha ya kgolagano ya lona le Keresete. Keresete ke Mmusi yo mogolo, o na le taolo mo nonofong e nngwe le e nngwe. \p \v 11 Erile fa lo tla kwa go Keresete, a lo golola mo dikeletsong tsa lona tse di bosula, eseng ka thupiso ya mmele e e dirwang ka diatla mme e leng ka thupiso ya semowa, kolobetso ya mewa ya lona. \v 12 Gonne mo kolobetsong lo bona ka fa tlholego ya lona e kgologolo e e bosula e suleng nae ka teng le ka fa e neng ya fitlhwa nae ka teng; mme jalo lo ne lwa tsoga mo losong nae lwa tsogela mo botshelong jo bosha gonne lo ne lo ikanya Lefoko la Modimo o mogolo o o tsositseng Keresete mo baswing. \p \v 13 Lo ne lo sule mo dibeng, mme dikeletso tsa lona tsa boleo di ne di ise di kgaolwe. Mme wa lo naya seabe mo go jone botshelo jwa ga Keresete, gonne o ne wa lo itshwarela dibe tsotlhe. \v 14 Wa bo wa phimola bosupi jwa melato yotlhe ya lona, jo bo mo lokwalong lwa melao ya one e lo sa e obamelang. O ne wa tsaya lokwalo lwa melato mme wa lo senya ka go lo kokotela mo sefapaanong sa ga Keresete. \v 15 Ka tsela e, Modimo o ne wa tlosa nonofo ya ga Satane ya go lo bona molato wa boleo, Modimo wa bo wa supa mo pepeneneng mo lefatsheng lotlhe phenyo ya ga Keresete mo mokgorong kwa dibe tsa lona di neng tsa tlosiwa tsotlhe teng. \s1 Ba ba rutang maaka \p \v 16 Jalo se letleleleng ope go lo bona molato kaga se lo se jang kgotsa se lo se nwang, kgotsa ka go tlhoka go tshegetsa malatsi a boikhutso a Sejuta le mediro kgotsa meletlo ya kgwedi e e rogwang kgotsa bo-Sabata. \p \v 17 Gonne se e ne e le melao fela ya lobakanyana e e neng ya khutla fa Keresete a tla. E ne e le meriti fela ya selo sa boammaaruri, ebong Keresete ka sebele. \v 18 Se letleleleng ope go lo raya a re lo latlhegile fa lo gana go obamela baengele, jaaka ba re lo tlamega go ba obamela. Ba re ba bonye ponatshegelo, mme ba itse gore lo tshwanetse. Batho ba ba ikgogomosang ba, ba na le kakanyo ya botlhale jo bogolo. \v 19 Mme ga ba a lomagana le Keresete, tlhogo e rotlhe ba re leng mmele wa gagwe re lomagantsweng mo go yone; gonne re lomagantswe nae ka mesifa ya gagwe e e nonofileng mme re gola fela fa re tsaya kotla le nonofo ya rona mo Modimong. \v 20 Mme e re ka o ka re lo sule le Keresete, ebile go swa mo go lo golotse mo go saleng morago ditlhaloganyo tsa lefatshe tsa ka fa lo ka bolokwang ka teng, ka go dira molemo le go obamela melao e mentsi e e farologanyeng, ke eng fa lo tswelela lo e sala morago ka tsela nngwe, lo santse lo bofilwe ke melao e e reng, \v 21 lo se ka lwa leka sepe ka legano, kgotsa le fa e le go ama dijo dingwe? \p \v 22 Melao e e ntseng jaana ke dithuto tsa batho fela, gonne dijo di diretswe go jewa le go dirisiwa. \v 23 Melao e, e ka ne e bonala e siame, gonne melao ya mofuta o, e batla boineelo jo bo nonofileng mme e kgobalatsa mmele ebile e imela mmele, mme ga e na thuso epe fa go tliwa mo go fenyeng megopolo e e bosula le dikeletso tse di bosula tsa motho. E mo dira boikgodiso fela. \c 3 \s1 Botshelo jo bo itshepileng \p \v 1 E re ka lo tshedile gape, go bua jalo ke gore, ka Keresete a tsogile mo baswing, jaanong tlhomang megopolo ya lona mo mahumong a a molemo le dilo tse di itumedisang tsa legodimo kwa Keresete o ntseng gone fa lotlhakoring lwa Modimo mo lefelong la tlotlo le nonofo. \v 2 Tlhomang megopolo ya lona mo dilong tse di kwa godimo, eseng mo go tse di mo lefatsheng. \v 3 Lo se ka lwa ba lwa nna le fa e le keletso ya lefatshe leno, fela jaaka motho yo o suleng. Botshelo jwa lona tota bo kwa legodimong kwa go Keresete le Modimo. \v 4 Mme fa Keresete yo e leng botshelo jwa rona tota a tla gape, lo tlaa galalela nae lo bo lo nna le seabe mo kgalalelong yotlhe ya gagwe. \p \v 5 Ke gone kgaoganang le dilo tsa boleo tsa selefatshe; bolayang dithato tse di bosula tse di iphitlhileng mo go lona; se tlhokaneng le sebe sa boaka, bomaswe, keletso e e bosula le dikeletso tse di tlhabisang ditlhong; se obameleng dilo tse di molemo tsa botshelo, gonne seo ke go obamela medimo ya disetwa. \p \v 6 Bogale jwa Modimo jo bo tukang bo wetse bone ba ba dirang dilo tse. \v 7 Lo ne lo e tle lo di dire fa botshelo jwa lona e santse e le tokololo ya lefatshe leno; \v 8 mme jaanong ke nako ya go apola le go latlha diaparo tse di bodileng tse tsa kgakalo, kilo, thogakano, le puo e e leswe. \p \v 9 Se akelaneng gonne botshelo jwa lona jo bogologolo le boikepo jwa jone ke jone jo bo neng bo dira selo se se ntseng jalo; jaanong bo sule bo nyeletse. \v 10 Lo tshela botshelo jo bosha gotlhelele jo bo tsweletseng bo ithuta thata kaga se se molemo ebile lo leka gangwe le gape go tshwana le Keresete yo o tlhodileng botshelo jo bosha jo mo go lona. \p \v 11 Mo botshelong jo bosha jo, bomorafe kgotsa lotso, kgotsa thutego ya motho, kgotsa maemo a o nang nao mo go tsa matshelo, dilo tse tsotlhe ga di botlhokwa; ga di reye sepe. Se se tlhokegang ke gore a motho o na le Keresete, gonne Keresete o bonwa ke batho botlhe fela ka go tshwana. \p \v 12 E re ka lo tlhophilwe ke Modimo o o lo neileng mofuta o wa botshelo jo bosha, gape le ka ntlha ya lorato lwa one lo logolo le ka go lo tlhobaelela, lo dire kutlwelo-botlhoko le lorato le bopelonomi mo go ba bangwe. Se tshwenyegeng kaga go dira mogopolo o o siameng mo go bone mme nnang lo ipaakanyeditse go boga ka tidimalo le ka bopelotelele. \v 13 Mme nnang pelonolo lo ikemiseditse go itshwarela; se tsholaneng ka dipelo. Gakologelwang gore Morena o lo itshwaretse, jalo lo tshwanetse go itshwarela ba bangwe. \p \v 14 Mme mo godimo ga dilo tsotlhetse, a lorato lo goge botshelo jwa lona gonne ka go dira jalo, phuthego e tlaa nna mmogo ka kutlwano e e boitekanelo. \p \v 15 A kagiso e e tswang kwa go Keresete e nne mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona ka malatsi otlhe, gonne mo ke tiro ya lona le tshwa-nelo ya lona jaaka lo le ditokololo tsa mmele wa gagwe. Lo nne lo leboge Morena ka malatsi otlhe. \p \v 16 Gakologelwang se Keresete a se rutileng, lo bo lo letle mafoko a gagwe go nonotsha matshelo a lona a bo a lo tlhalefise; rutanang ka ga one lo bo lo opele mo Dipesalemeng le mo difeleng le mo dipineng tsa semowa, lo opelela Morena ka dipelo tse di lebogang. \v 17 Mme le fa e le eng se lo se dirang kgotsa se lo se buang, a se nne jaaka moemedi wa Morena Jesu, lo bo lo leboge Modimo Rara ka ene. \s1 Itshwaro ya Sekeresete \p \v 18 Lona basadi ba ba nyetsweng, ineeleng mo banneng ba lona, gonne seo ke se Morena o se lo rulaganyeditseng. \v 19 Mme lona banna lo tshwanetse lwa nna le lorato le bopelonolo mo basading ba lona, lo lese bogalaka mo go bone le fa e le go ba galefela. \p \v 20 Mme lona bana lo tshwanetse go ikobela borraa lona le bommaa lona, gonne seo se itumedisa Morena. \v 21 Borra bana se kgadiepetseng bana ba lona mo e leng gore go ba nyemisa moko ba bo ba latlhegelwe ke maiteko. \p \v 22 Lona batlhanka lo tshwanetse go ikobela beng ba lona ba lefatshe ka malatsi otlhe, lo sa leke go ba itumedisa fela fa ba lo lebeletse mme lo ba itumedisa ka metlha yotlhe; ba ikobeleng ka boineelo ka ntlha ya lorato lwa lona mo Moreneng le ka ntlha ya gore lo batla go mo itumedisa. \v 23 Dirang thata le ka boitumelo mo go tsotlhe tse lo di dirang, fela jaaka o kare lo ne lo direla Morena eseng fela beng ba lona; \v 24 lo gakologelwe gore ke Morena Keresete yo o tlaa lo duelang, a lo neela seabe sa lona se se tletseng sa tsotlhe tse a nang natso. Ke ene yo tota lo mo direlang. \v 25 Mme fa lo sa mo direle ka bojotlhe jwa lona; o tlaa lo duela ka tsela e lo senang go e rata, gonne ga a na ba a ba ratang go gaisa ba bangwe, ba ba ka tswelelang ba dira ka go itsemeletsa mo tirong. \c 4 \p \v 1 Lona beng ba batlhanka lo tshwanetse gosiama ka tekatekanyo mo batlhankeng ba lona botlhe. Gakologelwang ka malatsi otlhe gore le lona lo na le Mongwa lona kwa legodimong yo o lo etseng tlhoko thata. \p \v 2 Se lapisegeng mo thapelong; nnang mo go yone; lebelelang dikarabo tsa Modimo lo bo lo gakologelwe go leboga fa di tla. \v 3 Se lebaleng go re rapelela le rona, gore Modimo o re neye nako e ntsi go rera Mafoko a a Molemo a ga Keresete a ke leng fano mo kgolegelong ka ntlha ya one. \p \v 4 Rapelang gore ke tle ke nne pelokgale go a bolela ke lokologile le ka botlalo, le go a dira gore a tlhaloganngwe, jaaka tota, ke tshwanetse. \p \v 5 Dirisang dinako tsa lona tse dintsi lo bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo. Nnang botlhale mo go kopaneng ga lona le bone mo dilong tsotlhe. \v 6 A dikgang tsa lona di nne tse di nametsang le tse di utlwalang, gonne ka go dira jalo lo tlaa nna le karabo e e tshwanelang mongwe le mongwe. \p \v 7 Tukiko, mokaulengwe wa rona yo o rategang thata, o tlaa lo bolelela ka fa ke tswelelang ka teng. Ke modiri yo o senatla ebile o direla Morena le nna. \v 8 Ke mo romile mo loetong lo lwa botlhokwa go bona gore lo tsoga jang, go lo gomotsa le go lo kgothatsa. \v 9 Ke roma le Onesima, mokaulengwe yo o ikanyegang yo ebileng a ratega thata, mongwe wa ba ga lona. Ene le Tukiko ba tlaa lo naya dikgang tsotlhe tse di ncha. \p \v 10 Arisetareko, yo ke nang nae kwano jaaka legolegwa, o a lo dumedisa, le Mareko wa losika lwa ga Barenabase le ene o a lo dumedisa. Mme fela jaaka ke buile pele, amogelang Mareko ka kamogelo e e tletseng boitumelo fa a tla kwa go lona. \v 11 Le Jesu yo o bidiwang Juseto o a lo dumedisa. Ke bone fela Bakeresete ba Sejuta ba ba dirang le nna kwano, mme ba ntse ba le kgomotso thata jang mo go nna! \p \v 12 Epaferase, yo o tswang mo motseng wa lona, motlhanka wa ga Keresete Jesu, o a lo dumedisa. O lo rapelela ka tlhwaafalo malatsi otlhe, a kopa Modimo go lo nonotsha le go lo dira boitekanelo le go lo thusa go itse go rata ga One mo go sengwe le sengwe se lo se dirang. \p \v 13 Ke ka lo tlhomamisetsa gore, lona le Bakeresete ba Laodikea le Hirapolise, o lo diretse ka bonatla jotlhe mo dithapelong tsa gagwe. \p \v 14 Ngaka Luke yo o rategang le Demase ba a lo dumedisa. \p \v 15 Tswee-tswee ntumedisetsang ditsala tsa Bakeresete kwa Laodikia. Lo ntumedisetse le Nimefase, le ba ba phuthegelang mo lwapeng lwa gagwe. \v 16 Mme fa lo sena go bala lokwalo lo, lo lo fetisetse kwa phuthegong e e kwa Laokikia. Lo bo lo bale le lokwalo lo ke lo ba kwaletseng. \p \v 17 Lo bo lo reye Arekipo lo re, “A tlhomamise gore a dire tsotlhe tse Morena o di mo laoletseng go di dira.” \p \v 18 Tumediso ya me e ke e kwadileng ka seatla same ke e: Nkgakologelwang kwano mo kgolegelong. A masego a Modimo a lo agelele. \cls Ke nna wa lona ruri, \cls Paulo.