\id ACT - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h Ditiro \toc1 Ditiro \toc2 Ditiro \toc3 Ditiro \mt1 Ditiro \c 1 \s1 Jesu o tlhatlogela legodimong \p \v 1-2 Tsala e e rategang e e ratang Modimo: mo lokwalong lwa me lwa ntlha, ke lo boleletse kaga botshelo le dithuto tsa ga Morena Jesu le ka fa a neng a boela legodimong ka teng fa a sena go fa barutwa ba gagwe ditaelo tse di tswang kwa Moweng O O Boitshepo. \v 3 Mo malatsing a le masome mane morago ga papolo ya gagwe, o ne a ntse a ipontsha barutwa ba gagwe a le mo sebopegong sa setho, gape a ba lemotsha ka ditsela tse dintsi gore ke ene tota yo ba mmonang. Mme mo dinakong tse o ne a buisanya le bone kaga Bogosi jwa Modimo. \p \v 4 Mo go nngwe ya diphuthego tse, o ne a ba bolelela gore ba seka ba tloga mo Jerusalema go fitlhelela Mowa O O Boitshepo o ba apesa e le go diragatsa tsholofetso ya ga Rara, puo e a neng a kile a buisanya le bone ka yone. \p \v 5 Mme a ba gakolola gore “Johane o kolobeditse ka metsi, mme jaanong lo tlaa kolobediwa ka Mowa O O Boitshepo mo malatsing a se kae a a tlang”. \p \v 6 Mme ka lobaka longwe fa a bonala kwa go bone, ba mmotsa ba re, “Morena a o ya go golola Iseraele [mo go Roma] jaanong o bo o re dira chaba e e gololesegileng?” \p \v 7 Mme a fetola a re, “Rara ke ene a rulaganyang dipaka tsa go nna jalo. Mme ga se ga lona gore lo itse kaga tsone. \v 8 Mme fa Mowa O O Boitshepo o sena go tla mo go lona, lo tlaa amogela nonofo ya go rera ka bothakga jo bogolo mo bathong ba Jerusalema le mo Judea yotlhe le mo Samarea, le kwa dikhutlong tsa lefatshe ka ga loso le tsogo ya me.” \p \v 9 Mme erile a sena go bua mafoko a, a tlhatlhogela kwa legodimong a nyelela mo lerung, a ba tlogela ba mo lebile ka kakabalo. \v 10 Fa ba sa ntse ba mo tsepegile matlho go mmona lwa bofelo, ka tshoganetso banna ba babedi ba apere dipurapura tse di tshweu ba bo ba eme fa thoko ga bone, \v 11 mme ba re, “Banna ba Galalea ke eng fa lo tsepegetse a matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!” \p \v 12 Ba ne ba le kwa Thabeng Lotlhware fa se se diragala, jaanong ba boela kwa morago ba tsamaya sephatlo sa mmaele go boela kwa Jerusalema. \v 13-14 Mme ba tshwara thapelo mo ntlwanenge e kwa godimo e ba neng ba nna mo go yone. A ke maina a ba ba neng ba le teng mo phuthegong ya thapelo. Petere, Johane, Jakobe Anderea, Filipo, Thomase, Baretholomea, Mathaio, Jakobe, le bomorwa rraagwe Jesu, ba le setlhophanyana le mmaagwe Jesu, ba ne ba le teng. \s1 Go tlhopiwa ga ga Mathaise \p \v 15 Phuthego e ya thapelo e ne ya tswelela ka malatsi a le mantsi. Mme ya re ka nako eo, mo letsatsing leo fa go ne go na le batho ba ka nna lekgolo le masome a mabedi, Petere o ne a ema ka dinao mme a ba raya a re: \p \v 16 “Bakaulengwe, go ne go tlhokega gore dikwalo di diragadiwe mabapi le Jutase yo o okileng Jesu ka go supegetsa bontsintsi jwa batho kwa a leng teng, gonne selo se, se sale se boletswe pele bogologolo ka Mowa O O Boitshepo o bua ka Kgosi Dafide. \p \v 17 “Jutase e ne e le mongwe wa rona a tlhophilwe go nna morutwa fela jaaka rona. \v 18 O ne a reka setsha sa lefatshe ka madi a o a amogetseng ka go loga maano a boithamako mme a wela fa fatshe a phanyega ka bogare mme mala a gagwe a gorometsegela kwa ntle. \v 19 Dikgang tsa loso lwa gagwe di ne tsa anama ka bofefo mo bathong ba Jerusalema, jalo ba bitsa setsha seo Lefatshe la Madi.! \p \v 20 “Polelelo-pele ya ga Kgosi Dafide ka ga se, e bonwa mo lokwalong lwa Dipesalema mo a reng, ‘A motse wa gagwe o senngwe o seka wa nnwa ke ope.’ Gape, ‘A tiro ya gagwe e neelwe o sele go e dira.’ \p \v 21-22 “Mme jaanong re tshwanetse go tlhopha mongwe yo o ka tsayang maemo a ga Jutase, le go re tlatsa re le basupi ba tsogo ya ga Jesu. A re tlhopheng mongwe yo o saleng a nna le rona go simolola fa re tsalana le Morena, go tloga ka nako e o neng a kolobediwa ke Johane go fitlhelela a tseelwa kwa legodimong.” \p \v 23 Phuthego e ne ya tlhopha maina a banna ba le babedi: Jusefa Justiso (yo gape a itsegeng ka leina la Barenabase) le Mathiase. \v 24-25 Jalo ba rapela gore ba tlhope monna yo o tshwanetseng, ba re, “O! Morena, o itse pelo nngwe le nngwe re bontshe gore ke ofe wa banna ba yo wena o mo kgethileng gore a nne moaposetoloi, yo o ileng kwa mannong a a mo tshwanetseng.”. \p \v 26 Jalo ba laola ka bola mme ya re ba gasa bola jwa supa Mathiase, jalo a kgethwa go nna mongwe wa ba ba lesome le motso. \c 2 \s1 Kgorogo ya Morwa O O Boitshepo \p \v 1 Mme erile go setse go fetile dibeke di supa, morago ga loso le tsogo ya ga Jesu, ga fitlha letsatsi la Pentekosete. Ya re ka letsatsi leo badumedi ba phuthega, \v 2 ka tshoganetso ga utlwala mosumo o ka re wa sefefo se segolo kwa loaping kwa godimo ga bone, mme wa tlala ka ntlo e ba neng ba phuthegetse mo go yone. \v 3 Hong, ga bonala kwa go bone sengwe ekete dikgabo kgotsa diteme tsa molelo mme tsa nna mo ditlhogong tsa bone. \v 4 Mme botlhe ba ba neng ba le teng ba tladiwa ka Mowa O O Boitshepo, mme ba simolola go bua ka dipuo tse ba sa di itseng, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa ba naya nonofo e. \p \v 5 Mme ga bo go le Bajuta ba le bantsi ba ba boifang Modimo mo Jerusalema ka letsatsi leo mo moketeng wa tumelo, ba tswa mo dichabeng tse dintsi. \v 6 Mme ya re ba utlwa mosumo mo loaping kwa godimo, bontsintsi jwa batho jwa tla bo tabogile go tla go bona gore go diragala eng. Mme ba gamarega fa ba utlwa barutwa ba bua ka dipuo tsa bone. \p \v 7 Ba bua ka kgakgamalo ba re, “Mo go ka diragala jang? Gonne banna ba botlhe ke ba ba tswang kwa Galalea? \v 8 Mme re utlwa ba bua ka diteme tsotlhe tsa mafatshe a re tsaletsweng mo go one! \v 9 Fano re le Baparathaia, le Bameda, Baelama, le batho ba ba tswang kwa Mesopotamia, le kwa Judea, le Kapodokia le Ponto le kwa Asia. \v 10 Le kwa Feregia le Pamfilea le Egepeto le puo ya dikgaolo tsa Kurene ntlheng ya Libia, le baeng ba ba tswang kwa Roma, e le Bajuta le ba ba sokologetseng kwa Sejuteng. \v 11 Le Bakereta, le Baarabia. Mme rotlhe fela re utlwa banna ba ba bua dikgakgamatso tse dikgolo tsa Modimo ka puo ya ga rona!” \p \v 12 Mme ba ema foo ba hakgametse thata ebile ba gamaregile. Mme ba botsana ba re, “Tota mo go ka ne go raya eng?” \p \v 13 Mme bangwe le fa go ntse jalo ba ne ba ba sotla, ba re “Batho ba ba tagilwe fela ba!” \s1 Thero ya ga Petere \p \v 14 Mme Petere a ema fa pele le barutwa ba bangwe ba le lesome le motso, mme a goeleletsa kwa bontsintsing jwa batho a re, “Lona lotlhe reetsang, baeng le lona baagi ba Jerusalema ka mokgwa o o tshwanang! \v 15 Bangwe ba lona ba re batho ba ba tlhapetswe! Ga se boammaaruri! Go sa le mo mosong thata mo go se se ntseng jalo! Batho ga ba tlhapelwe ka nako ya bofera o le mongwe mo mosong! \v 16 Nnyaa Se lo se bonang mo mosong ono se ne sa porofeswa mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fitileng ke moporofiti Joele, o rile \v 17 ‘E tlaa re mo malatsing a bofelo ke goromeletse Mowa wa me O O Boitshepo mo bathong botlhe, bomorwaalona le bomorwadia lona ba tlaa porofesa. Makau a lona a tlaa bona diponatshegelo, le banna ba tlaa lora ditoro. \v 18 Ee, Mowa O O Boitshepo o tlaa goromediwa le mo batlhankeng ba me botlhe banna le basadi ka mokgwa o o tshwanang, mme ba tlaa porofesa. \v 19 Mme ke tlaa dira ditshupo tse di sa tlwaelesegang mo Magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo le maru a a looto la mosi; \v 20 letsatsi le tlaa fifala le kgwedi e tlaa nna khibidu jaaka madi pele ga Letsatsi leo le le boitshegang la Morena le tla. \v 21 Mme le fa e le mang yo o kopang kutlwelo-botlhoko mo Modimong o tlaa e newa, matlho kwa legodimong ka kakabalo? Jesu o ile legodimong mme ka letsatsi lengwe o tlaa tla fela jaaka a ile!’ \p \v 22 “Lona banna ba Iseraele, reetsang, \p “Modimo o ne wa supela Jesu wa Monasara ka go dira dikgakgamatso tse di kgolo ka ene fela jaaka lo itse sentle. \v 23 Mme Modimo o setse morago leano la one le o saleng o le dira bogologolo, a lo letla gore lo dirise puso ya Roma gore lo mmapole mo mokgorong lo mmolaye. \v 24 Mme Modimo wa mo golola mo losong lo lo boitshegang wa mo tsosa mo baswing, gonne loso lo ne lo sena thata ya go mo tshegetsa mo taolong ya lone. \p \v 25 “Kgosi Dafide o kile a ama mafoko a a builweng ke Jesu fa a re, ‘Ke itse gore Morena o na le nna ka malatsi otlhe o a nthusa, nonofo e kgolo ya Modimo e a ntshireletsa. \p \v 26 “Mme ga go hakgamatse fa pelo ya me e tletse boitumelo le loleme lo goeletsa dipako tsa gagwe, gonne ke a itse gore dilo tsotlhe di tlaa ntshiamela mo losong. \p \v 27 “Gonne ga o kitla o tlogela mowa wa me mo bobipong le fa e le go letla mmele wa ga Morwao yo o Boitshepo go bola. \p \v 28 “Mme o tlaa mpusetsa botshelo jwa me, o mphe le boitumelo jo bo hakgamatsang fa pele ga gago.’ \p \v 29 “Bakaulengwe ba ba rategang, gakologelwang gore Dafide o ne a sa ithee fa a bua mafoko a ke setseng ke tswa go a ama, gonne o ne a swa, a ba a fitlhwa, le lebitla la gagwe le sa ntse le le teng le gompieno. \v 30 Mme e ne e le moporofiti, gape a itse gore Modimo o sale o solofetsa ka maikano a a sa senyegeng gore mongwe wa losika lwa ga Dafide (o tlaa nna Mesia) a nne mo setilong sa bogosi sa ga Dafide. \v 31 Dafide o ne a lebela dilo pele, gape a porofeta tsogo ya ga Mesia mo baswing, a re Mowa wa ga Mesia ga o kitla o tlogelwa mo bobipong le mmele wa gagwe ga o na go bola. \v 32 O ne a bua kaga Jesu, mme rotlhe, re basupi ba gore Jesu o tsogile mo baswing. \p \v 33 “Mme jaanong o ntse mo setilong sa bogosi sa tlotlo e kgolo thata kwa legodimong, go bapa le Modimo, mme fela jaaka go solofeditswe, Rara o mo neile taolo ya go romela Mowa O O Boitshepo, ka ditshupo tse lo di bonang le tse lo di utlwang gompieno. \v 34 [Nnyaa, Dafide o ne a sa ithee ka bo ene ka mafoko agagwe a ke sa tswang go a umaka gonne ga a ise a ke a tlhatlhogele kwa magodimong.] Mo godimo ga moo, o buile gape a re, ‘Modimo o buile le Morena wa me, Mesia, wa re, “Nna fano ka tlotlego go bapa le Nna, \v 35 go fitlhelela ke tlisa baba ba gago” mo boineelong jo bo feletseng.’ \v 36 Mme ke gone ka moo ke buang phatlalatsa le mongwe le mongwe mo Iseraele gore Modimo o dirile ene Jesu yo, yo lo mmapotseng go nna Morena le Mesia.” \p \v 37 Mme mafoko a a ga Petere a ba ama thata; mme ba mo raya le baaposetoloi ba bangwe ba re, “Bakaulengwe re tshwanetse go dira eng?” \p \v 38 Mme Petere a fetola a re, “Sokologang mo dibeng, lo boele mo Modimong, lo bo lo kolobediwe boitshwarelo jwa dibe tsa lona mo leineng la ga Jesu Keresete; mme ke gone le lona lo tlaa amogelang neo e ya Mowa o o Boitshepo. \v 39 Gonne Keresete o e solofeditse mongwe le mongwe wa lona yo o biditsweng ke Morena Modimo wa rona, le bana ba lona le ba ba kwa mafelong a a kgakala!” \p \v 40 Mme Petere a rera thero e telele a bolela ka ga Jesu, a gatelela ka go kopa bareetsi ba gagwe botlhe fela go ipoloka mo boleong jwa chaba ya ga bone. \s1 Kopano ya badumedi \p \v 41 Mme ba ba neng ba dumela thero ya ga Petere ba ne ba kolobediwa, e ne e ka nna batho ba le dikete tse tharo! \v 42 Mme ba kopanela ditirelo tsa malatsi otlhe le badumedi ba bangwe, mo dithutong le mo selalelong sa Morena le mo dikopanong tsa merapelo. \v 43 Mme poifo e kgolo e ne e le mo go bone botlhe, foo baaposetoloi ba dira dikgakgamatso tse dintsi. \p \v 44 Mme badumedi botlhe ba ne ba kopana ka nako tsotlhe ba abalana dilo tsotlhe tse ba nang natso, \v 45 ba rekisa dithoto tsa bone ba di abela ba ba tlhokang. \v 46 Ba ne ba obama mmogo ka nako tsotlhe mo Tempeleng, ba kgobokana ka ditlhophanyana mo malwapeng, ba a ja Selalelo sa Morena, gape ba tlhakanela le tsone dijo tsa bone ka boitumelo le ka tebogo e kgolo, \v 47 ba baka Modimo. Ba be ba ratwa ke batho botlhe ba motse, mme Modimo wa ba okeletsa malatsi otlhe ka ba ba bolokwang. \c 3 \s1 Petere o fodisa segole \p \v 1 Erile maitsiboa mangwe Petere le Johane ba ya kwa Tempeleng go ya go kopanela merapelo e e neng e nna ka nako ya boraro malatsi otlhe. \v 2 Ya re ba atamela Tempele, ba bona monna yo o neng a sale a nnanye go tsweng mo sebopelong sa ga mmaagwe a rwelwe mo tseleng mme a bewa fa thoko ga kgoro ya Tempele e e neng e bidiwa Bontle, ka e ne e le tlwaelo ya gagwe ya malatsi otlhe. \p \v 3 Ya re Petere le Johane ba feta gaufi nae a ba kopa madi. \p \v 4 Ba mo tlhoma matlho, mme Petere a re, “Leba kwano!” \p \v 5 Segole sa ba tlhoma matlho ka tlhoafalo, se solofetse mpho nngwe. \p \v 6 Mme Petere a mo raya a re, “Ga re na madi a re ka go a nayang! Mme ke tlaa go naya sengwe! Ke go laola ka leina la ga Jesu Keresete wa Nasaretha ka re, Ema o tsamaye!” \p \v 7-8 Petere a tshwara segole ka seatla a se emisa ka dinao. Mme ya re a dira jalo, maoto a monna yoo le magwejana a fodisiwa a bo a nonotshiwa mo e leng gore o ne a ba a kgona go tlolaka, a ema foo lobakanyana mme a simolola go tsamaya! Mme a tsamaya a tlolaka a baka Modimo a tsena le bone mo Tempeleng. \p \v 9 Erile fa batho ba ba mo Tempeleng ba mmona a tsamaya ebile ba utlwa a galaletsa Modimo, \v 10 ebile ba lemoga fa e le mokopi yo ba mmoneng gantsi fa kgorong e e bidiwang Bontle, ba hakgamadiwa ke se se diragetseng. \v 11 Ya re a ntse a ngaparetse Petere le Johane, batho botlhe ba taboga ba ba kgobokanela kwa loobong lo lo bidiwang lwa ga Solomone ba hakgametse thata. \s1 Petere o rera ka Keresete \p \v 12 Mme Petere a bona sebaka sa go bua le batho a ba raya a re, “Batho ba Iseraele, ke eng se se hakgamatsang thata kaga se? Ke eng fa lo re lebile thata jaaka o ka re re fodisitse monna yo ka nonofo le ka bo-Modimo jwa rona re dirile gore a tsamaye? \v 13 Gonne ke Modimo wa ga Aberahame, Isake, Jakobe le Modimo wa borra-a-rona mogolwagolwane o o lerileng kgalalelo mo motlhankeng wa one Jesu Keresete ka go dira jalo. Ke raya Jesu yo lo mo itatotseng fa pele ga ga Pilatwe, mo godimo ga maikaelelo a ga Pilatwe a go mo golola. \v 14 Ga lo aka lwa batla gore moitshepi yo o siameng yo a gololwe. Mo boemong jwa gagwe lwa lopa gore go gololwe mmolai. \v 15 Mme lwa bolaya Motlhodi wa botshelo; mme Modimo wa mo rudisa mo losong. Mme nna le Johane re basupi ba selo se se diragetseng se, gonne, erile lo sena go mmolaya ra mmona a tshela! \v 16 Leina la ga Jesu le fodisitse monna yo, mme lo itse gore o ne a le segole jang pele. Go fola mo go itekanetseng mo go dirilwe ke go dumela mo leineng la ga Jesu le tumelo e re e neilweng ke Modimo. \p \v 17 “Bakaulengwe ba ba rategang, ke lemoga gore se lo se dirileng mo go Jesu lo se dirile ka go tlhoka kitso; mme le baeteledipele ba lona ba ka bolelwa fela jalo. \p \v 18 “Mme Modimo o ne o diragatsa seporofeso sa gore Mesia o tshwanetse go boga dilo tse tsotlhe. \v 19 Ke gone sokololelang ditlhaloganyo le megopolo ya lona kwa Modimong, lo sokologele kwa go one gore o tlose maleo a lona o bo o lo leretse metlha ya boitumelo jo bo tswang kwa Moreneng, \v 20 le go re a bo a lo romelele Jesu Mesia wa lona gape. \v 21-22 Gonne o tshwanetse go nna kwa legodimong go fitlhelela nako e Modimo o busetsang dilo tsotlhe mo maemong a tsone, jaaka go porofitilwe mo dinakong tsa bogologolo. Fela jaaka Moshe a kile a bua bogologolo a re, ‘Morena Modimo o tlaa tsosa Moporofiti mo gare ga lona yo o tlaa tshwanang le nna! Lo mo reetseng ka kelo-tlhoko mo go sengwe le sengwe se o se lo bolelelang. \v 23 Lefa e le mang yo o se kitlang a mo reetsa o tlaa senyediwa ruri. \v 24 Samuele le moporofiti mongwe le mongwe ga ba bolo go bolela kaga se se diragalang gompieno.’ \p \v 25 “Lo bana ba baporofiti bao; mme lo baletswe mo tsholofetsong ya Modimo e o e diretseng bagologolwane ba lona go segofatsa lotlhe ka Bajuta, eo ke tsholofetso e Modimo o e neileng Aberehame. \v 26 Mme erile fela fa Modimo o sena go rudisa motlhanka wa one mo baswing, o ne wa mo roma pele kwa go lona batho ba Iseraele, go lo segofatsa ka go lo sokolola mo dibeng tsa lona.” \c 4 \s1 Go tshwarwa ga ga Petere le Johane \p \v 1 Mme ya re ba santse ba bua le batho, baperesiti ba bagolo le molaodi wa mapodisi a Tempele, le bangwe ba Basadukai ba tla kwa go bone, \v 2 ba tshwenyegile thata ka ntlha ya gore Petere le Johane ba ne ba bolela gore Jesu o tsogile mo baswing. \v 3 Ba ba tshwara, mme ka go ne go setse go le maitsiboa, ba ba tlhatlhela mo tlung ya kgolegelo bosigo jotlhe. \v 4 Mme bontsi jwa batho ba ba utlwileng molaetsa wa bone ba o dumela, mo e leng gore palo ya badumedi e ne ya tsholetsega ya batla go nna dikete tse tlhano! \p \v 5 Erile ka letsatsi le le latelang ga diragala gore Lekgotla la baeteledipele ba Sejuta le bo le phuthegetse mo Jerusalema. \v 6 Anase Moperesiti yo mogolo a bo a le teng, le Kaiafase, Johane, Alekesandere le ba bangwe ba losika lwa Moperesiti yo Mogolo. \v 7 Jalo barutwa ba babedi ba leriwe kwa go bone. Mme lekgotla la ba botsa la re, “Lo dirile selo se ka nonofo ya ga mang kgotsa ka taolo ya ga mang?” \p \v 8 Mme Petere, ka a tletse Mowa O O Boitshepo a ba raya a re, “Baeteledipele ba ba tlotlegang le ditlhogo tsa sechaba sa rona, \v 9 fa lo raya tiro e ntle e e diretsweng segole se, le ka fa o neng a fodisiwa ka teng, \v 10 a nke ke lo bolelele sentle lona le batho botlhe ba Iseraele gore tiro e e dirilwe ka leina le nonofo ya ga Jesu wa Nasaretha, Mesia, monna yo lo mmapotseng, mme Modimo o mo tsositse mo baswing. Ke ka nonofo ya gagwe fa monna yo a eme fano a fodile! \v 11 Gonne Jesu Mesia (ene yo go buiwang ka ga gagwe mo dikwalong) ke ‘lentswe je le gannweng ke baagi le le neng la nna lentswe la kgokgotshwana.’ \v 12 Ga go na poloko mo go ope! Ka fa tlase ga legodimo lotlhe ga gona leina lepe le batho ba ka le bitsang gore ba bolokwe.” \p \v 13 Erile Lekgotla le bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, gape le lemoga gore ga ba a rutega ke batho fela, ba hakgamala mme ba lemoga gore go nna le Jesu go ba diretse eng. \v 14 Mme Lekgotla le ne le se kake la latola go fodisiwa ga gagwe gonne motho yo o neng a fodisitswe o ne a eme gone foo gaufi nabo! \v 15 Mme ba ba ntshetsa kwa ntle ga ntlwana e Lekgotla le kopanelang mo go yone ba sala ba gakololana. \p \v 16 Ba botsana ba re, “Re tlaa dirang ka banna ba? Ga re ka ke ra ganela gore ba dirile kgakgamatso e kgolo, gonne mongwe le mongwe mo Jerusalema o itse ka ga selo se. \v 17 Mme gongwe re ka ba emisa mo go anamiseng tumelo ya bone. Re tlaa ba bolelela gore fa ba ka dira gape jalo re tlaa dira gore ba obamele molao wa rona ka kgang.” \p \v 18 Mme ba ba biletsa mo teng, ba ba raya ba re ba seka ba tlhola ba bua sepe ka ga Jesu. \p \v 19 Mme Petere le Johane ba ba raya ba re, “Atlholang lona gore a Modimo o batla re reetsa lona mo boemong jwa one! \v 20 Ga re ka ke ra khutlisa go bua ka dilo tse di ntle tse re bonyeng Jesu a di dira ebile re mo utlwile a di bua.” \p \v 21 Mme Lekgotla la ba bopela, lwa bofelo ba ba lesa ba tsamaya gonne ba ne ba sa itse gore ba ka ba otlhaya jang kwa ntle ga go tsosa mokubukubu. Gonne mongwe le mongwe o ne a galaletsa Modimo ka ntlha ya tiro e ntle e, \v 22 ebong phodiso ya monna yo o saleng a lwetse dingwaga di le masome mane! \p \v 23 Ka bofefo fela fa ba sena go gololwa, Petere le Johane ba bona barutwa ba bangwe mme ba ba bolelela se Lekgotla le se ba reileng. \p \v 24 Mme badumedi botlhe ba kopanela thapelo e: “Oo Morena yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsone, \v 25-26 o buile bogologolo ka Mowa O O Boitshepo ka mogolwagolwane wa rona, motlhanka wa gago Kgosi Dafide, wa re ‘Ke ka ntlha yang fa baheitane ba tsogologela Morena, le merafe e e dieleele e dira maanonyana a a kgatlhanong le Modimo-Mothata-Yotlhe? Dikgosi tsa lefatshe di a kopana go tlhabantsha Morwa Modimo yo o tloditsweng!’ \p \v 27 “Ke sone se se diragalang fano mo motseng o gompieno! Gonne Kgosi Herode, le Ponto Pilato mmusi, le ba-Roma botlhe le batho ba Iseraele, ba kopanetse Jesu, Morwa yo o tloditsweng, motlhanka wa gago yo o boitshepo. \v 28 Ga ba na go tlogela le fa e le sepe se wena mo nonofong ya gago o tlaa ba letlang go se dira. \v 29 Mme jaanong Morena, utlwa go bopa ga bone, mme o neye batlhanka ba gago bopelokgale jo bogolo mo therong ya bone, \v 30 o bo o romele nonofo ya gago ya phodiso, le dikgakgamatso di le dintsi le ditshupo di dirwe ka leina la motlhanka wa gago yo o itshepileng Jesu.” \p \v 31 Morago ga thapelo e, kago e ba neng ba kopanetse mo go yone ya tshikinyega, mme botlhe ba tlala Mowa O O Boitshepo mme ba rera molaetsa wa Modimo ka bopelokgale. \p \v 32 Badumedi botlhe ba ne ba le pelo e le nngwe le mowa o le mongwe, mme ga bo go sena ope yo o reng sepe sa dilo tse o nang natso ke sa gagwe; mme dilo tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse. \v 33 Mme baaposetoloi ba rera dithero tse di nonofileng ka ga tsogo ya ga Morena Jesu, mme ga nna le bolekane jo bo nitameng mo badumeding botlhe. \v 34-35 Go ne go sena ope yo o tlhokang, gonne botlhe ba ba neng ba na le ditsha kgotsa matlo ba ne ba a rekisa ba tlisa madi kwa baaposetoloing go a abela ba ba tlhokang. \p \v 36 Jaaka go ne go na le Josefa, (yo baaposetoloi ba neng ba mmitsa “Barenabase wa Moreti!” E ne e le wa Balifi ba kwa setlhaketlhakeng sa Kupero). \v 37 E ne e le mongwe wa ba ba neng ba rekisa ditsha tsa bone tse ba neng ba na natso mme ba tlisa madi kwa baaposetoloing gore ba a abele ba ba tlhokang. \c 5 \s1 Ananiase le Safira \p \v 1 Mme ga bo go le monna a bidiwa Ananiase (le mosadi wa gagwe Safira) ba ba neng ba a rekisa bontlha-bongwe jwa setsha, \v 2 mme ba tlisa bontlhabongwe fela jwa madi, ba kaya fa e le tlhwatlhwa e e feletseng (mosadi wa gagwe o ne a dumalana tsietso e). \p \v 3 Mme Petere a re, “Ananiase, Satane o tladitse pelo ya gago ka maaka fa o bolela gore tlhwatlhwa e ke yone yotlhe, o ne o aketsa Mowa O O Boitshepo. \v 4 Setsha e ne e le sa gago go se rekisa kgotsa nnyaa, go ya fela ka fa o neng o rata ka teng. Mme morago ga o sena go se rekisa, e ne e le ga gago go bona gore o ntsha bokae. Ke eng fa o ne o dira jaana? Ga oa aketsa rona o akeditse Modimo.” \p \v 5 Erile fela fa Ananiase a utlwa mafoko a, a wela fa fatshe a swa! Mongwe le mongwe a tlewa ke poifo e kgolo, \v 6 mme makau a mo phutha ka letsela a mo tsaya a ya go mo fitlha. \p \v 7 Erile morago ga dioura di le tharo mosadi wa gagwe a tla, a sa itse se se diragetseng. \v 8 Petere a mmotsa are, “A lo rekisitse setsha sa lona ka bokana?” A araba are “Ee, re se rekisitse ka bokalo.” \v 9 Mme Petere a re, “Ke eng fa wena le monna wa gago lo ka akanya go dira selo se se ntseng jaana, lo leka maano a bosula go leka nonofo ya Mowa wa Modimo go itse se se diragalang? Ka kwa ntle ga kgoro ele go na le makawana a a tswang go boloka monna wa gago, mme le wena ba tlaa tla go go rwala ba ya go go boloka.” \p \v 10 Erile gone fela foo a wela fa fatshe, a swa, mme makawana a tsena mo teng, ya re ba mmona gore o sule, ba mo tsaya ba ya go mmoloka go bapa le monna wa gagwe. \v 11 Mme poifo e kgolo ya tlela phuthego yotlhe le ba bangwe botlhe ba ba utlwileng se se diragetseng. \s1 Baaposetoloi ba fodisa batho ba le bantsi \p \v 12 Ka sebaka seo, Baaposetoloi ba ne ba kopane mo lefelong le le bidiwang mathudi a ga Solomone, mme ba dira ditshupo tse di bonalang le dikgakgamatso mo matlhong a batho. \v 13 Badumedi ba bangwe ba seka ba kgatlhega go kopana le bone, le fa go ntse jalo, ba ne ba ba tlotla thata. \v 14 Mme badumedi ba oketsega thata mo Moreneng, bontsi jwa banna le basadi. \v 15 Balwetse ba ntshediwa kwa mebileng ba le mo malaong le mo diphateng gore bogolo moriti wa ga Petere o wele bangwe ba bone fa a feta! \v 16 Mme bontsi jwa batho jwa tla bo tswa mo tikologong ya Jerusalema, ba tlisa balwetse ba bone le ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe; mme mongwe le mongwe wa bone a fola. \s1 Baaposetoloi ba a sotlwa \p \v 17 Mme Moperesiti yo mogolo le botlhe ba losika le ditsala tsa gagwe mo Basadukaing ba tlala lefufa, \v 18 mme ba tshwara baaposetoloi, ba ba tsenya mo kgolegelong. \p \v 19 Mme moengele wa Morena a tla bosigo, a bula dikgoro tsa kgolegelo a ba ntshetsa kwa ntle. Mme a ba raya a re, \v 20 “Tsamayang lo ye mo Tempeleng lo rere kaga Botshelo jo!” \p \v 21 Mme ba goroga mo Tempeleng e ka ne e le ka nako ya letsatsi le tlhaba mme ka bonako ba simolola go rera! Moragonyana mo mosong oo, Moperesiti yo Mogolo le botlhe ba lekgotla ba tsena mo Tempeleng, ba bitsa Lekgotla le legolo la bagolwane ba Puso, ba romela batho go ya go bitsa baaposetoloi go tla go sekisiwa. \v 22 Mme erile fa mapodisi a tsena kwa kgolegelong, banna ba bo ba seyo, jalo ba boela kwa Lekgotleng ba bega gore \v 23 “Dikgoro tsa kgolegelo di ne di tswetswe, mme batlhokomedi ba ne ba eme ka kwa ntle, mme erile fa re bula dikgoro, ga bo go sena ope!” \p \v 24 Mme erile fa molaodi wa mapodisi le baperesiti ba bagolwane ba utlwa se, ba akabala, ba hakgametse thata gore go tlaa diragalang le gore mo gotlhe go tlaa felela kae! \v 25 Mme mongwe a goroga ka mafoko a a reng banna ba ba neng ba le mo kgolegelong ba mo Tempeleng ba rerela batho! \p \v 26-27 Mme Mogolwane wa mapodisi a tsamaya le mapodisi ba ba tshwara kwa ntle ga mokubukubu, (gonne ba ne ba tshaba batho gore ba tlaa ba bolaya fa ba ka gakalela barutwa) mme ba ba lere fa pele ga Lekgotla. \p \v 28 Moperesiti yo Mogolo a bua a re, “A ga re a lo bolelela gore lo seka lwa tlhola lo ruta kaga Jesu yo? Mme mo boemong jwa go khutlisa go rera kaga Jesu lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona mme lo ikaelela go re baya molato ka loso lwa monna yo!” \p \v 29 Mme Petere le baaposetoloi ba araba ba re, “Re tshwanetse go obamela Modimo go na le batho. \v 30 Modimo wa borra-a-rona mogolwagolwane o tsositse Jesu go tla mo botshelong gape morago ga lo sena go mmolaya ka go mo pega mo mokgorong. \v 31 Mme ka nonofo e kgolo, Modimo wa mo tsholetsa go nna Kgosana le Mmoloki, gore batho ba Iseraele ba tle ba nne le lobaka lwa boikwatlhao le gore dibe tsa bone di itshwarelwe. \v 32 Mme re basupi ba dilo tse, ga mmogo le Mowa O O Boitshepo, o o neetsweng botlhe ba ba obamelang Modimo.” \v 33 “Ya re ka ntlha ya go bua jalo, Lekgotla la gakala la ikaelela go ba bolaya.” \p \v 34 Mme mongwe wa bone, Mofarasai yo o bidiwang Gamaliele, (moitseanape wa molao wa tumelo a bile a itsege thata mo bathong) a ema a kopa gore baaposetoloi ba ntshediwe kwa ntle fa a sa ntse a bua. \v 35 Mme a raya banna ba Lekgotla a re, \v 36 “Motlha mongwe go kile ga bo go le Theudase, yo o neng a ipaya jaaka e ka re ke mongwe yo o kwa godimo. Bangwe ba ka nna makgolo a mane ba ikopanya nae, mme a bolawa, mme botlhe ba ba ineetseng mo go ene ba phatlaladiwa kwa ntle ga kutlwelobotlhoko epe. \p \v 37 “Morago ga gagwe, ka nako ya fa go kgethisiwa, ga bo go le Judase wa Galalea. A itatedisa batho bangwe go nna barutwa, mme le ene a swa, mme balatedi ba gagwe ba phatlalala. \p \v 38 “Mme jaanong kgakololo ya me ke e, tlogelang banna ba, mme fa se ba se rutang le se ba se dirang e le ga bone fela, ka bofefo se tlaa fedisiwa. \v 39 Mme fa e le ga Modimo lo tlaa retelelwa ke go ba emisa, e sere kgotsa lona ka bo lona lwa iphitlhela lo tlhabantsha Modimo.” \p \v 40 Lekgotla la dumalana le kgakololo ya gagwe, ba bitsa baaposetoloi, ba ba itaya, ba ba bolelela gore ba seka ba tlhola ba bua ka leina la ga Jesu, mme morago ba ba lesa ba tsamaya. \v 41 Ba tloga fa lekgotleng ba itumeletse gore Modimo o ba supile ba nonofile go tlontlologela leina la one. \v 42 Mme ka malatsi otlhe mo Tempeleng le mo motsing, ba tswelela go ruta le go rera gore Jesu ke Mesia. \c 6 \s1 Go tlhophiwa ga banna ba supa \p \v 1 Mme ya re ka go ntsifala ga badumedi ka bofefo, ga nna le dingongorego. Ba ba buang puo ya Segerika fela ba ngongoregela gore batlholagadi ba bone ba a kgethololwa ga ba newe dijo tse di lekanyeng ka nako ya fa go abiwa dijo, jaaka go fiwa ba ba buang Sehebera. \v 2 Jalo ba ba lesome le bobedi ba bitsa phuthego ya badumedi botlhe ba re, “Re tshwanetse go dirisa nako ya rona mo go rereng, e seng go tsamaisa thulaganyo ya dijo. \v 3 Ke gone bakaulengwe ba ba rategang, senkang banna ba supa mo gare ga lona, ba ba botlhale ba bile ba tletse Mowa O O Boitshepo, ba ba itsegeng ka molemo mo bathong botlhe; mme re tlaa ba tlhoma go nna batsamaisi ba tiro e. \v 4 Mme re tlaa dirisa nako ya rona mo thapelong, mo therong, le mo thutong.” \p \v 5 Mme mo ga utlwala sentle mo phuthegong yotlhe, mme ba tlhopha ba ba latelang: Setefane, (monna yo o tletseng tumelo le Mowa O O Boitshepo), Filipo, Porokoro, Nikanore, Timone, Paramenase, Nikolase wa Antioka (Modichaba yo o sokologetseng mo tumelong ya Sejuta, yo o rileng la bofelo a sokologela mo Bokereseteng). \v 6 Mme ba ba supang ba, ba isiwa fa pele ga Baaposetoloi ba ba baya diatla ba ba rapelela ba ba kopela tshegofatso. \p \v 7 Molaetsa wa Modimo wa rerwa ka bophara mo tikologong yotlhe, mme palo ya barutwa ya ntsifala ka go anama mo Jerusalema; mme baperesiti ba Sejuta ba le bantsi le bone ba sokologa. \s1 Go tshwarwa ga ga Setefane \p \v 8 Setefane, monna yo o tletseng tumelo le nonofo ya Mowa O O Boitshepo a dira dikgakgamatso tse dikgolo tse di sa tlwaelesegang mo bathong. \p \v 9 Mme ya re ka letsatsi lengwe banna bangwe ba tumelo ya Sejuta ba simolola go ganetsanya nae, mme ya re ka bofefo ba kopana le Bajuta ba ba tswang kwa Saerine, Alekesandria mo Egepeto, le mo dikgaolong tsa Take, ebong Kilikia le Ausia. \v 10 Mme go ne go se ope wa bone yo o emelanang le botlhale le mowa wa ga Setefane. \p \v 11 Mme ba tlisa bangwe ba banna go tla go bua maaka ka ga gagwe ba re ba utlwile Setefane a tlhapatsa Moshe, le Modimo tota. \p \v 12 Mme ditshele tse, tsa dira gore batho ba tsogologele Setefane, mme baeteledipele ba Sejuta ba mo tshwara ba mo tlisa fa pele ga lekgotla. \p \v 13 Basupi ba maaka ba supa gore Setefane o ne a aga a bua kgatlhanong le Tempele le melao ya ga Moshe. \p \v 14 Mme ba re, “Re mo utlwile a re Jesu wa Nasaretha o tlaa senya Tempele le melao yotlhe ya ga Moshe.” \p \v 15 Ya re ka nako eo botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng ba bona sefatlhogo sa ga Setefane se tsabakela jaaka sa moengele. \c 7 \s1 Setefane o bua mo kokoanong \p \v 1 Mme Moperesiti yo Mogolo a mmotsa a re, “A mafoko a, a boammaaruri?” \p \v 2 Mme Setefane a araba ka boleele a re, “Mo-dimo o o galalelang o ne wa iponatsa mo go rraetsho Aberahame mo Iraka pele ga a ya kwa Seria, \v 3 mme wa mo raya wa re a tloge mo lefatsheng la ga gabo, a laele ba gagabo a ba a tloge a ye kwa lefatsheng le Modimo o tlaa le mo kaelang. \v 4 Hong a tswa mo lefatsheng la Bakaladea a ya go nna mo kgaolong ya Harana, mo Seria, go fitlhelela rraagwe a a swa. Mme Modimo wa mmusetsa mono lefatsheng la Iseraele, \v 5 ga wa ka wa mo naya sepe sa dilo tsa gagwe, le fa e le setsha se sennye sa lefatshe. Le fa go ntse jalo Modimo wa mo solofetsa gore o tlaa mo naya lefatshe lotlhe le ditlogolwana tsa gagwe, le fa ka nako eo a ne a sena bana! \p \v 6 “Mme Modimo wa mo raya gape wa re, ditlogolwana tsa gago di tlaa tswa mo lefatsheng leo di ye go nna mo lefatsheng la seeng mme koo di nne batlhanka, selekanyo sa dingwaga di le makgolo a mane. \v 7 Mme Modimo wa ba raya wa re, ‘Ke tlaa otlhaya Chaba e e tlaa ba dirang batlhanka mme morago ga moo batho ba me ba tlaa boela mo lefatsheng le la Iseraele ba nkobamela teng.’ \p \v 8 “Gape Modimo wa neela Aberahame kgolagano ya bogwera ka nako eo; e le kgolagano fa gare ga Modimo le batho ba ga Aberahame, mme Isake, morwa Aberahame a rupisiwa fa a le malatsi a fera bobedi a tshotswe. Isake a tsala Jakobe, Jakobe a tsala ditlhogo di le lesome le bobedi tsa lotso lwa Sejuta. \v 9 Mme batho ba, ba ne ba fufegela Josefa thata ba bo ba mo rekisa go ya go nna motlhanka kwa Egepeto. Mme Modimo o ne wa nna nae, \v 10 o ne wa mo golola mo tlalelong yotlhe ya gagwe, wa mo naya tlotlego mo go Farwe Kgosi ya Egepeto. Gape Modimo wa naya Josefa botlhale jo bogolo, mo Farwe o ileng a mo tlhopha go nna molaodi mo Egepeto yotlhe, a bo a mmaya motlhokomedi wa ditiro tsotlhe tsa segosi. \p \v 11 “Mme ga nna leuba mo Egepeto le Kanana, mme ga nna le bohutsana jo bogolo mo go borraetsho. Erile fa dijo tsa bone di setse di fedile, \v 12 Jakobe a utlwa fa go sa ntse go na le mabele kwa Egepeto, jalo a romela bomorwawe go ya go a reka. \v 13 Erile fa ba ya labobedi, Josefa a itshenolela bomogolowe, mme ba itsisiwe Farwe. \p \v 14 “Mme Josefa a romela bangwe go ya go tsaya rraagwe ebong Jakobe le ba malwapa a bomogolowe botlhe go tla Egepeto, botlhe e ne e le batho ba le masome a supa le botlhano. \v 15 Jalo Jakobe a tla Egepeto, kwa o neng a swela teng, le bana botlhe ba gagwe. \v 16 Mme botlhe ba ne ba isiwa kwa Shekema ba fitlhwa mo lebitleng le Aberahame o neng a le rekile mo go bomorwa Hamore, rraagwe Shekema. \v 17-18 Mme erile fa nako e atamela e Modimo o neng o tlaa diragatsa tsholofetso ya one mo go Aberahame go golola bana ba gagwe mo botlhankeng, Bajuta ba ntsifala thata mo Egepeto; mme ga tlhongwa kgosi e e neng e sena tlotlo mo segopotsong sa ga Josefa. \v 19 Kgosi e ya nna kgatlhanong le losika lwa rona, ya pateletsa batsadi go latlhela bana ba bone mo masimong. \p \v 20 “Mme ka nako eo Moshe a tsalwa, ngwana yo o neng a bonala a na le bontle jwa Se-Modimo. Batsadi ba gagwe ba mo fitlha mo lwapeng se-lekanyo sa dikgwedi tse tharo, \v 21 mme ya re kwa bofelong ba sa tlhole ba kgona go mo fitlha, ebile ba tshwanelwa ke go mo latlha, morwadia Farwe a mmona mme a mo ikgodisetsa e le ngwana wa gagwe, \v 22 mme a mo ruta botlhale jotlhe jwa Baegepeto, mme a nna kgosana e kgolo le sebui se se tumileng. \p \v 23 “Mme erile letsatsi lengwe fa a atamela bo-tsalo jwa letsatsi la gagwe la dingwaga tse di masome a mane, a tlelwa ke mogopolo wa go etela ba ga gabo, batho ba Iseraele. \v 24 Mo loetong lo a bona Moegepeto a sotla Moiseraele. Jalo Moshe a bolaya Moegepeto. \v 25 Moshe o ne a gopola gore ba ga gabo ba tlaa lemoga gore Modimo o mo rometse go tla go ba thusa, mme ba se ka ba lemoga. \p \v 26 “Ka letsatsi le le latelang a ba etela gape mme a fitlhela banna ba le babedi ba Baiseraele ba lwa. Mme a leka go ba letlanya a re ‘Banna, lo bana ba monna ga lo a tshwanela go lwa jaana! Ga go a siama.’ \p \v 27 “Mme monna yo o molato a raya Moshe a re, ‘Re tlhokomologe o tlhokomele tsa gago. Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi mo go rona?’ \v 28 A o rata go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto yole maabane? \p \v 29 “Mme ka ntlha ya lefoko le, Moshe a tswa mo Egepeto, a tshabela kwa lefatsheng la Mediana, kwa o neng a tsala bana ba basimane ba le babedi gone. \p \v 30 “Morago ga dingwaga di le masome a mane, mo sekakeng gaufi le Thaba ya Senai, moengele a iponatsa mo go ene a le mo kgabong ya molelo mo setlhareng. \v 31 Moshe a bona tiragalo e, mme a hakgamala gore ke eng, mme ya re a sianela go ya go bona, lentswe la Morena la bua nae le re, \v 32 ‘Ke Modimo wa bo-rraeno mogolwagolwane, Modimo wa ga Aberahame, Isake le Jakobe!’ Moshe a roroma ka poifo e kgolo mme a se ka a batla go leba. \p \v 33 “Mme Morena a mo raya a re, ‘Rola ditlhako tsa gago, gonne o eme mo mmung o o boitshepo. \v 34 Ke bonye kutlobotlhoko ya batho ba me ba ba kwa Egepeto ebile ke utlwile selelo sa bone. Ke tsile go ba golola. Tla, ke tlaa go romela kwa Egepeto.’ \p \v 35 “Mme jalo Modimo wa romela ene tota motho yo ba ga bone ba kileng ba mo gana ka go mo raya ba re, ‘Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi mo go rona?’ Moshe o ne a rometswe go ya go nna molaodi le mmoloki wa bone. \v 36 Mme ka dikgakgamatso tse dintsi a ba ntsha mo Egepeto a ba kgabagantsha Lewatle le le Hibidu, a bo a ba ralatsa sekaka selekanyo sa dingwaga di le masome a mane. \p \v 37 “Moshe ka boene o ne a raya batho ba Iseraele a re, ‘Modimo o tlaa tsosa moporofiti yo o tshwanang le nna mo gare ga bo-morwa rraa lona.’ \v 38 Mme se se ne sa supega se le boammaaruri, gonne mo sekakeng, Moshe e ne e le ene yo o fa gare, motsereganyi fa gare ga batho ba Iseraele le moengele yo o neng a ba naya molao wa Modimo, Lefoko le le Tshelangmo thabeng ya Senai. \p \v 39 “Mme borraetsho ba ne ba gana Moshe, ba batla go boela kwa Egepeto. \p \v 40 “Ba raya Arone ba re, ‘Re direle medimo ya disetwa, gore re tle re nne le medimo e e re etelelang pele go boela kwa morago; gonne ga re itse gore go rileng kaga Moshe yo o re ntshitseng mo Egepeto.’ \v 41 Mme ba dira modimo wa namane mme ba o ntshetsa ditlhabelo, mme ba itumelela selo se, se ba se dirileng. \v 42 Mme Modimo wa ba huralela wa ba tlogela, mme wa ba lesa ba direla letsatsi, ngwedi le dinaledi jaaka medimo ya bone! Mo lokwalong lwa polelelopele ya ga Amose, Modimo o botsa jaana wa re, ‘Iseraele, a o ne o direla nna setlhabelo mo sekakeng selekanyo sa dingwaga di le masome a mane? \v 43 Nnyaa, tota kgatlhego ya gago e ne e le mo medimong ya seheitane ebong Sakutlhe, le modimo wa naledi Kaiwae, le mo ditshwantshong tsotlhe tse o di dirileng. Jalo ke tlaa go isa botshwarong kgakala go feta Babelone.’ \p \v 44 “Mme borraetsho mogolwagolwane ba ne ba tsamaya le motlaagana ba ralala sekaka. Mo teng ga one ba ne ba beile matlapa a go neng go kwadilwe Melao e e Lesome mo go one. Kago e, e ne e agilwe fela ka thulaganyo e Moshe o neng a e kaetswe ke moengele. \v 45 Erile morago ga dingwaga, fa Joshua a eteletse pele dintwa kgatlhanong le Badichaba, Motlaagana o ba tsena nao mo lefatsheng le lesha, mme wa dirisiwa go fitlhelela mo lobakeng lwa ga Kgosi Dafide. \p \v 46 “Modimo o ne wa segofatsa Dafide a kopa tetlelelo ya go agela Modimo wa ga Jakobe Tempele e e siameng. \v 47 Mme tota e ne ya agiwa ke Solomone. \v 48-49 Le fa go ntse jalo, Modimo ga o nne mo Ditempeleng tse di agilweng ka diatla tsa batho. Morena o bua ka baporofiti jaana a re, ‘Legodimo ke setilo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me’. Morena o botsa jaana a re, ‘Lo ka nkagela ntlo e e ntseng jang? A ke ka nna mo go yone? \v 50 A ga ke a dira legodimo le lefatshe?’ \p \v 51 “Baheitane ke lona ba lo thamo di thata! A lo tshwanetse go ganetsa Mowa O O Boitshepo ka bosakhutleng? Mme borraalona ba ne ba dira jalo, a le lona lo dira jalo! \v 52 Bolelang moporofiti mongwe yo borralona ba iseng ba ke ba mmogise! Ba bolaile le ene tota yo o ntshitseng polelelopele ya go tla ga Mosiami, Mesia yo lo mo okileng lwa ba lwa mmolaya. \v 53 Ee, lo sentse Melao ya Modimo ka bomo, le fa lo ne lo e amogetse mo diatleng tsa baengele.” \s1 Go bolawa ga ga Setefane \p \v 54 Mme baeteledipele ba Sejuta ba tenwa thata ke go omanngwa ke Setefane ba bo ba mo shenela meno ka kgakalo. \v 55 Mme Setefane, a tletse Mowa O O Boitshepo, a leba ka iketlo kwa legodimong, a bona kgalalelo ya Modimo le Jesu a ntse ka fa letsogong le legolo la Modimo. \v 56 Mme a ba raya a re, “Bonang, ke bona legodimo le bulegile mme Jesu Mesia a eme fa thoko ga Modimo, ka fa letsogong la one le legolo!” \p \v 57 Mme ba mo gagautlha, ba ikaba ditsebe, ba tima lentswe la gagwe ka go goa thata, \v 58 mme ba mo gogela kwa ntle ga motse go ya go mo kgobotletsa ka matlapa. Basupi ba bagolo le babolai ba apola dibaki tsa bone ba di baya fa dinaong tsa lekawana lengwe le le bidiwang Saulo. \p \v 59 Mme erile fa babolai ba mo kgobotletsa ka maje, Setefane a rapela a re, “Morena Jesu, amogela Mowa wa me.” \v 60 Mme a wela fa fatshe ka mangole, a goa a re, “Morena o se ka wa ba bona molato ka ntlha ya boleo jo!” Mme ka mafoko ao, a swa. \c 8 \s1 Saulo o bogisa badumedi \p \v 1 Mme Saulo o ne a dumalana le gore Setefane a bolawe. Mme pogiso e kgolo ya badumedi ya simologa ka letsatsi leo, ya tlhasela, mme mongwe le mongwe a tshabela kwa Judea le Samaria kwa ntle ga baaposetoloi fela. \v 2 (Mme bangwe ba badumedi ba Bajuta ba tla go fitlha Setefane ka kutlo-botlhoko e kgolo). \v 3 Mme Saulo o ne a nna jaaka setsenwa, a tsamaya gongwe le gongwe a nyeletsa badumedi, a tsena mo matlung a swatola banna le basadi a ba tsenya mo kgolegelong. \s1 Filipo o rera kwa Samarea \p \v 4 Mme badumedi ba ba neng ba tshabile kwa Jerusalema ba ne ba tsamaya gongwe le gongwe ba rera Mafoko a a Molemo kaga Jesu! \v 5 Jaaka Filipo, yo o neng a ya kwa Samaria go bolelela batho ka ga Keresete teng. \v 6 Bontsintsi jo bogolo jwa batho bo ne jwa reetsa thata se o neng a tshwanetse go se bua ka ntlha ya go bona dikgakgamatso tse o neng a di dira. \v 7 Mewa e le mentsi e e maswe e ne ya ntshediwa kwa ntle, e goa fa e tswa mo bathong ba e neng e ba tsenye, mme ba le bantsi ba ba neng ba tetesela kgotsa ba ba neng ba golafetse ba fodisiwa, \v 8 mme ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo! \s1 Ka ga Simone wa moloi \p \v 9-11 Mme monna mongwe yo o neng a bidiwa Simone o ne a kile a bo a dira boloi ka dingwaga di le dintsi; e ne e le monna yo o tlhotlheletsang thata, a bile a le boikgogomoso ka ntlha ya dikgakgamatso tse o neng a di dira mo e leng gore Basamaria ba ne ba tlwaetse go bua kaga gagwe ba re ke Mesia. \v 12 Mme jaanong ba ne ba dumela molaetsa wa ga Filipo gore Jesu e ne e le Mesia, le mafoko a gagwe kaga Bogosi jwa Modimo; mme go ne ga kolobediwa banna le basadi ba le bantsi. \v 13 Mme Simone ka sebele a dumela a bo a kolobediwa jalo a simolola go sala Filipo morago gongwe le gongwe kwa a yang teng, mme o ne a hakgamadiwa ke dikgakgamatso tse (Filipo) o neng a di dira. \p \v 14 Mme erile fa baaposetoloi kwa Jerusalema ba utlwa fa batho ba Samaria ba amogetse molaetsa wa Modimo, ba romela Petere le Johane. \p \v 15 Erile fela jaaka ba goroga ba simolola go rapelela Bakeresete ba basha ba, go amogela Mowa O O Boitshepo. \v 16 Gonne o ne o ise o tle mo go ope wa bone ka gonne ba ne ba kolobeditswe fela mo leineng la Morena Jesu. \v 17 Jalo Petere le Johane ba baya diatla tsa bone mo badumeding ba, mme ba amogela Mowa O O Boitshepo. \p \v 18 Erile Simone a bona se, gore Mowa O O Boitshepo o ne o fologela mo bathong fa Baaposetoloi ba ba baya diatla, a ntsha madi go reka nonofo e. \v 19 Mme o ne a re, “Le nna nnayang nonofo e, gore mongwe le mongwe yo ke mmayang diatla a amogele Mowa O O Boitshepo!” \p \v 20 Mme Petere a mo fetola a re, “A madi a gago a nyelele le wena gonne o gopola gore mpho ya Modimo e ka rekwa! \v 21 Ga o ka ke wa nna le seabe mo go se, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo. \v 22 Sokologa mo tshiamololong e, mme o rapele. Gongwe Modimo o tlaa itshwarela dikakanyo tsa gago tse di bosula, \v 23 gonne ke bona fa go na le lefufa le boleo mo pelong ya gago.” \p \v 24 Mme Simone a re, “Nthapelela gore dilo tse di maswe tse di se ntiragalele.” \p \v 25 Morago ga bosupi le thero mo Samaria, Petere le Johane ba ne ba boela Jerusalema, mme ba tla ba ema mo metsaneng ya Samaria mo tseleng go rera Mafoko a a Molemo. \s1 Go sokologa ga motho wa Itopia \p \v 26 Mme Filipo ene, moengele wa Morena a mo raya a re, “Ya kwa tseleng e e tswang Jerusalema e e ralalang sekaka sa Gasa, o goroge motshegare.” \v 27 Mme o ne a dira jalo, mme ya re mo tseleng ga bo go tla mang fa e se motshola madi wa Itopia, moopa wa taolo kgolo ka fa tlase ga Kgosigadi ya Itopia. O ne a ile Jerusalema go rapela kwa Tempeleng, \v 28 mme o ne a bowa a le mo kareng ya gagwe a balela kwa godimo mo lokwalong lwa ga moporofiti Isaia. \v 29 Mowa O O Boitshepo wa raya Filipo wa re, “Tsamaya o ye gaufi le kara!” \p \v 30 Filipo a taboga mme a utlwa se o neng a se bala mme jalo a botsa a re, “A o tlhaloganya se o se balang?” \p \v 31 Mme monna a fetola a re, “Tota ga ke tlhaloganye! Nka tlhaloganya jang go sena yo o ntlhalosetsang?” Jalo a kopa Filipo go palama kara gore a tle go nna nae. \p \v 32 Se o neng a se bala mo lokwalong se ne se balega jaana. “O ne a gogwa jaaka nku e isiwa kwa matlhabelong, le jaaka kwanyana e e didimetseng fa pele ga babeodi ba yone, ga a ka a tswa molomo; \v 33 mo go sotlweng ga gagwe, ga a ka a direlwa tshiamo; mme ke mang yo o ka ranolang bomaswe jwa losika lwa gagwe? Gonne botshelo jwa gagwe bo tlositswe mo lefatsheng.” \p \v 34 Mme moopa a botsa Filipo a re, “A Isaia o ne a bua ka ga gagwe kgotsa ka mongwe?” \p \v 35 Mme jaana Filipo a simolola ka lokwalo lo, le tse dingwe di le dintsi go mmolelela kaga Jesu. \v 36 Erile ba ntse ba tsamaya ka koloi, ba fitlha fa metsing mangwe, moopa a re, “Metsi ke a, ke eng fa ke sa kolobediwe?” \p \v 37 Filipo o ne a mo araba a re, “O ka kolobediwa fa o dumela ka pelo ya gago yotlhe.” Mme moopa a fetola a re, “Ke dumela gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo.” \v 38 Mme a emisa kara ya gagwe ba fologela mo teng ga metse mme Filipo a mo kolobetsa. \v 39 Mme erile fa ba tswa mo metsing, Mowa wa Modimo wa tsaya Filipo, mme moopa a seka a tlhola a mmona gape, mme a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse. \p \v 40 Mme ka nako eo Filipo ene a ipona a le kwa Asoto. O ne a rera Mafoko a a Molemo gone koo le mo motseng mongwe le mongwe mo tseleng, fa a ya Kaesara. \c 9 \s1 Go sokologa ga ga Saulo \p \v 1 Mme Saulo, ka go tshosa ka bogale jwa go nyeletsa Mokeresete mongwe le mongwe, o ne a ya kwa Moperesiting yo mogolo kwa Jerusalema. \v 2 O ne a kopa lokwalo lo lo kwaletsweng diphuthego kwa Damaseko, a kopa thuso ya go bogisa badumedi ba o tlaa ba bonang teng, banna le basadi gore a tle a ba lere kwa Jerusalema ba golegilwe. \p \v 3 Mme mo loetong lo, ya re a atamela Damaseko ka tshoganetso lesedi le le galalelang thata la mo phatsimela le tswa legodimong! \v 4 O ne a wela fa fatshe mme a utlwa lentswe le re, “Saulo! Saulo! o mpogisetsang?” \p \v 5 Mme ene a re, “O mang Morena?” Jalo lentswe la fetola la re, “Ke Jesu yo o mmogisang! \v 6 Jaanong tsoga o tsene mo motseng mme o letele ditaelo tsa me.” \v 7 Mme banna ba ba neng ba na le Saulo ba ema ba tuulala ka kgakgamalo, gonne ba ne ba utlwa lentswe la mongwe mme ba sa mmone! \v 8-9 Mme erile fa Saulo a tsoga fa fatshe a bo a sa bone. O ne a tshwanelwa ke go gogelwa kwa Damaseko kwa o neng a nna teng malatsi a mararo, a sa bone, a sa je, a sa nwe ka nako eo yotlhe. \p \v 10 Mme mo Damaseko go ne go na le morutwa, ebong Ananiase. Modimo o ne wa bua nae mo ponatshegelong wa re, “Ananiase!” Mme a re, “Morena”! \p \v 11 Mme Morena a re, “Tsamaya o ye kwa mmileng o go tweng Tolamo o batle ntlo ya monna yo o bidiwang Judase mme o botse gore Saulo wa Tareso o kae. O a rapela gone jaanong, gonne \v 12 ke mmontshitse ponatshegelo ya monna yo o bidiwang Ananiase a tla go baya diatla tsa gagwe mo go ene gore a foufologe gape!” \p \v 13 Mme Ananiase a re, “Morena, ke utlwile kaga dilo tse di sa siamang tse monna yo o di dirileng mo badumeding kwa Jerusalema! \v 14 Gape re utlwa gore o tshotse tetlelelo ya go tshwara e e tswang kwa baperesiting ba bagolo go mo fa thata ya go tshwara modumedi mongwe le mongwe mo Damaseko!” \p \v 15 Mme Morena a re, “Tsamaya o dire se ke se buang. Gonne Saulo ke sejana same se se tlhaotsweng go isa molaetsa wame mo go Badichaba le mo dikgosing tsa bone, le mo bathong ba Iseraele. \v 16 Mme ke tlaa mo supegetsa gore o tshwanetse go mpogela go le kae.” \p \v 17 Mme Ananiase a tsamaya a bona Saulo a bo a mmaya diatla a re, “Mokaulengwe Saulo, Morena Jesu yo o neng a go ipontsha mo tseleng, o nthomile gore o tle o tladiwe ka Mowa O O Boitshepo le gore o foufologe.” \p \v 18 Ya re gone fela foo (ya ne ekete go wa dikgapetlana mo matlhong a ga Saulo) a foufologa, mme ka bonako a kolobediwa. \p \v 19 Mme a ja mme a nonofa. O ne a nna le badumedi mo Damaseko malatsinyana, \v 20 mme erile gone fela foo a ya kwa tlung ya thuto go bolelela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo kaga Jesu, gore tota ke Morwa Modimo! \s1 Saulo o rera kwa Damaseko \p \v 21 Botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba ne ba hakgamala. Ba ne ba botsa ba re, “A monna yo ga se ene yo o neng a bogisa thata balatedi ba ga Jesu kwa Jerusalema? Mme re utlwa gore o tletse fano go tla go ba tshwara botlhe mme a ba golega go ba isa kwa baperesiting ba bagolo.” \p \v 22 Saulo o ne a nna tlhaga thata mo therong ya gagwe, mme Bajuta ba Damaseko ba ne ba sa kgone go emela ditshupo tsa gagwe gore Jesu tota e ne e le Keresete. \p \v 23 Moragonyana, baeteledipele ba Sejuta ba ikaelela go mmolaya. \v 24 Mme o ne a bolelelwa kaga maikaelelo a bone, gore ba ne ba tlhokometse dikgoro tsa motse bosigo le motshegare ba ipaakanyeditse go mmolaya. \v 25 Mme erile bosigo bangwe ba o ba sokolotseng ba mo falotsha ka kgorwana mo loboteng lwa motse a le mo serotong. \s1 Saulo o rera kwa Jerusalema \p \v 26 Erile fa a goroga kwa Jerusalema a leka go kopana le badumedi, mme ba ne ba mo tshaba. Ba ne ba gopola gore o itira yo o dumelang! \v 27 Jalo Barenabase a mo tlisa mo baaposetoloing mme a ba bolelela ka fa Saulo a ileng a bona Morena ka teng mo tseleng a ya Damaseko, le se Morena o neng a se bua nae, le ka thero ya gagwe e e nonofileng ka leina la ga Jesu kwa Damaseko. \v 28 Mme ba mo amogela, mme morago ga moo o ne a nna le badumedi ka nako tsotlhe, \v 29 mme a rera ka bopelokgale mo leineng la Morena. Mme Bajuta bangwe ba ba neng ba bua Segerika ba o kileng a ganetsana nabo ba loga leano la go mmolaya. \v 30 Le fa go ntse jalo, erile badumedi ba bangwe ba utlwa diphatsa tse a leng mo go tsone, ba mo isa kwa Kaesarea mme ya re morago ga moo ba mo isa kwa ga gabo kwa Tareso. \p \v 31 Erile ka lobaka lo, phuthego e ne e le mo kagisong mo ntlheng tsotlhe tsa Judea, Galalea le Samaria, mme tsa gola mo nonofong le mo palong. Badumedi ba ithuta go tsamaya ba boifa Morena mo kgomotsong ya Mowa O O Boitshepo. \s1 Petere o fodisa Aenease \p \v 32 Petere o ne a tsamaya mafelo a a farologanyeng go ba etela, o ne a etela le badumedi ba ba kwa motseng wa Lida. \v 33 Teng koo, a kopana le monna yo o neng a bidiwa Aenease, yo o neng a gateletswe ke bolwetse a bile a sa kgone go tsoga mo bolaong ka dingwaga di roba bobedi. \p \v 34 Mme Petere a mo raya a re, “Aenease! Jesu Keresete o go fodisitse! Tsoga o baakanye bolao jwa gago.” Mme erile fela gone foo a fodisiwa. \v 35 Mme batho botlhe ba Lida le ba Sharona ba sokologela mo Moreneng fa ba bona Aenease a tsamaya. \s1 Petere o tsosa Dorokase mo losong \p \v 36 Mo motseng wa Jopa go ne go na le mosadi a bidiwa Dorokase, (le fa e le Tshephe) modumedi yo o neng a tshela a direla ba bangwe bo-molemo, bogolo jang batlhoki. \v 37 Ka nako eo o ne a lwala mme a swa. Ditsala tsa gagwe tsa mmaakanyetsa phitlho mme tsa mo robatsa mo ntlwaneng e e kwa godimo. \v 38 Mme erile fa ba utlwa fa Petere a le gaufi mo Lida, ba roma banna ba le babedi go kopa go boela le bone kwa Jopa. \v 39 Mme o ne a dira jalo, erile fela fa a goroga, ba mo tseela kwa ntlwaneng ee kwa go-dimo kwa Dorokase o neng a beilwe teng. Ntlo e ne e tletse batlholagadi ba ba lelang ba ba neng ba bontshana diaparo tse Dorokase o di ba diretseng. \v 40 Mme Petere a ba kopa gore botlhe ba tswele kwa ntle; jalo a khubama a rapela. Erile a retologela kwa setopong a re, “Tsoga Dorokase,” mme a bula matlho! Ya re a bona Petere a tsoga! \v 41 A mo naya letsogo a mo thusa go tsoga mme a biletsa badumedi botlhe le batlholagadi mo teng, a ba mo neela! \p \v 42 Dikgang tsa anama le motse, mme ba le bantsi, ba dumela mo Moreneng. \v 43 Mme Petere a nna lobaka lo loleele mo Jopa, a nna le Simone, wa mosuga matlalo. \c 10 \s1 Korenelio o bitsa Petere \p \v 1 Mme mo Kaesarea go ne go nna mo eteledipele wa mophato wa ntwa ya Seroma gotwe Korenelio, e le molaodi wa mophato wa Itale. \p \v 2 E ne e le motho yo o ratang Modimo, a bile a o tlotla thata, le ba ntlo ya gagwe ba ne ba ntse jalo. O ne a aba ka mowa o o gololesegileng a bile a le motho wa thapelo. \v 3 Tshokologo nngwe ya letsatsi ya re a santse a ntse, ka nako e ka nna ya boraro, a bona ponatshegelo, mme mo ponatshegelong e, a bona moengele wa Modimo a tla kwa go ene a re, “Korenelio”. \p \v 4 Korenelio a re, “O batlang Morena!” Moengele a fetola a re, “Dithapelo tsa gago le dimpho tsa gago Modimo o di bonye. \v 5-6 Jaanong roma banna bangwe kwa Jopa go ya go batla mongwe yo o bidiwang Simone Petere, yo o nnang le Simone wa mosuga matlalo, go bapa le lotshitshi lwa lewatle, mme lo mo kope gore a lo etele.” \p \v 7 Erile moengele a sena go tsamaya, Korenelio a bitsa batlhanka ba ntlo ya gagwe ba le babedi le motlhabani yo o boifang Modimo, mongwe wa ba ba ikanyegang, \v 8 mme a ba bolelela se se diragetseng a bo a ba roma kwa Jopa. \s1 Petere o bona ponatshegelo \p \v 9-10 Erile letsatsi le le latelang, fa ba atamela motse, Petere a tlhatlogela kwa godimo ga ntlo ya gagwe go rapela. Go ne go le motshegare ebile o ne a tshwerwe ke tlala, mme erile dijo tsa motshegare di sa ntse di baakanngwa a bona ponatshegelo. \v 11 O ne a bona legodimo le bulega, mme a bona letsela le legolo le lepeleditswe ka dinaka tsa lone tse nne, le fitlha fa fatshe. \v 12 Mme mo letseleng go ne go le diphologolo tsa mefuta yotlhe, dinoga le dinonyane (tse di idiwang Bajuta go di ja). \p \v 13 Mme lentswe la mo raya la re, “Tsamaya o bolaye o je nngwe ya tsone e o e batlang.” \p \v 14 Petere a fetola a re, “Nnyaa, Morena, ga ke ise nke ke je diphologolo tse di ntseng jaana mo botshelong jwa me, gonne di a idiwa ka melao ya rona ya Sejuta.” \p \v 15 Lentswe la bua gape, la re, “Se ganetsanye le Modimo! Fa o re selo se tshwanetse go jewa go raya gore se siame.” \v 16 Mme ponatshegelo e ya direga gararo. Mme letsela la boela gape kwa legodimong. \v 17 Petere o ne a akabala thata gore ponatshegelo e ka ne e raya eng? O ne a tshwanetse go dirang? Mme jaana banna ba ba romilweng ke Korenelio ba ne ba bone ntlo e, mme ba bo ba eme kwa ntle fa kgorong, \v 18 ba botsa gore a ntlo e ke yone e Simone Petere o nnang mo go yone. \p \v 19 Mme erile Petere a sa ntse a hakgamaletse ponatshegelo, Mowa O O Boitshepo wa mo raya wa re, “Banna ba bararo ba tsile kwa go wena. \v 20 Fologela kwa tlase o kopane le bone mme o tsamaye nabo. Sengwe le sengwe se siame, ke ba romile.” \p \v 21 Jalo Petere a fologa, mme a re, “Ke nna yo lo mmatlang. Jaanong ke eng se lo se batlang.” \p \v 22 Mme jalo ba mmolelela kaga Korenelio molaodi wa Mo-Roma yo o siameng wa Modimo, yo o neng a itsege thata mo Bajuteng le jaaka moengele a ne a mo laetse go ya go bitsa Petere go tla go mmolelela se Modimo o batlang a se dira. \v 23 Mme Petere a ba amogela a bo a ba fa boroko sigong joo. Letsatsi le le tlang a tsamaya nabo, ba na le (badumedi) ba ba tswang Jopa. \s1 Petere kwa ga Korenelio \p \v 24 Ba goroga mo Kaesarea letsatsi le le latelang, mme Korenelio o ne a ba letile a bile a biditse ba losika lwa gagwe le ditsala tsa gagwe tsa botlhokwa go nna le Petere. \v 25 Erile fa Petere a tsena mo ga gagwe, Korenelio a wela fa fatshe fa pele ga gagwe a mo obamela. \p \v 26 Mme Petere a re, “Ema! Le nna ka nosi ke motho!” \p \v 27 Mme a ema ba buisanya ka sebakanyana ba bo ba ya kwa ba bangwe ba neng ba phuthegetse teng. \p \v 28 Mme Petere a ba raya a re, “Lo a itse gore go kgatlhanong, le melao ya Sejuta gore ke tsene mo lolwapeng lwa Modichaba. Mme Modimo o mpontshitse mo ponatshegelong gore ke seka ka ba ka lebela ope kwa tlase. \v 29 Mme ka tla fela jaaka ke bidiwa. Jaanong mpolelelang se lo se batlang.” \p \v 30 Mme Korenelio a fetola a re, “Malatsi a mane a a fetileng ke ne ke rapela jaaka gale ka nako e ya maitseboa, fa ka tshoganetso monna a ema fa pele ga me a apere seaparo se se galalelang! \v 31 Mme a nthaya a re, ‘Korenelio, thapelo tsa gago di utlwetse le dimpho tsa gago di lemogilwe ke Modimo! \v 32 Jaanong roma banna bangwe kwa Jopa go itsise Simone Petere, yo o nnang mo motseng wa ga Simone, wa mosuga matlalo, fa lotshitshing lwa lewatle.’ \v 33 Mme ke ne ka re o ye go bidiwa, mme o dirile sentle ka go tla ka bonako. Jaanong ke rona ba, re letile fa pele ga Morena, re batla go itse se o se go boleletseng go se re bolelela!” \p \v 34 Mme Petere a fetola a re, “Ke bona sentle gore Bajuta ga se bone fela ba Modimo o ba ratang! \v 35 Mo chabeng nngwe le nngwe o na le ba ba mo obamelang ba bile ba dira dilo tse di siameng mme mo go ene ba a amogelesega. \v 36-37 Ke tlhomamisa gore lo utlwile kaga Mafoko a a Molemo a batho ba Iseraele, gore go na le kagiso mo Modimong ka Jesu, Mesia, yo e leng Morena wa (lobopo) lotlhe. Molaetsa o, o aname le Judea yotlhe, o simolotswe ke Johane wa Mokolobetsi mo Galalea. \v 38 Mme ga go belaesege go itse gore Jesu wa Nasaretha o ne a tlodiwa ke Modimo ka Mowa o o Boitshepo le ka nonofo, mme o ne a tsamaya a dira molemo a bile a fodisa botlhe ba ba neng ba na le mewa e e maswe, gonne Modimo o ne o na nae. \p \v 39 “Mme rona baaposetoloi re basupi ba tsotlhe tse o di dirileng mo Iseraele yotlhe le mo Jerusalema kwa o neng a bolaelwa teng mo sefapaanong. \v 40-41 Mme Modimo o ne wa mo tshedisa gape morago ga malatsi a mararo, mme wa mmontsha basupi bangwe ba Modimo o neng o sale o ba tlhopha pele, e seng mongwe le mongwe, mme e leng rona ba re neng ree ja re ba ree nwa nae a sena go tsoga mo baswing. \v 42 Mme o ne a re roma go ya go rera Mafoko a a Molemo gongwe le gongwe le go supa gore Jesu o beilwe go nna Moatlhodi wa botlhe, baswi le batshedi. \v 43 Mme le baporofiti botlhe ba kwadile ka ga gagwe, ba re mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene o tlaa itshwarelwa dibe ka leina la gagwe.” \p \v 44 Mme erile Petere a sa ntse a bua dilo tse Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go botlhe ba ba neng ba reeditse! \v 45 Mme Bajuta ba ba neng ba tsile le Petere ba ne ba hakgamala gore neo ya Mowa O O Boitshepo e ka newa le Badichaba! \v 46-47 Mme go ne go ka se ka ga nna le pelaelo, gonne ba ba utlwile ba bua ka diteme ba bile ba galaletsa Modimo. Petere o ne a botsa a re, “A mongwe o ka gana gore ke ba kolobetse, ka gore jaanong ba amogetse Mowa O O Boitshepo fela jaaka re ne ra o amogela?” \v 48 Mme o ne a dira jalo, a ba kolobetsa mo leineng la ga Jesu, Mesia. Morago Korenelio a mo kopa go nna le bone malatsinyana. \c 11 \s1 Petere o bolela polelo ka ga Korenelio \p \v 1 Ka bonako dikgang tsa fitlha kwa baaposetoloing le bakaulengwe ba bangwe kwa Judea gore Badichaba le bone ba amogetse Lefoko la Modimo. \v 2 Mme erile Petere a boela kwa Jerusalema, badumedi ba Bajuta ba ganetsanya nae. \p \v 3 Ba ne ba mmaya molato ba re, “O itsalantse le Badichaba ebile o jele nabo.” \p \v 4 Mme Petere a ba bolelela polelo yotlhe. \v 5 O ne a re, “Erile letsatsi lengwe mo Jopa ke sa ntse ke rapela, ka bona ponatshegelo, letsela le legolo la fologela fa fatshe ka dinaka tsa lone tse nne le tswa legodimong. \v 6 Mo letseleng go ne go le mefuta yotlhe ya diphologolo, digagabi le dinonyane (tse re sa tshwanelang go di ja). \v 7 Mme ke ne ka utlwa lentswe le re, ‘Bolaya mme o je tse o di ratang.’ \v 8 Mme ke ne ka fetola ka re, ‘Nnyaa, Morena, gonne ga ke ise ke ko ke je sepe se se idiwang ka melao ya rona ya Sejuta!’ \p \v 9 “Mme lentswe la tla gape la re, ‘Se re ga go a siama go jewa fa Modimo One o re go siame.’ \p \v 10 “Mo go ne ga diragala gararo pele ga letsela le tsotlhe tse di neng di le mo go lone di nyelelela kwa legodimong. \v 11 Mme banna ba bararo ba ba neng ba tsile go ntsaya go ya Kaesarea ba goroga kwa tlung e ke neng ke nna mo go yone! \v 12 Mme Mowa O O Boitshepo o ne wa nthaya wa re ke tsamaye le bone le gone ke seka ka tshwenyega ka Bodichaba jwa bone! Bakaulengwe ba barataro ba, ba tsamaya le nna, mme ka bofefo ra goroga kwa mo-tseng wa monna yo o neng a romile barongwa. \v 13 Mme a re bolelela ka fa moengele a neng a tla kwa go ene ka teng a mmolelela gore a rome barongwa kwa Jopa go batla Simone Petere. \v 14 Moengele a mmolelela gore, ‘monna yoo o tlaa go bolelela ka fa wena le ba ntlo ya gago lo ka bolokwang ka teng.’ \v 15 Mme ka simolola go ba bolelela Mafoko a a Molemo, mme e rile fela jaaka ke simolola thero ya me, Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go bone, fela jaaka o ne wa fologela mo go rona pele! \p \v 16 “Mme ke ne ka gopola mafoko a Morena fa a ne a re, ‘Ee, Johane o ne a kolobetsa ka metsi, mme lona lo tlaa kolobediwa ka Mowa O O Boitshepo.’ \v 17 Mme ka e ne e le Modimo ka boone o o neileng Badichaba ba mpho e e tshwanang le ya rona fa re dumela mo go Morena Jesu Keresete, ke ne ke le mang yo ke ka ganetsang?” \p \v 18 Mme erile fa ba bangwe ba utlwa kaga se, dikganetso tsa bone tsotlhe di ne tsa arabiwa mme ba simolola go galaletsa Modimo; ba ne ba re, “Ee, Modimo o neetse le Badichaba tshwanelo ya gore ba sokologele kwa go one le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng!” \s1 Badumedi ba Antioka \p \v 19 Mme badumedi ba ba neng ba siile mo Jerusalema ka nako ya pogiso morago ga loso lwa ga Setefane ba tsamaya ba bo ba ya go fitlha kwa Fenikia, le kwa Kupero le kwa Antioka, ba gasa Mafoko a a Molemo mo Bajuteng fela. \v 20 Le fa go ntse jalo, bangwe ba badumedi ba ba neng ba ya kwa Antioka ba tswa mo Kupero le mo Kurene le bone ba ile ba rerela Bagerika molaetsa wa bone kaga Morena Jesu. \v 21 Mme Morena o ne a rotloetsa maiteko a gore Badichaba ba le bantsi ba nne badumedi. \p \v 22 Mme erile phuthego e e kwa Jerusalema e utlwa se se diragetseng, ba romela Barenabase kwa Antioka go thusa ba e leng gone ba sokologang. \v 23 Erile fa a goroga ebile a bona dikgakgamatso tse Modimo o neng o di dira, a tlala kgakgamalo le boitumelo, mme a kgothatsa badumedi gore le fa go ka nna jang, ba nne mo Moreneng. \p \v 24 Barenabase e ne e le motho yo o bonolo a tletse Mowa O O Boitshepo a bile a nonofile mo tumelong. Mme ka ntlha ya gone mo, batho ba le bantsi ba ne ba oketsega mo Moreneng. \p \v 25 Mme Barenabase o ne a ya kwa Tareso go batla Saulo. \v 26 Erile a mmona a mmusetsa kwa Antioka; ka bobedi jwa bone ba nna koo ngwaga yotlhe, ba ruta badumedi ba basha. (Ke kwa Antioka kwa badumedi ba neng ba simolola go bidiwa “Bakeresete” teng.) \p \v 27 Ka nako e baporofiti bangwe ba ne ba tswa Jerusalema ba ya Antioka, \v 28 mme mongwe wa bone yo o bidiwang Agabuse, o ne a ema ka tlhotlheletso ya Mowa mo go nngwe ya dikopano a bolelela pele gore leuba le legolo le tlaa tla mo lefatsheng la Iseraele. (Mo go ne ga diragala ka nako ya puso ya ga Kalaudio). \v 29 Mme jalo badumedi ba ikaelela go romela thuso kwa Bakereseteng mo Judea, mongwe le mongwe a ntsha kafa a ka kgonang ka teng. \v 30 Mme ba ile ba dira, ba isa dimpho tsa bone kwa go Barenabase le Saulo gore ba di ise kwa bagolwaneng ba phuthego kwa Jerusalema. \c 12 \s1 Petere o ntshiwa mo kgolegelong \p \v 1 Mme ka nako e o Kgosi Herode o ne a nna kgatlhanong le badumedi bangwe, \v 2 mme a bolaya moaposetoloi Jakobe (mogoloa Johane). \v 3 Erile fa Herode a bona gore go itumedisa baeteledipele ba Bajuta jang, a tshwara Petere ka modiro wa Tlolaganyo, \v 4 mme a mo tsenya mo kgolegelong, a mmaya ka fa tlase ga tlhokomelo ya masole a le lesome le borataro. Maikaelelo a ga Herode e ne e le go isa Petere kwa Bajuteng gore a bolawe morago ga modiro wa Tlolaganyo. \p \v 5 Mme thapelo e e nonofileng e tswa mo phuthegong e ne ya tsena kwa Modimong gore Petere a babalesege ka nako tsotlhe fa a sa ntse a le mo kgolegelong. \p \v 6 Bosigo pele ga nako e o neng a tshwanetse go bolawa ka yone, o ne a robetse, a bofilwe thata ka keetane a le fa gare ga masole a le mabedi le ba bangwe ba eme ba tlhokometse fa pele ga kgoro ya kgolegelo, \v 7 fa ka tshoganetso go nna lesedi mo ntlwaneng ya kgolegelo mme moengele wa Morena a ema fa thoko ga ga Petere! Moengele a mo itaya fa lotlhakoreng go mo tsosa, a mo raya a re, “Tsoga ka bonako!” Mme dikeetane tsa wa mo mabogong a gagwe! \v 8 Mme moengele a mo raya a re, “Apara o rwale ditlhako tsa gago.” Mme a dira jalo. Moengele a re, “Apara seaparo sa gago o ntshale morago!” \p \v 9 Mme Petere a tlogela ntlwana ya kgolegelo, a sala moengele morago. Mme ka nako yotlhe o ne a gopola gore ke toro kana ponatshegelo mme o ne a sa dumele gore tota go a direga. \p \v 10 Ba ne ba feta ntlwana ya kgolegelo ya bobedi, mme ba tla fa kgorong ya tshipi fa mmileng, mme ya ba bulegela ka bo yone! ba feta ba tsamaya botlhe, mme moengele a mo tlogela. \p \v 11 Mme kwa morago Petere a lemoga se se diragetseng; O ne a ithaya a re, “Ke boammaaruri! Morena o romile moengele wa gagwe ebile o mphaloditse mo go Herode le mo go se Bajuta ba neng ba ikemiseditse go se dira ka nna!” \p \v 12 Morago ga a itharabologelwa a ya kwa lwapeng lwa ga Marea, mmaagwe Johane Mareko, kwa ba le bantsi ba neng ba kgobokanetse thapelo teng. \p \v 13 O ne a kokota fa setswalong, se se kwa ntle, mme mosetsana yo o bidiwang Roda a tla go bula. \v 14 Erile fa a lemoga lentswe la ga Petere, a itumela thata mo a neng a tabogela mo teng go bolelela mongwe le mongwe gore Petere o eme kwa ntle mo mmileng. \v 15 Ga ba a ka ba mo dumela. Ba ne ba re, “O a tsenwa,” mme erile a tlhomamisa ba re, “E tshwanetse ya bo e le moengele wa gagwe. (Ba tshwanetse ba bo ba mmolaile).” \p \v 16 Ka lobaka loo Petere ene o ne a tsweletse a kokota. \v 17 A ya kwa go bone a ba didimatsa mme a ba bolelela se se diragetseng le ka fa Morena a mo ntshitseng mo kgolegelong ka teng. Erile a tsamaya are, “Bolelelang Jakobe le ba bangwe se se diragetseng.” \p \v 18 Mme ya re fa bosigo boo sa, ga tsoga pheretlhego e kgolo kwa kgolegelong. Batlhabani ba botsanya gore Petere o ile kae? \v 19 Erile fa Herode a romela gore a Petere a ye go bidiwa mme a utlwa gotwe ga a yo, a laola gore batlhokomedi ba ba lesome le borataro ba tshwarwe, mme ba bolawe. Erile kwa morago a tsamaya go ya go nna kwa Kaesarea ka lobakanyana. \s1 Loso lwa ga Herode \p \v 20 Erile a ntse a le mo Kaesarea, ga tla barongwa ba ba neng ba tswa Ture le Sidoma ba tsile go mmona. Ga a ka a itumelela batho ba metse e mebedi eo, mme barongwa ba itsalanya le Belaseto, mokwaledi wa bogosi, ba bo ba kopa kagiso, gonne mo kgwebong, metse ya bone e ne e ikaegile thata mo lefatsheng la ga Herode. \p \v 21 Go ne ga dirwa tumalano ya go buisanya le Herode, mme erile fa letsatsi leo le tla, a apara diaparo tsa gagwe tsa bogosi, a nna mo setilong sa gagwe mme a bua nabo. \p \v 22 Mme erile kwa bokhutlong batho ba duduetsa ba re, “Ke lentswe la Modimo e seng la motho!” \v 23 Ka bonako, moengele wa Morena a otlhaya Herode ka bolwetse mo e leng gore o ne a jewa ke diboko a ntse a tshela mme a swa ka gonne o ne a amogela kobamelo ya batho go na le gore a galaletse Modimo. \p \v 24 Mafoko a Modimo a a Molemo a ne a anama ka bofefo mme go ne ga nna badumedi ba basha ba le bantsi. \p \v 25 Mme Barenabase le Paulo ba ne ba etela Jerusalema, mme ya re ba sena go fetsa tiro ya bone, ba boela kwa Antioka, ba tsaya Johane Mareko. \c 13 \s1 Go rongwa ga ga Barenabase le Saulo \p \v 1 Mo baporofiting le mo baruting ba phuthego kwa Antioka go ne go le Barenabase le Simeone (yo gape o neng a bidiwa “Monna Montsho”), le Lukio (wa Kurene), le Manaene (yo o otletsweng gongwe le Kgosi Herode), le Saulo. \v 2 Letsatsi lengwe banna ba, ba ntse ba rapela ba bile ba itimile dijo, Mowa O O Boitshepo wa re, “Ntomololelang Barenabase le Saulo go dira tiro e e tlhophegileng e ke e ba bileditseng.” \v 3 Mme morago ga go itima dijo le go rapela, ba ba baya diatla, mme ba ba naya tsela. \s1 Saulo o rera kwa Kupero \p \v 4 Mme ya re ka go gogwa ke Mowa O O Boitshepo ba ya kwa Seleukia ba bo ba ya kwa Kupero. \v 5 Mme mo motseng wa Salamise, ba ne ba ya kwa tlung ya thuto ya Sejuta ba rera. (Johane Mareko o ne a tsamaya le bone e le mothusi wa bone). \p \v 6-7 Morago ba rera mo motseng mongwe le mongwe go kgabaganya setlhaketlhake sotlhe go fitlhelela ba tsena mo Pafosa kwa ba neng ba kopana teng le moloi wa Mojuta, moporofiti wa tsietso yo o neng a bidiwa Barajesu. O ne a ikgolagantse le molaodi Seregio Paulo, yo e neng e le motho yo o tlhaloganyang thata. Molaodi a laletsa Barenabase le Saulo go mo etela, gonne o ne a batla go utlwa molaetsa wa bone o o neng o tswa kwa Modimong. \v 8 Mme Elemase (leina la gagwe ka Segerika), wa moloi a leka go faposa le go tlhotlheletsa gore molaodi a seka a reetsa se Saulo le Barenabase ba neng ba se bua, a leka go mo dira gore a seka a ikanya Morena. \p \v 9 Mme Saulo ka a tletse Mowa O O Boitshepo, a leba moloi ka bogale mme a re, \v 10 “Morwa diabolo ke wena, o tletse mofuta mongwe le mongwe wa go tsietsa le bolotsana, mmaba wa sengwe le sengwe se se siameng, a ga o kitla o khutlisa go ganetsa Morena? \v 11 Mme Modimo gompieno o beile seatla sa one sa kwatlhao mo go wena, mme o tlaa foufala ka lobakanyana.” Ka bonako ga nna mouwane le lefifi mo go ene, mme a simolola go tsamaya a kopa mongwe gore a mo tshware ka letsogo a mo goge. \v 12 Mme erile molaodi a bona se se diragetseng a dumela mme a hakgamalela nonofo ya molaetsa wa Modimo. \p \v 13 Mme Paulo le ba o neng a na nabo ba tloga mo Pafosa ka sekepe ba ya Perega, wa Pamfilia. Mme Johane a ba ngwegela a boela Jerusalema. \s1 Paulo o rera kwa Antioka \p \v 14 Mme Barenabase le Paulo ba ne ba ya Antioka, motse o o neng o le mo kgaolong ya Pisidia. Ka letsatsi la Sabata ba ne ba tsena mo tlung ya thuto go tshwara tirelo-Modimo. \v 15 Mme morago ga go balwa mo go tlwaelesegileng ga Dikwalo tsa ga Moshe le tsa Baporofiti, bagolwane ba ntlo ya thuto ba ba romelela molaetsa o: “Bakaulengwe, fa lo na le lefoko la tao mo go rona, tlang lo le bue!” \p \v 16 Mme Paulo a ema, a dumedisa mme a simolola a re, “Bana ba Iseraele, le botlhe ba ba fano ba ba tlotlang Modimo, [mmang ke simolole se ke se buang ka go lo bolelela ditso di se kae]. \p \v 17 “Modimo wa chaba e, ya Iseraele o tlhophile bo rraa-ronamogolwagolwane mme wa ba tlotla mo Egepeto ka go ba ntsha ka kgalalelo mo botlhankeng jwa bone. \p \v 18 “Mme wa ba tlhokomela mo go tsamayeng ga bone mo sekakeng ka dingwaga di le masome mane. \v 19-20 Mme wa senya dichaba di supa mo Kanana, mme wa neela Iseraele lefatshe la bone e le boswa. Baatlhodi ba busitse ka lobaka lo e neng e ka nna dingwaga di le makgolo a mane le masome a matlhano, mme ba ne ba salwa morago ke Samuele wa moporofiti. \p \v 21 “Mme batho ba kopa gore ba nne le kgosi, mme Modimo wa ba neela Saulo (morwa Kishe), monna wa lotso lwa ga Benjamine, yo o neng a busa ka dingwaga di le masome a mane. \p \v 22 “Mme le fa go ntse jalo, Modimo wa mo tlosa wa tlhoma Dafide go nna kgosi mo maemong a gagwe, monna yo Modimo o neng wa re ka ga gagwe, ‘Dafide (morwa Jese) monna yo pelo yame e mo itumelelang thata, yo o tlaa dirang go rata ga me gotlhe.’ \v 23 Go tswa mo losikeng lwa monna yo, Modimo o ne wa tlisetsa Iseraele Mmoloki, ebong Jesu, fela jaaka o solofeditse. \v 24 Mme pele ga a goroga, Johane wa Mokolobetsi o ne a rera botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe mo Iseraele a sokologe mo dibeng le go boela mo Modimong. \v 25 Mme erile fa Johane a fetsa tiro ya gagwe a botsa a re, ‘A lo akanya gore ke Mesia? Nnyaa! Ene o e tla ka bonako, mme mo go ene ga ke sepe!’ \p \v 26 “Bakaulengwe, lona bomorwa Aberahame, le lona lotlhe Badichaba ba lo tlotlang Modimo, poloko e ke ya rona rotlhe! \v 27 Bajuta mo Jerusalema le baeteledipele ba bone ba diragaditse seporofeso ka go bolaya Jesu, gonne ba ne ba sa mo lemoge, kgotsa ba sa itse gore ke ene yo baporofiti ba neng ba kwadile ka ga gagwe, le fa ba ne ba utlwa mafoko a baporofiti a balwa Sabata mongwe le mongwe. \v 28 Mme ba ne ba tlhoka mabaka a a utlwalang go mmolaya, mme ba kopa Pilatwe gore a ba letle gore ba bolaye Jesu. \v 29 Mme erile ba sena go diragatsa seporofeso sotlhe ka ga loso lwa gagwe, o ne a pagololwa mo sefapanong mme a tsenngwa mo lebitleng. \p \v 30 “Mme Modimo wa mo tsosa gape! mo losong. \v 31 Mme o ne a bonwa gantsi mo malatsing a makhutshwane a a latelang ke banna ba ba neng ba na nae go tswa Galalea go ya Jerusalema, banna ba ba neng ba sa bolo go nna ba bolela ka gale mo phatlalatseng. \p \v 32-33 “Mme jaanong Barenabase le nna re fano go lo tlisetsa Mafoko a a Molemo a, gore tsholofetso ya Modimo mo go borraetsho-mogolo e diragaditswe mo dinakong tsa rona, ka go tsosa Jesu mo losong gape. Se ke sone se Pesalema ya bobedi e buang kaga sone fa e bua kaga Jesu e re, ‘Gompieno ke go tlotlile jaaka Morwaake.’ \p \v 34 “Gonne Modimo o ne o solofeditse go mo rudisa gape, a se kitla a tlhola a a swa gape. Mo go kwadilwe mo lokwalong lo lo reng, ‘Ke tlaa lo direla dilo tse di hakgamatsang tse ke di solofeditseng Dafide.’ \p \v 35 “Mo Pesalemeng e nngwe o tlhalositse thata a re, ‘Modimo ga o kitla o letla gore yo o Boitshepo wa one a bole.’ \v 36 Mo go ne go sa reye Dafide, gonne erile Dafide a sena go direla dikokomana tsa gagwe ka fa go rateng ga Modimo, o ne a swa mme a fitlhwa, mme mmele wa gagwe wa bola. \v 37 [Nnyaa, go ne go raya yo mongwe], mongwe yo Modimo o mo rudisitseng, yo mmele wa gagwe o iseng o ke o tshwarwe ke tshenyego ya loso. \p \v 38 “Bakaulengwe! Reetsang! Mo monneng yo ebong Jesu, go na le boitshwarelo jwa dibe tsa lona! \v 39 Mme mongwe le mongwe yo o mo ikanyang o golotswe mo melatong yotlhe le gone o siame, sengwe se molao wa Sejuta o neng o sa kake wa se dira. \v 40 Mme jaanong itlhokomeleng! Se direng gore mafoko a baporofiti a reye lona. Gonne ba re, \v 41 ‘Lebang mme lo nyelele, lona banyatsi ba boammaaruri, gonne ke dira sengwe mo lobakeng lwa lona, sengwe se lo se ka keng lwa se dumela fa lo utlwa se bolelwa.’ ” \p \v 42 Mme erile batho ba tswa mo tlung ya thuto ka letsatsi leo, ba kopa Paulo go boa a ya go bua le bone beke e e latelang. \v 43 Mme Bajuta ba le bantsi le Badichaba ba badumedi ba ba neng ba rapela kwa tlung ya thuto ba sala Paulo le Barenabase morago mo mmileng mme bone ba ba tlhotlheletsa go amogela kutlwelobotlhoko e Modimo o e ba nayang. \v 44 Beke e e latelang motse otlhe wa batla go tla go ba utlwa ba rera Lefoko la Modimo. \p \v 45 Mme erile fa Bajuta ba baeteledipele ba bona bontsintsi jwa batho ba tlala lefufa, mme ba hutsa ba bo ba ganetsa se Paulo o neng a se bua. \p \v 46 Mme Paulo le Barenabase ba ne ba bua ka bopelokgale ba re, “Go ne go tlhokega gore Mafoko a a Molemo a a tswang kwa Modimong a tshwanetse go neelwa lona Bajuta pele. Mme ka gobo lo a ganne, lwa ba lwa itshupa fa lo sa tshwanela botshelo jo bo sa khutleng, go siame re tlaa bo neela Badichaba. \v 47 Gonne se ke se Morena o se laotseng fa a re, Ke lo dirile lesedi mo go badichaba, go ba goga mo khutlong tse di kgakala tsa lefatshe go ba tlisa mo polokong ya me.” \p \v 48 Mme erile Badichaba ba utlwa se, ba itumela thata mme ba ipelela molaetsa wa ga Paulo; ba le bantsi ba ba neng ba batla botshelo jo bo sa khutleng, ba dumela. \p \v 49 Mme molaetsa wa Modimo wa gasama mo kgaolong eo yotlhe. \p \v 50 Mme baeteledipele ba Sejuta ba feretlha badumedi ba basadi ba ba boifang Modimo ga mmogo le baeteledipele ba motse mme ba tlhotlheletsa boidiidi jwa batho go nna kgatlhanong le Paulo le Barenabase, mme ba ba kobela kwa ntle ga motse. \v 51 Mme ba ne ba itlhotlhora lorole mo dinaong tsa bone go supa go nna kgatlhanong le motse o, mme ba ya kwa motseng wa Ikonio. \v 52 Mme ba ba ba sokolotseng ba tlala boitumelo le Mowa O O Boitshepo. \c 14 \s1 Paulo o rera kwa Ikonio \p \v 1 Mme kwa Ikonio, Paulo le Barenabase ba ne ba tsamaya mmogo ba ya kwa tempeleng mme ba rera ka nonofo e kgolo e Bajuta le Badichaba ba neng ba e dumela. \p \v 2 Mme Bajuta ba ba neng ba gana molaetsa wa Modimo ba feretlha Badichaba gore ba seka ba dumela Paulo le Barenabase, ba bua ka dilo di le dintsi tse di maswe ka bone. \v 3 Mme le fa go ntse jalo, ba ne ba nna foo lobaka lo lo leele, ba rera ka bopelokgale, mme Morena a supa fa molaetsa wa bone o tswa kwa go ene ka go ba neela nonofo ya go dira dikgakgamatso tse di kgolo. \v 4 Mme batho ba motse ba ne ba farologana ka maikutlo kaga banna ba. Bangwe ba ne ba dumalana le baeteledipele ba Sejuta mme ba bangwe ba dumalana le baaposetoloi. \v 5-6 Mme erile fa Paulo le Barenabase ba lemoga leano la go tlhotlheletsa bontsi jwa Badichaba, Bajuta le baeteledipele ba Sejuta go ba tlhasela le go ba bolaya, ba ipoloka, ba ya kwa metseng ya Lukaonia, Lusetera, Derebe le mo tikologong, \v 7 mme ba rera Mafoko a a Molemo teng koo. \s1 Paulo o rera kwa Lusetera \p \v 8 Mme erile fa ba le kwa Lusetera, ba tla fa monneng yo o neng a golafetse dinao go tswa sebopelong sa ga mmaagwe, ebile a ise a ke a tsamaye. \v 9 O ne a reeditse fa Paulo a rera, mme Paulo a mo lemoga mme a bona gore o na le tumelo ya go fodisiwa. \v 10 Jalo Paulo a mmitsa a re, “Ema ka dinao!” Mme monna a tlola a ema ka dinao a simolola go tsamaya! \p \v 11 Mme erile boidiidi jo bo reeditseng bo bona se Paulo a se dirileng, ba goa (ka puo ya bone) ba re, “Banna ba ke medimo mo setshwanong sa motho!” \v 12 Ba ne ba akanya gore Barenabase ene ke Modimo wa Segerika ebong Jupitere, mme Paulo, ka gonne e ne e le sebui se segolo, ke Merekuri. \v 13 Mme moperesiti wa Tempele ya Jupitere, e e agilweng ka kwa ntle ga motse, o ne a ba tlisetsa merwalo ya dithunya a bo a ba ntshetsa setlhabelo sa dikgomo kwa kgorong ya motse fa pele ga boidiidi jwa batho. \p \v 14 Mme erile fa Paulo le Barenabase ba bona se se diragalang ba gagola diaparo tsa bone ka kutlo botlhoko mme ba ralala batho ba, ba goa ba re, \v 15 “Banna! Lo dirang? Re batho fela jaaka lona! Re tletse go lo neela Mafoko a a Molemo gore lo lalediwa go tlogela kobamelo ya dilo tsa bomatla mme mo boemong jwa moo go rapela Modimo o o tshelang one o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le sengwe le sengwe se se mo go tsone. \v 16 Mo malatsing a a fetileng Modimo o ne wa letla dichaba go tsaya ditsela tsa tsone, \v 17 mme ga o ke o ne o tlhoka bosupi ja dilo tse di molemo tse o neng o di dira jaaka go lo nesetsa pula le dijalo tse di siameng le go lo fa dijo le boitumelo.” \p \v 18 Mme le fa go ntse jalo, Paulo le Barenabase ba ne ba sa kgone go itsa batho go ba direla setlhabelo! \v 19 Mme morago ga malatsinyana, Bajuta bangwe ba goroga ba tswa Antioka le Ikonio mme ba fetola boidiidi jwa batho gore bo nne babolai ba ba neng ba kgobotletsa Paulo ka matlapa ba mo gogela kwa ntle ga motse a bonala o ka re o sule. \v 20 Mme erile fa badumedi ba mo dikaganyetsa, a ema a tsena mo motseng! Letsatsi le le latelang a tsamaya le Barenabase ba ya Derebe. \s1 Ba boela kwa metseng ya Seria \p \v 21 Mme erile morago, ba sena go rera Mafoko a a Molemo teng koo, ba bo ba dira barutwa ba bantsi, ba boela gape kwa Lusetera, Ikonio le Antioka, \v 22 kwa ba neng ba thusa badumedi go tia mo loratong lwa Modimo le gore ba ratane. Ba ne ba ba kgothatsa go tsena mo Bogosing jwa Modimo ka dipogisego tse dintsi. \v 23 Mme Paulo le Barenabase le bone ba tlhopha bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe ba ba rapelela ka go itima dijo, ba ba isa mo tlhokomelong ya Morena yo ba mo ikantseng. \p \v 24 Mme ba ralala Pisidia go ya kwa Pamfilia, \v 25 ba rera gape mo Perega, mme ba tswelela ba ya kwa Atalia. \p \v 26 Mme la bofelo ba boela ka sekepe kwa Antioka, kwa loeto lwa bone lo simologileng teng, le kwa ba neng ba ineela mo Modimong mo tirong e jaanong e weditsweng. \v 27 Erile fa ba goroga ba bitsa badumedi mme ba bolela loeto lwa bone, ba bolela ka fa Modimo o buletseng le Badichaba tumelo ka teng. \v 28 Mme ba ne ba nna le badumedi kwa Antioka sebaka se seleele. \c 15 \s1 Phuthego ya baaposetoloi kwa Jerusalema \p \v 1 Mme erile fa Paulo le Barenabase ba sa le kwa Antioka, banna bangwe ba tswa Judea ba goroga mme ba simolola go ruta badumedi gore fa ba sa ngaparele ngwao ya Sejuta ya bogologolo ya go rupisiwa ga ba ka ke ba bolokwa. \p \v 2 Paulo le Barenabase ba ganetsanya nabo, ba bo ba buisanya nabo ka nako e telele kaga selo se, mme la bofelo badumedi ba ba romela kwa Jerusalema, go ya go bua le baaposetoloi le bagolwane koo kaga selo se. \p \v 3 Mme morago ga phuthego yotlhe e ba ntsha mo motseng, ba ralala Foneshia le Samaria ba etela badumedi, ba ba bolelela mo go ileng ga itumedisa batho botlhe, gore Badichaba le bone ba ne ba sokologa. \p \v 4 Fa ba goroga kwa Jerusalema, ba kopana le bagolwane ba phuthego, baaposetoloi botlhe le bagolwane ba ne ba le teng mme Paulo le Barenabase ba bolela se Modimo o ntseng o se dira mo go boleleng Lefoko ga bone. \v 5 Mme banna bangwe ba e neng e le Bafarasai pele ga ba sokologa ba ema ka dinao ba bolela gore Badichaba botlhe ba ba sokologileng ba tshwanetse go rupisiwa le gone go tlhokega gore ba sale ngwao le mekgwa ya Sejuta morago. \v 6 Mme jalo baaposetoloi le bagolwane ba phuthego ba ne ba ikemisetsa go bitsa phuthego ya go tla go buisanya kaga selo se. \v 7 Mme mo phuthegong, morago ga puisanyo e telele, Petere a ema mme a ba bolelela jaana: “Bakaulengwe, lotlhe lo itse gore Modimo ga o bolo go tlhopha bogologolo go rerela Badichaba Mafoko a a Molemo, gore le bone ba dumele. \v 8 Modimo o o itseng dipelo tsa batho, o tlhomamisitse gore o amogela Badichaba ka go ba neela Mowa O O Boitshepo, fela jaaka o re o neetse. \v 9 Ga o a dira pharologanyo fa gare ga bone le rona, gonne o tlhatswitse matshelo a bone ka tumelo, fela jaaka o tlhatswitse a rona. \v 10 Mme jaanong a lo tlaa tshwaya Modimo phoso ka go rwesa Badichaba mokgweleo o le e leng rona le borraetsho re sa kgonang go o rwala. \v 11 A ga lo dumele gore botlhe ba bolokwa ka tsela e le nngwe, ka mpho e e neelwang fela kwa ntle ga theko ke Morena Jesu.” \v 12 Ga go a ka ga tlhola go nna le kgang epe, mme mongwe le mongwe a reetsa fa Barenabase le Paulo ba bolela kaga dikgakgamatso tse Modimo o di dirileng ka bone mo go Badichaba. \p \v 13 Mme erile ba sena go fetsa, Jakobe a ema a re, “Bakaulengwe, ntheetsang. \v 14 Petere o lo boleletse ka nako e Modimo o etetseng Badichaba ka yone go ntsha mo go bone ba ba tlaa leretseng leina la one tlotlo. \v 15 Mme lobaka lo lwa go ipolela ga Badichaba lo dumalana le se baporofiti ba se buileng. Sekai ke se, reetsang temana e, e e tswang mo go moporofiti Amose: \v 16 Morena a re, ‘Morago, ke tlaa tla ke tla go aga sesha ntlo ya ga Dafide e e senyegileng. \v 17 Gore Badichaba le bone, ba tle ba bone Morena, ebong botlhe ba ba tshwailweng ka leina la me.’ \v 18 Mme se ke se Morena o se buang, yo o senolang ditiro tsa gagwe tse di dirilweng mo tshimologong. \p \v 19 “Mme mogopolo wa me ke gore re seka ra re Badichaba ba ba sokologang ba tshwanetse go obamela melao ya rona ya Sejuta, \v 20 fa e se gore re ba kwalele gore ba ikgaphe mo go jeng nama ya ditlhabelo tsa disetwa, mo boakeng jotlhe, le mo go jeng nama e e sa ntshiwang madi ya diphologolo tse di kgamilweng. \v 21 Gonne dilo tse tsotlhe ga go bolo go rerwa ka tsone mo matlung a thuto a Sejuta, mo metseng mengwe le mengwe ka Sabata mongwe le mongwe mo dikokomaneng tse dintsi.” \s1 Lokwalo lo lo kwadilweng ke baaposetoloi \p \v 22 Mme baaposetoloi le bagolwane le phuthego yotlhe ba tlhopha go romela barongwa kwa Antioka ba na le Paulo le Barenabase, go ya go bega kaga mogopolo o. Banna ba ba neng ba tlhophilwe e ne e le baeteledipele ba le babedi ba phuthego, Jutase, (yo gape o neng a bidiwa Barabase) le Silase. \v 23 Lo ke lokwalo lo ba neng ba lo tsaya: \b \pm “Lo tswa kwa baaposetoloing, bagolwane le bakaulengwe kwa Jerusalema. Go bakaulengwe ba Badichaba kwa Antioka, Siria le Silisia. Ditumediso! \pm \v 24 “Re utlwa gore badumedi bangwe ba ba tswang kwano ba lo tlhakantse ditlhogo ba lo botsa kaga poloko ya lona, mme re ne re sa ba laela jalo. \v 25 Mme re bonye e le kakanyo e e siameng fa re sena go dumalana ka mogopolo o le mongwe gore re lo romelele baemedi ba babedi ba, ebong Barenabase le Paulo. \v 26 Banna ba, Judase le Silase, ba ba itatotseng matshelo a bone ka ntlha ya Morena wa rona Jesu Keresete, ba tlaa bolela se re se dumalaneng kaga potso ya lona. \pm \v 27-29 “Gonne go bonetse go siame mo Moweng O O Boitshepo le mo go rona gore re se beye morwalo o mogolo wa melao ya Sejuta mo go lona go na le gore re khutlise go ja dijo tse di neetsweng medimo ya disetwa le mo nameng e e sa ntshiwang madi a diphologolo tse di kgamilweng le mo boakeng. Fa lo dira se, go lekanye. Salang sentle.” \b \p \v 30 Mme barongwa ba bane ba ya kwa Antioka ka bonako, kwa ba neng ba bitsa teng phuthego ya Bakeresete mme ba ba neela lokwalo. \v 31 Mme go ne ga nna boitumelo jo bogolo mo phuthegong yotlhe letsatsi leo fa ba lo bala. \p \v 32 Mme Judase le Silase, ka bobedi e le dibui tse di abetsweng puo, ba rerela badumedi dithero tse di telele, ba ba nonotsha mo tumelong. \v 33 Ba ne ba nna malatsi, a mantsi, mme Judase le Silase ba boela kwa Jerusalema ba isa ditumediso le boitumelo kwa go ba ba neng ba ba romile. \v 34-35 Mme Paulo le Barenabase ba ne ba nna kwa Antioka go thusa ba bangwe ba se kae ba ba neng ba rera ba bile ba ruta koo. \s1 Kganetsanyo ya ga Paulo le Barenabase \p \v 36 Mme morago ga malatsinyana, Paulo a raya Barenabase a re, “A re boele kwa morago, re etele bakaulengwe mo metseng yotlhe e re rerileng Lefoko la Morena mo go yone, mme re bone ka fa ba tsweletseng ka teng.” \v 37 Barenabase o ne a dumela, mme a rata gore ba tsamaye le Johane Mareko. \v 38 Mme Paulo ene o ne a sa batle mogopolo oo gotlhelele, gonne Johane o ne a ba ngwegetse kwa Pamfilia. \v 39 Mme kganetsanyo ya bone e ne ya nna e kgolo thata kaga selo se, mo ba neng ba kgaogana. Barenabase a tsamaya le Mareko ba ya Kupero, \v 40-41 fa Paulo ene a tlhopha Silase, mme ka tshegofatso ya badumedi ba ya Siria le Silisia, go kgothatsa diphuthego koo. \c 16 \s1 Timotheo o tsamaya le Paulo le Silase \p \v 1 Paulo le Silase ba simolola pele ba ya kwa Derebe ba bo ba ya kwa Lusetera kwa ba neng ba kopana le Timotheo teng, modumedi yo mmaagwe e neng e le Mokeresete wa Mojuta, mme rraagwe e le Mogerika. \p \v 2 Timotheo o ne a kaiwa fa a le motho yo o siameng mo Lusetera le mo Ikonio, \v 3 Jalo Paulo a mo kopa go tsamaya nabo mo loetong lwa bone. Ka ntlha ya Bajuta ba Kgaolo eo, o ne a rupisa Timotheo pele ga ba tsamaya, gonne mongwe le mongwe o ne a itse gore rraagwe e ne e le Mogerika. (Mme o ne a ise a ke a letlelele selo seo pele). \p \v 4 Mme ba tsena motse le motse, ba itsise mogopolo o kaga Badichaba, jaaka go ne go laotse baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema. \p \v 5 Mme phuthego ya gola letsatsi le letsatsi mo tumelong le mo palong. \p \v 6 Mme morago ga moo ba ralala Feregia le Galatia, gonne Mowa O O Boitshepo o ne o ba boleletse gore ba seka ba tsena mo Asia. \v 7 Mme erile ba tsamaya mo molelwaneng wa Misia ba leba kwa borwa kwa kgaolong ya Bithinia, mme gape Mowa wa ga Jesu wa gana. \v 8 Mme mo boemong jwa moo ba tswelela ba tsena mo kgaolong ya Misia go ya kwa motseng wa Toroase. \p \v 9 Bosigo joo Paulo a bona ponatshegelo. Mo torong ya gagwe o ne a bona kwa Masedonia, Mogerika, a mo rapela a re, “Tla kwano o re thuse.” \v 10 Jalo mo ga siamisa kgang. Mme ba re, re tlaa ya kwa Masedonia, gonne re lemoga gore Modimo o re roma go ya go rera Mafoko a a Molemo teng. \s1 Paulo o rera kwa Filipi \p \v 11 Mme re ne ra palama mokoro kwa Toroase, ra tlhamalala ra kgabaganyetsa kwa Samatharase, mme letsatsi le le latelang ra ya Neapolise. \v 12 Mme la bofelo ra tsena mo Filipi, motse mogolo wa Ba-Roma fela mo teng ga molelwane wa Masedonia, ra nna teng malatsinyana. \p \v 13 Ka letsatsi la Sabata, ra tsamaela kgakajana kwa ntle ga motse fa lotshitshing lwa noka kwa re neng re utlwaletse fa bangwe ba rakanela teng go rapela; mme re ne ra ruta basadi bangwe dikwalo ba ba neng ba tla. \p \v 14 Mongwe wa bone e ne e le Lidia, mosadi wa morekisi go tswa kwa Thiatira, mmapatsi wa letsela le le bohibidu jo bo mokgona. E ne e ntse e le morapedi wa Modimo gale, mme ya re a re reeditse, Morena a bula pelo ya gagwe mme a amogela gotlhe mo Paulo o neng a go bua. \v 15 O ne a kolobediwa le botlhe ba ntlo ya gagwe a bo a re kopa go nna baeng ba gagwe. O ne a re, “Fa lo dumela gore ke a ikanyega mo Moreneng, tlang lo nne kwa tlung ya me.” Mme o ne a re kopa go fitlhela re dumela. \s1 Paulo le Silase kwa kgolegelong \p \v 16 Letsatsi le lengwe fa re ya kwa felong ga thapelo fa thoko ga noka, ra kopana le mosetsana mongwe yo o neng a na le mewa e e maswe yo o neng a bolela dilo tsa boitseanape, a direla beng ba gagwe madi a mantsi. \v 17 O ne a re sala morago a goa a re, “Banna ba ke batlhanka ba Modimo mme ba tsile go lo bolelela gore dibe tsa lona di ka itshwarelwa jang.” \p \v 18 Mme mo go ne ga tswelela ka malatsi a le mantsi go fitlhela Paulo, ka go tshwenyega thata, a bo a tla a bua le mowa o o maswe o o mo go ene a re, “Ke a go laola ka leina la ga Jesu Keresete go tswa mo go ene,” ka bonakonyana wa mo tlogela. \p \v 19 Mme ditsholofetso tsa beng ba gagwe tsa khumo tsa fela; ba tshwara Paulo le Silase ba ba gogela fa pele ga baatlhodi kwa borekisetsong. \p \v 20-21 Mme ba ne ba re, “Bajuta ba, ba senya motse wa rona, ba ruta batho go dira dilo tse di kgatlhanong le melao ya Se-Roma.” \p \v 22 Mme ka bonako batho ba nna kgatlhanong le Paulo le Silase, mme baatlhodi ba laola gore ba apolwe diaparo ba kgwathisiwe. \v 23 Ba ne ba itewa thata mo mekwatleng mme morago ba tsenngwa mo kgolegelong. Motlhokomedi wa kgolegelo o ne a solofediwa loso fa a ka ba lesa, \v 24 mme jalo ga a ka a tshameka fa a sena go laiwa, o ne a ba tsenya mo ntlwaneng e e kwa teng mme a bofelela maoto a bone mo disaneng. \p \v 25 Ka nako ya bosigogare, fa Paulo le Silase ba ntse ba rapela ba bile ba opelela Morena difela, magolegwa a mangwe a ne a reeditse, \v 26 ka tshoganetso ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; kgolegelo ya tshikinyega go ya go fitlha kwa motheong, ditswalo tsotlhe tsa kgolegelo tsa bulega, mme dikeetane tsotlhe tse di neng di bofile magolegwa tsa bofologa. \p \v 27 Mme erile fa motlhokomedi wa kgolegelo a tsoga a bona dikgoro tsa kgolegelo di bulegile, a gopola gore magolegwa a siile, mme a ntsha chaka ya gagwe a re o a ipolaya. \p \v 28 Mme Paulo a goa a re, “Se ipolaye re teng rotlhe!” \p \v 29 Ka go tshoga thata, motlhokomedi wa magolegwa a laola gore dipone di tle mme a tabogela kwa ntlwaneng e e kwa teng a feta a wela fa pele ga ga Paulo le Silase. \v 30 O ne a ba ntshetsa kwa ntle mme a ba kopa a re, “Barena, ke ka dirang gore ke bolokwe?” \v 31 Ba mohetola ba re, dumela mo go Morena Jesu mme o tlaa bolokwa, wena le bantlo ya gago. \p \v 32 Mme ba ne ba mmolelela le botlhe ba ntlo ya gagwe mafoko a a molemo a a tswang kwa Moreneng. \v 33 Ka yone nako eo a ba tlhatswa dintho mme ene le ba lwapa lwa gagwe ba kolobediwa. \v 34 Mme a ba isa kwa tlung ya gagwe a ba fa dijo. Ene le bantlo ya gagwe ba ne ba ipela thata ka gonne botlhe jaanong e ne e le badumedi! \v 35 Moso o o latelang baatlhodi ba romela mapodisi go bolelela motlhokomedi wa kgolegelo jaana, “Tlogela banna bao ba tsamaye!” \v 36 Mme motlhokomedi o ne a bolelela Paulo gore ba golotswe. \p \v 37 Mme Paulo a fetola a re, “Nnyaa, ga ba ka ke! Ba re iteile fa pele ga batho kwa ntle ga go sekisiwa, ba bo ba re tsenya mo kgolegelong le gone re baagi ba Roma! Jaanong ba batla gore re tsamaye ka sephiri? Ga go nne jalo! A go tle bone ba tle go re golola!” \p \v 38 Mme barongwa ba mapodisi ba ya go bolelela baatlhodi ba ba neng ba boifa thata fa ba utlwa gore Paulo le Silase ke Ba-Roma. \v 39 Mme jalo ba tla fa kgolegelong ba ba kopa gore ba tsamaye, ba ba ntshetsa kwa ntle ba kopa gore ba tswe mo motseng. \v 40 Mme Paulo le Silase ba boela kwa tlung ya ga Lidia kwa ba neng ba kopana le badumedi mme ba ba rerela gape pele ga ba tswa mo motseng. \c 17 \s1 Paulo o rera kwa Thesalonia \p \v 1 Mme ba ralala metse ya Amfipolisa le Apolonia mme ba tla mo Thesalonia, kwa go neng go na le ntlo ya thuto ya Sejuta teng. \p \v 2 Jaaka e ne e le tlwaelo ya ga Paulo, a tsena mo teng a rera, mme ya re ka go latelana ga bo Sabata ba le bararo a bulela batho dikwalo, \v 3 a tlhalosetsa batho diporofeso ka pogo ya ga Mesia le ka tsogo ya gagwe mo baswing, a ba a tlhomamisa gore Jesu ke Mesia. \p \v 4 Bangwe ba ba neng ba reeditse ba ne ba kgonwa ke molaetsa wa Lefoko mme ba sokologa ba inaakanya le Paulo le Silase mmogo le badumedi ba Bagerika ba banna ba le bantsi, le basadi ba motse ba ba tlotlegang ba le bantsi. \p \v 5 Mme baeteledipele ba Bajuta ba ne ba fufega mme ba tlhotlheletsa batho ba ba senang molemo (dimatla) mo motseng go dira lesomo la go simolola mokubukubu. Ba ne ba tlhasela bonno jwa ga Jasone, ba loga leano la go isa Paulo le Silase kwa tlung ya tsheko go otlhaiwa. \p \v 6 Erile ba sa ba fitlhele koo, ba gogela Jasone kwa ntle le badumedi bangwe, mme ba ba tlisa fa pele ga lekgotla. Ba goa ba re, “Paulo le Silase ba fetotse lefatshe lotlhe, jaanong ba fano ba dubaka motse wa rona, \v 7 mme Jasone o ba letleletse go tsena mo tlung ya gagwe. Botlhe ba molato wa go tsogologela puso, gonne ba bolela fa go na le kgosi nngwe, e go tweng Jesu mo boemong jwa ga Kaesarea.” \p \v 8-9 Mme batho ba motse, le baatlhodi, ba ne ba tshwenyega thata ka mafoko a, mme ba ba lesa ba tsamaya fela ba sena go ba duedisa madi a go sekela kwa ntle. \s1 Paulo o rera kwa Berea \p \v 10 Mme bosigo joo Bakeresete ba akofa ba tshabisetsa Paulo le Silase kwa Berea, mme jaaka gale, ba ya kwa tlung ya thuto go ya go rera. \v 11 Mme batho ba Berea ba ne ba tlhaloganya go na le ba ba kwa Thesalonika, ba ne ba reetsa molaetsa ka boitumelo. Ba ne ba batlisisa mo dikwalong letsatsi le letsatsi go bona gore a se se builweng ke Paulo le Silase ke Boammaaruri. \v 12 Lwa bofelo bangwe ba bone ba le bantsi ba ne ba dumela, mmogo le basadi ba ba tlotlegang ba Bagerika le banna ba le bantsi le bone ba dumela. \p \v 13 Mme erile fa Bajuta mo Thesalonika ba utlwa gore Paulo o ne a rera kwa Berea, ba ya teng go ya go tsosa mokubukubu. \v 14 Ka bonako badumedi ba tshabisetsa Paulo kwa lewatleng, fa Silase le Timotheo bone ba sala. \v 15 Ba ba neng ba patile Paulo ba ne ba tsamaya nae go ya kwa Athena, mme ba boela kwa Berea ka molaetsa o o yang kwa go Silase le Timotheo gore ba itlhaganelele go kopana nae. \s1 Paulo o rera kwa Athena \p \v 16 Mme erile fa Paulo a sa ntse a ba letetse mo Athena, a tshwenyega thata ka go bona medimo ya disetwa gongwe le gongwe mo motseng. \v 17 O ne a ya kwa tempeleng go ya go buisanya le Bajuta le Badichaba ba ba neng ba kgatlhegela go obamela Modimo, mme a bua letsatsi le letsatsi mo patlelong le botlhe ba ba neng ba le foo. \p \v 18 Mme ba kopana le batlhalefi bangwe ba Bapikuria le Basetoika. Erile fa a ba bolelela kaga Jesu le kaga tsogo ya gagwe ba re, “Ke molori,” kgotsa, “O leka go dirisa tumelo ya seeng.” \p \v 19 Mme ba ne ba mo laletsa kwa patlelong ya Thaba ya Marase ba re, “Tla o re bolelele thata ka ga tumelo e ncha e, \v 20 gonne o bua dilo tse di hakgamatsang mme re batla go utlwa mo gogolo.” \v 21 (Ke tshwanetse go tlhalosa gore Baathena mmogo le baeng ba ba mo Athena ba ne ba lebega ba senya nako ya bone yotlhe ba buisanya ka ga megopolo e mesha)! \p \v 22 Mme Paulo erile fa a ema fa pele ga bone kwa Areapago a ba raya a re, “Batho ba Athena ke lemoga fa lo le badumedi, \v 23 gonne erile ke ntse ke tsamaya ke ne ka bona dibeso di le dintsi tsa lona, mme nngwe ya tsone e ne e kwadilwe go twe. ‘Go Modimo o o sa itseweng.’ Lo ntse lo o obamela lo sa itse gore ke mang, mme gompieno ke batla go lo bolelela ka ga one. \p \v 24 “O dirile lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone, mme jaaka e le Morena wa legodimo le lefatshe, ga o nne mo ditempeleng tse di dirilweng ke batho. \v 25 Le gone diatla tsa batho ga di ka ke tsa direla ditlhoko tsa one se o se tlhokang, ga o tlhoke sepe! One ka bo one o naya botshelo ebile o tshedisa sengwe le sengwe gape o diragatsa sengwe le sengwe se se tlhokegang. \v 26 O bopile batho botlhe ba lefatshe go tswa mo mothong a le mongwe Adamo, mme wa phatlalatsa dichaba mo lefatsheng. O itsile pele gore ke dife tse di tshwanetseng go tsholetsega le go wa, le gore leng. O emisitse melelwane ya tsone. \p \v 27 “Maikaelelo a one mo go tse tsotlhe ke gore batho ba tshwanetse go batla Modimo, le gore motlhaope ba bone tsela e e yang kwa go one ba o bone, ntswa o se kgakala le ope wa rona. \v 28 Gonne mo go one re a tshela ebile re a tsamaya! re bile re teng ka one! Jaaka mongwe wa bakwadi ba lona ba maboko a boletse a re, ‘Re bana ba Modimo!’ \v 29 Fa se e le boammaaruri, ga re a tshwanela go gopola Modimo jaaka modimo o o dirilweng ka gauta kana selefera kgotsa o betlilwe ka lentswe. \v 30 Mme Modimo o ne wa itshokela botlhoka-kitso jwa motho mo lobakeng lo lo fetileng kaga dilo tse, mme jaanong o laola mongwe le mongwe gore a latlhe medimo ya gagwe mme a obamele one fela. \v 31 Gonne o tlhophile letsatsi la go sekisa lefatshe ka tshiamo ka monna yo o mo losong.” \p \v 32 Erile fa ba utlwa Paulo a bua kaga tsogo ya motho yo o neng a sule, bangwe ba tshega, mme ba bangwe ba re, “Re batla gore re tle re utlwe gape kaga gone.” \v 33 Mme moo ga fetsa puisanyo ya bone le Paulo, \v 34 mme bangwe ba se kae ba ikopanya nae ba nna badumedi. Mongwe mo go bone e ne e le Dionisio wa lekgotla la motse le mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Damarise, le ba bangwe. \c 18 \s1 Paulo o mo Korintha \p \v 1 Morago ga mo Paulo a tswa mo Athena a ya kwa Korintha. \v 2-3 Mme koo a feta a tlwaelana le Mojuta yo o bidiwang Akwila, yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo o neng a sa tswa go goroga a tswa kwa Itale le mosadi wa gagwe Peresila. Ba ne ba kobilwe mo Itale ka ntlha ya taolo ya ga Kalaodio Kaesarea ya gore Bajuta botlhe ba lelekwe mo Roma, Paulo o ne a nna nabo a ba a dira le bone, gonne e ne e le badiri ba megope (ditante) fela jaaka ene. \p \v 4 Sabata mongwe le mongwe Paulo o ne a fetolana le batho mo tlung ya thuto, a leka go tlhalosetsa Bajuta le Bagerika. \v 5 Mme erile Silase le Timotheo ba sena go goroga ba tswa kwa Masedonia, Paulo a dirisa nako ya gagwe yotlhe a rera ebile a bolelela Bajuta gore Jesu ke Mesia. \v 6 Mme erile fa Bajuta ba mo ganetsa ba kgala se a se buang, ba tlhapatsa Jesu, Paulo a tlhotlhora lorole mo seaparong sa gagwe a re, “A madi a lona a nne mo ditlhogong tsa lona, nna ga ke na molato, go tloga gompieno ke tlaa rerela Badichaba.” \p \v 7 Morago ga moo o ne a nna le Tito Jeseto, Modichaba yo o neng a obamela Modimo a nna gaufi le ntlo ya thuto. \v 8 Mme le fa go ntse jalo, Kerisepo, moeteledipele wa senagoge, le botlhe ba ntlo ya gagwe ba ne ba dumela mo Moreneng mme ba kolobediwa le Bakorintha ba le bantsi ba ba mo utlwileng ba dumela ba bo ba kolobediwa. \p \v 9 Bosigo bongwe Morena o ne a bua le Paulo ka ponatshegelo a re, “O seka wa boifa! Bua! Se didimale! \v 10 Gonne ke na le wena mme ga go na ope yo o ka go utlwisang botlhoko. Batho ba le bantsi mo motseng o ke ba me.” \v 11 Mme Paulo a nna moo ngwaga e e lateleng le sephatlo, a ruta boammaaruri jwa Modimo. \p \v 12 Mme erile Galeo a nna molaodi wa Akaia, Bajuta ba tsogologela Paulo mme ba mo isa fa pele ga molaodi gore a sekisiwe. \v 13 Ba ne ba re, “Paulo o molato wa go raya batho a re ba obamele Modimo ka mekgwa e e leng gore e kgatlhanong le molao wa Ba-Roma.” \v 14 Mme erile fela jaaka Paulo a simolola go ikarabela, Galeo a retologela kwa go ba ba pegang Paulo molato a re, “Reetsang, lona Bajuta ke lona, fa mo e ka bo e ne e le molato wa borukhutlhi, ke ne ke tlaa tlamega go lo reetsa, \v 15 mme e re ka e le dipotso fela tse di mabapi le mafoko a lo a ipopetseng, le melao ya lona ya Sejuta ya boeleele, lo tlaa nna lo ipona. Ga ke na kgatlhego mo kgannyeng eo ebile ga ke e ame.” \v 16 Hong a ba ntshetsa kwa ntle ga ntlo ya tshekelo. \p \v 17 Mme batho ba tshwara Sosethenese, moeteledipele yo mosha wa tempele, mme ba mo iteela kwa ntle ga ntlo ya tshekelo! Mme Galeo ene o ne a sena sepe. \p \v 18 Mme Paulo o ne a nna mo motseng malatsi a le mantsinyana morago ga moo a sadisa Bakeresete sentle, a bo a tshwara mokoro a leba kwa Siria a tsamaya le Peresila le Akwila. Mme kwa Kenkerea Paulo o ne a ipeola ka ngwao ya Sejuta, ka gonne o ne a ikanne. \v 19 Erile fa a goroga kwa boemelong jwa mekoro jwa Efeso, a ba tlogela mo mokorong a ya kwa tempeleng go buisanya le Bajuta. \v 20 Mme ba ne ba mo kopa go nna malatsi a se kae, mme a bona a sena nako epe e o ka e senyang nabo. \p \v 21 Mme a re, “Ke tshwanetse ka bo ke le kwa Jerusalema ka malatsi a boikhutso.” Mme o ne a solofetsa go boela kwa Efeso fa Modimo o mo letla; mme jalo a tswelela le loeto gape. \p \v 22 Lefelo le le latelang le go neng ga engwa mo go lone e ne e le Kaesarea kwa o neng a etela phuthego [ya Jerusalema] go tswa foo a ya kwa Antioka. \v 23 Morago ga sebaka koo, a tsamaya mo Galatia le mo Feregia a etela badumedi botlhe, a ba kgothatsa ebile a ba thusa go re ba gole mo Moreneng. \s1 Apolose mo Efeso \p \v 24 Mme ka nako eo Mojuta mongwe yo o neng a bidiwa Apolose, moruti le moreri wa Baebele yo o tumileng, e ne e le gone fela a gorogang mo Efeso a tswa kwa Alekesanderia mo Egepeto. \p \v 25-26 Erile fa a sa ntse a le mo Egepeto, mongwe o ne a mmoleletse ka ga Johane wa Mokolobetsi le se Johane o se buileng ka ga Jesu, mme moo e ne e le gone fela mo a go itseng. O ne a ise a ke a utlwe polelo yotlhe! Jalo o ne a rera ka bopelokgale le ka botlhaga mo tlung ya thuto a re, “Mesia o e tla! Ipaakanyetseng go mo amogela!” Peresila le Akwila ba ne ba le teng mme ba mo utlwa, mme e ne e le thero e e nonofileng. Morago ga moo ba kopana nae mme ba mo tlhalosetsa se se diragaletseng Jesu go tloga ka nako ya ga Johane, le gore mo gotlhe go raya eng! \p \v 27 Mme Apolose o ne a kile a akanya go ya Gerika, badumedi le bone ba mo kgothatsa go dira jalo. Ba ne ba kwalela bakaulengwe ba bone koo, ba ba raya ba re ba mo amogele. Mme erile fa a goroga kwa Gerika, a dirisiwa ke Modimo go nonotsha Phuthego, \v 28 gonne o ne a ganetsa Bajuta mo pepeneneng a supa ka dikwalo gore Jesu ka boammaaruri ke Mesia. \c 19 \s1 Paulo mo Efeso \p \v 1 Mme erile Apolose a santse a le mo Kontha, Paulo a ralala ntlheng ya godimo mme a goroga kwa Efeso, kwa o neng a fitlhela teng barutwa ba le bantsinyana. \v 2 One a ba botsa a re, “A lo ne lwa amogela Mowa O O Boitshepo fa lo dumela?” Mme ba fetola ba re, “Nnyaa, ga re itse gore o rayang. Mowa O O Boitshepo ke eng?” \p \v 3 Mme Paulo a ba botsa a re, “Lo kolobeditswe ka kolobetso e e ntseng jang?” Mme ba araba ba re, “Kolobetso ya ga Johane?” \p \v 4 Mme Paulo a ba bolelela gore kolobetso ya ga Johane e ne e le go supa keletso ya go sokologa mo sebeng go ya kwa Modimong le gore ba ba amogelang kolobetso ya gagwe ba tshwanetse go tswelela ba dumela mo go Jesu, yo Johane o neng a bolela gore o tlaa tla. \p \v 5 Erile fela jaaka ba utlwa a bua jaana, ba kolobediwa mo leineng la Morena Jesu. \v 6 Erile fa Paulo a ba baya diatla, Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go bone, mme ba bua dipuo di sele ba bo ba porofesa. \p \v 7 E ne e ka nna banna ba le lesome le bobedi \v 8 Mme Paulo o ne a ya kwa tlung ya thuto a rera ka bopelokgale Sabata mongwe le mongwe mo dikgweding tse tharo, a bolela se a se dumetseng le gore ke ka ntlha yang fa a ne a dumela, ebile a tlhotlheletsa ba le bantsi gore ba dumele mo go Jesu. \v 9 Mme bangwe ba ne ba gana molaetsa wa gagwe mme ba bua mo pepeneneng kgatlhanong le Keresete, mme a tsamaya, a gana go ba rerela gape. Mme a tswa le badumedi, mme a simolola kopano e nngwe gape mo tlung ya ga Turano mme a rapela koo letsatsi le letsatsi. \v 10 Mo go ne ga tswelela dingwaga di le pedi, mo e leng gore mongwe le mongwe mo kgaolong ya Asia ebong Bajuta le Bagerika, ba ne ba utlwa molaetsa wa Morena. \v 11 Mme Modimo wa naya Paulo nonofo ya go dira dikgakgamatso tse di sa tlwaelesegang, \v 12 mo e leng gore e ne e re fa diiphimolo (disakatuku) tsa gagwe kgotsa diaparo tsa gagwe di bewa mo balwetseng, ba fole, le mewa e e maswe e e neng e le mo go bone e tswe. \p \v 13 Mme setlhopha sengwe sa Bajuta ba ba neng ba tsena motse le motse ba ntsha mewa e e maswe, ba ne ba loga leano la go leka go dirisa leina la ga Jesu Keresete. Se ba neng ba se akantse e ne e le gore ba tlaa bua ba re, “Ke a go laola ka Jesu yo Paulo o mo rerang gore o tswele kwa ntle!” \v 14 Bo-morwa Sekefa moperesiti wa Mojuta, ba supa, ba ne ba dira jalo. \v 15 Mme erile ba lekeletsa mo monneng yo o nang le mowa o o maswe wa fetola wa re, “Ke itse Jesu ebile ke itse Paulo, mme lona lo bo mang?” \v 16 Mme a tlolela bangwe ba bone ba le babedi a ba betsa mo ba neng ba siela kwa ntle ga ntlo ya gagwe ba sa ikatega ebile ba bolaisegile thata. \p \v 17 Polelo ya se se diragetseng ya anama ka bonako mo motseng otlhe wa Efeso, mo Bajuteng le mo Bagerikeng ka go tshwana, ga nna poifo e kgolo mo motseng, mme leina la Morena Jesu la tlotlwa thata. \v 18-19 Badumedi ba le bantsi ba ba neng ba dirisa maselamose ba ipolela ditshiamololo tsa bone ba tlisa dikwalo tsa bone tsa boloi le melemo e ba e dirisang ba di tshuba ka molelo mo pepeneneng. (Mongwe a akanyetsa tlhwatlhwa ya dikwalo tseo go ka nna dipula di le dikete tse di masome matlhano). \p \v 20 Mo go ne go supa gore kgaolo yotlhe e ne e amilwe ke molaetsa wa Modimo go le kae. \p \v 21 Morago ga moo Paulo a utlwa a gogwa ke Mowa O O Boitshepo go ya kwa Gerika pele ga a boela Jerusalema. O ne a re, “Morago ga moo ke tshwanetse go ya kwa Roma!” \v 22 O ne a romela bathusi ba gagwe ba le babedi, Timotheo le Eraseto, gore ba tsamaele pele go ya Masedonia fa a sa ntse a setse lobakanyana mo Asia. \p \v 23 Mme ka nako eo, go ne ga nna pheretlhego e kgolo mo Efeso kaga Bakeresete. \v 24 E ne ya simologa ka Demeterio, mothudi wa tshipi tsa selefera yo o neng a hirile babetli ba le bantsi go dira ditempelana tsa selefera tsa ga Diana, modimo wa sesadi wa Segerika. \v 25 O ne a bitsa phuthego ya banna ba gagwe, le ba bangwe ba ba hirilweng mo ditirong tse di boletsweng, mme a ba bolelela jaana: \p “Borra, tiro e ke yone re amogelang ka yone. \v 26 Jaaka lo itse sentle mo go se lo se bonyeng le se lo se utlwileng, monna yo, Paulo, o tlhotlheleditse batho ba le bantsintsi gore medimo e e itirelwang ga se medimo gotlhelele. Ka ntlha ya moo, theko ya dilo tsa rona e ya kwa tlase! Mme mo ga go bonale fela mo Efeso, go mo tikologong yotlhe ya kgaolo! \v 27 Mme ruri, ga ke bue fela ka theko le thekiso mo seemong se, le kaga tatlhegelo ka fa re neng re ntse re boelwa ka teng, mme le gore go ka diragala gore tempele ya ga Diana modimo wa sesadi o mogolo e latlhegelwe ke tlotlo, mme Diana, modimo o montlentle o, o o sa obamelweng fela ke tikologo yotlhe ya Asia mme o obamelwa ke lefatshe lotlhe, o lebalwe!” \p \v 28 Erile fa ba utlwa jaana, ba galefa thata mme ba simolola go goa ba re, “Go mogolo Diana wa Baefesia!” \p \v 29 Bontsi jo bogolo jwa batho jwa simolola go phuthega mme ka bofefo motse wa tlala pheretlhego. Mongwe le mongwe a tabogela kwa kagong ya botshamekelo, ba swaswaila Gaio le Arisetareko, bapati ba ga Paulo go ya go sekisiwa. \v 30 Paulo o ne a batla go tsena, mme barutwa ba ne ba se ka ba mo letla. \v 31 Mme bangwe balaodi ba Baroma ba kgaolo e, ditsala tsa ga Paulo, le bone ba ne ba romela molaetsa kwa go ene, ba mo kopa gore a seka a ba a tshameka ka botshelo jwa gagwe ka go tsena mo tlung ya botshamekelo. \p \v 32 Mo teng, batho botlhe ba ne ba goa, ba tsositse modumo, mongwe a bua sele yo mongwe le ene a bua sele, sengwe le sengwe se ne se tlhakatlhakanye. Tota bontsi jwa bone bo ne bo sa itse gore bo tletse eng foo. \p \v 33 Mme Alekesandere o ne a lemogwa mo boidiiding ke Bajuta bangwe mme ba mo gogela fa pele. O ne a gwetlha ka seatla gore go didimalwe mme a leka go bua. \v 34 Mme ya re fa boidiidi jwa batho bo lemoga gore ke Mojuta, ba simolola gape ba tsosa modumo sebaka sa oura tse pedi ba ntse ba re, “Go mogolo Diana wa Baefesia!” \p \v 35 Mme lwa bofelo molaodi o ne a kgona go ba didimatsa gore a kgone go bua. O ne a re, “Banna ba Efeso, mongwe le mongwe o itse gore Efeso ke motse mogolo wa tumelo ya ga Diana yo mogolo, yo setshwantsho sa gagwe se fologileng se tswa legodimong. \v 36 Mme e re ka se e le boammaaruri jo bo sa kakeng jwa ganediwa, ga lo a tshwanela go tshwenyega le fa go ka buiwa go tweng ebile lo seka lwa dira sepe ka mahega. \v 37 Ntswa lo tlisitse banna ba fano ba sa utswa sepe mo tempeleng ya ga Diana le gone ba sa mo nyenyefatsa ka gope. \v 38 Mme fa Demeterio le babetli ba gagwe ba na le molato nabo, ditsheko di tsenye mme basekisi ba ka seka tsheko e gone jaanong jaana. A ba tsamaye ka fa molaong. \v 39 Mme fa go na le dingongorego kaga dilo dingwe, di ka baakanngwa sentle mo diphuthegong tsa lekgotla la motse; \v 40 gonne re mo diphatseng tsa go bidiwa ke mmuso wa Ba-Roma gore re bolele gore khuduego e ya gompieno e simologile jang, ka go sena mabaka ape a a e simolotseng. Mme fa Baroma ba batla tlhaloso ga ke itse gore ke tlaa reng.” \v 41 Hong a ba phatlalatsa ba tsamaya. \c 20 \s1 Paulo mo Masedonia \p \v 1 Mme erile mo gotlhe go fela, Paulo a laetsa gore barutwa ba ye go bidiwa, a ba rerela molaetsa wa go ba sadisa sentle, mme a ya Masedonia, \v 2 a tsamaya a rerela badumedi mo tseleng, mo metseng yotlhe e o neng a feta ka yone. \v 3 O ne a nna mo Gerika dikgwedi di le tharo mme o ne a ipaakanyetsa go ya kwa Siria fa a lemoga leano la Bajuta la go mmolaya, jalo a ikaelela go ya kwa borwa jwa Masedonia pele. \p \v 4 Banna ba le bantsinyana ba ne ba tsamaya nae, ba ya kwa Asia; e ne e le bo Sopatere wa Berea, morwa Pirilia, Arisetareko le Sekundo wa Mothesalonia, Gaio wa Moderebe le Timotheo; le Tukiko le Terofimo, ba ba neng ba boela kwa magaeng a bone kwa Asia, \v 5 mme ba ne ba tsamaetse pele ebile ba ne ba re letetse kwa Teroase. \v 6 Erile fela fa modiro wa Tlolaganyo o fela, ra palama sekepe kwa Filipi, borwa jwa Gerika mme morago ga malatsi a matlhano ra goroga mo Teroase, kwa re neng ra nna teng beke. \s1 Paulo o tsosa Eutiko mo losong \p \v 7 Mme ka Sontaga ra phuthega ra a ja selalelo, Paulo a rera. Mme ka a ne a tsamaya letsatsi le le latelang, o ne a bua go fitlhelela bosigogare! \v 8 Ntlwana e e kwa godimo e re neng re phuthaganetse mo go yone e ne e na le dipone di le dintsi tse di tshubilweng. \v 9 Mme erile Paulo a ntse a tsweletse a bua, lekau lengwe le le neng le bidiwa Eutiko, a nnetse fa fensetereng, a thulamela mme a wa a tswa kwa ntlwaneng ya boraro e e kwa godimo a swa. \v 10-12 Paulo o ne a tswela kwa ntle mme a mo tsaya ka diatla a re, “Se tshwenyegeng, o siame fela!” Mme ka boammaaruri o ne a siame! Mme ga nna boitumelo jwa kgakgamalo jang mo bathong! Botlhe ba boela kwa ntlwaneng e e kwa godimo mme ba a ja selalelo sa Morena mmogo; Paulo a rera gape thero e telele go fitlhelela phakela fa a ba tlogela lwa bofelo! \s1 Paulo o laela phuthego kwa Efeso \p \v 13 Paulo o ne a tsamaya ka dinao go ya kwa Asoso, mme rona re ne ra tsamaela pele ka sekepe. \v 14 O ne a re fitlhela teng kwa Asoso mme ra tsena mo sekepeng rotlhe ra ya Mitilene; \v 15 mme ka letsatsi le le latelang ra feta Kioso; le le latelang ra tsena mo Samosa; mme morago ga letsatsi leo ra goroga mo Mileto. \p \v 16 Paulo o ne a feditse mogopolo gore ga a kake a ema mo Efeso ka nako e, gonne o ne a itlhaganeletse go tsena kwa Jerusalema, gore fa go kgonega, a ye go kopanela modiro wa Pentekosete le bone. \v 17 Mme erile fa re goroga kwa Mileto, a romela molaetsa kwa bagolwaneng ba phuthego kwa Efeso a ba kopa gore ba ye go kopana nae kwa mokorong. \p \v 18 Mme erile ba goroga, a ba raya a re, “Lona banna ke lona lo itse gore go simologa ka letsatsi le ke gorogileng ka lone mo Asia go fitlhelela gompieno, \v 19 ke dirile tiro ya Morena ka boikokobetso, ee, le ka dikeledi, mme ke kopane le mathata a a boitshegang a maano a Bajuta a go mpolaya. \v 20 Mme ke ne ke sa etsaetsege go lo bolelela boammaaruri, mo bathong kgotsa mo magaeng a lona. \v 21 Ke ne ka nna le molaetsa o o tshwanang mo Bajuteng le mo go Badichaba ebong tlhokego ya gore ba sokologe mo sebeng ba ye kwa Modimong ka tumelo mo go Morena wa rona Jesu Keresete. \p \v 22 “Mme jaanong ke ya Jerusalema, ke gogelwa teng ke Mowa O O Boitshepo o ke se ka keng ka o ganetsa, ke sa itse se se nkemetseng kwa pele, \v 23 fa e se fela gore Mowa O O Boitshepo o mpoleletse gore fa ke sena go tsena motse le motse kgolegelo le tshotlego di ntetetse kwa pele. \v 24 Mme botshelo ga se sepe fa ke sa bo dirise go dira tiro e ke e neetsweng ke Morena Jesu, tiro ya go bolelela ba bangwe Mafoko a a Molemo kaga lorato le kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo. \v 25 Mme jaanong ke a itse gore ga go ope wa lona mo go ba ke ba rutileng kaga Bogosi yo o tlaa mponang gape. \v 26 Mmang ke bue phatlalatsa fela ke re ga go na madi a ga ope a a tlaa lopiwang mo tlhogong ya me, \v 27 gonne ga ke a ka ka boifa go lo bolelela molaetsa wa Modimo otlhe. \p \v 28 “Mme jaanong itlhokomeleng! Tlhomamisang gore lo otle lo bo lo dise letsomane la Modimo, ebong phuthego, e e rekolotsweng ka madi a gagwe, gonne Mowa O O Boitshepo o lo tlhomile go nna baokamedi. \v 29 Ke itse sentle gore morago ga ke tsamaya, go tlaa tla mo go lona baruti ba ba maaka, jaaka diphiri tse di gagolakang, tse di sa rekegeleng letsomane. \v 30 Bangwe ba lona ba tlaa fetola boammaaruri gore ba salwe morago. \v 31 Itlhokomeleng! Gakologelwang dingwaga tse tharo tse ke di ntseng le lona, tlhokomelo ya me mo go lona ka metlha yotlhe le dikeledi tsa me tse dintsi ke lo lelela. \p \v 32 “Mme jaanong ke lo neela Modimo le mo tlhokomelong ya one le mo mafokong a one a a hakgamatsang a a kgonang go aga tumelo ya lona le go lo fa boswa jotlhe jwa ba ba itshenketsweng ke one. \p \v 33 “Ga ke ise ke be ke eletse madi kgotsa diaparo tse dintle, \v 34 lo itse gore diatla tse tsa me di diretse tse ke neng ke di tlhoka le go thusa ba ke neng ke na nabo. \v 35 Mme ke ne ka nna sekao sa nako tsotlhe mo go lona mo go thuseng bahumanegi; gonne ke ne ka gakologelwa mafoko a ga Morena Jesu a a reng; ‘Go lesego go aba go na le go amogela.’ ” \p \v 36 Erile fa a sena go bua a khubama a rapela nabo, \v 37 mme ba lelela kwa godimo fa ba mo tlamparela ba mo tsamaisa sentle, \v 38 ba utlwa botlhoko go feta ka gore o ne a re ga a kitla a tlhola a tla gape. Hong ba tsamaya nae go ya kwa sekepeng. \c 21 \s1 Loeto lwa go boela kwa Jerusalema \p \v 1 Mme erile re sena go kgaogana le ba golwane ba Efeso, ra tlhamalalela kwa Kosa, letsatsi le le latelang ra goroga mo Rodesa ra ba ra tswelela ra ya Patara. \v 2 Mme foo ra tshwara sekepe se se yang kwa Siria mo kgaolong ya Finikia. \v 3 Re ne ra bona setlhake sa Kopero, mme ra se feta ka fa molemeng ra ema mo Ture, kwa Siria, kwa sekepe se neng sa ololelwa teng. \v 4 Mme re ne ra fologa mo sekepeng, ra bona badumedi, mme ra nna le bone selekanyo sa beke. Barutwa ba ba ne ba tlhagisa Paulo, Mowa O O Boitshepo o porofesa ka bone gore a seka a ya Jerusalema. \v 5 Mme erile bofelo ja beke fa re boela kwa mokorong, phuthego yotlhe mmogo le basadi le bana ba ya le rona kwa lotshitshing kwa re neng ra rapela ra bo ra ba sadisa sentle. \v 6 Mme rona ra palama sekepe bone ba boela gae. \p \v 7 Mme kwa re neng ra ema teng gape go tloga kwa Ture ke kwa Potolomaia kwa re neng ra dumedisa badumedi teng mme ra tlhola nabo le-tsatsi le le lengwe fela. \p \v 8 Hong ra tswelela ra ya Kaesarea ra nna kwa lwapeng lwa ga Filipo wa Moefangele, mongwe wa batiakone ba ntlha ba ba supa. \v 9 O ne a na le bana ba basetsana ba le bane ba ba sa nyalwang ba ba neng ba na le mpho ya go porofesa. \p \v 10 Mme erile re santse re ntse malatsinyana, monna mongwe yo o neng a bidiwa Agabo, yo le ene o neng a na le mpho ya go porofesa, o ne a goroga a tswa Judea, \v 11 mme a re etela. O ne a tsaya moitlamo wa ga Paulo, a ipofa maoto le mabogo ka one mme a re, “Mowa O O Boitshepo ware, mme fela jalo mong wa moitlamo o, o tlaa bofiwa ke Bajuta kwa Jerusalema a bo a isiwa Roma!” \v 12 Mme erile re utlwa mo, rona rotlhe badumedi ba mo gae le bapati ba gagwe ba o tsamayang nabo, ra kopa Paulo gore a seka a ya Jerusalema. \p \v 13 Mme ene a re, “Lo lelelang? Lo mphatlola pelo! Gonne ke ipaakanyeditse gore ke se ka ka tshwarwa fela kwa Jerusalema, mme le gore ke swe ka ntlha ya Morena Jesu.” \p \v 14 Mme erile fa re bona gore ga a ka ke a rapelesega, ra itlhoboga mme ra re, “A go rata ga Morena go diragadiwe.” \s1 Go goroga ga ga Paulo kwa Jerusalema \p \v 15 Mme ya re morago ga moo ra phutha dilwana tsa rona ra ya kwa Jerusalema. \v 16 Barutwa bangwe kwa Kaesarea ba tsamaya le rona, mme fa re goroga re ne re le baeng kwa lwapeng lwa ga Monasone; mongwe wa badumedi ba pele, yo o tlholegileng a tswa Kupero \v 17 mme le badumedi botlhe kwa Jerusalema ba re amogela ka boitumelo. \v 18 Letsatsi la bobedi Paulo o ne a re tsaya go ya go kopana le Jakobe le bagolwane ba phuthego ya Jerusalema. \p \v 19 Mme morago ga re dumedisana, Paulo a bolela gape dilo tse dintsi tse Modimo o di diretseng Badichaba ka tirelo ya gagwe. \p \v 20 Ba ne ba galaletsa Modimo mme ba re, “O a itse, mokaulengwe yo o rategang, gore go dumetse Bajuta ba le dikete tse kae. Mme ba gatelela thata gore Bajuta ba badumedi ba tshwanetse go sala ngwao ya bone morago. \v 21 Bakeresete ba rona ba Sejuta mono Jerusalema ba setse ba boleletswe gore lo kgatlhanong le melao ya ga Moshe, le ngwao ya rona ya Sejuta, le gore lo itsa bana ba bone go rupa. \v 22 Mme jaanong go ka dirwang? Gonne ba tlaa utlwa gore lo tsile. \p \v 23 “Rona re akanya jaana: Re na le banna ba le bane fano ba ba ipaakanyeditseng go ipeola le go ikana. \v 24 Tsamayang le bone kwa Tempeleng le lona lo fete lo ipeole, mme lo ba duelele go ipeola. Mme mongwe le mongwe o tlaa itse gore lo dumalana le Bakeresete ba Sehebera le gore le lona lo obamela melao ya Sejuta mme lo akanya jaaka rona mo dilong tse. \v 25 Mme mo Bakereseteng ba Badichaba ga re ba laolele gore ba sale dingwao tse tsa Sejuta morago gotlhelele, fa e se tse re di ba kwaletseng kaga gore ba seka ba a ja dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa, ba seka ba a ja nama e e sa tshololwang madi ya diphologolo tse di kgamilweng, le gore ba seka ba dira boaka.” \s1 Go tshwarwa ga ga Paulo \p \v 26-27 Mme jalo Paulo o ne a dumalana le kopo ya bone mme letsatsi le le latelang a tsamaya le banna a ya kwa Tempeleng, a dira gore maikano a gagwe a itsege ka go ntsha setlhabelo morago ga malatsi a supa le ba bangwe. Malatsi a supa a ne a tloga a fela fa Bajuta bangwe ba ba tswang Asia ba mmona mo Tempeleng mme ba tsosa mokubukubu mo bathong kgatlhanong nae. Ba ne ba mo tshwara, \v 28 ba goa ba re, “Banna ba Iseraele! Thusang! Monna yo ke ene yo o rerang kgatlhanong le batho ba rona a ba raya a re ba tlole melao ya Sejuta. Ebile o bua kgatlhanong le Tempele ebile a e leswafatsa ka go tsenya Badichaba mo teng.” \v 29 (Gonne mo motseng letsatsi leo, ba ne ba mmonye a na le Terofimo wa Modichaba yo o tlholegileng kwa Efeso, mme ba gopola gore o tsentswe ke Paulo mo Tempeleng.) \p \v 30 Baagi ba motse otlhe ba ne ba shakgadiwa thata ke melato e a e pegwang mme ga tsoga mokubukubu o mogolo. Paulo o ne a gogelwa kwa ntle ga Tempele, mme ga tswalwa mabati ka bonako a sena go tsena. \v 31 Erile fa ba ntse ba leka go mmolaya, lentswe la tla mo molaoding wa mophato wa masole a Roma gore motse otlhe wa Jerusalema o feretlhegile. \v 32 Mme a akofa a laola masole a gagwe le baeteledipele gore ba tsene fa gare ga boidiidi. Erile fa baferetlhi ba bona mephato e tla, ba khutlisa go betsa Paulo. \p \v 33 Mme molaodi wa mephato a tshwara Paulo mme a laola gore a bofiwe gabedi ka dikeetane. Mme a botsa boidiidi jwa batho gore ke mang le gore o dirileng. \v 34 Bangwe ba ne ba bua se, ba bangwe le bone ba bua se sele. Mme erile fa a sa tlhaloganye se ba mo pegang molato ka sone, a laola gore Paulo a isiwe kwa kagong ya ditlhabano. \v 35 Mme erile fa ba fitlha fa mapalamong ga nna pheretlhego e kgolo thata mo e leng gore masole a ne a tsholetsa Paulo a mmaya mo magetleng a bone go mmabalela, \v 36 mme boidiidi jwa batho jwa salela kwa morago bo goa bo re, “A a bolawe! A a bolawe!” \s1 Paulo o bua le tshimega ya sesole \p \v 37-38 Mme erile fa Paulo a tloga a tsenngwa mo teng a raya molaodi a re, “A nka bua nao?” Molaodi a botsa ka kgakgamalo a re, “A o itse Segerika? A ga o Moegepeto yo o neng a eteletse pele ditsuulodi dingwaganyana tse di fetileng a bo a tsaya maloko a babolai a le dikete tse nne a ya nabo kwa sekakeng?” \v 39 Paulo o ne a fetola a re, “Nnyaa, Nna ke Mojuta kwa Tareso mo Kilikia, motse o o seng mmotlana. Ke kopa tetlelelo go bua le batho ba.” \v 40 Mme molaodi o ne a dumela, jalo Paulo a ema mo mapalamong mme a gwetlha batho ka seatla gore ba didimale; ka bofefo ga nna tidimalo mo bathong, mme a bua le bone ka Sehebera a re: \c 22 \s1 Paulo o bua le tshimega ya sesole \p \v 1 “Bagaetsho le borara ntheetsang fa ke bolela boiphemelo jwa me.” \p \v 2 (Erile fa ba utlwa a bua Sehebera, ga nna tidimalo e kgolo). \p \v 3 A ba raya a re, “Ke Mojuta, yo o tsaletsweng kwa Tareso, motse o o mo Kilikia, mme ke ithutile fano mo Jerusalema mo go Gamaliele yo ke ithutileng mo go ene go sala morago sentle melao le dingwao tsa Sejuta. Ke ne ka tlhoafalela go tlotla Modimo mo go sengwe le sengwe se ke neng ke se dira, fela jaaka lo lekile go dira gompieno. \v 4 Mme ke ne ke bogisa Bakeresete, ke ba beletsa go swa, ke bofa banna le basadi ke ba tsenya mo kgolegelong. \v 5 Moperesiti yo mogolo kgotsa mongwe wa bagolwane o ka ntshupela. Gonne ke ne ka kopa tetlelelo ya dikwalo tse di yang kwa baeteledipeleng ba Sejuta ba ba kwa Damaseko, tse di nang le ditaelo go ntetla go bofa Bakeresete bangwe ba ke ba bonang go ba isa kwa Jerusalema gore ba otlhaiwe. \p \v 6 “Mme erile ke le mo tseleng, ke le gaufi le Damaseko, go le motshegare, ka tshoganetso lesedi le le galalelang thata le tswa legodimong la phatshima mo tikologong ya me. \v 7 Ke ne ka wela fa fatshe mme ka utlwa lentswe le nthaya le re, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang?’ \p \v 8 “Mme ke ne ka re, ‘Ke mang yo o buang le nna Morena?’ Mme a fetola a re ‘Ke nna Jesu wa Nasaretha, yo o mmogisang!’ \v 9 Banna ba ke neng ke na nabo ba ne ba bona lesedi mme ba ne ba sa tlhaloganye se se neng se buiwa. \p \v 10 “Mme ke ne ka re, ‘Ke direng Morena?’ Mme Morena o ne a nthaya a re, ‘Tsoga o tsene mo Damaseko, mme koo o tlaa bolelelwa se se go letetseng mo dingwageng tse di kwa pele.’ \v 11 Ke ne ka foufadiwa ke lesedi le legolo, mme ka tshwanelwa ke go gogelwa mo Damaseko ke bapati ba me. \v 12 Mme koo ga bo go na le monna yo o bidiwang Ananiase, monna yo o neng a boifa Modimo ka fa molaong, a bile a bolelwa bo-molemo ke Bajuta botlhe ba Damaseko, \v 13 o ne a tla kwa go nna, mme ya re a eme fa thoko ga me a re, ‘Mokaulengwe Paulo, foufologa!’ Mme ka yone nako eo ka foufologa ka mmona! \p \v 14 “Mme a nthaya a re, ‘Modimo wa borraa rona o go tlhophile go itse go rata ga One le go bona Mesia le go mo utlwa a bua. \v 15 Mme o tshwanetse go tsamaisa molaetsa wa gagwe gongwe le gongwe, o bolela se o se bonyeng le se o se utlwileng. \v 16 Mme jaanong o diegelang? Tsamaya o ye go kolobediwa, o bo o tlhatswiwe mo dibeng tsa gago, o bitse leina la Morena.’ \p \v 17-18 “Mme erile letsatsi lengwe ke sena go boela kwa Jerusalema, fa ke santse ke rapela mo Tempeleng, ka nna jaaka ekete ke a lora mme ka bona ponatshegelo ya Modimo o nthaya o re, ‘Akofa! Tswa mo Jerusalema, gonne batho ba ba fano ga ba na go go dumela fa o ba neela molaetsa wa me.’ \v 19 Mme ka re, ‘Morena, ba itse sentle gore ke ne ka betsa ka bo ka tsenya mo kgolegelong ba ba neng ba dumela mo go wena, mo tlung ya thuto nngwe le nngwe. \v 20 Le ka nako e mosupi wa gago Setefane o neng a bolawa ka yone, ke ne ke eme teng foo ke dumalana nabo, ke tshotse diaparo tse ba neng ba di beetse fa thoko fa ba mmolaya.’ \v 21 Mme Modimo o ne wa nthaya wa re, ‘Tswa mo Jerusalema, gonne ke tlaa go roma kgakala kwa go Badichaba!’ ” \s1 Kgakalo ya Bajuta \p \v 22 Mme boidiidi jwa batho bo ne jwa reetsa go fitlhelela Paulo a tla mo lefokong leo, mme ka lentswe le le lengwe ba goa ba re, “A motho yoo a tlosiwe! Mmolaeng! Ga a tshwanela go tshela!” \v 23 Ba ne ba goa ba latlhela diaparo tsa bone kwa godimo ba kubuela lorole. \v 24 Mme molaodi o ne a mo tlisa mo teng ga kago ya batlhabani mme a laola gore a itewe ka dithupa gore a tle a ipolele bosula jwa gagwe. O ne a batla go itse gore ke eng fa batho ba ne ba galefa thata! \p \v 25 Mme ya re ba bofa Paulo gore ba mmetse, Paulo a raya moeteledipele mongwe wa mophato a re, “A go siame ka molao gore o betse Mo-Roma a ise a bo a sekisiwe?” \p \v 26 Moeteledipele wa mophato a ya kwa go molaodi le ene a re, “O dirang? Monna yo ke Mo-Roma!” \v 27 Mme molaodi a ya kwa go Paulo a mmotsa a re, “A ko o mpolelele, a o Mo-Roma!” Mme Paulo a fetola a re, “Ee, ke Mo-Roma!” \p \v 28 Mme molaodi le ene a re, “Le nna ke Mo-Roma, le gone go ntopile tlhwatlhwa e kgolo go nna Mo-Roma!” Mme Paulo ene a re, “Nna ke tsetswe ke le Mo-Roma!” \p \v 29 Masole a a neng a ipaakanyeditse go mo itaya, a nyelela ka bonako fa ba utlwa gore Paulo ke Mo-Roma, mme molaodi le ene o ne a tshoga ka gore o ne a laotse gore a bofiwe a bo a itewe. \p \v 30 Mme erile letsatsi le le latelang molaodi a golola Paulo mo dikeetaneng mme a laela baperesiti ba bagolo gore ba kopane le lekgotla la Sejuta. O ne a laola gore Paulo a tlisiwe fa pele ga bone go leka go bona gore molato ke eng. \c 23 \s1 Paulo fa pele ga lekgotla \p \v 1 Mme erile Paulo a tsepega matlho mo go ba lekgotla, a ba raya a re, “Bagaetsho, ke ntse ke tshela fa pele ga Modimo ka pelo e e siameng!” \v 2 Ka bonako Ananiase Moperesiti yo mogolo a laola gore ba ba gaufi le Paulo ba mo itee mo molomong. \p \v 3 Mme Paulo a mo raya a re, “Modimo o tlaa go itaya, wena yo o leng lobota lo lo takilweng. O molaodi yo o ntseng jang yo o tlolang molao ka go laola gore ke itewe?” \p \v 4 Mme ba ba neng ba eme go bapa le Paulo ba mo raya ba re, “A ke yone tsela ya go bua le moperesiti yo mogolo wa Modimo”. \p \v 5 Mme Paulo a fetola a re, “Ke ne ke sa itse gore a ke Moperesiti yo mogolo, bagaetsho, gonne Dikwalo tsa re, ‘O seka wa ba wa bua bosula kaga ope wa balaodi ba gago.’ ” \p \v 6 Mme Paulo a akanya kaga sengwe! Bontlha bongwe jwa batho e ne e le Basadukai mme jo bongwe e le Bafarasai! Mme o ne a goa a re, “Bagaetsho, ke Mofarasai fela jaaka borraetsho mogologolwane mme ke sekisiwa fa gompieno ka gore ke dumela mo tsogong ya baswi!” \p \v 7 Mme mo go ne ga kgaoganya lekgotla ka bogare, Bafarasai ba nna kgatlhanong le Basadukai, \v 8 gonne Basadukai ba re ga go na tsogo ya baswi kgotsa baengele kgotsa le mowa wa bosenabokhutlo mo go rona, mme Bafarasai bone ba dumela mo go tse tsotlhe. \v 9 Jalo ga tsoga modumo o mogolo. Bangwe ba baeteledipele ba Bajuta ba tlola ba re Paulo o bua sentle. Ba ne ba goa ba re, “Rona ga re bone molato ope mo go ene, gongwe mowa kgotsa moengele o buile le ene [gone mo tseleng ya Damaseko].” \v 10 Modumo o ne wa golela kwa pele, mme batho ba rutha Paulo mo ditlhakoreng tsoopedi ba mo gogela kwa le kwa. La bofelo molaodi, a laola gore masole a gagwe a mo tseye mo go bone ka dikgoka go mmusetsa mo kagong ya batlhabani ka gore o ne a tshaba gore ba tloga ba mo gagolaka. \p \v 11 Mo bosigong joo Morena o ne a ema Paulo fa lotlhakoreng a mo raya a re, “Se tlhobaele, Paulo; fela jaaka o boleletse batho ka ga me mo Jerusalema, o tshwanetse go dira fela jalo le mo Roma.” \s1 Bajuta ba ikopela go bolaya Paulo \p \v 12-13 Tsatsi le le latelang Bajuta ba ka nna masome a mane kgotsa go feta ba ipopa ka maikano a go re ga ba kitla ba a ja le fa e le go nwa go fitlhelela ba bolaya Paulo! \v 14 Mme ba ya kwa bape-resiting ba bagolo le bagolwane ba ya go ba bolelela se ba se dirileng. \v 15 Ba ne ba kopa jaana, “Re kopa gore molaodi wa masole a busetse Paulo mo lekgo-tleng, lo dire jaaka o ka re lo batla go mmotsa dipotso gape. Rona re tlaa mmolaya mo tseleng.” \p \v 16 Mme setlogolo sa ga Paulo sa lemoga leano la bone le le bosula mme a ya kwa kagong ya batlhabani a bolelela Paulo. \p \v 17 Mme Paulo a bitsa mongwe wa bagolwane a mo raya a re, “Tsaya mosimane yo o mo ise kwa go molaodi. O na le sengwe sa botlhokwa go se mmolelela.” \p \v 18 Jalo mogolwane a dira jalo, a feta a tlhalosa a re, “Legolegwa Paulo, o mpiditse mme a kopa gore ke tlise mosimane yo kwano go wena go go bolelela sengwe.” \p \v 19 Molaodi a tshwara mosimane ka seatla, a mo gogela kwa thoko a mmotsa a re, “Ke eng se o batlang go se mpolelela mosimane?” \p \v 20 Mme mosimane a mo raya a re, “Ka moso Bajuta ba tlaa tla go kopa gore o tlise Paulo mo lekgotleng gape, ba dira jaaka o ka re ba batla go tlhotlhomisa thata ka ga gagwe. \v 21 Mme o seka wa dira jalo! Go na le banna ba feta masome a mane ba ba iphitlhileng go bapa le tsela ba ipaakanyeditse go mo tlolela ba mmolaya. Ba ipopile ka maikano a gore ba seka ba ja kgotsa baa nwa go fitlhelela a a swa. Ba mo laletse teng koo, ba lebeletse gore o dumalane le kopo ya bone.” \p \v 22 Mme molaodi o ne a tlhagisa mosimane a re, “O seka wa ba wa dira gore mongwe a itse gore o mpoleletse selo se.” \s1 Paulo o isiwa kwa Kaesarea \p \v 23-24 Mme molaodi a bitsa bangwe ba bagolwane ba gagwe ba le babedi a ba raya a re, “Baakanyang batlhabani ba le makgolo mabedi ba ye Kaesarea ka nako ya boroba bongwe bosigo! Tsayang banna ba dichaka ba le makgolo a mabedi le bapalami ba le masome a supa. Neelang Paulo pitse gore a palame mme lo mo ise kwa go kgosana Felise a babalesegile.” \p \v 25 Mme a kwalela Felise lokwalo lo lo buang jaana: \b \pm \v 26 “Go tswa kwa go Kalaudio Lusia, Lo ya kwa go Motlotlegi Kgosana Felise, Ditumediso! \pm \v 27 “Monna yo o ne a gapilwe ke Bajuta mme ba ne ba batla go mmolaya mme ke romela masole gore ba mo falotshe, gonne ke ne ke utlwile fa e le Mo-Roma. \v 28 Mme ke ne ka mo isa kwa lekgotleng la bone go bona se a se dirileng. \v 29 Mme ka bofefo ka lemoga fa e le sengwe kaga ditumelo tsa bone tsa Sejuta, mme tota go sena sepe se se neng se supa gore o ka tsenngwa mo kgolegelong kgotsa a bolawa. \v 30 Mme erile ke bolelelwa ka leano la go mmolaya, ka tlelwa ke kakanyo ya go mo romela kwa go wena mme ke tlaa laela ba ba mmonyeng molato go tlisa dikatlholo tsa bone fa pele ga gago.” \b \p \v 31 Mme erile bosigo joo, jaaka go laotswe masole a isa Paulo kwa Antipateri. \p \v 32 Mme ba boela kwa kagong ya batlhabani moso o o latelang, ba mo tlogela le bapalami ba dipitse gore ba mo ise kwa Kaesarea. \p \v 33 Erile ba goroga kwa Kaesarea, ba neela Kgosana Paulo le lokwalo. \v 34 O ne a bala lokwalo mme a botsa Paulo gore o tswa kae. Paulo a araba a re, “Ke tswa Kilikia.” \p \v 35 Kgosana ya mo raya ya re, “Ke tlaa utlwa kgang ya gago sentle fa ba ba go bonyeng molato ba tla,” mme a laola gore Paulo a tshegediwe mo kgolegelong e e mo kagong ya Bogosi ya ga Kgosi Herode. \c 24 \s1 Paulo fa pele ga ga Felise \p \v 1 Erile morago ga malatsi a le matlhano Ananiase Moperesiti yo Mogolo a goroga le bangwe bagolwane ba Bajuta le mmueledi Teretulo, go tla go bolela molato wa ga Paulo. \v 2 Mme erile Teretulo a bidiwa, a bolelela kgosana kaga molato wa ga Paulo jaana: “Motlotlegi, rona Bajuta o re neile kagiso le kutlwano ebile o ngotlile kgethololo thata mo go rona. \v 3 Mme ka se, re go leboga thata. \v 4 Mme gore ke se ka ka tlhola ke go lapisa, ntheetsa ka bopelo-namagadi fela ka bokhutshwane fa ke bua ditlhogo tsa tsheko ya rona kgatlhanong le monna yo. \v 5 Gonne re mmonye gore ke motho yo o letshwenyo, monna yo ka nako tsotlhe o tlhotlheletsang Bajuta mo tikologong yotlhe ya lefatshe go tsogologela mmuso wa Roma. Ke Moeteledipele wa lekoko le le bidiwang Banasaretha. \v 6 Mme gape o ne a leka go senya Tempele fa re mo tshwara. Re ka bo re mo neile se tota se mo tshwanetseng, \v 7 mme Lisiase, molaodi wa mophato, o ne a tla go mo tsaya ka kgopholo mo go rona, \v 8 a batla gore a sekisiwe ka molao wa Roma. O ka nna wa utlwa boammaaruri jwa go mo tshwaa phoso ga rona ka go mo tlhotlhomisa.” \p \v 9 Mme Bajuta ba bangwe botlhe ba dumalana gore sengwe le sengwe se Teretulo o se buileng ke boammaaruri. \p \v 10 Mme jaanong e ne e le nako ya ga Paulo gore a bue. Kgosana ya mo gwetlha ka seatla gore a eme a bue. Paulo a simolola a re, “Ke a itse rra, gore ga o bolo go nna moatlhodi wa ditsheko tsa Sejuta fa ke bua boiphemelo jwa me, \v 11 o ka lemoga ka bonako gore ke malatsi a le lesome le bobedi ke sena go goroga kwa Jerusalema go tla go obama mo Tempeleng, \v 12 mme gape o tlaa lemoga gore ga ke ise ke tsose khuduego mo tlung ya thuto kgotsa mo mebileng ya motse; \v 13 mme banna ba tota ga ba ka ke ba supa dilo tse ba di ntshwaelang phoso. \p \v 14 “Mme selo sengwe fela se ke se dumelang ke gore ke dumela mo polokong, e ba e bitsang lekoko la tumelo ya bakgelogi, ke sala morago mokgwa oo wa go direla Modimo wa borraetshomogolo; ke dumela thata mo molaong wa Sejuta le sengwe le sengwe se se kwadilweng mo dibukeng tsa seporofeto; \v 15 mme ke a dumela, fela jaaka banna ba, gore go tlaa nna le tsogo ya basiami le baleofi. \v 16 Mme ka ntlha ya se, ke leka ka bojotlhe gore ka metlha yotlhe ke nne le pelo e e senang sekgopi fa pele ga Modimo le batho. \p \v 17 “Morago ga dingwaga tse dintsinyana tse di fetileng, ke ne ka boela kwa Jerusalema ka madi go thusa Bajuta, le go ntshetsa Modimo setlhabelo. \v 18 Balatofatsi ba me ba ne ba mpona mo Tempeleng fa ke ntsha dimpho tsa me. Ke ne ke ipeotse tlhogo jaaka go batlwa ke melao ya bone mme go ne go se na bontsi bope fa go nna, le fa e le khuduego! Mme Bajuta bangwe ba ba neng ba tswa Asia ba ne ba le teng, \v 19 (ba ba neng ba tshwanetse ba ka bo ba le fano fa, fa e le gore ba na le sengwe kgatlhanong le nna), \v 20 mme bona! Botsa banna ba gone fa gore ke ofe molato o lekgotla la bone le o bonyeng mo go nna, \v 21 fa e se go bua selo se le sengwe fela se ke neng ke sa tshwanela go se bua fa ke re, ‘Ke fano fa pele ga lekgotla go iphemela ka ntlha ya go dumela gore baswi ba tlaa tsoga gape!’ ” \p \v 22 Mme Felise, yo o neng a itse gore Bakeresete ba ne ba ise ba ke ba tsamaye ba tsosa khuduego, a bolelela Bajuta gore ba iketle ba emele go goroga ga ga Lusia molaodi wa mophato, mme ke gone o tlaa atlholang kgang. \v 23 Mme a laola gore Paulo a tsenngwe mo kgolegelong, a bo a laela batlhokomedi gore ba mo tshware sentle le gore ba seka ba itsa ditsala dipe tsa gagwe go mo etela kgotsa go mo tlisetsa dimpho go dira gore a nametsege fa a ntse a le mo kgolegelong. \s1 Paulo o rerela Felise \p \v 24 Erile morago ga malatsi a se kae Felise a tla le Durusila, mosadi wa gagwe wa Mojuta. A romela gore Paulo a ye go bidiwa, ba reetsa jaaka a ba bolelela kaga tumelo mo go Keresete Jesu. \v 25 Mme erile a sa ntse a buisanya nabo kaga tshiamo le boikgapo le katlholo e e tlang, Felise a boifa thata. Mme a mo raya a re, “Tsamaya jaanong, mme fa ke na le nako e e siameng, ke tlaa go bitsa gape.” \v 26 Mme gape o ne a gopola gore Paulo o tlaa mo reka ka madi, jalo, he, o ne a mmitsa kgapetsakgapetsa go buisanya nae. \v 27 Dingwaga tse pedi tsa fela ba ntse ba buisanya; mme Porokio Feseto a tsaya maemo a ga Felise. Mme ka gore Felise o ne a batla go itumedisa Bajuta, o ne a tlogela Paulo mo kgolegelong. \c 25 \s1 Paulo o sekisiwa ke Feseto \p \v 1 Erile morago ga malatsi a mararo Feseto a sena go goroga kwa Kaesarea go tsaya maemo a gagwe a masha, a ya Jerusalema, \v 2 kwa baperesiti ba bagolo le bangwe bagolwane ba Bajuta ba neng ba mo fitlhela teng ba bo ba mmolelela polelo ya bone ka ga Paulo. \v 3 Ba mo kopa go tlisa Paulo ka bonako kwa Jerusalema. (Leano la bone e ne e le go mo lalela mo tseleng ba mmolaya). \p \v 4 Mme Feseto a ba fetola a re, “E re ka Paulo a le kwa Kaesarea, le ene ka boene a ne a boela teng ka bofefo, \v 5 ba ba nang le thata mo puong e ba tshwanetse go boela le ene kwa tshekong.” \p \v 6 Erile morago ga malatsi a robabobedi kgotsa a le some a boela kwa Kaesarea. Mme letsatsi le le latelang a rebola gore tsheko ya ga Paulo e tsene. \v 7 Mme erile fa Paulo a goroga mo kgotleng Bajuta ba ba tswang Jerusalema ba phuthega, ba mo pega melato e mentsi e ba neng ba sena bosupi mo go yone. \v 8 Mme Paulo a itatola melato ya bone a re, “Ga ke molato, ga ke ise ke ko ke ganetse melao ya Sejuta le fa e le go nyatsa Tempele ya Sejuta kgotsa go tsogologela mmuso wa Seroma.” \v 9 Mme erile ka Feseto a batla go itumedisa Bajuta, a mmotsa a re, “A o batla go ya Jerusalema go ya go sekisiwa ke nna?” \s1 Kopo ya ga Paulo \p \v 10-11 Mme Paulo a fetola a re, “Nnyaa! Ke batla go utlwa katlholo ya me fa pele ga Kgosi e kgolo ka bo yone. O itse sentle gore ga ke molato. Fa ke dirile sengwe se se tshwanetseng loso, ga ke tshabe go swa! Mme fa ke se na molato, lefa e le wena kgotsa mongwe fela ga a na thata ya go nneela banna ba gore ba mpolaye. Ke ikuela mo go Kaesara!” \p \v 12 Mme Feseto a buisanya le bagakolodi ba gagwe a fetola jaana, “Go siame! o ikuetse mo go Kaesara, mme o tlaa ya kwa go Kaesara!” \s1 Ageripa o begelwa kgang ya ga Paulo \p \v 13 Mme erile morago ga malatsinyana Kgosi Ageripa a goroga le Berenise mo Kaesarea a etetse Feseto. \v 14 Erile ba ntse ba le mo malatsing a bone a loeto Feseto a tlotlela Kgosi ka tsheko ya ga Paulo. A mo raya a re, “Go na le legolegwa lengwe fano le tsheko ya lone ke e tlogeletsweng ke Felise. \v 15 Erile fa ke le kwa Jerusalema, baperesiti ba bagolo le bangwe bagolwane ba Bajuta ba mpolelela bontlha-bongwe jwa polelo ya bone kaga Paulo mme ba nkopa gore ke mo atlhole gore a bolawe. \v 16 Mme ruri ke ne ka ba bolelela ka bonako gore molao wa Roma ga o tshwae motho phoso a ise a sekisiwe. O neelwa sebaka sa go re a iphemele a lebaganye le basekisi ba gagwe. \p \v 17 “Erile fa ba tla kwano ba tlela tsheko, ka bitsa kgang e ka letsatsi le le latelang mme ka laola gore Paulo a tlisiwe. \v 18 Mme melato e o neng a e bonwa e ne e se yone tota e ke neng ke e solofetse. \v 19 E ne e le sengwe kaga tumelo ya bone, le kaga mongwe yo o bidiwang Jesu yo o neng a swa, mme Paulo ene o ne a tswelela a bolela gore o tshedile! \v 20 Ke ne ke eme tlhogo ke sa itse gore ke ka atlhola tsheko ya mofuta o jang mme ka mmotsa gore a o ka rata go ya go sekisediwa kwa Jerusalema. \v 21 Mme Paulo a ikuela kwa go Kaesara! Mme ka mmusetsa mo kgolegelong go fitlhelela ke rulaganya gore a ye kwa Kgosing e kgolo.” \p \v 22 Ageripa a fetola a re, “Ke batla go utlwa monna yoo ka bonna.” Mme Feseto a fetola a re, “O tlaa mo utlwa ka moso!” \s1 Paulo fa pele ga ga Ageripa \p \v 23 Mme erile letsatsi le le latelang, morago ga Kgosi le Berenise ba goroga mo Kgotleng ka boitlotlomatso jo bogolo, ba patilwe ke matona a masole le banna ba ba tlotlegang ba motse, Feseto a laola gore Paulo a leriwe mo teng. \p \v 24 Mme Feseto a buisa bareetsi jaana: “Kgosi Ageripa le ba ba teng botlhe, monna yo ke ene yo loso lwa gagwe lo batlwang ke Bajuta botlhe; ba mono le ba ba kwa Jerusalema! \v 25 Mme mo mogopolong wa me ga a dira sepe se se tshwanetseng loso. Legale, o ikuetse mo go Kaesara, mme nna ga go na se ke ka se dirang fa e se go mo romela kwa go ene. \v 26 Mme ke tlaa kwalela kgosi-kgolo ke mo raya ke reng? Gonne ga go na molato ope o o bonalang mo go ene! Mme ke mo tlisitse fa pele ga lona lotlhe, bogolo jang wena Kgosi Ageripa, go mo tlhotlhomisa sentle o bo o mpolelela se ke ka se kwalang. \v 27 Gonne ga go lebege go utlwala sentle go romela legolegwa kwa kgosing e kgolo go sena molato o o bonwang mo go lone!” \c 26 \s1 Paulo gape fa pele ga ga Ageripa \p \v 1 Mme Ageripa a raya Paulo a re, “Tswelela o re bolelele polelo ya gago.” Jalo Paulo a otlolola letsogo a ikarabela a re: \p \v 2 “Ke sego, Kgosi Ageripa, fa ke na le tshwanelo ya go ikarabela fa pele ga gago gompieno, \v 3 gonne ke itse fa o le moitseanape wa melao ya Sejuta le ngwao. Mme ke a go kopa gore o ntheetse ka bopelotelele! \p \v 4 “Fela jaaka Bajuta ba itse sentle, ke rutilwe thata ka Sejuta go tswa bonyaneng jwa me kwa Tareso, mme morago ka rutwa kwa Jerusalema, mme ka tshela fela jalo. \v 5 Mme fa ba rata ba ka dumalana le nna, ba itse gore ke ne ke le mofarasai yo o tlhokomelang melao fa go tla mo kobamelong ya melao ya Sejuta le dingwao. \v 6 Mme lebaka le ba ntshetseng morago go ntshekisa ke ka ntlha ya selo sengwe, ke ka ntlha ya gore ke solofetse tiragalo ya tsholofetso ya Modimo e e neng ya solofediwa borraa-ronamogologolwane. \v 7 Merafe e e lesome le bobedi ya Iseraele e leka bosigo le motshegare go goroga kwa tsholofelong e ke nang nayo! Le fa go ntse jalo Kgosi, mo go nna ba re ke molato! \v 8 A mme go molato go dumela mo tsogong ya baswi. \p \v 9 “A go utlwala go sa dumelesege mo go wena gore Modimo o ka tsosa batho mo losong gore ke tshwanetse go dira ditiro tse di boitshegang mo balateding ba ga Jesu wa Nasaretha. \v 10 Ke ne ka tsenya baitshepi ba le bantsi mo kgolegelong kwa Jerusalema, jaaka go ne go laotswe ke baperesiti ba bagolo; mme erile ba atlholelwa leso ka dumelana nabo. \v 11 Ke ne ke tlhokofatsa Bakeresete gongwe le gongwe go leka gore ba hutse Keresete. Ke ne ke le bogale thata mo go bone mo ke neng ka bogisa le ba metse e e kgakala mo mafatsheng a sele. \p \v 12 “Ke ne ke le mo loetong lo lo ntseng jalo ke ya Damaseko, ke tshotse ditaelo tse di neng di tswa kwa baperesiting ba bagolo, \v 13 fa ka letsatsi lengwe ka e ne e le motshegare wa sethoboloko, nna le bapati ba me ra phatshimelwa ke lesedi le le neng le phatsima go gaisa letsatsi. \v 14 Re ne ra wela fa fatshe rotlhe, mme ka utlwa lentswe le bua le nna ka Sehebera le re, ‘Saulo, Saulo, o mpogisetsang? O ikutlwisa botlhoko fela!’ \p \v 15 “Ka botsa ka re, ‘O mang Morena?’ Mme a fetola a re, ‘Ke Jesu, yo o mmogisang. \v 16 Jaanong ema ka dinao! Gonne ke bonetse mo go wena go go dira modiredi le mosupi wa me. O tshwanetse go bolelela lefatshe ka tiragalo e, le kaga tse dingwe tse ke tlaa di go supegetsang. \v 17 Mme ke tlaa go sireletsa mo go bagaeno le mo go Badichaba. Ee, ke tlaa go romela kwa go Badichaba, \v 18 go bula matlho a bone mo go tse e leng tsa boammaaruri gore ba tle ba ikwatlhaye ba nne mo leseding la Modimo go na le gore ba tshele mo lefifing la ga Satane, gore ba tle ba bone boitshwarelo jwa dibe tsa bone le go ja boswa jwa Modimo mmogo le batho botlhe gongwe le gongwe ba dibe tsa bone di tlhatswitsweng, ba ba beetsweng kwa thoko ka ntlha ya go dumela mo go nna.’ \p \v 19 “Mme jalo, Kgosi Ageripa, ga ke a ka ka tlhoka go reetsa ponatshegelo eo e e tswang kwa legodimong! \v 20 Ke ne ka rerela pele ba ba kwa Damaseko, le Jerusalema le mo tikologong yotlhe ya Judea, le mo go Badichaba gore botlhe ba tshwanetse go tlogela dibe tsa bone mme ba sokologela kwa Modimong, mme ba supe tshokologo ya bone ka go dira ditiro tse di siameng. \v 21 Bajuta ba ne ba ntshwara mo Tempeleng ka ntlha ya go rera jaana, mme ba leka go mpolaya, \v 22 mme Modimo o ne wa ntshireletsa gore ke be ke sa ntse ke tshela gompieno gore ke bolelele mongwe le mongwe dilo tse, bagolo le bannye. Ga ke rute sepe fa e se se baporofiti le Moshe ba se buileng, \v 23 gore Mesia o tlaa boga, mme a nne wa ntlha go tsoga mo baswing, go tlisa lesedi mo Bajuteng le mo go Badichaba.” \p \v 24 Mme ka tshoganetso Feseto a goa a re, “Paulo oa tsenwa, Go rutega thata ga gago go a go tsentsha!” \p \v 25 Mme Paulo a fetola a re, “Ga ke tsenwe, Motlotlegi Feseto. Ke bua mafoko a boammaaruri jo bo itekanetseng. \v 26 Mme Kgosi Ageripa o itse kaga dilo tse. Ke bua ke gololesegile gonne ke itse sentle gore ditiragalo tse di tlwaelesegile mo go ene, gonne ga di a direlwa mo sephiring! \v 27 Kgosi Ageripa, a o dumela baporofiti? Mme ke a itse gore o a dumela.” \p \v 28 Mme Ageripa a mo tsena ganong a re, “A o batla go ntira Mokeresete mo lobakeng lo lokhutshwane lo?” \p \v 29 Mme Paulo a fetola a re, “Mo Modimong le fa mafoko a me a le bokoa kgotsa a nonofile, wena le botlhe ba ba leng fano mo bathong ba ba tsileng go reetsa ba, lo ka nna jaaka nna, ke sa reye lo golegilwe ka dikeetane tse.” \p \v 30 Mme Kgosi le molaodi, le Berenise le ba bangwe botlhe ba ema ba tsamaya. \v 31 Mme erile ba ntse ba buisanya kgang e, ba dumalana jaana ba re, “Monna yo ga a dira sepe se se tshwanetseng loso kgotsa go tsenngwa mo kgolegelong.” \p \v 32 Mme Ageripa a raya Feseto a re, “Fa a ka bo a sa dira boikuelo kwa go Kaisara, o ka bo a gololwa.” \c 27 \s1 Paulo o ya Roma \p \v 1 Mme lwa bofelo dithulaganyo tsa dirwa go re re simolole mosepele wa rona wa go ya kwa Roma ka sekepe; jalo Paulo le magolegwa a mangwe a mantsi ba bewa mo tlhokomelong ya mogolwane yo o neng a bidiwa Julio, leloko la mophato wa badisa. \v 2 Mme re ne ra tsamaya ka sekepe se se neng se ya kwa Gerika, se se neng se rulaganyeditswe go ema gantsinyana mo mafelong a sekae mo lotshitshing lwa lewatle la Asia. Ke tshwanetse go bolela gore Arisetareka wa Mogerika yo o neng a tswa kwa Thesalonika o ne a na le rona. \p \v 3 Tsatsi le le latelang erile re ema kwa Sidona, Julio o ne a siame thata mo go Paulo mme a mo letla gore a fologe mo sekepeng a etele ditsala tsa gagwe gore di mo amogele ka boitumelo. \v 4 Mme erile go tloga foo, ra kgorelediwa ke diphefo tse di neng tsa dira gore go nne thata go tlhamalatsa sekepe, jalo ra leba kwa bokone jwa Kupero fa gare ga setlhake le lefatshe, \v 5 mme ra feta go bapa le kgaolo ya Kilikia le Pamfilia, ra ema kwa Mira, mo kgaolong ya Lukia. \p \v 6 Mme foo molaodi wa rona a bona sekepe sa Egepeto se se tswang kwa Alekesanderia, se ya Itale, mme sa re tsaya. \p \v 7-8 Re ne ra tsamaya mo dikgoberegong malatsi a le mantsi, mme la bofelo ra atamela Kinido; mme diphefo di ne di setse di gaketse, jalo ra tabogela kwa Kereta, ra feta mo boemelong dikepe jwa Salamone. Mme erile re ntse re lebaganye le phefo ka bothata jo bogolo re tsamaya re iketlile mo lotshitshing lwa borwa, ra goroga mo felong fa go bidiwang Dinwane Dintle gaufi le motse wa Lusia. \v 9 Mme ra nna malatsi a le mantsi koo. Ka nako eo phefo e ne ya nna maswe mo e leng gore re ne re sa kgone go tsamaya mosepele o moleele, gonne ngwaga e ne e tsamaela go fela, mme Paulo a bua le balaodi ba sekepe ka gone. \p \v 10 A re, “Borra, ke dumela gore go tlaa nna mathata kwa pele fa re ka tswelela, gongwe sekepe sa rona se ka nna sa senyega, kgotsa ra latlhegelwa ke morwalo wa rona, ra gobala kgotsa ra a swa.” \v 11 Mme le fa gontse jalo batlhokomedi ba magolegwa ba ne ba reetsa molaodi wa sekepe le mong wa sone go na le Paulo. \v 12 Mme ka gore Dinwane Dintle e ne e le boemelo jo bo mo pepeneneng, lefelo le le sa siamelang go nna mo go lone mariga, bontsi jwa batho ba ba dirang mo sekepeng ba re gakolola gore go ka nna jang fa re leka go tlhatlogela kwa Finekisa go fetsa mariga teng; Finekisa e ne e le boemelo jwa dikepe jo bo siameng bo lebile kwa bokone-bophirima le kwa borwa-bophirima. \s1 Sekepe se tlhaselwa ke diphefo \p \v 13 Mme ka yone nako eo ga simologa phefo e e fokang ka bonya e tswa borwa, mme go ne go lebega e le letsatsi le le siametseng loeto, jalo ba tsamaya ba ikamile lotshitshi lwa lewatle. \p \v 14-15 Mme ka bofefo morago ga moo, ga nna le phetogo mo loaping, ga tsoga ledimo la phefo e e nonofileng thata (e ba e bitsang ya Bokone-botlhaba) la kapa sekepe la se phailela kwa teng ga lewatle. La ntlha ba ne ba leka go se lebisa kwa lotshitshing mme ba se ka ba kgona, jalo ba ineela gore phefo e kgweeletse sekepe kwa e yang teng. \v 16 Mme la bofelo ra goroga fa setlhakenyaneng se se neng se bidiwa Jauda, kwa e rileng ka bothata ra tlolela mo mokorong wa namolo o o neng o tswa kwa morago, \v 17 mme ra fapa sekepe kwa tlase. Badiri mo sekepeng ba ne ba tshaba go phepheulelwa ke phefo kwa go totomelang kwa lotshitshing lwa Afrika. Ba folosa disaile tsa sekepe ba ntse ba phepheulwa ke phefo. \p \v 18 Erile letsatsi le le latelang fa lewatle le kokomoga, badiri mo sekepeng ba simolola go latlhela merwalo mo lewatleng. \v 19 Mme letsatsi le le latelang ba latlhela dilwana tsa bone le sengwe le sengwe se se neng se le gaufi nabo. \v 20 Dikhuduego tsa lewatle tsa nna dikgolo ka malatsi a le mantsi go fitlhelela la bofelo go sena tsholofelo epe. \p \v 21 Mme ka lobaka lo lo leele go ne go sena ope yo o kileng a ja, mme la bofelo Paulo o ne a bitsa badiredi ba sekepe botlhe a re, “Banna, lo ka bo lo ne lwa ntheetsa lantlha mme ra seka ra tloga mo Dinwane Dintle, lo ka bo lo falotse dikgobalo tse le tatlhegelo! \v 22 Mme le fa go ntse jalo nametsegang! Ga go ope wa rona yo o tlaa latlhegelwang ke botshelo, ntswa sekepe sone se tlaa nwela. \p \v 23 “Gonne bosigo jo bo fetileng moengele wa Modimo yo ke leng wa gagwe le yo ke mo direlang o ne a ema fa thoko ga me, \v 24 a re, ‘Se boife, Paulo, gonne ka boammaaruri o tlaa sekisiwa ke Kaesara! Mo gongwe gape ke eng, Modimo o arabile kopo ya gago mme o tlaa boloka matshelo a botlhe ba ba mo loetong le wena.’ \v 25 Mme jaanong nametsegang! Gonne ke dumela Modimo! Go tlaa nna fela jaaka o buile! \v 26 Mme le fa go ntse jalo sekepe sa rona se tlaa senyegela fa setlhakeng.” \p \v 27 Mme erile e ka nna nako ya bosigo-gare mo bosigong jwa bo lesome le bone jwa khuduego ya lewatle, fa re ntse re phepheulelwa kwa pele le kwa morago mo lewatleng la Aderia, batsamaisi ba sekepe ba belaela gore lefatshe le gaufi. \v 28 Ba ne ba lekeletsa boteng jwa metse mme ba bona e le boteng jwa dikgato di le lekgolo le masome a mabedi. Morago ga sebakanyana ba lekeletsa gape, mme ba bona e le dikgato di le masome a roba bongwe. \v 29 Mme ka selekanyo se ba itse gore ba gaufi le go phepheulelwa kwa lotshitshing, mme ka ba tshaba mafika a a gaufi le lotshitshi, ba digela diitsetsepelo di le nne ka kwa morago ga sekepe mme ba rapela gore go nne lesedi. \p \v 30 Mme batsamaisi ba bangwe ba loga leano la go tlogela sekepe, mme ba fologa mokoro wa phalotsho jaaka o ka re ba ya go tlhoma diitsetsepelo kwa pele. \v 31 Mme Paulo a raya masole le molaodi a re, “Lo tlaa swa lotlhe fa lo ka seka lwa nna mo sekepeng.” \p \v 32 Mme masole a kgaola megala a tlogela mokoro wa wa. \p \v 33 Erile masa a sa, Paulo a kopa mongwe le mongwe gore a je, a re, “Ga lo ise lo ke lo ame dijo mo dibekeng tse pedi tse di fetileng! \v 34 Tsweeng-tsweeng jang sengwe gore lo thusege! Gonne le fa ele thiri ya ditlhogo tsa lona ga e na go nyelela!” \p \v 35 Mme a tsaya senkgwenyana se se omisitsweng a leboga Modimo fa pele ga bone botlhe, mme a ja. \p \v 36 Ka bofefo mongwe le mongwe a ikutlwa sentle mme ba simolola go ja, \v 37 rotlhe re ne re le makgolo a mabedi le masome a supa le borataro, gonne eo ke yone palo e e neng e le mo sekepeng. \v 38 Erile re sena go ja, badiri ba sekepe ba fokotsa morwalo ka go latlhela mabele mo lewatleng. \p \v 39 Mme erile bosa bo sele, ba seka ba tlhaloganya lefatshe gore ke lefe, mme ba bona senwane se se lobota lo papametseng mme ba akanya gore a ba ka tsena fa gare ga mantswe ba phepheulelwa ke phefo kwa lotshitshing. \v 40 Mme la bofelo ba ikaelela go leka jalo. Ba kgaola diitsetsepelo ba di tlogela mo lewatleng, ba folosa dikgong tse di sokololang sekepe ba pega disaile ba leba kwa lotshitshing. \v 41 Mme sekepe sa thula totoma ya motlhaba sa totomela. Mpa ya sone ya tsena mo mmung, mme marago a sone a thujwa ke makhubu a metsi. \p \v 42 Mme masole a buisanya le molaodi wa bone gore ba bolaye magolegwa e se re kgotsa ope wa bone a shapela kwa lotshitshing a falola. \v 43 Mme Julio ka a ne a batla go boloka Paulo, a ganana le mogopolo oo. Mme a laola gore botlhe ba ba ka kgonang go shapa ba fologe ba shapele kwa ntle, \v 44 mme ba ba sa kgoneng go shapa ba leke ka dipolanka le dikgong tse di robegileng mo sekepeng. Mme mongwe le mongwe a kgona go falolela kwa lotshitshing. \c 28 \s1 Ba amogelwa sentle ke batho ba Malita \p \v 1-2 Mme ka bofefo ra lemoga fa re gorogile mo setlhakeng sa Malita. Batho ba setlhake ba ne ba re siametse thata, ba ne ba gotsa molelo o motona fa lotshitshing go re amogela le go re thuthafatsa mo puleng le mo botsididing. \p \v 3 Mme erile fa Paulo a kokoanya ngata ya dikgong go di tsenya mo molelong, noga e e botlhole ya ntshiwa mo molelong ke mogote, ya ithatha ka letsogo la gagwe! \v 4 Mme batho ba setlhake ba ne ba e bona e lepeletse mme ba raana ba re, “Ke mmolai ga gona pelaelo! Le ntswa a falotse mo lewatleng, tshiamiso ga e ka ke ya mo letla gore a tshele!” \p \v 5 Mme Paulo a tlhotlhorela noga mo molelong e sa mo loma. \v 6 Mme batho ba solofela gore ba tlaa bona a ruruga kgotsa a wa fela ka tshoganetso a a swa; mme erile ba sena go nna ba lebeletse ka lobaka lo loleele mme go sena kgobalo epe mo go ene, ba fetola megopolo ya bone mme ba re ke modimo. \s1 Paulo o fodisa rraagwe Pubelio \p \v 7 Fa lotshitshing fa re neng ra nna teng go ne go na le tshimo ya ga Pubelio, molaodi wa setlhake. O ne a re amogela sentle a bo a re fa dijo ka malatsi a le mararo. \v 8 Mme erile ka yone nako eo, rraagwe Pubelio a bo a lwala bolwetse jwa letshoroma le motabogo o mohibidu. Paulo a tsena a mo rapelela, mme a mmaya diatla a mo fodisa! \v 9 Mme balwetse ba bangwe botlhe mo setlhakeng ba tla mme ba fodisiwa. \v 10 Mme ka ntlha ya moo ra tshologelwa ke dimpho di le dintsi, mme erile fa go tla nako ya gore re tsamaye, batho ba olela mefuta yotlhe ya dilo tse re tlaa di tlhokang mo loetong. \p \v 11 E ne e le kgwedi tse tharo sekepe se sena go senyega pele ga re simolola go tsamaya, mme ka nako e, re ne ra tsamaya ka sekepe se se bidiwang Mafatlha a Basimane sa Alekesanderia, sekepe se se neng se feditse mariga mo setlhakeng. \v 12 Re ne ra ema la ntlha kwa Sirakuse, kwa re neng ra nna teng malatsi a mararo. \v 13 Mme go tswa foo ra dikologa ra ya kwa Regiama; letsatsi le le latelang phefo ya borwa ya simolola go foka, mme letsatsi le le latelang ra goroga kwa Puteoli, \v 14 kwa re neng ra bona badumedi bangwe teng! Ba ne ba re kopa gore re nne nabo malatsi a supa. Go tsweng foo ra tswelela ra ya Roma. \p \v 15 Bakaulengwe ba Roma ba ne ba utlwile gore re e tla mme ba tla go re kopantsha kwa patlelong mo Tseleng ya Apio. Bangwe ba kopana le rona kwa matlung a mararo a boitapoloso. Erile Paulo a ba bona, a leboga Modimo mme a nametsega. \p \v 16 Mme erile fa re goroga kwa Roma, Paulo o ne a letlelelwa gore a nne fa a ratang teng, le fa a ne a disitswe ke lesole. \v 17 Mme erile malatsi a mararo a sena go feta, a bitsa bagolwane ba Bajuta botlhe ba motse mme a ba raya a re: “Bakaulengwe ke ne ke tshwerwe ke Bajuta kwa Jerusalema mme ka isiwa kwa mmusong wa Roma gore ke sekisiwe, ntswa ke ne ke sa utlwisa ope botlhoko kgotsa go tsuolola ngwao ya borraetsho mogologolwane. \v 18 Mme Ba-Roma ba ne ba ntshekisa ba bo ba rata go nkgolola, gonne ba ne ba sa bone molato ope o o tshwanetseng loso jaaka bagolwane ba Bajuta ba ne ba batla. \v 19 Mme erile fa Bajuta ba gana katlholo eo, ka bona go tlhokega, gore ke ikuele mo go Kaisara, ke sa ba eleletse bosula bope. \v 20 Ke lo kopile go tla fano gompieno gore re itsanye le gore ke lo bolelele gore ke golegilwe ka dikeetane ka ntlha ya gore ke dumela gore Mesia o tsile.” \p \v 21 Mme ba fetola ba re, “Ga re ise re ke re utlwe sepe se o sekisiwang ka ga sone! Ga re ise re ke re amogele dikwalo dipe tse di tswang kwa Judea kgotsa dipego tse di tlang le ba ba tswang kwa Jerusalema. \v 22 Mme re batla go utlwa se o se dumelang, gonne se re se itseng fela kaga Bakeresete ba ke gore ba nyadiwa gongwe le gongwe!” \p \v 23 Mme ga tlhongwa nako, mme ka letsatsi leo ga tla batho ba le bantsi mo tlung ya gagwe. A ba bolelela kaga Bogosi jwa Modimo a bo a ba ruta kaga Jesu mo Dikwalong, go tswa mo dikwalong tsa ga Moshe tse tlhano le dikwalo tsa baporofiti. A simolola a ruta mo mosong go fitlhelela maitseboa! \p \v 24 Mme bangwe ba ne ba dumela, ba bangwe ba gana go dumela. \p \v 25 Mme erile ba sena go ganetsanya ka bosi ba tsamaya ba tlhabilwe ke lefoko la bofelo la ga Paulo le le reng, “Mowa O O Boitshepo o ne o bua boammaaruri fa o bua ka Moporofiti Isaia o re, \v 26 ‘Raya Bajuta o re, “Lo tlaa utlwa lo bo lo bona mme ga lo na go tlhaloganya,” \v 27 gonne dipelo tsa lona di thata le ditsebe tsa lona ga di reetse mme lo tswetse matlho a lona gore lo seka lwa bona lwa tlhaloganya, le go sokologela kwa go nna gore ke lo fodise.’ \v 28-29 Mme jalo ke batla gore lo lemoge gore poloko e, e e tswang kwa Modimong le Badichaba ke ya bone, ebile bone ba tla e amogela.” \p \v 30 Mme Paulo o ne a nna dingwaga tse pedi mo tlung e o neng a e hirile, mme a amogela botlhe ba ba neng ba mo etela, \v 31 a ba bolelela ka bopelokgale jotlhe kaga Bogosi jwa Modimo le kaga Morena Jesu Keresete; mme ga seka ga nna le ope yo o lekang go mo didimatsa.