\id 2TI - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h II Timotheo \toc1 Timotheo II \toc2 Timotheo II \toc3 Timotheo II \mt1 Timotheo II \c 1 \p \v 1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo, mo rongwa wa ga Jesu Keresete, yo o rometsweng ke Modimo go ya go bolelela banna le basadi gongwe le gongwe kaga botshelo jo bo sa khutleng jo o ba bo solofeditseng ka tumelo mo go Jesu Keresete. \p \v 2 Lo ya kwa go: Timotheo, morwaake yo o rategang. A Modimo Rara le Keresete Jesu Morena wa rona o go nosetse bopelonomi jwa one, kutlwelo-botlhoko le kagiso. \s1 O laiwa gore a nne le tumelo e e nonofileng \p \v 3 Ke leboga Modimo jang ka wena, Timotheo. Ke go rapelela malatsi otlhe, le ka nako tsotlhe mo masigong a maleele ke kopa Modimo wa me go go segofatsa mo go menaganyeng. Ke Modimo wa borre, le wa me, mme maikaelelo a me fela mo botshelong ke go o itumedisa. \p \v 4 Ke tlhwaafaletse thata go go bona gape. Kana ke ka itumela thatajang, gonne ke gakologelwa selelo sa gago fa re kgaogana. \p \v 5 Ke itse gore o ikanya Morena go le kae, fela jaaka mmago Yunise le mmago-mogolo Loise ba mo ikanya; ebile ke tlhomamisa gore o santse o mo ikanya thata fela jaaka gale. \v 6 Ka ntlha ya moo, ke batla go go gakolola gore o tlhotlheletse nonofo le bopelokgale jo bo mo teng ga gago, jo bo tsenyeng mo go wena ka nako e ke neng ke go baya diatla ka yone ke go segofatsa. \v 7 Gonne Mowa O O Boitshepo, neo ya Modimo, ga o rate gore wena o tshabe batho, mme e leng go nna botlhale le nonofo, le go ba rata le go itumelela go nna le bone. \v 8 Fa o ka tlhotlheletsa nonofo e e mo teng ga gago ga o kitla o boifa go bolelela ba bangwe ka Morena, wa rona, Kgotsa go ba itsise gore ke tsala ya gago le fa ke le mo kgolegelong fano ka ntlha ya ga Keresete. O tlaa ipaakanyetsa go boga le nna ka ntlha ya Morena, gonne o tlaa go nonotsha mo dipogisong. \p \v 9 Ke ene yo o re bolokileng le yo o re tlhophetseng tiro ya gagwe e e boitshepo, e seng ka ntlha ya gore e re tshwanetse mme e le ka ntlha ya gore e ne e le leano la One la bogologolo pele ga lefatshe le simologa, go supa lorato lwa One mo go rona le bopelotlhomogi ka Jesu Keresete. \v 10 Mme jaanong o dirile mo gotlhe gore go bonale mo go rona sentle ka go tla ga Mmoloki wa rona Jesu Keresete, yo o robileng nonofo ya loso a bo a re bontsha tsela ya botshelo jo bo safeleng ka go mo ikanya. \v 11 Mme Modimo o ntlhophile go nna morongwa wa one, go rerela Badichaba le go ba ruta. \p \v 12 Ke ka moo ke bogang fano mo kgolegelong ebile ga go ntlhabise ditlhong, gonne ke itse yo ke mo ikanyang, ebile ke tlhomamisa gore o nonofile go tlhokomela tsotlhe tse ke di mo neileng go fitlhelela letsatsi la go bowa ga gagwe. \p \v 13 Tshegetsa thata sekao sa boammaaruri jo ke go bo rutileng, segolo thata jang tumelo le lorato lo Keresete Jesu a lo go neileng. \v 14 Tlhokomela thata, nonofo e o e amogetseng mo Modimong e le mpho e e tswang mo Moweng o o Boitshepo o o nnang mo teng ga gago. \p \v 15 Jaaka o itse, Bakeresete botlhe ba ba tsileng mono ba tswa kwa Asia ba mphatlalaletse; le e leng Fugalo le Hegemogenese tota ba tsamaile. \v 16 A Morena a segofatse Onisiforo le botlhe ba ntlo ya gagwe, ka gore o ne a nketela a bo a nkgothatsa gantsi. Go nketela ga gagwe go ne ga ntsoseletsa jaaka mowa wa phefo e e monate, ebile go nna ga me mo kgolegelong ga go ise go mo tlhabise ditlhong. \v 17 Le gone erile a tla mo Roma o mpatlile gongwe le gongwe, a leka go bona kwa ke teng, mme la bofelo a mpona. \p \v 18 A Modimo o mo nee lesego le le faphegileng motlhang Keresete a bowang. Ebile o itse botoka go na le jaaka ke ka go bolelela ka fa o nthusitseng ka teng kwa Efeso. \c 2 \p \v 1 Oo, Timotheo, morwaaka, tia mo nonofong e Keresete Jesu o go e neileng. \v 2 Gonne o tshwanetse go ruta ba bangwe dilo tse wena le ba bangwe lo nkutlwileng ke bua ka tsone. Ruta batho ba ba ikanyegang boammaaruri jo bogolo jo le bone ba tlaa bo rutang ba bangwe. \p \v 3 Tsaya seabe sa gago sa go boga jaaka lesole le le siameng la ga Jesu Keresete, fela jaaka ke dira, \v 4 mme jaaka lesole la ga Keresete o se ka wa itlhakatlhakanya le dilo tsa selefatshe, gonne ga o kake wa itumedisa ene yo o go kwadileng mo mophatong wa batlhabani ba gagwe. \v 5 Latela melao ya Morena go dira tiro ya gagwe, felajaaka mosiani a ka latela melao kgotsa a bonwa molato mme a tlhoke go gapa sekgele. \v 6 Dira thata, jaaka molemi yo o duelwang sentle ka go roba thobo e kgolo. \v 7 Akanya ka ditshwantsho tse tharo tse, mme a Morena a go thuse go tlhaloganya gore di amana jang le botshelo jwa gago. \p \v 8 O se ka wa lebala ntlha ya botlhokwa ya gore Jesu Keresete e ne e le Motho, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide; le gore e ne e le Modimo, jaaka go supilwe ke boammaaruri jwa gore o tsogile gape mo baswing. \v 9 Ke ka ntlha ya gore ke rerile boammaaruri jo bogolo jo, ke gone ka moo ke leng fano mo matshwenyegong ebile ke tsentswe mo kgolegelong jaaka serukhutlhi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa, le fa nna ke golegilwe. \v 10 Ke rata thata go boga, fa moo go ka tlisa poloko le kgalalelo ya bosakhutleng ka Keresete Jesu mo go ba Modimo o ba tlhophileng. \p \v 11 Ke gomoditswe ke boammaaruri jo, gore fa ke boga re bo re swela Keresete go raya gore re tlaa simolola go nna le ene kwa legodimong. \p \v 12 Mme fa re a kanya gore go mo direla ka nako eno go bokete, gakologelwang gore letsatsi lengwe re tlaa nna Nae re bo re busa Nae. Mme fa re lesa ka ntlha ya go boga, re fularela Keresete, mme le ene o tshwanetse go re fularela. \v 13 Mme le fa re le bokoa thata mo re se kakeng ra salelwa ke tumelo epe, o nna a le boikanyego mo go rona ebile otlaa re thusa, gonne ga a kake a re itatola rona ba re leng bontlha bongwe jwa gagwe, mme o tlaa diragatsa ditsholofetso tsa gagwe mo go rona ka malatsi otlhe. \p \v 14 Gakolola batho ba gago dintlha tse dikgolo tse, mme ba lae mo leineng la Morena gore ba se ka ba ganetsanya mo dilong tse di sa tlhokegeng. Dikganetsanyo tse di ntseng jalo di a timetsa ebile ga di na mosola, ebile di a bolaya. \v 15 Dira thata gore Modimo o tle o go reye o re, “O dirile sentle.” Nna modiri yo o siameng, yo o sa tlhokeng go tlhabiwa ke ditlhong fa Modimo o tlhatlhoba tiro ya gago. Itse se Lefoko la One le se buang le se le se rayang. \v 16 O tshabe dikgang tsa boeleele tse di gogelang batho mo sebeng sa go galefelana. \v 17 Dilo di tlaa buiwa tse di tukang di bile di utlwisa ntho e e kekelang Humenaio le Feleto, mo go rateng dikganetsanyo, ke batho ba ba ntseng jalo. \v 18 Ba tlogetse tsela ya boammaaruri, ba rera maaka a gore tsogo ya baswi e setse e diragetse; ebile ba koafaditse tumelo ya bangwe ba ba ba dumelang. \p \v 19 Mme boammaaruri jwa Modimo bo nitame jaaka lefika je legolo, ebile ga go na sepe se se ka bo tshikhinyang. Ke lefika la motheo le le nang le mafoko a mo go lone: “Morena o itse ba tota e leng ba gagwe,” mme “motho yo o ipitsang Mokeresete ga aa tshwanela go dira dilo tse di sa siamang.” \p \v 20 Mo lwapeng lwa mohumi go na le dijana tse di dirilweng ka gauta le selefera le tse dingwe di dirilwe ka logong le ka letsopa. Dijana tse di tlhwatlhwa kgolo di dirisediwa baeng, mme tse di tlhwatlhwa e potlana di dirisiwa mo tlung ya kapeelo kgotsa go tsenya matlakala. \v 21 Fa o fularela sebe o tlaa nna jaaka sengwe sa dijana tse di dirilweng ka gauta e e itshekileng, tse e leng tsone tse di siameng mo tlung, gore Keresete a tle a go dirisetse maikaelelo a gagwe a magolo. \p \v 22 Tshaba sengwe le sengwe se se ka go nayang dikgopolo tse di bosula tse makawana gantsi ba nang le tsone, mme o nne gaufi le sengwe le sengwe se se go dirang gore o batle go dira tshiamo. Nna le tumelo le lorato, mme o nne botsalano le ba ba ratang Morena ebile ba na le dipelo tse di itshekileng. \p \v 23 Gape ka re, o se ka wa tsena mo dikganetsanyong tsa boeleele tse di tsosang kgang mo bathong di bo di ba galefisa. \p \v 24 Batho ba Modimo ga ba a tshwanela go omana; ba tshwanetse go nna tshiamo, e le baruti ba ba pelotelele mo go ba ba molato. \p \v 25 Ikokobetse fa o leka go ruta ba ba akabalang mabapi le boammaaruri. Gonne fa o bua le bone ka bonolo le ka maitseo ka thuso ya Modimo, go ka diragala gore ba tlogele megopolo ya bone e e sa siamang mme ba dumele se e leng boammaaruri. \v 26 Mme ba tlaa itharabologelwa mme ba falole mo serung sa botlhanka sa ga Satane sa go leofa, se o se dirisang go ba tshwara ka nako nngwe le nngwe e o e ratang, mme jalo ba ka simolola go dira go rata ga Modimo. \c 3 \s1 Bosula jwa batho mo malatsing a bofelo \p \v 1 Mme Timotheo gape itse se, gore mo malatsing a bofelo go tlaa nna bokete thata go nna Mokeresete. \v 2 Gonne batho ba tlaa nna baithati le barati ba madi a bone; ba tlaa nna maikgantsho le mabela, ba sotla Modimo, ba sa utlwe batsadi ba bone, ba sa ba tlotle, ebile ba le bosula gotlhelele. \v 3 Ba tlaa nna ditlhogo di thata ebile ba sa ineele mo go ba bangwe; ba tlaa nna baaki ba gale le dirukhutlhi ebile ba tlaa natefelwa ke mekgwa yotlhe e e bosula. Ba tlaa nna setlhogo, mme ba tlaa sotla ba ba lekang go dira tshiamo. \v 4 Ba tlaa oka ditsala tsa bone; ba tlaa nna batenegi, baikgogomosi, e le barati ba dikgatlhego bogolo go go rata Modimo. \v 5 Ba tlaa ya kerekeng (phuthegong), ee, mme ga ba kitla ba dumela sepe se ba se utlwang. O se ka wa tsena mo bathong ba ba ntseng jalo. \p \v 6 Ke ba ba kukunelang mo malwapeng a batho ba bangwe mme ba tsalane le basadi ba dieleele ba ba imelwang ke dibe, ba ba rute dithuto tsa bone tse dintsha. \v 7 Basadi ba mofuta oo ba saletse ruri morago baruti ba ba makgapha mme ga ba tlhaloganye boammaaruri. \v 8 Mme baruti ba ba tlhabantsha boammaaruri fela jaaka Janese le Jamberese ba ne ba tlhabantsha Moshe. Ba na le megopolo e e leswe, e e sokameng ebile ba fapogile mo tumelong ya Sekeresete. \p \v 9 Mme ga ba kitla ba ya gope. Letsatsi lengwe tsietso ya bone e tlaa itsiwe sentle ke mongwe le mongwe jaaka boleo jwa ga Janese le Jamperese. \p \v 10 Mme wena o nkitse sentle gore ga ke motho yo o ntseng jalo. O itse se ke se dumelang le ka fa ke tshelang ka teng le se ke se batlang. O itse tumelo ya me mo go Keresete le ka fa ke bogileng ka teng. O itse lorato lwa me mo go wena, bobelotelele jwa me. \v 11 O itse matshwenyego a ke neng ka nna nao ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo. O itse gotlhe mo go ntiragaletseng fa ke etetse kwa Antioka, Ikonia le kwa Lusetere, mme Morena o ne a nkgolola. \v 12 Ee, pogiso e tlaa tlela botlhe ba ba ikaeletseng go tshela botshelo jwa Modimo go itumedisa Keresete Jesu, e tswa mo go ba ba mo ilang. \p \v 13 Ke boammaaruri, batho ba ba bosula ba tsietso ba tlaa dira go fetisisa, ba tsietsa ba le bantsi, bone ka bo bone ba tsieditswe ke Satane. \p \v 14 Mme o tshwanetse go tswelela go dumela dilo tse o di rutilweng. O a itse gore di boammaaruri gonne o itse gore o ka ikanya bangwe ba rona ba ba go rutileng. \v 15 O itse sentle, gore erile o sa le mmotlana, o ne wa rutwa Dikwalo tse di boitshepo; mme ke tsone tse di go tlhalefesitseng go amogela poloka ya Modimo ka go ikanya Jesu Keresete. \v 16 Baebele yotlhe re e neetswe ka tlhotlheletso ya Modimo gape e botlhokwa go re ruta se e leng boammaaruri le go re lemotsha se se sa siamang mo matshelong a rona; e a re tlhamalatsa ebile e re thusa go dira tshiamo. \v 17 Ke tsela ya Modimo ya go re siamisa mo dilong tsotlhe, gore re felele mo go direleng batho botlhe tshiamo ka botlalo. \c 4 \s1 Batho ba tlaa rata go tsietsa \p \v 1 Mme jalo ke go kgothatsa ka tlhwaafalo fa pele ga Modimo le fa pele ga ga Jesu Keresete yo e tlaa reng letsatsi lengwe a bo a atlhola batshedi le baswi fa a tla go tlhoma bogosi jwa gagwe, \v 2 go rera Lefoko la Modimo ka tlhwaafalo ka nako tsotlhe, go le lobaka le go se lobaka, fa go siame le go sa siama. Siamisa o bo o kgalemele batho ba gago fa ba tlhoka kgalemelo, ba kgothatse go dira tshiamo, mme ka nako tsotlhe o ba otla ka Lefoko la Modimo ka bopelotelele. \p \v 3 Gonne go tlaa tla lobaka lo batho ba se kitlang ba reetsa boammaaruri, mme ba tlaa tsamaya ba batla baruti ba ba tlaa ba bolelelang fela se ba batlang go se utlwa. \v 4 Ga ba kitla ba reetsa se Baebele e se buang mme ba tlaa latela megopolo ya bone e e foufetseng. \p \v 5 Ema o tsepame, mme o se ka wa tshaba go bogela Morena. Tlisa ba bangwe kwa go Keresete. O se ka wa tlogela sepe se sa dirwa se o tshwanetseng go se dira. \p \v 6 Ke bua se ka gore ke tlaa bo ke seyo go go thusa ka lobaka lo loleele. Lobaka lwa me lo setse lo fitlhile. E tlaa re ka bonako ke bo ke le mo tseleng ya me go ya legodimong. \v 7 Ga ke bolo go tlhabanela Morena thata ka lobaka lo loleele, mme mo go tsone tsotlhe ke ntse ke le boammaaruri mo go ene. Mme jaanong lobaka lo fitlhile lwa gore ke khutlise ntwa ke itapolose. \v 8 Kwa legodimong serwalo se nkemetse se Morena, moatlhodi wa tshiamo, o tlaa se nnayang ka letsatsi le legolo la go bowa ga gagwe. Mme e seng nna fela, e leng botlhe ba matshelo a bone a supang gore ba lebeletse ka tlhwaafalo go tla ga gagwe gape. \s1 Paulo o kopa go etelwa \p \v 9 Tswee-tswee tla ka bonako le ka bofefo jo o ka bo kgonang, \v 10 gonne Demase o ntlogetse. O ratile dilo tse dintle tsa lefatshe leno o ile Theselonika. Keresenese o ile Galalea, Tito o ile Dalamatia. \v 11 Ke Luke fela yo o nang le nna. Tla le Mareko fa o tla, gonne ke a mo tlhoka. \v 12 (Tukiko le ene o tsamaile, ke mo rometse kwa Efeso) \v 13 E re fa o tla, o se ka wa lebala go ntlela kobo e ke e tlogetseng kwa Teroase mo go mokaulengwe Karepo, le dikwalo, mme bogolo, thata tsa matlalo. \p \v 14 Alekesanta mothudi wa kgotlho o nkutlwisitse botlhoko thata. Morena o tlaa mo otlhaya, \v 15 mme o mo tshabe, gonne o tlhabana le sengwe le sengwe se re se boletseng. \p \v 16 Erile lwa ntlha fa ke tlisiwa fa pele ga moatlhodi go ne go sena ope fano go nthusa, Mongwe le mongwe o ne a siile. Ke solofela gore ga ba kitla ba bewa molato kaga gone. \v 17 Mme Morena o ne a ema le nna, a nnaya lobaka lwa go rera thero yotlhe ke sena poifo gore lefatshe le utlwe. Mme o ne a mpoloka gore ke se latlhelwe mo ditaung. \v 18 Ee, Morena o tlaa nna a nkgolola ka nako tsotlhe mo bosuleng jotlhe mme o tlaa ntlisa mo bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. A kgalalelo e nne go Modimo ka metlha le metlha. Amen. \p \v 19 Tswee-tswee “ntumedisetsa” Peresila le Akwila le ba ba nnang le Onesiforo. \v 20 Eraseto o fetile a sala kwa Korintha, mme ke tlogetse Terofimose a lwala kwa Mileto. \p \v 21 Leka gore o bo o le kwano pele ga mariga. Eubulo o a go dumedisa le Padense, le Lino, le Kalaudia le ba bangwe botlhe. \v 22 A Morena Jesu Keresete a nne le mowa wa gago. \cls Sala sentle, ke le, \cls Paulo.