\id 2TH - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h II Bathesalonia \toc1 Bathesalonia II \toc2 Bathesalonia II \toc3 Bathesalonia II \mt1 Bathesalonia II \c 1 \p \v 1 Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo, Silase le Timotheo. Lo ya kwa: Phuthegong ya Thesalonia, e e babalesegileng mo Modimong Rraa rona le mo go Morena Jesu Keresete. \p \v 2 A Modimo Rara le Morena Jesu Keresete ba lo neye masego a a itekanetseng le dipelo tse di tletseng kagiso le ditlhaloganyo. \s1 Sekao sa tshiamo ya Modimo \p \v 3 Bakaulengwe ba ba rategang, go leboga Modimo kaga lona ke selo fela se se siameng go dirwa, mme ke tiro ya rona mo Modimong, ka ntlha ya tsela ya boammaaruri e ntle ya ka fa tumelo ya lona e godileng ka teng, le ka ntlha ya go gola ga go ratana ga lona. \p \v 4 Re itumelela go bolelela diphuthego tse dingwe kaga bopelotelele jwa lona le tumelo ya lona e e tletseng mo Modimong, mo godimo ga matshwenyego le mathata a lo a raletseng. \v 5 Ke sone sesupo se fela sa tsela e e sa patikeng e e siameng e Modimo o dirang dilo ka yone, gonne o dirisa dipogiso tsa lona go lo baakanyetsa bogosi jwa One, \v 6 fa gape a baakanyetsa ba ba lo utlwisang botlhoko katlholo le kwatlhao. \p \v 7 Ke gone ke rayang lona ba lo bogang ke re, Modimo o tlaa lo naya boikhutso mmogo le rona fa Morena Jesu a bonala ka tshoganetso a tswa kwa legodimong a le mo kgabong e e tukang ya molelo le baengele ba gagwe, \v 8 a lere katlholo mo go ba ba sa batleng go itse Modimo, le ba ba ganang go amogela leano la one go ba boloka ka Morena wa rona Jesu Keresete. \p \v 9 Ba tlaa otlhaiwa mo moleting wa bosakhu-tleng, ba kgaoganyeditswe ruri le sefatlhogo sa Morena, ba se kitla ba bona kgalalelo ya nonofo ya gagwe, \v 10 fa a tla go amogela kgalaletso le tlotlo ka ntlha ya gotlhe mo a go diretseng batho ba gagwe, ebong baitshepi ba gagwe. Mme lo tlaa nna mo gare ga ba ba mmakang, gonne lo dumetse Lefoko la Modimo le re le lo neetseng. \p \v 11 Mme jalo re tsweletse ka go lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire mofuta wa bana ba o batlang go nna nabo, o lo dire tshiamo fela ka fa lo eletsang go nna ka teng, o duela tumelo ya lona ka nonofo ya One. \v 12 Mme mongwe le mongwe o tlaa galaletsa leina la Morena Jesu Keresete ka ntlha ya maungo a ba a bonang mo go lona; mme kgalalelo ya lona e kgolo e tlaa bo e le gore lo ba gagwe. Kutlwelo botlhoko ya Modimo wa rona le ya Morena Jesu e dirile gore mo gotlhe go kgonege mo go lona. \c 2 \s1 Go tla ga ga Keresete \p \v 1-2 Mme jaanong, ga tweng kaga go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete gape, le go phuthega ga rona go mo kgatlhantsha? Tswee-tswee se tshikinngweng megopolo fela e le go fuduiwa, bakaulengwe ba ba rategang, ke puo e e reng letsatsi le la Morena le setse le bile le simologile. Fa lo utlwalela batho ba ba bonang diponatshegelo le melaetsa ya botlhokwa e e tswang kwa Modimong kaga sone se, kgotsa dikwalo tse di kaiwang di tswa kwano go nna, se ba dumeleng. \v 3 Se gapegeng, se tsietsegeng le fa ba reng. Gonne letsatsi leo ga le kitla le tla fa e se dilo tse pedi di diragala: Sa ntlha go tlaa nna nako ya go tsuolola Modimo mo go golo, mme motsuolodi o tlaa tla, ebong morwa molete. \v 4 O tlaa nyatsa modimo mongwe le mongwe o o teng, o tlaa gagolaka sengwe le sengwe sa tlotlo le kobamelo. O tlaa tsena mo tempeleng ya Modimo a nna fa fatshe jaaka Modimo, a re ene ka sebele ke Modimo. \v 5 A ga lo gakologelwe gore ke lo boleletse se mo nakong e ke neng ke na le lona ka yone? \v 6 Mme lo itse gore o kganetswe ke eng gore a bo a ise a tle; gonne o ka tla fela fa nako ya gagwe e setse e siame. \s1 Yo o bosula o tlaa nyelediwa ke Keresete \p \v 7 Tiro e monna yo wa tsogologelo le molete o tlaa e dirang, e setse e tswelela pele, mme ene ka sebele ga a na go tla go fitlhelela yo o mo kgane-tseng a mo sutela mo tseleng. \v 8 Jalo yo o bosula yo, o tlaa bonala yo Morena Jesu a tlaa mo tshubang ka mowa wa molomo wa gagwe a bo a mo nyeletsa fa pele ga gagwe fa a boa. \v 9 Monna yo wa boleo, o tlaa tla e le sedirisiwa sa ga Satane, a tletse nonofo ya ga Satane, mme o tlaa tsietsa mongwe le mongwe ka ditshupo tse di sa tlwaelesegang, mme o tlaa dira dikgakgamatso tse dikgolo. \p \v 10 O tlaa tsietsa gotlhelele ba ba mo tseleng ya bone go ya moleting gonne ba ganne Boammaaruri, ba ganne go bo dumela le go bo rata, le go bo letla go ba boloka, \v 11 mme ka ntlha ya moo, Modimo o tlaa ba letla go dumela maaka ka dipelo tsa bone tsotlhe, \v 12 mme botlhe ba tlaa atlholwa fela ka ntlha ya go dumela maaka, go gana Boammaaruri, le go natefelelwa ke dibe tsa bone. \v 13 Mme re tshwanetse ka metlha yotlhe go leboga Modimo kaga lona, bakaulengwe ba rona ba ba ratwang ke Morena, gonne Modimo o sale o tlhopha kwa tshimologong go lo naya poloko, go lo ntlafatsa ka tiro ya Mowa O O Boitshepo le ka go ikanya Boammaaruri ga lona. \v 14 Ka rona o lo boleletse Mafoko a a Molemo. Gape o lo bileditse go nna le seabe mo kgalalelong ya Morena wa rona Jesu Keresete ka rona. \p \v 15 Ka dilo tse tsotlhe di le mo mogopolong, bakaulengwe ba ba rategang, emang lo nitame lo bo lo ngaparele thata boammaaruri jo re lo bo rutileng mo dikwalong tsa rona le ka nako e re neng re na le lona ka yone. \p \v 16 A Morena wa rona Jesu Keresete ka sebele le Modimo Rraa rona, o o re ratileng wa bo wa re neela kgomotso ya bosakhutleng le tsholofelo e e sa re tshwanelang, \v 17 a gomotse dipelo tsa lona ka kgomotso yotlhe, a lo thuse mo go sengwe le sengwe se lo se buang le se lo se dirang. \c 3 \s1 Paulo o kopa go rapelelwa \p \v 1 Sa bofelo, bakaulengwe ba ba rategang, jaaka ke tla mo pheletsong ya lokwalo lo, ke lo kopa go re rapelela. Rapelelang pele gore molaetsa wa Morena o aname ka bofefo o bo o fenye gongwe le gongwe kwa o anamelang teng, o gape basokologi gongwe le gongwe jaaka o ne wa dira fa o tla kwa go lona. \v 2 Rapelelang gape gore re gololwe mo diphapaanong tsa batho ba ba bosula, gonne ga se mongwe le mongwe yo o ratang Morena. \v 3 Mme Morena o a ikanyega; o tlaa lo nonotsha ebile o tlaa lo dibela mo ditlhaselong tsa mefuta le fa e ka nna efe ya ga Satane. \v 4 Mme re ikanya Morena ka gore lo ntse lo dira dilo tse re di lo rutileng, le gore lo tlaa aga lo di dira. \v 5 A Morena a lo gogele mo go tlhaloganyeng masaitsiweng a lorato lwa Modimo le kaga bopelotelele jo bo tswang kwa go Keresete. \p \v 6 Jaanong taolo ke e, bakaulengwe ba ba rategang, e ke lo e nayang mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete ka taolo ya gagwe: Ikgogeng mo Mokereseteng mongwe le mongwe yo o senyang nako ya gagwe mo botshwakgeng gape a sa latela mogopolo o re lo o neetseng wa go dira ka bonatla. \v 7 Gonne lo itse sentle gore lo tshwanetse go re etsa: ga lo ise lo ke lo bone re senya nako re sa dire sepe; \v 8 ga re ise re ke re dumele go tsaya dijo mo go ope re sa di reke; re ne ra dira bosigo le motshegare ka natla yotlhe go nna le madi a re neng re a tlhoka go tshela ka one, gore re seka ra nna mokgweleo mo go ope wa lona. \p \v 9 E ne e se gore re ne re sena tshwanelo ya go lo kopa gore lo re otle, mme re ne re batla go lo supegetsa, lwa ntlha ka fa lo tshwanetseng go fufulela botshelojwa lona ka teng. \p \v 10 Le re santse re le koo re na le lona re lo neetse taolo e: “Yo o ganang go dira a se ka a ja.” \p \v 11 Le fa go ntse jalo re utlwa gotwe bangwe ba lona ba tshelela mo botshwakgeng, ba gana go dira, ebile ba senya nako ya bone mo ditshebong. \v 12 Mo leineng la Morena Jesu Keresete re kopa batho ba ba ntseng jalo ra re ba didimale, ba tsene mo tirong, mme ba berekele matshelo a e leng a bone. \v 13 Mme mo go lona ka re bakaulengwe ba ba rategang, lo seka lwa bo lwa lapisega go dira bomolemo. \p \v 14 Fa mongwe a gana go ikobela se re se buang mo lokwalong lo, bonang gore ke mang mme lo ikgoge mo go ene, gore a tle a itlhabelwe ke ditlhong. \v 15 Se mo tseyeng e le mmaba, mme buisanyang nae jaaka lo ka buisanya le mokaulengwe yo o tlhokang go tlhagisiwa. \v 16 A Morena wa kagiso ka sebele a lo neye kagiso ya gagwe, go sa re sepe gore go diragala eng. Morena a nne le lona lotlhe. \s1 Bokhutlo \p \v 17 Jaanong tumediso ya me ke e, e ke e kwalang ka seatla sa me, jaaka ke tlwaetse go dira kwa bofelong jwa dikwalo tsa me tsotlhe, go nna bosupi jwa gore lo tswa kwa go nna tota. Se ke mokwalo wa me tota wa seatla. \v 18 A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. \cls Ke nna wa lona ruri, \cls Paulo.