\id 2PE - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h II Petere \toc1 Petere II \toc2 Petere II \toc3 Petere II \mt1 Petere II \c 1 \s1 Boitshwaro le bopelotelele \p \v 1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Simone Petere, motlhanka le morongwa wa ga Jesu Keresete. Lo ya kwa go: botlhe ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya rona. Tumelo e ke buang ka yone ke ya mofuta o Jesu Keresete Modimo le Mmoloki wa rona o e re nayang. E ntle jang e bile o tshiamo jang go naya mongwe le mongwe wa rona tumelo e, e e tshwanang. \p \v 2 A o batla boutlwelo-botlhoko jwa Modimo thata le kagiso? Jalo ithute go mo itse botoka thata. \p \v 3 Gonne fa o mo itse thata, o tlaa go naya ka nonofo ya gagwe, sengwe le sengwe se o se batlang go tshela botshelo jwa boammaaruri: O tlhakanela le rona le eleng kgalalelo le tshiamo ya gagwe. \v 4 Mme ka yone fela nonofo e kgolo eo, o re neile khumo le masego a a hakgamatsang a o a solofeditseng, jaaka tsholofetso ya go re boloka mo dikeletsong le mo boleong jo bo re dikaganyeditseng, le go re naya mokgwa wa gagwe. \p \v 5 Mme go nna le dimpho tse, lo tlhoka mo gogolo go feta tumelo; lo tshwanetse gape go dira thata go nna tshiamo, le fa go sa lekana. Gonne lo tshwanetse go ithuta go itse Modimo thata le go bona se o batlang lo se dira. \p \v 6 Gape, ithuteng go beela dikeletso tsa lona fa thoko gore lo tle lo nne pelotelele le tshiamo, ka boitumelo lo letla Modimo go tsamaya le lona. \v 7 Se se tlaa dira gore kgato e e latelang e kgonege, e e leng ya lona go itumelela batho ba bangwe le go ba rata, mme morago lo tlaa gola mo go ba rateng thata. \v 8 Fa lo ntse lo tsweletse sentle mo tseleng e, lo tlaa nonofa mo moweng lo bo lo nna le maungo le tiriso mo go Morena wa rona Jesu Keresete. \v 9 Mme mongwe yo o palelwang ke go sala mekgwa e ya tumelo morago, ke sefofu, ebile ga a bone sentle, mme o lebetse gore Modimo o mo golotse mo botshelong jo bogologolo jwa sebe le gore jaanong o ka tshela botshelo jo bo tiileng, botshelo jo bo siametseng Morena. \p \v 10 Jalo bakaulengwe ba ba rategang, dirang thata go supa tota gore lommogo le ba Modimo o ba biditseng le ba o ba tlhophileng, mme ga lo kitla lo kgotswa kgotsa lo wa. \p \v 11 Mme Modimo o tlaa lo bulela dikgoro tsa legodimo go tsena mo Bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena le mmoloki wa rona Jesu Keresete. \s1 Tshupo ya ga Petere le baporofiti \p \v 12 Ke rulaganyetsa go nna ke lo gakolola dilo tse ka metlha le fa lo setse lo di itse ebile tota lo tsamaya sentle! \v 13-14 Mme Morena Jesu Keresete o mpontshitse gore malatsi a me mo lefatsheng a badilwe, ke gaufi le go swa. Fela fa ke santse ke le fa ke ikaelela go nna ke lo romelela dikgakololo tse, \v 15 ke solofela go di gatelela sentle mo go lona gore lo tle lo di gakologelwe ka lobaka lo loleele fa ke sena go tloga. \p \v 16 Gonne re ne re sa lo bolelele dinaane fa re lo tlhalosetsa nonofo ya Morena wa rona Jesu Keresete le go tla ga gagwe gape. Ka matlho a me ke bonye phatsimo e kgolo le kgalalelo ya gagwe! \v 17-18 Ke ne ke le gone mo thabeng e e boitshepo fa a phatshima ka tlotlo e o e neilweng ke Modimo Rraagwe; ke utlwile lentswe leo le le galalelang la Bogosi le le neng le tswa legodimong, le re, “Yo ke Morwaake yo o rategang thata; ke itumela thata ka ene.” \p \v 19 Jalo re bonye ebile re tlhomamisitse gore se Baporofiti ba se buileng se diragetse. Lo tlaa bo lo dira sentle go tlhokomela sengwe le sengwe se ba se kwadileng, gonne jaaka lesedi le phatshima mo felong fa go lefifi, mafoko a bone a re thusa go tlhaloganya dilo di le dintsi tse gongwe di ka bong di fifetse ebile di le thata. Mme fa lo ela tlhoko boammaaruri jo bo hakgamatsang jwa mafoko a baporofiti, jalo lesedi le tlaa phatsima mo meweng ya lona mme Keresete Naledi ya moso o tlaa phatsima mo dipelong tsa lona. \p \v 20-21 Gonne ga go na polelelo-pele epe e e kwadilweng mo Lokwalong e e ikakanyeditsweng ke moporofiti ka bo ene. E ne e le ka Mowa O O Boitshepo o o neng o le mo bathong ba ba ratang Modimo o o ba neetseng molaetsa wa boammaruri o o tswang kwa Modimong. \c 2 \s1 Baruti ba tsietso \p \v 1 Mme go ne go na le baporofiti ba tsietso mo malatsing ao, fela jaaka go tlaa nna le baruti ba tsietso mo go lona. Mme ka botlhale jwa bone ba tlaa bolela maaka kaga Modimo, ba fularela le e leng Morena wa bone yo o ba rekileng; mme ga bone e tlaa nna bokhutlo jo bo bofefo jo bo boitshegang. \v 2 Ba le bantsi ba tlaa latela thuto ya bone e e bosula ya gore boaka ga bo molato. Mme ka ntlha ya bone Keresete le ditsela tsa gagwe di tlaa sotlwa. \p \v 3 Baruti ba, ka ntlha ya bohatlha jwa bone, ba tlaa lo bolelela sengwe fela gore ba tseye madi a lona. Mme Modimo o ba atlhotse bogologolo mme tshenyego ya bone e mo tseleng e a tla. \v 4 Gonne Modimo ga o a ka wa rekegela le e leng baengele ba ba neng ba leofa, mme o ne wa ba latlhela mo moleteng, ba gokeletswe mo dikgageng tse di lefifi go fitlhelela letsatsi la katlholo. \v 5 Mme ga o a ka wa rekegela batho ba bogologolo mo morwaleleng fa e se Noa fela, motho yo o esi yo o neng a buelela Modimo le ba ntlo ya gagwe ba supa. Mo lobakeng loo, Modimo o ne wa nyeletsa lefatshe lotlhe le batho ba ba sa boifeng Modimo ka morwalela o mogolo. \v 6 Kwa morago wa fetola metse ya Sodoma le Gomora dithotobolo tsa melora wa bo wa e tlosa mo ponong ya lefatshe, wa ba dira sekao sa botlhe ba ba sa boifeng Modimo gore ba lebe kwa morago mme ba boife. \p \v 7-8 Go ntse go ntse jalo Modimo wa falotsha Lote mo Sodoma ka ntlha ya gore e ne e le mosiami, a utlwisiwa botlhoko ke bosula jo bo maswe jo a neng a bo bona gongwe le gongwe mo tikologong ya gagwe malatsi ka go tlhatlologana. \p \v 9 Jalo Modimo o ka falotsha nna le wena mo dithaelong tse di re dikaganyeditseng, mme wa tswelela ka go otlhaya ba ba sa o boifeng go fitlhelela letsatsi la bofelo la katlholo le tla. \v 10 O setlhogo bogolo mo go ba ba tsamayang mo bosulengjwa bone, le mo dikakanyong tsa dithato tsa bone, le ba ba ikgogomosang ebile ba le bodipa, ba sa boife go nyatsa Bagalaledi, le fa e le go ba sisimoga, \v 11 le fa baengele ba ba kwa legodimong ba ba emang fa pele ga Morena, ebile ba nonofile thata go gaisa baruti ba ba tsietso, ba se ke ba bua ka lonyatso mabapi le ba ba bosula ba. \p \v 12 Mme baruti ba tsietso ba dieleele, ga ba botoka bope go na le diphologolo. Ba dira sengwe le sengwe se ba ikutlwang ba se rata; ba tsaletswe go tshwarwa fela le go bolawa, ba nyatsa nonofo e e boitshegang ya bobipo e ba itseng go le gonnye fela ka yone; mme ba tlaa nyelediwa mmogo le mewa e e maswe yotlhe le dinonofo tsa molete. \p \v 13 Eo ke yone tuelo e baruti ba ba tlaa e bonang ka ntlha ya dibe tsa bone. Gonne ba nna mo botlhapelweng jo bo maswe ja letsatsi le letsatsi. Ba tlhabisa ditlhong ebile ba leswe mo go lona, ba lo tsietsa ka go tshela mo sebeng ka ntlha e nngwe ba tlhakana le lona mo medirong jaaka ekete ke batho ba ba ikanyegang. \v 14 Ga go na mosadi ope yo o ka falolang tebo ya bone ya boleo, mme ka boaka gone, ga ba ke ba kgotsofala. Ba hepisa basadi ba ba sa tiang mo tumelong, ba ithutile go nna bohula; mme ba atlhotswe ebile ba hutsitswe. \v 15 Ba dule mo tseleng mme ba latlhegile jaaka Balame, morwa Beore, yo o neng a ratile madi a o neng a ka a bona ka go dira tshiamololo. \v 16 Balame o ne a emisiwa mo tseleng ya gagwe ya boeleele fa tonki ya gagwe e bua nae ka lentswe la setho, e mo omanya e mo kgalemela. \p \v 17 Batho ba ga ba na mosola ba tshwana fela le metswedi ya metse e e kgadileng, ba solofetsa go le go ntsi mme ba sa tlise sepe; ga ba a nitama fela jaaka leru le le kgwekgweediwang ke matsubutsubu a diphefo. Ba sekisitswe go ya meleteng ya lefifi la bosakhutleng. \p \v 18 Ba ipelafatsa ka maleo a bone le phenyo. Mme ba dirisa dithata tsa bone jaaka seru sa bone ba hepisetsa; ba ba falotseng botshelo jo bo maswe joo mo sebeng gape. \p \v 19 Ba ba raya ba re, “Ga lo a bolokwa ka go nna tshiamo; lo ka nna lwa bolokwa ka go tlhoka tshiamo. Dirang se lo se ratang, lo gololesege.” Mme bone baruti ba ba ba nayang “kgololesego” e e mo molaong ke bone batlhanka ba boleo le tshenyego. Gonne motho ke motlhanka wa se se mo laolang. \v 20 Mme fa motho a falotse mekgwa e e bosula ya lefatshe ka go ithuta ka ga Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete, mme a bo a ithatheletsa ka sebe a bo a nna motlhanka wa sone gape, o maswe bogolo go gaisa jaaka a ne a ntse pele. \v 21 Go ne go ka nna botoka fa a ne a ise a ke a itse ka Keresete gotlhelele go na le go ithuta ka ga gagwe mme morago ga moo a bo a fapoga melao e e boitshepo e o e neetsweng. \v 22 Mogologolo a re, “Ntsa e boela mo matlhatseng a yone, mme kolobe e tlhapisediwa fela go bowa e bidikama mo morageng gape.” Go ntse fela jalo le mo go ba ba boelang mo dibeng tsa bone gape. \c 3 \s1 Letsatsi la go tla ga ga Keresete \p \v 1 Lo ke lokwalo lwa me lwa bobedi, bakaulengwe ba ba rategang, mme mo go tsone tsoopedi ke lekile go lo gakolola, fa lo ntetla kaga boammaaruri jo lo setseng lo bo itse: \v 2 boammaaruri jo lo bo ithutileng mo baporofiting ba ba boitshepo le mo go rona Baaposetoloi ba re lo tliseditseng mafoko a Morena le Mmoloki wa rona. \p \v 3 Sa ntlha, ke batla go lo gakolola gore mo malatsing a bofelo, go tlaa tla basotli ba ba tlaa dirang bosula bongwe le bongwe jo ba bo akanyang, mme ba sotla boammaaruri. \v 4 Se e tlaa nna tsela ya bone ya kganetsanyo: “Kana Keresete o solofeditse go tla gape, a mme o tsile? Jaanong o kae? Ga a kitla a tla! Ka ntlha ya eng, fela jaaka mongwe le mongwe a ka gakologelwa, sengwe le sengwe se ntse fela jaaka mo letsatsing la ntlha la lobopo.” \p \v 5-6 Ba itebatsa ka bomo boammaaruri jo: Gore Modimo o ne wa senya lefatshe ka morwalela o o boitshegang bogologolo o sena go dira magodimo ka lefoko la taolo ya One, mme wa dirisa metse go dira lefatshe le go le dikaganyetsa. \v 7 Mme Modimo o ne wa laola lefatshe le magodimo go bolokelwa molelo ka letsatsi la katlholo, fa botlhe ba ba senang boModimo ba tlaa nyelediwa. \p \v 8 Mme se lebaleng se, ditsala tse di rategang, gore letsatsi kgotsa dingwaga tse di sekete go simologa gompieno mo Moreneng di tshwana fela le ka moso. \p \v 9 Tota ga o bonya kaga tsholofetso ya One ya go bowa, ntswa ka nako tse dingwe go tle go bonale go ntse jalo. Mme o letile, ka mabaka a a utlwalang gore ga o batle ope a nyelela, mme o naya baleofi lobaka lwa go ikwatlhaya. \v 10 Ruri letsatsi la Morena le e tla, le tla jaaka legodu, mme magodimo a tlaa feta ka modumo o mogolo le mebele ya selegodimo e tlaa nyelela mo molelong, mme lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone se tlaa tshujwa ka molelo. \p \v 11 Mme jalo ere ka sengwe le sengwe se se re dikaganyeditseng se tlaa nyerologa, re tshwanetse ra bo re tshela botshelo jo bo boitshepo jo bo nang le boModimo jo bo ntseng jang? Re tlaa tshwanelwa ke go tshela botshelo jo bo boitshepo jwa Bo-Modimo. \p \v 12 Lo tshwanetse go lebelela letsatsi leo lwa ba lwa le ipaakanyetsa, letsatsi le Modimo o tlaa tshubang magodimo ka molelo, mme mebele ya selegodimo e tlaa nyerologa e nyelela mo dikgabong. \v 13 Mme re lebeletse tsholofetso ya Modimo ya magodimo a masha le lefatshe le lesha morago ga lobaka, kwa go tlaa bong go le tshiamo fela. \p \v 14 Ditsala tse di rategang, e re fa lo ntse lo lebeletse dilo tse go diragala le go tla ga gagwe, lekang thata go tshela lo sa leofe; lo bo lo nne kagiso mo go mongwe le mongwe gore a tle a lo itumelele motlhang a bowang. \p \v 15-16 Mme gakologelwang gore ke eng fa a diegile go tla. O re naya nako ya gore re tseye molaetsa wa gagwe wa poloko re o ise kwa go ba bangwe. Mokaulengwe yo o botlhale yo o rategang Paulo o buile ka dilo tse mo dikwalong tse dintsi tsa gagwe. Dikakgelo dingwe tsa gagwe ga di motlhofo go tlhaloganngwa, mme go na le batho ba ba dieleele ka bomo, ba ba agang ba batla dithanolo, ditlhaloso tse di sa tlwaelesegang, ba pitikolotse dikwalo tsa gagwe gore di reye sengwe se se pharologanyo thata le se a neng a se raya, fela jaaka ba dira mo dintlheng tse dingwe tsa dikwalo tse di boitshepo mme phelelo ya bone ke tshenyego. \p \v 17 Ke lo tlhagisa pele ga nako, bakaulengwe ba ba rategang, gore lo tle lo itlhokomele lo se ka lwa tsewa ke diphoso tsa batho ba ba bosula ba, e se re kgotsa lwa etsaetsega lwa tlhakana nabo. \p \v 18 Mme golang mo nonofong ya semowa lo itsanye sentle le Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete. A mo go ene go nne kgalalelo yotlhe le boitumelo jwa tlotlo, go tloga fano le ka bosakhutleng. Salang sentle. \cls Ke nna, \cls Petere.