\id 1TI - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h I Timotheo \toc1 Timotheo I \toc2 Timotheo I \toc3 Timotheo I \mt1 Timotheo I \c 1 \p \v 1 Lokwalo lo lo tswang kwa go Paulo, morongwa wa ga Jesu Keresete, yo o rometsweng ke Mmoloki wa rona le Jesu Keresete Morena wa rona, yo e leng ene fela tsholofelo ya rona. \p \v 2 Lo ya kwa go! Timotheo. Timotheo o ntse jaaka morwaake mo dilong tsa Modimo. A Modimo Rraa rona le Jesu Keresete Morena wa rona a go bontshe tshiamo ya gagwe le kutlwelobotlhoko mme a go neye kagiso e kgolo ya pelo le mogopolo. \p \v 3-4 Jaaka ke buile fa ke ya Masedonia, tswee-tswee nna koo mo Efeso o leke go kganela batho ba ba rutang thuto e e sa siamang. Khutlisa ditlhamane tsa bone, le dinaane tsa bone le mogopolo wa bone wa go bolokwa ka go bona kutlwelo botlhoko ka tlhatlologano ya baengele go fitlha kwa Modimong, megopolo ya sephologolo e e tsosang dipotso le dikganetsanyo boemong jwa go thusa batho go amogela leano la Modimo la tumelo. \v 5 Se ke se tlhwaafaletseng ke gore Bakeresete botlhe koo ba tlale lorato lo lo tswang mo dipelong tse di itshekileng, le gore megopolo ya bone e nne phepa le tumelo ya bone e nonofe. \p \v 6 Mme baruti ba, ba tlhokomologile mogopolo o otlhe, ba bo ba senya nako ya bone mo dikganetsanyong le go bua ka boeleele. \p \v 7 Ba batla go nna baruti ba melao ya ga Moshe ntswa ba sena mogopolo o o tlhomameng wa gore melao eo tota e re supegetsa eng. \v 8 Melao eo e siame fa e dirisiwa jaaka Modimo o ratile. \v 9 Mme ga e a direlwa rona, ba Modimo o re bolokileng; ke ya baleofi ba ba ilang Modimo, ba ba dipelo di tsuololang, ba ba hutsang ba tlhapatsa, ba tlhasela borraabo le bommaabo ba bo ba bolaya batho. \v 10-11 Ee, melao e e diretswe go supa baleofi botlhe ba ba makgapha le ba ba itshekologileng! Ba ba robalanang le banna ba bangwe, bautswi ba batho, baaki le botlhe ba ba dirang dilo tse di kgatlhanong le Mafoko a a Molemo a a galalelang a Modimo wa rona, o ke leng morongwa wa One. \s1 Paulo o baka Morena \p \v 12 Ke leboga Morena wa rona Keresete jang ka go ntlhopha mongwe wa barongwa ba gagwe, le go nnaya thata ya go nna boikanyo mo go ene, \v 13 le fa ke ne ke tle ke tlhapatse leina la ga Keresete. Ke ne ke tsoma batho ba gagwe, ke ba utlwisa botlhoko ka tsela nngwe le nngwe e ke neng ke ka e kgona. Mme Modimo wa nkutlwela botlhoko gonne ke ne ke sa itse se ke neng ke se dira, gonne ke ne ke sa itse Keresete ka nako eo. \v 14 Oo! Morena wa rona o ne a le pelotlhomogi go le kae, gonne o ntshupegeditse gore ke ka mo ikanya jang le go nna lorato lo lo tletseng lwa ga Jesu Keresete. \p \v 15 Kana go boammaaruri jang, ebile ke tlhwaafalela jang gore mongwe le mongwe a bo a itse, gore Jesu Keresete o tletse mo lefatsheng go boloka baleofi, mme ke ne ke le mogolo mo go bone botlhe. \v 16 Mme Modimo o nkutlwetse botlhoko gore Jesu Keresete a ntirise jaaka sekao go supegetsa mongwe le mongwe gore o pelotelele go le kae le e leng mo baleofing ba bagolo, gore ba bangwe ba tle ba lemoge gore, le bone, ba ka nna le botshelo jo bo sa khutleng. \v 17 A kgalalelo le tlotlo di nne go Modimo ka metlha le metlha. Ke kgosi ya dingwagangwaga, e e sa bonweng, e e sa sweng; ene ka esi ke Modimo, ebile o tletse botlhale Amen. \v 18 Jaanong Timotheo, morwaaka, se ke taolo ya me mo go wena: tlhabana sentle mo dintweng tsa Morena, fela jaaka Morena a re boleletse ka baporofiti ba gagwe gore o tlaa dira. \v 19 Ngaparela tumelo ya gago thata mo go Keresete mme ka nako tsotlhe a segakolodi sa gago se nne se le phepa, o dira se o itseng gore se siame. Gonne batho ba bangwe ba tlhokile kutlo mo digakoloding tsa bone, mme ba dira ka bomo tse ba itsileng gore ga di a siama. Ga go hakgamatse gore erile ka bofefo ba latlhegelwa ke tumelo ya bone mo go Keresete ba sena go nyatsa Modimo jalo. \v 20 Humenaio le Alekesenda ke dikai tse pedi tsa sone se, ke ne ka ba neela Satane go ba otlhaya go fitlhelela ba ithuta go sa tlhabiseng leina la ga Keresete ditlhong. \c 2 \s1 Tsela ya go direla \p \v 1 Mme dikgakololo tsa me ke tse: Rapele lang ba bangwe thata; ba kopeleng kutlwelo botlhoko ya Modimo; lebogelang tsotlhe tse o tlaa di ba direlang. \p \v 2 Ka yone tsela e, rapelelang dikgosi le botlhe ba ba nang le taolo mo go rona kgotsa ba maemo a a kwa godimo, gore re tle re tshele ka kagiso le kutlwano, re dirisa nako ya rona mo botshelong jwa Semodimo mme re akanya go le gontsi ka Morena. \v 3 Se, se molemo ebile se itumedisa Modimo Mmoloki wa rona, \v 4 gonne o eleletsa botlhe go bolokwa le go tlhaloganya boammaaruri jo: \v 5 gore Modimo o mo ntlheng e nngwe le batho botlhe ba ka fa ntlheng e nngwe, mme Jesu Keresete, yo e leng motho ka sebele, o mo gare ga bone go ba kopanya, \v 6 ka go naya batho botlhe botshelo jwa gagwe. Se ke molaetsa o Modimo o o neetseng lefatshe ka nako e e tshwanetseng. \p \v 7 Mme ke tlhophilwe jaaka moruti le morongwa wa Modimo, se ke boammaaruri, gore ke rute Badichaba boammaaruri jo, le go ba supegetsa leano la poloko la Modimo ka tumelo. \p \v 8 Jalo ke batla banna gongwe le gongwe go rapela ka mabogo a a itshekileng a tsholeleditswe kwa Modimong, ba golotswe mo sebeng le mo bogaleng le mo kgannyeng. \v 9-10 Mme le basadi fela jalo, ba didimetse, ba le botlhale ka go itshwara sentle le ka go apara. Bakeresete ba basadi ba tshwanetse go bonwa ka tshiamo le molemo, e seng ka mokgwa o ba iphorang moriri ka one kgotsa ka ntlha ya dibaga tsa bone kgotsa diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo. \p \v 11 Basadi ba tshwanetse go reetsa mme ba ithuta ka tidimalo le ka boikokobetso. \p \v 12 Ga ke ise ke ko ke letle basadi go ruta banna kgotsa go ba laola. A ba didimale mo dikopanong tsa diphuthego tsa lona. \v 13 Ka ntlha ya eng? Ka ntlha ya gore Modimo o dirile Adamo pele, mme morago wa dira Efa. \v 14 Mme ga se Adamo yo o neng a tsiediwa ke Satane, fa e se Efa, mme phelelo ya nna boleo. \v 15 Jalo Modimo wa romela kutlobotlhoko le pogiso mo basading fa bana ba bone ba tsholwa, mme o tlaa boloka mewa ya bone fa ba mo ikanya, ba tshela ba didimetse, ba siame, ba na le matshelo a a itumedisang. \c 3 \s1 Badisa ba phuthego \p \v 1 Mme ke boammaaruri gore fa motho a batla go nna modisa wa phuthego, o eletsa tiro e e molemo. \v 2 Gonne modisa wa phuthego (moruti) o tshwanetse ya bo e le motho yo botshelo jwa gagwe bo sa belaetseng. O tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe fela, e le modiri yo o tlhaga, yo o dirisang tlhaloganyo yo o matsetseleko a bile a le ditiro di ntle. O tshwanetse go itumelela go amogela baeng mo lapeng la gagwe a bile a kgona go ruta Lefoko la Modimo sentle. \v 3 Ga aa tshwanela go bo a le letagwa kgotsa moomani, mme o tshwanetse go nna bonolo le bopelonomi, a sa rate madi. \v 4 Ba ntlo ya gagwe ba tshwanetse go nna le maitseo, e le bana ba ba utlwang ka bonako le ka tshisimogo. \v 5 Gonne fa monna a sa ka ke a aga maitseo a ba ntlo ya gagwe, o ka thusa phuthego yotlhe jang? \p \v 6 Moruti ga a a tshwanela go bo e le Mokeresete yo mosha mo tumelong, gonne o ka tloga a ikgantsha ka go tlhophiwa ka bonako, mme maikgantsho a tla pele ga go wa. (Go wa ga ga Satane ke sekai). \v 7 Gape, o tshwanetse go kaiwa ka tshiamo ke batho ba ba kwa ntle ga phuthego, ba e seng Bakeresete, e se re kgotsa Satane a mo digela mo serung ka go mmaya melato e mentsi, mme a mo tlogele a sa gololesega go etelela phuthego ya gagwe pele. \p \v 8 Batiakoni le bone ba tshwanetse go nna le tshiamo e e ntseng fela jalo, e le banna ba ba iketlileng jaaka baruti. Ga ba a tshwanela go bo e le matagwa le digagapa mo mading. \v 9 Ba tshwanetse go nna tlhwaafalo, balatedi ba ba pelo dingwe fela ba ga Keresete, yo e leng motswedi o o fitlhegileng wa tumelo ya bone. \v 10 Pele ga ba kopiwa go nna Batiakoni, ba tshwanetse go newa ditiro dingwe mo phuthegong e le go bona maitsholo (maitseo) a bone le nonofo, mme fa ba dira sentle, ke gone ba ka tlhophiwang go nna Batiakoni. \p \v 11 Basadi ba bone ba tshwanetse go nna masisi, e se matagwa, e se basebi, mme ba ikanyega mo dilong tsotlhe tse ba di dirang. \p \v 12 Motiakoni mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe ebile o tshwanetse go nna le lolwapa lo lo itumedisang lo lo nang le kutlo. \v 13 Batiakoni ba ba dirang sentle ba tlaa duelwa ka tlotlo ke ba bangwe le go godisa boikanyo le bopelokgale jwa bone mo go ikanyeng Morena. \p \v 14 Ke lo kwalela dilo tse jaanong, le fa ke solofela go nna le lona ka bonako, \v 15 gore e re fa ke sa tle ka lobakanyana lo itse mofuta wa batho ba lo tshwanetseng go ba tlhopha go nna badiredi ba phuthego ya Modimo o o tshelang, e e nang le boammaaruri jo bo tletseng jwa Modimo. \p \v 16 Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong. \c 4 \s1 Baruti ba maaka \p \v 1 Mme Mowa O O Boitshepo o re bolelela sentle gore mo metlheng ya bofelo bangwe mo phuthegong ba tlaa fularela Keresete mme ba nne balatedi ba baruti ba ba tlhotlheleditsweng megopolo e e bosula ke Satane. \p \v 2 Baruti ba ba tlaa bolela maaka ka difatlhogo tse di gagametseng ba bo ba go dira gantsi thata mo e leng gore digakolodi tsa bone ga di kitla di ba kgoreletsa ka gope. \v 3 Ba tlaa re go nyala ga go a siama le go ja nama, le fa Modimo o neetse Bakeresete ba ba rutilweng sentle dilo tse go di itumelela le go di lebogela, \v 4 gonne sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng se siame, mme re ka se ja ka boitumelo fa re se itumelela, \v 5 le fa re kopa Modimo go se segofatsa, gonne se siamisiwa ke Lefoko la Modimo le thapelo. \p \v 6 Fa o tlhalosetsa ba bangwe selo se, o tlaa bo o dira tiro ya gago jaaka moruti yo o itekanetseng yo o otlilweng ka tumelo le ka thuto ya boammaaruri e o e setseng morago. \p \v 7 Se senye nako mo dikganetsanyong tsa megopolo ya bomatla le dinaane tsa boeleele le ditlhamane. Dirisa nako ya gago le nonofo mo go itlwaetseng go nna o nitame mo moweng. \v 8 Katiso ya mmele e siame, mme katiso ya semowa e botlhokwa thata ebile ke molemo mo go tsotlhe tse o di dirang. Jalo ikatise mo moweng o itlwaetse go nna Mokeresete yo o siameng, ka gore mo go tlaa go thusa e seng fela mo botshelong jono, mme le e leng le mo go jo bo tlang. \v 9-10 Se ke boammaaruri mme mongwe le mongwe o tshwanetse go bo amogela. Re dira thata re bile re boga thata gore batho ba tle ba bo dumele, gonne tsholofelo ya rona e mo Modimong o o tshelang o o re swetseng rotlhe, bogolo jang ba ba amogetseng poloko ya One. \p \v 11 Ruta dilo tse, o bo o tlhomamise gore mongwe le mongwe o di ithuta sentle. \p \v 12 Se letle gore ope a go nyatse ka go bo o le mmotlana. Nna sekao sa bone, dira gore ba latele ka fa o ba rutang ka teng le ka fa o tshelang ka teng; nna sekao mo go bone ka lorato lwa gago; tumelo ya gago, le ka megopolo e e phepa. \v 13 Go fitlhelela ke tsena koo, bala o bo o tlhalosetse phuthego Dikwalo; rera Lefoko la Modimo. \p \v 14 Tlhomamisa go dirisa dinonofo tse Modimo o di go neileng ka baporofiti ba One fa bagolwane ba phuthego ba go baya diatla. \v 15 Dirisa dinonofo tse; dira tiro yotlhe ya gago ka botlalo gore batho botlhe ba tle ba lemoge tlhabologo ya gago le tswelelopele. \v 16 Lebelela ka kelotlhoko mo go tsotlhe tse o di dirang le tse o di akanyang. Nna boammaaruri mo go se se siameng mme Modimo o tlaa go segofatsa o bo o go dirisa go thusa ba bangwe. \c 5 \s1 Go tshola batsofe le batlholagadi \p \v 1 O se ka wa gakalela motho yo o godileng, mme o mo kope ka maitseo fela jaaka fa e ka bo e le rrago. Buisa makau fela jaaka bo mogoloo ba o ba ratang thata. \p \v 2 O tseye basadi ba ba godileng jaaka bommago, le basetsana jaaka bokgaitsadiyo, o akanye megopolo e e itshekileng fela ka bone. \p \v 3 Phuthego e tshwanetse go tlhokomela ka lorato basadi ba batlholagadi fa ba sena ope yo o ka ba thusang. \v 4 Mme fa ba na le bana kgotsa ditlogolwana, ba ke bone ba ba tshwanetseng go ba tlhokomela, gonne tshiamo e tshwanetse go simologa kwa lwapeng, go thusa batsadi ba ba tlhokang. Se ke selo se se itumedisang Modimo thata. \p \v 5 Phuthego e tshwanetse go tlhokomela batlholagadi ba ba humanegileng ba bile ba le bosi mo lefatsheng, fa ba lebeletse thuso mo Modimong, ba bile ba senya nako e ntsi mo thapelong; \v 6 mme e seng fa ba senya nako ya bone mo ditshebong, ba batla dikgatlhego tsa senama, ba onatsa mewa ya bone. \v 7 Se e tshwanetse go nna molao wa phuthego ya gago gore Bakeresete ba tle ba itse ba bo ba dire se se molemo. \p \v 8 Mme mongwe le mongwe yo o se kitlang a tlhokomela ba gagabo fa ba tlhoka thuso, bogolo thata ba ntlo ya gagwe, ga a na tshwanelo ya go ipitsa Mokeresete. Motho yo o ntseng jalo o maswe go feta moheitane. \p \v 9 Motlholagadi yo o batlang go nna mongwe wa badiri ba phuthego ba ba faphegileng o tshwanetse bogolo a bo a na le dingwaga di le masome a marataro mme a kile a nyalwa gangwe fela. \v 10 O tshwanetse go kaiwa ka tshiamo ke mongwe le mongwe ka ntlha ya tshiamo e o e dirileng. A o goditsitse bana ba gagwe sentle? A o ne a le tshiamo mo baeting le mo Bakereseteng ba bangwe? A o ipaakanyeditse go supa tshiamo ya gagwe nako tsotlhe? \p \v 11 Mme batlholagadi ba basha ga ba a tshwanela go nna maloko a setlhopha se se faphegileng se, ka gore, morago ga lobakanyana ba ka tlhokomologa maikano a bone mo go Keresete mme ba nyalwa gape. \v 12 Mme ba tlaa bonwa molato ka ntlha ya go senya maikano a bone a ntlha. \v 13 Gape, ba ka nna ba nna ditshwakga ba senya nako ya bone mo go tsamayeng ba seba mo malwapeng ka go tlhatlologana, ba tsena mo ditirong tsa batho ba bangwe. \v 14 Jalo ke bona go le botoka gore batlholagadi ba basha ba, ba nyalwe gape ba nne le bana, ba tlhokomele malwapa a bone; mme ga go ope yo o ka ba rayang sepe. \v 15 Gonne ke boifa gore bangwe ba bone ba setse ba kgelogile mo phuthegong mme ba timeditswe ke Satane. \p \v 16 Mmang ke lo gakolole gape gore ba ga gabo motlholagadi ba tshwanetse go mo tlhokomela, a se ka a nna morwalo wa phuthego. Mme phuthego e ka dirisa madi a yone go tlhokomela batlholagadi ba ba bosi ba ba senang kwa ba yang teng. \p \v 17 Baruti ba ba dirang tiro ya bone sentle ba tshwanetse go duelwa sentle ebile ba tshwanetse go itumelelwa thata, bogolo thata ba ba dirang thata mo therong le mo thutong. \v 18 Gonne Dikwalo tsa re, “O se bofe kgomo molomo fa e photha mabele, e lese e je fa entse e tsamaya!” Mme mo gongwe tsa re, “Ba ba dirang ba tshwanelwa ke tuelo ya bone!” \p \v 19 O se reetse dingongorego kgatlhanong le moruti fa e se go na le basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo go mo sekisa. \p \v 20 Fa tota a leofile, ke gone o tshwanetseng go kgalemelwa fa pele ga phuthego yotlhe gore ope a seka a dira jaaka ene. \p \v 21 Ke go laya ka tlhoafalo fa pele ga Modimo le Morena Jesu Keresete le baengele ba ba boitshepo gore o dire se le fa moruti e ka bo e le tsala ya gago e e faphegileng kgotsa nnyaa. Botlhe ba tshwanetse go tsholwa ka tekatekanyo. \v 22 O se ka wa itlhaganelela go tlhopha moruti; e ka re kgotsa wa tlodisa dibe tsa gagwe matlho mme ga lebega e ka re o a di dumelela. Tlhomamisa gore wena ka bowena o kgaogane le dibe. \v 23 (Mme mo ga go reye gore o tlogele go nwa mofine gotlhelele. O tshwanetse go nwa go le gonnye e le molemo wa mala a gago gonne o aga o lwala). \p \v 24 Mme gakologelwa gore banna bangwe, le e leng baruti tota, ba tshela botshelo jo bo leswe ebile mongwe le mongwe o itse ka gona. Mo mabakeng a a ntseng jaana o ka dira sengwe ka gone. Mme mo mabakeng a mangwe ke letsatsi la katlholo fela le le tlaa senolang boammaaruri jo bo boitshegang. \v 25 Fela jalo, batho ba itse gore baruti bangwe ba dira bomolemo go le kae, mme nako nngwe ditiro tsa bone tse dintle ga di itsiwe go fitlhelela morago ga lobaka lo lo leele. \c 6 \s1 Batlhanka ba tlotle beng ba bone \p \v 1 Batlhanka ba e leng Bakeresete ba tshwanetse go direla beng ba bone thata ba bo ba ba tlotla; se direng gore gotwe batho ba ga Keresete ke badiri ba ba ditshwakga. Se letleng gore leina la Modimo kgotsa thuto ya One e nyadiwe ka ntlha ya se. \v 2 Fa mong-wa bone e le Mokeresete, moo ga go reye gore ba itepeletse; bogolo ba tshwanetse go dira thata ka gore mokaulengwe mo tumelong o thusiwa ke maiteko a bone. O rute boammaaruri jo, mme o kgothatse botlhe go bo tshegetsa. \v 3 Mme bangwe ba ka gana dilo tse, mme ke dithuto tse di nonofileng tse di tshedileng tsa Morena Jesu Keresete ebile ke motheo wa botshelo jwa Semodimo. \v 4 Le fa e le mang yo o buang sengwe se sele se se farologanyeng le se, o a ikgantsha ebile o seeleele. O tila se mafoko a ga Keresete a se rayang le dikganetsanyo tse di felelang mo mafufeng le mo bosilong, tse di isang fela mo go bidiweng ka maina a e seng one, dipateletso le dipelaelo tse di bosula. \v 5 Baganetsi ba, ba ditlhaloganyo tsa bone di bo filweng ke sebe, ga ba itse go bolela boammaruri; mo go bone go bolela Mafoko a a Molemo ke leano la go dira madi fela. Ikgapheng mo go bone. \p \v 6 A o batla go huma? O setse o humile fa o itumela ebile o siame. \v 7 Le gone ebile ga re a ka ra tla le madi fa re tla mo lefatsheng leno gape ga re kake ra tsaya le fa e le ledinyana le le lengwe fa ree swa. \v 8 Jalo re tshwanetse go itumela fela kwa ntle ga madi fa re na le dijo le diaparo tse di lekanyeng. \v 9 Mme batho ba ba eletsang go huma ka bonako ba simolola go dira mefuta yotlhe ya dilo tse di sa siamang gore ba bone madi, dilo tse di ba utlwisang botlhoko di bile di sulafatsa ditlhaloganyo tsa bone mme kwa bofelong di ba ise kwa moleting. \v 10 Gonne go rata madi ke yone kgato ya ntlha e e yang kwa mefuteng yotlhe ya boleo. Batho bangwe ebile ba setse ba kgelogile mo Modimong ka ntlha ya go a rata, mme ka go dira jalo ba itsentse mo mathateng a mantsi. \p \v 11 Oo, Timotheo, o monna wa Modimo. Tshaba dilo tse tsotlhe tse di bosula mme mo boemong jwa mo, o dire se se molemo le se se siameng, o ithuta go mo ikanya le go rata ba bangwe, le go nna pelotelele le tshiamo. \v 12 Tlhabanela Modimo thata. Tshwara thata botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo o bo go neileng, jo o bo ipoleletseng ka boipolelo jo bogolo mo ponong ya basupi ba le bantsi. \p \v 13 Ke go laya fa pele ga Modimo o o nayang botlhe botshelo, le fa pele ga ga Ponto Pilatwe, \v 14 gore o diragatse tsotlhe tse o di go boleletseng gore o di dire, gore ope a se ka a go bona molato go tloga fano go fitlhelela Morena wa rona Jesu Keresete a boa. \v 15 Gonne mo lobakeng lo lo tshwanetseng, Keresete o tlaa senolwa mo legodimong ke Modimo Mothatayotlhe, Kgosi ya dikgosi le Morena wa Barena, \v 16 yo ka esi a se ka keng a swa, yo o nnang mo leseding le legolo le go senang ope yo o ka mo atamelang. Ga go na ope yo o kileng a mmona, kgotsa yo o tlaa mmonang. Mo go ene a go nne tlotlo le nonofo e e sa feleng le puso ka metlha le metlha. Amen. \p \v 17 Bolelela ba ba humileng gore ba se ka ba ikgantsha le go ikanya madi a bone, a a tlogang a nyelela ka bonako, mme boikgantsho jwa bone le boikanyo bo tshwanetse go nna mo Modimong o o tshelang o o re nayang tsotlhe tse re di tlhokang ka metlha yotlhe go di itumelela. \v 18 Ba bolelele gore ba dirise madi a bone go dira tshiamo. Ba tshwanetse go huma mo ditirong tse di molemo mme ba naya ka boitumelo ba ba tlhokang, ba aga ba ipaakanyeditse go abalana le ba bangwe sengwe le sengwe se Modimo o se ba neileng. \p \v 19 Ka go dira jalo ba tlaa bo ba ipolokela dikhumo kwa legodimong, ke yone fela polokelo ya bosakhutleng! Mme ba tlaa tshela botshelo jwa Sekeresete jo bo nang le maungo mono lefatsheng le kwa legodimong. \p \v 20 Oo, Timotheo, o se ka wa tlhoka go dira dilo tse, tse Modimo o di go neetseng. Ikgaphe mo dikganetsanyong tsa boeleele le mo go ba ba ipelafatsang ka “kitso” ya bone mme seo se supa fa ba sena nayo. \v 21 Bangwe ba batho ba, ba latlhegetswe ke selo sa botlhokwa mo botshelong, ga ba itse Modimo. A kutlwelo botlhoko ya Modimo e nne mo go wena.