\id 1TH - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h I Bathesalonia \toc1 Bathesalonia I \toc2 Bathesalonia I \toc3 Bathesalonia I \mt1 Bathesalonia I \c 1 \p \v 1 Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo le Silase le Timotheo. Lo kwalelwa: Phuthego e e kwa Thesalonia, lona ba lo leng ba Modimo Rara le Morena Jesu Keresete: a tshegofatso le kagiso ya pelo e nne dineo tsa lona tse di itekanetseng di tswa kwa Modimong Rraa rona, le kwa go Jesu Keresete Morena wa rona. \p \v 2 Ka malatsi otlhe re leboga Modimo ka lona re ntse re lo rapelela ka metlha yotlhe. \v 3 Ga re ke re lebala ditiro tsa lona tsa lorato fa re ntse re bua le Modimo wa rona le Rara kaga lona, le kaga tumelo ya lona e e nonofileng le ka go lebelela ka tshisibalo go bonala ga Morena wa rona Jesu Keresete. \s1 Paulo o leboga Bathesalonia \p \v 4 Re a itse gore Modimo o lo tlhophile, bakaulengwe ba ba rategang thata mo Modimong. \v 5 Gonne erile fa re lo leretse Mafoko a a molemo, e ne e se gore ke puo fela e e senang molemo mo go lona; nnyaa, lo ne lwa reetsa ka kgatlhego e kgolo. Se re se lo boleletseng se ne sa ungwa loungo lo lo nonofileng mo go lona, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa lo naya tlhomamiso e kgolo gore se re se buileng e ne e le boammaaruri. Ebile lo itse ka fa one matshelo a rona a neng a le sesupo mo go lona sa boammaaruri jwa molaetsa wa rona ka teng. \v 6 Jalo lwa nna balatedi ba rona le ba Morena; gonne lo amogetse molaetsa wa rona ka boitumelo jo bo tswang mo Moweng O O Boitshepo mo godimo ga meleko le dikutlo botlhoko tse o di lo lereditseng. \p \v 7 Mme lona ka sebele lwa nna sekao mo Bakereseteng ba bangwe botlhe mo Masedonia le mo Akaia. \v 8 Mme jaanong lefoko la Morena le dule mo go lona la anamela kwa ntle kwa go ba bangwe gongwe le gongwe, kgakala go feta melelwane ya Masedonia le Akaia, gonne gongwe le gonwe kwa re yang teng re fitlhela batho ba re bolelela kaga tumelo ya lona e e sa belaesegeng mo Modimong. Ga go tlhokege gore re ba bolelele ka yone, \v 9 gonne ba re bolelela gangwe le gape kaga kamogelo e e hakgamatsang e ntle e lo re amogetseng ka yone, le ka fa lo furaletseng medimo ya disetwa ka teng lo boela mo Modimong gore jaanong Modimo o o tshelang o o boammaaruri ke one Morena wa lona. \v 10 Gape ba bua ka fa lo lebeletseng ka teng go bowa ga Morwa Modimo a tswa legodimong, ebong Jesu, yo Modimo o neng wa mo tsosa mo baswing, ebile ke ene fela Mmoloki wa rona mo bogaleng jwa Modimo jo bo boitshegang kgatlhanong le sebe. \c 2 \s1 Tiro ya ga Paulo kwa Thesalonia \p \v 1 Lona ka sebele lo a itse, bakaulengwe ba ba rategang, gore loeto loo lo ne lwa nna lwa botlhokwa jang. \v 2 Lo itse gore re ne ra sotlwa jang kwa Filipi pele ga re tla kwa go lona, le gore re bogile go le kae teng. Le fa go ntse jalo Modimo o ne wa re naya kgothatso go boelela molaetsa o mo go lona ka bopelokgale, le fa re ne re dikaganyeditswe ke baba. \v 3 Jalo lo ka bona gore re ne re sa rere ka maikutlo ape a tsietso kgotsa maikaelelo ape a a bosula mo megopolong ya rona; re ne re tlhamaletse gape re le boammaaruri. \p \v 4 Gonne re bua re le barongwa ba ba tswang kwa Modimong, re ikantswe ke One go bolela boammaaruri; ga re fetole molaetsa wa One ka gope go kgatlha batho ba ba o utlwang; gonne re direla Modimo ka osi, o o tlhatlhobang dikakanyo tse di boteng tsa dipelo tsa rona. \v 5 Le fa e le gangwe fela ga re ise re ke re leke go lo gapa ka mafoko a a borethe, jaaka lo itse sentle, le Modimo o itse gore re ne re sa itire ditsala tsa lona gore lo tle lo re neye madi! \p \v 6 Fa e le kaga kgalaletso, ga re ise re ke re e kope mo go lona kgotsa mo go ope, legale ka re le baaposetoloi ba ga Keresete, re ne re na le tshwanelo ya gore lo re neye tlotlo. \v 7 Mme re ne re siame mo go lona jaaka mmabana a otla bana ba gagwe ebile a ba tlhokomela. \v 8 Re ne ra lo rata thata thata, mo e leng gore ga re a ka ra lo naya molaetsa wa Modimo fela, mme re lo neile le one matshelo a rona tota. \p \v 9 A ga lo gakologelwe, bakaulengwe ba ba rategang, ka fa re dirileng ka teng ka bonatla mo go lona? Bosigo le motshegare re ne re fufulela go bona se se lekaneng gore tshedisa gore ditshenyegelo tsa rona di se ka tsa nna mokgweleo mo go ope wa lona, jaaka re rerile Mafoko a a Molemo a Modimo mo go lona. \v 10 Lona ka sebele lo basupi ba rona, jaaka Modimo le one e le mosupi, gore re ntse re siame re ikanyega ebile re se na molato mo go mongwe le mongwe wa lona. \v 11 Re buile le lona jaaka rabana a buisanya le bana ba gagwe, a ga lo gakologelwe? Re lo kopa, re lo kgothatsa ebile re batla \v 12 gore matshelo a lona a malatsi otlhe a seka a tlhabisa Modimo ditlhong, mme a lere boitumelo mo go One o o lo laleditseng mo bogosing jwa One go nna le seabe mo kgalalelong ya One. \p \v 13 Mme ga re kitla re khutlisa go leboga Modimo kaga se: gore erile fa re lo rerela, ga lo ise lo ke lo tseye gore mafoko a re neng re a bua e ne e kane e le a rona fela, mme lo ne lwa amogela se re neng re se bua e le Lefoko la Modimo tota, le tota e neng e le lone, mme le ne la fetola matshelo a lona fa lo le dumela. \s1 Go sotlwa ga badumedi \p \v 14 Mme jaanong, bakaulengwe ba ba rategang, lo bogile se diphuthego mo Judea di se bogileng, lo bogisiwa ke ba ga lona, fela jaaka ba ne ba bogisiwa ke ba ga bone ebong Bajuta. \p \v 15 Erile ba sena go bolaya baporofiti ba bone, ba ne ba bolaya le ene Morena Jesu; mme jaanong ba re bogisitse setlhogo thata ba bo ba re leleka. Ba kgatlhanong le Modimo le botlhe \v 16 ba leka go re kganela gore re seka ra rerela Badichaba. Ba tlhabana ka ntlha ya go boifa gore e ka re kgotsa bangwe ba bolokwa; mme jalo dibe tsa bone di tswelela ka go gola. Mme lwa bofelo bogale jwa Modimo bo tsile mo go bone. \p \v 17 Bakaulengwe ba ba rategang, fa re sena go kgaogana le lona lobakanyana ntswa dipelo tsa rona di ise di ke di lo tlogele, re ne ra leka thata go boela kwa go lona go lo bona gape. \v 18 Re ne re rata go tla, mme nna Paulo, ke lekile gangwe le gape, mme Satane a re kganela. \v 19 Gonne re tshelela eng, se se re nayang tsholofelo le boitumelo ebile e le tuelo le serwalo se re ikgantshang ka sone? Ke lona! Ee, lo tlaa re leretse boitumelo jo bogolo fa re ema mmogo fa pele ga Morena Jesu Keresete fa a tla gape. \v 20 Gonne lo kgalalelo ya rona le boitumelo. \c 3 \p \v 1 Lwa bofelo, erile fa ke sa tlhole ke ka kgona go itshoka, ke ne ka ikaelela go nna nosi mo Athena, \v 2-3 Ka roma Timotheo, mokaulengwe wa rona le modiri ka rona, morongwa wa Modimo, go lo letela go nonotsha tumelo ya lona, go lo kgothatsa le go lo tshegetsa e se re kgotsa lwa nyema moko ka ntlha ya mathata a lo neng lo feta mo go one. (Mme legale lo itse gore matshwenyego a a ntsengjalo ke bontlha-bongwe jwa leano la Modimo mo go rona Bakeresete. \v 4 Le re santse re na le lona re ne ra lo tlhagisa pele ga nako gore pogiso e tlaa tloga e tla, mme e ne ya tla.) \p \v 5 Jaaka ke boletse, erile ke retelelwa ke go itshoka, ka roma Timotheo go tla go bona gore a tumelo ya lona e santse e nonofile. Ke ne ke boifa gore kgotsa Satane o setse a lo raetse le gore tiro ya rona e setse e le lefela. \v 6 Mme jaanong Timotheo o setse a boile mme o tsile ka dikgang tse di monate tse di reng tumelo ya lona le lorato di santse di nonofile fela jaaka gale, le gore lo gakologelwa loeto lwa rona ka boitumelo le gore lo batla go re bona fela thata jaaka le rona re batla go lo bona. \v 7 Jalo re gomotsegile thata, bakaulengwe ba ba rategang, mo matshwenyegong otlhe a a re pitlaganyeditseng le mo pogisegong kwano, mme e re ka re itse gore lo eme ka boammaaruri mo Moreneng, \v 8 re ka itshokela sengwe le sengwe fela fa re itse gore lo eme ka nonofo mo go ene. \p \v 9 Re ka leboga Modimo thata jang kaga lona le kaga boitumelo le lorato lo lo lo re neileng ka ntlha ya go lo rapelela? \v 10 Gonne bosigo le motshegare re tswelela ka go lo rapelela, re kopa Modimo gore o re kopanye le lona gape, go kaba diphatlha dingwe tse dinnye tse di ka neng di santse di le mo tumelong ya lona. \p \v 11 A Modimo Rara wa rona ka sebele le Morena wa rona Jesu ba re rome gape kwa go lona. \v 12 Gape a Morena a dire lorato lwa lona gore lo gole lo bo lo penologele mo go mongwe le mongwe, fela jaaka lorato lwa rona lo penologela kwa go lona. \s1 Pego e e itumedisang \p \v 13 Mo go tlaa dira gore dipelo tsa lona di nonotshiwe, di tlhoke boleo di bo di itshepisiwe ke Modimo Rraa rona, gore lo tle lo eme fa pele ga one mo letsatsing leo lo sena molato fa Morena wa rona Jesu Keresete a bowa le botlhe bao ba e leng ba gagwe. \c 4 \s1 Go itshwara ga badumedi \p \v 1-2 Mmang ke oketse ka se, bakaulengwe ba ba rategang: Lo setse lo itse go itumedisa Modimo mo botshelong jwa lona jwa malatsi otlhe, gonne lo itse melao e re e lo neetseng e tswa kwa go Morena Jesu ka sebele. Jaanong re a lo kopa, ee, re batla se mo go lona ka leina la Morena Jesu, gore lo tshele lo le gautshwane le one mogopolo oo. \v 3-4 Gonne Modimo o batla gore lo nne boitshepo le bophepa, le go ikgapha mo sebeng sa boaka gore mongwe le mongwe wa lona a tle a nyale ka boitshepo le ka tlotlo, \v 5 e seng mo dikeletsong tsa nama jaaka baheitane ba dira, mo bosenakitsong jwa bone ka Modimo le ditsela tsa one. \p \v 6 Mme gape le mo ke go rata ga Modimo: gore o seka wa tsietsa mo selong se, ka go tsaya mosadi wa monna yo mongwe, gonne Morena o tlaa go otlhaela go dira jalo ka kwatlhao e e botlhoko, jaaka re lo boleletse pele ka tlhwaafalo. \v 7 Gonne Modimo ga o a re biletsa go nna le megopolo e e maswe le go tlala dikeletso tsa nama, mme o re bileditse go nna boitshepo le bophepa. \v 8 Fa mongwe a gana go tshela ka fa ditaolong tse, ga se gore o gana ditaolo tsa batho mme o gana tsa Modimo o o lo nayang Mowa O O Boitshepo. \p \v 9 Mme kaga lorato lwa sekaulengwe lo lo itshe-kileng lo lo tshwanetseng go nna mo bathong ba Modimo, ga ke tlhoke go bua thata, ke a tlhomamisa! Gonne Modimo ka bo One o lo ruta go ratana. \v 10 Ke a tlhomamisa, fa lorato lwa lona lo setse lo nonofile go tswela kwa bakaulengweng botlhe ba Bakeresete mo chabeng yotlhe ya ga lona. Le fa go ntse jalo, ditsala tse di rategang, re lo kopa go ba rata segolo bogolo. \v 11 Se e tshwanetseng go nna keletso ya lona ke se: go tshela botshelo jo bo ritibetseng, lo beile mogopolo mo go se se amang matshelo a lona lo dira tiro e e leng ya lona ka sebele, jaaka re lo boleletse pele. \p \v 12 Ka go dira jalo batho ba e seng Bakeresete ba tlaa lo ikanya ba bo ba lo tlotla, mme ga lo kitla lo tlhokana le go baya mo go ope gore a lo fe madi a a lekanyeng go duela melato ya lona. \s1 Tsogo ya badumedi mo losong \p \v 13 Mme jaanong, bakaulengwe ba ba rategang, ke batla gore lo itse se se diragalang mo Mokereseteng fa aa swa gore e tle e re fa loso lo tla, lo seka lwa utlwa botlhoko thata, jaaka ba ba se nang tsholofelo. \v 14 Gonne e re ka re dumela gore Jesu o ne a swa a bo a tsoga mo losong gape, re ka dumela gape gore fa Jesu a bowa gape, Modimo o tlaa mmusa le Bakeresete botlhe ba ba suleng. \v 15 Ke ka lo bolelela se, se tswa kwa Moreneng ka sebele: Gore rona ba re santseng re tshela, fa Morena a boa ga re kitla re tlhatloga go ya go mo kgatlhantsha pele ga ba ba mo mabitleng a bone. \v 16 Gonne Morena ka sebele o tlaa fologa kwa legodimong ka loshalaba lo logolo le go gowa ga moengele mo go amang mowa le go galaotega ga torompeta ya Modimo. Mme Bakeresete ba ba suleng ba tlaa nna ba ntlha go tlhatloga ba ya go kgatlhantsha Morena. \p \v 17 Mme rona ba re santseng re tshela re tlogetswe mo lefatsheng re tlaa tsholelediwa mmogo nabo mo marung go kgatlhantsha Morena mo loaping le go nna nae ka bosenabokhutlo. \v 18 Ke gone gomotsanang lo kgothatsane ka mafoko a. \c 5 \p \v 1 Mo gotlhe go tlaa diragala leng? Tota ga ke tlhoke go bua sepe kaga gone, bakaulengwe ba ba rategang, \v 2 gonne lo itse sentle gore ga go na ope yo o itseng. Letsatsi leo la Morena le tlaa tla go lebetswe jaaka legodu mo bosigong. \v 3 E tlaa re fa batho ba re, “Gotlhe go siame, sengwe le sengwe se ritibetse ebile go na le kagiso”, jalo ka tshoganetso tshenyego e kgolo e tlaa ba wela ka bofefo jaaka ditlhabi tsa pelegi tsa mosadi di simolola fa ngwana wa gagwe a tsholwa. Mme batho ba, ga ba kitla ba falola ka gope, ga go kitla go nna le lefelo la go iphitlha. \p \v 4 Mme bakaulengwe ba ba rategang, ga lo mo lefifing ka dilo tse, ebile ga lo na go hakgamala jaaka legodu fa letsatsi leo la Morena le tla. \p \v 5 Gonne lotlhe lo bana ba lesedi le ba motshegare, mme ga lo ba lefifi le ba bosigo. \v 6 Jalo itlhokomeleng, lo se robale jaaka ba bangwe. Lebelelang go bowa ga gagwe lo bo lo nne boitekanelo. \p \v 7 Bosigo ke nako ya go robala le nako e batho ba tagwang ka yone. \v 8 Mme a rona ba re nnang mo leseding re nne boitekanelo re sireleditswe ke thebe ya tumelo le lorato, mme re apare tsholofelo ya boitumelo ya poloko jaaka tlhoro ya itshireletso. \p \v 9 Gonne Modimo ga o a re tlhophela go tshololela bogale jwa One mo go rona, fa e se go re boloka ka Morena wa rona Jesu Keresete. \v 10 O re swetse gore re tle re nne nae ka malatsi otlhe, re sule le re tshela ka nako ya fa a bowa. \v 11 Ke gone kgothatsanang lo agane, fela jaaka lo setse lo dira. \p \v 12 Bakaulengwe ba ba rategang, tlotlang bagolwane ba phuthego ya lona ba ba dirang ka natla mo go lona ebile ba lo tlhagisa mo go tsotlhe tse di sa siamang. \v 13 Ba tlotleng thata lo bo lo ba neye lorato ka pelo yotlhe gonne ba leka thata go lo thusa. Mme gakologelwang se, go seka ga nna komano mo go lona. \p \v 14 Bakaulengwe ba ba rategang, tlhagisang ba ba ditshwakga; gomotsang ba ba tshogileng; pepetletsang ba ba bokoa; lo bo lo nne pelotelele mo go mongwe le mongwe. \v 15 Lo bone gore ope a seka a busolosa bosula ka bosula, mme ka malatsi otlhe lo leke go diralana molemo. \v 16 Itumeleng ka metlha yotlhe. \v 17 Nnang lo rapele ka malatsi otlhe. \v 18 Lebogang ka malatsi otlhe go sa re sepe gore go diragala eng, gonne mo ke go rata ga Modimo mo go lona ba lo leng ba ga Keresete Jesu. \p \v 19 Se hupetseng Mowa O O Boitshepo. \v 20 Se tshegeng ka tshotlo ba ba porofitang, \v 21 mme sekasekang sengwe le sengwe se se buiwang gore lo tlhomamise gore se boammaaruri, mme fa se le boammaaruri, se amogeleng. \v 22 Ithibeng mo mofuteng mongwe le mongwe wa bosula. \v 23 A Modimo wa kagiso ka sebele o lo ntlafatse gotlhelele; gape a mowa wa lona le pelo ya lona le mebele ya lona e nne e nonofile e sena molato go fitlhelela letsatsi leo le Morena wa rona Jesu Keresete a tlaa tlang ka lone gape. \p \v 24 Modimo o o go bileditseng go nna ngwana wa One, o tlaa go direla mo gotlhe, fela jaaka o solofeditse. \p \v 25 Bakaulengwe ba ba rategang, re rapeleleng. \p \v 26 Ntumedisetsang bakaulengwe botlhe koo ka seatla. \v 27 Ke lo laola mo leineng la Morena go balela Bakeresete botlhe lokwalo lo. \v 28 Mme a masego a a itekanetseng a a tswang kwa go Morena wa rona Jesu Keresete a nne le lona lotlhe. \cls Ke nna wa lona ruri, \cls Paulo.