\id 1PE - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h I Petere \toc1 Petere I \toc2 Petere I \toc3 Petere I \mt1 Jakobe \c 1 \p \v 1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Petere, mo rongwa wa ga Jesu Keresete. A kwalela: Bakeresete ba Bajuta ba ba lelekilweng mo Jerusalema mme ba falalela mo Pontose, Galalea, Kapadosia, Ausia, le Bethania. \p \v 2 Ditsala tse di rategang, Modimo Rara o lo tlhophile bogologolo e bile o itsile gore lo tlaa nna bana ba one. Mme Mowa o o Boitshepo o ntse o dira mo dipelong tsa lona, o lo tlhatswa ka madi a ga Jesu Keresete go lo dira gore lo mo itumedise. A Modimo o lo segofatse thata mme o lo okeletse kgololesego mo tlalelong yotlhe le poifo. \s1 A Modimo o galalediwe \p \v 3 A tlotlo yotlhe e nne mo Modimong, Modimo Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete: gonne ke kutlwelo-botlhoko ya gagwe ya kgololesego e e re neileng tshwanelo e e faphegileng ya go tsalwa sesha; gore jaanong re bo re le maloko mo lwapeng lwa Modimo. Jaanong re tshela mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya gore Keresete o tsogile gape mo baswing. \v 4 Mme Modimo o beetse bana ba one mpho e e sa rekweng ya botshelo jo bo sa khutleng; lo e beetswe kwa legodimong, mpho e e itshekileng ebile e sa leswafala, e e sa fetogeng ebile e sa bole. \v 5 Mme Modimo, mo nonofong ya one e kgolo, o tlaa tlhomamisa gore lo tsene koo lo babalesegile go e amogela, ka gonne lo a o ikanya. E tlaa nna ya lona mo letsatsing leo la bofelo gore lo e bone lotlhe. \v 6 Jalo itumeleng ka boammaaruri! Go na le boitumelo jo bogolo kwa pele, le fa go tsamaya go sa itumedise ka lobakanyana fano. \p \v 7 Diteko tse ke go leka tumelo ya lona fela, go bona gore a e nonofile ebile e itshekile kgotsa nnyaa. E lekwa jaaka molelo o leka gauta o bo o e tlhatswa, mme tumelo ya lona e botlhokwa thata mo Modimong go gaisa gauta; jalo fa tumelo ya lona e sala e nonofile e sena go lekwa ka molelo, e tlaa lo tlisetsa pako le kgalalelo le tlotlo mo letsatsing la go bowa go gagwe. \p \v 8 Lo a mo rata ntswa lo ise lo ke lo mmone; le fa lo sa mmone, lo a mo ikanya; mme jaanong lo itumela ka boitumelo jo bo bonalang bo tswa legodimong ka bo lone. \v 9 Mme tuelo ya lona ya go mo ikanya e tlaa nna poloko ya mewa ya lona. \p \v 10 Poloko e, e ne e le sengwe se baporofiti ba neng ba sa se tlhaloganye ka botlalo. Le fa ba kwadile ka yone, ba ne ba nna le dipotso tse di ntsi gore e ka ne e ne e raya eng? \v 11 Ba ne ba hakgamala gore Mowa wa ga Keresete o o mo teng ga bone o ne o bua kaga eng, gonne o ba reile wa re ba kwale ditiragalo, tse di setseng di diragaletse Keresete go tloga ka lobaka loo: ebong go boga ga gagwe, le kgalalelo ya gagwe e kgolo e e ileng ya diragala kwa morago. Mme ba hakgamala gore mo gotlhe go tlaa diragala leng ebile go diragalela mang. \s1 Nnang boitshepo \p \v 12 Ba ne ba bolelelwa kwa morago gore dilo tse ga di kitla di diragala mo lobakeng lwa botshelo jwa bone, mme e leng morago ga dingwaga tse di tlang, mo lobakeng lwa lona. Mme jaanong kwa bofelong Mafoko a a Molemo a, re a boleletswe sentle rotlhe. Re a reretswe ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo o o buileng le bone; mme ga go a tlwaelesega ebile go a hakgamatsa gore le e leng bone baengele kwa legodimong ba tlaa dira thata go itse kaga gone. \v 13 Jaanong lo ka lebelela ka tlhoafalo le tlhalefo ya tshiamo ya Modimo fa Keresete Jesu a bowa. \p \v 14 Utlwang Modimo gonne lo bana ba One; se boeleng gape mo mekgweng ya lona ya bogologolo, lo dira bosula ka go bo lo ne lo sa itse tshiamo. \v 15 Mme nnang boitshepo jaanong mo go sengwe le sengwe se lo se dirang, fela jaaka Morena yo o lo bileditseng go nna bana ba gagwe a le Boitshepo. \v 16 Ene ka boene o rile, “Lo tshwanetse go nna Boitshepo, gonne ke Boitshepo.” \p \v 17 Mme gakologelwang gore Rraeno yo o kwa legodimong yo lo mo rapelang ga a na ba o ba ratang thata go gaisa ba bangwe fa a atlhola. O tlaa lo atlhola ka katlholo e e siametseng sengwe le sengwe se lo se dirang; jalo dirang ka poifo e e masisi mo go ene go tloga gompieno go fitlhelela lo tsena kwa legodimong. \p \v 18 Modimo o duetse thekololo go lo boloka mo tseleng e e thata go ya legodimong e borraeno ba lekileng go e tsaya, mme thekololo e o e duetseng e ne e se gauta kgotsa selefera, jaaka lo itse sentle. \v 19 Mme o lo duetse ka madi a botlhokwa a botshelo a ga Keresete, yo o senang boleo, Kwana ya Modimo e e senang selabe. \p \v 20 Modimo o mo tlhophile ka maikaelelo a bogologolo pele ga tshimologo ya lefatshe, mme o senotswe mo lobakanyaneng lo lo fetileng, mo malatsing ano a bofelo, e le tshegofatso mo go lona. \p \v 21 Ka ntlha ya se, go ikanya ga lona go ka nna mo Modimong o o tsositseng Keresete mo baswing wa bo wa mo naya kgalalelo e kgolo. Jaanong tumelo ya lona le tshegofatso di ka nna mo go ene a le nosi. \v 22 Jaanong lo ka nna le lorato mo go mongwe le mongwe ka ntlha ya gore mewa ya lona e tlhatswitswe bohula le kilo fa lo ikanya Keresete go lo boloka; jalo ratanang thata, ka dipelo tsa lona tsotlhe. \v 23 Gonne lo na le botshelo jo bosha. Ga lo a bo newa ke batsadi ba lona, gonne botshelo jo ba neng ba lo bo neile bo tlaa nyelela. Jo bosha jo bo tlaa nna ka bosakhutleng. \v 24 Ee, botshelo jwa rona jwa tlholego bo tlaa nyelela jaaka bojang fa bo nna bosetlha bo omelela. Bogolo jwa rona jotlhe bo tshwana le sethunya se se kgolegang se bo se wela fa fatshe; \v 25 mme Lefoko la Morena le tlaa nna ka bosakhutleng. Le molaetsa wa gagwe ke Mafoko a a Molemo a lo a reretsweng. \c 2 \s1 Keresete ke motheo wa Lefika le le tshedileng \p \v 1 Ke gone tlogelang maikutlo a lona a kilo. Se itirengjaaka e ka re lo siame! Latlhang go tlontlololana le mafufa le ditshebo. \v 2-3 Fa lo ikutlwetse bomolemo jwa Modimo le tshiamo ya One, lelelang gore lo okelediwe, jaaka losea lo lelela mashi. Jang lefoko la Modimo le baleng, akanyang kaga lone mme lo gole ka nonofo mo Moreneng lo bo lo bolokwe. \v 4 Tlang mo go Keresete, yo e leng ene motheo wa Lefika le le tshedileng le Modimo o agang mo go lone le fa batho ba mo ganne o botlhokwa thata mo Modimong o o mo tlhophileng mo godimo ga botlhe. \p \v 5 Mme jaanong lo fetogile maje a kago aa tshelang go dirisiwa ke Modimo mo go ageng ntlo ya One. Se sengwe se segolo, lo baperesiti ba One ba ba boitshepo; jalo tlang kwa go One. (Lona ba lo amogelesegang mo go One ka ntlha ya ga Jesu Keresete), mme lo abele Modimo dilo tse di O itumedisang. \p \v 6 Jaaka Dikwalo di gatelela di re, “Bonang ke romela Keresete go nna mokgethegi yo o tlhophilweng ka kelotlhoko, Lentswe la botlhokwa la kgokgotsho la phuthego ya me, ebile ga ke kitla ke tlhabisa bape ditlhong ba ba mo ikanyang.” \v 7 Ee, o botlhokwa thata mo go lona ba lo dumelang; le mo go ba ba mo ganang, ee, “Lone lentswe la kgokotsho, le le gannweng ke baagi ke lone le e leng lentswe la kgokgotsho, le le tlotlwang thata ebile e le bontlha bongwe jwa kago.” \p \v 8 Gape Dikwalo tsa re, “Ke lentswe le bangwe ba tlaa kgotswang mo go lone, ebile ke le le tlaa ba digang.” \v 9 Mme ga lo a nna jalo, gonne lo tlhophilwe ke Modimo ka bo One, lo baperesiti ba Kgosi, lo boitshepo ebile lo a galalela, lo ba Modimo tota, tse tsotlhe e le gore lo tle lo supegetse ba bangwe ka fa Modimo o lo biditseng ka teng go lo ntsha mo lefifing go tsena mo leseding la one le le ntle. \s1 Ithibeng mo dikeletsong tse di bosula \p \v 10 Lo kile lwa bo lo se ba sepe; mme jaanong lo ba Modimo. Lo kile lwa bo lo itse go le gonnye ka tshiamo ya Modimo; mme jaanong matshelo a lona a fetotswe ke gone. \p \v 11 Bakaulengwe ba ba rategang, lo baeti fela mono. E re ka legae la lona tota le le kwa legodimong ke lo kopa gore lo ikgaphe mo ditlhapelong tse di bosula tsa lefatshe leno; ga se tsa lona, gonne di tlhabana le mewa ya lona. \p \v 12 Nnang kelotlhoko ka fa lo itshwarang ka teng mo go bangwe ka lona ba ba sa bolokwang; gonne le fa ba lo belaela ba bua kaga lona ba tlaa fetsa ba baka Modimo ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo fa Keresete a bowa. \v 13 Ka ntlha ya Morena, utlwang molao mongwe le mongwe wa puso ya lona: molao wa kgosi jaaka e le tlhogo ya morafe, \v 14 le ya bagolwane ba kgosi, gonne o ba rometse go otlhaya ba ba dirang molato, le go tlotla ba ba dirang tshiamo. \p \v 15 Ke go rata ga Modimo gore matshelo a lona a a siameng a didimatse dieleele tse di nyatsang Efangele ba sena kitso ya gore e ka ba direla eng, ba ise ba ke ba lemoge nonofo ya yone. \p \v 16 Lo golotswe mo molaong, mme mo ga go reye gore lo gololesegile go dira molato. Tshelang jaaka ba ba golotsweng go dira go rata ga Modimo fela ka nako tsotlhe. \p \v 17 Tlotlang mongwe le mongwe. Ratang Bakeresete gongwe le gongwe. Boifang Modimo lo tlotle puso. \v 18 Batlhanka, lo tshwanetse go tlotla beng ba lona lo bo lo dire sengwe le sengwe se ba reng lo se dire, e seng fela fa ba siame ebile ba le bonolo, mme le fa ba le ditlhogo-di-thata ebile ba le setlhogo. \v 19 Bakang Morena fa lo otlhaelwa go dira tshiamo! \p \v 20 Le fa go ntse jalo, ga lo newe tlotlo epe ka go nna pelotelele fa lo iteelwa melato ya lona; mme fa lo dira tshiamo lo bo lo e bogela, ebile lo le pelotelele mo dititeong, Modimo o itumela segolo bogolo. \v 21 Dipogo tse ke bontlha bongwe jwa tiro e Modimo o e lo neetseng. Keresete yo o lo bogetseng, ke sekao sa lona. Latelang dikgato tsa gagwe: \v 22 ga a ise a ke a leofe, ga a ise a ke a bue maaka, \v 23 ga a ise a ke a busolose fa a tlhapadiwa; erile fa a boga ga a ise a ke a leke go ipusolosetsa; o ne a tlogela tsheko ya gagwe mo mabogong a Modimo o o atlholang ka tshiamo ka nako tsotlhe \v 24 O tshotse morwalo wa maleo a rona ka mmele wa gagwe fa a a swa mo mokgorong, gore re tle re fetse le sebe mme re tshele botshelo jo bo siameng go tloga gompieno. Gonne dintho tsa gagwe di fodisitse tsa rona! \v 25 Jaaka dinku lo ne lo dule mo Modimong, mme jaanong lo boetse mo modiseng wa lona, motlhokomedi wa mewa ya lona yo o lo babalelang mo ditlhaselong tsotlhe. \c 3 \s1 Banyalani \p \v 1 Basadi ba lo nyetsweng, kopanelang dithulagaganyo le banna ba lona; gonne fa ba gana go reetsa fa lo bua le bone kaga Morena, ba tlaa fenngwa ke maitseo a lona, le matshelo a a itshekileng. \v 2 Matshelo a lona a BoModimo a tlaa bua le bone botoka go gaisa mafoko a lona. \p \v 3 Se kgatlhweng ke bontle jo bo ka fa ntle jo bo mo mekgabong ya gauta, kgotsa diaparo tse di maphatsi-phatsi, kgotsa go itoga moriri. \v 4 Nnang bantle mo teng, mo teng ga dipelo tsa lona, ka bontle jo bo sa feleng jo bo siameng le ka mowa o o didimetseng o o leng botlhokwa thata mo Modimong. \v 5 Bontle joo, jo bo mo teng, bo bonywe mo basading ba baitshepi ba bogologolo, ba ba neng ba ikanya Modimo ebile ba dirisanya sentle le banna ba bone mo dithulaganyong. \p \v 6 Jaaka Sara, a ne a utlwa monna wa gagwe Aberahame, a mo tlotla jaaka tlhogo ya lolwapa. Mme fa lo dira jalo lo tlaabo lo latela dikgato tsa gagwe jaaka barwadie ba ba siameng ebile ba dira se se molemo; jalo ga lo kitla lo boifa gore e ka re kgotsa lwa kgopisa banna ba lona. \p \v 7 Lona banna ba lo nyetseng, lo tshwanetse go nna kelotlhoko mo basading ba lona, lo itse se basadi ba lona ba se tlhokang, lo bo lo ba tlotle jaaka tokololo e e bokoa. Gakologelwang gore lona le basadi ba lona lo barui mmogo mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo, mme fa lo sa ba direle jaaka lo tshwanetse dithapelo tsa lona ga di kitla di arabiwa. \s1 Go boga ka ntlha tshiamo \p \v 8 Mme jaanong se ke lefoko la lona lotlhe: Lo tshwanetse go nna jaaka lolwapa lo lo itumelang; lo tletse kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe, lo ratana ka dipelo tse di bonolo le dikakanyo tse di kokobetseng. \p \v 9 Se dueleng bosula ka jo bongwe. Se ipusolosetseng mo go ba ba buang bosula ka lona. Mo boemong jwa moo, rapelelang gore Modimo o ba thuse, gonne re tshwanetse ra nna tshiamo mo go ba bangwe, mme Modimo o tlaa re go segofaletsa. \v 10 Fa o batla botshelo jo bo itumedisang, jo bo siameng, laola loleme lwa gago, o bo o tlhokomele dipounama tsa gago mo go bueng maaka. \v 11 Fapoga mo bosuleng mme o dire tshiamo. Leka go tshelela mo kagisong le fa o tshwanetse go e latela go fitlhelela o e bona! \p \v 12 Gonne Morena o lebeletse baba ba gagwe, o reeditse dithapelo tsa bone; mme sefatlhogo sa gagwe se kgatlhanong thata le ba ba dirang bosula. \v 13 Mme ka metlha yotlhe ga go na ope yo o tlaa lo utlwisang botlhoko go batla gore lo dire tshiamo. \v 14 Mme le fa ba tshwanetse, lo tshwanetse go fufegelwa, gonne Modimo o tlaa go lo duelela. \p \v 15 O ikanye Keresete Morena wa gago mme fa mongwe a botsa gore ke eng fa o dumela ka tsela e o dumelang ka yone e, ipaakanyetse go mmolelela, mme o mmolelele ka tshiamo le maitseo. \v 16 Dirang tshiamo; mme fa batho ba bua ka lona, ba lo raya maina a a sa siamang, ba tlaa tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya go lo akela fa lo ne lo dira tshiamo fela. \v 17 Gakologelwang gore, fa Modimo o batla gore lo boge, go molemo go bogela tshiamo go na le go bogela se se sa siamang! \v 18 Keresete le ene o ile a boga. O swetse dibe tsa rona rotlhe baleofi gangwe fela, le fa ene a ne a sena sebe, gore a tle a re ise gae kwa Modimong re babalesegile. Mme le fa mmele wa gagwe o ne wa a swa, mowa wa gagwe o ne wa tswelela wa tshela, \v 19 mme e ne e le mo moeng fa a etela mewa e e mo kgolegelong, a e rerela, \v 20 mewa ya ba ba neng ba gana go reetsa Modimo, bogologolo pele ga malatsi a ga Noa, ba ganne go reetsa Modimo, le fa o ne wa ba letela ka bopelo-telele fa Noa a ntse a aga araka (ntlo e e kokobalang). Le fa go ntse jalo e ne e le batho ba ferabobedi fela ba ba neng ba bolokwa mo go nweleng mo morwaleleng o o boitshegang oo. \v 21 (Seo, ke se kolobetso e se re supegetsang: Mo kolobetsong re supa gore re bolokilwe mo losong le mo tshekisong ka tsogo ya ga Keresete; e seng gore mebele ya rona e tlhatswiwe ka metse fela, mme eleng gore mo go kolobediweng, re boela mo Modimong re o kopa go tlhatswa dipelo tsa rona mo sebeng). \v 22 Mme jaanong Keresete o kwa legodimong, o ntse mo felong ga tlotlego go bapa le Modimo Rara, baengele botlhe le dinonofo di a mo obamela, di a mo utlwa. \c 4 \s1 Go tshelela Modimo \p \v 1 E re ka Keresete a bogile a bile a utlwisitswe botlhoko, le lona lo tshwanetse go boga fela jaaka a bogile; lo tshwanetse go ipaakanyetsa go boga, le lona. Mme ke gone gakologelwang gore fa mebele ya lona e boga, sebe se latlhegelwa ke nonofo ya sone. \p \v 2 Mme ga lo kitla lo senya lobaka lwa lona ka go tsamaya mo dithatong tse di bosula, mme lo tlaa tlhwaafalela go dira go rata ga Modimo. \v 3 Ka lobaka lo lo fetileng lo dirile dilo tse di bosula tse batho ba ba sa itseng Modimo ba di itumelelang ebong, boaka, dithato tsa nama, go nwa bojalwa, mediro ya boitaolo, botlhapelwa, le kobamelo ya medimo ya disetwa, le dibe tse dingwe tse di maswe. \p \v 4 Ee, ditsala tsa lona tsa pele di tlaa hakgamala thata fa lo sa tlhole lo tlhakana le bone mo dilong tse di bosula tse ba di dirang, mme ba tlaa lo tshega ka tshotlo ba bo ba lo nyatsa. \v 5 Mme gakologelwang gore, ba tshwanetse go lebagana le moatlhodi wa botlhe, batshedi le baswi; ba tlaa otlhaelwa tsela e ba tshedileng ka yone. \v 6 Ke gone ka moo Mafoko a a Molemo a reretsweng le e leng bone ba ba suleng, ba ba bolailweng ke morwalela, gore le fa mebele ya bone e otlhailwe ka loso, ba bo ba ka nna ba tshela mo meweng ya bone jaaka Modimo o tshela. \v 7 Bokhutlo jwa lefatshe bo e tla ka bonako. Jalo nnang batho ba ba tlhwaafetseng ba ba rapelang. \v 8 Mo godimo ga tsone tsotlhe, tswelelang mo go supeng lorato lo logolo mo go ba bangwe, gonne lorato lo bipa melato e mentsi ya lona. \v 9 Itumeleleng go nna mo malapeng a lona le ba ba tlhokang dijo kgotsa marobalo. \p \v 10 Modimo o neile mongwe le mongwe wa lona dinonofo tse di faphegileng; tlhomamisang go di dirisa go thusa ba bangwe, lo bolelela ba bangwe masego a Modimo a mantsi. \p \v 11 A o bileditswe go rera? Jalo rera fela jaaka ekete Modimo o ne a bua ka wena. A o bileditswe go thusa ba bangwe? Go dire ka thata yotlhe le nonofo e Modimo o e go nayang, gore Modimo o tle o galalediwe ka Jesu Keresete; a go nne kgalalelo kwa go ene ka metlha le metlha, Amen. \p \v 12 Ditsala tse di rategang, lo se etsaetsege, kgotsa lwa hakgamala fa lo tsena mo ditekong tse di molelo tse di kwa pele, gonne mo ga se mo go sa itsiweng, selo se se sa tlwaelesegang se, se tlaa lo diragalela. \v 13 Mo boemong jwa mo, itumeleng, gonne diteko tse di tlaa lo dira bapati ba ga Keresete mo pogisong ya gagwe, mme morago lo tlaa nna le boipelo jo bo hakgamatsang jwa go tlhakanela kgalalelo ya gagwe mo letsatsing le le tlang fa le bonadiwa. \p \v 14 Itumele fa o hutsiwa o bo o tlhapadiwa ka ntlha ya go nna Mokeresete, gonne fa moo go diragala, Mowa wa Modimo o tlaa tla mo go wena ka kgalalelo e kgolo. \v 15 A ke se ka ka utlwa ka go boga ga gago ka ntlha ya go bolaya kgotsa go utswa kgotsa go dira matshwenyego kgotsa go nna molotlhanyi kgotsa go tsena mo dilong tsa batho ba bangwe. \v 16 Mme ga go tlhabise ditlhong go bogela go nna Mokeresete. Baka Modimo ka ntlha ya tshwanelo ya go nna mo baneng ba ga Keresete, o bo o bidiwa ka leina la gagwe le lentle! \v 17 Gonne lobaka lwa katlholo lo tsile, mme lo tshwanetse go simologa pele mo baneng ba e leng ba Modimo. Mme fa rona ba re leng Bakeresete re tshwanetse go atlholwa, ke bokhutlo jo bo maswe jang jo bo letileng ba ba iseng ba ke ba dumele mo Modimong. \v 18 Fa basiami ba sa bolokwe ka motlhofo, ba e seng ba Modimo bone ba ka nna le letshoba lefe la go bolokwa? \p \v 19 Jalo fa lo boga ka fa go rateng ga Modimo, tswelelang lo dire tshiamo lo ikanye Modimo o o lo bopileng, gonne ga o kake wa lo tlhabisa ditlhong. \c 5 \s1 Bagolo le bana \p \v 1 Mme jaanong, ke laya lona bagolwane ba phuthego. Le nna, ke mogolwane; ka matlho a me ke bonye Keresete a a swa mo mokgorong; le nna, ke tlaa tlhakanela kgalalelo le Tlotlo ya gagwe fa a bowa. Bagolwane ka nna, se ke kopo ya me mo go lona: \v 2 otlang letsomane la Modimo; le tlhokomeleng, e seng ka go patika; e seng ka tsholofelo ya go tsaya sepe mo go lone, mme e leng ka ntlha ya gore lo tlhagafaletse go direla Morena. \v 3 Lo se nne badipa, mme lo ba goge ka go nna sekao se se siameng. \v 4 Mme e tlaa re fa Modisa yo Mogolo a tla, tuelo ya lona e tlaa nna seabe se se senang bokhutlo mo kgalalelong le mo tlotlong ya gagwe. \p \v 5 Lona makawana, lo nne kutlo mo go ba bagolwane. Mme lotlhe lo direlane ka mewa e e kokobetseng, gonne Modimo o naya ba ba ikokobetsang masego a a faphegileng, mme o tlhabana le ba ba ikgogomosang. \v 6 Fa lo ikokobetsa fa tlase ga seatla se segolo sa Modimo, mo lobakeng lwa One lo lo siameng o tlaa lo tsholetsa. \p \v 7 Mo letleng go tsaya dingongorego tsotlhe tsa lona le dipabalelo, gonne o lo akanyetsa ka metlha yotlhe o bile o lebeletse sengwe le sengwe se se lo amang. \v 8 Itlhokomeleng, lo lebeleleng ditlhaselo tse di tswang kwa go Satane, mmaba, wa lona yo mogolo. O potologa jaaka tau e e dumang e e bolailweng ke tlala, o batla mongwe go mo gagolaka. \v 9 Nitamang fa a tlhasela. Ikanyeng Morena; lo bo lo gakologelwe gore Bakeresete ba bangwe mo tikologong ya lefatshe le bone ba raletse dipogiso tse. \p \v 10 Fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa rona yo o tletseng bopelo-tlhomogi ka Keresete, o tlaa lo naya kgalalelo ya One e e sa khutleng. One ka boone o tlaa lo tsholetsa, mme o lo tlise, o lo thatafatse go gaisa ka metlha. \v 11 Mo go One a go nne nonofo mo dilong tsotlhe, ka metlha. Amen. \s1 Bokhutlo \p \v 12 Ke lo romelela lokwalo lo lo khutshwane lo ka bopelonomi jwa ga Silefano yo, mo mogopolong wa me, e leng mokaulengwe yo o ikanyegang thata. Ke solofela gore ke lo kgothaditse ka lokwalo lo gonne ke lo neile bosupi jwa boammaaruri ka fa Modimo o segofatsang ka teng. Se ke se lo boleletseng fa se tshwanetse go lo thusa go nitama mo loratong lwa One. \p \v 13 Phuthego e e mono Roma, ke mokaulengwe wa lona mo Moreneng, e a lo dumedisa; le morwaake Mareko. \p \v 14 Dumedisanang ka mabogo go supa lorato lwa Sekeresete. A kagiso e nne le lona lotlhe ba lo mo go Keresete. \cls Ke nna, \cls Petere