\id 1JN - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h I Johane \toc1 Johane I \toc2 Johane I \toc3 Johane I \mt1 Johane I \c 1 \s1 Lefoko la botshelo \p \v 1 Keresete o ne a ntse a le teng fa lefatshe le simologa, le gone nna ke mmonye ka matlho a me ka bo ka mo reetsa a bua. Ke mo amile ka diatla tsa me. Ene ka sebele ke molaetsa wa Botshelo wa Modimo. \v 2 Ene yo, yo e leng Botshelo jo bo tswang kwa Modimong re ne ra mmontshiwa, jalo re supa gore re mmonye: ke bua kaga Keresete, yo e leng Botshelo jo bo sa khutleng. O ne a na le Rara mme ra mmontshiwa. \v 3 Gape ka re, re lo bolelela ka se rona re se bonyeng tota ra bo ra se utlwa, gore lo tle lo nne le seabe mo bolekaneng le mo boitumelong jo re nang najo mo Modimong le mo go Jesu Keresete MorwaOne. \v 4 Mme fa lo dira jaaka ke bua mo lokwalong lo, le lona lo tlaa tlala boitumelo, mme le rona re tlaa itumela. \s1 Go tshelela mo leseding \p \v 5 O ke molaetsa o Modimo o o re neetseng go o lo bolelela: gore Modimo ke lesedi mme mo go One ga go na lefifi gotlhelele. \v 6 Jalo fa re re re ditsala tsa one, mme re tswelela re nna mo lefifing la semowa le mo sebeng, re bua maaka. \v 7 Mme fa re nna mo leseding la Modimo, fela jaaka Keresete a dira, hong re na le bolekane jo bo hakgamatsang le boitumelo yo mongwe mo go yo mongwe, mme madi a ga Jesu Morwa One a re tlhapisa mo boleong bongwe le bongwe. \p \v 8 Fa re re ga re na boleo, re a itsietsa, ebile re gana go amogela boammaaruri. \v 9 Mme fa re ipolela dibe tsa rona mo go One, o ka ikanngwa go re itshwarela le go re tlhapisa mo tshiamololong nngwe le nngwe. (Ebile go tshwanetse Modimo sentle thata go re direla jaana gonne Keresete o swetse go tlosa dibe tsa rona). \v 10 Fa re re ga re a leofa, re bua maaka ebile re bitsa Modimo moaki, gonne wa re re leofile. \c 2 \s1 Jesu o re rapelela Modimo \p \v 1 Bananyana ba me, ke lo bolelela selo se gore lo tle lo ikgaphe mo boleong. Mme fa lo leofa, go na le mongwe go lo rapelela mo go Rara. Leina la gagwe ke Jesu Keresete, ene yo e leng mosiami ebile a itumedisa Modimo ka botlalo. \v 2 Ke ene yo o rweleng bogale jwa Modimo ka ntlha ya dibe tsa rona go re golola mo bogaleng jwa Modimo, a bo a re lere mo bolekaneng le Modimo, ebile ke boitshwarelo jwa dibe tsa rona, le gale e seng tsa rona fela, ebong tsa lefatshe lotlhe. \p \v 3 Mme re ka tlhomamisa jang gore re ba gagwe? Re ka tlhomamisa ka go sekaseka bokafateng jwa rona ra re: a tota re leka go dira se a batlang re se dira? \p \v 4 Mongwe o ka re, “Ke Mokeresete; ke mo tseleng ya me go ya legodimong; ke wa ga Keresete.” Mme fa a sa dire se Keresete a mo rayang a re a se dire, ke moaki. \v 5 Mme ba ba dirang se Keresete a se ba rayang gore ba se dire, ba tlaa nna ba rata Modimo thata. Ke yone tsela ya go itse gore a o Mokeresete kgotsa nnyaa. \v 6 Le fa e le mang yo a reng ke Mokeresete a tshele fela jaaka Keresete a ne a tshela. \s1 Lesedi la ga Jesu \p \v 7 Bakaulengwe ba ba rategang, ga ke lo kwalele taolo e ncha gore lo e obamele, gonne ke taolo e kgologolo e lo ntseng lo na nayo ka malatsi otlhe go tswa tshimologong. Lotlhe lo sale lo e utlwile pele. \v 8 Le fa go ntse jalo e ncha ka malatsi otlhe ebile e lo direla fela jaaka e ne e direla Keresete; mme fa re obamela taolo e, ebong go ratana, lefifi le a nyelela mo matshelong a rona, mme mo go rona go pha-tsime lesedi le lesha la botshelo la ga Keresete. \p \v 9 Le fa e le mang yo o reng o tsamaya mo leseding la ga Keresete mme a ila Mokeresete ka ene o santse a le mo lefifing. \v 10 Mme le fa e le mang yo o ratang Mokeresete ka ene o “tsamaya mo leseding” ebile o ka bona tsela ya gagwe a sa kgopiwe mo lefifing le mo boleong. \p \v 11 Gonne yo o ilang Mokeresete ka ene otsamaya mo lefifing la semowa ebile ga a itse kwa a yang teng, gonne lefifi le mo foufaditse gore a seka a bona tsela. \p \v 12 Ke lo kwalela dilo tse lotlhe, bananyana ba me, gonne lo itshwaretswe dibe mo leineng la ga Jesu Mmoloki wa rona. \v 13 Ke lo kwalela dilo tse lona ba lo godileng gonne ruri lo itse Keresete, ene yo o ntseng a tshedile go tswa tshimologong. Mme lona makau, ke bua le lona gonne lo fentse ntwa ya ga Satane. Gape ke kwalela lona basimanyana le lona basetsanyana gonne le lona lo ithutile go itse Modimo Rraa-rona. \p \v 14 Mme lona borrabana ba lo itseng Modimo wa bosakhutleng, le lona makawana a a nonofileng, ka Lefoko la Modimo mo dipelong tsa lona, ebile lo fentse ntwa ya ga Satane, ke lo raya ke re: \v 15 khutlisang go rata lefatshe leno le le bosula, le gotlhe mo le go lo neelang, gonne fa lo rata dilo tse, lo supa tota gore ammaaruri ga lo rate Modimo; \v 16 gonne dilo tse tsotlhe tsa lefatshe, dikeletso tse di bosula tse, dikeletso tsa boaka, kgatlhego ya go reka sengwe le sengwe se se gapang maikutlo a gago, le boikgodiso jo bo dirwang ke khumo le go tlotlega, dilo tse ga di tswe kwa Modimong. Ditswa mo lefatsheng leno le le bosula. \v 17 Mme lefatshe leno le a fela, mme dilo tse di bosula tse di idiwang tse di tlaa fela le lone, mme le fa e le mang yo o tswelelang a dira go rata ga Modimo o tlaa tshelela ruri. \s1 Go ganetsa Keresete \p \v 18 Bana ba me ba ba rategang, nako ya bofelo ya lefatshe leno e setse e tsile. Lo utlwile ka Moganetsa Keresete yo o tlang, ene yo o tlhabantshang Keresete, le gompieno batho ba le bantsi ba ba ntseng jaana ba setse ba tsile. Tiragalo e, e re dira gore re tlhomamise tota gore bokhutlo jwa lefatshe bo atametse. \v 19 Batho ba ba tlhabantshang Keresete ba, e kile ya ne e le maloko a diphuthego tsa rona, mme tota e ne e se ba rona, gonne fa go ne go ntse jalo ba ka bo ba sa lomologa mo go rona. E rile ba lomologa mo go rona, ga supa sentle gore e ne e se ba rona gotlhelele. \p \v 20 Mme lona ga lo a nna jalo, gonne Mowa O O Boitshepo o tsile mo go lona, ebile lo itse boammaaruri. \v 21 Jalo ga ke lo kwalele jaaka ekete ke kwalela batho ba ba tlhokang go itse boammaaruri, mme ke lo kgalemela lo le ba lo itseng go lemoga pharologanyo fa gare ga boammaaruri le mmaaka. \p \v 22 Ana moaki yo mogolo ke mang? Ke yo o reng Jesu ga se Keresete. Motho yo o ntseng jalo ke moganetsa-Keresete, gonne ga a dumele mo go Modimo Rara le mo go Morwaone. \v 23 Gonne motho yo o sa dumeleng mo go Keresete, Morwa Modimo, ga a kake a dumela le mo Modimong. Mme yo o nang le Keresete Morwa Modimo, o na le One Modimo Rara. \v 24 Jalo nnang lo dumele se lo se rutilweng go tswa tshimologong. Fa lo dira jalo, lo tlaa aga lo le mo bolekaneng jo bo nitameng thata le Modimo Rara le Morwaone. \v 25 Mme ene ka sebele o re solofeditse se: botshelo ja bosakhutleng. \p \v 26 Dilo tse ke di buang tse ka moganetsa-Keresete di raya fela ba ba tlaa ratang go lo dira difofu ba bo ba lo timetsa. \v 27 Mme lo amogetse Mowa O O Boitshepo ebile o nna mo go lona, mo dipelong tsa lona, gore lo seka lwa tlhokana le ope go lo ruta se se siameng. Gonne o lo ruta dilo tsotlhe, ebile o Boammaaruri, ga se moaki; mme fela jaaka a buile, lo tshwanetse go nna mo go Keresete, lo sa kgaogane nae. \p \v 28 Mme jaanong bananyana ba me, nnang mo bolekaneng jwa boitumelo le Morena gore e re fa a tla lo bo lo tlhomamisa gore gotlhe go siame, mme ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re boela kwa morago fa re tshwanetse go mo kgatlhantsha. \v 29 E re ka re itse gore Modimo o siame ka malatsi otlhe o bile o dira fela se se siameng, re ka tseela fela gore botlhe ba ba dirang tshiamo ke bana ba One. \c 3 \s1 Re bana ba Modimo \p \v 1 Bonang ka fa Rraarona wa legodimo a re ratang ka teng, gonne o re letla go bidiwa bana ba gagwe, akanyang ka gone, re bana ba gagwe tota! Mme ka batho ba le bantsi ba sa itse Modimo, ka tlholego ga ba tlhaloganye gore re bana ba One. \v 2 Ee, ditsala tse di rategang, re setse re le bana ba Modimo gone jaanong jaana, ebile ga re kake ra akanyetsa gore go tlaa nna jang kwa morago. Mme re itse se, gore fa a tla re tshwana nae, gonne re tlaa mmona fela jaaka a ntse. \v 3 Mme mongwe le mongwe yo o dumelang se, ka botlalo, o tlaa leka go nna phepa gonne Keresete o phepa. \p \v 4 Mme ba ba tswelelang ka go leofa ba kgatlhanong le Modimo, gonne sebe sengwe le sengwe se dirwa kgatlhanong le keletso ya Modimo. \v 5 Ebile lo itse gore o ne a nna motho gore a tle a tlose dibe tsa rona, le gore ga gona boleo mo go ene, thato ya Modimo ga e ke e tlhokafala mo go ene. \v 6 Mme jalo fa re nna mo go ene re mo obamela, re tlaa bo re sa leofe ka tsela epe; mme kaga ba ba tswelelang ba leofa, ba tshwanetse go lemoga se: gore ba leofa ka ntlha ya gore ga ba ise ba ke ba bo ba mo itse kgotsa ba nne ba gagwe. \v 7 Ao bana ba me ba ba rategang, se letleng ope go lo tsietsa kaga se: fa lo dira se se molemo ka malatsi otlhe, ke ka ntlha ya gore lo molemo, fela jaaka a ntse. \v 8 Mme fa lo tswelela lo leofa, go supa gore lo ba ga Satane, yo o saleng e re a simolola go leofa a bo a nna fela mo boleong. Mme Morwa Modimo o tletse go senya tsone ditiro tse tsa ga diabolo. \v 9 Motho yo o tsaletsweng mo go ba ntlo ya Modimo ga a leofe, gonne jaanong botshelo jwa Modimo bo mo go ene: jalo ga a kake a nna a tswelela ka go leofa, gonne botshelo jo bosha bo tsetswe mo go ene ebile bo a mo laola, o tsetswe sesha. \s1 Ratang \p \v 10 Jaanong re ka bolela gore ngwana wa Modimo ke ofe le gore yo e leng wa ga Satane ke ofe. Le fa e le mang yo o tshelang botshelo jwa sebe ebile a sa rate mogagabo o supa gore ga se wa ba ntlo ya Modimo; \v 11 gonne molaetsa o o tsileng mo go rona go tswa tshimologong wa re re ratane. \p \v 12 Ga re a tshwanela go nna jaaka Kaene, yo a neng a nna wa ga Satane a bo a bolaya monnawe? O mmolaetse eng? Ke ka ntlha ya gore Kaene o ne a ntse a dira bosula ebile a itse sentle gore botshelo jwa ga monnawe bo botoka go na le jwa gagwe. \p \v 13 Ke gone se hakgamaleng ditsala tse di rategang fa lefatshe le lo ila. \v 14 Fa re rata Bakeresete ba bangwe, go supa gore re golotswe mo moleteng re filwe botshelo ja bo sa khutleng. Mme motho yo o senang lorato mo go ba bangwe o emetswe ke loso lo lo kwa pele. \p \v 15 Le fa e le mang yo o ilang Mokeresete ka ene ke mmolai tota mo pelong; mme lo itse gore ga go na mmolai ope yo botshelo ja bosakhutleng bo leng mo go ene. \p \v 16 Re itse gore lorato lwa boammaaruri ke eng ka go tsaya malebela mo go re sweleng ga ga Keresete e le sesupo. Mme le rona re tshwanetse go ntshetsa ba ga rona ba Bakeresetse matshelo a rona setlhabelo. \p \v 17 Mme fa mongwe yo o tshwanetseng go bo e le Mokeresete tota a na le madi a a lekanyeng gore a mo tshedise sentle, go bo go diragala gore a bone mogagabo yo o tlhokang, mme a bo a sa mo thuse, lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene. \v 18 Bananyana, re khutliseng go nna re bua puo ya molomo fela re re re rata batho; a re ba rateng ka boammaaruri, re bo re go supe ka ditiro tsa rona. \v 19 Hong re tlaa itse tota ka ditiro tsa rona gore re ka fa lotlhakoreng lwa Modimo, le matswalo a rona a tlaa sedimosega, le fa re ema fa pele ga Morena. \v 20 Mme fa re na le matswalo a a sa siamang re bo re ikutlwa gore re dirile molato, Morena o tlaa ikutlwa fela jalo ka rona gonne o itse sengwe le sengwe se re se dirang. \p \v 21 Mme ditsala tse di rategang, fa matswalo a rona a siame, re ka tla kwa Moreneng ka go tlhomamisa le go ikanya, \v 22 gore re amogele sengwe le sengwe se re se lopang gonne re a mo obamela ebile re dira dilo tse di mo itumedisang. \p \v 23 Mme se ke sone se Modimo o reng re se dire: re dumele mo leineng la Morwaone Jesu Keresete, re bo re ratane. \p \v 24 Ba ba dirang se Modimo o se buang, ba nna le Modimo mme le One o nna nabo, re itse gore se ke boammaaruri gonne Mowa O O Boitshepo o o o re neileng o re bolelela jalo. \c 4 \s1 Mowa wa Modimo \p \v 1 Ditsala tse di rategang, se dumeleng sengwe le sengwe se lo se utlwang fela ka gore mongwe a re ke molaetsa o o tswang kwa Modimong. O sekasekeng go bona gore a ke one tota. Gonne go setse go na le baruti ba le bantsi ba e seng ba boammaaruri, \v 2 mme tsela ya go bona gore a molaetsa wa bone o tswa mo Moweng O O Boitshepo ke go botsa potso e e reng, “A go dumelesega tota gore Jesu Keresete, Morwa Modimo, o ne a nna motho a le mo mmeleng wa setho fela jaaka rona?” Fa e le gore go ntse jalo, mme molaetsa o tswa kwa Modimong. \v 3 Fa e le gore ga go a nna jalo, molaetsa ga o tswe kwa Modimong, o tswa kwa go yo o tlhabantshang Keresete, jaaka “Moganetsa-Keresete” yo lo utlwileng ka ga gagwe yo o tlaa tlang mme mokgwa wa gagwe wa bobaba o o tlhabantshang ba ba kgatlhanong le Keresete, \v 4 gonne go na le mongwe mo dipelong tsa lona yo o nonofileng go gaisa moruti mongwe le mongwe yo o bosula mo lefatsheng leno la boikepo. \v 5 Batho ba ke ba lefatshe leno, jalo ka tlholego ba beile megopolo fela mo dilong tsa lefatshe ebile lefatshe le a ba reetsa. \v 6 Mme rona re bana ba Modimo; ke sone se e leng gore ba ba tsamayang le Modimo ba bo ba bua le One ke bone fela ba ba tlaa re reetsang. Ba bangwe ga ba kitla ba re reetsa, ke yone tsela e nngwe ya go itse gore a molaetsa o tswa kwa Modimong tota; gonne fa e le gore go ntse jalo, lefatshe ga le na go o reetsa. \s1 A re rataneng \p \v 7 Ditsala tse di rategang, a re itlwaetseng go ratana, gonne lorato lo tswa kwa Modimong mme ba ba ratang ebile ba le pelonomi ba supa gore ke bana ba Modimo, le gore ba simolola go o tlhaloganya botoka. \v 8 Mme fa motho a sena lorato le bopelonomi, go supa gore ga a itse Modimo, gonne Modimo ke lorato. \p \v 9 Modimo o supile ka fa o re ratang ka teng ka go roma Morwaone yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng leno la boikepo go re leretse botshelo ja bosakhutleng ka loso lwa gagwe. \v 10 Ka tiro e, re bona gore lorato lwa boammaaruri ke eng: ga se ka fa re ratang Modimo ka teng, mme ke lorato lwa One mo go rona go simolola ka nako e o neng o roma Morwaone go tla go nna setlhabelo se se ntsheditsweng dibe tsa rona. \p \v 11 Ditsala tse di rategang, ere ka Modimo o re ratile mo go kalo, re tshwanetse go ratana le rona. \v 12 Gonne le fa re ise re ke re bone Modimo, fa re ratana Modimo o nna mo go rona, le lorato lwa One mo go rona lo a nonofa. \v 13 Ebile o tsentse Mowa wa One O O Boitshepo mo dipelong tsa rona e le sesupo mo go rona gore re nna le One mme le One o nna le rona. \v 14 Ebile gape, re bonye ka matlho a rona mme jaanong re bolelela lefatshe lotlhe gore Modimo o romile Morwaone go nna Mmoloki wa bone. \v 15 Le fa e le mang yo o dumelang gore Jesu ke Modimo, Modimo o nna mo go ene le ene mo go One. \p \v 16 Re itse gore Modimo o re rata go le kae gonne re ikutlwetse lorato lwa one, ebile re a o dumela fa o re bolelela gore o re rata thata. Modimo ke lorato, mme le fa e le mang yo o nnetseng ruri mo loratong o nnetse ruri mo Modimong le Modimo o nnetse ruri mo go ene. \v 17 Mme ka re nna le Keresete, lorato lwa rona lo gola sentle thata ka boitekanelo; jalo he ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re swaba ka letsatsi la tshekiso, mme re tlaa lebagana nae ka tshepo le ka boitumelo, gonne o a re rata mme le rona re a mo rata. \p \v 18 Ga re a tshwanela go boifa motho yo o re ratang ka lorato lo lo itekanetseng, lorato lwa gagwe lwa boammaaruri lo nyeletsa pelaelo yotlhe ka bosula jo re bo mo gopolelang go bo dira mo go rona, mme mo go supa gore ga re dumele ka botlalo gore o re rata e le ruri. \v 19 Jalo a lo lemoga gore go mo rata ga rona go dirwa ke go bo a re ratile pele. \p \v 20 Fa mongwe a re, “Ke rata Modimo,” mme a tswelela ka go ila mogagabo ke moaki; gonne fa a sa rate mogagabo yo o mmonang ka matlho, o ka rata jang Modimo o a iseng a ke a o bone? \v 21 Mme Modimo ka sebele o rile motho a seka a rata Modimo fela, mme a rate le mogagabo. \c 5 \s1 Go dumela mo go Keresete \p \v 1 Fa o dumela gore Jesu ke Keresete, gore ke Morwa Modimo le gore ke Mmoloki wa gago, jalo o ngwana wa Modimo. Mme botlhe ba ba ratang Rara ba rata le bana ba gagwe. \v 2 Jalo o ka ipatlisisa gore o rata bana ba Modimo go le kae, barwa-rrago le bokgaitsadio mo Moreneng, ka gore o rata Modimo go le kae. \v 3 Go rata Modimo go dira se Modimo o re bolelelang gore re se dire, mme go bua boammaaruri, go dira jalo ga go thata gotlhelele; \v 4 gonne ngwana mongwe le mongwe wa Modimo o ka o obamela, a fenya sebe le dikgatlhego tse di bosula ka go ikanya Keresete go mo thusa. \p \v 5 Mme ke mang yo o ka kgonang go lwa a bo a fenya ntwa e fa e se ka go dumela gore Jesu ka boammaaruri ke Morwa Modimo? \p \v 6-8 Mme re itse gore ke Morwa Modimo, gonne Modimo o buile jalo ka lentswe le le tswang kwa legodimong fa Jesu a kolobediwa, le jaaka a ne a lebaganye le loso, ee, eseng fela ka nako ya kolobetso ya gagwe mme e leng le ka nako e a neng a lebaganye le loso ka yone. Le Mowa O O Boitshepo, o o leng boammaaruri ka bosenabokhutlo o bua jalo. Jalo re na le basupi ba le bararo ebong lentswe la Mowa O O Boitshepo mo dipelong tsa rona, lentswe le le neng la tswa kwa legodimong ka nako e Jesu a neng a kolobediwa ka yone, le lentswe le le neng la utlwala pele ga a a swa. Mme botlhe fela basupi ba, ba bua selo se le sengwe: gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo. \p \v 9 Re dumela batho ba ba ntshang bosupi mo dikgotleng tsa rona tsa ditsheko, jalo re tlaa dumela ka boammaaruri sengwe le sengwe se Modimo o se re bolelelang. Mme Modimo o supa gore Jesu ke Morwaone. \v 10 Botlhe ba ba dumelang se ke se buang se, ba itse mo dipelong tsa bone gore ke boammaaruri. Fa motho le fa e le mang a sa dumele se, o dira Modimo moaki, ka gore ga a dumele se Mo-dimo o se buileng ka ga Morwaone. \p \v 11 Mme se tota Modimo o se buileng ke eng? Ke gore o re file botshelo jo bo sa khutleng, le gore jone botshelo jo bo sa khutleng jo, bo mo go Morwaone. \v 12 Ke gone le fa e le mang yo o nang le Morwa Modimo o na le botshelo; le fa e le mang yo o senang Morwa One, ga a na botshelo. \p \v 13 Ke lo kwaletse se, lona ba lo dumelang mo go Morwa Modimo gore lo itse gore lo na le botshelo jo bo sa khutleng. \p \v 14 Ebile re tlhomamisa se, gore o tlaa re reetsa nako le nako fa re kopa sengwe fela mo go ene ka fa go rateng ga gagwe. \p \v 15 Mme fa re itse gore o a re reetsa fa re bua le ene le fa re isa dikopo tsa rona, mme re ka tlhomamisa gore o tlaa re araba. \p \v 16 Fa o bona Mokeresete a leofa ka mokgwa o o sa iseng losong, o kope Modimo go mo itshwarela mme Modimo o tlaa mo naya botshelo, fa e se a dirile boleo jo bo isang losong. Mme go na le boleo jo bo felelang ka loso mme fa a bo dirile, ga go thuse sepe gore o mo rapelele. \v 17 Ee, tshiamololo nngwe le nngwe ke sebe. Ga ke bue ka dibe tse di tlwaelesegileng tse; ke bua ka tshiamololo ele e e isang losong. \p \v 18 Ga go na ope yo e reng e le wa ba ntlo ya Modimo a bo a santse a leofa, gonne Keresete Morwa Modimo, o mo tshegeditse mme diabolo ga a kake a mo leofisa. \v 19 Re itse gore re bana ba Modimo le gore lefatshe lotlhe mo tikologong ya rona le ka fa tlase ga nonofo le taolo ya ga Satane. \p \v 20 Ebile re itse gore Keresete, Morwa Modimo, o tletse go re thusa go tlhaloganya le go itse Modimo wa boammaaruri. Mme jaanong re mo Modimong gonne re mo go Jesu Keresete Morwaone yo e leng Modimo wa boammaaruri a le nosi; ebile e le Botshelo jo bo sa khutleng. \p \v 21 Bana bame ba ba rategang, ikgogeng mo go sengwe le sengwe se se ka tsayang maemo a Modimo mo dipelong tsa lona. Amen. \cls Wa lona ruri, \cls Johane.