\id 1CO - Biblica® Open Tswana Living New Testament \ide UTF-8 \h I Bakorintha \toc1 Bakorintha I \toc2 Bakorintha I \toc3 Bakorintha I \mt1 Bakorintha I \c 1 \s1 Lokwalo lwa ntlha lwa Bakorintla \p \v 1 Lokwalo lo lo tswang kwa go Paulo, yo o tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete, le mokaulengwe Sosethenese. \v 2 A kwalela: Bakeresete ba ba kwa Korinta, ba ba biditsweng ke Modimo go nna batho ba one ba ba itshepisitsweng ke Keresete Jesu. Le go: botlhe Bakeresete gongwe le gongwe, ba ba bitsang leina la ga Jesu Keresete, Morena wa rona le wa bone. \p \v 3 A Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete a lo segofatse, a lo neye kagiso e kgolo ya pelo le mowa. \s1 Go Leboga \p \v 4 Ga ke ka ke ka khutlisa go leboga Modimo kaga dineo tse dintle tse o di lo neileng, gore jaanong lo bo lo le ba ga Keresete. \v 5 O humisitse botshelo jwa lona jotlhe. O lo neile nonofo ya go bua kaga gagwe le go lo naya go tlhaloganya boammaaruri. \v 6 Se ke se lo boleletseng gore Keresete o ka se lo direla se diragetse! \p \v 7 Jaanong lo na le letlhogonolo le tshegofatso; mpho nngwe le nngwe ya semowa le nonofo go dira go rata ga one, dilo tse ke tsa lona mo lobakeng lono lwa go letela go bowa ga Morena wa rona Jesu. \p \v 8 O tlaa lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo tlhokisiwe boleo le molato ka letsatsi le o tlaa bowang ka lone. \v 9 Modimo ruri o tlaa lo direla se, gonne o dira ka metlha yotlhe se o se buang, ebile ke one o o lo bileditseng mo botsalanong jo bontle jo le Morwa one, e leng ene Keresete Morena wa rona. \s1 Popagano e e nonofileng \p \v 10 Mme bakaulengwe ba ba tlotlegang, ke a lo kopa mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete go khutlisa dikganetsano mo gareng ga lona. A go nne le kutlwano e e siameng gore go se ka ga nna le dikgaogano mo phuthegong. Ke a lo kopa gore lo nne mogopolo mongwe fela, lo kopane mo kgopolong le mo boikaelelong. \v 11 Gonne bangwe ba ba nnang kwa tlung ya ga Keloe ba mpoleletse ka dikgane-tsano le dikgogakgogano tsa lona, bakaulengwe ba ba rategang. \v 12 Bangwe ba lona ba re, “Ke molatedi wa ga Paulo,” ba bangwe ba re ke balatedi ba ga, Apolose kgotsa Petere, ba bangwe mo bojosing jwa bone ba re ke balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete. \v 13 Mme jalo, e tswa e le ruri lo kgaogantse Keresete. Mme a nna Paulo, ke swetse dibe tsa lona? A go na le mongwe wa lona yo o kolobeditsweng mo leineng la me? \v 14 Ke leboga thata ka nako e ka gore ga ke a kolobetsa ope wa lona fa e se Kerisepo le Gaio fela. \v 15 Gonne jaanong ga go na ope yo o ka akanyang gore ke ne ke batla go simolola sengwe se sesha; ke simolola “phuthego ya ga Paulo.” \v 16 Ee, ke kolobeditse ba ntlo ya ga Setefanase. Ga ke gakologelwe gore a ke kile ka kolobetsa mongwe o sele. \v 17 Gonne Keresete ga a nthomela go tla go kolobetsa, fa e se go rera Mafoko a a Molemo; mme le thero ya me e utlwala e le bokoa, gonne ga ke tlatse thero ya me ka mafoko a a boteng le tumo ya megopolo e e kwa godimo, ke tshaba go tima nonofo e kgolo e e mo molaetseng o o motlhofo wa mokgoro wa ga Jesu Keresete. \p \v 18 Ke itse sentle gore go utlwala go le boeleele thata mo go ba ba latlhegang, fa ba utlwa gore Jesu o swetse go ba boloka. Mme rona ba re bolokilweng re lemoga molaetsa o e le nonofo ya Modimo. \v 19 Gonne Modimo wa re, “Ke tlaa senya maano otlhe a batho a poloko, ga go re sepe gore a a ka bo a lebega a le botlhale go le kae, le go tlhokomologa megopolo e e botoka ya batho, le e leng batlhalefi tota.” \p \v 20 Jaanong go ka tweng ka batho ba ba botlhale, barutegi ba, bakanoki ba ba botlhale ba dilo tse di kgolo tsa lefatshe le? Modimo o ba dirile gore botlhe ba lebege e le dieleele, wa ba wa supa botlhale jwa bone bo sena mosola. \v 21 Gonne Modimo mo botlhaleng jwa one o bone gore lefatshe ga le kitla le bona Modimo ka botlhale jwa motho; mme wa tsena wa boloka botlhe ba ba dumetseng molaetsa wa one o lefatshe le o bitsang boeleele le bomatla. \v 22 Go bonala go le boeleele mo Bajuteng ka gore ba batla sesupo se se tswang legodimong e le tshupo ya gore se se rerwang ke boammaaruri; mme ke boeleele mo go Badichaba ka gore ba dumela fela se se dumalanang le botlhale jwa bone le go re se lebega se le sentle mo go bone. \v 23 Jalo fa re rera kaga Keresete jaaka a swetse go ba boloka, Bajuta ba a kgopisega mme Badichaba bone ba re ke diphirimisi fela. \v 24 Mme Modimo o butse matlho a ba ba batlang poloko, Bajuta mmogo le Badichaba go bona gore Keresete ke nonofo e kgolo ya Modimo go ba boloka; Keresete ka bo ene ke pinagare ya leano la Modimo mo polokong ya bone. \v 25 Leano le la Modimo le go tweng ke “Boeleele” le botlhale thata go gaisa leano la batlhalefi, mme Modimo mo bokoeng jwa one, jwa gore Keresete a swe mo mokgorong o nonofile go gaisa batho botlhe. \p \v 26 Lemogang mo go lona, bakaulengwe ba ba tlotlegang, gore ba se kae fela ba lona ba ba latelang Keresete ba na le maina a magolo kgotsa nonofo kgotsa dikhumo. \v 27 Mo boemong jwa moo, Modimo o tlhophile ka bomo fela go dirisa ditlhaloganyo tse batho ba lefatshe ba di bonang di le boeleele, ebile di sena mosola, e le go tlhabisa ditlhong batho ba lefatshe le ba ba bonwang ba tlhalefile thata, ebile ba le bagolo. \v 28 O tlhophile leano le le nyaditsweng ke lefatshe, le le kailweng e se sepe, mme a le dirisa go latofatsa batho ba lefatshe le ba tlotlang, \v 29 gore gongwe le gongwe ope a se ka a ikgantsha fa pele ga Modimo. \p \v 30 Gonne go tswa fela kwa Modimong gore lo nne le botshelo ka Jesu Keresete. O re bontshitse leano la Modimo la poloka; ke ene yo o dirileng gore re amogelesege mo Modimong; o re itshekisitse a bo a re itshepisa a bo a intsha thekololo ya poloko ya rona. \v 31 Jaaka mo dikwalong go twe, “Fa mongwe a ikgantsha a a ikgantshe fela kaga se Morena o se dirileng.” \c 2 \s1 Nonofo le botlhale jwa Modimo \p \v 1 Bakaulengwe ba ba rategang, erile fa ke tla kwa go lona ga ke a ka ka dirisa mafoko a boikgogomoso le megopolo e e nonofileng go lo bolelela molaetsa wa Modimo. \v 2 Gonne ke ne ke ikaeletse gore ke tlaa bua kaga Jesu Keresete fela le loso lwa gagwe mo mokgorong. \v 3 Ke tsile kwa go lona ke le bokoa, ke boifa ke roroma. \v 4 Mme thero ya me e ne e tlhamaletse, e sena puo e e tsietsang ya botlhale jwa setho, mme nonofo ya Mowa O O Boitshepo e ne e le mo mafokong a me, e supegetsa ba ba neng ba a utlwa gore molaetsa o ne o tswa kwa Modimong. \v 5 Ke ne ke dira se ka gore ke ne ke batla gore tumelo ya lona e nitame mo Modimong, e seng mo megopolong e megolo ya batho. \p \v 6 Le fa go ntse jalo fa ke na le Bakeresete ba ba nonofileng mo tumelong ke a tle ke bue mafoko a botlhale jo bogolo, mme e seng a mofuta o o tswang mono lefatsheng, le e seng ka mofuta wa batho ba lefatshe le, ba ba tlaa tlogang ba nyelela. \v 7 Mafoko a rona a botlhale ka gore a tswa mo Modimong, a re bolelela botlhale jwa leano la Modimo le le re tlisang mo dikgalalelong tsa Legodimo. Leano le le ne le fitlhegile mo lobakeng lwa pele, le fa le ne la dirwa go re solegela molemo pele ga tshimologo ya lefatshe. \v 8 Mme batho ba bagolo ba lefatshe ga ba a ka ba le tlhaloganya; fa ba ne ba le tlhalogantse, ba ka bo ba sa bapola Morena wa kgalalelo. \p \v 9 Ke sone se Dikwalo di se rayang fa di re, ga go na motho ope yo o kileng a bona, a utlwa kgotsa a akanya tse dintle tse Modimo o di baakanyeditseng ba ba ratang Morena. \v 10 Mme re itse kaga dilo tse ka gore Modimo o rometse Mowa wa one go re di bolelela, mme Mowa wa one o a puruputsha ebile o re bontsha diphiri tse di kwa teng tsa Modimo. \v 11 Ga go na ope yo o ka itseng se yo mongwe o se akanyang, kgotsa gore o ntse jang, fa e se ene motho yoo ka boene. Ebile ga go ope yo o ka itseng dikakanyo tsa Modimo fa e se Mowa wa Modimo ka bo-one. \v 12 Modimo o re neile Mowa wa one (eseng mowa wa lefatshe) go re bolelela kaga dineo tse di ntle tsa tshegofatso tse Modimo o re di neileng. \v 13 Mo go lo boleleleng kaga dineo tse, re dirisitse one tota mafoko a re neng re a newa ke Mowa O O Boitshepo go tlhalosa ditiro tsa Mowa O O Boitshepo. \v 14 Mme motho yo e seng Mokeresete ga a ka ke a tlhaloganya a bo a amogela megopolo e e tswang mo Modimong, e Mowa O O Boitshepo o re e rutang. E utlwala e le boeleele mo go ene, ka gore ke ba ba nang le Mowa O O Boitshepo fela ba ba ka tlhaloganyang gore Mowa O O Boitshepo o rayang. Ba bangwe ga ba ka ke ba tlhaloganya. \v 15 Mme motho wa semowa o tlhaloganya dilo tsotlhe, le tse di tshwenyang ebile di palela motho wa lefatshe, yo o se ka keng a mo tlhaloganya gotlhelele. \v 16 Go ka nna jang? Gonne ka boammaaruri ga a ise a ke a itse dikakanyo tsa Morena, kgotsa le fa e le go di buisana nae, kgotsa go tshikinya mabogo a Modimo ka thapelo. Mme go bonala go hakgamatsa, rona bakeresete mo go rona re na le bontlha bongwe jwa dikakanyo le mogopolo wa ga Keresete. \c 3 \s1 G o kgaogana ga badumedi \p \v 1 Bakaulengwe ba ba rategang, ke ntse ke bua le lona jaaka ekete lo santse lo le bana mo bo-tshelong jwa Sekeresete, ba ba sa latelang Morena, mme lo latela dikeletso tsa lona; ga ke ka ke ka bua le lona jaaka fa ke ka bua le Bakeresete ba ba nonofileng, ba ba tletseng Mowa O O Boitshepo. \v 2 Ke tshwanetse go lo otla ka mashi e seng ka dijo tse di thata, gonne ga lo ka ke lwa kgona go di sila. Mme le jaanong lo santse lo tshwanetswe ke go otlwa ka mashi. \v 3 Gonne lo santse lo le Bakeresete ba ba botlana, ba lo laolwang ke dikeletso tsa lona; e seng tsa Modimo. Fa lo huhegelana mme lo ikaba ka ditlhopha tse di omanang, a se ga se supe gore lo sa le bananyana, lo batla tsela e e leng ya lona? Le fa go ntse jalo, lo dira jaaka batho ba eseng ba Morena gotlhelele. \v 4 Mme ke foo, lo omana ka gore a ke mogolo go feta Apolose, ebile lo kgaoganya phuthego. A se ga se supe gore lo godile go le gonnye mo Moreneng? \p \v 5 Nna ke mang, mme Apolose ene ke mang mo e leng gore re ka tsosa kgang? Ka goreng, gonne re batlhanka ba Modimo fela, mongwe le mongwe wa rona o na le dinonofo tse di faphegileng, mme ka thuso ya rona lo dumetse. \v 6 Tiro ya me e ne e le go jala peo mo dipelong tsa lona, mme tiro ya ga Apolose e ne e le go e nosetsa, mme e ne e le Modimo fela, e seng rona, o o godisitseng peo mo dipelong tsa lona. \v 7 Motho yo o jalang kgotsa yo o nosetsang ga a botlhokwa thata, mme Modimo o botlhokwa gonne ke one o o godisang dilo. \v 8 Apolose le nna re badiri mmogo ka maikaelelo a a tshwanang, le fa mongwe le mongwe wa rona a tlaa duelelwa tiro ya gagwe e a e dirileng ka bonatla. \p \v 9 Re badiri mmogo le Modimo. Lona lo tshimo ya Modimo, ebile; lo kago ya Modimo e seng ya rona. \s1 Letsatsi la katlholo \p \v 10 Modimo mo bopelonoming jwa one o nthutile gore ke ka nna moitseanape wa moagi jang. Ke tlhomile motheo mme Apolose o agile mo go one. Mme yo o agang mo motheong o tshwanetse go tlhokomela thata. \v 11 Gonne ga go na ope yo o ka tlhomang motheo ope wa boammaaruri go gaisa o re setseng re na nao, ebong Jesu Keresete. \v 12 Mme go na le mekgwa e le mentsi thata e e ka dirisiwang go aga mo motheong oo. Bangwe ba dirisa Gauta le Selefera le maje a a phatsimang; bangwe ba aga ka dikgong, le bojang, kgotsa ka lotlhaka! \v 13 Mme go tlaa tla lobaka lwa tlhatlhobo ka letsatsi la ga Keresete la Katlholo go bona mofuta wa didirisiwa tse moagi mongwe le mongwe o di dirisitseng. Tiro ya mongwe le mongwe e tlaa tsenngwa mo gare ga molelo go re botlhe ba tle ba bone gore a e tlaa tshegetsa selekanyo sa yone kgotsa nnyaa, le gore go bonwe ka fa go dirilweng ka teng. \v 14 Ke gone ka moo modiri mongwe le mongwe yo o agileng mo motheong ka didirisiwa tsa dikago tse di siameng, le yo tiro ya gagwe e santseng e eme, o tlaa bona tuelo ya gagwe. \v 15 Mme fa ntlo e o e agileng ee sha, o tlaa nna le tatlhegelo e kgolo. Ene ka boene o tlaa bolokwa, mme o tlaa bolokwa jaaka motho yo o falolang mo kgabong ya molelo. \p \v 16 A ga lo lemoge gore lotlhe lo ntlo ya Modimo, le gore Mowa wa Modimo o nna mo go lona mo tlung ya one? \v 17 Fa mongwe a leswafatsa kgotsa a senya legae la Modimo, Modimo o tlaa mo senya. Gonne legae la Modimo le itshepile le phepa, mme ke lona legae leo. \p \v 18 Lesang go itsietsa. Fa lo ikaya lo le botlhale jo bo feteletseng, jaaka go lejwa ka fa ponong ya maemo a lefatshe le, go ka nna botoka go beela mo gotlhe fa thoko mme lwa nna dieleele go na le gore lo bo lese bo lo busetsa kwa morago mo botlhaleng jwa boammaarruri jo bo tswang kwa godimo. \v 19 Gonne botlhale jwa lefatshe ke boeleele mo Modimong. Jaaka mo lokwalong lwa ga Jobe gotwe, Modimo o dirisa botlhale jwa motho go mo tshwara; o kgotswa mo “botlhaleng” jwa gagwe mme a we. \v 20 Gape, mo lokwalong lwa Dipesalema re boleletswe gore Morena o itse sentle ka botlalo gore mogopolo wa motho o akanya jang, le boeleele le go tlhoka ga one. \p \v 21 Jalo se ikgantsheng ka go sala morago batlhalefi ba lefatshe le. Gonne Modimo o setse o lo neile sengwe le sengwe se lo se tlhokang. \v 22 O lo neile Paulo le Apolose le Petere go nna bathusi ba lona. O lo neile lefatshe lotlhe go le dirisa, le botshelo le lone loso ke batlhanka ba lona. O lo neile tsa motlha ono le tsotlhe tsa o o tlang. Tsotlhe ke tsa lona, \v 23 ebile lo ba ga Keresete, mme Keresete ke wa Modimo. \c 4 \s1 Baaposetoloi ba ga Keresete \p \v 1 Jalo Apolose le nna re tshwanetse go le bega re le batlhanka ba ga Keresete ba ba abang tshegofatso ya Modimo ka go tlhalosa diphiri tsa one. \v 2 Jaanong selo se se botlhokwa kaga motlhanka ke gore a dire fela jaaka mong wa gagwe a mmolelela. \v 3 Lwa reng ka ga me? A ke ne ke le motlhanka yo o siameng? Ga ke tshwenyege gore lo akanyang kaga se, kgotsa ka se mongwe fela a se akanyang. Ga ke tshephe le yone katlholo ya me mo ntlheng e. \v 4 Maikutlo a me a bonala sentle, mme le fa seo e se sesupo sa bofelo, ke Morena ka boene yo o tshwanetseng go ntshekatsheka a bo a nkakanyetsa. \p \v 5 Jalo itlhokomeleng gore lo se ka lwa atlhola pele ga Morena gore a mongwe ke motlhanka yo o molemo kgotsa nnyaa. Fa Morena a tla, o tlaa ntsha lesedi gore mongwe le mongwe a tle a bone sentle gore mongwe le mongwe wa rona o ntse jang, mo teng ga dipelo tsa rona. Ke gone mongwe le mongwe o tlaa itseng gore ke eng fa re ne re dira tiro ya Morena. Ka lobaka loo Modimo o tlaa naya mongwe le mongwe tlotlego nngwe le nngwe e e tlang mo go ene. \p \v 6 Ke dirisitse Apolose le nna jaaka dikai go supa se ke ntseng ke se bua: gore lo se ka lwa nna le ba lo ba ratang thata. Ga lo a tshwanela go ikgantsha ka mongwe wa baruti ba Modimo go feta ba bangwe. \v 7 Lo ikgogomositse kaga eng? Lo na le eng se Modimo o sa lo se nayang? Mme fa tsotlhe tse lo nang natso di tswa kwa Modimong, ke eng fa lo itira jaaka ekete lo kwa godimo thata le jaaka o kare lo iponetse sengwe ka bo-lona? \p \v 8 Go bonala gore lo akanya gore lo setse lo na le dijo tsotlhe tsa semowa tse lo di tlhokang. Lo kgotsofetse mo moweng, lo dikgosi tse di humileng tse di ntseng mo ditilong tsa bogosi. Rona lo re tlogetse kwa moragorago! Ke eletsa gore lo ka bo lo le mo ditilong tsa lona tsa bogosi, gonne lobaka loo lo tlaa tlhomamisa gore le rona re tlaa nna teng, re busa le lona. \v 9 Ka nako tse dingwe ke akanya gore Modimo o re beile baaposetoloi kwa moragorago jaaka magolegwa a a tlogang a bolawa, gore kwa bofelong re tle re dirwe segakgamalelwa sa popelelo ya bafenyi, gore re tle re bonwe ke batho le baengele. \p \v 10 Lwa re, tumelo e re dirile dieleele mme le fa go ntse jalo lotlhe lo Bakeresete ba ba botlhale ba ba nang le ditlhaloganyo! Re bokoa, ee mme e seng lona! Lo tlotlegile thata, fa rona re tshegwa. \v 11 Go fitlhelela jaanong, re tshwerwe ke tlala le lenyora, re bile ga re na diaparo tse di lekaneng go re thuthafatsa. Re ragakilwe re sena magae a e leng a rona. \v 12 Re dirile ka letsapa le legolo ka diatla tsa rona gore re tshele. Re segofaditse ba ba neng ba re hutsa. Re ne ra nna pelotelele mo go ba ba neng ba re tlhokofatsa. \v 13 Re fetotse ka bonolo fa dilo tse di bosula di buiwa ka rona, lefa go ntse jalo go fitlha mo lobakeng lo re tshwana le leswe le le ka fa tlase ga lonao, jaaka matlakala. \p \v 14 Ga ke kwale dilo tse go lo tlhabisa ditlhong, fa e se go lo tlhagisa le go lo gakolola jaaka bana ba ba rategang. \v 15 Gonne le fa lo ka nna le ba bangwe ba le dikete di le lesome go lo ruta kaga Keresete, gakologelwang gore lo na le nna fela jaaka Rraa lona. Gonne ke nna yo ke lo tlisitseng mo go Keresete fa ke lo rerela Mafoko a a Modimo. \v 16 Jalo ke lo kopa go latela sekao sa me, mme lo dire jaaka ke dira. \p \v 17 Ke gone ka moo re rometseng Timotheo kwa go lona, go lo thusa go dira se. Gonne ke mongwe wa ba ke ba gapetseng mo go Keresete, ngwana yo o rategang yo o ikanyegang mo Moreneng. O tlaa lo gakolola kaga se ke se rutang mo diphuthegong tsotlhe tse ke tsamayang mo go tsone. \s1 Baikgogomosi \p \v 18 Ke a itse gore bangwe ba lona ba tlaa ikgogomosa, ba gopola gore ke tshaba go tla go dira le lona. \p \v 19 Mme ke tlaa tla, le gone ka bonako, fa Morena a ntetla, mme ke tlaa bona gore a baikgantshi ba, a ke babalabadi fela kgotsa a ruri ba na le nonofo ya Modimo. \v 20 Bogosi jwa Modimo ga se go bua fela. Ke go tshela ka nonofo ya Modimo. \v 21 Lo tlhopha gofe? A ke ke tle ka kotlhao le komano kgotsa ke tle ka lorato le bonolo? \c 5 \s1 Boleo jwa batho ba Korintha \p \v 1 Mongwe le mongwe o bua kaga selo se se maswe se se diragetseng koo mo gare ga lona, sengwe se se bosula thata se le e leng bone baheitane ba sa se direng! Lo na le motho mongwe mo phuthegong ya lona yo o tshelang mo sebeng le mosadi wa ga rraagwe. \p \v 2 Mme a lo santse lo ipelafatsa, lo re lo ba “Semowa?” Ke eng fa lo sa lele ka khutsafalo le ditlhong, le gore lo bone gore motho yo o ntshiwa mo botokololong jwa lona? \p \v 3-4 Le fa ke se na le lona koo, ke ntse ke akanya thata kaga se mme mo leineng la Morena Jesu Keresete ke setse ke ntse ke akanya thata kaga se ke ka se dirang, fela jaaka ekete ke koo. Lo tshwanetse go phutha phuthego, mme nonofo ya Morena Jesu e tlaa nna le lona fa lo kopana, mme le nna ke tlaa bo ke le teng mo moweng, \v 5 mme lo kgaole motho yo mo bolokong jwa phuthego, lo mo tsenye mo diatleng tsa ga Satane, go mo otlhaya, mo tsholofelong ya gore mowa wa gagwe o tle o bolokwe fa Morena Jesu Keresete a bowa. \p \v 6 Mo kana go hakgamatsa jang gore lo bo lo ipelafatsa kaga boitshekiso jwa lona, mme le fa go ntse jalo lo letla selo sa go nna jaana go tswelela pele. A ga lo itse gore fa motho a le mongwe fela a letlelelwa go tswelela mo sebeng, ka bofefo go tlaa ama batho botlhe? \v 7 Tlosang sefatlhi se se maswe se, motho yo o bosula yo, mo gare ga lona, gore lo nne lo le phepa. Keresete, Kwana ya Modimo re mmolaetswe. \v 8 Jalo a re jeng moletlo o mo dipelong tsa rona mo go ene re gole thata mo botshelong jwa Sekeresete, re tlogele gotlhe kwa morago, botshelo jo bogologolo ka mafufa otlhe a jone le bosula. Mo boemongjwa seo, a re jeng moletlo wa senkgwe se se itshekileng sa tlotlo le bopelo-e-phepha le boammaaruri. \p \v 9 Erile fa ke lo kwaletse la ntlha ke rile lo seka lwa tlhakana le batho ba ba bosula. \p \v 10 Mme erile fa ke bua jalo ke ne ke sa bue kaga batho ba ba sa dumeleng ba ba tshelelang mo boakeng, kgotsa difatlha tsa batsietsi le magodu le baobamedi ba medimo ya disetwa. Gonne ga lo ka ke lwa nna mo lefatsheng leno kwa ntle ga batho ba ba ntseng jalo. \v 11 Se ke neng ke se raya ke gore ga lo a tshwanela go tsalana le mongwe yo o ipitsang Mokeresete mme e le moakafadi, kgotsa sefatlha, kgotsa motsietsi, kgotsa moobamedi wa medimo ya disetwa, kgotsa letagwa, kgotsa mokgadi. Lo se ka lwaa ja le motho yo o ntseng jalo. \p \v 12 Ga se tiro ya rona go atlhola ba ba kwa ntle. Mme ke tiro ya rona tota go atlhola le go dirana thata le ba e leng ditokololo tsa phuthego, le ba ba leofang. \v 13 Modimo o le osi ke moatlhodi wa ba ba ka kwa ntle mme lona ka bo lona lo tshwanetse go dirana le motho yoo gore lo mo kgaole mo phuthegong ya lona. \c 6 \s1 Go sekisana \p \v 1 Go ka nna jang fa o na le sengwe kgatlha nong le Mokeresete yo mongwe, o “ya kwa Molaong” o ya go kopa tshekelo ya boheitane go go atlholela mo boemong jwa go e tseela kwa Bakereseteng ba bangwe go ya go atlhola gore ke ofe wa lona yo o siameng? \v 2 A ga lo itse gore letsatsi lengwe rona Bakeresete re tlaa atlhola re be re busa lefatshe? Jalo ke eng fa lo sa kgone go atlhola le tsone dilonyana tse di nnye tse di mo gareng ga lona. \v 3 A ga lo lemoge gore rona Bakeresete re tlaa atlhola re bo re duela baengele ba ba mo legodimong. Jalo lo tshwanetse go atlhola matshwenyego a lona mono lefatsheng ka bomotlhofo jo bogolo. \v 4 Ke eng fa jaanong lo ya kwa baatlhoding ba ba kwa ntle ba e seng Bakeresete? \p \v 5 Ke leka go lo tlhabisa ditlhong. A ga go na ope mo phuthegong yo o botlhale thata go atlhola dingongorego tse? \v 6 Mme mo boemong jwa se, Mokeresete o isa yo mongwe tshekong mme a sekise mokaulengwe wa gagwe fa pele ga batho ba ba sa dumeleng. \p \v 7 Go nna le ditshekisano tse di ntseng jalo lo le Bakeresete go raya gore lo fentswe e le ruri. Ke eng fa lo sa ineele mo patikong? Mme lwa tlogela go ntse jalo? E tlaa bo e le tlotlo e kgolo mo Moreneng fa lo ineela go tsiediwa. \v 8 Mme mo boemong jwa gone moo, lona ka bolona ke lona ba lo dirang phoso, lo tsietsa ba bangwe, le e leng bone ba bakaulengwe ba lona tota. \p \v 9-10 A ga lo itse gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na seabe mo Bogosing jwa Modimo? Lo se ka lwa itsietsa. Ba ba tshelang botshelo jo bo makgapha, ba ba obamelang medimo ya disetwa, bagokagadi kgotsa banna ba ba tlhakanelang dikobo le banna ka bone ga ba na seabe mo bogosing jwa one. Le fa e le magodu, kgotsa batho ba ba bohula, matagwa, bakgadi kgotsa baikgagapedi. \v 11 Nako nngwe bangwe ba lona ba kile ba bo ba ntse jalo mme jaanong dibe tsa lona di tlhatswitswe, mme lo beetswe fa thoko go nna ba Modimo, mme o lo amogetse ka ntlha ya se Morena Jesu Keresete le Mowa wa Modimo o lo se diretseng. \s1 Boaka \p \v 12 Ke ka dira sengwe le sengwe se ke se batlang fa Keresete a sa nkganele, mme dilo dingwe tsa dilo tse ga di a ntshiamela. Le fa ke letlelelwa go di dira, ke tlaa gana go di dira fa ke akanya gore di ka dira sekgopi se se ntseng jalo mo go nna se ke se ka keng ka se kganela motlhofo fa ke batla go se kganela. \p \v 13 A ke re, tsaya kgang ya go ja, Modimo o re neile go nna le keletso ya dijo le mpa go di sila. Mme moo ga go reye gore re tshwanetse go ja go feta jaaka re batla. Se akanyeng gore go ja go botlhokwa, ka gore letsatsi lengwe Modimo o tlaa di nyeletsa tsoo pedi, mpa le dijo. Mme boaka ga bo a siama: mebele ya rona ga e a direlwa moo, mme e diretswe Morena, mme Morena o batla go tlatsa mebele ya rona ka bo ene. \v 14 Le gone Modimo o tlaa tsosa mebele ya rona mo baswing ka nonofo ya gagwe fela jaaka a tsositse Morena Jesu Keresete. \v 15 A ga lo lemoge gore mebele ya lona ke ditokololo tsa ga Keresete? Jalo a ke tshwanetse go tsaya tokololo ya ga Keresete ka e kopanya le seaka? Le goka! \v 16 Le gone a ga lo itse gore fa monna a ikopanya le seaka o nna tokololo ya sone le sone se nna tokololo ya gagwe? Gonne Modimo o re bolelela mo Dikwalong gore ka fa ponong ya one bobedi bo nna motho a le mongwe. \v 17 Mme fa o ineela mo Moreneng wena le Keresete lo a kopana lo nna motho a le mongwe. \p \v 18 Ke gone mo ke lo rayang ke re tshabang boaka. Ga go na sebe sepe se se amang mmele jaaka sebe se. \v 19 A ga lo ise lo ithute gore mmele wa lona ke legae la Mowa O O Boitshepo o Modimo o lo o neileng, le gore o nne mo teng ga lona? Mmele o e leng wa lona ga se wa lona. \v 20 Gonne Modimo o o rekile ka tlhwatlhwa e kgolo. Jalo dirisang bontlha bongwe le bongwe jwa mmele wa lona go galaletsa Modimo, ka gore ke wa one. \c 7 \s1 Malebana le nyalo \p \v 1 Jaanong kaga dipotso tse lo neng lo di botsa mo lokwalong lwa lona lwa bofelo: Karabo ya me ke gore, fa lo sa nyale, go siame. \v 2 Mme ka legale go siame go nyala, monna mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le mosadi yo e leng wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nna le monna yo e leng wa gagwe, e se re gongwe lwa boela gape mo sebeng. \p \v 3 Monna o tshwanetse go naya mosadi wa gagwe di tsa gagwe tsotlhe jaaka mosadi yo o nyetsweng, le mosadi o tshwanetse go direla monna wa gagwe fela jalo. \v 4 Gonne morweetsana yo o nyalwang ga a tlhole a na le taolo e e tletseng mo mmeleng wa gagwe, gonne monna wa gagwe o na le ditshwanelo tsa gagwe mo go one le ene; mme fela jalo monna le ene ga a tlhole a na le taolo e e tletseng mo mmeleng wa gagwe, gonne gape ke wa mosadi wa gagwe. \v 5 Jalo lo seka lwa ganelelana ka ditshwa-nelo tse. Fela selo sa botlhokwa mo molaong o ke ka tumalano ya monna le mosadi go ikgapa mo ditaolong tsa lenyalo selekanyo sa lobaka lo lo kailweng, gore ba tle ba ineele mo thapelong ka tshosologo. Morago, ba tshwanetse go kopana gape gore Satane a se ka a kgona go ba raela ka ntlha ya go tlhoka go itshwara ga bone. \p \v 6 Ga ke re lo tshwanetse go nyala; mme lo ka nyala fa lo eletsa. \p \v 7 Nna ke eletsa gore mongwe le mongwe o ka bo a nna a sa nyala, fela jaaka nna. Mme rotlhe ga re tshwane. Modimo o naya bangwe mpho ya mosadi kgotsa monna, mme ba bangwe ba ka kgona go nna ka boitumelo ba sa nyala. \p \v 8 Jalo ke raya ba ba sa nyalwang, le batlholagadi ke re, go botoka go nna lo sa nyalwa fa lo kgona, fela jaaka nna. \p \v 9 Mme fa lo palelwa ke go itshoka, nyalang. Go botoka go nyala go na le go babalelwa. \p \v 10 Jaanong, mo go ba ba nyetseng ke na le taolo, e seng mogopolo. Mme ga se taolo e e tswang mo go nna, gonne se ke se Morena ka boene a se buileng: Mosadi ga a a tshwanela go tlogela monna wa gagwe. \v 11 Mme fa a kgaogane nae, a a nne fela a sa nyalwa kgotsa a boele kwa go ene. Le monna ga a a tshwanela go tlhala mosadi wa gagwe. \p \v 12 Fa, ke batla go tlatsa ka megopolo e mengwe e e leng ya me. Se ga se ditaolo tse di tswang kwa Moreneng, mme di bonala di siame mo go nna. Fa Mokeresete a na le mosadi yo e seng Mokeresete, mme a batla go nna nae, ga a a tshwanela go mo tlogela kgotsa go mo tlhala. \p \v 13 Mme fa mosadi wa Mokeresete a na le monna yo eseng Mokeresete, ga a a tshwanela go mo tlogela. \v 14 Gonne gongwe monna yo e seng Mokeresete o ka nna Mokeresete ka thuso ya mosadi wa gagwe wa Mokeresete. Le mosadi yo e seng Mokeresete o ka nna Mokeresete ka thuso ya monna wa gagwe yo e leng Mokeresete. Ntle go moo fa lolwapa lo kgaogana, go ka diragala gore bana ba se ka ba tlhola ba itse Morena; fa lolwapa lo lo kopaneng lo ka itse Morena, mo leanong la Modimo go ka felela mo polokong ya bana. \p \v 15 Mme fa monna kgotsa mosadi yo e seng Mokeresete a batla go tsamaya, go a letlelesega. Ka mokgwa o o ntseng jalo monna yo e leng Mokeresete kgotsa mosadi ga a a tshwanela go kganela yo mongwe go tsamaya, gonne Modimo o batla bana ba one go nna mo kagisong le mo botsalanong. \v 16 Gonne le fa go ntse jalo, ga go na tlhomamiso mo go lona basadi gore banna ba lona ba tlaa sokologa fa ba sa lo tlogele; mme fela jalo le lona banna kgang ke e, e a lo ama. \p \v 17 Mme lo nne le tlhomamiso mo go akanyeng dilo tse gore lo tshele jaaka Modimo o ikaeletse, go nyala kgotsa go tlhoka go nyala go nne ka fa kaelong le ka fa thusong ya Modimo, le go amogela seemo le fa e ka bo e le sefe se Modimo o go tsentseng mo go sone. Se ke molao wa me mo diphuthegong tsotlhe. \p \v 18 Nte ke tshwantshe ka monna yo o setseng a fetile mo medirong ya Sejuta ya thupiso pele ga a nna Mokeresete, ga a a tshwanela go tshwenyega ka ga gone; mme fa a ise a rupisiwe, ga a a tshwanela go go dira jaanong. \p \v 19 Gonne ga go na pharologanyo epe fa Mokeresete a fetile mo modirong o kgotsa nnyaa. Mme go nna le pharologanyo e kgolo fa a itumedisa Modimo ebile a tshegetsa melao ya one. Seo ke selo se se botlhokwa. \p \v 20 Ka gale motho o tshwanetse go tswelela ka tiro ya gagwe e o neng a e dira fa Modimo o mmitsa. \v 21 A o lekgoba? A moo go se go tshwenye, mme e re, fa o bona lobaka lwa go gololesega, o lo dirise. \v 22 Fa Modimo o go bitsa, o le lekgoba, gakologelwa gore Keresete o go golotse mo nonofong e e boitshegang ya boleo; mme fa a go biditse, ebile o gololesegile, gakologelwa gore jaanong o lekgoba la ga Keresete. \v 23 O rekilwe ebile o dueletswe ke Keresete, jalo o wa gagwe, gololesega jaanong mo dilong tse tsotlhe tsa mabela a lefatshe le poifo. \v 24 Jalo bakaulengwe ba ba rategang, le fa motho a ka bo a le mo seemong se se ntseng jang fa a nna Mokeresete, mo lese a nne foo, gonne jaanong Morena o teng go mo thusa. \v 25 Jaanong ke tlaa leka go araba potso e nngwe ya lona. Go ka tweng ka barweetsana ba ba iseng ba nyalwe? A ba tshwanetse go letlelelwa go dira jalo? Mo karabong ya potso e, ga ke na taolo e e tlhomameng ya bone go tswa mo Moreneng. Mme Morena mo bobelotlhomoging jwa gagwe o nneile botlhale jo bo ka tshephegang, mme ke tlaa itumelela go lo bolelela se ke se akanyang. \p \v 26 Matshwenyego ke a. Rona Bakeresete re lebagane le dikotsi tse di kgolo mo matshelong a rona mo lobakeng lo. Mo dipakeng tse di tshwanang le tse, ke bona go le botoka gore motho a nne a sa nyalwa kgotsa a sa nyala. \v 27 Ee, fa lo setse lo nyetswe, se kgaoganeng ka ntlha ya se. Mme fa lo ise lo nyalwe, lo se itlhaganeleleng mo go yone ka lobaka lo. \p \v 28 Mme fa lona banna lo ikaelela go tswelela pele lo nyala jaanong, go siame; mme fa morweetsana a nyalwa mo dipakeng tse di tshwanang le tse, ga se boleo. Le fa go ntse jalo lenyalo le tlaa tlisa matshwenyego a mangwe a ke neng ke eletsa gore lo se ka lwa lebagana le one jaanong. \p \v 29 Selo sa botlhokwa se re tshwanetseng go se gakologelwa ke gore, lobaka lo lo re saletseng lo lo khutshwane, (Go ntse jalo le ka nako ya rona ya go direla Morena) ka lebaka leo ba ba nang le basadi ba tshwanetse go nna ba phuthologetse Morena; \v 30 boitumelo kgotsa kutlobotlhoko kgotsa dikhumo ga di a tshwanela go kganela ope go dira tiro ya Modimo. \v 31 Ba ba atisang go amana le dilo tse di kgatlhanong tsa lefatshe ba tshwanetse go dirisa mabaka a a batlegang ka go a sola molemo, gonne lefatshe mo seemong se le leng mo go sone le tlaa tloga le feta. \p \v 32 Mo go tsotlhe tse lo di dirang, ke batla gore lo nne le kgololesego mo dingongoreng. Monna yo o sa nyalang o ka senya lobaka lwa gagwe a dira tiro ya Morena le go akanya ka fa o ka o itumedisang ka teng. \v 33 Mme monna yo o nyetseng ga a ka ke a dira jalo sentle; o tshwanetse go akanya kaga dilo tsa lefatshe le ka fa o ka itumedisang mosadi wa gagwe ka teng. \v 34 Dikgatlhego tsa gagwe di kgaogane. Go tshwana fela le morweetsana yo o nyalwang. O lebana le mathata a a ntseng fela jalo. Morweetsana yo o sa nyalwang o tlhwaafalela go itumedisa Morena ka bojotlhe jwa gagwe le se o se dirang. Mme mosadi yo o nyetsweng o tshwanetse go akanya dilo tse dingwe jaaka go tlhokomela ntlo ya gagwe le go rata le go sa rate ga monna wa gagwe. \p \v 35 Ke bua se go lo thusa, eseng go lo itsa go nyala. Ke batla lo dira se lo bonang se ka lo thusa go direla Morena sentle, mme a go se nne le dilo tse dintsi tse di ka tlosang theetso ya lona mo go ene. \v 36 Mme fa mongwe a batla go nyala ka ntlha ya gore o na le matshwenyego a a dirisang nama ya gagwe, go siame, ga se boleo, a a nyale. \v 37 Mme fa monna a na le maitshegeletso a go tlhoka go nyala mme a ikaelela gore ga a batle ebile ga a nke a nyala, o dirile mogopolo o o siameng. \v 38 Jalo motho yo o nyalang o dira sentle, mme motho yo o sa nyaleng o dira sentle go gaisa. \p \v 39 Mosadi ke bontlha bongwe jwa monna mo botshelong jwa gagwe, fa monna wa gagwe a a swa, foo o ka nyalwa gape, mme fela fa a nyalwa ke Mokeresete. \v 40 Mme mo mogopolong wa me, o tlaa itumela fa a sa nyalwe gape; ebile ke gopola gore ke lo naya kgakololo e e tswang mo Moweng wa Modimo fa ke bua se. \c 8 \s1 Dijo tse di abelwang medimo ya disetwa \p \v 1 Gape ke potso ya lona kaga go ja dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa. Mo potsong e mongwe le mongwe o ikutlwa gore karabo ya gagwe fela ke yone e e siameng! Mme le fa go ntse jalo go nna “moitse wa tsotlhe” go re dira gore re ipone botoka, mme se se tlhokegang tota, go aga phuthego ke lorato. \v 2 Fa mongwe a akanya gore o itse dikarabo tsotlhe, o supa bosenakitso jwa gagwe fela. \v 3 Mme motho yo o ratang Modimo ka boammaaruri ke yo o bulegetseng kitso ya Modimo. \v 4 Jaanong ke eng kaga gone? A re tshwanetse go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa? Ee, re a itse gore modimo wa sesetwa ga se Modimo tota, le gore go na le Modimo o le mongwe fela, mme e seng ope gape. \p \v 5 Ka fa bathong ba bangwe, go na le medimo e megolo e le mentsi kwa legodimong le mo lefatsheng. \v 6 Mme rona re itse gore go na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo o dirileng dilo tsotlhe a bo a re dira gore re nne ba gagwe; le Morena a le mongwe fela ebong Jesu Keresete, yo o dirileng sengwe le sengwe a bo a re naya botshelo. \p \v 7 Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba bangwe ga ba lemoge selo se. Mo matshelong a bone otlhe ba ntse ba akantse medimo ya disetwa gore e a tshela, le go dumela gore dijo tse di diretsweng medimo ya disetwa di neetswe medimo tota. Jalo fa ba a ja dijo tseo di a ba sulafalela ebile di koafatsa digakolodi tsa bone. \v 8 Gakologelwang fela gore Modimo ga o tlhokomele fa re di ja kgotsa re sa di je. Ga re molato fa re sa di je, ebile ga re botoka fa re di ja. \v 9 Mme itlhokomele gore o se ka wa dirisa kgololesego ya gago go di ja, e se re kgotsa wa leofisa mokaulengwe mongwe yo o nang le tumelo e e bokoa. \p \v 10 O a bona, se ke se se ka diragalang: Mongwe yo o akanyang go le phoso go ja dijo tse o tlaa go bona o o ja kwa tlung ya dijo ya Tempele, gonne o a itse fa go sena molato mo go tsone. Mme lo tlaa nna pelokgale thata go di ja le ene le fa ka nako tsotlhe a ntse a ikutlwa e le phoso. \v 11 Jalo ka gore o “itse gore go siame go di ja,” o tlaa bo o tshwanetse go arabela go dira tshenyego e kgolo ya semowa mo mokaulengweng yo o nang le segakolodi se se boruma, yo Keresete a mo swetseng. \p \v 12 Mme ke sebe kgatlhanong le Keresete go leofela mokaulengwe wa gago ka go mo kgothatsa go dira sengwe se a akanyang se le phoso. \v 13 Jalo fa nama e e ntshediwang medimo ya disetwa e tlaa leofisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke e ja mo botshelong jwa me, ka gore ga ke batle go mo leofisa. \c 9 \s1 Ditshwanelo tsa Baaposetoloi \p \v 1 Ke nna moaposetoloi, morongwa wa Modimo, ga go na motho ope yo o nang le boikarabelo ka ga me. Ke nna yo ke bonyeng Jesu Morena wa rona ka matlho. Mme phetogo ya matshelo a lona ke maduo a tiro ya me e ke e dirileng ka bonatla. \v 2 Fa e le gore mo mogopolong wa bangwe ga ke moaposetoloi, ka boammaaruri ke ene mo go lona, gonne lo gapetswe mo go Keresete ke nna. \p \v 3 Se ke karabo ya me mo go ba ba botsang ditshwanelo tsa me. \p \v 4 Kgotsa a ga ke na ditshwanelo gotlhelele? A ga nkake ka batla tshwanelo e e tshwanang le e baaposetoloi ba bangwe ba nang nayo ya go nna moeng mo magaeng a lona? \v 5 Fa ke ne ke na le mosadi; mme e le modumedi, a ke ne ke se ka ke ka tsamaya nae mo maetong ame jaaka barutwa ba bangwe ba dira, le jaaka bakaulengwe ba Morena ba dira, le jaaka Petere a dira \v 6 A ke nna le Barenabase re le rosi ba re tshwanetseng go direla botshelo jwa rona, fa lona lo abela ba bangwe ba? \p \v 7 Ke lesole lefe mo ntweng le le tshwanetseng go ituelela ditshenyegelo tsa lone. Mme a lo kile lwa utlwa kaga molemi yo o ithobelang thobo ya gagwe mme a sena tshwanelo ya go ja sengwe mo go yone? Ke modisa ofe yo o tlhokomelang letsomane la dinku le dipodi mme a sa letlelelwa go nwa mashi a tsone? \v 8 Mme ga ke kwale fela megopolo ya batho ka se se siameng. Ke lo bolelela se molao wa Modimo o se buang. \v 9 Gonne molao o Modimo o o neetseng Moshe wa re ga lo a tshwanela go fapa pelesa molomo go e itsa go ja fa e gataka e photha mabele. A lo gopola gore Modimo o ne o akanya kaga dipelesa fela fa o ne o rialo? \v 10 A o ne o sa akanye le kaga rona? Ee, go ntse jalo. O ne o bua se go re supegetsa gore badiri ba Sekeresete ba tshwanetse go duelwa ke ba ba ba direlang. Ba ba lemang le ba ba phothang ba tshwanetse go solofela seabe sengwe mo thobong. \p \v 11 Re jetse peo e e molemo ya semowa mo dipelong tsa lona. A ga go tshwanele fa re lopa dijo le diaparo mo go lona? \v 12 Lo di naya ba ba lo rerelang, ebile lo tshwanetse. Mme a ga re a tshwanela go nna le e leng tshwanelo e kgolo mo go bone? Le fa go ntse jalo ga re ise re ke re dirise tshwanelo e, mme re ithusa ka bo rona kwa ntle ga thuso ya lona. Ga re ise re kope tuelo ya mofuta ope re boifa gore, fa re dira jalo, lo ka nna le kgatlhego e potlana mo molaetseng wa ga Keresete o o tlang ka rona. \p \v 13 A galo lemoge gore Modimo o boleletse ba ba neng ba dira mo Tempeleng ya gagwe go itseela dingwe tsa dijo tse di neng di tlisitswefoo e le dimpho tsa one? Mme ba ba dirang mo Aletareng ya Modimo ba tsaya seabe sa dijo tse di neng di tlisitswe ke ba ba neng ba abela Morena. \p \v 14 Ka tsela e e ntseng jalo, Morena o ntshitse ditaolo gore ba ba rutang Mafoko a a Molemo ba tshwanetse go otlwa ke ba ba a amogelang. \v 15 Le fa go ntse jalo ga ke ise ke ke ke lo kope le fa ele ledi le le lengwe. Mme ga ke kwale se go lo tlhagisa gore ke batla go simolola, legale, ke ka mpa ka swa ke bolawa ke tlala go na le go latlhegelwa ke boitumelo jo ke bo bonang mo go lo rereleng kwa ntle ga tuelo. \v 16 Gonne go rera Mafoko a a Molemo ga se tlotla epe mo go nna, ke ne ke ka se ke ka lesa go rera fa ke ne ke batla. Ke tlaa bo ke tlhomola pelo gotlhelele. A go latlhege nna fa ke sa rere. \p \v 17 Fa ke ne ke dira ka go ithaopa ga go rata ga me, jalo Morena o ne a tlaa nnaya tuelo e e faphegileng; mme seo ga se one mabaka, gonne Modimo o ntshitse wa nnaya tsholofelo e, e e boitshepo mme ga go na se ke ka se dirang. \p \v 18 Ka mabaka a, tuelo ya me ke eng? Ke boitumelo jo bo faphegileng jo ke bo bonang mo go rereng Mafoko a a Molemo kwa ntle ga tshenyegelo mo go ope, ke sa kope ditshwanelo tsa me. \s1 Paulo o itira motlhanka \p \v 19 Mme mo go na le thuso tota: ga ke a tlamega go obamela ope fela ka ntlha ya go bo a ntuela; le fa go ntse jalo ke na le kgololesego le boitumelo go nna motlhanka wa botlhe gore ke kgone go ba gapela mo go Keresete. \v 20 Fa ke na le Bajuta ke lebega ke le mongwe wa bone gore ba tle ba reetse Mafoko a a Molemo le go ka ba gapela mo go Keresete. Fa ke na le Badichaba ba ba latelang mekgwa le mediro ya Sejuta ga ke ganetse, le mororo ke sa dumalane nabo, ka gore ke batla go ba thusa. \v 21 Fa ke na le baheitane ke dumalana le bone jaaka ke ka kgona, le fa go ntse jalo ke ntse ke itse gore ke tshwanetse ka metlha yotlhe go dira se se siameng jaaka Mokeresete. Mme jalo ka go dumalana nabo, ke ka gapa digakolodi tsa bone le go ba thusa le bone. \p \v 22 Fa ke na le ba digakolodi tsa bone di leng bokoa, ga ke dire jaaka e ka re ke itse gotlhe ga ke ba bitse dieleele; pheletso ke gore ba eletsa gore ke ba thuse. Ee, le fa motho a ntse jang, ke leka go bona seemo se se motlhofo ka ene go re a tle a ntetle go mmolelela kaga Keresete le go letla Keresete gore a mmoloke. \p \v 23 Ke dira se go ba tlisetsa Mafoko a a Molemo le tshegofatso e nna ka bo nna ke e amogelang fa ke ba bona ba tla mo go Keresete. \p \v 24 Mo lobelong, mongwe le mongwe o a siana mme motho a le mongwe fela a gape sekgele sa ntlha. Jalo sianang lobelo lwa lona go gapa sekgele. \v 25 Go gapa sekgele mo kgaisanong lo tshwanetse go itatola bolona le dilo di le dintsi tse di ka lo kganelang go dira ka botlalo. Mosiami o tsena mo matshwenyegong a le mantsi fela go gapa talama e tala kgotsa senwelo sa gauta, mme rona re direla tuelo ya selegodimo e e sa ka keng ya nyelela. \v 26 Jalo ke sianela fela kwa bofelong ka maikaelelo mo kgatong nngwe le nngwe, ke lwela go fenya. Ga ke lwele lefela kgotsa dinyana. \v 27 Jaaka mosiami ke otlhaya mmele wa me, ke o tsenya mo pitlaganong, gongwe ke kaiwe ke sa itekanela mme ke laolalwe go emela fa thoko. \c 10 \s1 Ba ba sa reetseng Modimo \p \v 1 Gonne ga re a tshwanela go lebala, bakaulengwe ba ba rategang, se se diragaletseng batho ba ga rona mo sekakeng bogologolo. Modimo o ne wa ba etelela pele ka leru le le neng le tsamaya kwa pele ga bone; mme o ne wa ba ralatsa botlhe sentle metsi a Lewatle je Lehibidu. \p \v 2 Se se ka nna sa bidiwa e le “kolobetso” ya bone, —ba kolobeditswe botlhe mo lewatleng le mo lerung! —jaaka balatedi ba ga Moshe, boineelo jwa bone mo go ene jaaka moeteledi-pele wa lona. \v 3-4 Mme ka kgakgamatso wa ba romelela dijo go ja le metsi go nwa gone kwa sekakeng; ba ne ba a nwa metsi a Keresete o ba a neileng. O ne a le teng a na le bone jaaka Lefika le le nonofileng la thudiso ya semowa. \v 5 Le fa go ntse jalo bontsi jwa bone botlhe ba ne ba se ka ba utlwa Modimo, mme o ne a ba nyeletsa mo sekakeng. \p \v 6 Mo thutong e re tlhagisiwa gore ga re a tshwanela go eletsa dilo tse di bosula jaaka ba ne ba dira, \v 7 le eseng go obamela medimo ya disetwa jaaka ba ne ba dira. (Dikwalo di re bolelela gore, “batho ba ne ba nna fa fatshe go ja le go nwa mme ba tloga ba nanoga ba bina,” ba obamela namane ya gauta), modimo wa sesetwa. \p \v 8 Thuto e nngwwe ya rona ke kaga se se neng sa direga fa bangwe ba bone ba leofa le basadi ba banna ba bangwe, mme dikete di le masome a mabedi le boraro tsa a swa ka letsatsi. \v 9 Mme se leke bobelotelele jwa Morena, ba ne ba dira jalo, mme ba a swa, ba bolawa ke malomo a noga. \v 10 Le gone o se ka wa ngongoregela Modimo le tirisano ya one le wena, jaaka bangwe ba bone ba ne ba dira, gonne ke gone ka moo Modimo o ileng wa romela moengele wa one go ba nyeletsa botlhe. \p \v 11 Dilo tse tsotlhe di ba diragaletse e le dikai, jaaka dithuto tsa boitlamo mo go rona go re tlhagisa gore re seka ra dira jaaka bone; dilo tse di kwadilwe gore re tle re bale kaga bone le go ithuta mo go bone mo malatsing ano a bofelo jaaka lefatshe le le gaufi le bokhutlo jwa lone. \p \v 12 Jalo itlhokomeleng. Fa lo akanya, lo re, “Oo, ga nka ke ka tlhola ke tshwara jalo gape”, a se e nne tlhagiso mo go lona. Gonne le lona lo ka wela mo sebeng. \v 13 Mme gakologelwang se, dikeletso tse di bosula tse di tlang mo botshelong jwa lona ga se sepe se sesha le se se pharologanyo. Ba le bantsi ba ne ba lebagana le mathata a a ntseng fela jalo pele ga lona. Mme ga go na thaelo epe e e sa kganelesegeng. Lo ka tshepa Modimo go kganela thaelo gore e se ka ya nna le thata mo lo sa ka keng lwa e fenya, gonne Morena o solofeditse se, mme o tlaa diragatsa se a se buileng. O tlaa lo supegetsa ka fa lo ka falolang nonofo ya thaelo ka gone gore lo kgone go itshoka kgatlhanong le yone. \v 14 Jalo ditsala tse di rategang, tshabang kobamelo nngwe le nngwe ya medimo ya disetwa. \s1 Re mmele o le mongwe \p \v 15 Lo batho ba ba botlhale. Bonang ka bo lona gore a se ke tlogang ke se bua ke boammaaruri. \p \v 16 Fa re kopela senwelo sa mofine tshegofatso fa Lomating lwa Morena, a se ga se reye gore, botlhe ba ba se nwang ba tlhakanela tshegofatso ya madi a ga Keresete? Mme fa re ngathoganya senkgwe se go ja mmogo, se se supa gore rotlhe re tlhakanetse dithuso mo mmeleng wa gagwe. \v 17 Ga go re sepe gore re kae foo, rotlhe re ja mo senkgweng se le sengwe fela, go supa gore rotlhe re ditokololo tsa mmele o le mongwe wa ga Keresete. \v 18 Mme batho ba Sejuta botlhe ba ba jang ditlhabelo ba kopa nngwa ka yone tiro eo. \p \v 19 Keleka go reng? A ka re medimo ya disetwa o baheitane ba e leretseng ditlhabelo e a tshela ka boammaaruri le gore ke medimo tota, le gore a ditlhabelo tse di na le tlhwatlhwa nngwe? Nnyaa, ga ke rialo. \v 20 Se ke se buang ke gore batho ba ba ntshetsang medimo e ya disetwa dijo, ba ikopantse mmogo mo go direleng mewa e e maswe ditlhabelo, tota e seng Modimo. Mme ga ke rate ope wa lona a nna le kabelo epe le mewa e e maswe fa loo ja dijo tse di tshwanang le tsa baheitane, tse di diretsweng mewa e e maswe. \p \v 21 Ga lo kake lwaa nwa senwelo fa lomating lwa bojelo lwa Morena le fa go lwa ga Satane. Ga lo kake lwaa ja senkgwe fa lomating lwa Morena le fa lomating lwa ga Satane. \v 22 Ke eng? A o leka Morena go go galefela. A o nonofile go mo feta? \v 23 O gololesegile go ja dijo tse di abetsweng medimo ya disetwa fa o batla go di ja; ga se kgatlhano le molao wa Modimo go ja dijo tse di ntseng jalo, mme ga go reye gore o tswelele pele go go dira. Go ka nna ga letlelesega, mme ga go kake ga nna botoka ga ba ga nna le thuso epe. \v 24 Se ikakanyetse fela ka bo wena. Leka go akanyetsa motho yo mongwe le ene, le se se mo siametseng. \s1 Go gololesega ga badumedi mo dijong \p \v 25 Se lo tshwanetseng go se dira ke se: Jaang nama nngwe le nngwe e lo e batlang e e rekisiwang kwa matlhabelong. Se botseng gore a e ka ne e abetswe medimo ya disetwa, e se re kgotsa karabo ya lo koafatsa. \v 26 Gonne lefatshe le sengwe le sengwe se se molemo mo go lone ke sa Morena ebile ke sa gago go se akola. \p \v 27 Fa mongwe yo e seng Mokeresete a go kopa go ya dijong nae, tswelelang amogela taletso fa o batla. Ja sengwe le sengwe se se mo lomating lwa bojelo o se ka wa botsa dipotso dipe kaga sone. Mme ga o nke o itse go re a di diretswe medimo ya disetwa kgotsa nnyaa, le gone ga o kitla o nna le segakolodi se se bokoa morago ga o di ja. \v 28 Mme fa mongwe a go tlhagisa gore nama e e abetswe medimo ya disetwa jalo se e je ka ntlha ya motho yo o go boleletseng, le ka segakolodi sa gagwe. \v 29 Mo lebakeng le, maikutlo a gagwe kaga tsone ke selo sa botlhokwa, e seng a gago. Mme o ka botsa gore ka go reng, a ke tshwanetse go kaelwa le go laolelwa ka se mongwe a se akanyang? \v 30 Fa ke ka leboga Modimo ka dijo mme ke di itumelela ke eng fa mongwe a ka letlelelwa go senya sengwe le sengwe fela ka gore o akanya gore ga se a siama? \v 31 Go siame, ke tlaa lo bolelela gore ke eng. Ke ka gore o tshwanetse go dira sengwe le sengwe mo kgalaletsong ya Modimo, le e leng go ja le go nwa ga gago. \v 32 Jalo se nne sekgopi mo go ope, le fa e ka bo e le Bajuta, kgotsa Badichaba kgotsa Bakeresete. \v 33 Seo ke leano le ke le latelang le nna. Ke leka go itumedisa mongwe le mongwe mo go sengwe le sengwe se ke se dirang, e seng go dira se ke se ratang kgotsa se se ntshwanetseng, fa e se se se siametseng ba bangwe, gore ba tle ba bolokwe. \c 11 \s1 Go rwala le go sa rwaleng tlhoro \p \v 1 Mme lo tshwanetse go latela sekao sa me, fela jaaka ke latela sa ga Keresete. \v 2 Ke a itumela, bakaulengwe ba ba rategang, ka gore lo ntse lo gakologelwa ebile lo dira dilo tsotlhe tse ke lo di rutileng. \p \v 3 Mme go na le sengwe se ke batlang go lo gakolola kaga sone: gore mosadi o kafa tlase ga taolo ya monna wa gagwe, monna wa gagwe o ka fa tlase ga taolo ya ga Keresete, Keresete ene o ka fa tlase ga taolo ya Modimo. \p \v 4 Ke gone ka moo, fa monna a gana go rola hutshe fa a rapela kgotsa a rera, o tlontlolola Keresete. \v 5 Mme ke gone ka moo mosadi yo o rapelang kgotsa a porofesa mo pepeneneng a sa rwala sepe mo tlhogong o tlontlolola monna wa gagwe (gonne go rwala ga gagwe ke sesupo sa gore o ka fa tlase ga taolo ya monna.) \v 6 Ee, fa a gana go rwala tukwi, o tshwanetse go beola moriri wa gagwe otlhe mme fa go tlhabisa ditlhong gore mosadi a beolwe, jalo o tshwanetse go rwala sengwe mo tlhogong. \v 7 Mme monna ga a a tshwanela go rwala sepe mo tlhogong (fa a obamela Modimo), gonne monna ke setshwano le kgalalelo ya Modimo; mme mosadi ke kgalalelo ya monna. \v 8 Monna wa ntlha ga a tswa mo mosading, mme mosadi wa ntlha ene o dule mo monneng. \v 9 Le Adamo, monna wa ntlha, o ne a sa direlwa thuso ya ga Efa, mme Efa o ne a diretswe Adamo. \v 10 Jalo mosadi o tshwa-netse go bipa tlhogo ya gagwe e le sesupo sa gore o ka fa tlase ga taolo ya monna, e le lebaka la gore baengele ba mo lemoge ba bo ba mo itumelele. \p \v 11 Mme gakologelwang gore mo leanong la Modimo banna le basadi ba a tlhokana. \v 12 Gonne le fa mosadi wa ntlha a dule mo monneng, banna botlhe ba tsetswe ke basadi go tloga foo, mme banna le basadi ba tswa mo Modimong Mmopi wa bone. \p \v 13 Lona ka bo lona lo akanya jang kaga selo se? A go siame gore mosadi a rapele mo pepeneneng a sa bipa tlhogo? \v 14-15 A ga se gore le yone tlholego e re ruta gore ditlhogo tsa basadi di tshwanetse go bipiwa? Gonne basadi ba ikgantsha ka meriri ya bone e meleele, fa monna yo o moriri moleele o mo tlhabisa ditlhong. \v 16 Mme fa mongwe a batla go ganetsa kaga mo, gotlhe mo ke ka go buang ke gore ga re rute sepe se sele go na le se, gore mosadi o tshwanetse go ipipa tlhogo fa a rapela kgotsa a porofesa mo phuthegong, mme diphuthego tsotlhe di ikutlwa ka mokgwa o le mongwe kaga se. \p \v 17 Se sengwe mo thulaganyong ya me ya dilo tse ke lo kwalelang ka ga tsone ke sengwe se ke se ka keng ka dumalana le sone. Gonne go utlwala jaaka e ka re go kopana ga lona mo selalelong go dira bosula go na le tshiamo. \v 18 Mongwe le mongwe o aga a mpolelela kaga kganetsanyo e e nnang mo dikopanong tse, le dikgaogano tse di tsogang magareng ga lona ebile ke setse ke rata go dumela. \v 19 Mme ke gopola gore lo utlwa mo go le botlhokwa mo e leng gore lona ba lo agang lo siame lo tlaa itse lo bo lo gakologelwa! \p \v 20 Fa lo kopana lotlhe go ja, ga se Selalelo sa Morena se lo se jang, \v 21 mme ke sa lona. Gonne ke boleletswe gore mongwe le mongwe o itlhaganelela go phamola dijo tsotlhe tse a ka di kgonang go na le go letela go di kgaogana le ba bangwe, jalo yo mongwe a tlhaelwe mme a tsamaye ka tlala fa ba bangwe ba nole ba tagilwe. \v 22 Ke eng? A mo ke boammaaruri tota? A ga lo kake lwa a ja lwa nwa kwa malapeng a lona, go tila go nyenyefatsa phuthego le go tlhabisa bahumanegi ditlhong ba ba se ka keng ba tlisa dijo. Ke tshwanetse go reng kaga dilo tse? A lo batla ke lo galaletsa? Ga ke dire jalo! \s1 Selalelo sa Morena \p \v 23 Gonne se ke se Morena ka boene o se buileng ka Lomati lwa gagwe, mme ke lo boleletse pele: Gore mo bosigong jo Judase o mo okileng ka jone, Jesu o ne a tsaya senkgwe, \v 24 mme ya re a sena go se lebogela mo Modimong, a se ngathoganya a se neela barutwa ba gagwe a re, “Tsayang se lo je. Se ke mmele wa me, o ke lo o nayang. Dirang se gore lo nkgakologelwe”. \p \v 25 Ka mokgwa o o tshwanang, a tsaya senwelo sa mofine morago ga selalelo a re, “Senwelo se ke kgolagano e ncha fa gare ga Modimo le lona, se se tlhomamisitsweng sa bo sa tsamaisiwa ka madi a me. Dirang se gore lo nkgopole ka nako tsotlhe fa lo se nwa”. \v 26 Gonne ka nako tsotlhe fa lo o ja senkgwe se lo bo lo nwa senwelo se, lo bolela molaetsa wa loso lwa Morena, gore o lo swetse. Dirang se go fitlhelela a tla gape. \p \v 27 Jalo fa mongwe a a ja senkgwe se a bo a a nwa mo senwelong se sa Morena a sa tshwanela, o leofela mmele le madi a Morena. \v 28 Ke gone ka moo motho o tshwanetseng go itshekatsheka ka kelotlhoko pele ga a a ja senkgwe a bo a a nwa mo senwelong. \v 29 Gonne fa a a ja senkgwe se a bo a a nwa mo senwelong a sa tshwanela, a sa akanye kaga mmele wa ga Keresete le go re o rayang, o a bo a inwela ebile a ijela tshekiso; gonne o tshameka ka loso lwa Morena. \v 30 Ke gone ka mo bontsi jwa lona lo leng bokoa ebile lo lwala, mme bangwe ba setse ba sule. \p \v 31 Mme fa lo itshekatsheka ka kelotlhoko pele ga lo o ja ga lo kitla lo atlholwa kgotsa lo otlhaiwa. \v 32 Le fa go ntse jalo fa re atlholwa re bo re otlhaiwa ke Morena, ke gore ga re kitla re senngwa le lefatshe lotlhe. \v 33 Jalo, bakaulengwe ba ba rategang, fa lo phuthaganela sejo sa Morena, ebong tirelo ya Selalelo, letelang ba bangwe; \v 34 fa mongwe a tshwerwe ke tlala thata o tshwanetse go ja kwa lapeng gore a se ka a itlisetsa kwatlhao fa lo phuthega lotlhe. Ke tlaa buisana le lona kaga dilo tse dingwe morago ga ke goroga. \c 12 \s1 Dineo tsa Mowa O O Boitshepo \p \v 1 Mme jaanong bakaulengwe, ke batla go kwala kaga dineo tse di faphegileng tse Mowa O O Boitshepo o di nayang bangwe le bangwe ba lona, gonne ga ke batle tlhoka-kutlwisisanyo kaga tsone. \v 2 Lo tlaa gakologelwa gore pele ga lo nna Bakeresete lo ne lo tlhatlologanya medimo ya disetwa, lo tswa mo go o lo tsena mo go o mongwe, go se ope wa yone o o neng o ka bua lefoko le le lengwe. \v 3 [Mme jaanong lo kopana le batho ba ba reng ba bua melaetsa e e tswang mo Moweng wa Modimo.] Lo itse jang gore ba tlhotlheleditswe ke Modimo tota kgotsa ke batsietsi? Itlhatlhobo ke e: ga go na ope yo o buang ka nonofo ya Mowa wa Modimo yo o ka hutsang Jesu, le gone ga go na ope yo o ka reng, “Jesu ke Morena,” mme e le boammaaruri, fa a sa thusiwe ke Mowa O O Boitshepo. \p \v 4 Jaanong Modimo o re naya mefuta e mentsi ya dineo tse di faphegileng, mme ke Mowa O O Boitshepo o le mongwe fela o e leng one motswedi wa tsone tsotlhe. \v 5 Go na le mefuta e e farologanyeng ya ditirelo Modimo, mme ke Morena a le mongwe fela yo re mo direlang. \v 6 Go na le ditsela di le dintsi tse Modimo o dirang ka tsone mo matshelong a rona, mme ke Modimo o le mongwe fela o o dirang tiro mo go rona rotlhe ba re leng ba one. \v 7 Mowa O O Boitshepo o bonatsa nonofo ya Modimo mo go mongwe le mongwe wa rona e le go thusa phuthego yotlhe. \p \v 8 Motho mongwe mowa o mo naya nonofo go ntsha kgakololo e e siameng; mongwe o ka bo a siame thata ka fa go ithuteng le go ruta, mme se ke mpho ya gagwe e e tswang e ntse e le mo go one Mowa O O Boitshepo. \v 9 O naya yo mongwe tumelo e e faphegileng, yo mongwe nonofo ya go fodisa balwetse. \v 10 O naya bangwe nonofo ya go dira dikgakgamatso, ba bangwe nonofo ya go porofesa le go rera, o naya mongwe nonofo ya go itse fa mewa e e bosula e bua mo go ba ba ipitsang gore ba naya melaetsa ya Modimo, kgotsa gore a ke one tota Mowa wa Modimo o o buang. Fela jalo, motho yo mongwe o kgona go bua dipuo tse a iseng a ke a di ithute; mme ba bangwe ba ba sa itseng puo, ba newa nonofo ya go tlhaloganya se a se buang. \v 11 E ntse ke one Mowa O O Boitshepo fela o o nayang dimpho tsotlhe le dinonofo, go bona gore mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go newa eng. \s1 Mmele o le mongwe \p \v 12 Mebele ya rona e na le ditokololo di le dintsi, mme ditokololo tse dintsi di dira mmele o le mongwe fela fa di kopantswe. Go ntse fela jalo ka “mmele” wa ga Keresete. \v 13 Mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya mmele wa ga Keresete. Bangwe ba rona ke Bajuta, bangwe ke Badichaba, bangwe ke magolegwa mme bangwe ba gololesegile. Mme Mowa O O Boitshepo o re tshwaragantse mmogo mo mmeleng o le mongwe. Re kolobeditswe mo mmeleng wa ga Keresete ka Mowa o le mongwe, ra bo ra newa one Mowa O O Boitshepo oo. \p \v 14 Ee, mmele o na le ditokololo tse dintsi, e seng tokololo e le nngwe fela. \v 15 Fa lonao lo re, “Ga ke tokololo ya mmele ka gore ga ke letsogo,” seo ga se dire lonao tokololo e potlana ya mmele. \p \v 16 Mme o ne o ka reng fa o utlwa tsebe e re, “Ga ke tokololo ya mmele ka gore ke tsebe fela, ga ke leitlho”. A seo se ne se tlaa e dira tokololo e potlana ya mmele? \p \v 17 A re re fa mmele otlhe e ne e le leitlho, o ne o ka utlwa jang? Kgotsa mmele wa gago otlhe fela e le tsebe e le nngwe e tona, o ne o ka dupelela jang? \v 18 Mme ga se kafa Modimo o re dirileng ka gone. O diretse mebele ya rona ditokololo di le dintsi thata, mme wa baya tokololo nngwe le nngwe fa o e batlang gone. \v 19 Go ne go tlaa hakgamatsa jang fa mmele o ne o na le tokololo e le nngwe fela? \v 20 Jalo o dirile ditokololo tse dintsi, mme le fa go ntse jalo, mmele o ntse o mongwe fela. \p \v 21 Leitlho ga le kake la raya letsogo la re, “Ga ke go batle,” Tlhogo ga e kake ya raya dinao ya re, “Ga ke lo batle”. \p \v 22 Mme ditokololo dingwe tse di lebegang di le bokoa ebile di se botlhokwa thata ke tsone tota tse di tlhokegang thata, \v 23 mme ditokololo tse re akanyang gore ga di botlhokwa thata, re di eleng tlhoko thata; fa ditokololo tsa mmele tse di sa lebegeng di le dintle thata di amogela kelotlhoko e e faphegileng, \v 24 fa tota ditokololo tse di ka bonwang di sa batle tlhokomelo e e faphegileng e. Jalo Modimo o bopile mmele ka tsela e e leng gore tlotlo le tlhokomelo di newe ditokololo tse di lebegang di sa tlotlwa thata. \v 25 Se se dira boitumelo mo ditokololong, gore ditokololo tse di nne le tlhokomelo e e tshwanelang tse dingwe gore di itirele ka bo tsone. \v 26 Fa tokololo nngwe e utlwa botlhoko, ditokololo di utlwa botlhoko nayo, mme fa tokololo e le nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di a itumela. \p \v 27 Jaanong se ke batlang go se bua ke se: Lotlhe lo mmele o le mongwe fela wa ga Keresete mme mongwe le mongwe wa lona ke tokololo e e faphegileng e e tlhokegang ya one. \v 28 Thulaganyo ya ditokololo dingwe tse a di beileng mo phuthegong ya gagwe ke e, e e leng mmele wa gagwe: Baporofiti—bao ba rerang Lefoko la Modimo, Baruti, bao ba dirang dikgakgamatso, bao ba nang le neo ya phodiso, bao ba ka thusang ba bangwe, bao ba ka dirang ba bangwe gore ba dire mmogo, bao ba ba buang ka diteme tse ba sa di ithutang. \p \v 29 A mongwe le mongwe ke moaposetoloi? Nnyaa. A mongwe le mongwe ke moreri? Nnyaa. A botlhe ke baruti? A mongwe le mongwe o na le nonofo go dira dikgakgamatso? \v 30 A mongwe le mongwe o ka fodisa bolwetse? Nnyaa. A Modimo o re naya rotlhe nonofo ya go bua ka diteme tse re sa di ithutang? A mongwe fela o ka tlhaloganya a bo a ranola se se buiwang ke ba ba nang le neo ya puo ya seeng? \v 31 Nnyaa, leka bojotlhe jwa gago go nna le neo e e di gaisang tsotlhe. Pele, le fa go ntse jalo, mma ke go bolelele sengwe se sele se se botoka go di gaisa tsotlhe! \c 13 \s1 Se segolo ke lorato \p \v 1 Fa ke ne ke na le mpho ya go kgona go bua dipuo tse dingwe tse ke sa di ithutang le go ka bua puo nngwe le nngwe e e mo legodimong le mo lefatsheng lotlhe, mme ke sa rate ba bangwe, ke tlaa bo ke ne ke tsosa modumo fela. \v 2 Fa ke ne ke na le mpho ya go porofesa ebile ke itse tsotlhe tse di tlaa diragalang mo lobakeng lo lo tlang, ke itsile sengwe le sengwe kaga sengwe le sengwe, mme ke sa rate ba bangwe, go ne go ka dira molemo wa eng? Le fa ke ne ke na le mpho ya tumelo mo e leng gore ke ne ke ka bua le thaba ka e dira gore e sute, ke ne ke tlaa bo ke santse ke sena mosola gotlhelele fa ke sena lorato. \v 3 Fa ke abetse bahumanegi sengwe le sengwe se ke nang naso, le fa e le gore ke tshubetswe go rera Mafoko a a Molemo, mme ke ne ke sa rate ba bangwe, go ka bo go sena molemo ope. \p \v 4 Lorato lo pelotelele lo bile lo pelonomi, ga lo pelotshetlha kgotsa lefufa, ga lo ikgantshe kgotsa go ipelafatsa, \v 5 ga lo ikgodise kgotsa ga lo ikgapele ebile ga lo makgakga. Lorato ga lo batle tsela ya lone fela. Ga lo rumolesege kgotsa go amega. Ga lo tshole ka pelo ebile ga lo nke lo tlhokomela le fa ba bangwe ba lo direla phoso. \v 6 Ga lo ko lo itumelela tshiamololo mme lo itumelela boammaaruri ka nako tsotlhe. \v 7 Fa o rata yo mongwe o tlaa nna le boammaaruri mo go ene go sa re sepe gore go a reng. O tlaa aga o dumela mo go ene, o solofela tse di molemo mo go ene, ebile o mo femela ka gale ka boammaaruri. \p \v 8 Dimpho tsotlhe tse di faphegileng le dinonofo tse di tswang kwa Modimong e tlaa re letsatsi lengwe di tle mo bokhutlong, mme lorato lo tswelela ka bosakhutleng. Letsatsi lengwe seporofeso, go bua dipuo tse di sa itsiweng le kitso e e faphegileng, dimpho tse di tlaa nyelela. \p \v 9 Jaanong re itse go le gonnye fela, le kaga dimpho tsa rona tsa botlhokwa le thero ya ba ba filweng go rera thata. Mme thero ya bone e santse e le bokoa, \v 10 mme fa se se itekanetseng se tla, se se sa itekanelang se tlaa nyelela. \p \v 11 Mme go ntse jaana: erile ke sa le ngwana ke ne ke bua ebile ke akanya jaaka ngwana. Mme ya re ke nna monna megopolo ya gola go feta ya bonyana jwa me, mme jaanong ke tlogetse dilo tsa sengwana. \p \v 12 Mme fela jalo, re ka bona ra bo ra tlhaloganya go le gonnye fela kaga Modimo, jaaka ekete re lebetse tsabakelo ya gagwe mo seiponeng se se letobo; mme letsatsi lengwe re tlaa mmona fela jaaka a ntse, re lebane mo matlhong. Mme gompieno ke santse ke le mo letobong, mme e tlaa re kwa morago ke tlaa bona sengwe le sengwe sentle; fela jaaka Modimo o bona mo teng ga pelo ya me gompieno. \p \v 13 Go na le dilo di le tharo tse di salang, tumelo, tsholofelo le lorato, mme se se tona mo dilong tse ke lorato. \c 14 \s1 Botlhokwa jwa Neo ya go ruta \p \v 1 A lorato e nne lone maikaelelo a lona a magolo; le fa go ntse jalo, kopang le tsone dineo tsa botlhokwa tse Mowa O O Boitshepo o di nayang mme bogolo thata mpho ya seporofeso, go kgona go rera molaetsa wa Modimo. \p \v 2 Mme fa mpho ya gago e le ya go “bua ka diteme,” ke gore go bua ka dipuo tse o iseng o ke o di ithute, o tlaa bo o bua le Modimo e seng le batho ba bangwe, ka gonne ga ba kitla ba kgona go go tlhaloganya. O tlaa bo o bua ka nonofo ya Mowa mme e tlaa bo e le sephiri. \v 3 Mme yo o porofesang, a rera melaetsa ya Modimo, o thusa ba bangwe go gola mo Moreneng, go ba kgothatsa le go ba gomotsa. \v 4 Jalo motho yo o “buang ka diteme” o ithusa go gola mo moweng, mme yo o porofesang, a rera melaetsa e e tswang kwa Modimong, o thusa phuthego yotlhe go gola mo boitshepong le mo boitumelong. \v 5 Ke eletsa fa lotlhe lo ka bo lo na le mpho ya go “bua ka diteme,” mme le e leng go feta foo. Ke eletsa fa lotlhe lo ka bo lo kgona go porofesa, lo rera melaetsa ya Modimo, gonne seo ke nonofo e kgolo e e nang le mosola thata go na le go bua dipuo tse di sa itsiweng, fa e se fela fa o ka bolelela batho botlhe kwa morago gore o ne o rayang, gore le bone polelo ya gago e tle e ba solegele molemo. \p \v 6 Ditsala tse di rategang, le fa e le nna ke tla kwa go lona ke bua dipuo tse lo sa di tlhaloganyeng, moo go ka lo thusa ka eng? Mme fa ke bua ka tlhamalalo se Modimo o se ntshenoletseng, ke lo bolelela dilo tse ke di itseng, le se se tlaa diregang le boammaaruri jo bogolo jwa Lefoko la Modimo, seo ke selo se lo se tlhokang; ke sone se se tlaa lo thusang. \v 7 Le fa e le diletso jaaka phala kgotsa harepa, ke dikai tsa tlhokego ya go bua puo e e utlwalang, go na le go bua ka dipuo tse di sa itsiweng. Gonne ga go ope yo o ka tlhaloganyang modumo o phala e o tshamekang fa e se ntlha nngwe le nngwe ya molodi e utlwala sentle. \v 8 Mme fa moletsa-phala wa mophato a sa letse phala sentle, masole a tlaa itse jang gore ba bilediwa go ya ntweng. \v 9 Ka tsela e e ntseng jalo, fa o bua le motho ka puo nngwe e a sa e tlhaloganyeng, o tlaa itse jang gore o rayang? Go ka bo go tshwana fela le motho a bua a le nosi. \p \v 10 Ke dumela gore go na le makgolo kgolo a dipuo tse di farologanyeng mo lefatsheng, mme tsotlhe di siametse ba ba di tlhaloganyang, \v 11 mme mo go nna ga di reye sepe. Motho yo o buang le nna ka nngwe ya dipuo tse o tlaa bo a le moeng mo go nna le nna ke tlaa bo ke le moeng mo go ene. \v 12 E re ka lo tshwenyegile thata go nna le dimpho tse di faphegileng tse di tswang mo Moweng O O Boitshepo, mo kopeng tse di botoka thata, tse di tlaa nnang le thuso thata mo phuthegong yotlhe. \p \v 13 Fa mongwe a neilwe mpho ya go bua ka diteme tse di sa itsiweng, o tshwanetse go rapelela mpho ya go itse se a se buileng gore a tle a kgone go tlhalosetsa batho sentle se a neng a se bua. \v 14 Gonne fa ke rapela ka puo e ke sa e tlhaloganyeng, mowa wa me o a rapela mme nna ga ke itse se ke se buang. \p \v 15 Mme jalo he, ke tlaa dirang? Ke tlaa di dira ka bobedi. Ke tlaa rapela ka diteme tse di sa itsiweng le ka puo fela e mongwe a e tlhaloganyang. Ke tlaa opela ka diteme tse di sa itsegeng le ka puo fela ya gale, gore ke tle ke tlhaloganye pako e ke e opelang; \v 16 gonne fa o baka ebile o leboga Modimo ka mowa fela, o bua ka loleme lo longwe, ba ba sa go tlhaloganyeng ba ka baka Modimo jang le wena? Ba ka tlhakanela jang tebogo le wena fa ba sa itse gore wa reng? \p \v 17 O tlaa bo o leboga sentle thata, fa go belaesega, mme batho ba bangwe ba ba leng teng ga ba kitla ba thusega. \v 18 Ke leboga Modimo go bo ke “bua ka diteme” mo sephiring go lo gaisa lotlhe. \v 19 Mme mo kobamelong e e mo pepeneneng ke ka bua mafoko a le matlhano a batho ba ka a tlhaloganyang a bo a ba thusa, go na le mafoko a a dikete di le lesome a a buiwang ka diteme ka puo e e sa itsiweng. \p \v 20 Bakaulengwe ba ba rategang, se nneng banyana mo go tlhaloganyeng dilo tse. Nnang banyana fa go logwa maano a bosula, mme lo nne batho ba ba botlhale mo go tlhaloganyeng dilo tsa mofuta o. \v 21 Re boleletswe mo dikwalong tsa bogologolo gore Modimo o tlaa roma batho go tswa mafatsheng a mangwe go bua ka dipuo tsa seeng mo bathong ba one, mme le fa go ntse jalo ga ba kitla ba reetsa. \p \v 22 Jalo a o a bona gore go kgona go “bua ka diteme” ga se sesupo sa bana ba Modimo kaga nonofo ya one, mme ke sesupo mo go ba ba sa bolokwang. Mme le fa go ntse jalo, seporofeso (go rera boammaaruri jo bo tibileng jwa Modimo) ke se Bakeresete ba se tlhokang, mme ba ba sa dumeleng ga ba ise ba go ipaakanyetse. \p \v 23 Mme le fa go ntse jalo, fa motho yo o sa bolokwang, a utlwa lotlhe lo bua dipuo tse dingwe, o a tshwanela go akanya gore lo a tsenwa. \v 24 Mme fa lo porofesa, lo rera Lefoko la Modimo, (le fa tota thero e e ntseng jalo bogolo e le ya badumedi) mme motho yo o sa bolokwang, kgotsa Mokeresete yo mosha a tsena, yo o sa tlhaloganyeng kaga dilo tse, dithero tse tsotlhe di tlaa dira gore a dumele gore ke moleofi, le segakolodi sa gagwe se tlaa tlhajwa ke sengwe le sengwe se a se utlwang. \v 25 E tlaa re fa a reeditse, dikakanyo tsa gagwe tsa sephiri di tlaa bewa mo pepeneneng mme o tlaa wela fa fatshe ka mangole a obamela Modimo, a bolela gore tota Modimo o teng mo gare ga lona. \s1 Thulaganyo ya kobamelo \p \v 26 Jaanong bakaulengwe ba me, a re oketseng se ke se buang. Fa lo kopana, bangwe ba tlaa opela, mongwe o tlaa ruta kgotsa a bolele kitsiso nngwe e Modimo o e mo neileng, kgotsa a bue puo e e sa itsegeng, kgotsa a bolele se yo mongwe a se buang ka puo e e sa itsegeng, mme sengwe le sengwe se se dirwang se tshwanetse go solegela botlhe molemo, le go ba aga mo Moreneng. \v 27 Go se nne palo e e fetang bobedi kgotsa boraro ya ba ba buang puo e e sa itsegeng, mme gape ba tshwanetse go bua ka go latelana mme mongwe o tshwanetse go ipaakanyetsa go ranola se ba se buang. \v 28 Mme fa go sena ope yo o ka ranolang, ga ba a tshwanela go buela kwa godimo. Ba tshwanetse go buela kwa tlase le Modimo ka puo e e sa itsegeng mme e seng mo pepeneneng. \p \v 29-30 Ba babedi kgotsa ba bararo ba ka porofesa ka tatelano fa ba na le mpho eo, ba bangwe botlhe ba reeditse. Mme fa mongwe a porofesa, mongwe o sele a amogela molaetsa kgotsa mogopolo mo Moreneng, yo o buang o tshwanetse go khutlisa puo ya gagwe. \v 31 Ka tsela e botlhe ba ba nang le mpho ya go porofesa ba ka bua ka tatelano, mme mongwe le mongwe o tlaa ithuta a bo a kgothatsega a bo a thusega. \v 32 Gakologelwang gore motho yo o nang le molaetsa o o tswang mo Modimong o na le nonofo ya go ikganela kgotsa go emela lobaka lwa gagwe gore lo tle. \v 33 Modimo ga se one o o ratang gore dilo di nne e seng ka fa thulaganyong le ka tsela e e tenang. O rata kutlwano, mme o e bona mo diphuthegong tsotlhe tse dingwe. \p \v 34 Basadi ba tshwanetse go didimala mo dikopanong tsa phuthego. Ga ba a tshwanela go akgela mo puisanyong, gonne ba ba botlana mo banneng jaaka dikwalo le tsone di bolela. \v 35 Fa ba na le potso go botsa, a ba botse banna ba bone kwa malapeng gonne ga go a siama gore basadi ba bue megopolo ya bone mo dikopanong tsa phuthego. \p \v 36 A ga lo dumele? A mme lo akanya gore kitso ya thato ya Modimo e a simologa ebile e felela ka lona Bakorinta? Fa lo rialo, lo a fosa! \p \v 37 Lona ba lo reng lo na le mpho ya go porofesa kgotsa nonofo nngwe e e tswang mo Moweng O O Boitshepo lo tshwanetse go nna ba ntlha go lemoga gore se ke se buang ke taolo e e tswang mo Moreneng ka bo ene. \v 38 Mme fa go na le mongwe yo o santseng a ganetsa, re tla mo tlogela mo boeleeleng jwa gagwe. \p \v 39 Jalo badumedi ka nna, eletsang go nna baporofiti gore lo kgone go rera molaetsa wa Modimo sentle; mme lo seka lwa re go phoso go “bua ka diteme,” \v 40 le fa go ntse jalo, tlhomamisang gore sengwe le sengwe se dirwa sentle mo tshiamong le mo thulaganyong. \c 15 \s1 Nonofo ya Modimo \p \v 1 Jaanong mmang ke lo gakolole, bakaulengwe, gore Efangele tota ke eng, gonne ga e a fetoga, e ntse ke one Mafoko a a Molemo a ke a lo reretseng pele. Lo a amogetse mme le gompieno lo santse lo le mo go one, gonne tumelo ya lona e agilwe ka go lekalekana mo godimo ga molaetsa o o hakgamatsang o; \v 2 mme ke Mafoko a a Molemo a, a a lo bolokang fa lo santse lo a dumela ka tlhomamo, fa e se fela fa lo ne lo se ka lwa a dumela lwa ntlha. \p \v 3 Ke lo boleletse fela go tswa kwa tshimologong se ke se boleletsweng gore Keresete o swetse dibe tsa rona fela jaaka Dikwalo di boletse. \p \v 4 Le gore o ne a fitlhwa le gore morago ga malatsi a le mararo o ne a tsoga mo phupung fela jaaka baporofiti ba boletse pele. \v 5 O bonywe ke Petere mme morago a bonwa ke botlhe “ba ba lesome le bobedi”. \v 6 Morago ga moo o bonywe ke bakaulengwe mo Moreneng ba feta makgolo a matlhano ka nako e le nngwe fela, ba bontsi jwa bone bo santseng bo tshela, le fa ba bangwe ba setse ba sule. \v 7 Mme Jakobe a mmona mme morago a bonwa ke baaposetoloi botlhe. \p \v 8 Morago ga bone botlhe le nna ka mmona, lobaka lo lo leele morago ga ba bangwe, jaaka e ka re ke tsetswe moragorago mabapi le se. \p \v 9 Gonne ke mmotlana mo baaposetoloing botlhe, ebile ke ne ke sa tshwanela go bidiwa moaposetoloi gotlhelele ka ntlha ya ka fa ke neng ke bogisa phuthego ya Modimo ka teng. \v 10 Mme se ke leng sone gompieno, ke ka ntlha ya gore Modimo o tshetse bopelonomi jo bogolo le tshegofatso mo go nna, e seng kwa ntle ga maduo: gonne ke dirile thata go gaisa baaposetoloi ba bangwe botlhe, le fa go ntse jalo e ne e sa dirwe ke nna, mme Modimo o dira mo go nna, go ntshegofatsa. \p \v 11 Ga go na pharologanyo epe mo go yo o dirileng thata, nna kgotsa bone; selo sa botlhokwa ke gore re lo reretse Efangele, le gore lo e dumetse. \s1 Go tsoga mo losong \p \v 12 Mme mpolelelang se! Ka lo dumela se re se rerang, gore Keresete o ne a tsoga mo baswing, ke eng fa bangwe ba lona ba re baswi ga ba kitla ba rula? \v 13 Gonne fa go se na tsogo ya baswi, jalo Keresete o tshwanetse a bo a santse a sule. \p \v 14 Mme fa a santse a sule, go raya gore thero yotlhe ya rona ga e na molemo le go tshepa Modimo ga lona ga go reye sepe, ga go na thuso, ga go na tsholofelo; \v 15 mme le rona baaposetoloi re maaka rotlhe ka gore re rile Modimo o tsositse Keresete mo phupung, mme moo ga se boammaaruri fa baswi ba sa rule. \v 16 Fa ba sa rule, jalo go raya gore Keresete o santse a sule, \v 17 ebile lo dieleele thata go tswelela lo tshepa Modimo go lo boloka, mme lo santse lo le ka fa tlase ga katlholo ya maleo a lona; \v 18 ka tsela eo, Bakeresete botlhe ba ba suleng ba latlhegile! \v 19 Mme fa go nna Mokeresete go re solegela molemo gompieno mo botshelong jo, re dibopiwa tse di tlhomolang pelo. \p \v 20 Mme boammaaruri ke gore Keresete o tsogile mo baswing mme a nna wa ntlha wa batho ba ba didikadike ba ba tlaa rulang letsatsi lengwe. \p \v 21 Loso lo tsile mo lefatsheng ka ntlha ya se motho a le esi (Adamo) o se dirileng, ebile ke ka ntlha ya se motho yo mongwe yo (Keresete) o se dirileng gore jaanong go nne le tsogo ya baswi. \v 22 Mongwe le mongwe o a swa ka ntlha ya gore rotlhe re ba losika lwa ga Adamo, re le maloko a lotso lwa gagwe a sebe, mme gongwe le gongwe kwa go nnang le sebe, loso lo a diragala. Mme botlhe ba losika lwa ga Keresete ba tlaa tsoga gape. \v 23 Mme le fa go ntse jalo mongwe le mongwe o tlaa tsoga ka fa thulaganong: Keresete o tsogile pele; mme fa Keresete a bowa, batho botlhe ba gagwe ba tlaa rula. \p \v 24 Morago ga moo bokhutlo bo tlaa tla fa o tlaa busetsang bogosi kwa go Modimo Rara, a beile fa fatshe baba botlhe ba mefuta mengwe le mengwe. \v 25 Gonne Keresete o tlaa nna Kgosi go fitlhelela a fenya baba botlhe ba gagwe, \v 26 mmogo le mmaba wa bofelo ebong, loso. Le lone lo tshwanetse go fenngwa lwa ba lwa khutlisiwa. \v 27 Gonne Keresete o neetswe puso le taolo mo dilong tsotlhe ke Rraagwe; fa e se fela gore, Keresete ga a buse Rara ka bo ene, yo o mo neileng nonofo ya go busa. \v 28 Fa Keresete a sena go fenya baba ba gagwe mo ntweng, mme ene Morwa Modimo, o tlaa ipaya ka fa tlase ga ditaolo tsa ga Rraagwe, gore Modimo o o mo neileng phenyo mo go sengwe le sengwe o nne mogolo mo go tsotlhe. \p \v 29 Fa baswi ba sa rule, jaanong go thusang gore batho ba kolobelediwe ba ba suleng? Ke eng fa lo go dira fa ele gore ga lo dumele gore letsatsi lengwe baswi ba tlaa tsoga. \p \v 30 Mme ke eng fa rona re aga re tsenya matshelo a rona mo diphatseng re lebagana le loso nako le nako? \v 31 Gonne ke boammaaruri gore ke lebagane le loso letsatsi le letsatsi; moo go boammaaruri fela jaaka boipelafatso jwa me mo go goleng ga lona mo Moreneng. \p \v 32 Mme go ne go na le thuso ya eng mo go lona go lwantsha dibatana tsa naga, ebong batho bale ba Efeso, fa e ne e le ka ntlha ya se ke se amogelang mo botshelong jono? Fa e le gore ga re kitla re tshela gape re sena go swa, le rona go ka nna botoka gore re tsamaye re ye go iitumedisa; a re jeng, re nweng, mme re itumeleng. Pharologanyo ke eng? Gonne ka moso re a swa, mme seo se lere sengwe le sengwe kwa bokhutlong. \p \v 33 Lo se ka lwa tsiediwa ke ba ba buang dilo tseo. Fa lo ba reetsa lo tlaa simolola go dira jaaka bone. \p \v 34 Itharabologelweng, lo tlogele go leofa. Gonne go tlhabisa ditlhong go re, bangwe ba lona ga se Bakeresete gotlhelele ebile ga ba ise ba ke ba itse Modimo. \p \v 35 Mme mongwe o ka botsa a re, “Baswi ba tlaa rudisiwa jang? Ba tlaa nna le mebele e e ntseng jang?” \v 36 Ke potso ya boeleele jang! Fa o tsenya peo mo mmung ga e gole e nna setlhatshana fa e se gore e “swe” pele. \p \v 37 Mme fa mogwang o motala o tswa mo teng ga peo, o pharologanyo thata le peo eo e o e jetseng lwa ntlha. Gonne se o se tsentseng mo mmung ke peo e nnye ya mabele e e omeletseng, kgotsa le fa e ka nna eng se o se jalang, \v 38 fela jalo Modimo o e neye mmele o montle o mosha, mofuta fela o o batlang e nna le one; ditlhatshana tse di farologaneng di tswa mo mofuteng mongwe le mongwe wa peo. \v 39 Mme fela jaaka go na le mefuta e e farologanyeng ya dipeo le ditlhatshana, fela jalo go na le mefuta e e farologanyeng ya nama. Batho, diphologolo, ditlhapi le dinonyane tsotlhe di a farologana. \p \v 40 Baengele ba ba mo legodimong ba na le mebele e e farologanyeng thata le ya rona, le bontle le kgalalelo ya mebele ya bone e farologanye le bontle le kgalalelo ya rona. \v 41 Letsatsi le na le kgalalelo e le nngwe fa ngwedi le dinaledi di na le mofuta o mongwe. Mme dinaledi le tsone di farologanye le tse dingwe ka bontle jwa tsone le phatsimo. \p \v 42 Fela jalo, mebele ya rona ya selefatshe e e swang, e bo e bola, e farologanye le mebele e re tlaa nnang le yone fa re rula, gonne ga e kitla ee swa. \v 43 Mebele e re nang nayo gompieno e a re bogisa gonne e a lwala ebile e a swa; mme e tlaa tlala kgalalelo fa re rula. Ee, e bokoa, mebele e e swang gompieno, mme fa re sena go rula e tlaa bo e tletse nonofo. \v 44 Ke mebele ya setho fela mo losong, mme fa e rula e tlaa bo e le mebele e e nonofileng thata. Gonne fela jaaka go na le mebele ya tlholego, go na le mebele e e nonofileng ya semowa. \p \v 45 Dikwalo di bolela gore motho wa ntlha Adamo, o ne a neilwe mmele wa tlholego, mme Keresete o feta moo, gonne o ne a le Mowa o o nayang botshelo. \v 46 Lwa ntlha, re na le mebele e ya setho mme moragonyana Modimo o tlaa re naya mebele ya semoya ya selegodimo. \p \v 47 Adamo o ne a dirilwe ka lorole lwa lefatshe, mme Keresete o dule kwa legodimong. \v 48 Motho mongwe le mongwe o na le mmele o o tshwanang fela le wa ga Adamo, o dirilwe ka lorole, mme botlhe ba ba nnang ba ga Keresete ba tlaa nna le mmele o o tshwanang le wa gagwe mmele o o tswang kwa legodimong. \v 49 Fela jaaka mongwe le mongwe wa rona a na le mmele o o tshwanang le wa ga Adamo, jalo e tlaa re letsatsi lengwe re bo re na le mmele o tshwanang le wa ga Keresete. \p \v 50 Ke lo bolelela se, bakaulengwe: mmele wa selefatshe o o dirilweng ka nama le madi ga o kake wa tsena mo Bogosing jwa Modimo. Mebele e ya rona e e swang ga e a siamela go ka tshelela ruri. \p \v 51 Mme ke lo bolelela sephiri se se sa tlwaelesegang se, se se hakgamatsang: ga re kitla re e swa rotlhe, mme re tlaa newa mebele e mesha rotlhe! \p \v 52 Go tlaa diragala gotlhe ka nakonyana ka ponyo ya leitlho, fa torompeta ya bofelo e lela. Gonne go tlaa nna le go galaotega ga torompeta mo loaping mme Bakeresete botlhe ba ba suleng ba tlaa rula, ka mebele e mesha e e se kitlang e tlhola ee swa; mme rona ba re sa ntseng re tshela re tlaa akofa re nna le mebele e mesha. \p \v 53 Gonne mebele ya rona ya selefatshe, e re nang nayo gompieno e e swang, e tlaa tshwanelwa ke go fetolelwa mo mebeleng ya selegodimo e e se ka keng ya a swa mme e tlaa tshela ka bosakhutleng. \p \v 54 Fa se se direga, mme kwa bofelong lokwalo lo lo tlaa diragadiwa, lo lo reng, “Loso lo meditswe ke phenyo.” \p \v 55-56 Loso ana phenyo ya gago e kae? Go loma ga gago go kae? Gonne sebe, lobolela lo lo dirang loso, lo tlaa bo lo nyeletse; mme molao o o senolang dibe tsa rona o tlaa bo o sa tlhole o le moatlhodi wa rona. \v 57 Re leboga Modimo jang ka mo! Ke one o o re dirileng gore re fenye ka Jesu Keresete Morena wa rona. \p \v 58 Jalo bakaulengwe ba me, e re ka phenyo e e tlang e tlhomamisega, nonofang lo nitame, lo tshwaragane mo tirong ya Morena ka nako tsotlhe, gonne lo itse gore ga go sepe se lo se direlang Morena se se senyegang jaaka go ne go ka nna fa go ne go sena tsogo ya baswi. \c 16 \s1 Go ntshiwa ga dikabelo \p \v 1 Mme jaanong se ke ditsela dingwe kaga madi a lo a kgobokanyang go a romelela Bakeresete ba ba kwa Jerusalema; mme se ke ditsela tse di tshwanang le tse ke neng ka di neela diphuthego kwa Galatia. \v 2 Ka Tshipi yo mongwe le yo mongwe, mongwe le mongwe wa lona a beele fa thoko sengwe mo go se o se amogetseng mo bekeng, mme lo se dirisetse mpho e. Tlhwatlhwa e ya fela ka fa Morena o go thusitseng ka gone. Lo se lete go fitlhelela ke tsena koo mme lekang go a phutha otlhe gangwe fela. \p \v 3 E tlaa re fa ke tla ke tlaa romela mpho ya lona e ntle ka lokwalo kwa Jerusalema, go ya go tsewa gone ke barongwa ba ba tshephegang ba lona lo tlaa ba tlhophang. \v 4 Mme fa go ntshiametse gore le nna ke tsamaye, jalo re ka tsamaya rotlhe. \p \v 5 Ke tlaa lo etela ke sena go etela kwa Masedonia pele, mme ke tlaa nna koo ka lobakanyana fela. \v 6 Go ka nna ga diragala gore ke nne le lona lobaka lo loleele, gongwe mariga otlhe, mme ke gone lo ka nthomelang kwa ke tshwanetseng go ya teng gape. \v 7 Ka nako e ga ke batle gore ke fete fela; ke batla go tla ke nna lobakanyana, fa Morena a ka ntetla. \p \v 8 Ke tlaa nna mono Efeso go fitlhelela letsatsi la boikhutso la Pentekosete, \v 9 gonne kgoro e bulegile ya gore ke rere ke bo ke rute mono. Dilo tse dikgolo di a direga, mme go na le baganetsi ba le bantsi. \v 10 Fa Timotheo a tla, dirang gore a nne ka phuthologo, gonne o dira tiro ya Morena jaaka nna. \p \v 11 A go se nne le ope yo o mo nyatsang kgotsa a mo itlhokomolosa, [a le mmotlana], mme lo mmusetse kwa go nna a itumeletse go nna le lona; ke mo lebeletse go mmona ka bonako, le ba bangwe ba ba bowang nae. \v 12 Ke kopile Apolose go lo etela le ba bangwe, mme o akantse gore ga se go rata ga Modimo gotlhelele gore a tsamaye gompieno; o tlaa lo bona mo bogautshwaneng fa a na le lobaka. \v 13 Nnang lo itlhokometse mo matshwenyegong a semowa; emang ka boammaaruri mo Moreneng; dirang jaaka banna; lo nonofe; \v 14 mme sengwe le sengwe se lo se dirang, se direng ka tshiamo le ka lorato. \p \v 15 A lo gakologelwa Setefanese le ba ntlo ya gagwe? Ke bone ba ntlha go nna Bakeresete mo Akaia mme ba dirisa matshelo a bone mo go thuseng Bakeresete gongwe le gongwe. \p \v 16 Tswee-tswee tshegetsang ditaelo tsa bone mme lo direng sengwe le sengwe se lo se kgonang go ba thusa le ba bangwe botlhe ba ba tshwanang le bone ba ba lo direlang thata ka boineelo. \v 17 Ke itumela thata gore Setefanese, Foretunalo, le Akaiko ba gorogile fano ba etile. Ba dirile thuso e lona lo sa kgoneng go e dira. \p \v 18 Ba intumedisitse thata ebile ba nkgothaditse mo go hakgamatsang, jaaka ke tlhomamisa gore ba ne ba dira jalo le mo go lona. Ke solofela gore lo itumelela tiro ya banna ba ba ntseng jaaka ba. \p \v 19 Diphuthego mo Asia di a lo dumedisa. Akwila le Peresila ba romela lorato lwa bone le botlhe ba ba kopanelang tirelo mo malapeng a bone ba a dumedisa. \p \v 20 Ditsala tsotlhe fano di nkopile go lo di dumedisetsa. Mme lo dumedisane ka lorato fa lo kopana le ba bangwe. \p \v 21 Ke tlaa kwala mafoko a bofelo ka seatla se e leng sa me: \v 22 fa mongwe a sa rate Morena, motho yoo, o hutsegile. Morena Jesu tla! \p \v 23 A lorato le tshegofatso ya Morena Jesu Keresete e nne le lona. \p \v 24 Lorato lwa me go botlhe, gonne rotlhe re ba ga Jesu Keresete. \cls Kele, \cls Wa lona ruri \cls Paulo